LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 2/8 ts. 8-9
  • Ba ba Latlhilweng Le ba Ba Ngwegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ba Latlhilweng Le ba Ba Ngwegileng
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ba Latlhilweng
  • Ba ba Ngwegileng
  • Ba Dirisiwa ka Tsela e e Maswe Thata E Bile ba a Sotliwa
  • Go Batla “Kgololesego”
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Eng fa Bana ka Bontsi Jaana ba Ngwega mo Gae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Masetlapelo Ano a Tla Fela Leng?
    Tsogang!—1995
  • Tsela ya go Nonotsha Dibofo tsa Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 2/8 ts. 8-9

Ba ba Latlhilweng Le ba Ba Ngwegileng

“KE NE ka ipeola moriri, ka apara jaaka monna, ka itsenya ditšhaene le dilloko mo thamong ka bo ka itlhomela sepele mo lerameng mme fa ke sena go nna jaana, ke ne ka simolola go nna seaka.”—Tamara.

Fa o ne o kile wa bona Tamara mo mebileng, a o ne o ka itse gore e kile ya bo e le mosetsana yo o jewang ke bodutu, yo o neng a sotliwa, yo botshelo jwa kwa gaabo bo dirileng gore a ikutlwe a latlhegile e bile a sa bontshiwe lorato lo jaanong a lo eletsang thata jaana? A o ne o tla akanya gore e ne e le seganana se se tshelang ka go tlola molao gongwe se tshela ka bonokwane? Tamara o bolelela Tsogang! dilo tse di tshosang tse di neng tsa dira gore a tshele mofuta wa botshelo jo a neng a simolola go bo tshela a le dingwaga tse 14, botshelo jo ruri o neng a sa bo rate.

Ba ba Latlhilweng

Tamara o tlhalosa jaana: “Ke goletse kwa torotswaneng e e mo thabeng ya kwa Italy mo lelapeng le le neng le sa bontshane lorato ka gope. Ka maswabi, ke ne ke tlhola ke bona batsadi ba me ba kgakgautlhana ka mafoko, ba tlhola ba raana ditlhapa tse ke sa kgoneng go di bolela. Gantsi ke ne ke tle ke tshelegelwe ke madi a kgofa ka nako ya dikomang tseno mme rre a tlhola a ntitaya setlhogo. Ke ne ke tlhola ke nna dibekebeke ke rurugile.

“Fa ke na le dingwaga tse 14, rre o ne a nnaya madinyana a sekae le thekete ya go ya fela ya terena e e neng e ya kwa toropong e e gaufi e go neng go tletse bonokwane kwa go yone. Ke ne ka tsalana le basha ba bangwe bao le bone go neng go sena ope yo o ba kgatlhegelang fela jaaka nna. Bontsi jwa rona bo ne jwa lemalela bojalwa. Ke ne ka simolola go nna makgakga, ke rata ditlhapa e bile ke le ntwadumela. Gantsi ke ne ke tlhoka dijo. Letsatsi lengwe go le mariga mo maitseboeng, nna le ditsala tsa me re ne ra gotsa molelo ka difanitšhara tsa rona gore re ikomose. A bo ke ne ke eletsa jang ne gore nkabo ke na le lelapa le le ka ntlhokomelang, le amega ka nna le nthusa mo mathateng le mo poifong ya me. Lefa go ntse jalo, go ne go se ope yo o amegang ka nna le eseng.”

Gompieno mo lefatsheng go na le “boTamara” ba le dikete tse di makgolokgolo. Kontinente nngwe le nngwe, e na le bana ba ba latlhilweng ke batsadi ba ba sa batleng go rwala maikarabelo a bone.

Ba ba Ngwegileng

Basha ba bangwe bone ba swetsa gore ba tswe mo gae ka gonne “e le lefelo le ba boifang go tshela mo go lone; le utlwisa botlhoko, le kotsi, ka gone, ba tshabela kwa mebileng.”—New York State Journal of Medicine.

Domingos o ne a tlogelwa ke mmaagwe a le dingwaga tse robongwe fela kwa legaeng la dikhutsana fa a ne a nyalwa gape. Ka ntlha ya go tlhola a iteilwe ke baruti o ne a ngwega koo. Mmaagwe o ne a mo amogela gape, lefa go ntse jalo, rraagwe wa bobedi o ne a tlhola a mo itaya. Go ne go se tsela epe ya go iphalotsa fa e se fela go ngwega mo gae.

Ka maswabi, “dimilionemilione tsa bana ga di kgone go ikanya mogolo ope mo malapeng a bone gore o tla ba tlhokomela ka pabalesego,” go kwala jalo Anuradha Vittachi mo bukeng ya gagwe ya Stolen Childhood—In Search of the Rights of the Child. O kwala gape jaana: “Go fopholediwa gore mo United States, go swa bana ba le bararo letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go sotlwa ke batsadi ba bone.” Gantsi ba malapa a bana bano ba tlhakanela dikobo le bone go na le gore ba ba sireletse.

Ba Dirisiwa ka Tsela e e Maswe Thata E Bile ba a Sotliwa

Domingos o ne a patelesega gore a nne le bana ba bangwe ba mo mebileng bao ba neng ba gapela batho dilo ka dikgoka ba utswa e bile ba dirisa diokobatsi ba tla ba gweba ka tsone. Selo se se utlwisang botlhoko ke gore, bana ba le bantsi bao ba ngwegang mo gae ka ntlha ya go sotliwa ba wela mo diatleng tsa batho ba ba gwebang ka diaka, ba ba tlhakanelang dikobo le bana le digongwana tse di dirang ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Ka gonne ba bolawa ke tlala e bile ba jewa ke bodutu, bana bano ba newa mo ba ka nnang gone ba bo ba solofediwa gore ba tla tlhokomelwa ke mogolo yo o “amegang ka bone,” mme ba bo ba tshwanelwa ke go duela seo ka mebele ya bone ka go nna diaka. Ka gonne ba sa itse go bereka, bontsi jwa bone bo ithuta go itshedisa ka mekgwa yotlhe ya go tshela ya mo mebileng, go akaretsa go hepisa le go hepisiwa. Bangwe ba feleletsa ba sule. Basha ba le bantsi ba feleletsa ba tshwakgotswe ke diokobatsi, bojalwa, ba bolaile batho le go ipolaya bone ka bobone.

Motho mongwe yo e kileng ya bo e le seaka sa ngwana, fa a ne a akgela ka botshelo jwa bana ba mo mebileng o ne a re: “O tshelela mo poifong. Waitse, selo se se nkgopisang ke gore [batho] ba le bantsi fa ba bona bana ba robetse mo tereneng kana ba emeeme, ba akanya gore ba dira ka boomo. Gone jaanong ka gonne ke godile, ke a itse gore ga go a nna jalo. Mongwe le mongwe wa bana bano o eletsa sengwe ka tsela nngwe. Ga ba rate go nna ka tsela e ba leng ka yone, lefa go ntse jalo, batsadi ba bone ga ba ba batle.”

Go Batla “Kgololesego”

Go na le dikete di le makgolokgolo tsa bana ba bangwe ba go begiwang ba nyeletse mo gae ba raelesegile go ya go nna kwa mebileng ka gonne ba ne ba akanya gore ba tla gololesega. Bangwe ba batla go tswa mo khumanegong. Ba bangwe ba batla go gololesega mo taolong le mo melaong ya batsadi e ba akanyang gore e ba gatelela thata.

Mosha mongwe yo o kileng a latswa se go tweng ke monate wa go gololesega jalo mo taolong ya batsadi le ya melaometheo ya legae la Bokeresete e ne e le Emma. O ne a fetoga lekgoba la diokobatsi morago ga go tswa mo gae a ya go nna le ditsala. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa a sena go sotlwa ke botshelo jwa mo mebileng, Emma o ne a bolela gore o batla go boela gae le go tlogela mokgwa wa gagwe wa go tshela ka diokobatsi. Lefa go ntse jalo, ka maswabi o ne a se ka a kgaogana gotlhelele le ditsala tsa gagwe tse di bosula, mme ya re maitseboa mangwe a itlhaba lemao la seokobatsi sa heroine le ditsala tsa gagwe. E ne ya nna la bofelo Emma a dira jalo. O ne a idibala, “ditsala” tsa gagwe di ne tsa mo tlogela fela jalo mme ya re mo letsatsing le le latelang a tlhokafala.

A bana ba ba sotliwang ke batsadi kana ke batho ba bangwe ba ka nna le isagwe e e botoka? A go tla tsamaya go nna le lefatshe le mo go lone basha ba sa sotliweng jaana? A re ka solofela gore botshelo jwa lelapa bo tla fetoga mme basha ba bontshiwa lorato mo ba se kitlang ba patelesega go ngwega? O ka bona dikarabo mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela