LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 73
  • Kgosi ya Bofelo e e Siameng mo Iseraele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosi ya Bofelo e e Siameng mo Iseraele
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Josia O ne A Rata Molao wa Modimo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Josia O ne A na Le Ditsala Tse di Siameng
    Ruta Bana ba Gago
  • Josia yo o Boikokobetso O ne A Amogelwa ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Josia O ne A Tlhopha go Dira se se Neng se Siame
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 73
Kgosi Josia le banna ba gagwe ba senya medingwana e e dirisiwang mo kobamelong ya maaka

POLELO 73

Kgosi ya Bofelo e e Siameng mo Iseraele

JOSIA o dingwaga di le robedi fela fa a nna kgosi ya bogosi jwa borwa jwa ditso tse pedi tsa Iseraele. Motho wa dingwaga tseo o monnye thata gore a ka nna kgosi. Ka jalo, kwa tshimologong banna ba ba godileng ba mo thusa go busa setšhaba.

Fa Josia a sena go busa dingwaga di le supa o simolola go batla Jehofa. O latela sekao sa dikgosi tse di molemo tse di jaaka Dafide, Jehoshafate le Hesekia. Ka jalo, fa Josia a sa ntse a le mo dingwageng tsa bosha, o dira sengwe se se bontshang bopelokgale.

E setse e le lobaka lo loleele bontsi jwa Baiseraele ba dira dilo tse di bosula fela thata. Ba obamela medimo ya maaka. Ba ikobela medingwana ya ditshwantsho. Ka jalo, Josia o tsamaya le banna ba gagwe mme ba simolola go tlosa kobamelo ya maaka mo nageng. Eno ke tiro e kgolo ka gonne batho ba le bantsi ba obamela medimo ya maaka. A o bona Josia le banna ba gagwe ba ntse ba thuba medingwana?

Morago ga moo, Josia o tlhoma banna ba le bararo go okamela tiro ya go baakanya tempele. Go phuthiwa madi mo bathong a bo a neelwa banna bano gore ba duelele tiro e e tshwanetseng go dirwa. Fa ba ntse ba bereka, moperesiti yo mogolo e bong Hilekia o bona sengwe se se botlhokwa thata mo tempeleng. O bona buka ya molao e Jehofa a neng a laela Moshe gore a e kwale bogologolo. E ne e ntse e latlhegile ka dingwagangwaga.

Buka eno e isiwa kwa go Josia, mme o kopa mongwe gore a mmalele yone. Fa Josia a ntse a reeditse o lemoga gore batho ba ntse ba sa boloke molao wa ga Jehofa. Seno se mo utlwisa botlhoko thata, mme o gagoganya diaparo tsa gagwe, jaaka o bona fano. A re: ‘Jehofa o re galefetse, ka gonne borraarona ga ba a ka ba boloka melao e e kwadilweng mo bukeng eno.’

Kgosi Josia o tshwenyegile thata fa a ntse a balelwa molao wa Modimo

Josia o laela moperesiti yo mogolo e bong Hilekia go batlisisa gore Jehofa o tlile go dira eng ka bone. Hilekia o ya go botsa moporofeti wa mosadi yo o bidiwang Huleda. O mo naya molaetsa ono o o tswang kwa go Jehofa gore a o ise kwa go Josia: ‘Jerusalema le batho botlhe ba tla otlhaiwa ka gonne ba ntse ba obamela medimo ya maaka mme naga e tletse bosula. Mme ka gonne wena Josia o dirile se se siameng, katlholo eno ga e na go tla o sa ntse o tshela.’

2 Ditiragalo 34:1-28.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela