Karolo 4
Labokeresete E Latlhile Modimo le Bibela
1, 2. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba sa tlotle Bibela, mme lefa go ntse jalo Bibela ya reng?
1 Batho mo dinageng tse dintsi ba ile ba gana go dumela Bibela ba bo ba e nyatsa ka ntlha ya boitshwaro jo bo maswe jwa ba ba iphakang gore ba e sala morago. Mo dinageng dingwe go ile ga twe Bibela ke buka e e bakang ntwa, ke buka ya makgowa, le gore ke buka e e tshegetsang puso ya dikolone. Mme lefa go ntse jalo eo ke megopolo e e phoso.
2 Bibela, e e kwadilweng kwa Botlhabagare, ga e tshegetse dintwa tsa go dira dikolone le go dirisiwa ga batho ka bogagapa go go ntseng go dirwa go twe ke ga Bokeresete ka lobaka lo loleele jaana. Go fapaana le seo, fa o bala Bibela le go ithuta dithuto tsa Bokeresete jwa boammaaruri tse di rutilweng ke Jesu, o tla bona gore Bibela e kgala dintwa tota, boitsholo jo bo maswe, le go dirisa ba bangwe go itsholegela molemo. Molato ke wa batho ba ba bogagapa, e seng Bibela. (1 Bakorintha 13:1-6; Yakobe 4:1-3; 5:1-6; 1 Yohane 4:7, 8) Ka jalo o se ka wa letla go sa itshware sentle ga batho ba ba pelotshetlha ba ba sa tsheleng tumalanong le kgakololo e e molemo ya Bibela gore go go thibele gore o se ka wa solegelwa molemo ke dikhumo tsa yone.
3. Ditiragalo tsa mo hisitoring di bontsha eng kaga Labokeresete?
3 Batho ba ba sa saleng kgakololo ya Bibela morago ba akaretsa ditšhaba le merafe ya Labokeresete. “Labokeresete” e tlhalosiwa e le karolo ya lefatshe e go renang Bokeresete mo go yone. Karolo eo e akaretsa thata dinaga tsa Bophirima koo go tletseng dikereke teng, tse di ileng tsa simolola go tlotlomadiwa mo e ka nnang ka lekgolo la bone la dingwaga C.E. Labokeresete ga e bolo go nna le Bibela ka makgolo a mantsi a dingwaga, mme baruti ba yone ba iphaka gore ba a e ruta le gore bone ke baemedi ba Modimo. Mme lefa go ntse jalo a baruti le barongwa ba Labokeresete ba ruta boammaaruri? A ditiro tsa bone ruri di emela Modimo le Bibela? A tota go rena Bokeresete mo go Labokeresete? Nnyaa. Fa e sa le bodumedi jwa yone bo nna le maemo ka lekgolo la bone la dingwaga, Labokeresete e itshupile e le mmaba wa Modimo le wa Bibela. Ee, dintlha tsa hisitori di bontsha gore Labokeresete e latlhile Modimo le Bibela.
Dithuto Tse Di Sa Tshegediweng Ke Bibela
4, 5. Dikereke di ruta dithuto dife tse di seyong mo Bibeleng?
4 Dithuto tsa motheo tsa Labokeresete ga di a theiwa mo Bibeleng mme di theilwe mo ditlhamaneng tsa bogologolo—tsa kwa Greece, Egepeto, Babelona le tse dingwe. Dithuto tse di tshwanang le ya gore motho o na le moya o o sa sweng, go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele, pakatori, le Tharonngwe (batho ba le bararo mo Modimong o le mongwe fela) ga di yo mo Bibeleng.
5 Ka sekai, ela tlhoko thuto ya gore batho ba ba bosula ba tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo diheleng tsa molelo. O ikutlwa jang ka mogopolo ono? Ba le bantsi ba bona o kgopisa. Ba bona go sa utlwale gore Modimo o ka bogisa batho ka bosakhutleng, o ba bolokile ba le mo botlhokong jo bo boitshegang. Mogopolo ono o o kgopo ga o dumelane le Modimo wa Bibela, ka gonne “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Bibela e dira gore go phepafale gore thuto e e ntseng jalo ‘e ne e ise e ko e tle mo pelong’ ya Modimo Mothatayotlhe.—Yeremia 7:31; 19:5; 32:35.
6. Bibela e ganetsa jang thuto ya gore moya ga o swe?
6 Gompieno ditumelo tse dintsi, go akaretsa dikereke tsa Labokeresete, di ruta gore batho ba na le moya o o sa sweng, o e reng fa motho a swa o bo o ya legodimong kana diheleng. Eno ga se thuto ya Bibela. Go na le moo, Bibela e bolela jaana ka phepafalo: “Batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè, . . . gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ [mo phuphung], kwa u eañ gōna.” (Moreri 9:5, 10) Gape mopesalema o bolela gore fa motho a swa ‘o boela mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.’—Pesalema 146:4.
7. Adame le Efa ba ne ba otlhaiwa jang fa ba sena go tlola molao wa Modimo?
7 Gakologelwa gape gore fa Adame le Efa ba ne ba tlola molao wa Modimo, ga ba a ka ba atlholelwa gore ba nne ba sa swe. Seo e ne e tla bo e le tuelo, e seng kotlhao! Go na le moo, ba ne ba bolelelwa gore ba ne ba tla “boèla mo mbuñ; gonne [ba] ntshicwe mo go ōna.” Modimo o ne a gatelela jaana fa a ne a bua le Adame: “Gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 3:19) Ka jalo, thuto ya gore moya ga o swe ga e yo mo Bibeleng, mme go na le moo Labokeresete e ne ya e adima mo bathong ba e seng Bakeresete ba ba tshedileng pele ga bone.
8. Bibela e ganetsa jang thuto ya Labokeresete ya Tharonngwe?
8 Gape, Tharonngwe ya Labokeresete e dira gore go nne jaaka e ke te Modimo ke Modimo mongwe o o gararo o go leng thata go o tlhaloganya. Mme lefa go ntse jalo thuto eo le yone ga e yo mo Bibeleng. Ka sekai, mo go Isaia 40:25, Modimo o bolela jaana ka phepafalo: “Loa bo lo ka nchwantsha le mañ, ha ke ka lekana naè?” Karabo e motlhofo: Ga go na ope yo o ka lekanang le ene. Gape, Pesalema 83:18 e bolela jaana ka phepafalo: “Wèna wesi, eo leina ya gago e leñ Yehofa, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.”—Bona gape le Isaia 45:5; 46:9; Yohane 5:19; 6:38; 7:16.
9. Re ka reng kaga dithuto tsa Bibela le kaga dithuto tsa dikereke tsa Labokeresete?
9 Dithuto tsa Bibela kaga Modimo le maikaelelo a gagwe di phepafetse, di motlhofo go tlhaloganngwa, e bile di a utlwala. Mme dithuto tsa dikereke tsa Labokeresete tsone ga di a nna jalo. Se se maswe go feta, di ganetsa Bibela.
Ditiro Tse E Seng tsa Bomodimo
10, 11. Dilo tse di batliwang ke dithuto tsa Bibela di farologane jang le se dikereke tsa Labokeresete di ntseng di se dira?
10 Mo godimo ga go ruta dithuto tsa maaka, Labokeresete e dira ditiro tse di supang gore e latlhile Modimo le Bibela. Se baruti le dikereke ba se dirileng mo makgolong a a fetileng a dingwaga, mme ba tswelela pele ba se dira mo motlheng wa rona, se fapaana gotlhelele le se Modimo wa Bibela o se batlang le se Mosimolodi wa Bokeresete, Jesu Keresete, a se rutileng a ba a se dira.
11 Ka sekai, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba se ka ba tsenatsena mo dikgannyeng tsa bopolotiki tsa lefatshe leno lefa e le go nna le seabe mo dintweng tsa lone. Gape o ne a ba ruta gore ba rate kagiso, ba utlwe molao, ba rate bangwe ka bone ba se ka ba ba tlhaola, ba bo ba iketleetse gore ba swe ka bobone go na le gore ba bolaye ba bangwe.—Yohane 15:13; Ditihō 10:34, 35; 1 Yohane 4:20, 21.
12. Jesu o ne a re ke eng se se neng se tla tlhaola Bakeresete ba boammaaruri?
12 Eleruri, Jesu o ne a ruta gore go rata batho ba bangwe e ne e tla nna letshwao le le neng le tla tlhaola Bakeresete ba boammaaruri mo Bakereseteng ba maaka, ba ba itirang e ke te ke bone. O ne a raya ba ba neng ba tla mo latela a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:34, 35; 15:12.
13, 14. Ke eng se se bontshang gore dikereke tsa Labokeresete ga di emele Modimo?
13 Lefa go ntse jalo, mo makgolong a a ntseng a latelana a dingwaga, baruti ba Labokeresete ba ile ba itshunya nko mo bopolotiking ba bo ba tshegetsa dintwa tsa merafe ya bone. Ba ile ba bo ba tshegetsa matlhakore a a lwang gone mo go Labokeresete, jaaka mo dintweng tse pedi tsa lefatshe tsa lekgolo leno la dingwaga. Ka nako ya dikgotlhang tseo baruti mo matlhakoreng oomabedi ba ne ba rapelela gore ba fenye, mme maloko a bodumedi a mo nageng nngwe a ne a bolaya maloko a jone bodumedi joo a kwa nageng e nngwe. Mme lefa go ntse jalo Bibela ya re batho ba ba itshwarang jalo ke bana ba ga Satane, e seng ba Modimo. (1 Yohane 3:10-12, 15) Ka jalo, lefa baruti le balatedi ba bone ba ile ba iphaka gore ke Bakeresete, ba ile ba ganetsa dithuto tsa ga Jesu Keresete, yo o neng a bolelela balatedi ba gagwe gore ba ‘beye tšhaka.’—Mathaio 26:51, 52.
14 Ka lobaka lwa makgolo a mantsi a dingwaga dikereke di ile tsa dirisana le dipuso tsa bopolotiki tsa Labokeresete fa dipuso tseo di ne di gapa merafe e mengwe, di e isa botshwaro, di bo di e sotla mo motlheng wa fa dinaga tse di humileng di ne di busa tse dingwe. Go ne ga nna jalo ka dingwaga di le makgolokgolo mo Afrika. Go ne ga direga jalo le kwa China, fa merafe ya Bophirima e ne e itshegela ka dikgoka mafelo a e neng e tla a laola, jaaka ka Dintwa tsa Opium le ka Botsuolodi jwa Ma-Boxer.
15. Labokeresete e ile ya dira ditiro dife tse di bosula?
15 Ditumelo tsa Labokeresete gape di ile tsa etelela pele mo go bogiseng, mo go sotleng, le e leng mo go bolayeng ba ba neng ba sa dumelane le bone mo makgolong ale a dingwaga a mo hisitoring a a bidiwang Metlha ya Lefifi. Ka nako ya fa go na le Kgotlatshekelo E E Lwantshang Boikeodi, eo e neng ya nna gone dingwaga di le makgolokgolo, go ne ga letlwa gore batho ba ba siameng ba ba senang molato ba dirwe ditiro tse di maswe tota, tse di tshwanang le go bogisiwa le go bolawa, mme di ne tsa ba tsa dirwa. Batho ba ba neng ba dira dilo tseno e ne e le baruti le balatedi ba bone, mme botlhe ba iphaka gore ke Bakeresete. Ba ile ba bo ba leka go fedisa Bibela gore batho fela ba se ka ba kgona go e bala.
Ga Se tsa Bokeresete
16, 17. Ke ka ntlha yang fa re ka re dikereke ga se tsa Bokeresete?
16 Nnyaa, merafe le dikereke tsa Labokeresete e ne e se tsa Bokeresete, mme le jaanong ga se tsone. Ga se batlhanka ba Modimo. Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le bolela jaana kaga bone: “Ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè, ka ba le makgapha, ba le kgōpō, ba tlhobosegile kaga tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—Tito 1:16.
17 Jesu o ne a bolela gore bodumedi jwa maaka bo ne bo ka tlhaolwa ka se bo se tlhagisang, maungo a jone. O ne a re: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè. . . . Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula. Setlhare se se molemō ga se kake sa uñwa louñō lo lo boshula, le gōna setlhare se se boshula ga se kake sa uñwa louñō lo lo molemō. Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ. Me ke gōna lo tla ba itse [baperofeti ba e seng bone] ka louñō loa bōnè.”—Mathaio 7:15-20.
18. Dithuto le ditiro tsa Labokeresete di bakile eng?
18 Ka jalo, madumedi a Labokeresete a ile a bontsha ka se a se rutileng le se a se dirileng, gore maiphako a one a gore a dumela mo Bibeleng le gore a boifa Modimo le gore ke Bakeresete ke maaka. A latlhile Modimo le Bibela. Ka go dira jalo, a swabisitse batho ba le dimilione mme a dirile gore ba se ka ba tlhola ba dumela mo go Mogodimodimo.
19. A go palelwa ga Labokeresete go raya gore Modimo o paletswe mmogo le Bibela?
19 Lefa go ntse jalo, go palelwa ga baruti le dikereke tsa Labokeresete mmogo le go palelwa ga madumedi a mangwe a e seng a Labokeresete, ga go reye gore Bibela e paletswe. Le gone ga go reye gore Modimo o paletswe. Go na le moo, Bibela e re bolelela kaga Mogodimodimo yo o leng teng e bile a amega ka rona le isagwe ya rona. E bontsha kafa a tla duelang ka gone batho ba ba dipelo di siameng ba ba batlang go dira se se siameng, ba ba batlang go bona tshiamiso le kagiso di rena mo lefatsheng lotlhe. Gape e bontsha gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse boikepo le matshwenyego le gore o tla ntsha jang batho ba ba gobatsang bangwe ka bone mo lefatsheng, mmogo le ba ba iphakang gore ba a mo direla mme go sa nna jalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
“Molelo” wa ga Dante
[Motswedi wa Setshwantsho]
Doré’s illustration of Barrators—Giampolo for Dante’s Divine Comedy
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Tharonngwe ya Labokeresete
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Tharonngwe ya Sehindu
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of The British Museum
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Tharonngwe ya Seegepeto
[Motswedi wa Setshwantsho]
Museo Egizio, Turin
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Phapaanong le dithuto tsa ga Jesu, baruti mo matlhakoreng oomabedi ba ile ba tshegetsa dintwa
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. Army photo