LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 3/15 ts. 24-25
  • Modimo o o Itumetseng, Batho ba ba Itumetseng!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o o Itumetseng, Batho ba ba Itumetseng!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa Mogolodi
  • ‘Dihela tsa Ditlhatlogo’
  • Modimo o o Tshwanelwang ke Pako
  • Bakang Jehofa
  • Buka ya Bibela ya bo 19—Dipesalema
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Botlhano ya Dipesalema
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Dipina Tse di Tlhotlheleditsweng Tse di Gomotsang le Tse di Rutang
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 3/15 ts. 24-25

Dintlha tsa Bibela Dipesalema 107 go ya go 150

Modimo o o Itumetseng, Batho ba ba Itumetseng!

Boitumelo ke mokgele o batho ba le bantsi ba sekeng ba o fitlhelela. Lefa go ntse jalo, go setlhopha se sebotlana sa ba bangwe, boitumelo ke tsela ya botshelo. Ke eng se se ba thusang go bo bona? Ke kobamelo ya boammaaruri! Dipesalema di re tlhatswa pelo gore Jehofa ke Modimo o o itumetseng, mme ka gone re ka itumelela go mo obamela. Go supa seno, a re lebeng go Buka ya Botlhano ya Dipesalema, eleng, Dipesalema 107 go ya go 150.

Jehofa Mogolodi

Tswee-tswee bala Dipesalema 107 go ya go 119. Thapelo ya Bajuda ya go gololwa mo botshwarong jwa Babelona e a arabelwa. mme “barèkolodwi ba ga Yehofa” ba itumelela go boa ga bone ka pina. (Pesalema 107) Mo kgololong e a neng a e bona go le pelenyana, Dafide o ne a ‘opelela Modimo dipako’ le go bolela molemo wa Gagwe le lorato. (Pesalema 108, 109) Ka nonofo e e tswang go Jehofa, Morena wa ga Dafide, yo eleng Jesu Keresete, o ne a tshwanetse go fenya baba ba Modimo. (Pesalema 110) Mo godimo ga go golola batho ba Gagwe, Jehofa o segofatsa mosiami yo o mmoifang. (Pesalema 111, 112) Morago ga fa ba sena go gololwa kwa Babelona, Bajuda ba ne ba opela Dipesalema tsa Pako, kana dipina tsa pako, kwa meletlong e megolo ya ngwaga le ngwaga. (Dipesalema 113-118) Pesalema ya 119 e di feta tsotlhe ka boleele, mme ditemana tsa tsone tsotlhe tse 176 kwantle ga tse 2 di lebisa lefokong kana molaong wa Modimo.

◆ 107:27​—Ba ne ba ‘helelwa ke maano’ jang?

Jaaka bapalami ba sekepe ba ba tshoganyediwang ke lekhubu le legolo la matsubutsubu, botlhale jwa Bajuda bo ne jwa itshupa bo sena mosola mo nakong ya fa ba le mo botshwarong mo Babelona; maano otlhe a batho a go ba golola a ne a reteletswe. Mme ka go retologela go Jehofa mo boemong jo jwa seka-lekhubu, ba ne ba bona kgololo. O ne a dirile gore lekhubu la tshwantshetso le kokobele mme a ba gololela kwa “bogorogeloñ” jo bo bolokesegileng​—lefatshe la Juda.​—Pesalema 107:30.

◆ 110:3​—Go nna le ‘makau fela jaaka marothodi a monyo’ go tlhalosa eng?

Monyo o tsamaelana le tshegofatso go ntsha maduo, le bontsi. (Genesise 27:28) Marothodi a monyo gape a bonolo, a a lapolosa, a tshegetsa botshelo, gape a mantsi. Mo letsatsing la thata ya Kgosi ya Bomesia, babusiwa ba gagwe ka bofefo le ka pelo e e ratang ba ineela ka dipalo tse dikgolo mo eleng gore ba ka tshwantshiwa le marothodi a monyo. Fela jaaka marothodi a monyo a a lapolosang, mo phuthegong ya ga Jehofa yotlhe gompieno makau a mantsi le makgarebe ba direla Modimo le baobamedi-ka-bone.

◆ 116:3​—“Dikgōlè tsa losho” ke eng?

Go lebega ekete loso lo ne lo bofile mopesalema fela thata ka dikgole tse di sa kgaogeng mo go neng go bonala ekete o ne a ka seka a kgona go falola. Dikgole tse di bofileng maoto ka mo go gagametseng di dira ditlhabi tse di bogale, kana tse di botlhoko, mme phetolelo ya Septuagint ya Segerika e ranola lefoko la Sehebera “dikgōlè” jaaka “botlhoko.” Ka gone, fa Jesu Keresete a ne a swa, o ne a tlamparetswe thata, kana a le mo botlhokong jwa loso. Ka jalo, fa Jehofa a ne a tsosa Jesu, O ne a mo “hunolola botlhoko jwa loso.”​—Ditihō 2:24, NW.

◆ 119:83​—Mopesalema o ne a “nntse yaka sekoo” jang?

Fa a santse a lebeletse mo go Jehofa go mo gomotsa, mopesalema o ne a ntse jaaka sekoo se se neng se ka kalediwa fa se sa dirisiwe. Ka baka la mosi o o mo tanteng kana ntlo e e senang letshoba ja mosi, sekoo seno ka bonya se ne se tla ntshohala, se omelela le go sosobagana. Ka baka leo, se ke sone se se neng sa diragalela mopesalema mo diatleng tsa babogisi. (Ps 119 Temana 84) Boemo jwa gagwe jwa kutlo-botlhoko go lemotshega bo ne bo bonala mo sefatlhegong sa gagwe se se tlhontseng se bile se sosobagane, gape mmele otlhe wa gagwe gongwe o ne o amegile thata mo eleng gore o ne o latlhegetswe ke longola la one. (Bapisa Pesalema 32:4.) Ka gone gongwe o ne a ikutlwa a sena mosola jaaka sekoo se se omeletseng seo ba bangwe ba neng ba se kgaphela kwa thoko jaaka se se sa tshwanelegeng go ka tshola metse. Lefa go le jalo o ne a sa lebala ditao tsa Modimo.’

◆ 119:119​—Modimo o khutlisa baikepi jang jaaka “manyèlō”?

Manyelo a a nnang teng mo godimo ga tshipi e e nyerololwang kana mo loubelong ke matlakala a a senang mosola, selo se se seng phepa se se tshwanetseng go latlhiwa. Ka gone montlafatsi o farologanya tshipi e e etsang gouda kana selefera mo ‘manyelong.’ Ka mo go tshwanang, Jehofa o leba baikepi ba tshwana fela le mokoa wa mosidi mme o a ba fedisa a ba kgaoganya le bao ba nang le mosola bao a ba amogelang.​—Bapisa Esekiele 22:17-22.

Thuto mo go Rona: Jaaka Bajuda ba bogologolo, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba lebeletse kgololo​—jaanong go kgabanya lekhubu la Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14, 16) Ka nako ya Modimo e e beilweng, tsamaiso eno ya dilo e tla nyelediwa ke ntwa eno e kgolo. Bao ba sa lebelelang poloko go Jehofa ba tla sala ba sena boitiro-sepe tota jaaka ba kgaphasediwa ke makhubu a tshenyego eno e kgolo. Lefa go ntse jalo, bafalodi ba tla “baka Yehofa ka ntlha ea molemō oa gagwè.” Ka gone he, mo metlheng eno ya bofelo, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu le “boidiidi yo bogolo” ka bobedi ba ka tshepa Jehofa ka botlalo.​—Pesalema 107:31; Tshenolō 7:9.

‘Dihela tsa Ditlhatlogo’

Bala Dipesalema 120 go ya go 134. Dipesalema tseno tse 15 di bidiwa dihela tsa “ditlhatlogō.” Bakanoki ga ba dumalane mo go seo tota se kaiwang ke “ditlhatlogo,” mme gongwe dipesalema tseno di ne tsa opelwa ke Baiseraele fa ba ne ba palamela kwa godimo, kana ba tlhatlogela kwa motseng o o kwa godimo wa Jerusalema go ya meletlong ya bone e meraro ya ngwaga le ngwaga.​—Pesalema 122:1.

◆ 120:4​—“Mecwi e e bogale” le “magala” ano e ne e le eng?

Loleme lo lo sebang lo ka senya fela jaaka sebetsa kana molelo. (Diane 12:18; Yakobe 3:6) Ka tsela ya tefetso, Jehofa o tlhomamisa gore loleme lo lo sebang lo didimadiwa jaaka ekete ka metswi ya motlhabani. Ka mo go kgatlhisang, magala a setlhare sa mokala se se sesuthu a tuka fela thata, go supa bogale jwa katlholo ya bomodimo mo “lolemiñ lo lo boherehere.”​—Pesalema 120:2, 3.

◆ 131:2​—Moya o nna jaaka “ñwanyana eo o khwisiwañ” jang?

Pele ga le kgwisiwa, lesea le tlhologelelwa gore mmaagwe a kgotsofatse keletso ya lone ya go amusiwa. Mme lesea le le kgwisitsweng le bona kgo- tsofalo, polokesego, le kgomotso mo mabogong a ga mmaalone. A kgotsofaletse go tsaya tsela e e nyatsegang (Ps 119 temana 1), mopesalema o ne a ikutlwa a ‘ikgaoditse le go ritibala,’ jaaka ngwana yo o kgwisitsweng mo diatleng tsa ga mmaagwe. Go lebelela mo go Jehofa ka boikokobetso le go dira thato ya gagwe go tla lere polokesego le masego a magolo.

Thuto mo go Rona: Lemororo Jehofa a ka golola batho ba gagwe mo kodumeding, ga a ba sireletse mo pitlaganong yotlhe. Eleruri, dipitlagano di ne tsa dira gore batlhami ba dipesalema tseno ba di bue. Lefa go ntse jalo, Modimo ‘ga o kitla o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona’ mme ‘o tla lo baakanyetsa kgoro ya phalolo.’ (1 Bakorintha 10:13) Jehofa o re sireletsa mo tshenyegong ya semoya. O ka nna a laola ditiragalo gore a tle a fedise kodumedi ka boyone kana a re nonotsha gore re kgone go emelana le kgatelelo. Ka baka la seo, kutlwano eo re e itumelelang mo dipokanong tsa rona tsa Bokeresete e lapolosa thata ebile e na le mosola​—Pesalema 133:1-3.

Modimo o o Tshwanelwang ke Pako

Bala Dipesalema 135 go ya go 145. Phapaanong le medimo ya disetwa eo badiri ba yone ba felelang ba tshwana le yone, Jehofa ke Modimo yo o tshwanelwang ke pako le Mogolodi. (Dipesalema 135, 136) Le eleng fa batho ba gagwe ba ne ba le kwa Babelona, ba ne ba seka ba lebala “dihela tsa Siona.” (Pesalema 137) Dafide a re ‘dikgosi di tla ntshetsa Jehofa malebogo’ le go ipelela kafa a dirilweng ka mo go gakgamatsang ka teng. (Pesalema 138, 139) O rapelela pabalelo ya Modimo a ba a itumelela molemo wa Gagwe, a itse gore ke kamano e e molemo fela le Jehofa e e tlisang boitumelo jwa boammaaruri​—Dipesalema 140-145.

◆ 138:2​—Modimo o ile a tlotlomatsa mafoko a gagwe godimo ga leina la gagwe jang?

Fa Jehofa a bolela sengwe mo motheong wa leina la gagwe, re lebelela mo gontsi mo go diragatseng seo. Lefa go ntse jalo, gantsi o dira mo go fetileng ditebelelo tsa rona, a dira gore tiragalo e fete kgakala seo re neng re se lebeletse. Modimo o tlotlomatsa “lehoko” la gagwe ka go dira gore tiragatso ya lone e nne kgolo go feta seo re neng re se lebeletse.

◆ 139:9​—Go tewang ka “diphuka tsa ka moshō”?

Polelwana eno e tshwantsha lesedi la moso, jaaka ekete le na le diphuka, ka bofefo le anama le loapi go tswa botlhaba go ya bophirima. Lefa Dafide a ne a ka tsaya “diphuka tsa ka moshō” mme a ya karolong e e kgakala ya bophirima, le koo o ne a ntse a tla nna kafa tlase ga tlhokomelo le taolo ya ga Jehofa​—Pesalema 139:10; bapisa Amose 9:2, 3.

◆ 141:3​—Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a batla go ‘disa setswalo sa dipounama tsa gagwe’?

Dafide o ne a itse tshenyo e loleme lo ka e dirang le kafa batho ba ba sa itekanelang ba raelesegelang go bua kwantle ga go akanya, bogolo jang fa ba kgopisegile. Moshe e ne e le monna yo o boikokobetso go feta botlhe mo lefatsheng, lefa go le jalo o ne a leofa ka loleme la gagwe malebana le metsi a Meriba. (Dipalō 12:3; 20:9-13) Ka gone, go laola dipounama ke selo sa botlhokwa, go tila puo e e gobatsang le go boloka pelo e ntle.​—Yakobe 3:5-12.

◆ 142:7​—Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a akanya gore moya wa gagwe o ne o le mo “tluñ ea kgolegèlō”?

O ne a ikutlwa a le nosi ka mathata a gagwe, jaaka ekete o mo ntlong ya kgolegelo e e lefifi, e e diphatsa, a sa tlhaloganngwe a bile a kgaogane le batho botlhe. Fa re na le maikutlo a a tshwanang re bile re akanya gore ‘letsogo le legolo’ la rona le a tlhaselwa, re ka bitsa Jehofa ka tshepo go re thusa.​—Pesalema 142:3-7.

Thuto mo go Rona: Mo go Pesalema 139, Dafide o ne a bolela boipelo jwa go bo Modimo o kgona go mo ‘hukutsa’ le go mo “itse” le ditsela tsa gagwe. Go na le go senka phalolo, Dafide o ne a batla go ineela ka mo go tletseng mo kaelong ya ga Jehofa le taolo. O ne a itse gore Modimo wa ba a ntse a mo etsetlhoko. Kitso eno ga e thibele motho fela mo go direng phoso gape e neela motho kgomotso e kgolo. Boammaaruri jwa gore Jehofa o itse ditiro tsa rona, o tlhaloganya mathata a rona, e bile ka metlha o batla go re thusa bo re neela boikutlo jo bo kwa teng jwa pabalesego le kagiso, tseo di leng botlhokwa mo boitumelong jwa rona.

Bakang Jehofa

Bala Dipesalema 146 go ya go 150. Dipesalema tseno di gatelela setlhogo sa Buka yotlhe ya Dipesalema​—“Bakañ Yehofa.” Nngwe le nngwe ya tsone e simolola e bo e felela ka mafoko ano a a galalelang. Mo gotlhe go tlhatlogela ka mafoko a mantle a pina go Pesalema ya bo 150 e e laletsang popo yotlhe gore e ‘bake Jehofa’!

◆ Pesalema 146:3​—Goreng re sa tshwanela go ikanya baeteledipele ba batho?

Baeteledipele ba batho ba a swa. Ga ba kake ba ipoloka bone ka bobone lefa e le ba ba ba tshepileng. Ka gone, go ikanya ketelelo-pele ya batho go tlhokisiwa mosola ke phelelo ya loso. Mme “go segō èna eo . . . cholohèlō ea gagwè e leñ mo go Yehofa. Modimo oa gagwè.” (Pesalema 146:5, 6) Mopesalema o ne a bona kafa go tlhokafalang ka gone gore go nne le kaelo e e fetang eo batho ba ka e neelang ka namana.

◆ 148:4​—‘Metse a a leng kwa godimo ga magodimo’ ke eng?

Go bonala mopesalema a ne a raya maru a a tletseng metse a a kwa godimo ga lefatshe a a ntseng a ntsha metse nako le nako ka sebopego sa pula, ao labofelo a elelelang gape kwa mawatleng a magolo. Modikologo o o botlhokwa mo botshelong, mme go bo o le teng fela go neela Mmopi pako. Ereka phuthologo ya loapi gareng ga lefatshe le maru go ka buiwa ka yone jaaka magodimo, mopesalema o ne a lebisa go maru jaaka ‘metse a a kwa godimo ga magodimo.’

Dipesalema di dira gore boammaaruri jono bo itshupe ka bobone: Go itumela ka boammaaruri, re tlhoka botsalano jo bo molemo le Jehofa. Ka gone, boitlhomo jotlhe jwa batho ba Modimo le boikaelelo jwa go nna gone ga rona bo ka sobokanngwa mo taletsong e e wetsang ya mopesalema: “A dilō cotlhe hèla tse di nañ le mōea di bake Yehofa. Bakañ Yehofa.”​—Pesalema 150:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela