Kgaolo 18
A O Boikanngo mo Kgosing e Ntšha ya Lefatshe?
1. Fa Jesu a ne a tlhagisiwa jaaka Kgosi ka 33 C.E., matshwititshwiti a ne a arabela jang?
KA Nisane 9 wa 33 C.E., Jesu Keresete o ne a itlhagisa mo Bajudeng jaaka Kgosi ya bone, Mesia yo o sa leng a boleletswe pele. Fa a fologa mo Thoteng ya Lotlhware go ya Jerusalema, matshwititshwiti a barutwa a ne a itumela a bo a baka Modimo ka ntlha ya ditiro tse di nonofileng tse Jesu a neng a di dira. (Luke 19:37, 38; Sekaria 9:9) A mme ba ne ba tla itshupa ba ikanyega go Ene yoo ba neng ba mo goeletsa jaaka Kgosi? Boikanyegi jwa bone go ise go ye kgakala bo ne jwa lekiwa.
2. (a) Ke jang batho ba le bantsi gompieno ba arabelang mo kitsisong ya gore Keresete ke Kgosi e ntšha ya lefatshe? (b) Mme ke dipotso dife tse di tlhokang kakanyetso e e masisi?
2 Fa e sale 1914 Jesu Keresete yo o galaleditsweng yo o nnileng a busa ka tlhoafalo kwa magodimong o ile a tlhagisiwa mo bathong jaaka Kgosi e ntšha ya lefatshe. Tebelelo ya botshelo mo pusong ya ga Keresete, jaaka tharabololo ya mmaanete mo mathateng a setho, e dirile gore batho go tswa merafeng yotlhe ba itumele. A mme ba tla itshupa ba ikanyega? Go tweng ka ga rona motho ka mongwe?
REKOTO YA KGOSI KA SEBELE YA BOIKANYEGI
3. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu ka boene a lebisiwa jaaka “moikanyegi wa ga Jehofa”? (b) Boikanyegi ke eng?
3 Jesu Keresete o ile a neelana ka bosupi jo bontsi jwa gore boikanyegi jwa gagwe go Jehofa, Molaodi wa Lobopo Lotlhe, ga bo reketle. O lebisiwa ka tshwanelo mo Dikwalong jaaka “moikanyegi wa ga Jehofa.” (Pesalema 16:10, NW; Ditihō 2:24-27) Lefoko la Sehebera la “boikanyegi” le le dirisitsweng fano le na le mogopolo wa go nna bopelonomi jwa lorato. Ga se sengwe se se tsididi fela, se se ikaegileng fela ka molao kana tshiamiso, mme bo tlhotlhelediwa gape ke lorato le kanaanelo.—Bapisa Pesalema 40:8; Yohane 14:31.
4, 5. (a) Boikanyegi jwa ga Jesu bo ne jwa bontshiwa jang mo legodimong, morago ga botsuolodi jwa ga Satane? (b) Boikanyegi joo bo ne jwa bontshiwa jang gape mo lefatsheng?
4 Mo legodimong, fa Satane a ne a simolola go ipatlela tlotla eo e neng e le ya Modimo fela mme lefa ba bangwe ba baengele ba ne ba tlogela maemo a bone a a tshwanetseng mo phuthegong ya ga Jehofa ya selegodimo, Morwa wa Modimo wa motsalwapele o ne a seka a etsa moya wa bone. Go dira jalo go ne go sa gopolesege le eseng mo go ene! Boineelo jwa gagwe e ne e le jwa go intsha setlhabelo ka sebele mo eleng gore, fa a ntse a diragatsa thato ya ga Rraagwe, Morwa yono yo o ikanyegang o ne a tlogela kgalalelo ya gagwe ya selegodimo, a nna motho le eleng go ineela mo losong mo thupeng ya tlhokofatso. Ka lorato, o ne a tlhomamisa gore, go ya fela ka fa a neng a ka kgona ka teng, go se nne lefa e le karolonyana epe fela ya Dikwalo e e neng e bua kaga gagwe e e tla fetang e sa diragala.—Bafilipi 2:5-8; Luke 24:44-48.
5 Fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng, Satane o ne a mo leretse kgatelelo e kgolo gore a mo fapose mo tirong eo Modimo a neng a e mo neetse gore a e dire—fa go kgonega, go mo hepisa gore a dire sengwe seo se neng se tla dira gore Modimo ka boene a mo itatole jaaka Morwawe. O ne a tlhotlheletsa Jesu gore a dire dilo tseo di neng di ka felela ka gore a tlotlomale le go nna le maatla—mme jaaka bontlhabongwe jwa lefatshe leo Satane e neng e le mmusi wa lone. Jesu o ne a gana, a tsopola Dikwalo tse di Boitshepo jaaka mokaedi wa gagwe. (Mathaio 4:1-10) Jesu o ne a na le dikgono tse di tlhomologileng mme o ne a di dirisa sentle, mme ka metlha e le tumalanong le thato ya ga Rraagwe. O ne a nna a tshwaregile ka botlalo mo go direng tiro eo Modimo a neng a mo rometse go tla go e dira. (Yohane 7:16-18; 8:28, 29; 14:10) Abo e le sekao se se molemo jang sa boikanyegi!
6. Ke ka tsela efe tuelo eo e neelwang Jesu e tlhokang boikanyegi go rona?
6 Ka ntlha ya boikanyegi jo bo supilweng ke Jesu, Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing, “[a mo godisa] thata, me oa mo naea yeōna leina ye le hetañ maina aotlhe; Gore mañōlè aotlhe a khubamè ka leina ya ga Yesu, . . . Le gore diteme cotlhe di bolèlè ha Yesu Keresete e le Morèna, kgalalecoñ ea Modimo Rara.” (Bafilipi 2:9-11) “Leina ye le hetañ maina aotlhe” leno le emela thata le taolo tseo di neng tsa neelwa Jesu e le gore a tle a diragatse thato ya ga Jehofa. ‘Go khubama ga mangole’ mo go ene go raya go lemoga boemo jwa gagwe le go ineela mo taolong ya gagwe. Go akareletsa go nna mmusiwa wa gagwe yo o ikanyegang jaaka Kgosi.
LORATO LWA BOIKANYEGI GO BATLODIWA BA GA JEHOFA
7. Balatedi ba ga Jesu ba lekiwa boikanyegi mo dikgannyeng dife?
7 Lebaka la go bo e rile, morago ga a sena go tlhatlogela kwa legodimong, Jesu a seka a tlhola a bonwa ka matlho a senama go ne go tla felela ka diteko tseo di tlhatlhobang pelo tsa boikanyegi mo balateding ba gagwe. A ba ne ba tla tshela go ya ka melao-metheo eo a neng a e ba rutile? A ba ne ba tla ikgaoganya le lefatshe? A ba ne ba tla tlotla bao moya o o boitshepo o ba neileng maikarabelo a bolebedi? A ba ne ba tla nna ba moya otlhe mo go direng tiro eo a neng a e ba abetse?
8. Ke eng seo se neng sa tshwantshediwa ke lorato lo lo ikanyegang magareng ga Jonathane le Dafide?
8 Mo nakong e e leng yone “dinku di sele” di ne di tshwanetse go phuthiwa mmogo le “lecomane le le leñwe” la baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo. A ruri ruri ba ne ba tla anaanela maemo ao ba a abetsweng kamanong le Keresete jaaka Kgosi le mongwe go yo mongwe? Mabaka a bontsha gore lorato lwa mmannete lwa kutlwano le ile la gola gareng ga botlhe ba ba leng karolo ya “lecomanyane” tlaseng ga Jesu Keresete. Seno se ne sa tshwantshediwa ke lorato lo lo sa kgaogeng, lo lo sa sweng lwa ga Jonathane, morwa Kgosi Saulo, mo go Dafide. Fa a tla go lemoga kafa Dafide a neng a ineetse gotlhelele ka gone mo go Jehofa le mo go ikaegeng ga gagwe ka Modimo fa a ne a bolaya Goliathe wa mokaloba, Jonathane o ne a tlhotlhelediwa thata thata mme ‘moya wa gagwe wa logakana le moya wa ga Dafide, mme Jonathane a mo rata jaaka a ithata.’ Lorato lwa gagwe ga lo a ka lwa fokotsega fa go sena go bonala gore Jehofa o ne a tla a neela Dafide bogosi mme e seng Jonathane. Jonathane o ne a ba a nna gangwe le gape a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka ntlha ya ga Dafide.—1 Samuele 17:45-47; 18:1; 23:16, 17.
9. Ke jang boikanyegi jo bo tshwanang bo ileng jwa bontshiwa ke bao eseng Baiseraele bao ba neng ba direla jaaka batlhabani ba ga Dafide?
9 Kwa ntle ga ga Jonathane, go ne ga nna le bangwe ba eseng Baiseraele bao ba neng ba ikamanya le Dafide. E ne e se masole a a thapilweng mme e ne e le banna ba ba diganka bao ba neng ba dira ka ntlha ya boineelo jwa bone go Dafide jaaka motlodiwa wa ga Jehofa. Gareng ga bone go ne go le Bakeretha, Bapeletha le baagi ba pele ba motse wa Filisitia wa Gatha. Ba ne ba ikgomaretsa mo go Dafide ka boikanyegi fa morwawe ebong Abesalome ka boferefere a ne a senka go gapa dipelo tsa banna ba Iseraele. Go sa kgathalesege bokwa-godimo jwa ga Abesalome le maretshwa, ba ne ba se ka ba gogelwa mo goreng ba tsuologe ka ntlha ya puo ya gagwe e e borethe.—2 Samuele 15:6, 10, 18-22.
10. (a) Kamano e e atamalaneng ya ga Keresete, masalela a a tloditsweng le “dinku di sele” e tshwantshiwa jang go Pesalema 45? (b) Ke ka tlhaloganyo efe eo ka yone ‘makgarebane a dilekane a tsenang mo ntlong ya kgosi’?
10 Tlhaloso e nngwe e e amang pelo ya kamano ya ga Keresete le masalela a a tloditsweng le “dinku di sele” e fitlhelwa go Pesalema 45. Seno ga se leboko fela le lentle mme ke boperofeti kaga Bogosi jwa Bomesia—Modimo ka boone a le ‘setulo sa gagwe sa bogosi,’ ke gore, motheo le setshegetsi sa bogosi jwa ga Jesu. (Pesalema 45:1-7; Bahebera 1:8, 9) Mopesalema o tlhalosa monyadiwa wa ga Keresete, “morwadia kgosi,” a tlisiwa mo Kgosing mo letsatsing la gagwe la lenyalo. O na le “makgarebane dilekane tsa gagwè.” Bano ke bomang? Ke bao ba lebileng pele go nneng babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo. “Ka boitumèlō le ka boipelō” ba pata setlhopha sa “monyadwi” go fitlhelela wa bofelo-felo wa bano a kopana le Keresete mo legodimong. Ga mmogo le bone, ba “tsena mo tluñ ea kgosi,” eseng ka go tlhatlogela kwa legodimong, mme eleng ka go ithebolela tirelo ya Kgosi. A o nnile bontlhanngwe jwa popelelo eo e e itumedisang?—Pesalema 45:13-15.
BOIKANYEGI BO TLHOKANG GO RONA?
11. Ke maemo afe a a re bayang mo tekong ya gore a ga re “ba lehatshe”?
11 Maemo a le mantsi mo botshelong a bontsha gore re batho ba mofuta mang. A ruri-ruri re dumela mo Bogosing jwa ga Jehofa jwa Bomesia? A ke jwa mmatota go rona? Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba se ketla ba nna “ba lehatshe.” A go ntse jalo ka wena?—Yohane 17:15, 16.
12. Lemororo re sa itekanela, ke ka ditsela dife tse dingwe re ka neelang bosupi jwa boikanyegi?
12 Mo go rona jaaka batho ba ba sa itekanelang, boikanyegi ga bo tlhoke gore re bo re itekanetse. Mme gone bo tlhoka gore re tile go tlola ditaolo tsa Bibela ka bomo, e ka ne batho ba bangwe ba a re bona kana nnyaa. Bo tla re tlhotlheletsa go lekela go dirisa melao-metheo ya Bibela ka botlalo, go na le go bona bogaufi joo re ka atamelang ka jone mo ditseleng tsa lefatshe. Bo tla re dira gore re tlhagolele kilo ya mmaanete ya se se bosula.—Pesalema 97:10.
13. Ke jang boikanyegi bo ka re sireletsang kgatlhanong le puo e e borethe ya batenegi?
13 Fa ruri re ila se se bosula, ga re ketla re dumelela matlhonyana a rona go re hepisetsa mo go bo atameleng. Go leba-leba botshelo jwa batho ba ba boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong go ka re gogela mo tshenyegong. (Diane 7:6-23) Go ntse jalo, gape, tshenyego ya semoya e ka nna ya tlhasela bao ka ntlha ya go nna matlhonyana ba rekang le go bala dikwalo tse di kwadilweng ke batenegi, batho bao ba latlhileng Jehofa le phuthego ya gagwe mme ka gone ba “betsa” balekane ba bone ba pele ka molomo. (Mathaio 24:48-51) Diane 11:9 e a tlhagisa: “Motho eo o sa reñ Modimo sepè o senya oa ga gabō ka molomo oa gagwè.” Mme boikanyegi bo tla re sireletsa kgatlhanong le go tsiediwa ke puo ya bone e e boferefere.—2 Yohane 8-11.
14. (a) E nngwe ya ditsela tse di leng botlhokwa thata tseo ka tsone re ka bontshang boikanyegi jwa rona go Keresete jaaka Kgosi ke efe? (b) Ke ka ntlha yang fa tiro eno e le botlhokwa jaana?
14 E nngwe ya ditsela tse di botlhokwa-tlhokwa tseo ka tsone re ka bontshang boikanyegi ke ka go nna ba moya otlhe mo tirong eo Jesu a neng a ruta barutwa ba gagwe go e dira. Ene ka boene o ne a tlhoma sekao ka go ya kwa metseng le go tsamaya metse le metsana, a rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Luke 8:1) Jesu o ne a bolelela pele seo Bakeresete ba boammaaruri ba tla bong ba se dira gompieno fa a ne a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Ke ka go rerwa mo ga mafoko a a molemo kgang kgolo ya Bogosi e ntseng e bewa pele ga batho gongwe le gongwe e le gore ba tle ba itirele phetso ya botho. Go boidiidi jo bogolo, phetso eo e tla gogela mo go bolokiweng ga bone mo sepitleng se segolo. (Tshenolō 7:9, 10) A ka boikanyegi o abalana mo tirong eno e e potlakileng?
15. (a) Ke eng seo Pesalema 145:10-13 e bolelang fa se tla buiwa ke baikanyegi ba ga Jehofa? (b) Seo se dira go rona jang?
15 Bogologolo tala mopesalema Dafide o ne a kwala a re: “Ditihō cotlhe tsa gago di tla gu ntshetsa malebogō, Yehofa; le baitshepi ba gago ba tla gu baka. Ba tla bua kaga kgalalèlō ea bogosi yoa gago, ba bua kaga thata ea gago; Go itsise bana ba batho ditihō tsa gagwè tsa bonatla, le kgalalèlō ea borèna yoa bogosi yoa gagwè. Bogosi yoa gago ke bogosi yo bo senañ bokhutlō, le pushō ea gago e eme go ea ditshikatshikeñ cotlhe.” (Pesalema 145:10-13) Bobusi joo jaanong bo diragadiwa ka Bogosi jwa Bomesia mo diatleng tse di ikanyegang tsa ga Jesu Keresete, mme re supa boikanyegi jwa rona go Modimo le Keresete boo-babedi ka go bua ka kgololesego le ka tlhagafalo kaga jone.
16. Ke jang boikanyegi bo tshwanetseng go tlhotlheletsa bokgakala joo ka jone re abalanang mo go rereng ka Bogosi le boikutlo joo re go dirang ka jone?
16 O tsholeditse tiro eno ya go supa ka Bogosi go le kana kang mo botshelong jwa gago? A ruri-ruri o e baya kwa pele ga ditelekiso tse dingwe? Seo wena ka bowena o se dirang se ka nna sa bo se oketsegile kana se le kwa tlase ga seo ba bangwe ba se dirang. Maemo a batho ka bongwe a a farologana. Mme rotlhe re ka solegelwa molemo ka go ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘A go tlhakanela ga me go supa fela gore fa ke setse ke ka tsenya letsogo, lemmenyana fela? A ke go leba fela jaaka patlafalo ya go ka falola? Kana a go rata Jehofa, go ineela mo Kgosing ya gagwe ya Bomesia le kamego ya mmatota ka mogaetsho di ntlhotlheletsa gore ke bo eteletse kwa pele mme dikgatlhego tse dingwe mo botshelong jwa me di tle morago ga jone?’ Boikanyegi bo tla re tlhotlheletsa go senka ditsela tsa go bontsha gore tiro eno e botlhokwa go rona fela jaaka e ntse go Kgosi ya rona.
17. Ke bomang bao Jesu a tla ‘buang kagiso’ le bone fa a senya baikepi?
17 Ka bonakonyana Ene yo o neng a goelediwa ka boitumelo jo bogolo jaaka Kgosi ke barutwa ba gagwe fa a ne a tsena mo Jerusalema ka 33 C.E. o tla senya botlhe ba ba ganang bolaodi jwa ga Jehofa jaaka bo diragadiwa ka Kgosi ya Gagwe ya Bomesia. Mme o tla “bua kagishō” le “boidiidi yo bogolo” joo jwa batho go tswa merafeng yotlhe bao ba ileng ba etsa sekao sa gagwe sa boikanyegi. A o tla nna gareng ga bone?—Sekaria 9:10; Baefesia 4:20-24.