LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 2/1 ts. 15-20
  • Katlholo ya Modimo Kgatlhanong le “Monna oa Boleo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Katlholo ya Modimo Kgatlhanong le “Monna oa Boleo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maungo a a Molemo a Bokeresete
  • Babelona o Mogolo o o Nang le Molato wa Madi
  • Rekoto ya Bone e e Tlontlololang Modimo
  • Molato wa Madi mo Lekgolong la Bo-20 la Dingwaga
  • Ba a Ikarabedisiwa
  • Go Senola “Monna oa Boleo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tsela ya go Bona Gore “Monna oa Boleo” ke Mang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • A Ditumelo Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Labokeresete E Latlhile Modimo le Bibela
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 2/1 ts. 15-20

Katlholo ya Modimo Kgatlhanong le “Monna oa Boleo”

“Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ.”—MATHAIO 7:19.

1, 2. Monna wa boleo ke eng, mme o ile a nna gone jang?

FA MOAPOSETOLOI Paulo a ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go bolelela pele go nna gone ga “monna oa boleo,” o ne a bolela gore o ne a setse a simolotse mo motlheng wa gagwe. Jaaka setlhogo se se fetileng se ne sa tlhalosa, Paulo o ne a bua ka setlhopha sa batho bao ba neng ba tla etelela go tenegela Bokeresete jwa boammaaruri pele. Go tsuologela boammaaruri goo go ne ga simolola fa lekgolo la ntlha la dingwaga le ne le ya kwa bokhutlong, segolo bogolo morago ga loso lwa baaposetoloi ba bofelo. Setlhopha seo sa boleo se ne sa lere dithuto le ditiro tseo di neng di le kgatlhanong le Lefoko la Modimo.—2 Bathesalonia 2:3, 7; Ditihō 20:29, 30; 2 Timotheo 3:16, 17; 4:3, 4.

2 Fa nako e ntse e tsamaya, setlhopha seno sa boleo se ne sa gola go nna baruti ba La-Bodumedi. Maatla a sone a ne a nonotshiwa ke mmusi wa Moroma Constantine mo lekgolong la bonè la dingwaga fa dikereke tsa botenegi di ne di golagana le Naga eo ya boheitane. Fa La-Bodumedi e ntse e tswelela go kgaogana ka ditlhophana tse dintsintsi, baruti ba ne ba tswelela go ikgoleletsa kwa godimo ga batho gantsi le kwa godimo ga babusi tota.—2 Bathesalonia 2:4.

3. Monna wa boleo o tla felela jang?

3 Monna yono wa boleo o ne a tla felela jang? Paulo o ne a bolelela pele go re: “Hoñ oa boiphèhèrō mo molaoñ o tla senolwa, eo Morèna Yesu o tla mmolaeañ . . . a mo nyeletsa ka pōnatshègō ea go tla ga gagwe.” (2 Bathesalonia 2:8) Seno se raya gore baruti ba tlile go senngwa fa Modimo o senya tsamaiso yotlhe ya ga Satane. Modimo o dirisa Kgosi ya gagwe ya selegodimo, Keresete Jesu, go etelela pele masomosomo a baengele ba gagwe ba ba diragatsang katlholo. (2 Bathesalonia 1:6-9; Tshenolō 19:11-21) Baruti ba tla felela jalo ka gonne ba ile ba tlontlolola Modimo le Keresete ebile ba ile ba gogela dimilione tsa batho kgakala le kobamelo ya boammaaruri.

4. Ke molaomotheo ofe oo monna wa boleo a tla atlholwang ka one?

4 Jesu o ne a re naya molaomotheo oo ka one monna wa boleo a tla atlholwang ka one, a bua jaana: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè. A batho ba tla ba hule louñō loa mofine mo mañaneñ, kgotsa difeige mo masitlwaneñ? Hèla yalo, setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula. Setlhare se se molemō ga se kake sa uñwa louñō lo lo boshula, le gōna setlhare se se boshula ga se kake sa uñwa louñō lo lo molemō. Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ. . . . Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ.”—Mathaio 7:15-21; bona gape Tito 1:16; 1 Yohane 2:17.

Maungo a a Molemo a Bokeresete

5. Motheo wa loungo lo lo molemo lwa Bokeresete ke eng, mme taolo ya konokono ke efe?

5 Motheo wa go bona maungo a a molemo a Bokeresete o bonwa mo go 1 Yohane 5:3 e e reng: “Gonne lo ke lona loratō loa Modimo, gore re boloke ditaolō tsa ōna.” Mme molao wa motheo ke ono: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39) Ka gone, batlhanka ba Modimo ba boammaaruri ba tshwanetse go rata baagelani ba bone go sa kgathalesege lotso lwa bone kana morafe.—Mathaio 5:43-48; Baroma 12:17-21.

6. Lorato lwa Bokeresete lo tshwanetse go bontshiwa segolo bogolo bomang?

6 Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go rata segolo bogolo bakaulengwe ba bone ba semoya. “Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone. Me taolō e re e chotse mo go èna, go re, eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō.” (1 Yohane 4:20, 21) Jesu o ne a bolela gore lorato loo e tla nna lone lo lo tla tshwayang Bakeresete ba boammaaruri: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35; bona gape Baroma 14:19; Bagalatia 6:10; 1 Yohane 3:10-12.

7. Bakeresete ba boammaaruri ba tshwaragane mmogo jang mo lefatsheng ka bophara?

7 Lorato lwa bokaulengwe ke “sekgomaretsi” se se tshwaraganyang batlhanka ba Modimo gore ba utlwane: “Lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.” (Bakolosa 3:14) Mme Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go utlwana le bakaulengwe ba bone mo lefatsheng lotlhe, ka go bo Lefoko la Modimo le ba laola jaana: “Lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go lona . . . lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla.” (1 Bakorintha 1:10) Go re ba tshegetse lorato loo le kutlwano mo lefatsheng lotlhe, batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go boloka boitlhaodi mo dikgannyeng tsa lefatshe leno tsa bopolotiki. Jesu o ne a re: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yohane 17:16.

8. Jesu o ne a bontsha jang seo Bakeresete ba tshwanetseng go se dira?

8 Jesu o ne a supa seo a neng a se akantse fa Petere a ne a kgaola tsebe ya mongwe wa banna ba ba neng ba tlile go tshwara Jesu. A Jesu o ne a kgothaletsa go dirisiwa ga maatla go sireletsa Morwa Modimo mo baganetsing ba gagwe? Nnyaa, mme o ne a raya Petere a re: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna.” (Mathaio 26:52) Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tsenelele mo dintweng tsa merafe kana mo go tshololweng gope fela ga madi a motho le eleng lefa go gana goo go dira gore ba bolaelwe boitlhaodi jwa bone jaaka bontsi bo ile jwa nna jwa bolawa ka makgolokgolo a dingwaga le mo motlheng ono wa rona. Ba itse gore ke Bogosi jwa Modimo fela ka Keresete jo bo tla khutlisang ntwa le tshololo ya madi gotlhelele.—Pesalema 46:9; Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:11-13.

9. (a) Hisitori e re bolelela eng ka Bakeresete ba ntlha? (b) Seno se farologana jang le ditumelo tsa La-Bodumedi?

9 Hisitori e tlhomamisa gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa kake ba tsholola madi a motho. Peter De Rosa, yoo e neng e le moporofesa wa bodumedi pele kwa Ennyelane, kwa Lontone, o kwala jaana: “Go tsholola madi e ne e le boleo jo bo masisi. E ne e le ka ntlha ya gone moo Bakeresete ba neng ba sa lwe dintwa tsa go tlosa ba bangwe bodutu. . . . Lefa ntwa le go dirisiwa ga maatla di ne di tlhokega gore go sirelediwe Roma, Bakeresete ba ne ba sa tsenelele moo. . . . Bakeresete ba ne ba iteba jaaka barongwa ba kagiso jaaka Jesu; mme ba ne ba ka seka ba bolaya ope lefa go rileng.” Kafa letlhakoreng le lengwe, ditumelo tse di kgaoganeng tsa La-Bodumedi di ile tsa tlola molao wa Modimo wa lorato mme di ile tsa tsholola madi a mantsi. Ba ile ba seka ba nna barongwa ba kagiso mme ba ile ba nna ba bolaya kgapetsa kgapetsa.

Babelona o Mogolo o o Nang le Molato wa Madi

10. Babelona o Mogolo ke eng, mme ke ka ntlhayang a bidiwa jalo?

10 Satane ke “kgōsana ea lehatshe,” “modimo oa lehatshe yeno.” (Yohane 12:31; 2 Bakorintha 4:4) Tsamaiso ya bodumedi jwa maaka jo bo tletseng mo lefatsheng ka bophara ke karolo ya lefatshe la ga Satane eo a ileng a e aga ka makgolo a dingwaga, go akareletsa La-Bodumedi le baruti ba yone. Bibela e bitsa tsamaiso eno ya bodumedi jwa maaka e e mo lefatsheng lotlhe “BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA [tsa semoya], LE MMA MAKGAPHA A LEHATSHE.” (Tshenolō 17:5) Bodumedi jwa gompieno jwa maaka bo simologile kwa motseng o mogolo wa bogologolo wa Babelona, oo o neng o tseneletse thata mo bodumeding jwa maaka le mo dithutong le mo ditirong tse di tlontlololang Modimo. Ke ka ntlha ya gone moo karolo eno e e tshwanang le Babelona wa bogologolo e bidiwang Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.

11. Bibela e bolela eng ka Babelona o Mogolo, mme ka ntlhayang?

11 Lefoko la Modimo le bua jaana kaga Babelona oo wa bodumedi: “Me ga hitlhèlwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ōna, le a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.” (Tshenolō 18:24) Ditumelo tsa lefatshe di ikarabelela jang mo mading a botlhe ba ba bolailweng? Ka gore ditumelo tseno tsotlhe—dikereke tsa La-Bodumedi le ditumelo tse e seng tsa Bokeresete ka go tshwana—di ile tsa tshegetsa, tsa mpampetsa, le eleng go etelela pele mo dintweng tsa bomorafe; gape di ile tsa bogisa le go bolaya batho ba ba boifang Modimo ba ba neng ba sa dumalane nabo.

Rekoto ya Bone e e Tlontlololang Modimo

12. Ke ka ntlhayang fa baruti ba La-Bodumedi ba na le molato o mogolo go gaisa baeteledipele ba bangwe ba bodumedi?

12 Baruti ba La-Bodumedi ba na le molato o mogolo wa go tsholola madi go gaisa baeteledipele ba bangwe ba bodumedi. Ka ntlhayang? Ka gonne mo godimo ga go ipitsa ka leina la Modimo, gape ba dirisa le la ga Keresete. Ka gone ba ne ba ithwesa boikarabelo jwa go latela dithuto tsa ga Jesu. (Yohane 15:10-14) Mme ga ba a ka ba latela dithuto tseo, ka gone ba lere kgobo e kgolo mo Modimong le mo go Keresete. Baruti ba ile ba nna le molato wa go tsholola madi ka tlhamalalo, mo botlhabanelatumelong, dintwa tse dingwe tsa bodumedi, dipotsiso, le dipogiso le eseng ka tlhamalalo, ka go mpampetsa dintwa tseo maloko a dikereke tsa bone a neng a bolaya batho-ka-bone mo dinageng tse dingwe.

13. Baruti ba ne ba ikarabelela mo go eng go tloga ka lekgolo la bo-11 go ya mo go la bo-13 la dingwaga?

13 Ka sekai, baruti ba La-Bodumedi ba ile ba simolola Botlhabanelatumelo ka lekgolo la bo-11 go fitlha ka la bo-13 la dingwaga. Go ne ga felela ka tshololo e e boitshegang ya madi le go thopiwa ga dithoto, goo go neng go dirwa mo leineng la Modimo le la ga Keresete. Diketekete tse di makgolokgolo di ne tsa bolawa. Botlhabanelatumelo bo ne bo akareletsa go bolawa setlhogo ga bana ba ba diketekete bao ba neng ba patelediwa go nna le seabe mo Botlhabanelatumelong jwa Bana jwa ngwaga wa 1212.

14, 15. Mokwadi mongwe wa Mokatoliki o akgela jang ka seo Kereke ya Katoliki e neng ya se simolola mo lekgolong la bo-13 la dingwaga?

14 Kereke ya Roma Katoliki e ne ya tlhoma kafa molaong sengwe se se setlhogo se se tlontlololang Modimo mo lekgolong la bo-13 la dingwaga—eleng Potsiso. E ne ya simolola kwa Yuropa mme ya anamela kwa Amerika, mme ya nna gone go feta makgolo a marataro a dingwaga. E ne e simolotswe ebile e tshegediwa ke bomopapa mme maiteko a yone e ne e le go bolaya le go bogisa le go nyeletsa botlhe bao ba neng ba sa dumalane le kereke. Lefa kereke pele e ne e ile ya bogisa bao e neng e se Bakatoliki, Potsiso yone e ne e dira go feta moo kgakala.

15 Peter De Rosa, yo o bolelang gore ke “Mokatoliki yo o Ineetseng,” o bua jaana mo bukeng ya gagwe ya bosheng Vicars of Christ—The Dark Side of the Papacy: “Kereke e ne e ikarabelela mo go bogiseng Bajuda, potsiso, go bolaya diketekete tsa bao ba neng ba ganetsa kereke ya Katoliki, ebile e ne ya tlisa pogiso gape jaaka katlholo mo Yuropa. . . . Bomopapa ba ne ba tlhoma le go tlhomolola babusi, ba ba gatelela gore ba pateletse batho ba ba ba busang go nna Bakeresete ka go ba tshosetsa, ka go ba bogisa le go ba bolaya. . . . Molaetsa wa Efangele o ne o le setlhogo.” “Molato” wa bao ba neng ba bolawa e ne e le fela gore ba ne ba na le Bibela.

16, 17. Ke dikakgelo dife tseo di dirwang ka Potsiso?

16 De Rosa o bua jaana mabapi le Mopapa Innocent III wa lekgolo la bo-13 la dingwaga: “Go ile ga akanngwa gore mo dipogisong tse di setlhogo go gaisa tsa bofelo kafa tlase ga Mmusi [wa Moroma] Diocletian [wa lekgolo la boraro la dingwaga] go ne ga swa mo e ka nnang Bakeresete ba le dikete tse pedi mo lefatsheng lotlhe. Mo tlhaselong ya ntlha e e setlhogo ya Botlhabanelatumelo jwa Mopapa Innocent [kgatlhanong le “ba ba neng ba ganetsa kereke ya Katoliki” kwa Fora] go ne ga bolawa batho ba palo eo e menagane ga lesome. . . . Go tshosa fela thata go itse gore mopapa o ne a bolaya Bakeresete ba ba fetang ba ba bolailweng ke Diocletian ka nako e le nngwe fela. . . . [Innocent] o ne a sa tshwenngwe ke go dirisa leina la ga Keresete go dira sengwe le sengwe seo Keresete a sa se rateng.”

17 De Rosa o akgela ka go re “[Babotsisisi] ba ne ba ikarabelela mo go tsweleleng ba tlhasela boitlotlo jwa batho mo go setlhogo go gaisa mo hisitoring yotlhe ya motho ba dira jalo mo leineng la mopapa.” Fa a bua ka mmotsisisi wa ga Dominic Torquemada wa kwa Spain, o bua jaana: “O ne a tlhophiwa ka 1483, mme o ne a busa ka go gatelela ka dingwaga di le lesome le botlhano. O ne a bolaya ba ba fetang 114 000 bao 10 220 ya bone ba neng ba fisiwa ka molelo.”

18. Mokwadi o tlhaola Potsiso jaaka eng, mme o fa lebaka lefe la go letlelelwa ga yone go feta makgolo a marataro a dingwaga?

18 Mokwadi yono o konela jaana: “Rekoto ya potsiso ke e e ka tlhabisang mokgatlho ope fela ditlhong mme fa e le kereke ya Katoliki, e e senya eleruri. . . . Seo hisitori e se bontshang ke gore bomopapa e ne e le baba ba bagolo ba tsamaiso ya tshiamiso go feta ka makgolo a marataro a dingwaga ba sa kgaotse. Ga go ope wa bomopapa ba ba masome a le robedi bao ba neng ba tlhatlologana go tloga ka lekgolo la bosome le boraro la dingwaga, yo a neng a ganetsa go rutiwa le go dirisiwa ga potsiso. Go farologana le seo, mongwe le mongwe wa bone o ne a oketsa ka ditiro tse di setlhogo tsa go bolaya. Se se sa tlhaloganngweng ke go re: go tlile jang gore bomopapa ba tswelele ba kgomaretse boganana jo bo ntseng jaana jwa tumelo go ralala dikokomana tse dintsintsi jaana? Ba kgonne jang go ganetsa dikarolo tsotlhetsotlhe tsa Efangele ya ga Jesu?” O araba jaana: “Bomopapa ba ne ba bona go le botoka go ganetsa Efangele go na le go ganetsa mongwe yo ba neng ba mo sala morago ‘yo a neng a iphaka a sena diphoso,’ ka go bo seo se ne se tla nyeletsa bopapa ka bojone.”

19. Ke ditiro dife tsa boleo tseo di ileng tsa mpampediwa ke baruti?

19 Boikepo jo bongwe gape mo letlhakoreng la baruti ke seabe sa bone mo go simololeng bokgoba. Merafe ya La-Bodumedi e ne ya tsaya diketekete tsa Maafrika ya ba isa kwa kgakala le dinaga tsa bone ba ba bogisa mo mmeleng le mo mogopolong jaaka makgoba ka makgolokgolo a dingwaga. Ke baruti ba sekae fela ba ba neng ba ganetsa seno. Ba bangwe ba bone ba bile ba bolela gore e ne e le go rata ga Modimo.—Bona Mathaio 7:12.

Molato wa Madi mo Lekgolong la Bo-20 la Dingwaga

20. Molato wa madi wa monna wa boleo o ile wa fitlha kwa setlhoeng sa one jang mo lekgolong leno la dingwaga?

20 Molato wa madi wa monna yono wa boleo o ile wa fitlha kwa setlhoeng sa one mo lekgolong leno la rona la dingwaga. Baruti ba ile ba tshegetsa dintwa tse di ileng tsa bolaya dimilione tse di masomesome tsa batho, mo dintweng tse di setlhogo thata mo hisitoring yotlhe. Ba ne ba tshegetsa matlhakore oomabedi a dintwa tse pedi tsa lefatshe, tseo mo go tsone batho ba bodumedi bo le bongwe “bakaulengwe,” ba neng ba bolaana. Ka sekai, ka Ntwa ya Lefatshe II, Bakatoliki ba Bafora le ba Baamerika ba ne ba bolaya Bakatoliki ba Bajeremane le ba Ba-Italy; Baporotesetanta ba Baboritane le ba Baamerika ba ne ba bolaya Baporotesetanta ba Bajeremane. Ka dinako tse dingwe ba ne ba sa bolaye fela ba e neng e le ba bodumedi jwa bone mme gape e le ba morafe wa bone tota. Dintwa tse pedi tsa lefatshe di ne tsa simolola mo teng ga La-Bodumedi mme di ka bo di se kile tsa nna gone fa baruti ba ka bo ba ile ba obamela molao wa lorato, ba bo ba o ruta balatedi ba bone.

21. Ke eng seo metswedi e mengwe e se bolelang ka seabe sa baruti mo dintweng?

21 The New York Times e ne ya bua jaana ka tlhamalalo: “Mo nakong e e fetileng ditlhopha tsa baruti ba Katoliki di ile tsa tshegetsa dintwa tsa merafe ya bone ka metlha, ba segofatsa masole ba bile ba a rapelela gore a fenye, fa setlhopha se sengwe sa bobishopo kafa letlhakoreng le lengwe se ne se rapela phatlalatsa gore se bone phenyo eo. . . . Pharologano e e neng e le gone mo Bakereseteng le boitsholo jwa ntwa . . . e lebega e phepafetse mo go ba bantsi, jaaka dibolao tsa ntwa di ne di ntse di direlwa bogale kwa pele.” Mme U.S.News & World Report e ne ya akgela jaana: “Boemo jo bo kwa godimo jwa Bokeresete mo lefatsheng bo ne jwa senngwa ka mo go utlwisang botlhoko ke go dirisa thubakanyo ga merafe e go tweng ke ya Bokeresete.”

22. Baruti ba ikarabelela mo go eng gape mo motlheng ono wa rona?

22 Gape, lefa Potsiso e sa tlhomiwa ka molao gompieno, baruti ba ile ba dirisa Puso go bogisa “baperofeti” le “baitshepi” bao ba farologanang le bone. Ba ile ba gatelela baeteledipele ba dinaga go “loga maano a boikepo ba itikeditse ka puso.’ Ka tsela eno, ba ile ba baka kana ba dumelela go thibelwa, go tsenngwa mo dikgolegelong, go itewa, go bogisiwa, le eleng go bolawa ga batho ba ba boifang Modimo ba lekgolo la rona la dingwaga.—Tshenolō 17:6; Pesalema 94:20, The New English Bible.

Ba a Ikarabedisiwa

23. Ke ka ntlhayang fa Modimo o tlile go sekisa monna wa boleo?

23 Madi a baperofeti, le a baitshepi, le a botlhe ba ba kileng ba bolawa mo lefatsheng eleruri a fitlhelwa mo ditumelong tsa maaka. (Tshenolō 18:24) Ereka tshololo e e feteletseng ya madi e ile ya simolola mo go La-Bodumedi, baruti ba bone ba na le molato o mogolo. Abo go tshwanela jang ne go bo Bibela e ba bitsa “monna oa boleo”! Mme Lefoko la Modimo le bua gape jaana: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.” (Bagalatia 6:7) Ka jalo Modimo o tla sekisa baruti bano ba ba boikepo.

24. Ke ditiragalo dife tseo di tlogang di diragala tse di tla tshikhinyang lefatshe?

24 Jesu o ne a re: “Tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:23) Mme o ne a bolela go re: “Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ.” (Mathaio 7:19) Nako ya go senngwa ga monna wa boleo le ditumelo tsa maaka e atamela ka bonako, eo mo go yone ditsamaiso tsa bopolotiki tseo di ileng tsa akafala nae di tla retologelang mo go ene: “Di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.” (Tshenolō 17:16) Ereka ditiragalo tse di ntseng jalo tse di tshikhinyang lefatshe di tla tloga di diragala, batlhanka ba Modimo ba tshwanetse ba di itsise ba bangwe. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka gore ba ile ba nna ba dira seno jang.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Monna wa boleo ke eng, mme o nnile gone jang?

◻ Ke maungo afe a a molemo ao Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go nna le one?

◻ Babelona o Mogolo ke mang, mme o na le molato o o kana kang wa madi?

◻ Ke rekoto efe e e sa tlotleng Modimo eo monna wa boleo a nang nayo?

◻ Modimo o tla sekisa monna wa boleo jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Botlhabanelatumelo bo ne jwa felela ka go tshololwa ga madi go go setlhogo mo leineng la Modimo le la ga Keresete

[Motswedi wa Setshwantsho]

By courtesy of The British Library

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

“Ditlhopha tsa baruti ba Katoliki ka metlha ba ile ba nna ba tshegetsa dintwa tsa merafe ya bone”

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Army

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela