LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 8 ts. 18-19
  • Josia O ne A na Le Ditsala Tse di Siameng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Josia O ne A na Le Ditsala Tse di Siameng
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Josia O ne A Tlhopha go Dira se se Neng se Siame
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Josia O ne A Rata Molao wa Modimo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Josia yo o Boikokobetso O ne A Amogelwa ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Kgosi ya Bofelo e e Siameng mo Iseraele
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 8 ts. 18-19
Kgosi Josia o reeditse tsala ya gagwe e bong Jeremia

KAROLO 8

Josia O ne A na Le Ditsala Tse di Siameng

A o akanya gore go thata go dira se se siameng?— Batho ba le bantsi ba akanya jalo. Baebele e re bolelela gore go ne go le thata gore mosimane mongwe yo o bidiwang Josia a dire se se siameng. Mme o ne a na le ditsala tse di siameng tse di neng di mo thusa. A re ithute se sengwe gape ka ga Josia le ditsala tsa gagwe.

Rraagwe Josia e ne le Amone, kgosi ya kwa Juda. Amone o ne a le bosula thata e bile a obamela medingwana. Fa rraagwe Josia a swa, Josia o ne a nna kgosi ya Juda. Mme o ne a le dingwaga di le robedi fela! A o akanya gore o ne a le bosula jaaka rraagwe?— Nnyaa, o ne a se bosula!

Moporofeti Sefania o bolelela batho ba Juda molaetsa o o tswang kwa go Jehofa

Sefania o ne a bolelela batho gore ba se ka ba obamela medingwana

Tota le ka nako ya fa a ne a sa ntse a le monnye thata, Josia o ne a batla go reetsa Jehofa. Ka jalo, o ne a tlhopha fela batho ba ba neng ba rata Jehofa gore e nne ditsala tsa gagwe. Mme ba ne ba thusa Josia gore a dire se se siameng. Dingwe tsa ditsala tsa ga Josia e ne e le bomang?

Mongwe wa bone e ne e le Sefania. Sefania e ne e le moporofeti yo o neng a bolelela batho ba kwa Juda gore ba tla diragalelwa ke dilo tse di bosula fa ba obamela medingwana. Josia o ne a reetsa Sefania mme a obamela Jehofa e seng medingwana.

Tsala e nngwe ya ga Josia e ne e le Jeremia. O ne a lekana le Josia ka dingwaga mme fa ba gola, magae a bone a ne a le gaufi. E ne e le ditsala tse dikgolo mo e leng gore fa Josia a swa, Jeremia o ne a mo kwalela pina e e kgethegileng, a tlhalosa kafa a tlhologeletsweng Josia ka teng. Jeremia le Josia ba ne ba thusana go dira se se siameng le go reetsa Jehofa.

Josia le Jeremia ba ne ba thusana go dira se se siameng

O ka ithuta eng ka se Josia a neng a se dira?— Le fa Josia a ne a le mosimanyana yo monnye fela, o ne a batla go dira dilo tse di siameng. O ne a itse gore ditsala tsa gagwe e tshwanetse go nna batho ba ba ratang Jehofa. Tlhomamisa gore o tlhopha ditsala tse di ratang Jehofa le tse di ka go thusang go dira se se siameng!

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • 2 Ditiragalo 33:21-25; 34:1, 2; 35:25

DIPOTSO:

  • Rraagwe Josia e ne e le mang? A o ne a dira dilo tse di siameng?

  • Ke eng se Josia a neng a batla go se dira le fa e ne e le mosimanyana yo monnye fela?

  • Maina a ditsala tse pedi tsa ga Josia e ne e le bomang?

  • O ka ithuta eng ka se Josia a neng a se dira?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela