LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 1/8 ts. 23-27
  • Dilo Tse di ka Dirisiwang go Bona Thuto e e Siameng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dilo Tse di ka Dirisiwang go Bona Thuto e e Siameng
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kemonokeng ya Batsadi, Ke Selo sa Botlhokwa
  • Go Dirisana Mmogo le Barutisi
  • Fa Ngwana a Goroga Kwa Gae
  • Mo Kgothaletse go Ithuta le go Nna le Maikarabelo
  • Boineelo Jwa Moithuti bo Botlhokwa Thata
  • Batsadi—Nnang Mmueledi wa Ngwana wa Lona
    Tsogang!—1994
  • Se Batsadi Ba ka Se Dirang
    Tsogang!—2012
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Mathata a kwa Sekolong
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 1/8 ts. 23-27

Dilo Tse di ka Dirisiwang go Bona Thuto e e Siameng

BOSHENG jaana The New York Times e ne e na le kgang ya ga Latoya, moithuti wa sekolo se segolo wa dingwaga tse 16 kafa tsebeng ya yone ya ntlha. O ne a bolela gore o ne a na le dingwaga tse 11 fa rraagwe a ne a simolola go mo itaya le go tlhakanela dikobo nae. Mmaagwe, yoo a neng a dirisa diokobatsi, o ne a tlogile mo gae. Lokwalodikgang lo ne lwa bega gore: “Legae, e ne e le folete fela e e sa nneng ope e e senang ntlwana ya boithomelo kana e ne e le kamore fela e a neng a boifa go robala mo go yone.” Lefa go ntse jalo, Latoya o ne a sa tshwane le ba bangwe. Le mororo a diragaletswe ke seno, kwa tshimologong ya ngwaga o o fetileng, Latoya e ne e le poresidente wa National Honor Society kwa sekolong se segolo se a tsenang kwa go sone mme e bile a bona maduo a a kwa godimo a B mo ditlelaseng tsa gagwe.

Tota ke eng se se ka thusang ngwana yo o tswang mo tikologong e e maswe gore a dire sentle jaana kwa sekolong? Gantsi selo se se thusang gore motho a bone thutego e e siameng ke fa a na le motsadi yo o amegang ka ene—segolobogolo mongwe wa batsadi ba ngwana kgotsa bone boobabedi—yoo a emang ngwana nokeng e bile a nna le seabe mo thutegong ya gagwe. Moithuti mongwe wa sekolo se segolo yo o neng a setse a tla aloga o ne a akanya gore seno se botlhokwa thata mo a neng a tlhotlheletsega go bolela jaana: “Bana ba ka kgona go atlega fela kwa sekolong fa batsadi ba bone ba ba ema nokeng.”

Barutisi ba bantsi ba a dumela. Morutisi mongwe wa New York City o ne a bolela jaana: “Baithuti botlhe ba ba dirang sentle le ba ba kgonneng go fetsa sekolo—e bile ba bantsi—ke ba ba neng ba na le motsadi yo a neng a ba ema nokeng ka dinako tsotlhe.”

Kemonokeng ya Batsadi, Ke Selo sa Botlhokwa

Ka 1994, Reader’s Digest e ne ya sekaseka potso eno e e reng, “Ke eng fa baithuti bangwe ba dira botoka go gaisa ba bangwe?” Nngwe ya ditshwetso e ne e le gore “bana ba ba tswang mo malapeng a a tlhomameng sentle ba kgona go dira sentle kwa sekolong.” Batsadi ba ba mo malapeng ao ba tlhokomela bana ba bone ka lorato mme ba ba ruta dilo tse di botlhokwa le go ba tlhomela mekgele e e siameng. Mme motsadi mongwe o ne a akgela jaana: “Ga o kake wa kgona go kaela ngwana sentle fa o sa itse gore go diragalang kwa sekolong.”

Tsela e e molemo ya go itse seo ke gore o etele teng. Mmè mongwe yo o etelang koo o ne a kwala jaana: “Fa ke tsamaya mo mekgwatheng ya sekolo se morwadiake a tsenang kwa go sone, ke utlwa puo e e maswe ya matlhapa. Bana ba atlana gongwe le gongwe—fa e le gore e ne e le baesekopo e ne e tla newa letshwao la X la gore e maswe thata.” Fa o etile jalo o ka kgona go lemoga kafa go leng bokete ka teng mo baneng gompieno go bona thutego e e siameng, mmogo le go ipoloka ba na le boitsholo jo bontle.

The American Teacher 1994 e ne ya bolela selo seno sa botlhokwa: “Gantsi baithuti ba ba ileng ba tlhaselwa ka tsela nngwe ba bolela gore batsadi ba bone ga ba ke ba etela kwa sekolong, fa go na le dikokoano tsa barutisi le batsadi kana tsa ditlhopha kana gone go etela kwa sekolong fela.”

Mmè mongwe yo a neng a amegile ka seno o ne a senola se batsadi ba tlhokang go se dira. O ne a re: “Nna teng! Dira gore batsamaisi ba sekolo ba itse gore o kgatlhegela se ngwana wa gago a se ithutang. Gantsi ke etela sekolo thata e bile ke tsena mo tlelaseng ke bo ke reetsa.” Mmè mongwe o ne a gatelela gore go botlhokwa gore o nne mmueledi wa ngwana wa gago. O ne a tlhalosa jaana: “Banake ba ne ba ya kwa ofising go ya go bua le mogakolodi mme o ne a ba itlhokomolosa. Fa ngwanake a ne a ya le nna kwa go bone letsatsi le latelang, ba ne ba dira sengwe le sengwe go nthusa—le ngwanake.”

Mmè yono yo o nang le basimane ba le bane o ne a gatelela gape gore go botlhokwa gore o kgatlhegele ditiro tsa sekolo tse di amang thutego ya ngwana wa gago ka tlhamalalo. O ne a re: “Nna teng ka malatsi a a tlhomilweng a gore lo kopane le barutisi, nna teng fa go supiwa dilo tsa saense tse bana ba di dirileng—sengwe le sengwe se bana ba se dirang se batsadi ba ka se bilediwang. Seno se go naya tshono ya go kopana le barutisi ba ngwana wa gago. Ba tshwanetse go itse gore thutego ya ngwana wa gago ke selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Fa barutabana ba itse seno, ba tla ipha nako le go dira maiteko a a oketsegileng go thusa ngwana wa gago.”

Go Dirisana Mmogo le Barutisi

Batsadi ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore go na le dilo dingwe tse di botlhokwa thata go di dira go na le go ya sekolong mo maitsiboeng a se a rulaganyeditseng dipaka tse di kgethegileng tsa gore batsadi ba tle go buisana le barutisi. Mme tota, a go na le sengwe se se botlhokwa thata go gaisa go tla go thusana le batho ba ba lekang go thusa ngwana wa gago gore a bone thutego e e siameng? Go botlhokwa thata gore batsadi le barutisi ba dirisane mmogo sentle!

Kwa Russia go na le thulaganyo e e molemo thata e e tlhomilweng go thusa gore batsadi le barutisi ba dirisane mmogo sentle. Ditiro tsotlhe tsa sekolo di kwalwa mo go se se bidiwang Dnievnik—rekoto ya ditiro tsa letsatsi le letsatsi e e kopaneng le khalentara. Moithuti o tla le Dnievnik kwa tlelaseng nngwe le nngwe mme o e naya morutisi fa a e batla. Baithuti ba tshwanetse go bontsha batsadi ba bone Dnievnik eno e bile ba kopiwa gore ba e saene beke le beke. Fela jaaka Victor Lobachov, rre mongwe yo o nang le bana ba ba tsenang sekolo kwa Moscow, a ne a bolela gore, “tshedimosetso eno e thusa batsadi gore ba itse ditiro le maduo a bana ba bone.”

Lefa go ntse jalo, barutisi gompieno, gantsi ba ngongorega ka gore batsadi ga ba kgatlhegele thutego ya bana ba bone. Morutisi mongwe wa sekolo se segolo kwa United States o ne a bolela gore o kile a romela makwalo a le 63 kwa batsading a ba bolelela ka tiro e e bokoa ya bana ba bone. Ke batsadi ba le bararo fela ba ba neng ba ikgolaganya le ene!

Ruri seo se utlwisa botlhoko! Batsadi ba tshwanetse go nna le seabe se segolo thata mo thutegong ya bana ba bone, e bile seo ke boikarabelo jwa bone jo bogolo. Morutisi mongwe o ne a bolela sentle fa a ne a re: “Boikaelelo jo bogolo jwa thuto ke go ema batsadi nokeng gore ba nne le bana ba ba tla nnang bagolo ba ba nang le boikarabelo.”

Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go tsaya kgato pele go itse barutisi ba ngwana wa bone. Go ntse fela jaaka motsadi mongwe a ne a re, “barutisi ba tshwanetse go ikutlwa ba gololesegile go go founela nako nngwe le nngwe.” E bile batsadi ba tshwanetse go itumelela—le eleng gone go kgothatsa—barutisi gore ba bue ka kgololesego fela ka ngwana wa bone. Batsadi ba tshwanetse go botsa dipotso tse di tlhamaletseng tse di tshwanang le tse: A ngwanake o go tshwarisa bothata? A o na le tlotlo? A o nna teng mo ditlelaseng tsotlhe? A ga a tsene thari?

Go tweng fa morutisi a bolela sengwe se se seng monate ka ngwana wa gago? Se akanye gore ga go boammaaruri. Maswabi ke gore, basha ba bantsi ba lebega ba tshela botshelo jo bo siameng kwa gae kana kwa lefelong la kobamelo fa tota e le baitimokanyi. Ka jalo reetsa morutisi o mo tlotle mme o tsamaye o ye go batlisisa se a se buang.

Fa Ngwana a Goroga Kwa Gae

Wena jaaka motsadi, o ikutlwa jang fa o goroga kwa gae o tswa tirong? A o a bo o ngomogile pelo? O tlaletswe? Ngwana wa gago a ka tswa a ikutlwa maswe go feta wena fa a goroga kwa gae a tswa sekolong. Ka jalo rre mongwe o ne a kgothatsa jaana: “Dira gore go nne monate go boela gae. Gongwe le bone ga ba a tlhola sentle.”

Fa go kgonega, go botoka fa bana ba fitlhela batsadi kwa gae. Fela jaaka mmè mongwe a ne a bolela, “bana ga ba kake ba go bolelela se se diragalang fa o seo go bua le bone. Ka jalo, ke tlhomamisa gore bana ba mphitlhele kwa gae.” Motsadi ga a tlhoke fela go itse gore ngwana wa gagwe o dira eng mme gape gore o akanya eng le gore o ikutlwa jang. Go tlhokega nako e ntsi thata, matsapa le go mmotsolotsa ka bonolo gore o kgone go itse dilo tseno. (Diane 20:5) Go botlhokwa gore lo tlotle letsatsi le letsatsi.

Morutisi mongwe wa sekolo sa poraemari kwa New York City o ne a bolela jaana: “Mo letsatsing lepe fela, ngwana wa gago a ka tla a rutilwe mekgwa ya boitsholo e jaanong e senyegang ya tsamaiso ya sekolo.” Ka jalo, o ne a kgothatsa jaana: “Dira gore o itse se se melang mo pelong ya ngwana wa gago. Iphe nako, lefa o ka tswa o lapile go le kana kang, o dire gore a itlhalose mme o tlose dithuto tse di phoso ka go mo ruta tse di siameng.”—Diane 1:5.

Mongwe yo o sa bolong go ruta mo sekolong se segolo le ene o ne a gakolola jaana ka tsela e e tshwanang: “Go na le gore o botse fela gore go diragetseng kwa sekolong, go tla nna molemo gore o botse dipotso tse di tlhamaletseng le tse di maleba ka se se diragetseng letsatsi leo kana ditiro tse di dirilweng. O se ka wa dira seno o gagamaditse phatla kana ka go kgadiepetsa mme e nne ka tsela ya go tlotla le ngwana ka tsela e e tlwaelegileng.”

Richard W. Riley, mokwaledi wa thuto wa United States, o ne a kgothatsa jaana: “Bua le bana ba gago ka tlhamalalo, segolo thata ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome, ka dikotsi tsa diokobatsi le bojalwa le ka mekgwa e e siameng e o batlang bana ba gago ba nna le yone. Go bua le bone jalo ka namana, go ka boloka matshelo a bone le mororo go ka tswa go go dira gore o tlhajwe ke ditlhong.”

Motsadi ga a tshwanela le ka motlha a dira gore bana ba gagwe ba akanye gore o tshwaregile thata mo a ka se kang a reetsa bana ba gagwe segolo thata fa a na le maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete. Le mororo o ka nna wa tshwenngwa ke se o se utlwang, mma ba bone sefatlhogo sa gago le tsela e o itshwarang ka yone gore o itumelela go bo ba bua le wena ba gololesegile. Moithuti mongwe o ne a gakolola jaana: “O se ka wa tshoga fa o utlwa ngwana wa gago a bua ka diokobatsi kana ka tlhakanelodikobo ya kwa sekolong.”

Go thubega ga malapa gompieno go dira gore go bo go na le ba le bantsi gompieno ba ba ka bidiwang ‘masiela.’ (Jobe 24:3; 29:12; Pesalema 146:9) Gantsi mo phuthegong ya Bokeresete go na le mongwe yo a ka thusang mosha yo o tlhokang go thusiwa. A o mongwe yo o ka dirang jalo?

Mo Kgothaletse go Ithuta le go Nna le Maikarabelo

Basha ba bantsi ga ba a ineela mo go direng tiro ya sekolo jaaka Latoya, yo re neng ra mo umaka kwa tshimologong. Ba le bantsi ba tlhoka go kgothadiwa thata gore ba ithute. Joseph Fernandez, yo e kileng ya bo e le mokanseleri wa dikolo kwa New York City o ne a re: “Re ne re na le dipaka tse di gagametseng tsa go ithuta kwa gae. Re ne re dira gore go nne le dibuka, re ba kgothaletsa go etela laeborari le go buelela go ya sekolong ka metlha le go nna le seabe.”

Mookamedi yo mongwe wa sekolo o ne a re: “Re tshwanetse go naya bana ba rona dibuka le go ba tseela dikgang fela jaaka re letla thelebishene, dibaesekopo, dibidio le go ya kwa marekisetsong.” Fa bana ba dira tiro ya bone ya kwa gae, batsadi ba ka kgona go rulaganya gore le bone ba ithute sengwe kana ba bale. Ka tsela eo, bana ba gago ba tla bona gore o tseela thutego kwa godimo.

Thelebishene e kgoreletsa go ithuta thata mo magaeng a mantsi. “Fa ba fitlha mo dingwageng tse 18, basha ba a bo ba dirisitse diura di le 11 000 mo tlelaseng mme di le 22 000 ba lebile thelebishene.” Batsadi ba ka nna ba tlhoka go fokotsa selekanyo se bana ba bona ba lebang thelebishene ka sone, gongwe bone ka bobone ba e lebe fela ka sewelo. Mo godimo ga moo, dira gore go nne le sengwe se o se ithutang le bana ba gago. Balang mmogo. Rulaganya gore o sekaseke tiro ya bone ya sekolo e ba e direlang kwa gae letsatsi le letsatsi.

Bana ba gago ba tlile go newa tiro e ntsi ya sekolo gore ba e dire. A ba tla kgona go dira seno? Ba tla kgona fa e le gore o ba rutile go dira ditiro tsa boikarabelo kwa gae. Tsela e nngwe e e botlhokwa ya go dira seno ke go ba abela ditiro tse ba di dirang letsatsi le letsatsi. O ba laele gore ba di dire go ya ka thulaganyo nngwe e e rileng. Ke boammaaruri gore go tla go tlhoka maiteko a magolo thata gore o kgone go ba katisa ka tsela eno, mme go tla ruta bana ba gago gore ba nne le maikarabelo a ba a tlhokang gore ba kgone go atlega kwa sekolong le mo botshelong moragonyana.

Boineelo Jwa Moithuti bo Botlhokwa Thata

Arthur Kirson, mokaedi yo o neelang dikgakololo, o ne a bolela sengwe se se ka thusang gore motho a bone thutego e e siameng fa a ne a bua jaana ka Latoya, yoo re neng ra mo umaka kwa tshimologong: “Ke ne ka mmona la ntlha fa a sena go diragalelwa ke sengwe se segolo kwa gae. Ngwana yono o ne a kgobogile sefatlhego [ka ntlha ya go sotliwa ke rraagwe]. Selo se le sengwe fela se a neng a tshwenyega ka sone e ne e le tiro ya sekolo.”

Ee, selo se se botlhokwa thata gore ngwana a bone thutego e e siameng ke gore a ineele ka botlalo mo go ithuteng. Mosha mongwe wa kwa New York City o ne a akgela jaana: “Mo dikolong gompieno, go ikaegile gotlhelele ka moithuti gore a o iketleeditse le gore a o kgona go itaya gore a tle a kgone go solegelwa molemo.”

Ka sekai, mmè mongwe yo a neng a tshwenyegile thata ka thutego ya ngwana wa gagwe o ne a bolelelwa mafoko ano ke morutabana: “Mmè Smith, se tshwenyege. Justin ke letlhale, ga a kitla a tlhoka go itse go peleta. O tla nna le mokwaledi yo o tla mo direlang seo.” Lefa ngwana a ka tswa e le letlhale jang, go ithuta go bala le go kwala—go akaretsa le go kwala ditlhamo tse di utlwalang sentle, go kwala ka mokwalo o o balegang sentle, le go itse go peleta sentle—go botlhokwa.

Selo se se tshosang ke gore, barutisi bangwe ba ne ba se ka ba ganetsa Carl Rogers, moithutatlhaloganyo yo o itsegeng thata fa a ne a re: “Motho ga a tshwanela go ithuta selo se a sa boneng botlhokwa jwa sone.” Polelo eno e phoso fa kae? Fela jaaka go papametse, gantsi ngwana ga a ke a bonela pele gore se go tweng a se ithute jaanong se tlile go mo solegela molemo jang mo isagweng. Mo makgetlong a mantsi, o simolola go lemoga botlhokwa jwa sone morago thata mo botshelong. Go phepafetse he gore bana ba gompieno ba tlhoka go ineela ka botlalo gore ba tle ba rutege sentle!

Cindy, ngwana wa dingwaga tse 14 yo o mo mophatong wa bosupa, ke sekao se sentle sa ngwana yo o supang fa a ineetse ka botlalo. O ne a tlhalosa jaana: “Fa sekolo se tswa ke sala ke bua le barutisi mme ke kgona go ba itse sentle. Ke leka go batlisisa gore ke eng se ba se lebeletseng mo baithuting.” Gape o reetsa ka tlhoafalo mo tlelaseng e bile o tlhagafalela go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. Fa ba reeditse mo tlelaseng kana fa ba bala, baithuti ba ba atlegang ba itlwaetsa go nna ba tshotse phensele le pampiri gore ba kgone go kwala dintlha.

Selo se sengwe se se botlhokwa thata gore o bone thutego e e siameng ke go tila ditsala tse di bosula. Cindy o ne a akgela jaana: “Ka metlha ke senka motho yo o nang le boitsholo jo bontle. Ka sekai, ke botsa ba ke tsenang sekolo le bone gore ba akanyang ka semangmang yo o dirisang diokobatsi kana yo o tlhakanelang dikobo le mongwe le mongwe. Fa ba ka re, ‘Phoso ke eng ka seo?’ Ke lemoga gore ga se ditsala tse di siameng. Mme fa mongwe a supa gore ga a rate boitshwaro joo a bo a bolela gore ene ga a batle go nna jalo, ke ene yo ke tla nnang nae ka nako ya dijo tsa motshegare.”

Go phepafetse gore go na le dilo tse dintsi tse di kgoreletsang go bona thutego e e siameng mo malatsing a gompieno. Mme thutego e e ntseng jalo e ka bonwa fa baithuti le batsadi ba dirisiwa dilo tse di ka ba thusang. Jaanong re tla tlotla ka selo se sengwe gape se se ka go thusang thata gore o bone thutego e e siameng.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Go Pepetletsa Kana Go Kgalemela Ka Lorato?

Baebele e tlhagisa gore go pepetletsa bana go felela ka mathata. (Diane 29:21) Albert Shanker, poresidente wa American Federation of Teachers o ne a dumalana le seno fa a ne a re: “Go na le batsadi ba ba akanyang gore ba direla bana ba bone sengwe le sengwe se se siameng ka go dira sengwe le sengwe ka tsela e ngwana a batlang ba se dira ka yone. Mme re a itse gore seo se phoso.”

Tota le bana ba bantsi ba a itse gore go pepetletsa ngwana jalo go phoso. Lokwalodikgang lwa Massachusetts lo ne lwa bega jaana kwa tshimologong ya ngwaga o o fetileng: “Fa go ne go botsolodiwa baithuti ba ba dirang mophato wa bonè go ya go wa lesome ba 1572 West Springfield, go ne ga fitlhelwa gore ‘go letlelela sengwe le sengwe ga batsadi’ ke gone go go neng go tlhotlheletsa bana ba dingwaga tseno go dirisa diokobatsi le bojalwa e seng go tlhotlhelediwa ke balekane ba bone.”

Go pepetletsa bana ka tsela eo go ile ga oketsa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Eleruri, jaaka Baebele e bolela, fa o sa ba kgalemele, bana ba tlile go tlhabisa lelapa la gago ditlhong.—Diane 29:15.

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Se Batsadi Ba Ka Se Dirang

✔ Dira gore o itse sekolo sa ngwana wa gago, mekgele ya sone le maikutlo a sone ka dilo tse o di tsayang di le botlhokwa le tse o di dumelang.

✔ Itse barutisi ba ngwana wa gago, mme o leke go dirisana mmogo le bone.

✔ Kgatlhegela tiro ya sekolo ya ngwana e e direlwang kwa gae. Bala le ene ka metlha.

✔ Laola se ngwana wa gago a se lebang mo thelebisheneng le lobaka lo a e lebang ka lone.

✔ Ela tlhoko tsela e ngwana a jang ka yone. Dijo tse di sa otleng mmele di ka dira gore a se ka a kgona go tlhoma mogopolo mo go sepe.

✔ Tlhomamisa gore ngwana wa gago o robala lobaka lo lo lekaneng. Bana ba ba lapileng ga ba kgone go ithuta sentle.

✔ Leka go thusa ngwana wa gago gore a nne le ditsala tse di siameng.

✔ Nna tsala e kgolo ya ngwana wa gago. O tlhoka go nna le ditsala tse di godileng sentle.

Se Bana Ba Ka Se Dirang

✔ Mma batsadi ba gago ba go thuse go tlhoma mekgele ya thutego ya gago le ditsela tsa go e fitlhelela. Tlotla le barutisi ba gago ka mekgele eno.

✔ Tlhopha dirutwa ka kelotlhoko o thusiwa ke barutisi le batsadi ba gago. Gantsi ga go molemo go tlhopha dikhoso tse di motlhofo tse o di dirang fa o rata.

✔ Nna le botsalano jo bo siameng le barutisi ba gago. Leka go itse gore ba lebeletse eng mo go wena. Tlotla le bone ka kgatelopele le mathata a gago.

✔ Reetsa ka kelotlhoko mo tlelaseng. Se kgatlhegele go nna le maitsholo a a sa siamang.

✔ Tlhopha ditsala ka botlhale. Di ka go thusa kana tsa go kgoreletsa gore o se ka wa gatela pele kwa sekolong.

✔ Dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae sentle kafa o ka kgonang ka teng. Iphe nako e e lekaneng go di dira. Kopa batsadi ba gago kana mogolo mongwe fela gore a go thuse fa o tlhoka thuso.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Reetsa ka tsela e e supang tlotlo fa morutisi a ngongorega ka ngwana wa gago

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Botsa ngwana wa gago ka tsa sekolo letsatsi le letsatsi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela