LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 8/8 ts. 8-10
  • Batsadi—Nnang Mmueledi wa Ngwana wa Lona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi—Nnang Mmueledi wa Ngwana wa Lona
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seabe sa Batsadi le Barutabana
  • Nna Mmueledi wa Ngwana wa Gago
  • Tsela e e Siameng ya go Leba Dilo
  • Dilo Tse di ka Dirisiwang go Bona Thuto e e Siameng
    Tsogang!—1996
  • Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Mathata a kwa Sekolong
    Tsogang!—1994
  • Go Ruta—Mathata le Dikotsi Tsa Gone
    Tsogang!—2002
  • Se Batsadi Ba ka Se Dirang
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 8/8 ts. 8-10

Batsadi—Nnang Mmueledi wa Ngwana wa Lona

BATSADI ba batlela bana ba bone dilo tse di molemo. Eleruri, moaposetoloi wa Mokeresete, Paulo o ne a laela borre gore ba godise bana ba bone ka tsela ya Modimo. (Baefesia 6:4) Kgosi ya bogologolo Solomone e ne ya gakolola bana jaana: “Reetsa se rrago le mmago ba go laelang sone. Thuto ya bone e tla go dira motho yo o botoka.”—Diane 1:8, 9, Today’s English Version.

Mme gone, sekolo se amana jang le thulaganyo ya gore batsadi ba rute bana ba bone? Mme batsadi ba tshwanetse ba dirisana mmogo jang le barutabana kwa sekolong?

Seabe sa Batsadi le Barutabana

“Batsadi ke . . . bone barutisi ba ba botlhokwatlhokwa ba bana ba bone,” go rialo Doreen Grant, yo e leng mokwadi wa patlisiso e e malebana le kafa sekolo se amanang ka gone le dilo tsa kwa gae. Lefa go ntse jalo, jaaka motsadi, o ka nna wa fitlhela go le thata go dumela seo.

Gongwe o lemogile gore mekgwa ya go ruta e fetogile thata go na le ya ka nako ya fa o ne o tsena sekolo. Gompieno, dikolo di ruta dirutwa tse di neng di sa rutwe pele, tse di jaaka dithuto ka metswedi ya dikgang, thuto ka tsa boitekanelo le ka tsa metlakase ya dilo tse dinnye. Seno se dirile gore batsadi ba le bantsi ba tile go amana le sekolo ka mo ba ka kgonang ka teng. Dr. David Lewis o ne a kwala jaana mo bukeng ya Help Your Child Through School: “Fa motsadi yo o itshepang a buisana le barutabana ba bana ba gagwe, a ka ikutlwa jaaka e kete ke ngwana wa dingwaga tse tlhano fela. Go na le gore ba tlotle le barutabana ka bothata kana se se ba tshwenyang jaaka batho ba ba godileng sentle, bangwe ba sekamela mo go itshwareng sengwana.”

Ee, ruri batsadi bangwe ba ikgolaganya fela le barutabana ba bana ba bone fa go tlhagile mathata mangwe a a masisi. Mme gantsi e nna fela fa ba tla go ngongoregela sengwe. Lefa go ntse jalo, batsadi ba le bantsi ba ka tsenya letsogo thata mo thutong ya bana ba bone ka go dirisana mmogo le barutabana, mme ba le bantsi ba dira jalo.

Boikarabelo jwa botsadi bo go tlhoka gore o kgatlhegele se ngwana a se ithutang kwa sekolong. Ka ntlhayang? Ka gonne tiro ya barutabana ba bone ke go go rutela bana mekgwa e mentle. Mekgwa e ba itshwarang ka yone e ama barutwana gonne bana ba leba barutabana jaaka batho ba ba ka ba etsang. Barutabana ba le bantsi ba itumelela go dirisana mmogo le batsadi ba barutwana ba bone.

Mogokgo mongwe wa kwa borwa jwa Jeremane o ne a kwalela batsadi jaana: “Jaaka barutabana re etse tlhoko gore go feta ngwaga lefa e le ofe o o fetileng, bontsi jwa barutwana ba rona, segolobogolo ba ba simololang sekolo [kwa Jeremane, ba le dingwaga tse thataro], ga ba na kutlwelobotlhoko, ga ba amege ka ba bangwe, ga ba a godisiwa sentle gotlhelele. Bontsi jwa bone ga ba kgone go ithiba, ga ba itse gore ke leng ba sa tshwanelang go fetisa selekano; ga ba ke ba ipona molato; ba itebile bone fela, ga ba botsalano; ba tenegatenega fela, ba kgama le go ragaka [ba bangwe].”

Morutabana yono o tswelela ka gore: “Tota le fa seno se re ketefaletsa dilo jaaka barutabana, ga re batle go ngongorega ka gone. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse ra lemoga gore, go sa kgathalesege maiteko otlhe a re a dirang, sekolo se ka se kgone go ruta bana le go ba godisa ka bosone fela. Re rata go lo kgothatsa batsadi ba ba rategang, gore lona ka bolona lo tsenye letsogo mo go godiseng bana ba lona e seng go batla gore thelebishene le mebila e nne tsone tse di lo direlang seabe sa [maikarabelo a] lona mo go ageng botho jwa bone, go ba ruta mekgwa e e siameng.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Tota lefa barutabana ba dira boikuelo jo bo ntseng jalo jwa gore batsadi ba dirisane mmogo le bone, ba le bantsi ga ba dire jalo. “Ga se ka gonne ba sa tshwenyege, ba tshwaregile thata kana ka gonne ba sa itshepe, mme ke ka ntlha ya go dumela thata gore tsela e ngwana a dirang sentle kana a sa direng sentle ka yone mo tlelaseng ga e amane thata le tsela e a godisiwang ka yone mme e amana le tsela e a goditseng batsadi ka yone,” go rialo David Lewis. Lefa go ntse jalo, seno ga se boammaaruri.

Fela jaaka fa mathata a kwa gae a ama tiro ya ngwana mo tlelaseng, botshelo jo bo molemo jwa lelapa le jone bo ka thusa ngwana go dira sentle kwa sekolong. Patlisiso nngwe ya tsa thuto e konela ka gore: “Botshelo jwa lelapa bo na le seabe se se fetang se sekolo se nang le sone mo go atlegeng kana mo go retelelweng ga ngwana.” Buka ya How to Help Your Child Through School e dumelana le seo jaana: “Tota le motsadi yo o tshwaregang thata o tshwanetse go lemoga gore maikutlo a gagwe—tsela e a kgatlhegelang ngwana le go mo kgothatsa ka yone, le kafa a mo emang nokeng ka gone, tota lefa a se gaufi le ene—e ka ama kgatelopele ya gagwe thata.”

Jalo he, o ka dira eng gore o dirisane sentle le barutabana ba ngwana wa gago?

Nna Mmueledi wa Ngwana wa Gago

(1) Supa fa o kgatlhegela thata se ngwana wa gago a se ithutang kwa sekolong. Nako e e siameng ya go dira seo ke fa ngwana wa gago a simolola sekolo. Gantsi bana ba bannye ba itumelela go thusiwa ke batsadi ba bone go feta ba dingwaga tsa bolesome.

Bala le ngwana wa gago. Go ya ka David Lewis, “Diperesente di le 75 tsa dilo tse motho a di ithutang ka tsela e e tlhamaletseng, o di ithuta ka go bala.” Ka gone, o ka dira seabe se se botlhokwatlhokwa ka go thusa ngwana wa gago go itse go bala sentle. Dipatlisiso di bontsha gore gantsi bana ba ba thusiwang go bala kwa gae ba gatelapele go gaisa ba ba thusiwang ke barutabana ba ba ithutetseng tiro eo kwa sekolong.

O ka thusa ngwana wa gago fela jalo le ka go itse go kwala, tota le ka tsone dipalo. “Ga go tlhokege gore o bo o le maitsegotlhe wa mathemetiki fa o mo thusa ka dipalo tsa sekolo se se potlana,” go rialo Ted Wragg, yo e leng morutabana. Legale, fa e le gore le wena o tlhoka go thusiwa mo dilong tseno, ga o a tshwanela go letlelela gore go sa itse sengwe go go kgobe marapo mo go kgatlhegeleng se ngwana wa gago a se ithutang.

(2) Ikgolaganye le morutabana wa ngwana wa gago kaga se a se rutiwang. O ka itse gore ngwana wa gago o tlile go rutiwa dithuto dife ka go bala buka ya melao ya sekolo. O ka kgona go lemoga se se ka bakang mathata fa o ka dira jalo pele ga dikolo di bulwa. Morago ga moo, fa o ka etela morutabana go ya go tlotla dilo tse wena jaaka motsadi o di eletsang, go tla dira gore lo kgone go dirisana mmogo sentle. Leka thata go nna gone kwa dikokoanong tse sekolo se di rulaganyang tse di thusang barutabana go tlwaelana le batsadi. Ka nako ya malatsi a a kgethegileng, etela sekolo mme o buisane le barutabana ba bana ba gago. Kopano e e ntseng jalo e botlhokwa thata segolobogolo ka nako ya fa mathata a tlhaga.

(3) Thusa ngwana wa gago gore a itlhophele. Itse dilo tse ngwana wa gago a di ratang le tse a sa di rateng. Tlotla le ene ka mekgele e e molemo. Ikgolaganye le barutabana go utlwa gore ke dilo dife tse a ka tlhophang go tswa mo go tsone. Ba tla itse gore ke mathata afe a a ka mo kganelang go tlhopha dirutwa tse di rileng.

Maikutlo a a sa siamang a ka tilwa ka go buisana sentle. Dikolo di le dintsi di pateletsa barutwana ba ba botlhale gore ba gagamalele thuto e e kwa godimo. Lefa go ntse jalo, barutwana ba ba itlhophelang bodihedi jwa Bokeresete jaaka tiro e ba ratang go e dira gantsi ba tila thuto ya yunibesithi e e tsayang nako e telele. Go na le moo, fa ba tlhopha go dira thuto ya tlaleletso, ba tlhopha dirutwa tse di ka ba kgontshang go itlamela. Ka dinako tse dingwe barutabana ba ba ratang tiro ya bone thata ka phoso ba leba seno e le go gana matsapa otlhe a ba a dirileng. Fa o ba tlhalosetsa ka bopelotelele gore ngwana wa gago o tla nna le tshono ya go ithutela pele mo tseleng e a e tlhophileng, seno se tla tlhomamisetsa barutabana gore batsadi ba Bakeresete ba batla bana ba bone ba tswelela pele ka go ithuta.a

Tsela e e Siameng ya go Leba Dilo

O ka tila mathata a le mantsi le go ingomola pelo kaga thuto ya ngwana wa gago ka go gakologelwa gore tirisanommogo e e molemo e nna gone fa go na le tsela e e molemo ya puisano.—Tsweetswee bona bokoso ya setlhogo se se reng “Puisano E E Molemo Gareng Ga Motsadi le Barutabana.”

Go na le gore o ngongorege le go tshwaya diphoso, nna mmueledi wa ngwana wa gago ka go ikgolaganya le barutabana le go dirisana mmogo le bone. Ka go dira jalo, o tla thusa ngwana wa gago go solegelwa molemo thata kwa sekolong.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhophang bodihedi jwa Bokeresete jaaka tiro ya bone ya botshelo jotlhe mme ba direla jaaka bareri ba ka metlha, ba na le tshono ya go rutiwa kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela se se tsayang dibeke tse pedi. Bangwe ba bone moragonyana ba tshwanelegela katiso ya borongwa e e tsayang dikgwedi tse tlhano ya Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade.

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Puisano E E Molemo Gareng Ga Motsadi le Barutabana

1. Itlwaetse barutabana ba ngwana wa gago.

2. Sekaseka dintlha ka kelotlhoko pele ga o ya go ngongoregela sengwe.

3. Ka metlha fa o kgopisegile kana o shakgetse letla gore o kokobele maikutlo pele ga o ya go buisana le morutabana.

4. Pele ga o ya go buisana le morutabana kwala dipotso tse o tla di mmotsang le dilo tse o eletsang go di fitlhelela.

5. Tlhalosa seemo sa gago ka tlhomamo le ka phepafalo mme o bo o akantshana le morutabana go bona gore ke eng se lo ka se dirang go fenya mathata.

6. Ipeye mo boemong jwa morutabana. Ipotse gore o ne o tla dira eng fa e ne e le wena. Seno se tla lo thusa gore lo buisane ka tsela e e molemo.

7. Mo reetse ka kelotlhoko mme o bue fa go tlhokega. O se ka wa tshaba go botsa dipotso fa o sa tlhaloganye sengwe. Bua fa e le gore ga o dumalane le se a se buang mme o mo tlhalosetse sentle gore ke ka ntlhayang.

—Go tswa go Help Your Child Through School, ka Dr. David Lewis.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bala le ngwana wa gago

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Etela barutabana go tlotla le bone ka se se rutiwang kwa sekolong

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Thusa ngwana wa gago go itlhophela dirutwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela