Kgaolo 16
A Ke Selo Se Se Tlwaelesegileng go Hutsafala Jaaka Ke Hutsafetse?
MITCHELL o gakologelwa letsatsi leo rraagwe a neng a tlhokafala ka lone: “Ke ne ke tseanye fela thata. . . . Ke ne ka nna ka ithaya ka re, ‘Ga e kake ya bo e le boammaaruri.’”
Gongwe mongwe yo o mo ratang—motsadi wa gago, morwarrago, morwadiarrago, kana tsala nngwe—o tlhokafetse. Mme go na le gore o ikutlwe o hutsafetse fela, o ikutlwa gape o tenegile, o tlhakane tlhogo, ebile o boifa. Lefa o re o leka kafa o ka kgonang ka teng, ga o kgone go sa lele. Kana ga o supe botlhoko joo o bo utlwang.
Tota, ke selo sa tlholego fela go supa maikutlo a rona fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala. Le eleng Jesu Keresete, fa a ne a utlwalela ka loso lwa tsala nngwe ya gagwe e kgolo, o ne “a lela” a ba a “hohoma” pelo. (Yohane 11:33-36; bapisa 2 Samuele 13:28-39.) Fa o lemoga gore ba bangwe ba kile ba ikutlwa jaaka o ikutlwa go ka go thusa go dirisana botoka le tatlhegelo ya gago.
Go sa Dumele
Kwa tshimologong o ka ikutlwa o sule bogatsu fela. Gongwe mo teng ga pelo ya gago o solofela gore ke toro nngwe fela e e maswe, gore motho mongwe o tla tla go go tsosa le gore dilo di tla nna fela jaaka di ne di ntse di ntse. Ka sekai, mmaagwe Cindy o ne a bolawa ke kankere. Cindy o tlhalosa jaana: “Tota ga ke ise ke bo ke dumele gore o tlhokafetse. Fa go diragala sengwe seo nka tswang ke kile ka buisana le ene ka sone mo nakong e e fetileng, ke ikutlwa ke re, ‘Ke tshwanetse go bolelela Mmè ka selo se.’”
Batho ba ba tlhokafaletsweng ba na le go latola gore go nnile le loso. Ba bile ba ka nna ba akanya gore ka tshoganyetso fela ba bona motho yo o tlhokafetseng a tsamaya mo mmileng a feta a palame bese, a tsamaya mo tselaneng. Go sheboga motho go ka tsosa tsholofelo ya gore gongwe o dirile phoso. Gakologelwa, Modimo o ne o diretse motho go tshela, eseng go swa. (Genesise 1:28; 2:9) Jalo ke selo se se tlwaelesegileng fela gore re nne le bothata mo go dumeleng gore go nnile le loso.
“A Tota O ka ba A Ntira Jalo?”
O seka wa gakgamala fa ebile go na le dinako tse o ikutlwang o gakaletse motho yo o tlhokafetseng go sekae. Cindy o gakologelwa jaana: “Fa Mmè a ne a tlhokafala go ne go na le dinako tseo ke ne ka akanya gore, ‘Tota ga oa ka wa re bolelela gore o ne o tla tlhokafala. O ngongoetse fela.’ Ke ne ke ikutlwa ke latlhegile tota.”
Go swelwa ke morwarrago kana morwadiarrago le gone go ka tsosa maikutlo a a ntseng jalo. “Ke selo se se maswe fela thata go ikutlwa o tenegetse motho yo o tlhokafetseng,” go tlhalosa jalo Karen, “mme fa morwadiarre a ne a tlhokafala, ke ne ka palelwa ke go itshwara. Ke ne ka nnela go akanya dilo tse di tshwanang le, ‘Ke ka ntlhayang fa a ne a tlhokafala a ntlogela ke le nosi? A tota o ka ba a ntira jalo?’” Ba bangwe ba ikutlwa ba tenegetse ngwana wa ga mmaabone ka baka la botlhoko jo bo bakilweng ke loso lwa gagwe. Ba bangwe ba ikutlwa ba tlhokomologilwe, bangwe ba bile ba ngadile, ka baka la nako yotlhe le tlhokomelo tseo ba di sentseng mo go morwarrabone kana morwadiarrabone yo o neng a lwala pele ga a tlhokafala. Batsadi ba ba hutsafetseng bao, ka baka la go boifa gore ba tla latlhegelwa ke ngwana yo mongwe, ka tshoganyetso fela ba simololang go sireletsa bana ba bone go feta selekanyo le bone ba ka dira gore go tlhoiwe moswi.
“Fa Fela . . . ”
Gape batho ba ka nnela go nna le maikutlo a go ipega molato. Ba nnela go nna le dipotso tse dintsi le dipelaelo mo megopolong ya bone. ‘A go na le sengwe se se oketsegileng seo re ka bong re ne ra se dira? A re ka bo re ne ra mo isa kwa ngakeng e sele?’ Mme go tswa foo go na le gore batho ba nnele go nna ba re fa fela. ‘Fa fela re ka bo re ne ra seka ra omana jaaka re ne ra dira.’ ‘Fa fela ke ka bo ke ne ka nna pelonomi ka mo go oketsegileng.’ ‘Fa fela go na le moo ke ka bo ke ne ka ya kwa lebentleleng.’
Mitchell a re: “Ke eletsa ekete ke ka bo ke ne ka nna pelotelele le kutlwisiso go rre ka mo go oketsegileng. Kana ke ka bo ke ne ka dira dilo tse di oketsegileng mo ntlong gore a tlhofofalelwe ke dilo fa a ne a tla gae.” Mme Elisa o ne a lemoga jaana: “Fa Mmè a ne a simolola go lwala mme a bo a tlhokafala ka tshoganyetso, re ne ra bua ka maikutlo otlhe a re se kileng ra a diragatsa ao re neng re na nao mongwe go yo mongwe. Jaanong ke ikutlwa ke le molato fela thata. Ke akanya ka dilo tsotlhe tse ke ka bong ke ne ka di mo direla, dilo tsotlhe tseo ke ka bong ke se kile ka di mmolelela, dilo tsotlhe tseo ke neng ka seka ka di dira sentle.”
Ebile o ka nna wa ipega molato wa seo se diragetseng. Cindy o gakologelwa jaana: “Ke ne ka ikutlwa ke le molato ka baka la komano nngwe le nngwe eo re neng ra nna nayo, ka gotlhe moo ke neng ke ile ka tsenya mmè mo matshwenyegong ka gone. Ke ne ka ikutlwa gore letshwenyo lotlhe leo ke neng ka le bakela Mmè le ka nna la tswa le ile la tlatseleletsa mo bolwetseng jwa gagwe.”
“Ke Tla Raya Ditsala Tsa Me Ke Reng?”
Motlholagadi mongwe o lemotsha jaana mabapi le morwa wa gagwe: “Jonny o ne a sa rate go bolelela bana ba bangwe gore rraagwe o tlhokafetse. Go ne go mo jesa kgala ebile go ne go mo gakatsa, fela ka baka la gore go ne go mo jesa kgala.”
Buka ya Death and Grief in the Family e tlhalosa jaana: “‘Ke tla raya ditsala tsa me ke reng?’ ke potso ya botlhokwa thata mo baneng ba ga mmaagwemotho [bomorwarramotho kana bomorwadiarramotho bao ba santseng ba tshela]. Gangwe le gape, bana ba ga mmaagwemotho ba ikutlwa gore ditsala tsa bone ga di tlhaloganye gore ba ikutlwa jang. Fa o leka go tlhalosetsa ba bangwe kafa o latlhegetsweng ka gone ba ka nna ba go leba fela ka kakabalo le ka go tseana. . . . Ka baka leo, ngwana wa ga mmaagwe moswi yo o mo khutsafalong o ka nna a ikutlwa a latlhegile, a kgaphetswe kwa thoko, kana, ka dinako tse dingwe, ebile a le pelokhutshwane.”
Lefa go le jalo, lemoga gore fa gongwe ba bangwe ba a bo ba sa itse seo ba ka se rayang tsala ya bone yo o mo khutsafalong—mme jalo ba seke ba bue sepe. Gape go latlhegelwa ga gago go ka nna ga ba gakolola gore le bone, ba ka nna ba latlhegelwa ke mongwe yoo ba mo ratang. Ka go bo ba sa batle go gakololwa seno, ba ka nna ba tila go bua sepe.
Go Lebana le Khutsafalo ya Gago
Go itse gore ke selo se se tlwaelesegileng fela go hutsafala ke thuso e kgolo mo go go fenyeng. Mme go sa dumeleng seo tota se diragetseng go lelefatsa khutsafalo fela. Ka dinako tse dingwe balelapa lengwe ba tlogela manno mangwe a sa nniwa ke ope fa tafoleng ya bojelo, jaaka ekete motho yoo o ne a tla tloga a tla go ja dijo. Lefa go le jalo, lelapa lengwe le tlhopha go dirisana le dikgang tseno ka tsela e e farologaneng. Mmè wa lone o bolela jaana: “Re ne ra seka ra tlhola re nna mo tafoleng e e mo kitsing ka tsela e e tshwanang. Monna wa me o ne a nna mo setulong sa ga David, mme seo se ne sa thusa go fedisa bodutu joo.”
Gape go a thusa go lemoga gore lemororo go ka tswa go le boammaaruri gore go na le dilo dingwe tseo o tshwanetseng kana o neng o sa tshwanela go ka bo o di buile kana o di dirile, gantsi dilo tseo ga se tsone tse di bakileng loso lwa moratiwa wa gago. Mo godimo ga moo, “Re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi.”—Yakobe 3:2.
Go Bolelela ba Bangwe Maikutlo a Gago
Dr. Earl Grollman o akantsha jaana: “Ga go a lekana fela go lemoga gore o tshwenyegile mo maikutlong; o tshwanetse go dirisana le one o sa iphitlhe. . . . Eno ke nako ya gore o bolelele ba bangwe maikutlo a gago.” Ga se nako ya go itomolola.—Diane 18:1.
Dr. Grollman o bolela gore fa o sa dumele gore o hutsafetse, “o lelefatsa kutlobotlhoko ya gago fela ebile o diegisa nako ya go fela ga khutsafalo.” O akantsha jaana: “Batla mongwe yo o ka go reetsang sentle, tsala e e tla tlhaloganyang gore maikutlo a gago a mantsi ke selo se se tlwaelesegileng seo se bakiwang ke go hutsafala ga gago mo gogolo.” Motsadi wa gago, morwarrago, morwadiarrago, tsala ya gago, kana mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete o ka itshupa e le motshegetsi wa mmatota.
Mme go tweng fa e le gore o ikutlwa o batla go lela? Dr. Grollman o oketsa jaana: “Ka batho bangwe, go lela ke kalafi e e molemo ya maikutlo a bone a a tshwenyegileng, mo banneng gammogo le mo basading le bana. Go lela ke tsela ya tlholego ya go fedisa tlalelo le go thuba botlhoko.”
Go Tshwaragana Mmogo Jaaka Lelapa
Batsadi ba gago le bone e ka nna thuso e kgolo mo nakong ya tatlhegelo—mme le wena o ka nna thuso mo go bone. Ka sekai, Jane le Sarah, ba kwa Ennyelane, ba ne ba latlhegelwa ke morwarrabone wa dingwaga tse 23 ebong Darrall. Ba ne ba fenya khutsafalo ya bone jang? Jane o araba ka go re: “Ka go bo re ne re le bane fela, ke ne ka ya go dira sengwe le sengwe le Rre, fa Sarah ene a ne a dira sengwe le sengwe le Mmè. Ka tsela eno re ne ra seka ra nna re le rosi.” Gape Jane o gakologelwa jaana: “Ke ne ke ise ke ko ke bone Rre a lela pele. O ne a lela gabedi, mme ka tsela nngwe, go ne go le molemo, ebile fa ke leba kwa morago, jaanong ke ikutlwa ke itumeletse go bo ke ne ke le teng gore fela ke mo gomotse.”
Tsholofelo eo e Bolokang
David yo mmotlana, wa kwa Ennyelane, o ne a latlhegelwa ke kgaitsadie wa dingwaga tse 13 ebong Janet a bolawa ke bolwetse jwa go tswa dikgeleswa mo dilimfeng. O bolela jaana: “Selo seo se neng sa ntsholegela molemo fela thata e ne e le temana eo e neng ya tsopolwa mo polelong ya phitlho. E tlhalosa jaana: ‘Ka gonne Modimo o tlhomile letsatsi leo a ikaelelang go atlhola lefatshe le le agilweng ka tshiamo, ebile o tiiseditse batho botlhe selo seo ka a mo tsositse, ebong Jesu, mo losong.’ Sebui se ne sa gatelela mafoko a a reng ‘tiiseditse’ malebana le tsogo. Seo e ne e le selo seo se neng sa nnonotsha fela thata morago ga phitlho.”—Ditihō 17:31; bona le Mareko 5:35-42; 12:26, 27; Yohane 5:28, 29; 1 Bakorintha 15:3-8.
Tsholofelo ya Bibela ya tsogo ga e fedise khutsafalo. Ga o kitla o lebala moratiwa wa gago. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba bone kgomotso ya mmatota mo ditsholofetsong tsa Bibela mme, ka baka leo, ba ne ba simolola go tokafala ka bonya mo botlhokong jwa go latlhegelwa ke motho yo ba neng ba mo rata.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 16
◻ A o ikutlwa gore go hutsafalela mongwe yo o neng o mo rata yo o tlhokafetseng ke sengwe sa tlholego?
◻ Motho yo o mo khutsafalong o ka nna le maikutlo afe, mme ka ntlhayang?
◻ Ditsela dingwe tseo mosha yo o mo khutsafalong a ka simololang go fenya maikutlo a gagwe ka tsone ke dife?
◻ O ka gomotsa jang tsala ya gago yo o latlhegetsweng ke mongwe yo a neng a mo rata?
[Mafoko a a mo go tsebe 128]
“Tota ga ke dumele gore ga a tshele. . . . Ke ikutlwa ke ntse ke re, ‘Ke tshwanetse go bolelela Mmè ka selo se’”
[Mafoko a a mo go tsebe 131]
“Fa Mmè a ne a tlhokafala, . . . ke ne ka akanya gore, ‘Tota ga oa ka wa re bolelela gore o ne o tla tlhokafala. O ngongoetse fela.’ Ke ne ke ikutlwa ke latlhegile tota”
[Setshwantsho mo go tsebe 129]
“Ga se nna yo ke diragalelwang ke selo seno!”
[Setshwantsho mo go tsebe 130]
Fa re latlhe-gelwa ke motho yo re mo ratang mo losong, re tlhoka go tshegediwa ke motho yo o pelotlhomogi