Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
Rre yo o Iketleeditseng go Itshwarela
E NTSE e bidiwa polelo e khutshwane mme e le molemo go di feta tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa—mme e le ka lebaka le le utlwalang. Setshwantsho sa ga Jesu sa rre yo o neng a rata morwawe yo o latlhegileng se ntse jaaka letlhabaphefo le re bonang sentlentle ka lone tsela e e molemolemo e Modimo a lebang boutlwelobotlhoko ka teng mo baleofing ba ba ikotlhayang.
O ne A Latlhegile Mme a Bonwa
Monna mongwe o ne a na le barwa ba babedi. Yo mmotlana o ne a mo raya a re: ‘Ke batla boswa jwa me gone jaanong, go na le gore ke emele o swe pele.’ Rre yono o ne a dumela, gongwe a mo neela nngwetharong ya khumo yotlhe e a neng a na le yone—e leng karolo e e ka fa molaong ya morwa yo mmotlana wa barwa bano ba babedi. (Duteronome 21:17) Mosha yono o ne a phutha dithoto tsa gagwe ka bonako mme a ya kwa lefatsheng le le kgakala koo a neng a dirisa madi a gagwe otlhe gone ka go tshela botshelo jwa botlhapelwa.—Luke 15:11-13.
Morago ga moo go ne ga nna leuba le legolo. Ka go itlhoboga, lekawana leno le ne la amogela tiro ya go disa dikolobe—tiro e Mojuda a neng a ka e nyatsa. (Lefitiko 11:7, 8) Go ne go se na dijo mo a neng a simolola go eletsa dikokola tsa koroba tse e neng e le dijo tsa dikolobe! Kgabagare, lekawana leno le ne la itharabologelwa. ‘Batlhanka ba ga rre ba ja botoka go nkgaisa!’ o ne a akanya jalo. ‘Ke tla boela kwa gae, ke ya go ipolela maleo a me, mme ke kope go nna mongwe wa banna ba rre a ba hirileng.’a—Luke 15:14-19.
Lekawana leno le ne la boela kwa gae ka maoto. Ga go belaetse gore tebego ya gagwe e ne e fetogile fela thata. Le fa go ntse jalo, rraagwe o ne a mo lemoga “a le sekgala se se kgakala.” Ka go mo tlhomogela pelo, o ne a sianela morwawe, a mo tlamparela, mme “a mo atla ka tlekeetso.”—Luke 15:20.
Go amogelwa ka tsela e e ntseng jalo e e lorato go dirile gore go nne motlhofo mo lekawaneng leno go ikimolola se se mo mafatlheng a lone. O ne a bolela jaana: “Rra, ke leofetse legodimo le wena. Ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao. Ntira mongwe wa batho ba gago ba ba thapilweng.” Rraagwe o ne a bitsa makgoba a gagwe. O ne a laela jaana: “Potlakang! ntshang purapura, e e gaisang tsotlhe, mme lo mo apese yone, mme lo tsenye mohitshana mo seatleng sa gagwe le bompaatšhane mo dinaong tsa gagwe. Mme tlisang powana e e nontshitsweng, e tlhabeng re jeng re bo re ijeseng monate, ka gonne yono morwaake o ne a sule mme a tshela gape; o ne a latlhegile mme a bonwa.”—Luke 15:21-24.
Go ne ga rulaganngwa moletlo o mogolo, go na le mmino e bile go binwa. Morwa yo mogolwane o ne a utlwa modumo wa mmino fa a boa kwa tshimong. Fa a utlwa gore morwarraagwe o boetse gae le gore seno ke sone se dirileng gore go nne le moletlo, o ne a galefa. ‘Ke nnile motlhanka wa gago dingwaga di le dintsi, mme ga ke ise ke tlhoke go go utlwa, le fa go ntse jalo le ka motlha ga o ise o ke o nneele podi ya moroba gore ke itumele le ditsala tsa me,’ o ne a ngongorega jalo mo go rraagwe. ‘Mme jaanong fa morwao yo o sentseng dikhumo tsa gago a boa, o mo direla moletlo.’ Rraagwe o ne a araba jaana ka tsela e e bonolo: ‘Ngwanaka, o ntse o na le nna ka metlha, mme dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago. Mme re ne re tshwanetse go itumela ka gonne morwarraago o ne a sule mme o a tshela. O ne a latlhegile mme jaanong o bonwe.’—Luke 15:25-32.
Dithuto mo go Rona
Rre mo setshwantshong sa ga Jesu o emela Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko, Jehofa. Jaaka ngwana yo o neng a latlhegile, batho bangwe ba tlogela pabalesego ya ntlo ya Modimo ka nakwana mme kwa morago ba boele gape mo go yone. Jehofa o leba batho ba ba ntseng jalo jang? Batho ba ba boelang mo go Jehofa ba ikotlhaile go tswa mo pelong ba ka tlhomamisediwa gore “ga a ketla a omana ka metlha yotlhe; le fa e le go nna ka bogale ka bosenabokhutlo.” (Pesalema 103:9) Mo setshwantshong seno, rre o ne a siana go ya go amogela morwawe yo o boileng. Ka mo go tshwanang, Jehofa o a rata mme gape o tlhoafaletse go itshwarela baleofi ba ba ikotlhayang. O “iketleeditse go itshwarela,” mme o dira jalo “ka botlalo.”—Pesalema 86:5; Isaia 55:7; Sekaria 1:3.
Mo setshwantshong sa ga Jesu, lorato lwa mmatota lwa ga rre lo dirile gore morwa yono a nne pelokgale mme a boe motlhofo. Mme akanya seno: Ke eng se se neng se ka bo se diragetse fa rre yono a ne a itatola mosimane kana a mmolelela a galefile gore a se ka a tlhola a boa? Gongwe boikutlo jo bo ntseng jalo bo ne bo tla dira gore lekawana leno le ikarole gotlhelele.—Bapisa 2 Bakorintha 2:6, 7.
Ka tsela nngwe he, ka nako e morwawe a neng a tsamaya ka yone, rre yono o ne a mmaakanyetsa tsela ya go boa. Ka dinako tse dingwe, bagolwane ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse go ntsha baleofi ba ba sa ikotlhayeng mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:11, 13) Ka go dira jalo, ba ka simolola go baakanyetsa gore moleofi a boe ka go mo tlhalosetsa ka lorato dikgato tse a ka di tsayang mo isagweng fa a busediwa. Batho ba le bantsi ba ba neng ba latlhegile semoyeng moragonyana ba ne ba tlhotlheletsega go ikotlhaya ka go gakologelwa boikuelo jo bo ntseng jalo jo bo tswang mo pelong mme jwa ba thusa gore ba boele mo ntlong ya Modimo.—2 Timotheo 4:2.
Rre yono le ene o ne a bontsha kutlwelobotlhoko fa morwawe a ne a boa. Ga go a mo tsaya nako go lemoga gore mosimane yono o ikotlhaile go tswa mo pelong. Go tswa foo, mo boemong jwa go gatelela gore morwawe a bue ka nngwe le nngwe ya ditlolo tsa gagwe, o ne a mo amogela, mme o ne a itumelela thata go dira seo. Bakeresete ba ka etsa sekao seno. Ba tshwanetse go itumela gore motho yo o neng a latlhegile o bonwe.—Luke 15:10.
Tsela e rre yono a neng a itshwara ka yone e bontshitse sentle gore o ne a sa bolo go lebelela go boa ga morwawe wa seganana. Gone mme, seo ke setshwantsho fela sa tsela e Jehofa a tlhologelelwang batho botlhe ba ba tlogetseng ntlo ya gagwe ka teng. “Ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9) Ka gone batho ba ba ikotlhaelang maleo a bone ba ka tlhomamisega gore ba tla segofadiwa ka “dipaka tse di lapolosang . . . di tswa mo go Jehofa.”—Ditiro 3:19.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Le fa lekgoba le ne le tsewa e le karolo ya lelapa, motlhanka yo o hirilweng ene o ne a tsewa e le modiri yo o duelwang letsatsi le letsatsi yo o neng a ka nna a lelekwa mo tirong nako nngwe le nngwe. Lekawana leno le ne la akanya gore le ka rata go amogela tota le boemo jo bo kwa tlasetlase mo ntlong ya ga rraagwe.