LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 2/8 ts. 12-15
  • Go Thusa ba Bangwe e Bile ke Itumetse le Mororo ke Foufetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa ba Bangwe e Bile ke Itumetse le Mororo ke Foufetse
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Rutwa go Tlhoa Modimo
  • Jaaka Sebatana mo Serobeng
  • Go Thusiwa ke Rre
  • Go Bona ka Tsela ya Semoya
  • Go Thubega ga Lenyalo
  • Botshelo jo bo Itumetseng, jo bo Nang le Matswela
  • Go Nonotshiwa ke Modimo wa Me
  • Jaanong ke Kgona go Thusa Batho ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Thusa Difofu go Ithuta ka Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Go Foufolola Matlho Gore A Bone Mafoko A A Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Tlhoka Pono
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 2/8 ts. 12-15

Go Thusa ba Bangwe e Bile ke Itumetse le Mororo ke Foufetse

Jaaka go boletse Polytimi Venetsianos

Ke ne ke tshameka le bana ba bararo ba kwa gae le ntsalaake fa go tsena selo sengwe se sennye ka fensetere. E ne e le bomo ya letsogo, mme e ne ya re fa e thunya bana ba kwa gae ba ne ba swa botlhe ka boraro jwa bone, mme nna ka sala ke le sefofu.

E NE e le ka July 16, 1942, fa ke ne ke sa ntse ke le mosetsanyana wa dingwaga di le tlhano fela. Ke ne ka tsaya malatsi a le mantsi ke nna mo kidibalong e kgolo gantsi. Fa ke thathamologelwa, ke ne ka senka bomorwarre le kgaitsadiake. Fa ke utlwa gore ba sule, ke ne ka eletsa e kete le nna nka bo ke sule.

Fa ke tsholwa, lelapa la etsho le ne le nna kwa setlhaketlhakeng sa Greece sa Salamis, gaufi le Piraiévs, mo boemakepeng jwa Athena. Le mororo re ne re humanegile, re ne re tshela monate ka kagiso. Gotlhe gono go ne ga fela fa Ntwa ya Lefatshe II e simolola ka 1939. Rre e ne e le motsamaisadikepe kwa Mediterranean. Gantsi o ne a tshwanelwa ke go tila dikotsi tsa mo tlase ga metsi, dikepe tsa ntwa, dikepe tse di tsenyang dithunyi le dibomo tsa semphato sa Axis le sa Allied. Greece e ne e laolwa ke Ba-Fascist le Banasi.

Go Rutwa go Tlhoa Modimo

Ka ntlha ya maemo a a maswe ano mo nakong ya ntwa, Mmè o ne a tlhokafalelwa ke ngwana wa bonè. O ne a tshwenyega thata mo maikutlong, a tshwarwa ke thibii mme fa a se na go tshola ngwana wa gagwe wa borataro a tlhokafala ka August 1945. Baagelani ba rona ba bodumedi ba ne ba simolola go bolela gore re otlhaiwa ke Modimo. Baruti ba kereke ya Greek Orthodox ba ne ba leka go kgothatsa, mme tota ba ne ba dira dilo maswe le go feta, ka go bolela gore Modimo o tsere bomorwarre le bokgaitsadiake go ba isa kwa legodimong gore e nne baengele ba bannye.

Rre o ne a galefisiwa ke seno. Ke ka ntlha yang fa Modimo a tsaya bana ba bannye go tswa mo lelapeng le le humanegileng jaana a ntse a na le baengele ba le dimilionemilione? Ditumelo tseno tsa Kereke ya Orthodox di ne tsa gakatsa maikutlo a a neng a na le one a go ila Modimo le bodumedi. Morago ga moo, o ne a sa batle go utlwa sepe ka bodumedi. O ne a nthuta go tlhoa le go nyatsa Modimo, a gatelela gore Modimo ke ene a bakileng botlhoko le mahutsana a re leng mo go one.

Jaaka Sebatana mo Serobeng

Morago fela ga loso lwa ga mmè ka 1945, Rre le ene o ne a tshwarwa ke thibii mme a isiwa kwa bookelong jwa thibii. Nnake wa mosetsana o ne a isiwa kwa sekolong se se tlhokomelang bana sa setšhaba. Moragonyana fa rre a tswa kwa bookelong jwa thibii mme a ya kwa sekolong se se tlhokomelang bana go ya go mo tsaya, o ne a bolelelwa gore o tlhokafetse. Ke ne ka isiwa kwa sekolong sa difofu, koo ke neng ka fetsa dingwaga di le robedi tse di neng tsa latela tsa botshelo jwa me. Sa ntlha ke ne ke utlwile botlhoko thata. Go ne go utlwisa botlhoko thata bogolo jang ka malatsi a re neng re etelwa ka one. Bontsi jwa bana ba difofu ba ke neng ke tsena sekolo le bone ba ne ba na le mongwe yo o ba etelang, mme nna go ne go se na ope yo o nketelang.

Ke ne ke tshwana le sebatana se se mo serobeng. Ke ne ka bidiwa ngwana yo o kotsi go gaisa mo sekolong. Ka ntlha ya seno, ke ne ke itewa ke bo ke bewa mo ‘setilong sa bana ba ba sa utlweng.’ Gantsi ke ne ke akanya go ipolaya. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore ke ne ke tshwanelwa ke go ithuta go kgotsofalela se ke nang le sone. Ke ne ka kgotsofadiwa ke go thusa bana ba bangwe ba difofu ba ke tsenang sekolo le bone, gantsi ke ba thusa go apara kana go alola malao a bone.

Baruti ba ne ba re bolelela gore Modimo o re foufaditse ka ntlha ya boleo bongwe jo bo maswe jo bo dirilweng ke batsadi ba rona. Seno se ne sa ntira gore ke tlhoe Modimo le go feta, yo o neng a lebega a le peloemaswe e bile a le bosula. Kgopolo ya bodumedi e e neng e mpoifisa e bile e nkgalefisa e ne e le ya gore meya ya batho ba ba suleng e nna e tsamaya e bogisa batho ba ba tshelang. Ka jalo, le mororo ke ne ke rata bana ba kwa gae le mmè ba ba tlhokafetseng, ke ne ke tshaba “meya” ya bone.

Go Thusiwa ke Rre

Kgabagare Rre o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. O ne a gakgamadiwa ke go itse go tswa mo Baebeleng gore Satane, e seng Jehofa, ke ene yo o bakang botlhoko le loso. (Pesalema 100:3; Jakobe 1:13, 17; Tshenolo 12:9, 12) Ka bonako fela rre yo o neng a setse a sedifaletswe ke dilo o ne a simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, a dira kgatelopele semoyeng mme a kolobediwa ka 1947. Dikgwedi di le mmalwa pele ga moo, o ne a nyetse gape mme jaanong a setse a na le morwa. Fa nako e ntse e ya, mosadi wa gagwe yo mosha le ene o ne a kopanela le ene mo go obameleng Jehofa.

Fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka tswa mo sekolong sa difofu. A bo ke ne ka gomotsega jang ne go boela kwa lelapeng le le lorato la Bokeresete! Ba ne ba na le se ba neng ba se bitsa thuto ya lelapa ya Baebele, mme ba ne ba ntaletsa go nna teng mo go yone. Ke ne ke nna teng mo go yone e le go bontsha tlotlo le maitseo fela, le fa gone ke ne ke sa reetse. Ke ne ke sa ntse ke ila Modimo le bodumedi fela thata.

Lelapa le ne le ithuta bukana ya God’s Way Is Love. La ntlha, ke ne ke sa kgatlhegele sepe mme ka utlwa Rre a tlotla ka boemo jwa baswi. Seno se ne sa gapa tlhokomelo ya me. Go ne ga balwa Moreri 9:5, 10 mo Baebeleng: “Baswi ga ba itse sepe . . . Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.”

Ke ne ka simolola go lemoga gore ke ne ke tshaba selo se se seyong. Mmè yo o tlhokafetseng, bomorwarre le bokgaitsadiake ba ne ba se kitla ba kgona go nkgobatsa. Puisano eno e ne ya tswelela go ya setlhogong sa tsogo ya baswi. Ke ne ka simolola go “thaakanya ditsebe.” Ke ne ka itumela thata fa ke utlwa tsholofetso ya Baebele ya gore mo pusong ya ga Keresete baswi ba tla tshela gape! (Johane 5:28, 29; Tshenolo 20:12, 13) Jaanong thuto eno e ne e nkgatlha thata. Ke ne ke nna ke lebile pele ka tlhagafalo go tla ga letsatsi leno la puisano ya lelapa gape mme le mororo ke ne ke foufetse, ke ne ke baakanyetsa sentle.

Go Bona ka Tsela ya Semoya

Fa ke ntse ke gatela pele mo go itseng Dikwalo, dikgopolo tse di phoso tse ke neng ke na le tsone ka Modimo le tsela e a dirisanang ka yone le batho di ne tsa fela. Ke ne ka ithuta gore ga go na ope yo o foufadiwang ke Modimo mme le gore yo o bakang dilo tsotlhe tse di bosula ke Moganetsi wa gagwe, Satane Diabolo. A bo ke ne ka ikwatlhaya jang ne go bo ke ne ka bona Modimo molato ka ntlha ya go tlhoka kitso! Ka tlhoafalo e kgolo thata, ke ne ka oketsa kitso ya me ya boammaaruri ya Baebele. Ke ne ka nna teng kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go tsone, le fa re ne re nna dikilometara di le dintsi go tswa kwa Holong ya Bogosi. Gape ke ne ka nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera, ke sa letlelele go foufala ga me gore go nkgoreletse.

A bo ke ne ka itumela jang ne fa, ka July 27, 1958, dingwaga tse di fetang di le 16 fela morago ga tiragalo e e maswe e e ntlogetseng ke foufetse, ke ne ka kolobediwa! Ke ne ka simolola dilo sesha e bile ke tletse tsholofelo. Jaanong ke ne ke na le boikaelelo mo botshelong—go direla Rre wa me yo o lorato wa selegodimo. Go mo itse go ne ga nkgolola mo dithutong tsa maaka mme ga nneela bopelokgale jwa go lebana le go foufala ga me le mathata a gone ke ikemiseditse e bile ke na le tsholofelo. Ka gale ke ne ke dira diura di le 75 kana go feta ka kgwedi go rerela ba bangwe dikgang tse di itumedisang tse di molemo.

Go Thubega ga Lenyalo

Ka 1966, ke ne ka nyalana le monna mongwe yo nna le ene re neng re na le mekgele e e tshwanang. Go ne go bonala re tla nna le lenyalo le le itumetseng ka gonne bobedi jwa rona re ne re direla gore re oketse tiro ya rona ya go rera. Dikgwedi tse dingwe re ne re dira diura tse dintsintsi mo tirong eno ya go boloka botshelo. Re ne ra fudugela kwa lefelong le lengwe le le kwa thoko gaufi le Livadiá, kwa bogare jwa Greece. Mo dingwageng tsa fa re ne re le koo, go tloga ka 1970 go ya go 1972, le mororo puso ya masole e e neng e busa ka nako eo e ne e gateletse thata mo Greece, re ne ra kgona go thusa batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri jwa Baebele le go nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng. Re ne ra ba ra itumelela le go thusa phuthego e nnye ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong leo.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, monna wa me o ne a simolola go itlhokomolosa thuto ya Baebele le go nna teng kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete, mme kgabagare a tlogela dithuto tsa Baebele gotlhelele. Seno se ne sa baka dikgogakgogano tse dintsi mo lenyalong la rona, le le neng la khutla ka 1977. Ke ne ka hutsafala fela thata.

Botshelo jo bo Itumetseng, jo bo Nang le Matswela

Mo nakong eno ya botshelo jwa me e ke neng ke tshwenyegile maikutlo thata ka yone, Jehofa le phuthego ya gagwe ba ne ba nnamola gape. Mokaulengwe mongwe yo o lorato wa Mokeresete o ne a tlhalosa gore fa ke letlelela boemo jo bo bakilweng ke monna wa me wa nako e e fetileng gore bo ntseele boitumelo, go tla bo go raya gore ke lekgoba la gagwe. E tla bo e le ene yo o laolang boitumelo jwa me. Ka nako eno, mongwe yo o godileng mo phuthegong ya Bokeresete o ne a nkopa gore ke mo thuse go tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go rera. Ka bonako fela ke ne ka tshwarega thata mo go se se neng se nneela boitumelo jo bogolo—go tshwarega mo bodireding!

Mme Mokeresete yo mongwe o ne a akantsha jaana: “O ka kgona go tswelela o thusa kwa mafelong a o tlhokegang thata kwa go one. O ka kgona go nna ntlo ya lesedi e e dirisiwang ke Jehofa Modimo.” Eo e ne e le kgopolo e ntle jang ne! Sefofu e le “ntlo ya lesedi e e dirisiwang ke Jehofa Modimo”! (Bafilipi 2:15) Kwantle ga tshenyo ya nako ke ne ka tloga kwa Athena mme ka ya go nna kwa motseng wa Amárinthos kwa borwa jwa Évvoia, lefelo le le neng le na le barutisi ba ba mmalwa fela ba Baebele. Ka thuso ya ditsala tsa koo, ke ne ka kgona go agelwa ntlo le go itlhokomela sentle ka dilo tse ke di tlhokang.

Ka jalo ka dingwaga tse di fetang di le 20 jaanong, ke ntse ke kgona go dirisa dikgwedi di le mmalwa ngwaga le ngwaga mo mofuteng mongwe wa tiro ya go rera e e oketsegileng. Ka maatla a a tswang kwa go Jehofa, ke kgona go nna le seabe mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi, go akaretsa go etela batho kwa magaeng a bone, go tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang le go bua le batho mo mebileng. Gone jaanong, ke na le tshiamelo ya go tshwara dithuto tsa Baebele di le nnè le batho ba ba kgatlhegelang Mmopi wa rona. A bo ke ne ka itumela jang ne go bona go tsoga diphuthego di le tharo mo lefelong leno go tswa go bakaulengwe ba le mmalwa fela mo dingwageng di le 20 tse di fetileng!

Gabedi ka beke ke tsamaya dikilometara tse di fetang 30 go ya dipokanong tsa Bokeresete, ke ikemiseditse gore ke se foswe ke le e le nngwe fela ya tsone. Fa—ka ntlha ya go sa kgone go bona sebui ka matlho—ke iphitlhela mogopolo wa me o kgarakgatshega mo dipokanong, ke dirisa buka ya me ya dintlha e e kgethegileng ya Mokwalo wa Difofu go kwala dintlha mo go yone. Ka go dira jalo, ke pateletsa ditsebe tsa me le tlhaloganyo go reetsa sentle. Go feta moo, ke na le tshiamelo ya gore nngwe ya dipokano tsa rona tsa phuthego e tshwarelwa mo legaeng la me. Batho ba tla go tswa kwa metsaneng e e gaufi go tla mo go se re se bitsang Thuto ya Buka ya Phuthego. Go na le go lebelela gore ka metlha ba bangwe ba nketele mo ntlong ya me, le nna ke tsaya matsapa a go ba etela, e leng selo se se felelang ka gore re kgothatsane.—Baroma 1:12.

Fa ke ntse ke nna le rre ke sa le mosha, ga a ka a ntshwara jaaka ngwana yo o foufetseng. O ne a fetsa nako e ntsi a nthuta go dira dilo ka matsogo a me, a le pelotelele le nna e bile a intshoketse. Thapiso eno e nthusitse gore ke kgone go tlhokomela tshingwana ya me le leruonyana le ke nang le lone. Ke dira ka natla mo ntlong, go phepafatsa ntlo le go apaya. Ke ithutile gore re ka ipelela le go itumelela dilo tse di nnye mo botshelong, dilo tse re nang le tsone. Ke kgonne go dira dilo tse dintsi ka ditemosi tsa me tse nnè tse di setseng—go utlwa, go dupelela, go latswa le go utlwa ka go kgoma—mme seno se nneela kgotsofalo e e seng kana ka sepe. Seno le sone e ne ya nna bosupi jo bo jesang kgakge mo go ba ba kwa ntle.

Go Nonotshiwa ke Modimo wa Me

Ba le bantsi ba ipotsa gore ke kgonne jang go nna ke na le tsholofelo le go kgotsofala le mororo ke sa kgone go dira dilo tse dingwe. Mo godimo ga tsotlhe, go tshwanetse ga isiwa tlotlo kwa go Jehofa, “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Fa ke sa tswa go foufala, ke ne ke tle ke akanye thata ka go ipolaya. Ka jalo ga ke dumele gore nka bo ke tshela gompieno fa e ne e se ka Jehofa le boammaaruri jwa Baebele. Ke lemogile gore Mmopi wa rona o re neile dimpho di le dintsi—e seng fela go bona—le gore fa re di dirisa ka botlalo, re ka itumela. Ka nako nngwe fa Basupi ba ne ba rera mo motseng wa rona, mosadi mongwe o ne a ba bolelela jaana ka nna: “Ke Modimo yo a mo rapelang yo o mo thusang gore a kgone go dira dilo tseno tsotlhe!”

Diteko tsotlhe tse ke nnileng le tsone di dirile gore ke atamele gaufi le Modimo. Seno se nnonotshitse tota mo tumelong. Ke ne ka gakololwa gore moaposetoloi Paulo le ene o ne a tshwenngwa ke se a neng a se bitsa “mutlwa mo nameng,” mo go ka diragalang gore o ne a tshwenngwa ke matlho. (2 Bakorintha 12:7; Bagalatia 4:13) Seno ga se a ka sa mo thibela “go tshwarega mo gogolo” ka dikgang tse di molemo. Le nna nka bua jaaka ene gore: “Jalo, ke ka mpa ka ipelafatsa malebang le makoa a me . . . Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.”—Ditiro 18:5; 2 Bakorintha 12:9, 10.

Mo godimo ga moo, tsholofelo e ke nang le yone e e theilweng mo Baebeleng ya gore ke tla bona gape ka matlho a me mmè, bokgaitsadiake le bomorwarre ba ke ba ratang mo tsogong ya baswi eleruri e na le matswela a a agang le a a molemo mo go nna. Baebele e solofetsa gore “matlho a difofu a tlaa foufololwa” le gore “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Isaia 35:5; Ditiro 24:15) Ditsholofetso tse di ntseng jalo di ntlatsa ka tsholofelo le go lebelela pele ka tlhagafalo kwa isagweng e e itumedisang mo Bogosing jwa Modimo!

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Rre yo o neng a nthuta Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mo ntlwaneng ya me ya boapeelo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le tsala ya me mo bodireding

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela