Buka e e Thusang go di Gaisa Tsotlhe
Baebele ke yone fela buka e e ileng ya ranolwa le go phasaladiwa go gaisa dibuka dipe fela tse di leng teng. E ile ya thusa batho ba le bantsi thata mo botshelong. Ela tlhoko dipalopalo tseno tse di fa tlase.
TSE DI RANOTSWENG LE TSE DI PHASALADITSWENG
96,5% ya batho mo lefatsheng ba na le Dibaebele
E GONE (E FELETSE KGOTSA E SA FELELA) Ka dipuo di le 3 350
Baebele ke buka e e phasaladitsweng go di gaisa tsotlhe. Ka dikhopi di ka nna 5 000 000 000
ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
TSENA MO WEBSITE YA RONA YA JW.ORG. O KA KGONA:
Go ipalela Baebele (e gone ka dipuo di le dintsi)
Go itseela khopi ya Baebele
Go bona dikarabo tsa botshelo mo Baebeleng
Go bala ditlhogo tse di buang ka gore Baebele e fetotse jang matshelo a batho
Go ithuta Baebele mo Interneta
Go kopa gore mongwe a tle go ithuta Baebele le wena
DIBAEBELE TSE DI PHASALADITSWENG KE BASUPI BA GA JEHOFA
BASUPI BA GA JEHOFA BA ITUMELELA GO RANOLA LE GO PHASALATSA DIBAEBELE.
Tseno ke Dibaebele tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba di phasalatsa mo dingwageng tse di fetileng:
The American Standard Version ya 1901
The Bible in Living English, Byington
The Emphatic Diaglott
The King James Version
Revised Standard Version
Tischendorf’s New Testament
THANOLO YA LEFATSHE LE LESHA
E GONE (E FELETSE KGOTSA E SA FELELA) Ka dipuo di feta 180
DIMILIONE DI LE 227 DIKHOPI TSA BAEBELE YA THANOLO YA LEFATSHE LE LESHA TSE DI GATISITSWENG FA E SA LE KA 1950
a Karolo ya go ithuta Baebele mo Internet e gone fela ka Seesemane le Sepotokisi. E tla nna gone ka dipuo tse dingwe mo nakong e e sa fediseng pelo.