LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 295-ts. 300
  • Moya (Soul)

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moya (Soul)
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moya Go ya Ka Baebele
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Tsela eo O Tlhaloganyang Moya ka Yone E Ama Botshelo Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Moya (Soul) ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A o Na le Moya O o Sa Sweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 295-ts. 300

Moya (Soul)

Tlhaloso: Mo Bibeleng, “mōea” (soul) o ranotswe go tswa go neʹphesh ka Sehebera le psy·kheʹ ka Segerika. Tiriso ya Bibela e supa gore moya ke motho kana phologolo kana botshelo jo motho kana phologolo e bo itumelelang. Lefa go ntse jalo, mo bathong ba bantsi, “moya” (soul) e raya karolo e e sa bonaleng kana moya (spirit) wa motho o o falolang loso lwa mmele lwa nama. Ba bangwe ba e tlhaloganya go nna one motheo wa botshelo. Mme dipono tseno tse di sa tswang go tlhalosiwa moragonyana, ga se tse di rutwang ke Bibela.

Ke eng seo Bibela e se buang go re thusa go utlwisisa seo moya (soul) o leng sone?

Gen. 2:7: “Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea (soul) o o tshedileñ.” (Elatlhoko gore ga e re motho o ne a fiwa moya (soul) mme eleng gore o ne a direga moya, motho yo o tshelang.) (Lefoko la Sehebera le le fetoletsweng fano “moya” ke neʹphesh. KJ, AS, le Dy di dumalana le phetolelo eo. RS, JB, NAB di balega ka gore “setshedi.” NE e re “sebopiwa.” Kx e balega ka gore “motho.”)

1 Bakor. 15:45: “Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho (moya, NW) o o tshedileñ. Adame oa moragō a dihwa mōea o o tshedisañ.” (Ka jalo Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di dumalana le Dikwalo tsa Sehebera kaga seo moya (soul) eleng sone tota.) (Lefoko la Segerika le fano le ranoletsweng “moya” soul ke psy·kheʹ. KJ, AS, Dy, JB, NAB le Kx le tsone di balega ka gore “moya.” RS, NE le TEV di re “setshedi.”)

1 Pet. 3:20: “Mo metlheñ ea ga Noa, . . . bobōtlana, eboñ batho [meya] ba ba hèrañ mebedi, ba bolokilweñ mo go eōna ka metse.” (Sebopego sa bontsi sa lefoko la Segerika le le ranoletsweng “meya” fano ke psy·khaiʹ bontsi jwa psy·kheʹ. KJ, AS, Dy, le Kx le tsone di balega ka go re “meya.” JB le TEV di re “batho”; RS, NE, le NAB di dirisa “batho.”)

Gen. 9:5: “Madi a matshelō [Sehebera, neʹphesh, meya, NW] a lona, ke tla a lōpa.” (Fano moya go bolelwa o na le madi.)

Yosh. 11:11: “Me ba kgèmètha meōea [Sehebera, neʹphesh] eotlhe e e neñ e le mo go ōna ka boyetla yoa chaka.” (Moya fano o supiwa e le sengwe seo se ka amiwang ke tšhaka, ka jalo meya eno e ne e ka se ke ya bo e le meya [spirits].)

Ke kae koo Bibela e reng diphologolo ke meya teng?

Gen. 1:20, 21, 24, 25: “Me Modimo oa re, A metse a nyeudisè thata dibopiwa [souls, NW]* tse di tsamaeañ, tse di nañ le botshelō, . . . Me Modimo oa tlhōla maruarua a magolo a lewatlè, le sebopiwa señwe le señwe se se tsamaeañ, tse metse a di nyeudisañ thata, kaha ditshikeñ tsa cōna, le nōnyane ñwe le ñwe e e diphuka, kaha losikeñ loa cōna . . . Me Modimo oa re, A lehatshe le ntshè dibopiwa tse di tshedileñ kaha ditshikeñ tsa cōna, . . . Me Modimo oa diha diphōlōhōlō le dibatana tsa lehatshe kaha ditshikeñ tsa cōna, le dikgomo kaha ditshikeñ tsa cōna, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe, kaha losikeñ loa shōna.” (*Ka Sehebera lefoko fano ke neʹphesh. Ro e balega ka gore “moya.” Dithanolo tse dingwe di dirisa “dibopiwa.”)

Lefi. 24:17, 18: “Le eo o itaeañ motho [Sehebera neʹphesh] a shwa, a a shwè rure; Le eo o itaeañ kgomo [Sehebera neʹphesh] ea shwa, a a e ntshetsè e ñwe: botshelō a bo èmèlwè ke botshelō.” (O eletlhoko gore lefoko le le tshwanang la Sehebera la “soul” le dirisediwa ka bobedi batho le diphologolo. Mo go Pesalema 74:19 lefoko leno la Sehebera, neʹphesh, le ranotswe jaaka “mōea” [soul].)

Tshen. 16:3: “Me ya hetoga madi ekete a motho* eo o shuleñ; me ditshidi cotlhe tsa shwa, eboñ dilō tse di mo lewatleñ.” (Ka gone Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete le tsone di supa diphologolo go nna meya.) (**Ka Segerika lefoko fano ke psy·kheʹ. KJ, AS, le Dy di le kwala ka go re “moya.” Baranodi bangwe ba dirisa lereo “sebopiwa” kana “selo.”)

A barutegi ba bangwe bao eseng Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore seno ke sone se Bibela e se rayang ka seo moya (soul) eleng sone?

“Ga go na kgaoganyo [pharologano] ya mmele le moya mo T[estamenteng] e K[gologolo]. Moiseraele o ne a bona dilo tseo e le tse di tshwaraganeng, ka popagano ya tsone, mme ka gone o ne a tsaya batho jaaka ditshedi mme eseng jaaka dilo tse di tlhakaneng. Lereo nepeš [neʹphesh], lemororo le ranoletswe ka lefoko la rona moya, le ka motlha ga le reye moya jaaka e le o o farologaneng le mmele kgotsa le motho ka bongwe. . . . Lereo [psy·kheʹ] ke lefoko la T[estamente] e N[tšha] le le nyalanang le nepeš. Le ka raya konokono ya botshelo, botshelo ka bojone, kana setshedi.”—New Catholic Encyclopedia (1967), Bol. XIII, dits. 449, 450.

“Lereo la Sehebera la ‘moya’ (nefesh, selo seo se hemang) le ne la dirisiwa ke Moshe . . ., le tshwaya ‘setshedi se se nang le botshelo’ mme ka go tshwana le ne le dirisediwa le eleng ditshedi tse eseng batho. . . . Tiriso ya Testamente e Ntšha ya psychē (‘moya’) e ne e tshwana le ya nefesh.”—The New Encyclopædia Britannica (1976), Macropædia, Bol. 15, ts. 152.

“Tumelo ya gore moya o tswelela o tshela golo gongwe morago ga go swa ga mmele ke kgang ya phoraetso ya botlhajana kana ya thuto bomodimo go na fela le tumelo e e motlhofo, mme ka gone ga go gope mo e rutwang gone ka mo go utlwalang mo Dikwalong tse di Boitshepo.”—The Jewish Encyclopedia (1910), Bol. VI, ts. 564.

A moya (soul) wa motho o ka swa?

Esek. 18:4 “Bōnañ, meōea eotlhe ke ea me; yaka mōea oa rra motho o nntse, mōea oa ñwana le ōna ke oa me: mōea* o o leohañ, go tla shwa ōna.” (*Sehebera se balega ka go re “neʹphesh.” KJ, AS, RS, NE, le Dy di le kwala ka gore “moya.” Dithanolo dingwe di re “motho” kana “setshedi.”)

Math. 10:28: “Lo se ka loa boiha ba ba bolaeañ mmele, me ba sa nonoha go bolaea mōea [kana, “botshelo”]; me bogolo lo boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea* le mmele mo moletiñ.” (*Segerika se balega se re psy·kheʹ. KJ, AS, RS, NE, TEV, Dy, JB, le NAB tsotlhe di le kwala ka gore “moya.”

Dit. 3:23: “Me go tla nna, go re, motho [Segerika, psy·kheʹ] moñwe le moñwe eo o se ketlañ a reetsa moperofeti eo, o tla senyediwa rure mo bathuñ.

A go ka kgonega ka meya ya batho (batshedi) go tshelela ruri?

Bona ditsebe 128-133, tlase ga “Botshelo.”

A moya (soul) o tshwana fela le moya (spirit)?

Mor. 12:7: “Me lorole loa boèla mbuñ yaka lo no lo nntse, le mōea [spirit] [kana, “maatla a botshelo”; Sehebera, ruʹach] oa boèla Modimoñ o o o abileñ.” (Elatlhoko gore lefoko la Sehebera la moya (spirit) ke ruʹach; fa gone lefoko le le ranoletsweng “soul” e le neʹphesh. Mokwalo ga o reye gore ka nako ya loso moya (spirit) o tsaya loeto lo loleele go ya go tsena fela kwa Modimong ka sebele; go na le moo, tebelelo epe fela ya motho ya go tshela gape e ikaegile ka Modimo. Ka tiriso e e tshwanang, re ka nna ra re, fa e le gore moreki wa thoto nngwe ga a ntshe tuelo ya yone e e tlhokafalang, thoto eo e “boela” go mong wa yone.) (KJ, AS, RS, NE, le Dy tsotlhe fano di kwadilwe ruʹach ka go re “spirit.” NAB e balega ka go re “moya wa botshelo.”)

Mor. 3:19: “Gonne se se dihalèlañ bana ba batho se dihalèla diphōlōhōlō; ke go re, selō se le señwe hèla sea di dihalèla: yaka se señwe se shwa, se señwe le shōna sea shwa; E di mōea (spirit) [Sehebera, ruʹach] moñwe hèla cotlhe.” (Ka gone ka bobedi batho le dibatana di supiwa di na le ruʹach e e tshwanang, kana moya [spirit]. Kaga dikakgelo tsa ditemana 20, 21, bona ditsebe 303, 304.)

Baheb. 4:12: “Gonne lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go heta dichaka cotlhe tse di magale mabedi, me le tlhabe le ee go kgaoganya pelo [Segerika, psy·khesʹ; “botshelo,” NE] le mōea [Segerika, pneuʹma·tos], ditokololō le mōkō, me le boheho go lemoga megopolō le maikaèlèlō a pelo.” (Elatlhoko gore lefoko la Segerika la “moya” (spirit) ga le tshwane le lefoko la “moya” [soul].)

A botshelo jwa motho bo a tswelela morago ga fa moya (spirit) o se na go tlogela mmele?

Pes. 146:4: “Mōea [Sehebera, go tswa go ruʹach] oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” (NAB, Ro, Yg, le Dy [145:4] di kwala ruʹach fano jaaka “spirit.” Dithanolo dingwe di re “mohemo.”) (Gape Pesalema 104:29)

Tumelo ya La-Bodumedi ya moya (soul) o o sa bonaleng, o o sa sweng e simologile kae?

“Kgopolo ya Bokeresete ya moya wa semoya o o bopilweng ke Modimo mme wa tsenngwa mo mothong ka nako ya boithwalo go dira motho yo o feletseng yo o tshelang ke loungo lwa botlhajana jwa bogologolo jo bo sa leng bo rutilwe jwa Bokeresete. E ne e le fela ka Origen [yo o neng a swa mo e ka nnang 254 C.E.] kwa Botlhabagare le St. Augustine [yo o neng a swa ka 430 C.E.] kwa Bophirima moya (soul) o neng wa tlhomamisiwa jaaka selo sa semoya mme kgopolo ya botlhajana ya bona popego ya yone. . . . Thuto ya ga [Augustine] . . . e ne ya etleetsa fela thata thuto ya ga Plato (go akareletsa le ditlhaelo dingwe.)”—New Catholic Encyclopedia (1967), Bol. XIII, dits. 452, 454.

“Kgopolo ya bosasweng jwa moya e nnile gone ka go akanya ga Segerika, fa gone tsholofelo ya tsogo e le mogopolo wa Sejuda. . . . Morago ga diphenyo tsa ga Alexander Bojuda ka iketlo bo ne jwa gopa dikgopolo tsa Segerika.”—Dictionnaire Encyclopédique de la Bible (Valence, Fora; 1935), e e neng ya kwalwa ke Alexandre Westphal, Bol. 2, ts. 557.

“Bosasweng jwa moya ke boikutlo jwa Segerika jo bo neng jwa tlhagoga mo dikobamelong tsa dikgakgamatso tsa bogologolo mme tsa tsonkololwa ke motlhalefi Plato.”—Presbyterian Life, May 1, 1970, ts. 35.

“A re dumela gore go na le selo se se ntseng jalo se go tweng loso? . . . . . . A ga se kgaogano ya mmele le moya? Mme go swa e le go feleletsa seno, fa moya o nna gone ka boone, mme o tswa mo mmeleng mme mmele o gololwa mo moeng, a seno ga se lone loso? . . . A mme moya o ka bolawa ke loso? Nnyaa. Ka jalo he a moya ke o o sa sweng? Ee.”—“Phaedo” ya ga Plato, Dikarolo 64, 105, e e neng ya gatisiwa ke Great Books of the Western World (1952), e e neng ya kwalwa ke R. M. Hutchins, Bol. 7, dits. 223, 245, 246.

“Bothata jwa go sa sweng ga moya, jaaka re ka bona, bo ne jwa kopanyeletsa tlhokomelo e e masisi ya baruti ba bodumedi ba Sebabelona. . . . Le ka motlha batho lefa e le bone baetapele ba bodumedi ga ba ise ba ke ba akanye kgonego ya go nyelediwa gotlhelele ga sengwe seo se kileng sa nna gone. Loso e ne e le tsela fela ya go ya mofuteng o mongwe fela wa botshelo.”—The Religion of Babylonia and Assyria (Boston, 1898), M. Jastrow, Jr., ts. 556.

Bona gape ditsebe 244-246, tlase ga setlhogo se se reng “Loso.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela