Basha ba Botsa Jaana
Nka Lepalepana Jang le go Tlhokafala ga Motsadi?
“Fa Mmè a tlhokafala, ke ne ka ikutlwa ke latlhegile gotlhelele e bile ke tlhaela. E ne e le ene yo o neng a boloka lelapa la gaetsho le momagane.”—Karyn.a
GA GO na dilo tse dintsi tse di ka go amang thata jaana mo botshelong jaaka go tlhokafalelwa ke motsadi. Ga o tlhoke fela go itshokela botlhoko jo bogolo jwa go tlhokafalelwa ke motsadi mme gape o tla tshwanelwa ke go lebana le isagwe e e farologaneng le e o neng o e lebeletse.
Gongwe o ne o solofetse gore batsadi ba gago ba ba rategang ba tla bo ba le gone fa kgabagare o nna le lekwalo la gago la go kgweetsa, fa o aloga kwa sekolong kgotsa gore ba tla itumela le wena ka letsatsi la gago la lenyalo. Mme gone jaanong, ditsholofelo tsa gago di nyeletse, o sala o hutsafetse, o kgobegile marapo mme e bile o galefile. O ka lepalepana jang le maikutlo ano a a sa tshwaneng a a bakiwang ke go tlhokafalelwa ke motsadi?
‘A Tsela e ke Ikutlwang ka Yone e Siame?’
Fa o simolola go tlhaloganya sentle gore motsadi wa gago o tlhokafetse, o ka nna wa patelesega go itshokela mefuta e e farologaneng ya maikutlo a o iseng o ke o nne le one pele ga foo. Brian yo o neng a na le dingwaga di le 13 fa rraagwe a ne a tlhokafala ka ntlha ya go ema pelo, o bolela jaana: “Mo bosigong jo re neng ra utlwa ka jone, se re neng ra se dira fela e ne e le go lela le go tlamparelana.” Natalie yo o neng a na le dingwaga di le lesome fa rraagwe a ne a tlhokafala ka ntlha ya kankere, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke sa itse gore ke ikutlwe jang. Ka jalo, ke ne ke sa utlwe sepe, go ne go se na maikutlo ape a ke neng ke na le one.”
Loso lo ama mongwe le mongwe ka tsela e e farologaneng. Ee, Baebele e bolela gore “mongwe le mongwe” o na le “sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe.” (2 Ditiragalo 6:29) O ntse o akantse ka seo, iphe nako ya go akanya kafa go tlhokafala ga motsadi wa gago go go amileng ka teng. Kafa tlase fano, tlhalosa (1) kafa o neng wa ikutlwa ka teng fa o utlwa la ntlha ka go tlhokafala ga motsadi wa gago le gore (2) o ikutlwa jang gone jaanong.b
(1) ․․․․․
(2) ․․․․․
Gongwe dikarabo tsa gago di supa gore kafa o ikutlwang ka teng ka tsela nngwe go a tokafala. Go siame go ikutlwa ka tsela eno. Ga go reye gore o lebetse motsadi wa gago. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa fitlhela gore o sa ntse o ikutlwa ka tsela e e tshwanang kgotsa e bile o hutsafetse le go feta. Gongwe go hutsafala ga gago go tla ka ditsela tse di farologaneng, ka dinako dingwe o hutsafala go se kae mme o sa lebelela, khutsafalo ya gago e nna kgolo thata. Go ikutlwa ka tsela eno le gone go siame—tota le fa go ka direga dingwaga di le dintsi morago ga gore motsadi wa gago a tlhokafale. Potso ke gore, O ka lepalepana jang le khutsafalo ya gago—le fa e ka tswa e ntse jang?
Ditsela Tsa go Lepalepana le Gone
O se ka wa tshaba go lela! Go lela go thusa go fokotsa botlhoko jwa khutsafalo. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o ikutlwa jaaka Alicia, yo o neng a le dingwaga di le 19 fa mmaagwe a ne a tlhokafala. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke akanya gore fa nka hutsafala thata, batho ba bangwe ba tla akanya gore ga ke na tumelo.” Mme akanya ka seno: Jesu Keresete e ne e le monna yo o itekanetseng yo o neng a na le tumelo e e nonofileng mo Modimong. Le fa go ntse jalo, o ne “a tsholola dikeledi” ka ntlha ya loso lwa tsala ya gagwe e e rategang e bong Lasaro. (Johane 11:35) Ka gone, o se ka wa tshaba go lela. Ga go reye gore ga o na tumelo! Alicia a re: “Kgabagare ke ne ka lela. Ka lela thata. Letsatsi le letsatsi.”c
Bua le mongwe fa o ikutlwa o le molato. Karyn yo o neng a le dingwaga di le 13 fa mmaagwe a tlhokafala a re: “Ka metlha ke ne ke ya kwa kamoreng e e kwa godimo ya ga mama mme ke bo ke mo atla ke re a robale sentle. Go na le lekgetlho lengwe le ke neng ka se ka ka go dira. Letsatsi le le latelang, Mama o ne a tlhokafala. Le fa go ka tswa go sa utlwale, ke ikutlwa molato go bo ke ile ka se ka ka ya go mmona bosigo joo jwa bofelo—le ka ntlha ya dilo tse dintsi tse di diragetseng moso o o latelang. Papa o ne a tsere loeto lwa kgwebo mme o ne a batla gore nna le nkgonne re tlhokomele Mama. Mme re ne ra diega go tsoga. Fa ke tsena kwa kamoreng ya gagwe, Mama o ne a sa heme. Ke ne ke ikutlwa molato tota, ka gonne fa Papa a tsamaya o ne a siame!”
Jaaka Karyn, le wena o ka tswa o ikutlwa o le molato ka dilo dingwe tse o sa di dirang. O ka nna wa tswa o ipogisa ka mafoko a a tshwanang le “fa nkabo.” ‘Fa nkabo ke ile ka emelela Papa gore re mo ise ngakeng.’ ‘Fa nkabo ke ile ka ya go tlhola Mama pelenyana ga foo.’ Fa o tshwenngwa ke dikakanyo tse di ntseng jalo, gakologelwa seno: Go siame go ikutlwa o ikwatlhaya ka ntlha ya dilo tse o eletsang e kete o ka bo o di dirile ka tsela e e farologaneng. Boammaaruri ke gore, o ka bo o dirile dilo ka tsela e e farologaneng fa o ka bo o ne o itsile gore go tla direga eng. Mme gone o ne o sa itse. Ka jalo, ga o a tshwanela go ikutlwa o le molato. Ga se wena o dirileng gore motsadi wa gago a tlhokafale!d
Tlhalosa maikutlo a gago. Diane 12:25 ya re: “Mafoko a a pelonomi a tla go kgothatsa.” (Today’s English Version) Fa o sa ntshe maikutlo a gago go ka dira gore go nne thata gore o lepalepane le khutsafalo ya gago. Kafa letlhakoreng le lengwe, go tlotla ka maikutlo a gago le mongwe yo o mo ikanyang go ka dira gore o amogele “mafoko a a pelonomi” a kgothatso fa o hutsafetse thata. Ka jalo, ke eng o sa leke nngwe ya dikakantsho tse di latelang?
Bua le motsadi wa gago yo o setseng. Le fa eno e le nako e e thata mo motsading wa gago yo o setseng, ga go na pelaelo gore o sa ntse a batla go go naya thuso e o e tlhokang. Ka jalo, bolelela motsadi yo o setseng kafa o ikutlwang ka teng. Ga go na pelaelo gore dipuisano tse di ntseng jalo di tla fokotsa bohutsana bongwe jwa gago e bile di tla dira gore lo atamalane thata.
E le go go thusa go simolola motlotlo, leka se se latelang: Umaka dilo di le pedi kgotsa di le tharo tse o eletsang e kete o ka bo o di itsile ka motsadi wa gago yo o tlhokafetseng mme o bo o kopa go tlotla ka sengwe sa dilo tseo le motsadi wa gago yo o setseng.e
․․․․․
Bua le ditsala tse o atamalaneng le tsone. Baebele ya re balekane ba boammaaruri ba ‘tsholetswe nako ya fa go na le matshwenyego.’ (Diane 17:17) Alicia a re: “O ka nna wa thusiwa ke motho yo o neng o sa lebelela gore a go thuse. Ka jalo, o se ka wa tshaba go bua ka gone.” Gone ke boammaaruri gore lo ka nna lwa se ka lwa gololesega go nna le metlotlo e e ntseng jalo, e re ka wena le tsala ya gago lo go fitlhela go le thata go bona mafoko a a siameng a lo ka a buang. Mme fa nako e ntse e tsamaya, go tla go solegela molemo fa o bua le ba bangwe ka khutsafalo ya gago. David, yo o neng a le dingwaga di le robongwe fela fa rraagwe a ne a bolawa ke go ema pelo, o gakologelwa jaana: “Ke ne ka gatelela maikutlo a me. Go ka bo go ile ga nthusa thata fa nka bo ke ile ka bua ka gone. Nka bo ke ile ka kgona go lepalepana botoka le gone.”
Bua le Modimo. Ga go na pelaelo gore o tla ikutlwa botoka thata fa o sena go ‘tshololela pelo ya gago’ mo go Jehofa Modimo ka thapelo. (Pesalema 62:8) Eno ga se fela ‘tsela ya go dira gore o ikutlwe botoka.’ Fa o rapela, o ikuela go “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.
Tsela e nngwe e Modimo a re gomotsang ka yone ke ka moya wa gagwe o o boitshepo. Moya ono o ka go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o tle o kgone go itshokela botlhoko jwa bohutsana jwa gago. (2 Bakorintha 4:7) Modimo gape o re ‘gomotsa ka Dikwalo.’ (Baroma 15:4) Ka jalo, kopa Modimo gore a go neye moya wa gagwe mme o iphe nako ya go bala kgothatso e e mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. (2 Bathesalonika 2:16, 17) Ke eng o sa beye lenaane la ditemana tse di go gomotsang thata gaufi le wena?f
A Botlhoko bo Tla Tsamaya bo Fela?
Go hutsafala ga se selo se se fetang ka bonako. Brianne, yo a neng a le dingwaga di le 16 fa mmaagwe a tlhokafala a re: “Ga se gore o ka ikutlwa fela ‘o setse o siame ka bonako.’ Go na le malatsi a ka one ke lelang go fitlha ke thulamela. Ka dinako tse dingwe, ke leka gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo tatlhegelong ya me mme ke o tlhoma mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa tse ke tla di itumelelang le mmè mo Paradaiseng.”
Baebele e re tlhomamisetsa gore mo Paradaiseng e Brianne a buang ka yone, “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:3, 4) Le wena o ka fitlhela gore go tlhatlhanya ka ditsholofetso tse di ntseng jalo go ka go thusa gore o lepalepane le go tlhokafalelwa ke motsadi wa gago.
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.
b Fa e le gore go boima thata go araba dipotso tseno gone jaanong, o ka nna wa leka go dira jalo moragonyana.
c O se ka wa akanya gore o tshwanetse go lela go bontsha gore o hutsafetse. Batho ba hutsafala ka ditsela tse di farologaneng. Selo sa botlhokwa ke seno: Fa o utlwa gore dikeledi di a tla, lemoga gore e ka tswa e le “nako ya go lela.”—Moreri 3:4.
d Fa o nna o ntse o tshwenngwa ke megopolo e e ntseng jalo, bolelela motsadi wa gago yo o setseng kgotsa motho yo mongwe yo o godileng. Fa nako e ntse e tsamaya, o tla kgona go leba dilo ka tekatekano.
e Fa e le gore o godisitswe ke motsadi a le mongwe kgotsa ka ntlha ya maemo mangwe motsadi wa gago yo o setseng ga se karolo ya botshelo jwa gago, o ka nna wa bua le mogolo mongwe.
f Bangwe ba ile ba gomodiwa ke ditemana tse di latelang: Pesalema 34:18; 102:17; 147:3; Isaia 25:8; Johane 5:28, 29.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ O tla dirisa dikakantsho dife tse di mo setlhogong seno?
◼ Kafa tlase fano, kwala lenaane la ditemana tse di tla go gomotsang fa khutsafalo ya gago e bonala e le kgolo thata.
[Lebokoso mo go tsebe 11]
GO SIAME GO LELA . . . LE BONE BA NE BA LELA!
Aborahame—Genesise 23:2.
Josefa—Genesise 50:1.
Dafide—2 Samuele 1:11, 12; 18:33.
Marea, kgaitsadie Lasaro—Johane 11:32, 33.
Jesu—Johane 11:35.
Marea Magetalene—Johane 20:11.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]
KWALA KAFA O IKUTLWANG KA GONE
Go kwala dilo tse o di akanyang ka motsadi yo o tlhokafetseng go ka go thusa thata go lepalepana le khutsafalo ya gago. Go na le dilo tse dintsi tse o ka kwalang ka tsone. Kafa tlase fano go na le dikakantsho di le mmalwa.
◼ Kwala dingwe tsa dilo tse di itumedisang tse o di gakologelwang ka motsadi wa gago.
◼ Kwala se o eletsang e kete o ka bo o ile wa se bolelela motsadi wa gago fa a ne a sa ntse a tshela.
◼ Akanya o na le monnao yo o sa kgoneng go fenya maikutlo a go ikutlwa a le molato ka ntlha ya loso lwa motsadi wa lona. Kwala se o neng o tla se bua go gomotsa monnao. Seno se ka go thusa gore o kgone go laola maikutlo a gago a go ikutlwa o le molato.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
TLHOKOMEDISO GO MOTSADI YO O SETSENG
Go hutsafalela molekane yo o tlhokafetseng ke sengwe se se utlwisang botlhoko. Le fa go ntse jalo, go diragetse ka nako ya fa ngwana wa gago yo o simololang dingwaga tsa bosha a tlhokang thuso ya gago. O ka mo thusa jang gore a lepalepane le khutsafalo ya gagwe le fa ka nako e tshwanang o sa itlhokomolose khutsafalo ya gago?
Tila go batla go fitlha maikutlo a gago. Ngwana wa gago o ithutile dithuto tsa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe ka go lebelela se o se dirang. O tla ithuta le kafa a ka lepalepanang le khutsafalo ka teng ka go go lebelela. Ka jalo, o se ka wa akanya gore o tshwanetse gore o nonofe ka ntlha ya ngwana wa gago ka go mo fitlhela khutsafalo ya gago yotlhe. Seno se ka dira gore ngwana wa gago le ene a dire jalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o tlhalosa khutsafalo ya gago, ngwana wa gago o tla ithuta gore gantsi go botoka go tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng go na le gore o gatelele maikutlo a gago le gore go siame go hutsafala, go kgobega marapo kgotsa le e leng go galefa.
Kgothaletsa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha gore a bue. Kgothaletsa ngwana wa gago go tlotla ka se se leng mo pelong ya gagwe mme o sa dire gore a ikutlwe e kete o mo pateletsa go bua. Fa a bonala a okaoka, ke eng lo sa tlotle mmogo ka setlhogo seno? Mo godimo ga moo, bua ka dilo tse di itumedisang tse o di gakologelwang ka molekane wa gago yo o tlhokafetseng. Dumela gore go tla nna boima gore o go itshokele. Fa ngwana wa gago a utlwa o tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng go tla mo thusa gore le ene a dire jalo.
Lemoga ditlhaelo tsa gago. Gone go a utlwala gore ka metlha o batla go tshegetsa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha mo nakong e e thata eno. Mme gakologelwa gore, o amilwe thata ke go tlhokafalelwa ke molekane wa gago yo o rategang. Ka jalo, maatla a gago a maikutlo, a tlhaloganyo le a mmele a ka nna a fokotsega fa nako e ntse e tsamaya. (Diane 24:10) Ka gone, o ka nna wa tlhoka go kopa thuso ya batho ba bangwe ba ba godileng le tshegetso ya ditsala tse di godileng. Go kopa thuso go supa gore o dira dilo ka botlhale. Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.”
Tshegetso e e molemolemo e o ka nnang le yone ke e e tswang kwa go Jehofa Modimo, yo o solofetsang baobamedi ba gagwe jaana: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isaia 41:13.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Go hutsafala go ka tshwana le makhubu a lewatle a a tlhaselang ka nako e e sa lebelelwang