LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 3/8 ts. 14-16
  • A Mme Gone Tota Mmino O Ka Nkgobatsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Mme Gone Tota Mmino O Ka Nkgobatsa?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maatla a Mmino
  • Ga O A Siamela Matlho le Ditsebe
  • A O Ka Go Gobatsa?
  • A o Tla Tlhopha ka Botlhale?
    Tsogang!—2011
  • Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Mmino Wa Me O Rileng?
    Tsogang!—1993
  • Ke Ka Dira Jang Gore Mmino o Seka Wa Nna Selo Sa Konokono mo go Nna?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 3/8 ts. 14-16

Basha ba Botsa Jaana . . .

A Mme Gone Tota Mmino O Ka Nkgobatsa?

TOM e ne e le ngwana fela jaaka bana botlhe ba dingwaga tse 14—moithuti yo o botlhale yo o ratang go direla baagisani ka ene dilo tse di molemo. Mme erile morago ga go reka seterio se se turang, a bo a simolola go reetsa mmino wa heavy metal.

Tom o ne a nna a itswaletse fela mo kamoreng ya gagwe. Rraagwe o gakologelwa jaana: “Ke ne ke a tle ke re, ‘O ka se ka wa nna ka go itswalela moo nako tsotlhe o reeditse seterio sa gago.’” Lefa go le jalo Tom o ne a tswelela ka go se reetsa. Mme e rile letsatsi lengwe go le mariga, o ne a tlhaba mmaagwe a mmolaya go tsweng foo a bo a ipolaya. Rraagwe Tom yo o hutsafetseng thata o tlhagisa jaana, “Bolelelang batsadi gore ba ele tlhoko mmino o bana ba bone ba o reetsang.” Malatsi pele ga dipolao, Tom o ne a aga a opela pina e e buang ka “madi le go bolaya mmaago.”

A eo ke kgang e feteletseng? Ee tota. Lefa gone mabaka mangwe a ile kwantle ga pelaelo a dira gore matlhotlhapelo ano a diragale, go neela bosupi jwa seo basha ba le bantsi ba sa se tseyeng tsia thata: Mmino o ka go tlhotlheletsa! O ka nna wa bo o se morati wa heavy metal, le gone o se mo boemong jwa gore o tlale bogale thata. Lefa go le jalo, mmino o ka go ama ka ditsela tse o ka nnang wa se ka wa di lemoga.

Maatla a Mmino

Mmino o na le maatla. Tota e bile, o ka baka maikutlo otlhe a motho—go simolola ka bohutsana le go itlhoboga go ya go tsena ka lorato le boipelo. Mmino o ka kokobetsa motho kgotsa wa mo dira gore a tlale bogale. O ka tlhotlheletsa boineelo le go kgothaletsa go tswa selo fela. Ga go gakgamatse he, gore fa e sa le go tswa bogologolo, mmino o ile wa nna sedirisiwa se segolo sa “modimo oa lehatshe yeno,” Satane Diabolo.—2 Bakorintha 4:4.

Go tshwantsha: Morago fela ga gore Baiseraele ba gololwe mo bokgobeng kwa Egepeto, ba ile ba tlogela kobamelo ya ga Jehofa go ya go obamela namane. Ba ne ba akareditse eng mo boitshwarong joo jwa bone jwa matlhabisa ditlhong? Mmino o o leratla o o makgapha! (Ekesodo 32:1-6, 17, 18) Mme fa Kgosi Nebukadenasare yo o maikgantsho a ne a laela batho ba gagwe gore ba obamele setshwantsho sa boheitane, o ne a dira jang go kgotletsa maikutlo a bone a boratanaga le bodumedi? Ka go dirisa mmino o o tsosang maikutlo!—Daniele 3:1-7.

Ka jalo, re tshwanetse go solofela gore Satane a dirise mmino go tsietsa batho gompieno. Ke “kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō.” (Baefesia 2:2) Bontsi jwa mmino gompieno bo bontsha moya wa ga Satane wa botsuolodi. Seo ga se gakgamatse, ka gore bontsi jwa one o kwalwa ke bao Bibela e reng ba ‘tsamaya mo boithamakong jwa megopolo ya bone, bao ba fifetseng ditlhaloganyo, mme ba kgaogane le botshelo jwa Modimo.’ Go boammaaruri gore, fa o leba matshelo a bone, bontsi jwa baopedi ba ba tumileng, baletsi, le batlhami ga ba “tlhole ba itse gore boitshwaro jo bo siameng ke eng.”—Baefesia 4:17-19, NW.

Ka jalo go reetsa mmino wa bone go ka nna diphatsa tota mo basheng ba Bakeresete. Seno ga se reye gore mmino otlhe o o rategang o maswe kana gore mmino wa roko ke one fela o o tshwanetseng go ikela tlhoko mo go one.a Mmino o o maswe o ka fitlhelwa le mo go wa bogologolo le wa opera. Mme fa mmino wa pele one o ne o umaka kana o gaodisa fela ka boitsholo jo bo sa siamang, bontsi jwa mmino wa gompieno one o kgothaletsa makgapha ka bogakgale jo bo seng kana ka sepe.

Ga O A Siamela Matlho le Ditsebe

Tsaya mmino wa heavy metal ka sekai—mofuta wa roko o o maswe thata o o bogale o gantsi o lelediwang kwa godimo. Ditlhopha tsa mmino wa heavy metal gantsi di bidiwa ka maina a a etsang bo Poison, Skid Row, Guns N’ Roses, le Slayer. Makasine wa Time o ne wa re: “Maina a ditlhopha a bontsha boikutlo jwa tlhakatlhakano, pogiso le loso.” Go ka boiwa se se tshwanang le ka ditshwantsho tse di tshosang tse di mo dikhabareng tsa dialebamo tse gantsi di bontshang ditshwantsh4o tsa kobamelo ya ga Satane.

Mme go tweng ka mmino ka boone? O na le ditlhogo tse di jaaka “Flesh and Blood” le “Appetite for Destruction” mme o na le mafoko a a galaletsang go jesiwa monate ke go bona motho a boga, petelelo, le polao. Ka jalo ga go gakgamatse go bo buka e e buang ka mmino wa heavy metal e go tweng Stairway to Hell e bitsa heavy metal e re ke “go fenya ga matlhapa, diphetogo, go bua puophaa, le go sa kgathale le fa go le kana.” Gape mmino wa heavy metal gangwe le gape o ile wa amanngwa le tiriso e e seng yone ya diokobatsi, kobamelo ya ga Satane, le go ipolaya mo bareetsing ba one. Lefa go le jalo, go ya ka dipego tsa dikgang, heavy metal e simolola go amogelwa ke batho ka kakaretso.

Bontsi jwa mmino wa repe (kana, hip-hop) le one o feteletse thata.b Makasine wa Time wa re: “Baboki ba repe . . . mo mafokong a bone ba re go tlhabanwe le mapodisi kana go tshololwe sulefura ya tlhaloso e e sa sieng sepe . . . ya tlhakanelodikobo.” Go bua boammaaruri, mangwe a mafoko a dipina tsa repe tse di rategang thata a botlha mo e leng gore ga se a re ka a kwalang fano. Mosetsana mongwe yo mosha, fa a ne a bua ka nngwe ya dipina tseo o ne a re: “Lefoko la ntlha le ne la tswa—mme ke ne ka tshoga!”

Lefa go le jalo, tota le bontsi jwa roko e e reediwang ke batho ka kakaretso ga e a siamela ditsebe tsa Mokeresete. Lefa gone bontsi jwa dipina tse di di gogang kwa pele tse 40 e se gantsi di leng makgapha jaaka repe le heavy metal, bontsi jwa tsone ka boferefetšhana—kana ka tlhamalalo—di kgothaletsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le mekgwa e mengwe e e sa tsamaisaneng le sekeresete. Dibidio tsa mmino, tse di ratiwang ke basha fela thata, di oketsa tlhotlheletso ya mmino ka go e tla di dirisa ditshwantsho tse di gapang tsa bidio. Mo patlisisong nngwe ya dibidio tsa mmino, 57 lekgolong ya tsone di fitlhetswe di na le thubakanyo, mme 75 lekgolong ya tsone di ne di bontsha ditiro tsa tlhakanelodikobo. Kapari e e gogelang le mokgwa wa go bina o o sekametseng mo go tsa tlhakanelodikobo o fitlhetswe e le ntletsentletse mo dibidiong tsa mmino.

A O Ka Go Gobatsa?

Go na le go aga le go bontsha botho, bontsi jwa mmino o o kgothalediwang gompieno kwantle ga pelaelo ke wa “selefatshe, senama, le sedimona.” (Yakobe 3:15, NW) Legale, ka ntlha ya go batla go iponela, ga se basha botlhe ba Bakeresete ba ba bonang go le phoso go reetsa dipina tse di ntseng jalo kana go lebelela dibidio tseo. Mosetsanyana mongwe a re, “Ga go tlhokafale gore o tshwenyege ka mafoko a mmino wa repe. Le fa o ka leka ga o kake wa a tlhaloganya!” Mongwe le mongwe yo o kileng a re o leka go tlhaloganya mafoko a repe o ka nna a dumelana gore gone se a se buang se na le boammaaruri.

Ga se gantsi basha ba tlhaloganyang molaetsa o o fitlhegileng o o mo dipineng tse di rategang thata. Mo tshekatshekong nngwe, basha ba ne ba kopiwa gore ba tlhalose diteng tsa dipina dingwe tse di rategang. Bontsi jwa basha ba ne ba sa kgone go lemoga melaetsa e e fitlhegileng ya tlhakanelodikobo, thubakanyo, diokobatsi, le kobamelo ya ga Satane e e mo mminong wa bone. Ke sone se The Journal of the American Medical Association e ileng ya swetsa jaana: “Ga go na bosupi bope jwa gore mmino ono o ama ka tsela epe [e e maswe] boitshwaro jwa basha.”

Lefa go le jalo, Bibela e bolela se se farologaneng. Sengwe se e se re bolelelang ke gore, “go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Jaanong, a o ka senya diura o kopanela kana o reetsa motho yo o dirisang puo e e botlha, yo o go kgothaletsang go dirisa diokobatsi, yo o buelelang kobamelo ya ga Satane, kana yo o tlhalosang tlhakanelodikobo e e makgapha a sa fitlhe sepe? Gotlhelele o ne o ka se ke! Jaanong ke eng se se tla dirang gore puo eo e se ka ya nna kotsi fela ka go bo e opelwa kana e buiwa go tsamaisana le moribo? Fa melaetsa eo e ntse e boaboelediwa mo mminong, kwantle ga pelaelo e tlile go go ama! Diane 6:27 e botsa jaana “A motho o ka tsaea molelō mo sehubeñ sa gagwè, me diaparō tsa gagwè di sa she?”

Ka lebaka leno Bibela e re kgothaletsa gore re se ka lefa e le go umaka ra bo ra umaka dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang, re sa bue sepe ka go di boaboeletsa. (Baefesia 5:3-5; Bafilipi 4:8) Ope fela yo o tla itlhokomolosang molaomotheo ono kwantle ga pelaelo o tla “rōba sebodu.” (Bagalatia 6:8) Mosha mongwe yo o bidiwang Jodie o a dumelana gore “Dipina di go tsenya megopolo. Fa dikeletso tse di sa siamang di go tlela, dipina di kgotletsa molelo mo mogopolong wa gago.” Mosha mongwe o ipolela jaana, morago ga gore a reetse pina ya repe e e tlhalosang tlhakanelodikobo e e makgapha e sa fitlhe sepe: “Ke ne ke sa kgone go e itebatsa.”

Jaanong go tweng ka go reetsa dipina tsa heavy metal tse di rerang ka loso, diokobatsi, kana kobamelo ya ga Satane? Mosha mongwe wa Mokeresete o ne a simolola go reetsa heavy metal mme e rile go ise go ye kae a bo a setse a rata loso fela thata. E ne e le fela ka maiteko a magolo a batsadi ba gagwe le tsala e e godileng ya Mokeresete a ileng a falola go senyega semoyeng le mo mmeleng.

Ka dinako tse dingwe, megopolo e fetoga ditiro. (Yakobe 1:14, 15) Mme bontsi jwa mmino wa malatsing ano o dirilwe ka kelotlhoko gore o tle o tlatse mogopolo wa gago ka dilo tse di bosula. Gone go boammaaruri gore, fa o godisitswe go ya ka ditekanyetso tsa Bibela, ga go kake ga nna motlhofo gore o bolae kana o kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo fela ka go bo o utlwile ka jone mo pineng. Mme lefa go le jalo go na le ditsela tse dingwe tse o ka tlhotlhelediwang ka tsone. Basha bangwe ba Bakeresete ba setse ba simolotse go apara meaparo e e sa kgatlheng le go beola moriri ka tsela e e tshwanang le ya baopedi ba roko le repe. Puo, mokgwa wa go itshikhinya mmele, le maitseo a basha bao di bontsha sentle gore ba tlhotlhelediwa ke se ba se utlwang.

Mosimane mongwe wa Afrika Borwa a re, “Basha ba re mmino ga o ba ame. Mme lefa go le jalo o bulela Satane tsela mo botshelong jwa gago—gore a go laole.” O itse seno go tswa mo go se se mo diragaletseng, o tlhalosa jaana: “Mmino o ke neng ke o reetsa o ne o bua ka tirisabadimo, diokobatsi, le tlhakanelodikobo.” O ne a kgona go kgaogana jang le ditlamorago tse di maswe tsa mmino o o makgapha?

“Ke ne ka latlha mmino otlhe wa me. E ne e le seemo se se farologaneng go nna mo kamoreng e e senang modumo. Mme legale go ntirile motho yo o botoka.” A le wena go tlhokega gore o tseye dikgato tse di tshwanang—e seng gore o latlhe mmino otlhe wa gago, mme go na le moo bogolo o latlhe direkoto tse e leng gore tota di a leswefatsa?—Bapisa Ditihō 19:19.

Seno ga se reye go bifela mmino gotlhelele, mme go na le moo se raya gore o tlhophe! Gore o ka dira seo jang ke kgang e e tla tlotliwang mo setlhogong sa nako e e tlang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko “mmino wa roko” fano le dirisediwa go emela mefuta e e farologaneng ya mmino o o ratwang ke basha.

b Bona “Basha ba Botsa Jaana . . . Mmino Wa Me O Rileng?” mo tokololong ya February 8, 1993.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A go tlatsa tlhogo ya gago ka melaetsa ya loso, tshenyo, le makgapha a tlhakanelodikobo go tla go thusa kana go tla go gobatsa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela