LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 11 ts. 14
  • Dipina Tse di Tlhotlheleditsweng Tse di Gomotsang le Tse di Rutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipina Tse di Tlhotlheleditsweng Tse di Gomotsang le Tse di Rutang
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka ya Bibela ya bo 19—Dipesalema
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Ntlha ya Buka ya Dipesalema
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Modimo o o Itumetseng, Batho ba ba Itumetseng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 11 ts. 14
Dafide o tshameka harepa a ntse a opela

KAROLO 11

Dipina Tse di Tlhotlheleditsweng Tse di Gomotsang le Tse di Rutang

Dafide le bakwadi ba bangwe ba tlhama dipina gore di dirisiwe mo kobamelong. Di le 150 tsa tsone di fitlhelwa mo bukeng ya Dipesalema

BUKA e kgolo go di gaisa tsotlhe mo Baebeleng e na le dipina tse di boitshepo tse di farologaneng. Go tsere dingwaga di ka nna 1 000 go kwala buka eno yotlhe. Buka ya Dipesalema e na le mafoko mangwe a botlhokwa thata a a bontshang tumelo le a a amang pelo go gaisa otlhe a a kileng a kwalwa. E tlhalosa maikutlo a a farologaneng a batho, maikutlo a go ipela, a go galaletsa, a ditebogo, a kutlobotlhoko, a khutsafalo le a go ikwatlhaya. Go bonala sentle gore bakwadi ba dipesalema ba ne ba ikanya Modimo e bile ba atamalane thata le ene. A re sekaseke ditlhogo dingwe tsa dipina tseno.

Jehofa ke Molaodimogolo yo o siameng, yo o tshwanelwang ke go obamelwa le go bakwa. Re bala jaana mo go Pesalema 83:18: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Go na le dipesalema di le mmalwa tse di bakang Jehofa ka ntlha ya dilo tse a di bopileng, tse di jaaka magodimo a a tletseng dinaledi, dikgakgamatso tsa botshelo tse di mo lefatsheng le tsela e e gakgamatsang e mmele wa motho o bopilweng ka yone. (Pesalema 8, 19, 139, 148) Tse dingwe di galaletsa Jehofa di mo tlhalosa e le Modimo yo o tsayang kgato go boloka le go sireletsa ba ba ikanyegang mo go ene. (Pesalema 18, 97, 138) Mme tse dingwe tsone di a mo tlotlomatsa gonne e le Modimo wa tshiamiso, yo o gololang ba ba gateletsweng mme a otlhaya baikepi.—Pesalema 11, 68, 146.

Jehofa o thusa le go gomotsa ba ba mo ratang. Gongwe Pesalema 23 ke yone e e itsegeng thata, mme mo go yone Dafide o tlhalosa Jehofa e le Modisa yo o lorato, yo o kaelang, yo o sireletsang le yo o tlhokomelang dinku tsa gagwe. Pesalema 65:2 e gakolola baobamedi ba Modimo gore Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” Batho ba le bantsi ba ba ileng ba dira maleo a a masisi ba fitlhetse gore Pesalema 39 le 51 di gomotsa fela thata. Mo dipesalemeng tseno, Dafide o tlhalosa kafa a ikwatlhayang ka gone ka ntlha ya maleo a a masisi a a a dirileng mme o bontsha gore o na le tumelo ya gore Jehofa o tla mo itshwarela. Pesalema 55:22 e re kgothaletsa gore re ikanye Jehofa le gore re latlhele mekgweleo yotlhe ya rona mo go ene.

Jehofa o tla fetola lefatshe a dirisa Bogosi jwa ga Mesia. Ditemana di le dintsi mo bukeng ya Dipesalema di bua ka Mesia, e leng Kgosi e e neng e boleletswe pele. Pesalema 2 e bolelela pele gore Mmusi yono o tla senya ditšhaba tse di boikepo tse di mo ganetsang. Pesalema 72 e tlhalosa gore Kgosi eno e tla fedisa tlala, tshiamololo le kgatelelo. Pesalema 46:9 ya re Modimo o tla dirisa Bogosi jwa ga Mesia go fedisa dintwa le go senya dibetsa tsotlhe tsa ntwa. Mo go Pesalema 37, re bala gore baikepi ba tla senngwa, fa batho ba ba siameng bone ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng, ba itumelela kagiso le kutlwano e e tla bong e le teng mo lefatsheng lotlhe.

—E tswa mo bukeng ya Dipesalema.

  • Buka ya Dipesalema e bontsha jang gore Jehofa o na le tshwanelo ya go busa?

  • Ke dipesalema dife tse di bontshang kafa Modimo a thusang le kafa a gomotsang ka gone batho ba ba mo ratang?

  • Go ya ka buka ya Dipesalema, Jehofa o tla fetola lefatshe jang?

SEFELA SA DIFELA

Mo bukeng ya Sefela sa Difela, kgosi e senola gore tota le fa e ne e na le dikhumo di le dintsi, seo se ne se sa reye gore e ne e ka bona mosadi mongwe le mongwe fela yo e mmatlang. O tlhalosa kafa a neng a leka ka gone go gapa pelo ya lekgarebe lengwe le lentle le le neng le setse le ratana le mosimane mongwe wa modisa. Sefela seno se se tlhotlheleditsweng se bontsha gore le fa batho ba babedi ba na le maikutlo a a maatla a lorato, ba ka kgona go itshwara ka tsela e e tlotlegang. Baratani bano ba basha ba ne ba bontsha nonofo e ntle thata ya boikgapo, boitsheko le boikanyegi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela