LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • su kgao. 21 ts. 160-166
  • Go Amogela ba ba Boang ka Diatla Tsoo-pedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Amogela ba ba Boang ka Diatla Tsoo-pedi
  • Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MORWA WA SESINYI O A BOA
  • SETSHWANTSHO SE DIRA JANG GOMPIENO?
  • GO AGELA MO MOTHEONG O O NONOFILENG
  • “Jehofa, Modimo o o Tletseng Bopelotlhomogi o o Tsalano”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Polelo Kaga Morwa yo o Timetseng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Rre yo o Iketleeditseng go Itshwarela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Fa Morwa yo o Timetseng a Bonwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
su kgao. 21 ts. 160-166

Kgaolo 21

Go Amogela ba ba Boang ka Diatla Tsoo-pedi

1. Ke batho ba mofuta ofe ba go buiwang ka bone mo kgaolong eno?

GO NA LE batho ba le bantsi bao ka nako nngwe ba neng ba amana ka botlalo le boammaaruri jwa Bibela ba itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le go tlhaloganya sengwe kaga maikaelelo a gagwe. Lemororo e se Basupi ba ga Jehofa, ba ka ne ba ile ba ithuta Bibela le Basupi. Kana gongwe batsadi ba bone e ne e le Basupi. Ba le bantsi ba bano ba ile ba nna gone dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ba ka nna ba bo ba ile ba ne ba tlhakanela mo go abalaneng molaetsa wa Bogosi le ba bangwe. Mme ba ile ba seka ba neela matshelo a bone mo go direng thato ya Modimo. Ka ntlha yang?

2. (a) Ke ka ntlha yang fa ba ile ba ya le naga ba tlogela phuthego ya ga Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa ba simolola go eletsa ekete ba ka bo ba boile?

2 Lefatshe le ntsha dikgatlhego tseo ba akanyang gore ba a di batla, dilo tseo ba ikutlwang gore di tla oketsa boitumelo jwa bone jwa botshelo, mme ba bo ba tsamaela kgakala le phuthego ya ga Jehofa ba di setse morago. Lefa go ntse jalo, fa go ntse go ya, bangwe ba bano ba ile ba lemoga gore ga ba a ka ba bona mofuta wa botshelo oo ba neng ba o lebeletse. Ba tshogane ka ba fitlhela gore, fa ba ka tswelela pele ka fa ba ntseng ka teng, ba tla nyelela le lefatshe. Ga ba a lebala polokesego le letlotlo la semoya le le mo ‘ntlong’ ya ga Jehofa, mme ba eletsa go boela koo gape. A mme Jehofa o tla ba amogela?

MORWA WA SESINYI O A BOA

3. (a) Mo setshwantshong sa morwa sesinyi, ke tlhaloso efe eo Jesu a neng a e neela ka boemo jo bo tshwanang? (b) Ke mang yo o tshwantshediwang ke rre?

3 Karabo e supiwa mo setshwantshong se se itsegeng sentle sa ga Jesu sa morwa sesinyi. A a fa setshwantsho, Jesu o ne a bolela kaga monna mongwe yo o neng a na le bana ba basimane ba le babedi. Yo mmotlana a kopa rraagwe gore a mo fe mo eleng ga gagwe. Fa a sena go go bona, a ya kwa lefatsheng le le kgakala, koo a fitlhileng a senya sengwe le sengwe ka botlhaswa mo botshelong jwa bofafalele. Jalo a itshwara jaaka sesinyi. Fa leuba le tlhasela naga eo, lekawana leo, ka ntlha ya khumanego, la patelesega go disa dikolobe, mme a se ka a dumelelwa le eleng go ja dijo tsa tsone. Ka go tshwenngwa ke mathata ao a neng a mo hupeditse, a itharabologelwa. A gakologelwa kafa botshelo bo neng bo le monate ka teng le eleng mo banneng bao ba thapilweng mo ntlong ya ga rraagwe, mme a ikemisetsa gore o tla boa. O ne a tla dumela tsela ya gagwe ya boleo a bo a kope gore a boe a amogelwe gape, eseng jaaka morwa, mme jaaka motlhanka yo o thapilweng. (Luke 15:11-19) A mme e ne e tla re morago ga fa a sena go dira dilo tseno tsotlhe, rraagwe a mo letlelele go boa? Ke jang Jehofa, yo o emelwang fano ke rre mo setshwantshong seno, a lebang go boa ga motho yo o ntseng jalo?

4. Rre o ne a amogela jang morwa fa a boa?

4 Fa a ne a supa ka botlalo ka maikutlo a ga Jehofa mo kgannyeng eno, Jesu o ne a tswelela: “Me [morwa yo mmotlana] ea re a sa nntse a le kgakala, rragwè a mmōna, me a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ea a wèla mo thamuñ ea gagwè, a mo atla. Me morwawè a mo raea, a re, Rra, ke leohetse legodimo, le ha pele ga gago, me ga ke tlhole ke chwanèla go bidiwa morwao. Me rragwè a raea batlhanka, a re, Ntshañ seaparō se sentlèntlè ka bonakō, lo se mo apesè; lo mo rwesè mohitshana mo lecogoñ, le ditlhako mo dinaoñ: Me lereñ namane e e nonneñ, lo e tlhabè; me a re yeñ, re dihè mokete o mogolo; Gonne eo morwaake o na a shule, me o bile o tshedile; o na a latlhegile, me o bonywe. Me ba simolola go diha mokete.”​—Luke 15:20-24.

SETSHWANTSHO SE DIRA JANG GOMPIENO?

5. (a) Ke mang yo o neng a tshwantshediwa ke morwa yo motona mo setshwantshong sa ga Jesu? (b) Ke mang he, yo o neng a emelwa ke morwa yo mmotlana wa sesinyi?

5 Mo setshwantshong seno morwa yo motona, motsalwa-pele, kafa tshwanelong o tshwanakana le ‘phuthego ya batsalwa-pele ba ba kwadilweng kwa legodimong.’ (Bahebera 12:23) Go tweng ka morwa yo mmotlana? O tshwanetse a bo a emela setlhopha se sengwe kwa ntle ga “lecomanyane” bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo. Ga se botlhe ba “dinku di sele” tsa Morena ba ba tshwanelang tlhaloso ya morwa yo mmotlana, mme bangwe ba ntse jalo. Le eleng pele ga go phuthiwa ga “dinku di sele” go lemosega segolo bogolo, go simologeng ka 1935, go ne go na le batho bao ba neng ba itse gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri. Ba ne ba itse ka tsholofelo ya botshelo jwa selefatshe tlaseng ga Bogosi jwa gagwe, mme ba se ka ba nna le mogopolo ope wa go ka nna ba ‘phuthego ya batsalwa-pele’ ka tsholofelo ya selegodimo. Mme mo boemong jwa gore ba ineele mo tirelong ya ga Jehofa, ba ne ba tsenelela mo ditelekisong tsa selefatshe. Ba tsaya ‘dilo tse ba tshelang ka tsone’ tseo Modimo a neng a di ba file, nako le botshelo tseo a ba dumeletseng go nna natso, mme ba itirisetsa tseno go iitumedisa ka bogagapa. Mme ka 1935 fa e ne e le lwantlha batlhanka ba ga Jehofa ba tlhaloganya ka phepafalo sebopego sa “boidiidi yo bogolo,” ba le bantsi bao ba neng ba tshwana le morwa yo mmotlana ba ne ba ithebolela ka pelo yotlhe tirelo mo ntlong ya ga Rraabo. E ne e le nako ya boipelo jo bo tshwanang le jo bo tlhalositsweng ke Jesu mo setshwantshong sa gagwe.

6. Mo tiragatsong, ke jang batho bangwe ba ileng ba bontsha boikutlo jwa morwa yo mogolwane, a mme go ne go ntse jalo ka masalela otlhe?

6 Go boammaaruri gore, ka nako eo, ga se mongwe le mongwe yo o neng a abalana mo boipelong joo fa setlhopha seo se neng se emelwa ke morwa yo mmotlana se ne se goroga. Mo setshwantshong sa gagwe Jesu o ne a supa gore go tla nna jalo. Mme ga se botlhe ba “lecomanyane” ba ba setseng bao ba neng ba bontsha moya o o ntseng jalo, mme mo setshwantshong sa gagwe Jesu o ne a bula tsela gore le eleng bao lwantlha ba neng ba sa itumele, gore ba tlhakanele mo boipelong joo Jehofa a nang le jone fa baleofi ba ba ntseng jalo ba ikwatlhaya ka boammaaruri.​—Luke 15:7, 10, 25-32.

7, 8. (a) Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ke eng se se dirileng gore bangwe ba tloge mo ntlong ya ga Jehofa? (b) Ke ka ditsela dife bangwe ba ileng ba ikutlwa jaaka morwa wa sesinyi? (c) Ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go boa?

7 Lefa go ntse jalo, fa e sale ditiragalo tseo tsa bogare jwa bo-1930, ba bangwe ba ile ba lemoga gore le bone, ka ditsela dingwe, ba tshwana le morwa yoo wa sesinyi. Ba tlwaelane sentle le ntlo ya semoya ya ga Jehofa, phuthego ya gagwe e e bonalang, mme tsela ya bone ya botshelo e ba gapetse kgakala le yone, jaaka ekete kwa “lehatshiñ ye le kgakala.” Ga ba a ka ba ganetsa batlhanka ba ga Jehofa, mme tsela ya bone ya botshelo ga e a ka ya nna tumalanong le ditekanyetso tsa Lefoko la Modimo. Ba ka nna ba bo ba ile ba agela matshelo otlhe a bone go dikologa tiro ya bone ya boitshediso le sebele sa bone mme ba palelwa ke go tlhokomela ka mo go tshwanetseng ditlamego tsa bone fa pele ga Modimo le kafa metlha e re tshelang mo go yone e leng masisi ka gone. Bangwe ba ne ba kgopisiwa ke bosaitekanelang jwa ba bangwe ba ba neng ba kopanela le phuthego ka nako eo mme ba se ka ba letela Jehofa ka bopelotelele go siamisa dikgang. Mme bano ba ile ba tla maemong afe fa ba sena go ikgaoganya le ba ntlo ya Modimo ya tumelo?

8 Fa go ntse go ya, bangwe ba ile ba lemoga gore ba ile ba humanega semoeng. Ba kgona go bona gore lobaka le fa e ka nna lofe lo lo khutshwane lwa menate ga ba tlelwe ke boitumelo bope jo bo nnelang ruri. Ba ka nna ba bona gape gore tsela ya bone ya botshelo e ba gobatsa mo mmeleng, mo boikutlong le mo semoeng. Kafa teng ba ikutlwa ba le lolea fela, jaaka go ntse ka botlhe ba ba senang Modimo e bile ba sena tsholofelo epe. (Baefesia 2:12) Ba lemoga gore nako e fela ba neng ba itumetse tota e ne e le fa ba ne ba le mo ‘ntlong’ ya ga Jehofa. Ba batla go boa. A mme ba tshwanetse? Ke molemo ofe o o ka nnang gone fa ba ntse ba tswelela mo boemong jwa bone jwa khumanego? Go diega go ka nna kotsi. Fa ba nnela go ingaparela mo lefatsheng, ba tla latlhegelwa ke matshelo a bone fa le senngwa.

9. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a batla gore batho ba ba ntseng jalo ba boe? (Esekiele 18:23) (b) Ke eng se se tlhokwang mo go bone?

9 A mme batho ba ba ntseng jalo ba ka boa? Jehofa ka bothitho o ba laletsa gore ba boe, mme ebile phuthego e e bonalang ya gagwe e ntse e lere thuso e e lorato go ba ba dirang jalo. (Sekaria 1:3, 4) Ke eng se se tlhokwang? Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong sa ga Jesu, ba tshwanetse ba itharabologelwa, ba dire boiteko jwa gore ba boe ba bo ba dumalane gore ba leofetse Modimo. Fa ba ile ba tshwarega mo boitshwarong jo bo maswemaswe jo eseng jwa Bokeresete, ba tshwanetse ba neelana ka bosupi jo bo tlhatswang pelo bagolwaneng gore ba tlogetse tsela eo ya botshelo mme eleruri ba ikwatlhaile. Keletso ya bone e e tlhoafetseng jaanong e tshwanetse ya nna go direla Jehofa jaaka bontlhanngwe jwa phuthego ya gagwe e e bonalang. (Luke 15:18-21; Diane 28:13) Fa seo eleruri se le mo dipelong tsa bone, ba ka tlhomamisega gore go tlogela ga bone ditsela tsa bone tse di bosula le megopolo mme ba boela go Jehofa go tla lere boipelo jo bogolo. (Isaia 55:7) Lefa go ntse jalo, gore boipelo jwa bone bo fetele ka kwa ga boitumelo jwa go amogelwa gape ka bothitho kwa Holong ya Bogosi, ba tshwanetse go tsosolosiwa thata-thata mo semoyeng.

GO AGELA MO MOTHEONG O O NONOFILENG

10. (a) Ke boikutlo bofe tebang le dipatlafalo tsa ga Jehofa joo ba ba ikwatlhaileng ba tlhokang go bo godisa? (b) Ba ka tlhagolela jang kamano e e atamalaneng ya botho le Jehofa?

10 Go botlhokwa segolo bogolo gore lefa e le mang yo o boelang mo ntlong ya ga Jehofa o tshwanetse a itlwaelanya le dibopego tse di farologaneng tsa botho jwa ga Jehofa le go tlhagolela kamano ya botho e e atamalanyeng le ene. Ba tlhoka go lemoga gore sotlhe se Jehofa a se tlhokang mo go rona, tota ke se se tla re solegelang molemo. Ditaolo tsa gagwe ga di tlose boipelo mo botshelong mme, go na le moo, di re sireletsa kgatlhanong le dilo tseo di ka nnang tsa bo di re itumedisa ka nakwana mme gone di gogela kwa thobong e e botlhoko. (Isaia 48:17; Bagalatia 6:7, 8) Fa a re otlhaya, ke ka go bo a re rata. (Diane 3:11, 12) Thuto ya botho eo e latelwang ke go tlhatlhanya ka seo se ithutilweng, thapelo e e tlhoafetseng le go nna gone ka metlha mo dipokanong go tla re thusa go ithuta go ikanya Jehofa ka botlalo, go leba go ene go bona kaelo mo go sengwe le sengwe se re se dirang.​—Diane 3:5, 6.

11. Ke jang ba ba ileng le naga ba ka thusiwang ka gone ke (a) go godisa kilo ya se se bosula? (b) go batla tlhaloganyo? (c) go tlhomama mo go diriseng ditekanyetso tsa bomodimo? (d) go ithuta go akanyetsa phelelo ya sengwe le sengwe seo ba rulaganyetsang go se dira? (e) go bontsha kamego e e lorato mo go ba bangwe?

11 Bao ba ileng ba ya le naga ba ka nna ba bo ba ne ba itse se se siameng le se se sa siamang. Mme jaanong ba tshwanetse gape ba godisa kilo ya se se bosula mme ba tshwanetse ba tswelela pele ba dira jalo fa fela se sa ntse se ba dikologile. (Pesalema 97:10) Ba tla thusiwa mo go seno fa ba senka eseng kitso fela, mme gape le kutlwisiso. Sa ntlha, se se kopanyeletsa go bona dilo kamanong le Modimo. Re tlhoka go lemoga ditsela tse di farologaneng tseo a re layang ka tsone le kafa go itshwara ga rona kgakololong ya gagwe go amang kamano ya rona le ene. (Diane 4:7; 9:10) Re tshwanetse ra lemoga botlhokwa jwa go tlhomama, re dirisa ditekanyetso tsa ga Jehofa ka metlha yotlhe, mo go sengwe le sengwe se re se dirang. (Tito 2:11, 12; 1 Bathesalonia 4:7) Re tshwanetse ra itlhokomela gape go sa akanye ka boipelo jwa nakwana fela, mme seo phelelo ya diphetso tsa rona e ka itshupang e le sone. (Bapisa Diane 20:21; 23:17, 18; Bahebera 11:24-26.) Re tshwanetse gape ka lorato ra bo re amegile kaga phelelo eo e ka tlelang ba bangwe mo dilong tseo re di buang le go di dira.​—Baroma 15:1, 2.

12. (a) Ke go lemoga eng kaga Satane le mekgwa ya gagwe seo se tla re thusang go re sireletsa? (b) Ke eng se se tlhokwang go fenya mo ntweng eno?

12 Jaaka Bakeresete re tla nonotshiwa thata ke go lemoga gore re mo ntweng ya semoya. Mmaba yo mogolo wa rona ke Satane Diabolo, ga mmogo le badimona ba gagwe. O senka ka ditsela tsotlhe tse di ka kgonegang go re faposa mo tirong e e botlhokwa-tlhokwa ya Bogosi eo Jehofa a e re neetseng go e dira. Boitlhomo jwa gagwe ke go re hepisetsa mo go reng re beele kwa thoko ditekanyetso tsa ga Jehofa, go nna bontlhanngwe jwa lefatshe leo a leng mmusi wa lone. Dirai tsa gagwe gantsi di ikuela mo dikeletsong tsa rona tsa tlholego (tsa boitumelo, boiketlo jwa mmele, lorato le kamego), mme o re tlhotlheletsa go baya dikeletso tse di ntseng jalo kwa godimo gore di fapose boikaelelo jwa tsone kana go di kgotsofatsa ka ditsela tse eseng tsone. Ke fela ka go dirisa diaparo tsa phemelo tsa semoya ka botlalo tseo re di baakanyediwang ke Modimo re ka tswang re le bafenyi mo ntweng eno ya matshelo a rona a semoya.​—Baefesia 6:11-18.

13. (a) Re ka bona tapologo ya meya ya rona jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go direla Jehofa ka go etsa Keresete ruri go re leretse boitumelo?

13 Jesu o ne a bolela gore fa re tla kwa go ena mme re ipelesa “yokwe” ya gagwe, re tla bona tapologo mo meweng ya rona. (Mathaio 11:29, 30) Go sikara “yokwe” eo ga motho go raya go direla. Mme go direla Jehofa ka go etsa Morwawe go lere tapologo ya boammaaruri. Jang? Ka gore go lere kgololesego ya mmaanete. Ga re sa tlhole re le batlhanka ba boleo, bo re golegile, re dira dilo tseo re itseng gore ga re a tshwanela go di dira mme ebile re eletsa ekete re ka bo re sa di dire. (Yohane 8:32, 34-36) Fa botho jwa rona jwa Bokeresete bo agetswe mo go Jesu Keresete jaaka motheo, re tla lemoga seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa ga Jehofa, re tla mo reetsa re ba re ithuta mo go ene. O ne a ipelela go dira thato ya ga Rraagwe. Re tla ithuta go dira seo le rona. (Yohane 4:34; Pesalema 40:8) Ka ntlha ya go ineela mo ditekanyetsong tsa boitsholo tsa Modimo re tla kgona go ipelela segakolodi se se phepa. Mo boemong jwa go bo re itshelela fela, re tla itemogela boitumelo jo bo tlang ka ntlha ya go aba. (Ditihō 20:35) Botshelo bo tla nna le se bo se kayang eleruri. Mo godimo ga tsotlhe, re tla nna le boipelo jwa go itse gore re amogelwa ke Jehofa ka boene, Rra botlhe ba ba nnang bomorwawe.​—Diane 10:22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela