Boitlhaodi
Tlhaloso: Boemo jwa bao ba sa emeng le letlhakore lepe kana ba sa emeng nokeng lepe la makgathi a mabedi kana go feta a a ganetsanang. Go itsege sentle go tswa bogologolong le go tla mo ditiragalong tsa motlha wa segompieno gore mo morafeng mongwe le mongwe mme le tlaseng ga maemo otlhe Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba lekela go tshegetsa boitlhaodi jo bo feletseng mo makgamung a a lwantshanang a lefatshe. Ga ba itlhakanye le seo ba bangwe ba se dirang ka go tlhakanela mo meletlong ya borata-naga, go direla mo sesoleng, go tsenelela phathi ya sepolotiki, go lwela maemo a sepolotiki, kana go tlhopha. Mme ka bobone ba obamela Jehofa a le esi, Modimo wa Bibela; ba neetse matshelo a bone otlhe-otlhe go ene le go neela Bogosi jwa gagwe tshegetso ya bone e e tletseng.
Ke dikwalo dife tse di ileng tsa laola boikutlo jwa Bakeresete tebang le taolo ya mebuso ya selefatshe?
Bar. 13:1, 5-7: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo [babusi ba bogoromente]: gonne ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ . . . Ke gōna lo nañ le go ineèla, e señ ka ntlha ea bogale bo le yosi, me e le ka ntlha ea segakolodi le shōna. . . . Naeañ botlhe chwanèlō ea bōnè: lekgèthō le nèwè ba ba chwanetseñ lekgèthō; le sehuba ba ba chwanetseñ sehuba; le poihō ba ba chwanetseñ go boihwa; le tlotlō ba ba chwanetseñ go tlotlwa.” (Ga go goromente ope yo o ka nnang gone kwantle ga tetlelelo ya Modimo. Go sa kgathalesege boitshwaro jwa bagolwane ba ba rileng ka bongwe, Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba ba bontsha tlotlo ka ntlha ya maemo a ba a tshwereng. Ka sekai, go sa kgathalesege gore bogoromente ba ile ba dirisa madi a lekgetho ka tsela efe fela, baobamedi ba ga Jehofa ba ile ba duela makgetho a bone ka boikanyegi e le go re ba tle ba bone ditirelo tse di solegelang mongwe le mongwe molemo.)
Mar. 12:17: “Yesu a ba raea, a re, Ke gōna ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (Jalo Bakeresete ka metlha ba ile ba lemoga gore ba tshwanetse go sa ‘duele’ madi fela ka sebopego sa makgetho go mebuso ya selefatshe mme gape ba tshwanetse go diragatsa ditlamego tsa bone tse di kwa godimo tebang le Modimo.)
Dit. 5:28, 29: “[Mmueledi wa kgotla-tshekelo e kgolo ya Sejuda] o ne a re: “Re lo laile thata [baaposetoloi], ra re, Lo se ka loa ruta mo ineñ ye; [ja ga Jesu Keresete] me bōnañ, lo tladitse Yerusalema ka thutō ea lona, me lo ikaeletse go baea molato oa madi a motho eo mo go rona. Me Petere le baaposetoloi ba hetola, ba re, Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Fa go ile ga nna le thulano e e tlhamaletseng magareng ga ditaolo tsa babusi ba batho le dipatlafalo tsa Modimo, Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba etsa sekao sa baaposetoloi ka go utlwa Modimo pele.)
Ke dikwalo dife tse ka metlha di nnileng tsa laola boikutlo jwa Bakeresete tebang le go tlhakanela mo tlhabanong ya senama?
Math. 26:52: “Hoñ Yesu a mo raea, a re, Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (A go ka bo go ile ga nna le tsela epe e e molemo thata go gaisa ya go tlhabanela go babalela Morwa wa Modimo? Lefa go le jalo, Jesu o ne a supa fano gore balatedi ba gagwe ba ne ba sa tshwanela go siela mo dibetseng tsa ntwa ya senama.)
Isa. 2:2-4: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, . . . Me o tla atlhola ha gare ga merahe, a kgalemèle dichaba di le dintsi: me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” (Batho ka bongwe go tswa mo ditšhabeng tsotlhe ba tshwanetse ka sebele ba fetsa ka gore ba tla latela tsela efe. Bao ba ileng ba tsaya-tsia katlholo ya ga Jehofa ba neela tshupo ya gore ke Modimo wa bone.)
2 Bakor. 10:3, 4: “Gonne leha re sepela mo nameñ, ga re tlhabane kaha nameñ;—Gonne dibolaō tsa ntwa ea rona ga se tsa nama, me di nonohile ha pele ga Modimo go diga dikagō tsa phemèlō tse di thata.” (Paulo fano o tlhalosa gore le ka motlha o ne a ise a ko a retologele mo dibetseng tsa nama, jaaka boferefere, puo e e boretšhana kana dibetsa tsa senama, go sireletsa phuthego kgatlhanong le dithuto tsa maaka.)
Luke 6:27, 28: “Me [nna Jesu Keresete] ke raea lona ba lo utlwañ, ke re, Ratañ baba ba lona, ba ba lo ilañ lo ba dihèlè molemō, Lo segōhatsè ba ba lo hutsañ, lo rapèlèlè ba ba lo gobololañ.”
A ga go boammaaruri gore Jehofa o ne a dumelela Iseraele wa bogologolo go tsenelela mo tlhabanong?
Jehofa o ne a kaela Iseraele wa bogologolo go dirisa tlhabano go gapa lefatshe le ka boene a neng a le tlhomile jaaka boswa jwa bone le go senya batho bao ditlwaelo tsa bone tse di bodileng le go dipela Modimo wa boammaaruri di neng tsa dira gore Jehofa a ba lebe jaaka ba ba neng ba sa tlhole ba tshwanelwa ke go tshela. (Dute. 7:1, 2, 5; 9:5; Lefi. 18:24, 25) Legale, Rahabe le Bagebiona ba ne ba bontshiwa boutlwelo botlhoko ka ntlha ya go bo ba ile ba supa tumelo mo go Jehofa. (Yosh. 2:9-13; 9:24-27) Mo kgolaganong ya Molao Modimo o ne wa tlhoma melao ya tlhabano eo a neng a e amogela, a bolela ba ba tshwanetseng go nteelwa kwa thoko le mokgwa oo tlhabano e tshwanetseng ya tsweledisiwa ka gone. Dintwa tse di ntseng jalo eleruri e ne e le tse di boitshepo tsa ga Jehofa. Seo ga se a nna jalo ka tlhabano ya senama ya morafe lefa e ka nna ofe gompieno.
Ka go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete, seemo se sesha se ne sa nna gone. Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao wa ga Moshe. Balatedi ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go dira batho ba merafe yotlhe barutwa; ka jalo baobamedi ba Modimo wa boammaaruri e ne e tla re nako e ya ba fitlhelwe mo merafeng eo yotlhe. Lefa go ntse jalo, merafe eo fa e tsenelela mo dintweng ea bo e tlhotlhelediwa ke eng? A ke go diragatsa thato ya Mmopi wa lefatshe lotlhe kana ke go tsweledisa dikgatlhego dingwe tsa bomorafe? Fa Bakeresete ba boammaaruri mo morafeng ope ba ne ba ka tlhabantshana le ba bangwe, ba ne ba tla bo ba tlhabana le badumedi ka bone, kgatlhanong le batho bao ba neng ba rapela Modimo o o tshwanang le o ba o rapelang. Ka mo go tshwanelang, Keresete o ne a kaela balatedi ba gagwe go baya tšhaka. (Math. 26:52) Ene ka boene, ka a galaleditswe kwa magodimong, e ne e tla re ka gone a diragatse katlholo go bao ba neng ba bontsha go dipela Modimo wa boammaaruri le thato ya Gagwe.—2 Bathes. 1:6-8; Tshen. 19:11-21.
Fa e le kaga go tsena mo bosoleng, ditso tsa selefatshe di bolelang kaga boikutlo jwa Bakeresete ba pele?
“Tshekatsheko e e kelotlhoko ya boikitsiso jo bo gone e bontsha gore, go fitlhelela mo motlheng wa ga Marcus Aurelius [mmusi-mogolo wa Roma go tloga 161 go ya go 180 C.E.], go ne go se Mokeresete ope yo o kileng a nna lesole; ebile go ne go se lesole lepe, le e neng ya re le se na go nna Mokeresete, la tswelela ka bosole.”—The Rise of Christianity (London, 1947), E. W. Barnes, ts. 333.
“Rona bao re neng re lwa bobe, go bolaana, le go dira boikepo jwa mofuta mongwe le mongwe, re ile ra fetola dibetsa tsa rona tsa seka-ntwa mo lefatsheng lotlhe,—ditšhaka tsa rona go nna megoma, le dithipa tsa rona go nna didirisiwa tsa temo,—mme ra tlhagolela poifo-modimo, tshiamo, go rata batho, tumelo, le tsholofelo, tseo re di tsayang mo go Rara ka Boene, ka Ene yo o neng a bapolwa.”—Justin Martyr go “Dialogue With Trypho, a Jew,” (lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.), The Ante-Nicene Fathers (Grand Rapids, Mich.; kgatiso ya bobedi gape ya 1885 mo kgatisong ya Edinburgh), e e neng ya rulaganyediwa ke A. Roberts le J. Donaldson, Bol. I, ts. 254.
“Ba ne ba gana go tsaya karolo e e tlhagafetseng mo pusong ya selegae kana mo tshireletsong ya sesole ya mmuso-mogolo. . . . Go ne go sa kgonege ka Bakeresete, kwantle ga go latofatsa tiro ya bone e e boitshepo thata, go bo ba ne ba ka kgona go nna masole, bommakaseterata, kana dikgosana.”—History of Christianity (New York, 1891), Edward Gibbon, dits. 162, 163.
Ke dikwalo dife tse ka metlha di nnileng le go laola boikutlo jwa Bakeresete ba boammaaruri tebang le go kopanyelediwa mo dikgannyeng le mo ditirong tsa sepolotiki?
Yoh. 17:16: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna [Jesu] ke se oa lehatshe.”
Yoh. 6:15: “Me Yesu, ka a lemoga ha [Bajuda] ba tla tloga ba tla go mo tsaea ka thata, go mo diha kgosi, a ñōñwaèlèla kwa thabeñ a le esi.” Moragonyana o ne a bolelela molaodi wa Roma gore: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.”—Yoh. 18:36.
Yak. 4:4: “Basadi ba ba diaka ke lona, a ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Ke ka baka lang fa kgang eno e le masisi mo go kalo? Ka go bo, jaaka 1 Yohane 5:19 e bolela, “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Mo go Yohane 14:30, Jesu o ne a lebisa go Satane jaaka “kgōsana ea lehatshe.” Jalo, go sa kgathalesege go re ke lekgamu lefe la selefatshe le motho a ka le tshegetsang, o tla nna tlaseng ga taolo ya ga mang tota?)
Mabapi le go kopanyelediwa mo dipolotiking, boraditiragalo ba lefatshe ba bega gore boikutlo jwa bao ba neng ba itsiwe jaaka Bakeresete ba pele e ne e le bofe?
“Bokeresete jwa pele bo ne bo sa tlhaloganngwe mo go kalo kalo mme bo ne bo sa bewe sebete ke bao ba neng ba busa lefatshe la boheitane. . . . Bakeresete ba ne ba gana go tlhakanela mo ditirong dingwe tsa baagi ba Roma. . . . Ba ne ba sa tsenelele maemo a sepolotiki.”—On the Road to Civilization, A World History (Philadelphia, 1937), A. Heckel le J. Sigman, dits. 37, 238.
“Bakeresete ba ne ba nna ba ikgaphile le go farologana le puso, jaaka lotso lwa seperesiti le lwa semoya, mme Bokeresete bo ne bo bonala bo tlhotlheletsa botshelo jwa selegae ka mokgwa oo fela o neng, go ka bolelwa go re, o itshekile tota, ka go gakalela ka tlhamalalo go tsenya boikutlo jo bo boitshepo thata thata mo baaging ba puso.”—The History of the Christian Religion and Church, During the Three First Centuries (New York, 1848), Augustus Neander, e e ranotsweng go tswa Sejeremaneng ke H. J. Rose, ts. 168.
Ke dikwalo dife tse ka metlha di nnileng le go laola boikutlo jwa Bakeresete ba boammaaruri tebang le meletlo e e kopanyeletsang difolaga le dipina tsa setšhaba?
1 Bakor. 10:14: “Tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disètwa.” (Gape Ekesodo 20:4, 5)
1 Yoh. 5:21: “Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.”
Luke 4:8: “Me Yesu a mo hetola, a re, Go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, me u dihèlè ōna o le osi hèla.”
Bona gape Daniele 3:1-28.
A ditshwantsho le meletlo e e ntseng jalo ya borata-naga eleruri di na le bokao jwa sedumedi?
“[Raditiragalo] Carlton Hayes o sa le a bolela bogologolo gore tirelo ya kobamelo ya folaga le ya go ikana mo sekolong sa Amerika ke mokgwa wa bodumedi. . . . Gore ditirelo tseno tsa letsatsi le letsatsi ke tsa bodumedi go ile ga netefadiwa gape ke Kgotla Kgolo ya Ditsheko mo dikgetsing tse di tlhomaganang.”—The American Character (New York, 1956), D. W. Brogan, dits. 163, 164.
“Difolaga tsa pele eleruri e ne e le fela tsa sebopego sa bodumedi. . . . Mokgele wa morafe wa Ennyelane ka makgolo a dingwaga—sefapaano se sehibidu sa ga St. George—e ne e le wa bodumedi; tota le thuso ya bodumedi go bonala e ile ya batlwa gore difolaga tsa bomorafe di nne boitshepo, mme tshimologo ya bontsi jwa dingwe e ka latedisiwa mo mokgeleng oo o o boitshepo.”—Encyclopædia Britannica (1946), Bol. 9, ts. 343.
“Mo moletlong wa phatlalatsa o o neng o okametswe ke mothusa tautona wa [Kgotla Kgolo ya Bosole] ya Ditsheko, ka November a le 19, folaga ya Brazil e ne ya neelwa tlotlo. . . . Morago ga folaga e se na go tsholediwa, Tona ya tsa Bosimegi jwa Sesole Tristao de Alencar Araripe o ne a tlhalosa jaana malebana le mokgwa ono wa segopotso: ‘. . . folaga e ile ya nna bomodimo jwa bodumedi jwa borata-naga joo bo gatelelang kobamelo . . . Folaga e a sisimogwa le go obamelwa . . . Folaga e a obamelwa, fela jaaka Lefatshe la Rona le obamelwa.’”—Diario da Justiça (Federal Capital, Brazil), February 16, 1956, ts. 1906.
Malebana le meletlo ya borata-naga, ditso tsa selefatshe di reng kaga boikutlo jwa bao ba neng ba itsiwe jaaka Bakeresete ba pele?
“Bakeresete ba ne ba gana . . . go isa setlhabelo go tshireletso ya mmusi mogolo—mo go neng go ka tshwana fela le go gana go obamela folaga kana go boeletsa maikano a borata-naga gompieno. . . . Ke Bakeresete ba se kae fela bao ba neng ba itatola-tumelo, lemororo sebeso se se neng se tuka ka molelo se ne se beilwe mo patlelong gore se nne gautshwane le bone. Sotlhe se legolegwa le ne le tshwanelwa ke go se dira e ne e le go tsaya maswalonyana fela a latlhela mo kgabong ya molelo mme ka jalo a bo a neelwa Setlankana sa Setlhabelo a bo a gololwa. Gape o ne a tlhalosediwa ka kelotlhoko gore o ne a sa obamele mmusi mogolo; e ne e le fela gore o ne a dumalana le sebopego sa gagwe sa bomodimo jaaka tlhogo ya puso ya Roma. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang Bakeresete botlhe, go ne ga seka ga nna bape ba bone ba ba ileng ba dira gore ba tle ba falole.”—Those About to Die (New York, 1958), D. P. Mannix, dits. 135, 137.
“Tsela ya go obamela mmusi mogolo e ne e le ka go latlhela ditlhakanyana di se kae tsa leswalo mo molelong kana marothodinyana a se kae a beine mo sebesong seo se neng se eme fa pele ga setshwantsho sa mmusi-mogolo. Ka gongwe ka go bo re le kgakala le seemo seo ga re bone sepe se se farologaneng le kgato ya . . . go tsholetsa seatla o obamela folaga kana mmusi mongwe yo o tlhomologileng wa puso, tshupo ya bopelonomi, tlotlo, le borata-naga. Ka gongwe batho ba bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba ka ikutlwa ka tsela eo fela kaga yone mme e seng jalo ka Bakeresete. Ba ne ba leba kgang yotlhe jaaka kobamelo ya sedumedi, go dumalana le gore mmusi-mogolo ke modimo mme ka gone ba ikanyologa go Modimo le Keresete, ebile ba ile ba gana go go dira.”—The Beginnings of the Christian Religion (New Haven, Conn.; 1958), M. F. Eller, dits. 208, 209.
A boitlhaodi jwa Bakeresete bo raya gore ga ba kgatlhegele boleng jwa bangwe ka bone?
Gotlhelele nnyaa. Ba itse sentle ebile ba tlhagafaletse ka segakolodi go dirisa taolo e Jesu a neng a e boaboeletsa: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Math. 22:39) Le gape ka kgakololo e e neng ya begwa ke moaposetoloi Paulo: “A re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Bagal. 6:10) Ba ile ba tlhatswega pelo gore molemo o mogolo thata o ba ka o direlang bangwe ka bone ke go abalana le bone mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, joo bo tla rarabololang mathata go ya go ile a a lebaneng le setho le joo bo tla bayang pele ga bao ba bo ngaparelang tebelelo e e gakgamatsang ya go tshela ka bosaengkae.