PINA 82
“A Lesedi la Lona le Phatsime”
E e Gatisitsweng
1. Jesu o ne a re,
Re bontshe ’sedi,
Re le bontshe botlhe,
Re sa tlhaole.
Ka go ba rerela,
Lefoko la Jah.
A re bontsheng lesedi
Re rute botlhe.
2. A re’itsiseng botlhe
Ka ga Bogosi;
Re phatsimisetse
Batho lesedi.
Fa re ntse re rera,
Re kaelwa ke Jah.
A re rereleng botlhe;
Ba tla’itlhophela.
3. Ditiro tsa rona
tse di molemo,
Di phatsimisetsa
Batho lesedi.
A re direng tshiamo,
Re nne pelontle.
Mme re tla’itumedisa
Mmopi wa rona.
(Bona le Pes. 119:130; Math. 5:14, 15, 45; Bakol. 4:6.)