LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 35 ts. 84-ts. 91 ser. 4
  • Thero e e Itsegeng Thata ya Kwa Thabeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thero e e Itsegeng Thata ya Kwa Thabeng
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE BOMANG BA TOTA BA ITUMETSENG?
  • MOLAO WA MAEMO A A KWA GODIMO O JESU A O NAYANG BALATEDI BA GAGWE
  • GO RAPELA LE GO IKANYA MODIMO
  • O KA DIRA ENG GORE O BONE BOTSHELO?
  • Thero e e Tumileng Thata e e Kileng ya Neelwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Nnang Badiri ba Lefoko, Eseng Bautlwi Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tswelelang lo Dira Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Buka ya Bibela ya bo 40—Mathaio
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 35 ts. 84-ts. 91 ser. 4
Jesu o naya Thero ya Kwa Thabeng mo pele ga baaposetoloi le barutwa ba gagwe

KGAOLO 35

Thero E E Itsegeng Thata Ya Kwa Thabeng

MATHAIO 5:1–7:29 LUKE 6:17-49

  • THERO YA KWA THABENG

Jesu o tshwanetse a bo a lapile fa a sena go fetsa bosigo jotlhe a rapela a bo a tlhopha barutwa ba le 12 gore e nne baaposetoloi. Mo letsatsing le le latelang, Jesu o sa ntse a na le maatla le keletso ya go thusa batho. O fa thoko ga thaba ya Galalea, e gongwe e leng gaufi le motse wa Kaperenama kwa a neng a dira tiro ya gagwe ya go rera gone.

Batho ba le bantsi ba tla kwa go Jesu ba tswa kwa mafelong a a kgakala. Bangwe ba tswa kwa borwa kwa Jerusalema le kwa mafelong a mangwe a a mo Judea. Ba bangwe ba tswa kwa metseng ya Ture le Sidona e e gaufi le lewatle go ela kwa bokonebophirima. Goreng ba tlile kwa go Jesu? Ba tlile “go mo reetsa le go fodisiwa.” Jesu o a ba fodisa mme “botlhe ba bo ba fola.” Ako o akanye fela! Batho botlhe ba ba lwalang ba a fodisiwa. O fodisa le “ba ba neng ba tshwenngwa ke madimona,” a a neng a ba bogisa.—Luke 6:17-19.

Jesu o batla lefelo fa thoko ga thaba mme batho ba simolola go phuthegela kwa go ene. Barutwa ba gagwe, segolobogolo baaposetoloi ba ba 12, ba ka tswa ba ntse gaufi thata le ene. Ba lebile pele go utlwa gore morutisi yono yo o kgonang go dira dilo tse dikgolo, o tlile go ba raya a reng. Jesu o ba rerela molaetsa o o tla ba solegelang molemo. Molaetsa ono o solegetse batho ba le bantsi molemo. Le rona o ka re solegela molemo fela thata ka gonne o a utlwala e bile o tlhaloganyesega motlhofo. Jesu o bua ka dilo tse di tlwaelegileng tse batho ba di itseng. Seno se dira gore botlhe ba ba batlang go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo, ba kgone go tlhaloganya molaetsa wa gagwe. Ke dithuto dife tse di dirang gore thero ya ga Jesu e nne botlhokwa thata?

KE BOMANG BA TOTA BA ITUMETSENG?

Batho botlhe ba batla go itumela. E re ka Jesu a itse seno, o simolola ka go tlhalosa gore ke bomang ba tota ba itumetseng. Akanya kafa seno se ileng sa gapa bareetsi ba gagwe ka gone. Mme gone, go na le dilo dingwe tse di ba gakgamatsang.

Jesu a re: “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo, ka gonne Bogosi jwa magodimo ke jwa bone. Go itumela batho ba ba hutsafetseng, ka gonne ba tla gomodiwa. . . . Go itumela batho ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe se se siameng, ka gonne ba tla kgora. . . . Go itumela batho ba ba bogisediwang go bo ba dira se se siameng, ka gonne Bogosi jwa magodimo ke jwa bone. Go itumela lona fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa . . . ka gonne lo le balatedi ba me. Itumeleng lo bo lo ipele thata.”—Mathaio 5:3-12.

Monna yo o hutsafetseng thata jaanong o itumetse

Jesu o kaya eng fa a bua ka “go itumela”? Ga a bue ka boitumelo jo motho a nnang le jone fa a itlosa bodutu. Seo ga se boitumelo jwa mmatota. Boitumelo jwa mmatota bo akaretsa go ritibala le go kgotsofalela se o nang le sone mo botshelong.

Jesu a re batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo, ba ba hutsafadiwang ke gore ke baleofi, ba ba itseng Modimo e bile ba mo direla, ke bone ba tota ba itumelang. Le fa gone ba tlhoilwe kgotsa ba bogisiwa ka gonne ba dira thato ya Modimo, ba a itumela ka gonne ba a itse gore ba itumedisa Modimo e bile ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng.

Batho ba le bantsi ba akanya gore go atlega le go ijesa monate go dira gore motho a itumele. Jesu ene o bua se se farologaneng le seo. O bua mafoko ano a a tla dirang gore bareetsi ba gagwe ba akanye, a re: “Ruri lo tlhomola pelo lona ba lo humileng, ka gonne se lo nang le sone gone jaanong, ke sone fela se lo tla se bonang. Ruri lo tlhomola pelo lona ba gone jaanong lo kgotsheng, ka gonne lo tla tshwarwa ke tlala. Ruri lo tlhomola pelo lona ba gone jaanong lo tshegang, ka gonne lo tla hutsafala lo bo lo lela. Ruri lo tlhomola pelo fa batho botlhe ba bua sentle ka lona, ka gonne seo ke sone se borraabonemogolo ba neng ba se dira baporofeti ba maaka.”—Luke 6:24-26.

Mokoa wa letswai gaufi le sebeso kwa tempeleng ya Modimo

Ke eng fa go huma, go tshega le go buiwa sentle ke ba bangwe go dira gore motho a tlhomole pelo? Ka gonne fa motho a na le dilo tseno e bile a di rata, a ka nna a tlhokomologa go direla Modimo, mme seo se ka dira gore a se ka a nna le boitumelo jwa mmatota. Jesu ga a reye gore fa o humanegile kgotsa o tshwerwe ke tlala o tla itumela. Le fa go ntse jalo, gantsi batho ba ba humanegileng ke bone ba ba amogelang dithuto tsa ga Jesu mme seo se dira gore ba nne le boitumelo jwa mmatota.

Jesu o bua mafoko ano a akantse ka barutwa ba gagwe: “Lo letswai la lefatshe.” (Mathaio 5:13) Gone ga a reye gore barutwa ba gagwe ke letswai la mmatota. Go na le moo, letswai le dira gore dilo di se ka tsa bola. Go na le letswai le lentsi le le bewang gaufi le sebeso kwa tempeleng ya Modimo mme le dirisiwa go loka ditlhabelo. Gape letswai le tshwantshetsa gore selo ga se a bola kgotsa ga se a senyega. (Lefitiko 2:13; Esekiele 43:23, 24) Barutwa ba ga Jesu ke “letswai la lefatshe” ka gonne ba thusa batho gore ba se ka ba latlhegelwa ke botsala jwa bone le Jehofa le gore ba se ka ba nna le boitsholo jo bo sa siamang. Eleruri, molaetsa wa bone o kgona go boloka matshelo a batho ba ba o reetsang.

Lobone lo lo tshubilweng lo mo godimo ga setlhomo sa lobone

Gape Jesu o raya barutwa ba gagwe a re: “Lo lesedi la lefatshe.” Fa lobone lo sena go tshubiwa ga lo khurumediwe, go na le moo lo bewa mo godimo ga setlhomo sa lobone gore lo kgone go bonesetsa botlhe. Ka jalo, Jesu o ba kgothatsa a re: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraalona yo o kwa magodimong.”—Mathaio 5:14-16.

MOLAO WA MAEMO A A KWA GODIMO O JESU A O NAYANG BALATEDI BA GAGWE

Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba re Jesu o tlola Molao wa Modimo, mme bosheng jaana ba ne ba loga leano la go mmolaya. Ka jalo, Jesu o bua jaana a utlwiwa ke mongwe le mongwe: “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go senya Molao wa ga Moshe kgotsa dithuto tsa Baporofeti. Ke tlile go diragatsa dithuto tsa bone, e seng go di senya.”—Mathaio 5:17.

Jesu o tlotla Molao wa Modimo fela thata e bile o batla gore ba bangwe le bone ba dire jalo. Tota e bile o ba raya a re: “Ope fela yo o sa ikobeleng nngwe ya ditaelo tseno tse batho ba akanyang gore ga di botlhokwa a bo a ruta batho ba bangwe gore ba dire se se tshwanang, ga a kitla a tshwanelega go tsena mo Bogosing jwa magodimo.” O raya gore motho yoo ga a ka ke a tsena mo Bogosing gotlhelele. O tswelela a re: “Mme ope fela yo o di ikobelang a bo a di ruta batho ba bangwe o tla tshwanelega go tsena mo Bogosing jwa magodimo.”—Mathaio 5:19.

Monna yo o galefileng thata

Jesu o kgala le mekgwa e e ka dirang gore motho a tlole Molao wa Modimo. Fa Jesu a sena go tlhalosa gore Molao o a re “Ga o a tshwanela go bolaya motho,” o oketsa a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a shakgaletse morwarraagwe o tla isiwa kwa kgotlatshekelong.” (Mathaio 5:21, 22) Go nna o shakgaletse yo mongwe ke kgang e e masisi, ka gonne seo se ka dira gore o feleletse o bolaile motho yoo. Ke gone ka moo Jesu a tlhalosang se motho a tshwanetseng go se dira gore a agisane le yo mongwe, a re: “Fa o isa mpho ya gago kwa sebesong mme o bo o gakologelwa o le koo gore o kgopisitse morwarrago, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso mme o tsamaye. Agisana le morwarrago pele, go tswa foo o bo o boa o ya go isa mpho ya gago.”—Mathaio 5:23, 24.

Monna o lebile mosadi yo montle

Taelo e nngwe e e mo Molaong ke e e kgalang boaka. Jesu a re: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe: ‘Ga o a tshwanela go dira boaka.’ Le fa go ntse jalo, ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a felelang a nna le keletso ya go tlhakanela dikobo le ene, o setse a dirile boaka le ene mo pelong.” (Mathaio 5:27, 28) Jesu ga a bue ka go akanya ka nakwana fela ka tlhakanelodikobo, go na le moo o gatelela gore kgang eno e masisi fa motho ‘a nna a lebile.’ Gantsi go nna o lebile motho go ka dira gore o eletse go tlhakanela dikobo le ene. Mme fa tshono e tlhaga, o ka feleletsa o dirile boaka. Motho a ka dira eng gore seno se se ka sa direga? A ka nna a tlhoka go tsaya dikgato tse di gagametseng. Jesu a re: “Jaanong, fa e le gore leitlho la gago la moja le dira gore o leofe, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena. . . . Fa e le gore seatla sa gago sa moja se dira gore o leofe, se kgaole mme o se latlhele kgakala le wena.”—Mathaio 5:29, 30.

Batho bangwe ba ba lwalang ba ile ba dumela gore dikarolo dingwe tsa bone tsa mmele di kgaolwe gore botshelo jwa bone bo se ka jwa nna mo kotsing. Go a utlwala go bo Jesu a re go botlhokwa thata gore motho a ‘latlhe’ sepe fela, tota le sengwe se se botlhokwa jaaka leitlho kgotsa seatla, gore a tile go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le diphelelo tsa jone. A re “go botoka gore o latlhegelwe ke seatla se le sengwe go na le gore mmele otlhe wa gago o felele mo Gehena” (lefelo le go fisediwang matlakala mo go lone kwa ntle ga Jerusalema), e e tshwantshetsang go senya sengwe gotlhelele.

Monna o faphola yo mongwe mo lerameng

Gape Jesu o naya batho bano kgakololo ya kafa ba tshwanetseng go dira ka gone fa ba kgopisiwa kgotsa ba utlwisiwa botlhoko. A re: “O se ka wa lwa le motho yo o bosula, mme ope fela yo o go fapholang mo lerameng la moja, mo neye le la molema.” (Mathaio 5:39) Ga a reye gore motho a se ka a itshireletsa fa ene kgotsa ba lelapa la gagwe ba tlhaselwa. Jesu o umaka go faphola, e leng sengwe se motho a se dirang e se gore o batla go utlwisa yo mongwe botlhoko thata kgotsa go mmolaya, go na le moo, o a bo a mo tlhapatsa. Se a se tlhalosang ke gore fa motho a batla go go lwantsha kgotsa go ngangisana le wena, a ka tswa a dira seo ka go go faphola kgotsa ka go go tlhapatsa, o se ka wa ipusolosetsa.

Kgakololo eo e dumalana le molao wa Modimo wa gore re rate baagelani ba rona. Ka jalo, Jesu o gakolola bareetsi ba gagwe a re: “Tswelelang lo rata baba ba lona e bile lo rapelela ba ba lo bogisang.” O tlhalosa lebaka le le utlwalang la go bo ba tshwanetse go dira jalo, a re: “Gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong, ka gonne o tlhabisetsa ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi la gagwe.”—Mathaio 5:44, 45.

Jesu o konela karolo eno ya thero ya gagwe ka go re: “Jalo lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona yo o kwa legodimong a itekanetse.” (Mathaio 5:48) Gone ga a reye gore batho ba tshwanetse go itekanela ka mo go feletseng. Le fa go ntse jalo, fa re etsa Modimo, re ka kgona go rata batho ba bangwe, tota le baba ba rona. Ka mafoko a mangwe, a re: “Tswelelang lo le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko.”—Luke 6:36.

GO RAPELA LE GO IKANYA MODIMO

Fa Jesu a ntse a tsweletse ka thero ya gagwe, o rotloetsa bareetsi ba gagwe a re: “Ikeleng tlhoko gore lo se ka lwa dira dilo tse di molemo fa pele ga batho gore ba lo bone.” Jesu o kgala batho ba ba itirang e kete ba rata Modimo, a re: “Fa o aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko, o se ka wa tsamaya o letsa terompeta, fela jaaka baitimokanyi ba dira.” (Mathaio 6:1, 2) Go botoka gore o abe dimpho tsa kutlwelobotlhoko o sa bonwe ke batho.

Monna o mo ntlong ya gagwe, o tswetse lebati, mme o khubame o a rapela

Go tswa foo a re: “Fa lo rapela, lo se ka lwa dira jaaka baitimokanyi; ka gonne ba rata go rapela ba eme mo disinagogeng le mo dikhoneng tsa ditsela tse dikgolo gore ba bonwe ke batho.” Go na le moo, o raya bareetsi ba gagwe a re: “Fa o rapela, tsena mo phaposing ya gago, mme fa o sena go tswala setswalo, rapela Rrago yo o mo sephiring.” (Mathaio 6:5, 6) Jesu ga a kgale dithapelo tsotlhe tse di rapelwang phatlalatsa ka gonne le ene o ne a tle a rapele phatlalatsa. Go na le moo, o kgala dithapelo tse di dirwang ka boikaelelo jwa go kgatlha bareetsi le go batla go galalediwa.

O gakolola bareetsi ba gagwe a re: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe fela jaaka batho ba ditšhaba tse dingwe ba dira.” (Mathaio 6:7) Jesu ga a reye gore go rapelela sengwe gantsi go phoso. O tlhalosa gore ga a dumalane le dithapelo tse motho a di tshwereng ka tlhogo a bo a nna a di “boaboeletsa.” Dithapelo tseo ke seomodiro fela. Go tswa foo, o ba bontsha thapelo ya sekao, e e akaretsang dilo di le supa. Dilo tsa ntlha tse tharo ke tse di amanang le tshwanelo ya Modimo ya go busa le maikaelelo a gagwe: go itshepisiwa ga leina la gagwe, go tla ga Bogosi jwa gagwe le gore thato ya gagwe e dirwe. Fa re sena go rapelela dilo tseno, ke gone re ka rapelelang dilo tse re di tlhokang tse di jaaka dijo tsa letsatsi, go itshwarelwa maleo, go rapelela gore re se ka ra raelwa go feta se re ka se itshokelang le gore re gololwe mo go Satane.

Lebokoso le le tletseng dibenyane, madi a tshipi a gauta, dinkgo tsa selefera le tsa gauta

Re tshwanetse go tsaya dithoto tsa rona di le botlhokwa go le kana kang? Jesu o gakolola bareetsi ba gagwe a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, ka gonne a ka jewa ke motoutwane kgotsa ruse, e bile a ka utswiwa.” Tota seno se a utlwala. Dithoto tse re nang le tsone di a fela e bile ga di ka ke tsa dira gore re nne ditsala tsa Modimo. Ke gone ka moo Jesu a reng: “Ipolokeleng matlotlo kwa legodimong.” Re ka dira seo ka go dira gore go obamela Modimo go tle pele mo matshelong a rona. Ga go na ope yo o ka senyang botsala jwa rona le Modimo kgotsa tuelo ya jone ya botshelo jo bo sa khutleng. Mafoko ano a ga Jesu a boammaaruri: “Kwa letlotlo la gago le leng gone, pelo ya gago le yone e tla nna gone koo.”—Mathaio 6:19-21.

Leitlho la motho

Jesu o gatelela ntlha eno ka go dirisa setshwantsho se se reng: “Lobone lwa mmele ke leitlho. Ka jalo, fa leitlho la gago le bona sentle, mmele otlhe wa gago o tla phatsima. Le fa go ntse jalo, fa leitlho la gago le eletsa se batho ba bangwe ba nang le sone, mmele otlhe wa gago o tla nna lefifi.” (Mathaio 6:22, 23) Fa leitlho la rona la tshwantshetso le bereka sentle, le bonesetsa mmele wa rona. Mme gore le kgone go dira jalo, le tshwanetse go leba selo se le sengwe; go seng jalo, re ka leba botshelo ka tsela e e sa siamang. Fa re gagamalela go batla dithoto go na le go direla Jehofa, seo se ka dira gore ‘mmele otlhe wa rona o nne lefifi,’ mme re ka feleletsa re dira dilo tse di sa siamang.

Go tswa foo, Jesu o bua mafoko a a latelang: “Ga go na ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.”—Mathaio 6:24.

Bangwe ba ba reeditseng Jesu ba ka tswa ba ipotsa gore ba tshwanetse go leba jang dithoto. Ka jalo, Jesu o ba tlhomamisetsa gore ga ba tlhoke go tshwenyega fa e le gore ba baya go direla Modimo kwa pele mo matshelong a bone. O ba raya a re: “Lebang dinonyane ka kelotlhoko; ga di jale, ga di robe e bile ga di phuthele mo mabolokelong, le fa go ntse jalo Rraalona yo o kwa legodimong o a di fepa.”—Mathaio 6:26.

Mme go tweng ka malômô a masoma a naga? Jesu a re “tota le Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka one.” Seno se re ruta eng? “Fa e le gore Modimo o kgona go apesa dimela tsa naga, tse di leng gone gompieno mme kamoso di bo di latlhelwa mo molelong, a ga a kitla a lo apesa go feta tsone?” (Mathaio 6:29, 30) Jesu o ba kgothatsa ka go re: “Lo se ka lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa ‘Re tla apara eng?’ . . . Rraalona yo o kwa legodimong o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Ka jalo, nnang lo batle Bogosi le tshiamo ya gagwe pele, mme dilo tseno tse dingwe tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.

O KA DIRA ENG GORE O BONE BOTSHELO?

Baaposetoloi le batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba batla go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo, mme gone go dira jalo ga go motlhofo. Ka sekai, Bafarasai ba le bantsi ba tshwaya batho ba bangwe diphoso mo go botlhoko e bile ba a ba atlhola. Ka jalo, Jesu o gakolola bareetsi ba gagwe a re: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne lo tla atlholwa ka katlholo e lo atlholang ka yone.”—Mathaio 7:1, 2.

Go kotsi go latela Bafarasai bao ba ba ratang go tshwayatshwaya batho diphoso, mme Jesu o bontsha seo ka go dira setshwantsho a re: “Motho yo o foufetseng ga a ka ke a goga motho yo o foufetseng, gakere? Ka bobedi ba tla wela mo khuting, gakere?” Ka jalo, bareetsi ba ga Jesu ba tshwanetse go leba batho ba bangwe jang? Ga ba a tshwanela go ba tshwayatshwaya diphoso ka gonne seo se tla dira gore ba nne le molato o mogolo. O ba botsa a re: “O ka raya jang mokaulengwe wa gago o re, ‘Mokaulengwe, mma ke ntshe lotlhaka lo lo mo leitlhong la gago,’ mme wena o sa bone tlhomeso e e mo leitlhong la gago? Moitimokanyi ke wena! Sa ntlha, ntsha tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle gore o ka ntsha jang lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.”—Luke 6:39-42.

Diperela di tletse seatla; go na le dikolobe kwa morago

Seno ga se reye gore barutwa ga ba a tshwanela go atlhola gotlhelele. Jesu o ba rotloetsa a re: “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo kgotsa lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe.” (Mathaio 7:6) Dithuto tsa boammaaruri tse di mo Lefokong la Modimo di tlhwatlhwakgolo fela jaaka diperela. Fa batho bangwe ba itshwara jaaka diphologolo, ba sa lebogele dithuto tseno tsa boammaaruri, barutwa ba tshwanetse go ba tlogela mme ba ye go batla ba ba tla reetsang.

Rre o fa morwawe thathana ya senkgwe

Jesu o bua gape ka kgang ya thapelo mme o gatelela botlhokwa jwa gore ba tshwanetse go nna ba rapela. O ba raya a re: “Nnang lo kope mme lo tla newa.” Jesu o bontsha gore Modimo o iketleeleditse go araba dithapelo ka go bua mafoko a a reng: “Ke mang mo go lona yo e reng fa morwawe a mo kopa senkgwe a bo a mo naya leje? . . . Ka jalo, fa lona, le fa gone lo le bosula, lo kgona go naya bana ba lona dimpho tse di molemo, a Rraalona yo o kwa magodimong ga a kitla a naya ba ba mo kopang dilo tse di molemo?”—Mathaio 7:7-11.

Go tswa foo, Jesu o bua mafoko ano a a itsegeng thata le gompieno: “Ka jalo, lo tshwanetse go direla batho dilo tsotlhe tse lo batlang ba di lo direla.” Rotlhe re tshwanetse go akanya thata ka kgakololo eno le go e dirisa fa re dirisana le batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go dira jalo go ka nna thata, fela jaaka mafoko ano a ga Jesu a bontsha: “Tsenang ka kgoro e tshesane, ka gonne kgoro e e isang kwa tshenyegong e atlhame e bile tsela ya teng e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; mme kgoro e e isang kwa botshelong yone e tshesane e bile tsela ya teng e pitlagane, mme e bonwa ke ba le mmalwa.”—Mathaio 7:12-14.

Phiri e e mo letlalong la nku

Go na le batho ba ba lekang go faposa barutwa mo tseleng e e isang botshelong. Ka jalo, Jesu o ba tlhagisa jaana ka batho bao: “Ikeleng tlhoko mo baporofeting ba maaka ba ba tlang mo go lona ba itirile dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.” (Mathaio 7:15) O tlhalosa gore ditlhare tse di siameng le tse di sa siamang di lemogiwa ka maungo a tsone. Go ntse fela jalo le ka batho. Re ka kgona go lemoga baporofeti ba maaka ka dithuto le ditiro tsa bone. Tota Jesu o tlhalosa gore motho ga a nne molatedi wa gagwe ka se a se buang fela, mme gape o bontsha le ka se a se dirang. Batho bangwe ba re Jesu ke Morena wa bone, mme gone go tla direga eng ka bone fa ba sa dire thato ya Modimo? Jesu a re: “Ke tla ba raya ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse! Tswang fa go nna, badirabosula ke lona!’”—Mathaio 7:23.

Jesu o konela thero ya gagwe ka mafoko ano: “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a bo a a dira o tla tshwana le monna yo o botlhale yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng. Mme pula e ne ya tshologa, merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo, le fa go ntse jalo ga e a ka ya wa, ka gonne e ne e thailwe mo lefikeng.” (Mathaio 7:24, 25) Goreng ntlo eno e sa wa? Ka gonne monna yoo o ne “a epa khuti e e kwa tengteng a bo a thaya motheo mo lefikeng.” (Luke 6:48) Ka jalo, go reetsa mafoko a ga Jesu fela ga go a lekana. Re tshwanetse go leka ka natla ‘go a dira.’

Mme go tweng ka motho “yo o utlwang mafoko ano” mme “a bo a sa a dire”? O “tshwana le monna yo o seeleele yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo motlhabeng.” (Mathaio 7:26) Ntlo eo e ka digiwa ke pula, merwalela le diphefo.

Boidiidi jono bo sala bo tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya tsela e Jesu a rutang ka yone. O ruta jaaka motho yo o nang le taolo, e seng jaaka baeteledipele ba bodumedi. Gongwe bontsi jwa batho ba ba mo reeditseng ba nna barutwa ba gagwe.

O RUTA KA GO BOABOELETSA DILO

Jesu o phutholotse matsogo

Ka dinako dingwe, Jesu o ne a boaboeletsa dintlha tsa botlhokwa tsa se a neng a se ruta. Ka sekai, mo Therong ya Kwa Thabeng, o ne a ruta bareetsi ba gagwe gore ba tshwanetse go rapela jang e bile o ne a ba thusa gore ba lebe dikhumo ka tsela e e siameng.—Mathaio 6:9-13, 25-34.

Mo e ka nnang ngwaga le halofo moragonyana, Jesu o ne a boeletsa dithuto tseo. (Luke 11:1-4; 12:22-31) Mokgwa ono wa go boaboeletsa dilo o ne o thusa barutwa ba gagwe gore ba gopole dintlha tsa botlhokwa, e bile o ne o solegela molemo batho ba ba neng ba seyo fa a ne a ruta ka seo lekgetlo la ntlha.

  • Jesu o neela thero ya gagwe e e itsegeng thata a le kwa kae, mme ke bomang ba ba leng foo?

  • Ke eng se se dirang gore thero ya ga Jesu e nne botlhokwa thata?

  • Ke bomang ba tota ba itumetseng, mme ka ntlha ya eng?

  • Ke bomang ba ba tlhomolang pelo, mme ka ntlha ya eng?

  • Barutwa ba ga Jesu ke “letswai la lefatshe” le “lesedi la lefatshe” ka tsela efe?

  • A Jesu o tlotla Molao wa Modimo fela thata? Tlhalosa.

  • Jesu o ntsha kgakololo efe e e ka thusang motho gore a tile go bolaya le go dira boaka?

  • Jesu o kaya eng fa a bua ka go naya motho lerama le lengwe?

  • Re ka itekanela jang jaaka Modimo a itekanetse?

  • Jesu o ntsha ditaelo dife tse di amanang le thapelo?

  • Ke eng fa matlotlo a a re thusang go nna ditsala tsa Modimo a le botlhokwa thata, mme motho a ka nna le one jang?

  • Goreng balatedi ba ga Jesu ba sa tlhoke go tlhobaela?

  • Jesu a reng ka go atlhola ba bangwe, mme gone, goreng ka dinako dingwe re tlhoka go atlhola?

  • Ke eng gape se Jesu a se buang ka thapelo, mme o bua mafoko afe a a itsegeng thata?

  • Jesu o bontsha jang gore go nna morutwa wa gagwe ga go motlhofo, le gore go faposiwa go kotsi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela