LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 10/8 ts. 3-20
  • Barongwa—Ba Nne ka Tsela Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barongwa—Ba Nne ka Tsela Efe?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morongwa Ke Eng?
  • Barongwa ba Thusitse go le Kana Kang?
  • A go Santse go Tlhokega?
  • Go Dira Barutwa ba Boammaaruri Gompieno
    Tsogang!—1995
  • Barongwa “go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Se Labokeresete E Se Robileng mo Afrika
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 10/8 ts. 3-20

Barongwa—Ba Nne ka Tsela Efe?

LEFOKO “morongwa” le ka tsosa maikutlo a a farologaneng. Le ka dira gore batho bangwe ba tsiboge ka boitumelo, le ba gopotsa batho ba ba tshwanang le Mother Teresa kgotsa moswi Albert Schweitzer.

Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba bangwe ba ka kgopisega kgotsa ba shakgala fa go buiwa ka kgang ya barongwa. Mo go bone lefoko leno le kaya, batho ba ba tshereanyang ditlhaloganyo tsa batho e bile ba tsamaya ba rotloetsa kgang ya go dira dinaga tse dingwe dikolone.

Motho a ka botsa potso eno e e tshwanetseng ka barongwa, A ba ne ba leretse batho lesedi kana ba ne ba ba leretse lefifi?

Morongwa Ke Eng?

Morongwa o tlhalosiwa e le, “motho yo o romiwang go ya go dira tiro nngwe,” ka mafoko a mangwe, “go ya go dira tiro ya bodihedi ya mokgatlho mongwe wa bodumedi, a ya go ruta dithuto tsa one kana go ya go thusa batho koo.”

Jesu Keresete ke ene yo o neng a simolola borongwa jwa Bokeresete fa a ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Ke gona, tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa.” Seno se dira gore go rerwe molaetsa wa Bokeresete mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 28:19.

Jesu ka boene e ne e le morongwa yo o neng a romilwe ke Jehofa, Rraagwe, go tswa kwa legodimong a tla mo kabelong ya seeng, mono lefatsheng. (Bafilipi 2:5-8) Ka jalo, morongwa wa Mokeresete o tshwanetse a dira fela jaaka Jesu Keresete a dirile. Morongwa wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a dira fela jalo e ne e le moaposetoloi Paulo, o ne a tlhomela batho ba e neng e tla nna barongwa ba Bakeresete sekao gore ba se sale morago.—1 Bakorinthe 11:1.

Le mororo Jesu a ile a utlwela batho ba ba mo mathateng botlhoko fa a ne a le mo lefatsheng, ga a ka a dira kgang ya go rarabolola mathata a bone go nna yone tiro ya konokono ya gagwe. O ne a tla bo a rarabolola mathata ao ka nakwana fela. (Johane 6:26, 27; 12:8) Go ne go na le sengwe se se neng se le botlhokwa thata. Jesu o ne a raya Pilato a re: “Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe kaga boammaaruri.” Go botlhokwa thata gore motho a nne le kitso ya boammaaruri jono, jaaka fa Jesu a ile a bolela jaana pelenyana ga moo mo thapelong: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3; 18:37.

A barongwa ba Labokeresete ba ile ba latela sekao sa ga Jesu? Jaaka ene, a ba ile ba leretse batho lesedi, ba ba phatsimisetsa lesedi la Lefoko la Modimo, kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng? Kgotsa a ba ile ba tlogela batho ba le mo lefifing? Rotlhe re tshwanetse go kgatlhegela karabo ya dipotso tseno ka gonne maungo a ditiro tsa barongwa ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mo makgolokgolong a dingwaga a tla re thusa go lemoga bodumedi jwa boammaaruri le bodumedi jwa maaka.

Barongwa ba Thusitse go le Kana Kang?

Barongwa ba ne ba nna le seabe se segolo thata mo go anamiseng molaetsa wa ga Keresete. Ka sekai, bangwe ba ne ba ranolela Baebele mo dipuong tsa batho ba kwa ba neng ba le gone, ka gone, ba thusa batho go e ipalela.

Lefa go ntse jalo, mo malatsing a segompieno go lebega barongwa bangwe ba akanya gore go thusa batho ka mathata a loago ke sone selo sa botlhokwa go feta go ba rerela kana go dira tiro ya go ranola. Setlhogo sengwe sa makasine wa Time se se neng se re “Mokgwa o Mosha wa Borongwa” se tlhalosa jaana: “Barongwa ba Maporotesetante ba sekametse thata mo go thuseng batho ka dilo tse ba di tlhokang tsa itsholelo le go ba rarabololela mathata a bone a loago.” Malebana le Bakatoliki, mookamedi wa ditiro tsa Se-Jesuit yo o neng a tswa kwa United States o ne a re, go bolelela batho ka dithuto tsa Sekeresete “go tseetswe sebaka ke tiro ya go thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang.” Gape mokwaledi mongwe wa ditiro tsa serongwa wa Katoliki o ne a ganetsa seno jaana: “Pele, re ne re na le se go tweng ke maikaelelo a go namola mewa ya batho. . . . Mme jaanong ka thuso ya Modimo, re dumela gore batho botlhe le ditumelo tsotlhe di tshela ka tshwaro le lorato lwa Modimo le gore ba tla bolokwa ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jwa Modimo.”

A seno se bolela gore ga go tlhole go tlhokega gore batho ba rutwe Lefoko la Modimo jaaka Jesu a dirile?

A go Santse go Tlhokega?

Ka 1985 batho ba ka nna 18 000 ba kwa Hamburg, kwa Jeremane, ba ne ba founelwa ke baithaupi bangwe ba le makgolo a sekae ka se lekwalodikgang le neng la se bitsa “letsholo le legolo la borongwa ka founo.” Go bonala le ile la nna le matswela a sekae fela. Ngogola ka December The European e ne ya kwala jaana: “Palo ya batho ba ba tlang dikerekeng tsa Porotesetante mo Jeremane . . . e fokotsegile ka dipalo tse di fetang 500 000 fa e sa le ka 1991.”

Ga se selo se se sa diragalang kwa dikerekeng tsa Jeremane fela gore palo ya letsomane e fokotsege. Batho ba le dimilione lefatshe ka bophara ba furaletse bodumedi, ga ba tlhole ba bo tsaya e le selo se se tlhokegang mo dingwageng tseno tsa bo1990. Lefa go ntse jalo, re tlhoka go nna le kitso ya Bokeresete gore re tle re itshokele mathata a gompieno a lefatshe le gore re ke re nonotshiwe ke tsholofelo ya lefatshe le le botoka la nako e e tlang. Selo se se molemo se se ka thusang mo mathateng ano ke go dira taelo ya ga Jesu ya gore batho ba merafe yotlhe ba dirwe barutwa.

Jesu Keresete o ne a batla gore barongwa ba Bakeresete ba leretse batho lesedi, e seng go ba leretse lefifi. Barongwa ba Labokeresete ba ne ba thusa go le kana kang? Ba ne ba latela sekao sa ga mang?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Culver Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela