LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sh kgao. 8 ts. 187-204
  • Bo-Shinto—Matsapa a a Tserweng ke Majapane go Batla Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bo-Shinto—Matsapa a a Tserweng ke Majapane go Batla Modimo
  • Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bo Simologile Jang?
  • Bodumedi jwa Meletlo le Dingwaokobamelo
  • Go Fetofetoga ga Bo-Shinto
  • Kobamelo ya Babusi le Bo-Shinto Jaaka Bodumedi jwa Puso
  • “Mokwalo O O Boitshepo” wa Se-Shinto
  • Thomo ya Japane ya Bodumedi—Go Fenya Lefatshe
  • Tsela ya Kutlwano ya Boammaaruri
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ke ka Ntlha Yang fa Bodumedi bo sa Kgatlhegelwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Thuto Eno e Fetela mo Madumeding a Botlhaba
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Go Tlogela Kobamelo ya Mmusimogolo ka go Tla mo kobamelong ya boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
sh kgao. 8 ts. 187-204

Kgaolo 8

Bo-Shinto—Matsapa a a Tserweng ke Majapane go Batla Modimo

“Ereka jaana rre e ne e le moperesiti wa Mo-Shinto, re ne re teilwe ga twe re ise sego sa metsi le reise e e hubisitsweng setlhabelo mo kamidana [eleng kago ya kobamelo ya Se-Shinto] moso le moso pele ga sefitlholo. Morago ga re sena go dira kobamelo eo, re ne re folosa selwana seo sa reise mme re e je. Ka go dira jalo, ke ne ke tshepa tota gore medimo e ne e tla re sireletsa.

“Fa re ne re reka ntlo, re ne re tlhomamisa ka kelotlhoko gore ntlo ya rona e ntšha e mo lefelong le le siameng fa e bapisiwa le la e kgologolo ka go ya go botsa shaman, kana yo o buang le badimo. O ne a re tlhagisa kaga dikgoro tse tharo tsa badimona mme a re laela gore re dire tiro ya go phepafatsa eo rre a neng a re bolelela yone. Jalo re ne re phepafatsa matlo ao ka letswai gangwe fela ka kgwedi nngwe le nngwe.”—Mayumi T.

1. (Akaretsa ketapele.) Ke ko kae totatota ko bodumedi jwa Bo-Shinto bo dirisiwang gone, mme bo kopanyeletsa eng mo bangweng ba badumedi ba jone?

TOTATOTA Bo-Shinto ke bodumedi jwa Ba-Japane. Go ya ka Nihon Shukyo Jiten (Saetlopedia ya Madumedi a Majapane), “Popego ya Bo-Shinto e batlile e tshwana le ngwao ya lotso lwa Bajapane, mme ke ngwao ya bodumedi eo e se kileng ya latelwa ke bape fa e se lotso lwa batho bano.” Mme jaanong ditiro tsa Bajapane le ditlhotlheletso tsa ngwao di aname mo eleng gore re tshwanetse go kgatlhegela go itse gore ke dintlha dife tsa bodumedi tseo di ileng tsa dira gore ditiragalo tsa Bajapane le botho jwa Bajapane di nne jaaka di ntse.

2. Bo-Shinto bo tlhotlheletsa matshelo a batho ba Japane go ya bokgakaleng jo bo kana kang?

2 Lemororo Bo-Shinto bo iphaka fa bo na le maloko a le 91 000-000 mo Japane, seo eleng boraroboneng jwa batho ba gone, patlisiso nngwe e lemotsha gore ke batho ba le 2 000 000 fela, kana borarolekgolong jwa batho ba ba godileng, bao tota ba bolelang fa ba dumela mo Bo-Shintong. Lefa go ntse jalo, Sugata Masaaki, eleng mmatlisisi wa Mo-Shinto, a re: “Bo-Shinto bo tseneletse thata mo sebopegong sa botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa Bajapane mo eleng gore batho ga ba lemoge gotlhelele gore bo gone. Mo Bajapaneng ke bodumedi fela jo bo tshwanang le selo se se mo tikologong se se sa bonaleng, jaaka phefo eo ba e hemang.” Le eleng bao ba iphakang fa ba sena sepe le bodumedi ba reka dipheko tsa Bo-Shinto tse di ba babalelang mo dipalangweng, ba tsamaisa meletlo ya manyalo go ya ka tlwaelo ya Se-Shinto, ba ntsha madi a le mantsi mo meletlong ya ngwaga le ngwaga ya Se-Shinto.

Bo Simologile Jang?

3, 4. Bodumedi jwa Japane bo ne jwa itsiwe jang lantlha jaaka Bo-Shinto?

3 Leina “Shinto” le simologile go nna teng mo lekgolong la borataro la dingwaga C.E. go farologanya bodumedi jwa lefelo leo le Bobuda, jo bo neng bo simololwa mo Japane. “Legale, ‘Bodumedi jwa Bajapane’ . . . bo ne bo le teng pele ga Bobuda bo simololwa,” go tlhalosa jalo Sachiya Hiro, eleng mmatlisisi wa bodumedi jwa Japane, “mme e ne e le bodumedi fela jo bo neng bo le mo megopolong ya batho, jo bo neng bo tletse ka dingwao le ‘mekgwa.’ Lefa go ntse jalo, fa Bobuda bo ne bo simologa batho ba ne ba simolola go lemoga ntlha ya gore mekgwa eo e ne e na le seabe mo bodumeding jwa Bajapane, joo bo neng bo farologane le Bobuda, joo e neng e le bodumedi jwa seeng.” Bodumedi jono jwa Sejapane bo ne jwa simologa jang?

4 Go thata go bua ka tlhamalalo gore Bo-Shinto jwa ntlha kana “Bodumedi jwa Bajapane,” bo ne jwa simologa ka ngwaga ofe. Fa go ne go simololwa go lemela reise mo mmung o o bokgola thata, “go lema mo mmung o o bokgola thata go ne ga tlhoka gore batho ba rulaganngwe sentle ba bo ba nne golo go le gongwe fela,” go tlhalosa jalo Kodansha Encyclopedia of Japan, “mme dingwaokobamelo tsa motheo—tseo moragonyana di neng tsa nna le seabe se segolo mo Bo-Shintong—di ne tsa simologa.” Batho bao ba ntlha ba ne ba dumela mo medimong e le mentsi ya tlholego ba bo ba e obamela.

5. (a) Pono ya Bo-Shinto ka baswi ke eng? (b) Pono ya Bo-Shinto kaga baswi e tshwana jang le ya Bibela?

5 Mo godimo ga kobamelo eno, ka go bo ba ne ba boifa meya ya batho ba ba tlhokafetseng ba ne ba simolola go dira dingwaokobamelo tsa go agisana nayo. Seno kwa morago se ne sa felela e le kobamelo ya meya ya bagologolwane. Go ya ka tumelo ya Bo-Shinto, moya wa “motho yo o tlhokafetseng” o santse o na le botho mme o kgotlelwa ke loso fela fa motho a sena go tlhokafala. Fa batho bao ba hutsafetseng ba dira dingwaokobamelo tsa segopotso sa gagwe, moya oo o nna phepa moo o latlhang bopelompe jotlhe, mme o nne o o kagiso le o o molemo. Fa nako e ntse e tsamaya moya oo wa mogologolwane o tlhatlogela kwa boemong jwa go nna modimo wa mogologolwane, kana motlhokomedi. Ka gone re fitlhela gore tumelo ya go sa sweng ga moya ke selo sa motheo sa bodumedi jo bongwe mme ebile e laola maikutlo le ditiro tsa badumedi ba yone.—Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 6, 10.

6, 7. (a) Ba-Shinto ba ne ba leba medimo ya bone jang? (b) Shintai ke eng, mme ke ka ntlhayang fa e le botlhokwa mo Bo-Shintong? (Bapisa Ekesodo 20:4, 5; Lefitiko 26:1; 1 Bakorintha 8:5, 6.)

6 Medimo ya tlholego le bagologolwane ba medimo ba ne ba tsewa fa e le meya eo e “fofakang” mo phefong ebile e tletse mo go yone. Ka nako ya meletlo, batho ba ne ba bitsa medimo eo gore e fologele mo mafelong mangwe a a rileng a a itshekiseditsweng tiragalo eo. Go ne go bolelwa fa medimo e ne e nna ka lobaka lo lokhutshwane mo go shintai, eleng dilo tseo di neng di obamelwa tse di tshwanang le ditlhare, matlapa, diipone, le ditšhaka. Ba-shaman kana bao ba buang le badimo, ba ne ba tsamaisa dingwaokobamelo tseo e le gore ba bitse medimo gore e fologele kwa tlase.

7 Ka iketlo, “mafelo a bofologelo” a medimo eo, ao a neng a phepafaleditswe meletlo ka nakwana, e ne ya nna dilo tseo di nnetseng ruri. Batho ba ne ba agela medimo e e molemo eo, eo e neng e lebega e ba segofatsa, mafelo a kobamelo. Kwa tshimologong ba ne ba seka ba gaba ditshwantsho tsa medimo mme ba ne ba obamela shintai, eo go neng go bolelwa fa medimo ya meya e ne e nna mo go yone. Le eleng thaba yotlhe, e e tshwanang le Fuji, e ne e ka nna ya nna shintai. Morago ga nako go ne ga nna le medimo e mentsi mo eleng gore Bajapane ba ne ba tlhama lefoko lengwe le le reng yaoyorozu-no-kami, leo tota le rayang “medimo e e dimilione tse di robobedi” (“kami” e raya “medimo” kana “badimo”). Jaanong lefoko leo le dirisiwa go tlhalosa “medimo e e senang palo,” ereka palo ya badimo ba bodumedi jwa Se-Shinto e oketsega ka metlha.

8. (a) Go ya ka tlhamane ya Bo-Shinto, ke jang Amaterasu Omikami a neng a tlhamiwa ka gone mme a patelediwa go naya lesedi? (b) Go tlile jang gore Amaterasu Omikami a nne modimo wa morafe oo, mme babusibagolo ba ne ba amana jang nae?

8 Ereka dingwaokobamelo tsa Se-Shinto di ne di direlwa thata mo dikagong tsa kobamelo, lekoko lengwe le lengwe le ne la direla modimo wa lone wa motlhokomedi ntlwana ya kobamelo. Lefa go ntse jalo, fa balelapa la segosi ba ne ba kopanya morafe oo otlhe mo lekgolong la bosupa la dingwaga C.E., ba ne ba tlotlomatsa modimo wa bone wa sesadi wa letsatsi, ebong Amaterasu Omikami, gore e nne ene modimo wa morafe oo le modimo o mogolo gareng ga medimo ya Se-Shinto. (Bona lebokoso, tsebe 191.) Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga bolelwa mo tlhamaneng gore mmusi yoo e ne e le setlogolwana sa mmatota sa modimo wa sesadi wa letsatsi. Go tiisa tumelo eo, go ne ga kwalwa dikwalo tse pedi tse dikgolo tsa Se-Shinto, ebong Kojiki le Nihon shoki, tseo di neng tsa kwalwa mo lekgolong la borobabobedi la dingwaga C.E. Dibuka tseno di ne tsa thusa go tlhomamisa maemo a a kwa godimo a babusi, ka go dirisa ditlhamane tseno tseo di neng di baya balelapa la babusi mo maemong a a kwa godimo di bolela fa e le ditlogolwana tsa medimo.

Bodumedi jwa Meletlo le Dingwaokobamelo

9. (a) Ke ka ntlhayang fa Bo-Shinto bo bidiwa bodumedi jwa “bosenang” ke mokanoki mongwe? (b) Dithuto tsa Bo-Shinto di gagametse go le kana kang? (Bapisa Yohane 4:22-24.)

9 Lefa go ntse jalo, dibuka tse pedi tseno tsa ditlhamane tsa Se-Shinto, di ne di sa tsewe jaaka dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Ka mo go kgatlhisang, Bo-Shinto ga bo na mosimolodi yo o itsegeng kana Bibela. “Bo-Shinto ke bodumedi jo bo nang le ‘bosenang’ jo bontsi,” go tlhalosa jalo Shouichi Saeki, eleng mokanoki mongwe wa Mo-Shinto. “Ga bo na dithuto tsa motheo tse di tlhomameng gape ga bo na thutobomodimo e e tlhaloganyesegang sentle. Go tshwana fela le fa re ka re ga bo na kaelo epe eo e ka salwang morago. . . . Lemororo ke godiseditswe mo lelapeng leo go ya ka tlwaelo le neng le dumela mo Bo-Shintong, ga ke gakologelwe ke ile ka rutwa bodumedi bope ka tlhoafalo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mo Ba-Shintong, dithuto tsa motheo, dikaelo, ka dinako tse dingwe, le eleng seo ba se obamelang ga se tsa botlhokwa. “Le eleng mo kagong e le nngwe fela ya kobamelo,” go bolela jalo mmatlisisi mongwe wa Mo-Shinto, “gantsi modimo o o agetsweng ntlwana ya kobamelo o ne a ntshiwa mme go tsenngwe yo mongwe, ka dinako tse dingwe batho bao ba neng ba obamela medimo eo ebile ba e rapela ba ne ba sa lemoge phetogo eo.”

10. Ke selo sefe se e leng sa botlhokwa jo bogolo mo Ba-Shintong?

10 Ke eng he, se eleng selo sa botlhokwa mo Ba-Shintong? “Kwa tshimologong,” go bolela jalo buka e e buang ka ditlwaelo tsa Sejapane, “Mo-Shinto o ne a tsaya fa ditiro tseo di neng di rotloetsa kutlwano le go tshela sentle ga setlhopha se sebotlana sa batho e le ‘ba ba molemo’ mme bao ba neng ba kgoreletsana le gone e le ‘ba ba bosula.’” Go utlwana le medimo, tlholego, le setlhopha seo sa batho go ne go tsewa fa e le selo sa botlhokwa jo bogolo. Selo sepe fela seo se neng se kgoreletsana le go utlwana ka kagiso ga setlhopha seo sa batho se ne se le bosula go sa kgathalesege gore a e ne e le sa boitsholo jo bo siameng kana nnyaa.

11. Mekete e na le seabe sefe mo kobamelong ya Bo-Shinto le mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi?

11 Ereka jaana Bo-Shinto bo sena dithuto dipe tsa motheo tse di tlhomameng kana thuto epe fela, tsela ya jone ya go rotloetsa go utlwana ga batho ke ka dingwaokobamelo le meletlo. “Seo e leng selo sa botlhokwa mo Bo-Shintong,” go tlhalosa jalo saetlopedia ya Nihon Shukyo Jiten, “ke gore a re keteka meletlo eo kana nnyaa.” (Bona lebokoso, tsebe 193.) Go keteka meletlo mmogo re dikologile medimo ya bagologolwane go tlaleletsa mo go dirisaneng mmogo ga batho bao ba lemang reise. Meletlo e megolo e ne e amana le go lengwa ga reise mme ebile e santse e amana le gone. Ka letlhabula, batho ba metse ba bitsa “modimo wa masingwana a reise” go tla mo metseng ya bone, mme ba bo ba rapelela dijalo tsa bone. Ka dikgakologo, ba lebogela badimo ba bone thobo. Ka nako eo ya meletlo, ba tsamaya ba tshotse medimo ya bone ba e tsentse mo mikoshi, kana ntlwana ya kobamelo e e ka tsholediwang, mme ba nwe bojalwa jwa reise (sake) ba bo ba je dijo le medimo eo.

12. Ke meletlo efe ya go phepafatsa eo e dirwang mo Bo-Shintong, mme e direlwa boikaelelo bofe?

12 Lefa go ntse jalo, gore Ba-Shinto ba utlwane le medimo eo ba dumela gore ba tshwanetse ba phepafadiwa ba bo ba itshekisiwa mo maitshekologong otlhe a boitsholo le a boleo. Fano ke gone fa ngwaokobamelo e dirwang gone. Go na le ditsela di le pedi tsa go itshekisa motho kana selo. E nngwe ke oharai mme e nngwe ke misogi. Mo go oharai, moperesiti wa Mo-Shinto o kgatikanya letlhare la setlhare se se nnelang setala ruri sa sakaki a bofeletse pampitshana kana letselanyana mo tlhogong ya lone go phepafatsa selo seo kana motho, fa mo go misogi gone, go dirisiwa metsi. Dingwaokobamelo tseno tsa go phepafatsa di botlhokwa fela thata mo bodumeding jwa Se-Shinto mo ebileng mokwadi mongwe wa Mojapane a ile a re: “Go ka nna ga bolelwa ka boammaaruri fela ga twe kwantle ga dingwaokobamelo tseno, Bo-Shinto bo ka seka jwa nna teng [jaaka bodumedi].”

Go Fetofetoga ga Bo-Shinto

13, 14. Bo-Shinto bo inyalantse jang le ditumelo tse dingwe?

13 Go santse go na le meletlo le dingwaokobamelo mo Bo-Shintong go sa kgathalesege phetogo eo e diragetseng mo bodumeding jwa Se-Shinto go kgabaganya dingwaga. Phetogo efe? Mmatlisisi mongwe wa Mo-Shinto o tshwantshanya diphetogo tsa Bo-Shinto le mpopi o o nang le diaparo tse dintsi. Fa Bobuda bo ne bo simologa, Bo-Shinto bo ne jwa ikapesa ka thuto ya Bobuda. Fa batho ba ne ba batla ditekanyetso tsa boitsholo, bo ne jwa apara Bo-Confucius. Eleruri Bo-Shinto bo ile jwa fetofetoga thata.

14 Go tlhakanngwa ga dintlha tsa bodumedi bongwe le jo bongwe go ne ga diragala kwa tshimologong fela ya ditiragalo tsa Bo-Shinto. Lemororo Bo-Confucius le Bo-Tao, jo bo itsiweng mo Japane jaaka “Tsela ya yin le yang,” bo ile jwa kukunela mo bodumeding jwa Bo-Shinto, Bobuda ke jone jo bo ileng jwa tswakana le Bo-Shinto thata.

15, 16. (a) Ba-Shinto ba tsaya Bobuda jang? (b) Go ne ga diragala jang gore Bo-Shinto bo tswakane le Bobuda?

15 Fa Bobuda bo ne bo tsena bo tla ka China le Korea, Bajapane ba ne ba bitsa ditiro tsa bone tsa ditlwaelo tsa bodumedi Shinto, kana “tsela ya badimo.” Lefa go ntse jalo, fa bodumedi jo bosha joo bo ne bo simologa, Japane e ne e le fa gare ga maikutlo a gore a e amogele Bobuda kana nnyaa. Setlhopha sa batho bao ba ratang Bobuda ba ne ba gatelela ka go re, ‘Dinaga tsotlhe tseo re bapileng natso di obamela ka tsela eo. Ke ka ntlhayang fa Japane ene a tshwanetse go nna pharologanyo?’ Lekgamu la batho bao ba ganetsanang le Bobuda ba ne ba gana ka go re, ‘Fa re obamela medimo e re bapileng nayo, re tla bo re kgopisa medimo e e leng ya rona.’ Morago ga go gogagogana dingwaga tse dintsi, barati ba Bobuda ba ne ba fenya. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la borataro la dingwaga C.E., fa Kgosana Shōtoku a ne a amogela Bobuda, bodumedi jo bosha joo bo ne bo setse bo simologile.

16 Fa Bobuda bo ne bo anamela kwa bathong ba ba nnang kwa metseng ya selegae, bo ne jwa kopana le medimo ya Bo-Shinto ya lefelo leo eo batho ba neng ba dira dilo tse di supang fa e le gone mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi. Bodumedi jo bobedi joo bo ne jwa tshwanela go dumalana fale le fale gore bo tswelela bo le gone ka bobedi. Baitlami ba Babuda bao ba neng ba ithapisetsa boitao kwa dithabeng ba ne ba thusa go tswakanya bodumedi jo bobedi joo. Ereka go ne go tsewa gore medimo ya Se-Shinto e ne e nna kwa dithabeng ditiro tsa baitlami bao tsa go ithontsa dilo tseo ba neng ba di direla kwa dithabeng di ne tsa tsosa kgopolo ya go tswakanya Bobuda le Bo-Shinto, seo gape se neng sa gogela kwa goreng go agiwe jinguji, kana “ditempele tsa dikago tsa kobamelo.”a Ka bonya bodumedi jo bobedi jono bo ne jwa tswakana jaaka Bobuda bo ne bo simolola go tlhama dithuto tsa bodumedi.

17. (a) Ke eng seo se kaiwang ke kamikaze? (b) Kamikaze o ne a amana jang le tumelo ya gore Bajapane ke morafe wa bomodimo?

17 Ka nako e e tshwanang, go ne ga simologa tumelo ya gore Bajapane e ne e le morafe wa bomodimo. Fa Ba-Mongolia ba ne ba tlhasela Japane ka lekgolo la bo 13 la dingwaga, go ne ga simologa tumelo ya kamikaze, seo tota se rayang “phefo ya bomodimo.” Ba-Mongolia ba ne ba tlhasela setlhaketlhake sa Kyushu gabedi ka dikepe tsa bontsi jo bo tshosang, mme gabedi ba ne ba kgorelediwa ke ditsuatsue. Bajapane ba ne ba bolela fa ditsuatsue tseno, kana diphefo (kaze), di tswa kwa medimong ya Se-Shinto (kami), mme seno se ne sa oketsa go tlotlega ga medimo ya bone fela thata.

18. Bo-Shinto bo ile jwa lepalepana jang le ditumelo tse dingwe?

18 Fa go tshepa medimo eno ya Se-Shinto go ne go oketsega, e ne ya tsewa jaaka medimo ya ntlhantlha, fa Babuda bone (“bao ba sedifaletsweng”) le bo-bodhisattva (Babuda ba nako e e tlang bao ba thusang ba bangwe go kgona go bona tshedifalelo; bona ditsebe 136-8, 145-6) ba ne ba lebiwa fela jaaka baemedi ba modimo ba nakwana. Ka baka la go thulana mono ga Bo-Shinto le Bobuda, go ne ga simologa makgotla a mantsi a Bo-Shinto. A mangwe a ne a gatelela Bobuda, fa a mangwe one a ne a tlotlomatsa medimo e mentsi ya Bo-Shinto, mme a mangwe a ne a dirisa sebopego sa moragonyana sa Bo-Confucius go kgabisa dithuto tsa bone.

Kobamelo ya Babusi le Bo-Shinto Jaaka Bodumedi jwa Puso

19. (a) Boitlhomo jwa Bo-Shinto jwa Batsosolosi e ne e le bofe? (b) Dithuto tsa ga Norinaga Motoori di ne tsa gogela kwa go eng? (c) Modimo o re laleletsa go dira eng?

19 Morago ga go ineela mo dingwageng tse dintsi, baithutabomodimo ba Bo-Shinto ba ne ba fetsa ka gore bodumedi jwa bone bo sentswe ke go akanya ga sedumedi ga Ba-China. Jalo ba ne ba gatelela gore go boelwe kwa tseleng ya bogologolo ya Sejapane. Go ne ga simologa lekgotla je lesha la Se-Shinto, leo le neng le bidiwa Bo-Shinto jwa Batsosolosi, leo Norinaga Motoori (yo o bidiwang go twe Motoʹori), eleng mokanoki wa lekgolo la bo 18 la dingwaga, e neng e le moithutabodumedi yo mogolo wa lone. Fa Motoori a ne a batla tshimologo ya ngwao ya Sejapane, o ne a ithuta dibuka tsa bogologolo, segolobogolo mekwalo ya Se-Shinto eo e neng e bidiwa Kojiki. O ne a ruta gore modimo wa sesadi wa letsatsi ebong Amaterasu Omikami e ne e le yo mogolo mme a ruta gore ditiragalo tse di sa tlwaelegang tsa tlholego e ne e le tse di tswang kwa medimong. Mo godimo ga moo, go ya ka dithuto tsa gagwe, batho ga ba kake ba tlhaloganya ditiro tsa bomodimo, mme ebile ke go tlhoka tlotlo fa batho ba leka go di tlhaloganya. Kgopolo ya gagwe e ne e le gore go seka ga bodiwa dipotso dipe mme go ikobelwe ditiro tsa modimo.—Isaia 1:18.

20, 21. (a) Moithutabomodimo mongwe wa Mo-Shinto o ne a leka go tlosa tlhotlheletso ya “Se-China” mo Bo-Shintong jang? (b) Botlhajana jwa ga Hirata bo ne jwa gogela kwa go tlhomiweng ga mokgatlho ofe?

20 Mongwe wa balatedi ba gagwe, ebong Atsutane Hirata, o ne a atolosa kgopolo ya ga Norinaga mme a leka go phepafatsa Bo-Shinto, a ntsha ditlhotlheletso tsotlhe tsa “Se-China” mo go jone. Hirata o ne a dira eng? O ne a tlhakanya Bo-Shinto le thutobomodimo ya “Bokeresete” jwa botenegi! O ne a tshwantshanya Amenominakanushi-no-kami, eleng modimo yo o umakiwang mo go Kojiki, le modimo wa “Bokeresete” mme a tlhalosa fa Modimo o mogolo yono wa lobopo a na le medingwana e mebedi, “Motlhagisimogolo (Takami-musubi) le Modimomotlhagisi (Kami-musubi), bao go lebegang ba emela melaometheo ya senna le ya sesadi.” (Religions in Japan) Ee, o ne a dumela mo thutong ya modimo wa tharonngwe ya Roma Katoliki, lemororo e ise e ko e nne thuto e kgolo ya Se-Shinto. Lefa go ntse jalo, go tswakanya ga ga Hirata seo go tweng ke Bokeresete le Bo-Shinto, go ne ga tloga ga dira gore Ba-Shinto ba nne le mogopolo wa Labodumedi wa modimo o le mongwe fela.—Isaia 40:25, 26.

21 Thuto ya bomodimo ya ga Hirata e ne ya nna motheo wa mokgatlho wa ‘Sisimogang Mmusi,’ oo o neng wa gogela kwa go thankgolweng ga babusaesi ba metlha ya bogare ba sesole, bo-shogun, le go busediwa ga puso ya babusibagolo ka 1868. Fa puso ya babusibagolo e sena go tlhongwa, barutwana ba ga Hirata ba ne ba tlhongwa go nna badiredi ba puso mo kobamelong ya Se-Shinto, mme ba ne ba tlhama mokgatlho wa go dira Bo-Shinto bodumedi jwa Puso. Go ya ka molao o mosha oo, mmusi, yo o neng a lebiwa jaaka setlogolwana sa mmatota sa modimo wa sesadi ebong Amaterasu Omikami, o ne a tsewa jaaka “yo o boitshepo le yo o sa kakeng a lwantshiwa.” Ka gone o ne a nna modimo o mogolo wa Bo-Shinto jwa Puso.—Pesalema 146:3-5.

“Mokwalo O O Boitshepo” wa Se-Shinto

22, 23. (a) Ke ditaolo dife tse pedi tseo di neng tsa ntshiwa ke mmusimogolo? (b) Ke ka ntlhayang fa ditaolo tseno di ne di tsewa e le tse di boitshepo?

22 Ereka Bo-Shinto bo ne bo na le direkoto tsa bogologolo, dingwaokobamelo, le dithapelo mo mekwalong ya Kojiki, ya Nihongi, le ya Yengishiki, go ne go tlhokega gore Bo-Shinto jwa Puso le jone bo nne le buka e e boitshepo. Ka 1882 Mmusimogolo Meiji o ne a neela Masole le Batsamaisadikepe Molao wa Puso. Ereka o ne o tswa kwa mmusingmogolo, Majapane ba ne ba o leba jaaka mokwalo o o boitshepo, mme e ne ya nna selo sa motheo seo banna ba ba mo sesoleng ba neng ba tlhatlhanya ka sone letsatsi le letsatsi. O ne a gatelela gore boikarabelo jwa motho jwa go duela dikoloto tsa gagwe le go dira boikarabelo jwa gagwe go modimommusimogolo bo ne bo le bogolo go gaisa bope fela joo a neng a ka nna najo go motho ope fela.

23 Dikwalo tse di boitshepo tsa Se-Shinto di ne tsa okediwa gape fa mmusimogolo a ne a ntsha Molao wa Mmusomogolo wa Thuto ka October 30, 1890. “O ne wa seka wa nna fela molaomotheo wa thuto ya dikolo mme tota o ne wa fetoga dikwalo tse di boitshepo tsa Bo-Shinto jwa Puso,” go tlhalosa jalo Shigeyoshi Murakami, mmatlisisi mongwe wa Bo-Shinto jwa Puso. Molao oo o ne wa phepafatsa sentle gore kamano ya “bogologolo” gareng ga bagologolwane ba ditlhamane ba babusi le babusiwa ba bone e ne e le yone motheo wa thuto. Bajapane bano ba ne ba leba ditaolo tseno jang?

24. (a) Neela sekai sa kafa mekwalo ya mmusimogolo e neng e lebiwa ke batho ka gone. (b) Ke jang Bo-Shinto jwa Puso bo neng jwa gogela kwa kobamelong ya mmusimogolo?

24 “Fa ke ne ke santse ke le mosetsanyana mothusamogokgo [wa sekolo] o ne a tshwarela lebokoso la logong go lebagana le matlho a gagwe mme ka tlotlo e kgolo a le lere fa seraleng,” Asano Koshino o gakologelwa jalo. “Mogokgo yoo o ne a amogela lebokoso leo mme a ntsha momeno mo go lone oo go neng go kwadilwe Molao wa Puso wa Thuto mo go one. Fa molao oo o ne o balwa, re ne re oba ditlhogo tsa rona go fitlhela re utlwa mafoko a a digelang a a reng, ‘Leina la ga Motlotlegi le kano ya Gagwe.’ Re ne re a utlwa ka makgetlo a le mantsi moo re neng ra kgona go a tshwara ka tlhogo.” Go fitlhela ka 1945, le ka baka la tsamaiso ya thuto eo e neng e thailwe mo ditlhamaneng, morafe oo otlhe o ne wa dirwa gore o ineele mo mmusingmogolo. Bo-Shinto jwa Puso bo ne bo lebiwa jaaka bodumedi jo bogolo, mme go ne go tsewa gore makoko a mangwe a a 13 a Bo-Shinto ao a neng a ruta dithuto tsa motheo tse di farologaneng e ne e le Bo-Shinto jwa Makoko.

Thomo ya Japane ya Bodumedi—Go Fenya Lefatshe

25. Batho ba ne ba leba mmusimogolo wa Japane jang?

25 Bo-Shinto jwa Puso le jone bo ne bo na le modimo wa sesetwa. “Moso mongwe le mongwe, ke ne ke opa diatla tsa me ke lebile kwa letsatsing, eleng setshwantsho sa modimo wa sesadi Amaterasu Omikami, mme go tswa foo ke lebe kwa botlhaba kwa Bonnong jwa Mmusimogolo mme ke obamele mmusimogolo,” Masato o gakologelwa jalo, ebong monnamogolo mongwe wa Mojapane. Mmusimogolo o ne a obamelwa jaaka modimo ke babusiwa ba gagwe. O ne a lebiwa jaaka yo o kwa godimo mo dipolotiking le mo bodumeding ka baka la go bo a ne a tshotswe ke modimo wa sesadi. Moporofesa mongwe wa Japane o ne a tlhalosa jaana: “Mmusimogolo ke modimo yo o senoletsweng batho. Ke Modimo yo o bonwang.”

26. Ke thuto efe eo e neng ya tlhagisiwa ke go obamelwa ga mmusimogolo?

26 Ka baka leo, go ne ga simololwa thuto ya gore “lefatshe la ga Mikado [la ga Mmusimogolo] ke lone bogare jwa lefatshe je legolo jeno. Go tswa bogareng jono re tshwanetse go atolosa Moya o Mogolo ono mo lefatsheng lotlhe. . . . Go atolosiwa ga Japane o Mogolo mo lefatsheng lotlhe le go golediwa ga lefatshe lotlhe go ya lefelong la Medimo ke tiro e kgolo e e tshwanetseng go dirwa mo nakong eno, ebile gape, ke boikaelelo jwa rona jo bo sa feleng le jo bo sa fetogeng.” (The Political Philosophy of Modern Shinto, ya ga D. C. Holtom) Go ya ka seo Kereke le Puso di tsamaisana mmogo fela thata!

27. Kobamelo ya mmusimogolo wa Japane e ne e dirisiwa jang ke masole?

27 Mo bukeng ya gagwe Man’s Religions, John B. Noss o akgela jaana: “Masole a Japane ba ne ba seka ba diega go amogela pono eno. Ba ne ba tlhola ba buetse ka gone ruri mo dintweng tsa bone gore go fenya e ne e le yone thomo e e boitshepo ya Bajapane. Eleruri mo mafokong ao re ka kgona go bona gore ke selo se se utlwalang gore fa bomorafe bo tsenngwa mo melaong yotlhe ya bodumedi go tshwanetse ga felela jalo.” Abo seo se ne sa tlisetsa Bajapane le batho ba bangwe mathata jang ne, ao a neng a thailwe mo tlhamaneng ya Se-Shinto ya gore mmusimogolo ke modimo le go tlhakanya bodumedi le bomorafe!

28. Ke seabe sefe seo Bo-Shinto bo neng bo na naso mo maitekong a ntwa a Bajapane?

28 Bajapane ka kakaretso ba ne ba seka ba nna le sepe seo ba neng ba ka se dira go na le go obamela mmusimogolo tlase ga Bo-Shinto jwa Puso le tsamaiso ya jone ya bobusi. Thuto ya ga Norinaga Motoori ya gore ‘O seka wa botsa sepe, mme ineele fela mo kaelong ya bomodimo’ e ne ya tsenelela ya ba ya laola go akanya ga Bajapane. Ka 1941 morafe oo otlhe o ne wa phuthelwa go ya Ntweng ya Lefatshe II ba ema nokeng Bo-Shinto jwa Puso mme ebile fa ba ineetse mo go “modimomotho yo o tshedileng.” Batho ba ne ba akanya gore, ‘Bajapane ke morafe wa bomodimo mme kamikaze, eleng phefo ya bomodimo, e ne e tla foka fa go na le mathata.’ Masole le malapa a bone ba ne ba kopa medimo ya bone e e ba tlhokometseng gore ba kgone go atlega mo ntweng eo.

29. Ke eng seo se neng sa dira gore batho ba le bantsi ba latlhegelwe ke tumelo ya bone morago ga Ntwa ya Lefatshe II?

29 Fa morafe oo “wa bomodimo” o ne o fenngwa ka 1945, fa go ne go thuntshiwa dibomo tse pedi tsa atomiki tseo di neng tsa nyeletsa Hiroshima le karolo e kgolo ya ga Nagasaki, Bo-Shinto bo ne jwa nna mo mathateng a a masisi. Mo bosigong bo le bongwe fela, mmusimogolo wa bomodimo yo go neng go tsewa gore ke yo o sa kakeng a fenngwa ebong Hirohito o ne a fetoga mmusimogolo wa motho fela yo o fentsweng. Tumelo ya Bajapane e ne ya phatlakanngwa. Kamikaze o ne a swabisitse morafe oo. Saetlopedia ya Nihon Shukyo Jiten e tlhalosa jaana: “Lengwe la mabaka e ne e le go bo morafe oo o ne o swabile ka baka la go bo o ne o tsieditswe. . . . Se ebileng se ne se le maswe go feta seo, Bo-Shinto bo ne jwa seka jwa neela tlhaloso epe e e utlwalang le e e tshwanetseng ya dipelaelo tseo di neng di tsositswe ke [go fenngwa] moo. Ka gone, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go nna le boikutlo jo bo neng bo simologa jwa bodumedi jwa gore ‘Ga go na modimo lefa e le Buda.’”

Tsela ya Kutlwano ya Boammaaruri

30. (a) Ke thuto efe eo e ka ithutiwang go tswa mo boitemogelong jwa Ba-Shinto mo Ntweng ya Lefatshe II? (b) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore re dirise ditlhaloganyo tsa rona malebana le kobamelo ya rona?

30 Tsela eo Bo-Shinto jwa Puso bo neng jwa tsamaya ka yone e papamatsa gore go tlhokega gore motho mongwe le mongwe a tlhatlhobise ditumelo tsa setso tseo a dumelang mo go tsone. Ba-Shinto ba ka nna gongwe ba bo ba ne ba batla tsela ya go utlwana le baagelani ba bone ba Bajapane fa ba ne ba ema nokeng masole a bone. Seo, legale, ga se a ka sa thusa gore go nne kutlwano mo lefatsheng lotlhe, mme ereka batlhokomedi ba bone le banana ba bone ba ne ba bolawa mo tlhabanong, le gone ga ba a ka ba lere kutlwano mo lelapeng. Pele ga re neela matshelo a rona mo go ope fela, re tshwanetse go tlhomamisa gore ke mang le gore re itsenya mo tseleng efe. “Kea lo rapèla,” go ne ga bua jalo morutisi mongwe wa Mokeresete a raya Baroma ba pele ba neng ba ineetse mo kobamelong ya mmusimogolo, “gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ.” Fela jaaka Bakeresete ba Roma ba ne ba tshwanetse go dirisa ditlhaloganyo tsa bone go kgetha gore ke mang yo ba tshwanetseng go ineela mo go ene, go botlhokwa gore le rona re dirise ditlhaloganyo tsa rona go atlhola gore ke mang yo re tshwanetseng go mo obamela.—Baroma 12:1, 2.

31. (a) Ke eng seo badumedi ba le bantsi ba Ba-Shinto ba se kgotsofalelang fela? (b) Ke potso efe e e tlhokang go arabiwa?

31 Mo Ba-Shintong ka kakaretso, selo sa botlhokwa mo bodumeding jwa bone e ne e se go tlhaola modimo o le mongwe fela o o kgethegileng. “Mo bathong ba ba tlwaelegileng,” go bolela jalo Hidenori Tsuji, eleng morutintshi wa hisitori ya bodumedi ya Sejapane, “go ne go sena pharologanyo gore a ba obamela medimo kana bo-Buda. Gore a e ne e le medimo kana e le bo-Buda, fa fela e ne e kgona go utlwa mekokotlelo ya bone ya go rapelela thobo e e molemo, go fedisa bolwetsi, le go babalela lelapa, ke sone fela seo batho ba neng ba se tlhoka.” Mme a seo se ne sa ba gogela kwa Modimong wa boammaaruri le masego a gagwe? Karabo ya hisitori e phepafetse.

32. Kgaolo ya rona e e latelang e tla tlotla ka eng?

32 Mo matsapeng a bone a go batla modimo, Ba-Shinto ba thaile ditumelo tsa bone mo ditlhamaneng, ba ne ba dira motho fela modimo, eleng mmusimogolo wa bone, yo go neng go bolelwa fa e le setlogolwana sa modimo wa sesadi wa letsatsi ebong Amaterasu Omikami. Lefa go le jalo, mo diketeketeng tsa dingwaga pele ga Bo-Shinto bo simologa, Modimo wa boammaaruri o ne a ile a itshenolela monna mongwe wa tumelo wa Mo-Semite wa kwa Mesopotamia. Kgaolo ya rona e e latelang e tla tlotla ka tiragalo e kgolo eo le phelelo ya yone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo Japane dikago tsa bodumedi tsa Bo-Shinto di tsewa e le dikago tsa kobamelo mme tsa Bobuda tsone e le ditempele.

[Lebokoso mo go tsebe 191]

Modimo wa Sesadi wa Letsatsi go ya ka Tlhamane ya Se-Shinto

Tlhamane ya Se-Shinto e bolela gore bogologolotala, modimo Izanagi “o ne a tlhapisa leitlho la gagwe la molema, mme ka go rialo a tshola modimo wa sesadi yo mogolo Amaterasu, eleng modimo wa sesadi wa Letsatsi.” Moragonyana, Susanoo, modimo wa dipoa tsa lewatle, o ne a tshosa Amaterasu mo eleng gore o ne “a iphitlha mo legageng la letlapa la Legodimo, a ba a tswala ka letlapa le legolo. Lefatshe le ne la nna mo lefifing le legolo.” Jalo medimo e ne ya dira leano lengwe la go ntsha Amaterasu mo legageng leo. Ba ne ba kgobokanya mekoko e e lelang eo e neng ya lela e itsise gore ke nako ya moso ba bo ba dira seipone se segolo. Mo ditlhareng tsa sakaki, ba ne ba kaletsa dilo tse di kgabisang tsa majana a a tlhotlhwakgolo le difolaga tsa matsela. Go tswa foo modimo wa sesadi Ama no Uzume o ne a simolola go bina le go letsa moropa ka dinao tsa gagwe. Fa a ntse a tsentshiwa ke go bina ga gagwe, o ne a ikapola diaparo tsa gagwe, mme medimo ya thwanya ka setshego. Tiragalo eno yotlhe e ne ya dira gore Amaterasu a batle go itse gore go diragetse eng, ya re a okomela a ipona mo seiponeng. Fa a ipona mo go sone o ne a tswela kwa ntle ga legaga, koo modimo wa Maatla o neng a mo phamola ka seatla mme a mo ntshetsa kwa ntle. “Lefatshe la bonesiwa ke lesedi la marang a modimo wa sesadi wa Letsatsi gape.”—New Larousse Encyclopedia of Mythology.—Bapisa Genesise 1:3-5, 14-19; Pesalema 74:16, 17; 104:19-23.

[Lebokoso mo go tsebe 193]

Bo-Shinto—Bodumedi jwa Meletlo

Ngwaga wa Bajapane o na le meletlo e mentsi ya bodumedi, kana matsuri. Mengwe ya e megolo ya yone ke e e latelang:

▪ Sho-gatsu, kana Moletlo wa Ngwaga o Mosha, January 1-3.

▪ Setsubun, go gasiwa ga dinawa moteng le kwa ntle mo magaeng, mme ba ntse ba goa ba re, “Bodiabolo tswelang kwa ntle, masego tsenang mo teng”; February 3.

▪ Hina Matsuri, kana Moletlo wa Bompopi wa basetsana, o o tshwarwang ka March 3. Go bewa bompopi ba le bantsi mo seraleng, bao ba tshwantshetsang bantlo ya segosi ba bogologolo.

▪ Moletlo wa Basimane, ka May 5; Koi-nobori (eleng difolaga tsa tlhapi tseo di tshwantshetsang nonofo) di phaphasediwa di bofeletswe mo dikoteng.

▪ Tsukimi, go leba ngwedi e e tletseng ya mo gare ga letlhabula ka kgatlhego fa ba ntsha dikuku tse di nnye tse di kgolokwe tsa reise le mabutswapele a thobo.

▪ Kanname-sai, kana go isiwa tshupelo ga reisi ya ntlha e ntšha mo go dirwang ke mmusimogolo, ka October.

▪ Niiname-sai o ketekwa ke balelapa la mmusimogolo ka November, fa reise e ntšha e utlwiwa ke mmusimogolo, yo o okamelang jaaka moperesiti yo mogolo mo Bo-Shintong jwa Puso.

▪ Shichi-go-san, seo se rayang “bosupa botlhano boraro,” o o ketekwang ke malapa ao eleng a Ba-Shinto ka November 15. Bosupa, botlhano, le boraro di lebiwa e le dingwaga tsa botlhokwa tsa diphetogo; bana ba ba apereng diaparo tsa kimono tse di mebalabala ba etela dikago tsa kobamelo tsa malapa a bone.

▪ Bontsi jwa meletlo ya Sebuda le yone e a ketekwa, go akaretsa le letsatsi la matsalo la ga Buda, ka April 8, le Moletlo wa Obon, ka July 15, o o digelwang ka go tsamaisiwa ga dipone mo lewatleng kana mo molatswaneng “go kaela meya ya bagologolwane go ya kwa lefatsheng la bone le lengwe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 188]

Moobamedi wa Mo-Shinto o kopa masego mo medimong

[Setshwantsho mo go tsebe 189]

Bo-Shinto, ‘Tsela ya Medimo’

[Setshwantsho mo go tsebe 190]

Thaba yotlhe, e e tshwanang le Fuji, fa gongwe e lebiwa jaaka shintai, kana selo se se obamelwang

[Ditshwantsho mo go tsebe 195]

Ba-Shinto ba tshotse mikoshi, kana ntlwana ya kobamelo eo e ka tsholediwang, mme fa godimo, ba apere matlhare a setlhare sa hollyhock (aoi) ka nako ya Moletlo wa Aoi mo Kyoto

[Setshwantsho mo go tsebe 196]

Fa pampitshana kana letsela leo le bofeletsweng mo kaleng ya setlhare se se nnelang setala ruri e ntse e phaphasela go akanngwa gore seo se ka phepafatsa motho le dilo, se ba tlhomamisetsa pabalesego

[Ditshwantsho mo go tsebe 197]

Mojapane ga a bone fa go na le molato ope go rapela fa pele ga ntlwana ya kobamelo ya Se-Shinto, kafa molemeng, le sebeso sa Sebuda

[Setshwantsho mo go tsebe 198]

Mmusimogolo Hirohito (yo o palameng serala) o ne a obamelwa jaaka setlogolwana sa modimo wa sesadi wa letsatsi

[Setshwantsho mo go tsebe 203]

Lekgarejana lengwe le mataretsa ema, kana sekwalelo seo a se rekileng sa logong seo go kwadilweng thapelo mo go sone mo ntlwaneng ya kobamelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela