LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 3 ts. 22-33
  • A Ditumelo tsa LefatsheDi Etelelapele Kafa Tshwanelong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ditumelo tsa LefatsheDi Etelelapele Kafa Tshwanelong?
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ditumelo tsa Lefatshe di Tsholetsa Boitsholo?
  • Matswela a go Gana Lefoko la Modimo
  • Bokhutlo jwa Ditumelo tsa Lefatshe bo a Atamela
  • Lebaka La go Bo Bodumedi Jwa Lefatshe bo Tlile go Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Dikereke Tse di sa Ruteng Boammaaruri ga di Tlotle Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • A Ditumelo Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 3 ts. 22-33

Kgaolo 3

A Ditumelo tsa LefatsheDi Etelelapele Kafa Tshwanelong?

1. Ke dipotso dife tse di botlhokwa mabapi le ditumelo tsa lefatshe tse di tsosiwang fano?

“BODUMEDI bo nnile a mangwe a maatla a magolo thata mo ditiragalong,”28 ga tlhalosa jalo The World Book Encyclopedia. A mme ditumelo tsa lefatshe di ile tsa nna maatla a sebele a kagiso le polokesego? A di ile tsa ruta balatedi ba tsone gore lorato lwa bokaulengwe lo tshwanetse lwa fenya melelwane ya bomorafe le diphapaang tsa lotso? Gape, a dikereke tsa La-Bodumedi, Katoliki, Boganetsa-Katoliki, le tsa Orthodox di ile tsa tsamaisana le boiphako jwa tsone jwa go latela Jesu Keresete jaaka “Kgōsana ea Kagishō”? Kana a di tlatseleditse letlhoong leo le ileng la baya isagwe ya motho mo kotsing? Go sekaseka motlhala go tla re neela karabo e e gakgamatsang.

2. Ke eng seo metswedi e e farologaneng e se re bolelelang kaga rekoto ya ditiragalo?

2 Mabapi le seno, Parade Magazine e ne ya re: “Ditiragalo di ruta sengwe bao ba ikemiseditseng go ithuta. Nngwe ya dithuto tse di kwa pele pele ke ya gore dithulano tseo di thaegang mo diphapaanong tsa sedumedi le makoko ke tseo gantsi ka metlha di leng mabifi thata, di nnelang ruri thata le go nna boima go ka rarabololwa.”29 Mme fela jaaka Chicago Tribune e ile ya tlhalosa: “Tumelo nngwe le nngwe e kgolo e rera kaga kagiso le bokaulengwe le kutlwelo botlhoko, mme lefa go le jalo dingwe tsa dikgatelelo tse di setlhogo thata le tsa bosenang-pelo tseo di ileng tsa diragala mo ditiragalong di ne tsa direlwa mo ineng la Modimo.”⁠30 A gopotse ka mabaka a a ntseng jalo a ditiragalo, mokwadi wa koranta ya dikgang ebong C. L. Sulzberger o ne a botsa jaana ka tshwanelo: “Lemororo kgang eno e ka se ratege, a ga go a tshwanela go lemogiwa gore ga mmogo le dilo tse dingwe tse di jaaka—bokgokgontshi, kgethololo ya lotso le mmala, puso ya sesole—bodumedi bo ile jwa fetoga matshosetsi a magolo a a sa katogeng mo botshelong jwa batho?”⁠31

3. Ke tlwaelo efe e e tlhabisang ditlhong ya bodumedi eo ditiragalo tsa lekgolo la rona la bo-20 la dingwaga le e senolang?

3 Ee, ditiragalo di tladikilwe ka madi a dikgotlhang tseo di ileng tsa engwa nokeng ke bodumedi. Gone fela mo lekgolong la rona la dingwaga, mo dintweng tse pedi tsa lefatshe le morago ga tsone, re ile ra iponela tlwaelo e e tlhabisang ditlhong ya badumedi mmogo ba bolaana—Bakatoliki ba bolaya Bakatoliki, Baganetsa-Katoliki ba bolaya Baganetsa-Katoliki, Mamoselema a bolaya Mamoselema, le ba bangwe. Mme baruti mo matlhakoreng oo mabedi a a ganetsanang, lemororo e le ba bodumedi jo bo tshwanang, ba ne ba segofatsa masole ao a neng a tloga a ya go bolaya bakaulengwe ba bone kafa bodumeding.

4. (a) Ke ka ntlha yang fa dikereke tsa La-Bodumedi di na le mokgobo thata? (b) Ke eng se kakgelo nngwe e neng ya se bua kaga ntwa?

4 Gareng ga tse di nang le mokgobo thata mo kgannyeng eno ke dikereke tsa La-Bodumedi. Ka ntlha yang? Ka jaana di iphaka gore di emela Modimo wa Bibela le Morwawe Jesu Keresete, yo o neng a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Lefa go le jalo dipolao tse di setlhogo go di feta tsotlhe di ile tsa diragala moteng tota ga La-Bodumedi. E ne e le fela jaaka kakgelo go Waterloo Courier ya Iowa e ile ya bolela: “Bakeresete ga ba a ka ba gamarisiwa le e seng gore ba ka tlhasela Bakeresete ba bangwe ka dintwa. Fa ba ka bo ba ile ba dira jalo, dintwa tse di neng di le matlho-mahibidu mo Yuropa di ka bo di ile tsa se ka tsa diragala. . . . Dintwa tsa Lefatshe I le II, tseo di neng tsa baya Bakeresete mo pepeneneng jaaka ba bolaya Bakeresete, di ka bo di ile tsa se ka tsa diragala.”⁠32

5. (a) Ke eng seo Bibela ka phepafalo e se bolelelang bao ka boammaaruri ba direlang Modimo? (b) Ke potso efe e maloko a dikereke a tshwanetseng go lebana le yone mabapi le dikereke tsa bone?

5 Mo kgannyeng eno, Bibela e phepafetse: Bao ruri ba direlang Modimo ba bolelelwa go re ba ‘batle kagiso ba bo ba e latelele,’ ba ‘thule ditšhaka tsa bone megoma,’ le go ‘sa ithute ntwa gope.’ (1 Petere 3:11; Isaia 2:2-4) “Re ratane; re seka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula [Satane Diabolo], me a bolaea monnawè.” (1 Yohane 3:10-12) Mme balatedi ba ditumelo tsa lefatshe leno ba tswelela ka go bolaya barwarra-a-bone, fela jaaka Kaine, mme baruti ba bone ba ile ba ema nokeng bao ba salang morago tsela eo. Ka gone, fa o le leloko la bodumedi bongwe, ipotse: ‘Fa mongwe le mongwe mo lefatsheng e ne e le wa bodumedi jwa me, a dintwa di ka bo di khutlile mme lefatshe le jaanong e le golo ga kagiso ya mmatota?’

6. Ke eng seo seemo sa kgaogano le go tlhabantshana ga ditumelo tsa lefatshe go se supang?

6 Dikgaogano le dintwa tsa ditumelo tsa lefatshe di supa gore Modimo ga a di eme nokeng. Seno se ka nna sa gakgamatsa bao ba akanyang gore bodumedi jotlhe bo tshwanetse jwa bo bo le molemo ka jaana bo iphaka gore bo emela Modimo. Lefa go le jalo Bibela ka phepafalo e bontsha gore “Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” (1 Bakorintha 14:33) E bontsha gape gore go na le bodumedi jwa boammaaruri le bodumedi jwa maaka. Mme ebile e tlhalosa gore Modimo o kafa kobamelong e e theilweng mo boammaaruring, e se na boitimokanyo.—Mathaio 15:7-9; Yohane 4:23, 24; Tito 1:16.

7. (a) Ke tlhaloso efe eo Bibela e e dirisang go tlhalosa ditumelo tsa lefatshe? (b) Ke molato ofe oo di latofadiwang ka one?

7 Ka go bo ditumelo tsa lefatshe, ka go dira jaana, di ile tsa akahala go re di bone botsalano le bopolotiki, kgwebo, le loago, Bibela e di tshwantsha le seaka. Fa e tlhalosa “seaka” seno, e re: “Ga hitlhèlwa madi . . . a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.” (Tshenolō 17:1-6; 18:24) Ee, ditumelo tsa lefatshe leno di sikere molato o mogolo wa madi malebana le polao yotlhe ya ditiragalo tsa lefatshe! Mme di tla ikarabelela seno.

8. Ke jang mafoko a ga Jesu mabapi le “bagogi ba ba hohuhetseñ” a dirang ka gone gompieno?

8 Ka phepafalo, bodumedi bongwe le bongwe jo ditlwaelo tsa jone di fapaanang le Bibela bo ka se ka jwa atlega mo go eteleleng setho go ya kagisong ya boammaaruri le polokesego. Ke sone se Jesu a neng a bua jaana ka baeteledipele ba bodumedi ba maaka ba motlha wa gagwe: “Ke bagogi ba ba hohuhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.” (Mathaio 15:14) Ka mo go tshwanang, ditumelo tsa lefatshe gompieno ke “bagogi ba ba hohuhetseñ” mo kgannyeng ya ntwa le mo dikarolong tse dingwe tse di botlhokwa tsa botshelo.

A Ditumelo tsa Lefatshe di Tsholetsa Boitsholo?

9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwarelela mo ditekanyetsong tsa boammaaruri tsa boitsholo go le botlhokwa mo kagisong le polokesegong? (b) Jaaka fa go rutwa mo Bibeleng, ke eng seo se tsholetsang boitsholo jo bo ntseng jalo?

9 A mang le mang a ka ipelela kagiso ya boammaaruri le baagelani ba gagwe kana polokesego ya mmatota fa go sa tshegediwe ditekanyetso tsa boitsholo? Koo go se nang ditekanyetso tse di ntseng jalo, go tla nna le kako, bogodu, boaka, le ditlwaelo tse di tshwanang. Mo letlhakoreng je lengwe, lorato lwa mmatota lwa moagelani lo tshwanetse lwa tsholetsa boitsholo.

10 Bibela e tlhalosa pono ya Modimo ya boitsholo ka tsela eno: “Eo o ratañ oa ga gabō o dihaditse molaō. Gonne ye le reñ, U se ka ua diha boaka, U se ka ua bolaea, U se ka ua ucwa, U se ka ua iphètlha, leha go ka bo go le molaō moñwe o sele, go shobokancwe mo lehokuñ ye, ya go re, Rata oa ga eno yaka u ithata. Loratō ga lo dihele oo ra motho boshula.”—Baroma 13:8-10.

11, 12. (a) A motho yo o sa tshegetseng ditekanyetso tsa boitsholo o ka lebelela go ipelela kagiso le Modimo? (b) Ke mang yo ka tshwanelo a tlhomang ditekanyetso tse di ntseng jalo?

11 Lefa go ntse jalo, sa botlhokwa go feta se, a o dumela gore mang le mang a ka agisana le Modimo, a na le tlhomamiso ya kamogelo ya Ona le tshireletso, fa a sa dirise ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo? A o ne o ka bo wa tlotla Modimo fa o ne o sa batle boitsholo jo bo ntseng jalo go bao ba iphakang gore ba a mo direla?

12 Gore Modimo o batle gore ditekanyetso tsa gagwe di utlwiwe, o ne a tshwanetse go phepafatsa gore ditekanyetso tseo ke dife. O ile a dira seo mo Lefokong ja gagwe, Bibela. (2 Timotheo 3:16, 17) Go bolela gore motho mongwe le mongwe a itirele ditekanyetso tsa gagwe tsa boitsholo le go tsamaya ka tsone go tla bo go sa utlwale fela jaaka fa go ka twe motho mongwe le mongwe a itirele melawana ya gagwe ya tsa dipalamo a bo a tsamaye ka yone. O itse matswela. Bibela ka mabaka a a utlwalang e bontsha gore go na le tsela e le nngwe fela e e tlisang kamogelo ya Modimo. E le fela jaaka Jesu a ile a re, ditsela tsotlhe tse dingwe di gogela kwa tshenyegong.—Mathaio 7:13, 14; Luke 13:24.

13-15. (a) Ke dipotso dife kaga boitsholo tse di tlhokwang go bodiwa malebana le maloko a kereke e motho a e tsenang? (b) Ke eng seo Bibela e bolelang gore se tshwanetse go dirwa kaga leloko la phuthego leo le ganelelang mo go robeng melao ya Modimo? (c) A seno se a dirwa mo dikerekeng?

13 Mme kana, a dikereke tsa La-Bodumedi di tshegetsa ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo le go tlhomela lefatshe lotlhe sekao go se sala morago? Matshelo a ba le bantsi ba ba tsenang dikereke tseno a senolang? A o tsena kereke? He ipotse: ‘Fa batho botlhe mo lefatsheng ba ne ba tshela jaaka maloko a bodumedi jwa me a dira, a seo se ne se tla khutlisa bokebekwa, ditlwaelo tsa kgwebo tsa boikanyologi, kgang, le boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong?’

14 Bibela e tlhagisa gore “sebedishō se le sennye se tle se bedise boupe yotlhe” le gore “go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (Bagalatia 5:9; 1 Bakorintha 15:33) Ke ka lebaka leo ebileng gape e laela Bakeresete e re “ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè. . . . Tlosañ motho eo o boshula mo gare ga lona.”—1 Bakorintha 5:11-13.

15 Ke boammaaruri, motho a ka dira phoso mme a ikotlhaya. Mme gotweng ka ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo tlwaelo? Fa batho ba ba ntseng jalo ba iphaka go direla Modimo, ke boitimokanyi. Ruri o ila baitimokanyi, mme Bibela e bontsha gore Modimo le ene o ila ba ba bo dirisang. (Mathaio 23:27, 28; Baroma 12:9) Gotweng, he, ka bodumedi jwa gago? A bo latela taolo ya Bibela go ‘tlosa’ ba ba ganelelang mo go robeng melao ya Modimo le bao ba sa bontsheng boikwatlhao jwa mmatota? Kana a bo letla ba ba ntseng jalo go nna maloko a a mo boemong jo bo molemo, ka gone ba baya ba bangwe mo kotsing? A bo bua ka molomo fela kaga boitsholo jo bo molemo fa tota bo dumelela go dirwa ga phoso, kana le eleng go go mpampetsa?—Mathaio 15:7, 8.

16. (a) Ke eng se baruti ba le bantsi ba se buang jaanong kaga boitshwaro jwa kafa dikobong? (b) Ke eng se Bibela e se bolelang kaga boitshwaro jo bo ntseng jalo?

16 Baruti ba ba oketsegang ba bolela gore kgokahalo, boaka, le bosodoma ga di phoso mo go kalo kalo. Mme ga ba tumalanong le go akanya ga Modimo. Lefoko ja gagwe le tlhalosa jaana ka phepafalo: “Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, Go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le [ba]ikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.

Matswela a go Gana Lefoko la Modimo

17-19. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a leba Bibela jang? (b) Baruti ba le bantsi gompieno ba leba Bibela jang?

17 Lebaka la konokono la gore ke eng fa ditumelo tsa lefatshe leno di le mo boemong jono jwa kgaogano le tlhakatlhakano, ke gore di tlhokomologa melao ya Modimo e e fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, ebong Bibela. Eleruri, baruti ba le bantsi ba gana Bibela jaaka Lefoko je le tlhotlheleditsweng la Modimo. Lefa go le jalo, moaposetoloi Paulo yo o tlhotlheleditsweng o ne a bolela a re: “Lokwalō loñwe le loñwe [lo kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Paulo gape o ne a kgothatsa gore re amogele Bibela “e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla.” (1 Bathesalonia 2:13) Tota ruri Jehofa Modimo, Mmopi yo e leng Mothatayotlhe wa lobopo lo lo boitshegang, o ne a ka kwala buka mme a dire gore e nne e tshegeditse bothokgami jwa yone go ralala makgolo a dingwaga!

18 Lefa go le jalo, New Catholic Encyclopedia e re: “Dipolelo tse dintsi tsa Bibela ga se tsa boammaaruri fa di tlhatlhojwa kafa kitsong ya segompieno ya boitseanape le ditiragalo.”⁠39 Fa a ne a kwala go U.S. Catholic, moruti mongwe o ne a tlhalosa gore go bopiwa ga lefatshe go ne go ka se ke go diragale ka tsela eo go tlhalosiwang ka yone mo go Genesise. Mme ka polelo ya yone ya go bopiwa ga motho, o ne a tlhalosa a re: “Lotso lwa motho ga lo a simologa ka tsela eo.”⁠40 Bishopo wa Episkopale o ne a re: “Bibela e na le diphoso, ga e a tlhomama ebile e a ikganetsa. Ke sone se go utlwalang go bo dikereke tse dikgolo ka bontsi tsa Bokeresete di sa lebe Bibela jaaka e e seng phoso.”⁠41 Mo Ennyelane, bishopo wa Anglican o ne a lebisa go tsogo ya ga Keresete jaaka “go loga boferefere ka marapo.”⁠42

19 Ka gone, baruti ba le bantsi ba ka ne ba nyenyefatsa Bibela kana ba sa rute balatedi ba bone go e tlotla le go latela melao ya Modimo e e moteng ga yone. Leo ke lone lebaka le legolo la go tlhoka kitso mo go kana kana ga Lefoko la Modimo go ralala La-Bodumedi lotlhe. Mmueledi mongwe wa bodumedi ebong M. J. McManus o ne a kwala seno kaga ba ba tsenang kereke: “Go na le ditshekamelo di le mmalwa mo bodumeding tseo di bopelang go reketlisa bodumedi jo bo rulagantsweng ka bo-1980 fela jaaka boemo jo bo swabisang jwa kitso ya Bibela.” O ne a tshwaya gore “Bibela e fela e ntse e le lokwalo lo lo sa balweng, lwa seeng” mo go ba le bantsi ba ba tsenang kereke.⁠43

20, 21. Matswela a go gana dithuto tsa Bibela a ile a nna eng?

20 Matswela e ile ya nna afe a seno sotlhe? A ditumelo tsa lefatshe di ile tsa bontsha gore di ka nyenyefatsa dithuto tsa Bibela mme di nne di tlhagise kagiso kana maitsholo a a molemo gareng ga ba ba di tsenang? Phapaanong le seo, maemo a ntse a senyegela pele mo lefatsheng ka bophara. Merafe eo e nang le ditumelo tse e seng tsa Bokeresete e ile ya nna ya oketsegelwa ke dikgoberego, dikgaogano, tshenyego ya sepolotiki, le go sulafala ga maitsholo. Mme La-Bodumedi segolo bogolo ga le bolo go tlhaselwa ke bokebekwa, boitsholo jo bo sa siamang, tlwaelo ya diokobatsi, kgang ya lotso, le ntwa. Go ile ga nna fela jaaka Lefoko je le ikanyegang ja Modimo le ile la bolelela pele: “Ba ganne lehoko ya ga Yehofa; me botlhale go na le yo bo nntseñ yañ mo go bōnè?”—Yeremia 8:9.

21 Bosupi ga bo ganediwe. Bo supela gore ditumelo tsa lefatshe leno ga se maatla a boammaaruri a kagiso le polokesego. Mme ebile di tlogetse balatedi ba tsone ba se na kitso ya tsholofelo ya boammaaruri—Bogosi jwa Modimo. Seno sotlhe he, se re kaelang?

Bokhutlo jwa Ditumelo tsa Lefatshe bo a Atamela

22, 23. Ke eng seo Bibela e reng se tla diragalela ditumelo tsa maaka tsa lefatshe leno?

22 Jesu Keresete o ne a tlhalosa a re: “Setlhatshana señwe le señwe se Rrè oa legodimo o sa se tlhōmañ, se tla khumolwa ka mecwe.” (Mathaio 15:13) Loungo lo lo bosula lo lo tlhagisitsweng ke ditumelo tsa lefatshe leno lo supa gore ga se temo ya Modimo. Ka gone, Bibela e bolelela pele ka phediso e e tlang ya ditsamaiso tsotlhe tsa kobamelo ya maaka.

23 Fa a bua ka ditsamaiso tseno tsa bodumedi tlase ga tshwantshetso ya “Babelona o Mogolo” wa seaka, Modimo o re ka mmuso o o ntseng jalo wa bodumedi jwa maaka: “Dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè. . . . dipecō tsa gagwè di tla [tla] ka letsatsi le le leñwe hèla, eboñ losho, le selelō, le popamō; me o tla hisediwa rure ka molelō; gonne go thata Morèna Modimo o o mo atlhotseñ.”—Tshenolō 18:2, 5-8.

24. Phediso e e ntseng jalo e tla tla jang, mme e tswa motsweding ofe?

24 Tlhokomela gore phediso eno e tla tla ka tshoganetso e e gakgamatsang, jaaka “ka letsatsi le le leñwe hèla.” Kgakgamalong le kotlomanong ya batho ba bantsi, bodumedi jwa maaka bo tla swafadiwa ke merafe ya bopolotiki e bo sa bolong go akafala le yone bogologolo.—Tshenolō 18:10-17, 21; 17:12, 16.

25. (a) Go Tshenolō 18:4, ke eng se batho ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo ba kgothalediwang go se dira? (b) Ke eng se se tshwanetseng go tlhotlheletsa motho go tsaya kgato e e ntseng jalo?

25 Ka jalo pitso ya bomodimo ke e e reng: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” (Tshenolō 18:4) Go tsaya kgato e e ntseng jalo go raya gore motho o leba bodumedi jwa maaka jaaka Modimo a bo leba. Go raya gore motho o bo ilela maungo a jone a a bodileng, boitimokanyo jwa jone, le tumela-botlhodi ya jone. Pherogo sebete e tshwanetse go nna gone ka ntlha ya tsela eo bodumedi jwa maaka bo emetseng Modimo bosula ka yone fa pele ga setho le ka ntlha ya tsela eo bo tlatseleditseng mo pogong le mo kgatelelong ya batho. (Baroma 2:24; Yeremia 23:21, 22) Fa o lemoga se, o tla khutlela go tshegetsa bodumedi jo bo ntseng jalo, ka gone o bontsha tshegetso ya gago e e tletseng ya katlholo ya Modimo mo go jone.

26. (a) Se sengwe gape, ke eng seo motho a tshwanetseng go se batla fa e le gore o tla ipelela kagisano le Modimo le tshireletsego? (b) Ke batho ba mofuta ofe ba motho a tshwanetseng go ba batla fa a senka bao ba dirisang kobamelo ya boammaaruri?

26 Lefa go ntse jalo, ga go a lekana go ikgoga fela mo go jone. O tshwanetse go batlisisa le go bona kobamelo ya boammaaruri, e e se nang boitimokanyo e e tla go tlisetsang kagiso ya Modimo le pabalelo fa phediso e e boleletsweng pele e tla. Ba ba tshwaregileng mo kobamelong e e ntseng jalo ya boammaaruri ba tlamegile go nna batho ba ba setseng ba ‘thutse ditšhaka tsa bone magale a megoma, ba sa tlhole ba ithuta tlhabano gope.’ (Isaia 2:4) E tlamegile go nna batho ba ba dumelang Lefoko la Modimo mme ka sebele ba le tshelela, ba le letla go nna maatla a a ba gogang mo matshelong a bone. (Pesalema 119:105) Ba tshwanetse go bontsha lorato lwa mmatota, lo lo sa itimokanyeng mo bathong ka bone. (Yohane 13:35; Baroma 13:8) A kobamelo e e ntseng jalo e gone gompieno? Dimilione di ile tsa e fitlhela gareng ga Basupi ba ga Jehofa. Ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe jaaka batho ba ba utlwang melao ya Modimo e e fitlhelwang mo Bibeleng. Mme kagiso le polokesego tse ba di ipelelang le e leng gone jaanong di hemela boammaaruri le nonofo ya Lefoko la Modimo.

27. Ke eng se o tla se bonang lantlha-ntlha fela fa o nna gone mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi?

27 Basupi ba ga Jehofa ba amegile thata kaga seemo se se kotsi se bodumedi jwa maaka bo tsentseng batho go sone. Ba leka ka tlhoafalo go naya Lefoko la Modimo sebaka sa ntlha mo matshelong a bone. O lalediwa go nna gone dipokanong tsa bone mo Holong ya Bogosi ya bone ya lefelo leo mme o itlhotlhomisetse selekanyo se ba bontshang moya wa Modimo ka sone le go ipelela kagiso le polokesego tseo le di tlisang. Gape o tla bona ka moo ba ithutang le go dirisa se Modimo o se batlang mo go bao ba tla falolang phediso e e tlang mme ba tshele mo Thulaganyong e Ntšha ya tshiamo ya gagwe fa go tla bo go busa Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Baruti ba ba oketsegang ba amogela se Bibela e se nyatsang jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, jaaka sekai seno sa ditlhogo tsa dikgang le dikarolo tsa tsone di bontsha:

“Fa se se Bosula se Fetoga se se Molemo Baruti ba tla re Bolelela.” “[Kereke ya Ennyelane] jaanong e intsha mo segologolong sa go ntsha ditaolo. Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, le molekane a le mongwe kana go feta, . . . go tloga fano gompieno go tla tsewa jaaka mo go amogelwang kafa boitsholong.”—Alberta Report.⁠33

“Baruti ba Didimetse Fela ka Tlhakanelo Dikobo Pele ga Lenyalo.” “Baruti ba Amerika ba ile ba nna le boleo jwa go didimala fela ba sa rere kaga go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo . . . Ba tshogela gore ba tla latlhegelwa ke maloko mangwe a bone. Isaia o ne a itse kaga baruti ba ba ntseng jalo. Mo go Kgaolo 1 ya buka ya gagwe, o tsopola Morena a bua jaana kaga bone, ‘Ke tla lo subela matlho a me; lefa le ka rapela merapelo e le mentsi, ga ke na go reetsa; diatla tsa lona di tladikilwe madi.’”—Telegraph, North Platte, Nebraska.⁠34

“Boaka bo Tsewa Motlhofo.” “Moruti wa Moesemane . . . o ne a sosobanya batho moriri fa a ne a ntsha mogopolo o Kereke e nang le one tebang le Molao wa Bosupa. . . . ‘Boikutlo jwa rona ke go tlhokomela go na le go atlhola,’ a bolela.”—The Sunday Times, Perth, Australia.⁠35

“Ba Unitarian ba Dumalana le Manyalo a Basodoma.”—The New York Times.⁠36

“Bagolwane ba United Church ya Canada ba ile ba tshegetsa go tlhomiwa ga basodoma ba ba tlhagafetseng jaaka baruti.”—The Toronto Star.⁠37

“A Diaka di Amogelwe Semolao—Ke Tharabololo e e Itshepileng.”—Kakgelo ka mogolwane wa kereke ya Katoliki mo go Philadelphia Daily News.38

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Baruti ba ile ba tladika diatla tsa bone ka madi ka go tshegetsa babusa-esi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela