Mmino Wa Me O Rileng?
“Rre a re, ‘Tima modumo oo! O mphantsha ditsebe!’”—Mosimane mongwe yo mosha.
“Mongwe wa mmino wa repe [rap] tota, tota o a kgopisa.”—Mosetsana mongwe yo mosha.
“GA GO na ape mathata,” go ngongorega jalo Jodie. “Ke eng fa ba bua thata jaana ka mmino?” Lisette yo o dingwaga di lesome le borataro le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. O gatelela gore, “Ke pina fela.”
A le wena o lwa ntwa e e sa feleng le batsadi ba gago ka mmino? Fa go ntse jalo, o ka nna wa bo o lebagane le dingongorego, go tshosiwa, le ditaelo ka dinako tsotlhe fa o re o tsenya theipi kgotsa rekoto e o e ratang. (Mosimane mongwe yo mosha a re, “Rre a re, ‘Tima modumo oo! O mphantsha ditsebe!’”) Ka ntlha ya go lapisiwa ke dikgogakgogano tseo, o ka nna wa ikutlwa gore batsadi ba gago ba tsosa kgang le e seyo. Mosetsana mongwe yo mosha a re “Go tweng ka bone fa ba ne ba le basha? A batsadi ba bone ba ne ba sa tseye gore mmino wa bone o ne o sa siama?”
Seo ke mafoko. Go ralala ditiragalo, bagolo le basha gangwe le gape ba ne ba sa dumelane ka dilo tse ba di ratang. Jaanong ke eng fa o tshwanetse go tlogela go reetsa mmino wa gago fela ka go bo batsadi ba gago ba sa o rate? Gone mme ke eng se se phoso ka mmino wa gago?
Mmino—Karolo ya One mo Botshelong
Legale, ga go na ope yo o reng go phoso go itumelela mmino. Dikarolo dingwe tsa Bibela ka boyone—bogolo jang dipesalema—di ne di kgona go opelwa. Mo metlheng ya Bibela, mmino o ne o dirisiwa thata mo kobamelong ya Modimo. (Pesalema 149:3; 150:4) Mmino gape o ne o dirisediwa go bontsha boitumelo, boipelo, le bohutsana. (Genesise 31:27; Baatlhodi 11:34; 1 Samuele 18:6, 7; Mathaio 9:23, 24) Mo metlheng ya ga Jesu Keresete, mmino o ne o nna teng ka metlha fa batho ba kgobokane mmogo; o ne o oketsa boitumelo jwa modiro.—Luke 15:25.
Mmino o santse e le selo sa botlhokwa le gompieno—bogolo jang mo basheng. The Journal of the American Medical Association ya re: “Go tswa mo dingwageng tse di 12 go ya go tse di 18, ka kakaretso mosha o reetsa mmino wa rock [roko] ka diura di le 10 500, e leng diura tse di kafa tlase go sekaenyana fela ga diura tsotlhe tse motho a di dirisang a le mo tlelaseng go tswa kwa sekolong sa bananyana go fitlhelela a fetsa kwa go se se tona.”
Dipatlisiso di bontsha gore palo e kgolo ya basha ba U.S. ke monka ba reetsang mmino wa roko kgotsa wa pop fela. (Go tlhofofatsa dilo, re tla dirisa mafoko “roko” le “pop” go tlhalosa mo e ka nna mefuta yotlhe ya mmino o o ratiwang ke basha—go simolola ka wa soul le wa new wave go ya go tsena mo go wa repe le heavy metal.) Go ya ka The World Book Encyclopedia, “mmino wa roko ga o sa tlhole e le mmino wa basha ba Amerika fela. Ke mmino wa lefatshe lotlhe.”
Selo se se Dirang Gore Mmino wa Roko o Ratege
Ke ka ntlha yang fa mmino wa roko o ratega jaana? Go ya ka buka e go tweng Youth Trends, roko e direla jaaka “puo e e tlhaloganngwang ke basha botlhe.” Ka lebaka leo basha bangwe ba ikutlwa gore ka go itse gore ke dife dipina tse di rategang—go itse ditlhopha tse disha le dipina—go ba thusa gore ba amogelwe ke ba bangwe. Mmino ke sebofo sa basha mme o ba neela sengwe go bua ka sone go tlhaba ga letsatsi go baa le ya go phirima.
Lefa go le jalo, mo basheng ba le bantsi, ba itumelela mmino thata fa ba le nosi. A o ne o na le bothata kwa sekolong ka letsatsi leo? Mme gongwe o ka tswa o tshwana le mosetsana mongwe yo mosha yo o bidiwang Bree yo o bolelang jaana: “Ke nna mo kamoreng ya me, ke bo ke bulela stereo kwa godimo ke bo ke itulela moo. Ka tsela nngwe o nkimolola matshwenyego le dikgatelelo.” Lefa gone gantsi mmino wa roko o kgalelwa gore o modumo le bogale, bontsi jwa dipina tse di rategang di na le molodi o o monate o o rulagantsweng sentle.
Legale, ba le bantsi ba okwa ke moribo. Mosetsana mongwe fa a ne a botswa gore ke ka ntlha yang fa a rata repe o ne a tlhalosa gore, “Ke mmino o o motlhofo go o bina.” Legale bontsi bo gogelwa ke mafoko. Ereka o kwaletswe basha bogolo jang, mafoko a pop a bua ka maikutlo le matshwenyego a basha. Mmino wa repe bogolo jang o lemotshega sentle ka go bua ka ditiragalo tsa nako eno, jaaka tlhaolele le tshiamololo mo go tsa loago. Mosha mongwe yo o bidiwang Dan o ngongorega jaana mo makasineng wa Newsweek, “Fa ke re ke bulela radio bontsi jwa mmino ga ona tlhaloganyo, o a ntena. Repe e bua ka dilo tse di utlwalang tse di tshelang. Go a itumedisa go e reetsa.”
Lefa go le jalo, e ka nna ya bo e le molaetsa o o mo mminong oo o o ka tswang o tshwenya batsadi ba gago.
Molaetsa wa Repe
Ka sekai, tsaya mmino wa repe. Mo mminong wa repe, mafoko a setsotsi a a rulagantsweng sentle—a a buiwa, ga a opelwe, a tsamaisana le moribo o o bokete. Legale gone ga se gore mokgwa ono o bosula ka boone. Dipina tse dintsi tse di neng di ratega go ralala masome a dingwaga di ne di na le mafoko a a neng a buiwa. Mme gantsi mmino wa repe o feteletsa mokgwa ono thata.
Go begwa gore repe (kgotsa, hip-hop) e ne ya simolola go ratega thata ka bo 1970 mo mafelong a mannye a go binelwang mo go one kwa New York City a a neng a iwa thata ke basha ba ba nnang mo bogareng jwa toropo. Fa jaaka boradiletso ba ntse ba tshameka ka mafoko (kgotsa, ba repa) ba tsamaisana le pina e e gatisitsweng, babini ba ne ba ba tseeletsa ka mokgwa o o gaufi le botsenwa. Go ise go ye kae ke fa mmino wa repe e sa tlhole e nna wa mo mebileng fela le mo mafelong a go binela a a kwa teng mme jaanong wa anama. Baopedi ba repe ba ba nang le maina a sa reng ee fela jaaka mmino wa bone—Public Enemy (Mmaba wa Batho), M. C. Hammer, le Vanilla Ice—erile go ise go ye kae ba bo setse ba tladitse kgaso ka mofuta wa bone wa mmino o o thubang ditsebe.
Se se kgatlhang ke gore erile fa mmegadikgang wa Tsogang! a botsa basha bangwe ba ditso tse di farologaneng ba ba nnang mo dikgaolong tsa toropo ba Bakeresete jaana, “A bontsi jwa lona lo reetsa repe?” palo e e bontsi bo gakgamatsang ya bone e ne ya re ee! O ne a ba botsa jaana gape “Ke eng se lo se ratang thata ka repe?” Mosetsana mongwe yo mosha o ne a fetola jaana, “Moribo.” “O elela monate, mme ebile o motlhofo go o reetsa.” Yo mongwe o ne a fetola ka gore, “O a binega.” Le fa go le jalo, potso e e latelang e ne ya seka ya arabiwa ka matlhagatlhaga jaaka pele, “A mofuta mongwe wa mmino wa repe o na le mathata mo Bakereseteng?”
Morago ga go didimala ka lobakanyana mo ebileng go ne go tlhabisa ditlhong, mosetsana mongwe o ne a dumelana gore: “Mongwe wa mmino wa repe tota, tota o a kgopisa.” Ba bangwe ba ne ba dumelana le ene ka mowanyana o o kwa teng. Tota ebile, go ne ga lemotshega gore bontsi jwa basha bao ba ne ba itse sentlentle dipina tse dintsintsi tse di sa kgatlheng—dipina tse di kgothaletsang go nna matlhomatlho le makgapha ka mafoko a a tlhalosang dilo ka tsela e e tshosang fela thata. Bangwe ba bone ba ne ba dumela gore dingwe tsa dipina tseno di ne di dirisa mafoko a a botlha ka tshosologo fela.
Ee, go bonala sentle gore bontsi jwa mmino wa repe o na le molaetsa wa botsuolodi, thubakanyo, bogale, tlhaolele, le go ikgantsha ka tsa tlhakanelodikobo. Mmapatsi wa mmino wa repe ebong Daniel Caudeiron, yo eleng mookamedi wa Black Music Association of Canada, yo o galaletsang repe a re e “bua ka dilo tse di tlhamaletseng fela thata,” o dumelana gore bontsi jwa mmino wa repe o “kgatlhanong le basadi, o tlhaola batho ka bong le gore ka dinako dingwe o dirisa mafoko a a seng mantle.”—Maclean’s, November 12, 1990.
Mokgwa wa go Tshela wa Balatedi ba Repe
Legale, ga se gore mmino otlhe wa repe o bua ka boitsholo jo bo maswe kgotsa thubakanyo. Go ya ka setlhogo sengwe mo go The New York Times, mongwe wa one o bua ka dilo tse di siameng jaaka thuto, go kgalemelela go dirisa diokobatsi, le go rarabolola mathata a tsa loago. Mme legale mafoko a a sa kgopiseng e ka nna ya bo e se gore ke one mmammang, e le fela gore a dirisiwa ka sewelo. Fa Newsweek e ne e baya dialebamo tsa repe mo sekaleng, e dirisa mokgwa o go kalwang ka one dibaesekopo tsa U.S., ke di le pedi fela tse di ileng tsa bewa mo go G, kgotsa tse di siametseng go ka reediwa ke batho botlhe. Newsweek e ne ya baya di le nnè mo go R (tse di tshwanetseng go reediwa ke bagolo fela), tota ebile tse pedi di ne tsa bewa mo go X ka ntlha ya “puo e e makgapha” le go tlhalosa tlhakanelodikobo ka tsela e e tsitsibanyang mmele.
Mo godimo ga moo, molaetsa wa repe o bua mo gontsi go feta se mafoko a one a se tlhalosang. Repe e tsetse diphetogo tsa mekgwa. Dimilione tsa basha di apara diaparo tse di ba fetileng, ditlhako tsa motshameko tse di tlolang manyenyana ka dikgole tse di sekeng di bofiwa, dibokate tse di maburabura, ditšhaene tsa gauta, dikepese tsa baseball, le digalase tsa matlho tse dintsho o eleng mokgwa wa go apara wa balatedi ba repe. Bontsi gape bo etsa go itshikhinya mmele le mekgwa ya baletsi ba repe. Mme selo se ebileng se tshwenya batsadi le barutabana ke mafoko a a sa utlwaleng jaaka bo, “yo!” le “dis”—mafokonyana a setsotsi a a kgopisang a a galalediwang ke repe—a setse a dirisiwa mo puong ya letsatsi le letsatsi.
Gongwe repe e ka nna ya bo e bontsha go tsuologa kgatlhanong le ditshiamololo. Mme fa e tsewa ka kakaretso, repe ke mokgwa wa botsuolodi kgatlhanong le ditekanyetso tsa bomodimo tsa boitshwaro, kapari, le puo. A mme Mokereseste, a gogelwa ke mmino o a o ratang, o ka batla go itsenya mo kotsing ya go gogelwa mo mokgweng ono wa go tshela o o sa jeseng di welang?
Legale, ga se gore mmino wa repe ke one o le nosi o o feteletsang dilo thata. Makasine wa Time o bega jaana: “Go na le moutlwalo o o botšarara mo e ka nnang mo mofuteng mongwe le mongwe wa mmino wa segompieno o o rategang wa Seamerika. Bagaka ba heavy metal ebong bo Motley Crüe ba dirisa ditshwantsho tsa kobamelo ya ga Satane mme Beastie Boys bone ba supa ditiro tsa go iphoraphora dirwe tsa tsalo mo seraleng.” Bibela e ne ya bolelela pele gore “mo metlheñ ea bohèlō . . . batho ba ba boshula le batsietsi [ba ne] ba tla nna ba shulahalèla pele hèla ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:1, 13) A mme jaanong he, ke se se ka gakgamatsang go bo mmino wa malatsing ano o romelela basha ba Bakeresete molaetsa o o phoso jalo?
Ka jalo batsadi ba gago ba ka nna ba tshwenyega ka mo go utlwalang fa o tsenelela mo mminong wa repe kgotsa mefuta e mengwe ya mmino wa roko e e feteletseng. Ba ka nna ba tshoga gore go tswelela ka go reetsa mmino o o ntseng jalo go ka nna ga go gobatsa. A mme go tlhobaela ga bone go ka tswa go utlwala? Setlhogo sa rona se se latelang se tla araba potso eno.
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Basha ba le bantsi gompieno ba etsa mokgwa wa go apara le wa boitshwaro wa baletsi ba repe