LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 1/8 ts. 21-23
  • Go Dira Barutwa ba Boammaaruri Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Barutwa ba Boammaaruri Gompieno
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekolo se se Kgethegileng
  • Matswela e Nnile Eng?
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Barongwa “go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Barongwa—Ba Nne ka Tsela Efe?
    Tsogang!—1994
  • Se Labokeresete E Se Robileng mo Afrika
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 1/8 ts. 21-23

Go Dira Barutwa ba Boammaaruri Gompieno

JESU KERESETE o ne a laela jaana: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse.” (Mathaio 28:19) Everymanʼs Encyclopedia e bolela gore “Bakeresete ba ntse ba diragatsa taelo eno mo motlheng mongwe le mongwe,” mme lefa go ntse jalo e oketsa ka gore, “legale ka dinako tse dingwe ba ne ba dira jalo go sekae fela.” Buka ya The Missionary Myth e botsa jaana: “A motlha wa borongwa o khutlile?”

Ngogola ka January makasine wa Newsweek o ne wa bega jaana: “Mopapa John Paul II o ntshetsa Boroma Katoliki kwa mebileng.” Makasine ono o ne wa tlhalosa jaana: “O romela baefangele ba e seng baruti ba le 350 go ya go senka badumedi ba basha kwa didisekhong tsa Rome, disupamakete le kwa diteisheneng tsa kafa tlase ga lefatshe. Thulaganyo ya go leka go bona gore matswela e tla nna afe e simololwa ka Ash Wednesday (Feb. 16). Fa e ka atlega, mopapa o tla ba romela kwa dikarolong tsa lefatshe lotlhe—kgato e e tla dirang gore barongwa ba Katoliki ba kokote mo dikgorong tsa batho go tloga kwa Buenos Aires go fitlha kwa Tokyo.”

Kafa letlhakoreng le lengwe Basupi ba ga Jehofa bone ga ba bolo go itse gore ke maikarabelo a bone go dira tiro ya boefangele. (2 Timotheo 4:5) Ke boammaaruri gore ga ba rere botlhe jaaka barongwa kwa dinageng tsa seeng. Lefa go ntse jalo ba rera gongwe le gongwe kwa ba leng teng. Ka jalo tota re ka re ka tsela nngwe, botlhe ke barongwa.

Sekolo se se Kgethegileng

Ka 1940 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa simolola sekolo se se thapisang badiredi ba ba nang le maitemogelo go ya go nna barongwa kwa dinageng tsa seeng tse go neng go tlhokega thuso ka bonako thata kwa go tsone. Dilo tse di neng di rutiwa kwa go sone di ile tsa nna tsa tlhabololwa go ya le dingwaga lefa go ntse jalo, ga go a ka ga fetolwa maikaelelo a sone a botlhokwa a go ruta Baebele le go dira tiro e e botlhokwa ya boefangele ka botlalo.

Leina le go neng ga bidiwa sekolo seno ka lone e ne e le Gileate, le ka Sehebera le kayang “Thota ya Bosupi.” Ka go thusa go koega thota eno ya bosupi go tlotla Jehofa, Gileate e ne ya nna le seabe se segolo mo go tswelediseng pele tiro ya go rera lefatshe ka bophara e Jesu a neng a bolelela pele gore e ne e tla dirwa mo motlheng wa rona.—Mathaio 24:14.

Fa a ne a bua le tlelase ya ntlha ya Sekolo sa Gileate ka 1943, Nathan H. Knorr. yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a re: “Lo katisediwa go dira tiro e e tshwanang le ya ga moaposetoloi Paulo, Mareko, Timotheo le ba bangwe ba ba neng ba tsamaya le dikarolo tsotlhe tsa Mmusomogolo wa Roma ba bolela molaetsa wa Bogosi.  . . . Tiro ya lona e kgolo ke go rera efangele ya Bogosi ka ntlo le ntlo jaaka Jesu le baaposetoloi ba dirile.”

E ne ya re fa tlelase ya ntlha e fetsa katiso ya yone, baalogi ba yone ba ne ba romelwa kwa dinageng tse robongwe tsa Latin America. Go fitlha gompieno jaana, Sekolo sa Gileate se setse se katisitse baithuti ba feta 6 500 ba ba tswang kwa dinageng tse di fetang 110 mme ba ile ba romelwa kwa dinageng le ditlhaketlhakeng tse di fetang 200 go ya go nna barongwa teng.

Barongwa ba ba Farologaneng

Mo nakong e e fetileng, bontsi jwa barongwa ba Labokeresete, ba ba jaaka ba ba neng ba rometswe kwa Greenland, ba ne ba ranolela Baebele kana dikarolo dingwe tsa yone mo puong e e buiwang koo. Lefa go ntse jalo, barongwa bao ba bogologolo gantsi ba ne ba kgatlhegela thata dilo di sele e seng go ruta batho Baebele.

Ka sekai, barongwa ba Labokeresete ba ba neng ba ya kwa Japane ba ne ba inaakanya le “ditheo tsa thuto le dikolo.” go bolela jalo Kodansha Encyclopedia of Japan. E a re: “Barongwa ba le bantsi ba ne ba tlhatlosa maemo a bone ka madi a ba neng ba a newa go ithutela pele.” Ba ne ba nna baitsedipuo kana boporofesa, ba ruta dithuto tse di jaaka go kwala dibuka, dipuo, hisetori, filosofi, madumedi a Asia Botlhaba le dingwao tsa Sejapane. Saetlopedia eno e oketsa ka gore “gape barongwa bano ba ne ba rata go inaakanya le ditiro tsa ditheo tsa go abela batlhoki le tsa loago.”

Bontsi jwa barongwa bano ba ne ba sa tseye go rera efangele jaaka yone tiro e e botlhokwa go gaisa tse dingwe. Gantsi ba ne ba buelela gore batho ba gagamalele go batla go nna le dithoto go na le go batla dilo tsa semoya. Ba ne ba tlhoma mogopolo thata mo go direng dilo tse di ba kgatlhang. Ke gone ka moo gompieno morongwa wa Kereke ya Engelane yo o neng a rometswe kwa Japane ka 1889 a itsegeng thata ka gore ke “mosimolodi wa motshameko wa Japane wa go palama dithaba.”

Barongwa ba Gileate ba farologana thata le ba Labokeresete. Buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, mo go kgaolo 23, e bolela jaana: “Baalogi ba Sekolo sa Gileade ba ruta batho Bibela. Go na le gore ba tlhome dikereke ba bo ba lebelela gore batho ba tle kwa go bone. ba tsamaya ka ntlo le ntlo . . . ba sa ya go direlwa mme ba ile go direla batho.”

Matswela e Nnile Eng?

Barongwa ba Labokeresete ba ile ba atlega go le kana kang morago ga gore ba fetse makgolokgolo a dingwaga ba dira barutwa ba Bakeresete kwa Yuropa? Buka ya A Global View of Christian Missions e araba jaana: “Batho ba ba fopholediwang go dimilione di le 160 kwa Yuropa ba ipolela gore ga se ba bodumedi bope. Mo go ba ba santseng ba ipolela gore ke Bakeresete, ke ba sekae fela ba bone ba ba tsayang bodumedi masisi.... Tota ga go a tshwanela gore go twe Yuropa ke kontinente ya Bokeresete.”

Go tweng ka maemo kwa Asia? Kodansha Encyclopedia of Japan e araba jaana: “Batho ba le bantsi ba dumela gore Bokeresete e santse e le tumelo ya ‘seeng,’ . . . e e sa tshwanelang Mojapane fela yo o tlwaelegileng. ... Bajapane ba santse ba tsaya Bokeresete e le selo fela se se sa ba ameng.” Ee ruri, kwa Japane, ke fela batho ba ba kwa tlase ga 4 lekgolong ba ba ipolelang gore ke Bakeresete, kwa India ke ba ba kwa tlase ga 3 lekgolong, kwa Pakistan ke ba ba kwa tlase ga 2 lekgolong mme kwa China ba kwa tlase ga 0,5 lekgolong.

Maemo mo Afrika gone a ntse jang morago ga gore barongwa ba Labokeresete ba fetse makgolokgolo a dingwaga ba le mono? Mo pegong e e kaga kokoano ya bobishopo ba Afrika e e neng e tshwerwe ngogola ka letlhabula kwa Rome, makasine wa Jeremane wa Focus o ne wa re: “Ga re ne re tlhola re leba ditumelo tsa Seafrika e le tsa medingwana ya seheitene. Setlankana sengwe sa semolao, se legale se iseng se phasaladiwe, se bolela fa ‘madumedi a setso a Seafrikaʼ a lekana fela le a mangwe. Maloko a one a tshwanelwa ke go tlotliwa. Sinoto e ne ya tlhalosa gore madumedi ao pele a neng a tsewa gore ke a bodimona ‘gantsi ke one a simolotseng tsela ya go tshela e e latelwang le ke batho ba ba ineetseng tota mo Bokatoliking.’”a

Barongwa ba Labokeresete ba atlegile go le kana kang kwa dinageng tsa Amerika morago ga gore ba fetse makgolokgolo a dingwaga ba dira batho barutwa ba Bakeresete? Buka ya Mission to the World e araba jaana: “‘Latin Americaʼ e santse e tshwanelwa ke go bidiwa gore ke ‘kontinente e e tlhokomologilwengʼ le mororo go nnile le kgatelopele e kgolo mo tirong ya borongwa mo masomeng a dingwaga tsa bosheng jaana.” Malebana le United States, Newsweek e bolela gore patlisiso nngwe ya bosheng jaana “e bontsha gore lefa Amerika e tletse ka bodumedi, ke batho ba sekae fela ba ba bo tsayang masisi  . . . Halofo yotlhe ya batho ba ba bolelelang badiradipatlisiso gore ba ya kerekeng Sontaga, ga ba bue boammaaruri. . . . Mo e ka nnang nngwetharong ya Baamerika ba dingwaga tse 18 le go feta ba lebega jaaka batho fela ba e seng ba bodumedi . . . Ke 19 lekgolong fela . . .  e ka metlha e dirang dilo go ya ka bodumedi jwa yone.”

Re ka sobokanya dilo ka gore, barongwa ba Labokeresete mo maitekong a bone a go rarabolola mathata a khumanego, maemo a a sa itumediseng a boitekanelo le go sa rutega, jaaka setlhopha, ba ile ba buelela ditsela tsa batho tsa go a rarabolola tse di neng di a rarabolola go sekae fela e bile e le ka nakwana fela. Kafa letlhakoreng le lengwe, barongwa ba Bakeresete ba boammaaruri bone ba kaela batho gore ke Bogosi jo bo setseng bo tlhomilwe jwa Modimo fela jo bo tla gololelang batho ruri e bile e le ka botlalo. Ga bo ne bo fokotsa mathata ano fela; bo tla a rarabolola. Ee, Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore batho ba tshele ba itekanetse, ba sireletsegile tota mo go tsa ikonomi, botlhe ba na le ditiro tse dintsi tse ba di kgotsofalelang e bile ba tshelela ruri!—Pesalema 37:9-11, 29; Isaia 33:24; 35:5, 6; 65:21-23; Tshenolo 21:3, 4.

Barongwa ba Labokeresete ba ka nna ba supa batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete bao ka sewelo ba nnang teng kwa ditirelong tsa bodumedi, ba re ke bone bosupi jwa gore ba dirile ‘merafe yotlhe barutwa, ba ba kolobetsa.ʼ Lefa go ntse jalo, bosupi bo bontsha gore barongwa bano ba paletswe ke go ruta batho bano ba ba kolobeditsweng go ‘tlhokomela dilo tsotlhe tse Jesu a di ba laoletseng.ʼ—Mathaio 28:19, 20.

Lefa go ntse jalo, tiro ya go ruta ya Bakeresete ba boammaaruri e tla tswelela pele go fitlha e bo e fetela mo lefatsheng le lesha la Modimo. E tla dirwa go fitlha ka nako ya fa dimilione tsa batho ba ba tla tlhokang go rutiwa ditsela tsa Modimo ba tsosiwa mo baswing. Ka nako eo, Bakeresete ba tla itumelela go tswelela pele ka tshiamelo e ba nang le masomesome a dingwaga ba ntse ba e dira ya go dira barutwa—ba sa tlhole ba kgorelediwa ke Satane.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Kafa ba Thusitseng Batho ka Teng

Dikakgelo tse di latelang ke tsa batho bao ba ileng ba thusiwa ke barongwa ba ba katisitsweng kwa Gileate.

“Ke ne ke kgatlhiwa ke tlhagafalo ya bone, ba itshokela dilo tse dintsi thata tse di farologaneng le tsa kwa nagagaeng ya bone: tlelaemete, dipuo, dingwao, dijo, le madumedi. Lefa go ntse jalo, ba ne ba dira dikabelo tsa bone ka bopelotelele, bangwe e bile ba ne ba swela kwa go tsone. Mekgwa ya bone e mentle ya go ithuta le go tlhoafala ga bone mo bodireding e ne ya ntlhotlheletsa gore le nna ke kgaratlhele go nna jalo.”—J. A., India.

“Ke ne ke kgatlhiwa ke tsela e morongwa yono a neng a boloka nako ka yone fa a tla go ithuta le nna. O ne a itshokela go tlhaolwa le go tlhokomologiwa ka tsela e e gakgamatsang.”—P. T., Thailand.

“Nna le mosadi wa me re ne re anaanela tsela e barongwa ba Basupi ba neng ba le pelontle ka yone. Ditiro tsa bone di ne tsa re tlhotlheletsa go dira tiro ya nako e e tletseng mokgele wa rona mme e bile gompieno jaana re itumelela go nna barongwa rona ka borona.”—A. C., Mozambique.

“Ke ne ke le pelotshetlha. Ke ne ka tlhotlheletsega gore ke fetoge fa ke sena go kopana le barongwa. Ke ne ka bona ba na le boitumelo jwa boammaaruri.”—J. K., Japane.

“Barongwa ba Labokeresete ba ne ba tshelela mo manobonobong. Ba ne ba na le batlhanka bao ba ba phepafaletsang matlo a bone, ba ba apeela, ba ba tlhatswetsa diaparo, ba ba tlhokomelela ditshingwana le go ba kgweeletsa dikoloi. Ke ne ka gakgamalela go bona barongwa ba Gileate bone ba itirela ditiro tsa mo gae ka bonatla fa gape ba tla ba thusa batho ba metse e ba neng ba nna kwa go yone go ithuta ka Bogosi jwa Modimo.”—S. D., Thailand.

“Bokgaitsadi ba barongwa ba ne ba pagama dibaesekele go etela batho tota le ka nako ya fa go le mogote wa didikirii tsa Fahrenheit di le 115 [46° C.]. Tsela e ba neng ba rata baeng ka yone ba sa tlhaole batho le e ba neng ba itshoka ka yone e ne ya dira gore ke bone boammaaruri.”—V. H., India.

“Barongwa bano ba ne ba sa itseele kwa godimo. Ba ne ba ikokobeditse ba itshelela le batho ba metse e ba neng ba nna kwa go yone. Ba ne ba tlile go direla, ka jalo, ba ne ba se ke ba ngongorega mme ka metlha ba ne ba lebega ba itumetse e bile ba kgotsofetse.”—C. P., Thailand.

“Ba ne ba se ka ba fetola boammaaruri jwa Baebele. Lefa go ntse jalo, ba ne ba sa dire gore batho ba metse e ba neng ba nna mo go yone ba ikutlwe gore dingwao tsotlhe tsa setso sa bone di ne di le phoso kgotsa gore ba fetogele mo mekgweng ya Bophirima. Ba ne ba sa dire gore batho ba ikutlwe e le ba maemo a a kwa tlase kgotsa e se ba sepe.”—A. D., Papua New Guinea.

“Ene o ne a rata go iphara le rona ka tsela ya Sekorea fa re tshwere thuto ya Baebele, a farologane le barongwa ba Labokeresete. O ne a itumelela go ja dijo tsa rona tsa Sekorea. Tsela e ke neng ke mo rata ka yone e ne ya nthusa gore ke gatele pele.”—S. K., Korea.

“Ke ne ke na le dingwaga di le lesome e bile sekolo sa rona se ne se tswa motshegare. Morongwa o ne a nkopa gore ke mo pate mo bodireding motshegare. O ne a nthuta melaometheo e le mentsi ya Baebele a bo a dira gore ke rate phuthego ya ga Jehofa thata.”—R. G., Colombia.

“Ba ne ba nthuta gore ke itshokele dikabelo tsa me, ke dire sengwe le sengwe se go neng go tlhokega gore ke se dire kwa ntle ga go ngongorega. Ke leboga Jehofa le Jesu Keresete ka pelo ya me yotlhe go bo ba ile ba re romelela barongwa bano.”—K. S., Japane.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Kereke ya Katoliki mo Afrika,” mo go tsebe 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Barongwa ba Gileate ba ba tswang dinageng tse 16 ba anela maitemogelo kwa kopanong ya bosheng jaana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela