Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Siamisa Jang Botshelo Jwa Me?
“KE NE ke sa kgone go tsena mo teng,” go ne ga bolela jalo John. O ne a iphitlhela a eme kafa ntle ga Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlogela Bokeresete e santse e le mosha wa dingwaga tsa bolesome mme a tshela botshelo jwa bokebekwa, a dirisa diokobatsi le go dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Morago ga dingwaga tse dintsi a ntse a tshela jalo, o ne a ntse a sa kgone go ntsha Baebele mo mogopolong wa gagwe, ka jalo o ne a ya kwa Holong ya Bogosi—mme o ne a tshaba thata go tsena mo teng. “Ga o tlhaloganye,” o ne a raya jalo mongwe yo o neng a mo kgothaletsa go tsena. “Ke leofile fela thata. Ga ke bone gore Jehofa o ka tlhola a intshwarela se ke se dirileng.”
Basha ba bantsi ba tsuologela melao ya batsadi ba bone, bodumedi le boitsholo. Go gakgamatsa thata e bile go kotsi segolobogolo fa seno se dirwa ke basha ba ba godisitsweng ke batsadi ba ba boifang Modimo. Lefa e le ba le mokawana fela ba ba tsereng tsela eo, fa nako e ntse e tsamaya, bangwe ba bone ba simolola go tshwenngwa ke go ikutlwa ba sena boikaelelo mo botshelong mo e leng gore le botshelo jwa borukhutlhi ga bo kgone go ritibatsa maikutlo ao. (Diane 14:13) Basha ba bangwe fa ba sena go sotliwa ke lefatshe le le bosula le, ba batla go siamisa matshelo a bone mme ba boele mo boammaaruring jwa Baebele jo ba bo ithutileng fa ba sale bana. A mme tota go ka kgonega gore ba dire jalo?
Morwa wa Motsuolodi o Tlogela Legae
Setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesinyi kgotsa yo o tletseng tshenyo, se se fitlhelwang mo go Luke 15:11-32 se re fa lesedi mo kgannyeng e. Pego e balega jaana: “Monna mongwe o ne a na le bana ba basimane ba le babedi. Yo mmotlana wa bone o ne a raya rraagwe a re: ‘Rra nnaya mo e neng e tla nna ga me ga boswa.’ Mme a ba kgaoganyetsa dilo tse o tshelang ka tsone. Mme ya re malatsi a ise a fete a le mantsi morago ga moo, ngwana yo mmotlana a phutha gotlhe a etela kwa lefatsheng le le kgakala.”
Kwantle ga pelaelo mosha yono o ne a sa tsuologe ka lebaka la gore rraagwe a ne a mo tshwere makgwakgwa, a sa mo tshware sentle, kgotsa a gagamaditse melao thata! Go ya ka Molao wa ga Moshe, morwa o ne a lebanywe ke karolo e e rileng ya dithoto tsa ga rraagwe, lefa ka tlwaelo go ne go sa dirwe pele rraagwe a swa. (Duteronome 21:15-17) A bo go batla seabe sa gagwe pele ga nako go ne go supa go sa akanyetse jang ne! Mme gone, rraagwe o ne a dumela fela ka lorato. (Bapisa Genesise 25:5, 6.) Go phepafetse, he, gore tsela e lekau le neng le leba dilo ka yone—e seng ya ga rraagwe—e ne e le phoso. Jaaka mokanoki Alfred Edersheim a ne a bolela, gongwe o ne a sa rate “mokgwa le kwatlhao tsa kwa legaeng la gaabo” mme gape o ne a na le “keletso ya go gololesega le go ja monate” ya bopelotshetlha.
Jaaka setlhogo se se fetileng mo motseletseleng ono se ile sa dumalana, batsadi ba bangwe ga ba pelonomi e bile ga ba akanyetse.a Fa motsadi a go tshwara makgwakgwa kgotsa a sa go akanyetse, go tsuologa ga se yone tharabololo; go felela ka go ikgobatsa. Akanya gape setshwantsho sa ga Jesu. Morago ga go tsamaela kgakala le legae, lekau le ne la ‘senya dilo tsa lone mo ditlhapelong tsa bofafalele. Ya re a sena go di fedisa tsotlhe fela, ga wela mmopamo o mogolo thata mo lefatsheng leo; mme a simolola go nna mo pitlaganong.’ Seno le sone ga se a ka sa dira gore a itharabologelwe. Ka go bo a ne a itshepa, o ne a “ya a ineela mo go mongwe monni wa lefatshe leo, mme ene a mo isa kwa nageng ya gagwe gore a otlele dikolobe teng. Mme a eletsa a ka bo a kgora moroko o o jewang ke dikolobe; mme a seka a fiwa ke ope.”
Mokanoki wa Baebele Herbert Lockyer o ne a bolela jaana: “Bajuta ba ba neng ba reeditse Jesu ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshosiwa thata ke mafoko a a reng ‘go otla dikolobe,’ ka gore mo Mojudeng go ne go sena selo sepe se se neng se le makgapha jaaka seo.” Ka mo go tshwanang le gompieno, ba ba latlhang boammaaruri jwa Baebele gantsi ba iphitlhela ba le mo mathateng, kgotsa mo maemong a a tlhabisang ditlhong. Mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o neng a tlogela legae o ipolela jaana: “Ke ne ka dirisa madi a me otlhe go reka diokobatsi mme ke ne ke tlhoka madi a go reka dilo tse dingwe. Ka jalo ke ne ka simolola go utswa selo sepe fela le sengwe le sengwe mo mabenkeleng gore ke kgone go reka diokobatsi.”
“A Itharabologelwa”
Lefa go ntse jalo, morwa sesenyi o ne a itshwara jang mo maemong a gagwe a a maswe? Jesu o ne a re o ne “a itharabologelwa” kwa bofelong. Mafoko a ntlhantlha a Segerika a raya “a sena go itemoga.” Ka mafoko a mangwe o ne a ntse a “sa itemoge” a le mo lefatsheng la botsenwa la ditoro, a sa kgone go bona gore seemo sa gagwe se ne se le maswe go le kana kang.—Bapisa 2 Timotheo 2:24-26.
Basha ba bangwe ba ba tsuologang ka tsela e e tshwanang gompieno ba ile ba tshwanela go lemoga dilo ka tsela e e botlhoko. Go roba maungo a a botlhoko a botshelo jo bo botlhaswa—go tsenngwa mo kgolegelong, go gobala mo go masisi, bolwetsi jo bo tshelanwang jwa tlhakanelodikobo—e ka nna selo se se utlwisang botlhoko eleruri. Kwa bokhutlong, mafoko a a mo go Diane 1:32 a itshupa a le boammaaruri: “Gonne go tenega ga ba ba sa tlhalefang go tlaa ba bolaya.”
Akanya ka Elizabeth yo mmotlana, yo o neng a tlogela batsadi ba gagwe mme a tsenelela mo go diriseng diokobatsi. “Ke ne ka lebala Jehofa,” o bolela jalo. Lefa go ntse jalo, fa a ne a etetse kwa New York o ne a feta fa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a ikutlwa jang? “Pelo ya me le tlhaloganyo di ne tsa nna botlhoko,” o gakologelwa jalo. “Ke ne ke dirile eng? Go ne go tlile jang gore ke lese botshelo jwa me gore bo senyege ka selekanyo se segolo jaana?”
Fa morwa sesinyi a ne a lebagana le boammaaruri la bofelo, o ne a dira tshwetso ka bopelokgale—gore a ye gae a ye go siamisa botshelo jwa gagwe! Mme rraagwe o ne a tla itshwara jang fa morwawe a sena go mo utlwisa botlhoko le go mo swabisa? Pego e araba jaana: “Ya re a santse a le kgakala rraagwe a mmona, mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla.” Ee, rraagwe o ne a simolola ka go mmontsha lorato le go mo itshwarela pele mosha yono a ipolela jaaka a ne a sale a ipaakanyeditse!
Go Siamisa Ditsela le Modimo
Lefa go ntse jalo, morwa sesinyi o ne a raya rraagwe a re: “Ke leofetse legodimo le fa pele ga gago.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Seno se ruta eng? Basha ba ba latlhileng ditsela tsa Modimo ga ba kake ba kgona go baakanya matshelo a bone fa ba sa ‘siamisa ditsela’ le Modimo ka boone! (Isaia 1:18, NW) Re ka lebogela go bo Jehofa a dira gore re kgone go itetlanya le ene ka tsela e e ntseng jalo. Eleruri, rre yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o tshwantshetsa Jehofa Modimo. Gape Modimo o supa boikutlo jo bo tshwanang jwa go itshwarela ka go raya baleofi ba ba ikwatlhayang a re: “Boelang mo go nna, mme ke tla boela mo go lona.” (Malaki 3:7; bapisa Pesalema 103:13, 14.) Mme fela jaaka Bajuda ba ba neng ba dira diphoso mo metlheng ya Baebele, ba ba ntseng jalo ba tshwanetse go swetsa go dira jaana: “A re kheleiseng re lekeng ditsela tsa rona re be re sokologele mo go Jehofa.”—Dikhutsafalo 3:40.
Seno se raya gore motho a tlhatlhobe ka kelotlhoko thata boleo jo a bo dirileng. Fa mosha yo o dirang phoso a dira seno, o tshwanetse go ikutlwa a tshwanela go bolela dibe tsa gagwe fa pele ga ga Jehofa Modimo. Mopesalema o ne a bolela jaana: “E rile ke didimetse, marapo a me a onala ka go bokolela ga me ka letsatsi lotlhe. . . . Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me, le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha. . . . Mme wa intshwarela molato wa boleo jwa me.”—Pesalema 32:3-5.
Go tweng fa e le gore mosha o dirile diphoso tse di masisi—gongwe go senya mpa, boitsholo jo bo botlhaswa, go sa dirise diokobatsi sentle kgotsa bokebekwa? Re a tlhaloganya gore yo o ntseng jalo o ka nna a ikutlwa a sa tshwanelwe ke go itshwarelwa. John, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a ikutlwa jalo. Ke lone lebaka la go bo a ne a ema a sa sute kwantle ga Holo ya Bogosi go fitlha mogolwane yo o pelonomi a mo gakolola gore Kgosi Manase wa Iseraele wa bogologolo o ne a le molato wa maleo a a masisi—go akaretsa le polao! Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo itshwarela. (2 Ditirafalo 33:1-13) “Mogolwane yole o ne a boloka botshelo jwa me,” go bolela jalo John. Fa a sena go itse gore go ka kgonega gore a itshwarelwe, John o ne a nna pelokgale go tsena mo Holong ya Bogosi mme a kopa thuso.b
Basha ba bantsi ba ba mo seemong se se thata se se tshwanang le se ba tlhoka go thusiwa go siamisa ditsela le Modimo, mme bagolwane ba phuthego ya lefelo la bone ba ka thusa thata mo kgannyeng e. Ba ka kgona go reetsa ka go supa kamego le go tlhaloganya fa mosha a ‘ipolela dibe.’ Gape ba ka gakolola le go thusa ka tsela e e mosola. Ka sekai, ba ka nna ba rulaganya gore mosha yono a bone mongwe gore a ‘mo rute ditlhaka tsa tshimologo’ tsa Lefoko la Modimo ka thuto ya legae ya Baebele. Mme fa yo o dirileng phoso a na le bothata jwa go rapela, mogolwane o ka mo rapelela. “Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang,” Baebele e re tlhomamisetsa jalo.—Jakobe 5:14-16; Bahebere 5:12.
Direla Dinao Tsa Gago Ditsela Tse di Siameng
Ee, go siamisa ditsela le Modimo ke tshimologo fela. Fela jaaka morwa sesinyi a ne a kopa gore rraagwe a mo itshwarele, basha ba ba dirang diphoso ba tshwanetse go leka go baakanya dilo le batsadi ba bone. Go kopa maitshwarelo ka bopeloephepa, go ka thusa thata go fokotsa botlhoko jo ba bo utlwileng le go dira gore ba nne ba go eme nokeng. Mosha mongwe yo o neng a tshaba mo gae mme a tla a na le ngwana yo o tshotsweng kwantle ga lenyalo o gakologelwa jaana: “Mmè le Rre ba ne ba mpontsha lorato lo logolo thata.”
Mosha yo o batlang go itumedisa Modimo o tlhoka go ‘direla dinao tsa gagwe ditsela tse di siameng.’ (Bahebere 12:13) Seno se ka nna sa raya gore a fetole tsela e a tshelang ka yone, mekgwa le ditsala. (Pesalema 25:9; Diane 9:6) Go itirela thulaganyo e e tlhomameng ya thuto ya botho le gone go botlhokwa. Mosetsana mongwe yo o kileng a bo a tsuologa o bolela jaana: “Ke bala Baebele letsatsi le letsatsi e bile ke bala dibuka tsotlhe tse di theilweng mo Baebeleng tse di gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ke leboga Modimo go bo a mphile sebaka sa bobedi.”
John o sobokanya dikgang sentle ka go bolela jaana: “Ke leba nako e ke e sentseng. Ke akanya ka fa dilo di ka bong di ne tsa nna ka teng, mme ga go na kafa nka dirololang se se diragetseng ka teng.” Ka boitumelo, re obamela Modimo o o kutlwelobotlhoko o o laletsang botlhe ba ba mo tlogetseng ka lorato gore ba boe. Ke ka ntlha yang o sa amogele taletso ya gagwe?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang
fa ke Tshwanetse go Ikobela Batsadi ba Me?” mo tokololong e.
b Fa o sa godisiwa jaaka Mokeresete mme o bona go tlhokega gore o fetole tsela ya gago ya botshelo, go tla bo go le molemo gore o simolole go etela kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. O kope thuto ya mahala ya Baebele. Ka tsela e o ka kgona go thusiwa ke mongwe gore o siamise botshelo jwa gago.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Bakeresete ba ba godileng ba ka kgona go go thusa go siamisa botshelo jwa gago.