“Dilo tsa Botlhokwa tsa Lefatshe le le Boitshepo”
TOROPO ya Manhattan e e tlhanaselang ka batho ke lefelo le go sa tlwaelegang go kgobokanyetsa dilo tse di dirilweng ka diatla tse di tlhomamisang ditiragalotsa Bibela mo go yone. Lefa go le jalo, mo Parakeng e Kgolo ya New York City go na le Metropolitan Museum of Art. oo go neng ga bewa “Dilo tsa Botlhokwa tsa Lefatshe le le Boitshepo: Dilo tsa Bogologolo tse di Dirilweng ka Dlatla tsa Israel Museum” mo go one bosheng jaana. Ditshupo tseno di ne di na le dilo dika nna 200 tse di adimilweng kwa Israel Museum mo Jerusalema.
Baagi ba bogologolo ba lefatshe leo la Bibela ba bolela dipolelo tsa bonetse bogologolo ka dilo tseno tse di dirilweng ka diatla. Tlaa re bone. re reetse. re bo re ithute. Lefa go le jalo, lantlha o tshwanetse go palama dikgato tse 28 tse di isang kwa kgorong e e nang le dipilara ya Metropolltan Museum. Fa o setse o le mo teng, o ka nna wa simolola go tsamaya o bona dilotse ditiragalotsa Bibela tsa dingwaga dile dikete dile mmalwa. O tla bona tse di latelang:
Kakgelo ya Habakuke—momeno wa pampiri e e thata mme ele letsatsa ya boleele jo bo ka nnang dimetara di le 1,5, oo leina la Modimo le tlhagang mo go one makgetlo a le mmalwa Momeno ono ke mongwe wa ya ntlha go bonwa le e e ntseng e babalesegile thata ya Memeno ya Lewatle le le Suleng, eo e neng ya bidiwa “phitlhelelo e kgolo thata ya baepa-marope ya lekgolo leno la dingwaga.” (Memeno eo e na le dikarolo tsa buka nngwe le nngwe ya Dikwalo tsa Sehebera kwantle ga ya Esethere ebile ke a bogologolo jo bo ka nnang jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Ka gone, kwantle ga manathwana a mekwalo, ke ya bogologolo jwa sekete sa dingwaga go feta dikaelo tse go itseweng di le tsa bogologolo thata tsa Bibela.) Kakgelo ya Habakuke e na le go feta sephatlo sa buka ya Habakuke (1:4–2:20), e ne ya kwalelwa mo sekwalelong sa monoso ka se-Aramaika kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., mme e na le dikakgelo tse di phepafetseng sentle. “Mme leina la ditlhaka tse nnela ga Jehofa, tetragrammaton, gongwe le gongwe le kwadilwe ka mokwalo wa Sehebera sa bogologolo,” go bolela jalo karata ya boikitsiso ya musiamo. Ee, motho o ke kgona go bona Tetragrammaton sentle thata!
Letsopana la “Ntlo ya Modimo”—dikapetlana tsa letsopa tseo leina la Modimo le tlhagang mo go tsone gabedi ka mokgwa wa Tetragrammaton. Dikapetlana tseno tsa letsopa tse di fitlhelwang mo borwa jwa Iseraele e ne ele lekwalo le le neng le kwaletswe monna mongwe yo o neng a bidiwa Eliashib mme kela bogologolo jwa sephatlo sa bofelo sa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. “Go morena wa me Eliashib: Ekete Jehofa o ka go eleletsa kagiso,” lekwalo le simologa jalo. Le felela ka go re: “O nna mo tlung ya ga Jehofa.”—Bona tsebe 12 ya bukana Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York. Inc.
Mokwalo wa ga Ponto Pilatwe—mokwalo wa bosupi wa mofuta wa one fela mo ditiragalong wa lekgolo la ntlhala dingwaga, o o bonweng mo Caesarea. Pele ga 1961 go ne go umakiwa kaga Ponto Pilatwe fela mo Bibelang le mo mekwalong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya bora-ditiragalo ba Roma le ba Bajuda. Lefa go le jalo, jaanong o ka bona go kwadilwe ka makgaoganyane ka Selatine mo letlapeng la kalaka mafoko a a reng “Ponto Pilatwe Mogolwane wa Judea.” Se se tlhomamisa bogone jwa monna yo o neng a laolela go bolawa ga ga Jesu Keresete.
Mokwalo wa “Lefelo la fa go Leletswang Teng”—leo e kileng ya bo e le karolo ya lebota lele kafa bophirima la koketso ya tempele ya Jerusalema. Fa tempele e ne e senngwa ka 70 C.E., karolo eno ya letlapa e ne ya wela mo mmileng kwa tlase. Mafoko a a reng “fa lefelong la fa go leletswang teng” a kwadilwe ka Sehebera mo letlapeng leno le le ka nnang dikarolo tse nne, la boleele jwa mmetara mme le lebisitse mo lefelong leo moletsi wa lonaka a neng a ema mo go lone, gongwe fa a ne a bolela tshimologo ya go khutla ga Sabata ka go goa ga gagwe ka lonaka Mo dikagong tsotlhe tse di neng di le kwa tlase ga tempele. mokwalo ono ke one fela selo sa botlhokwa se se setseng, ka gone go gatisetsa tiragatso ya boperofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio 24:1, 2.
Mokwalo wa Phitlho ya ga Usia, Kgosi ya Juda—letlapana, disentimetara di le 30 ka disentimetara di le 30, le le nang le mokwalo wa se-Aramaika o o reng: “Fano go ne ga lerwe marapo a ga Kgosi Usia wa Juda. O seka wa bula.” Tlhagiso eno e ka bo e dirilwe ka baka la lepero la gagwe, kana e ka bo e lebisitse mo thibelong e e neng e tlwaelegile ya go sa bule diphupu. (2 Ditihalō 26:16-23) Letlapana leno, la bogologolo jo bo ka nnang jwa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., le ne la bonwa gaufi le Jerusalema mme le supa go fitlhiwa gape ga marapo a kgosi makgolokgolo a dingwaga morago ga loso lwa gagwe, ereka lantlha a ne a se kile a fitlhwa mo diphupung tsa segosi tsa motse oo.
Boemelo jwa Baopedi jwa Sedumedi—boemelo jo bo sa tlwaelegang jwa letsopa jwa bogodimo jo bo ka nnang disentimetara di le 30 jo bo supang sentlentle mediro ya sedumedi ya Filisitia. Serepudi seno se nna baopedi ba le batlhano, mongwe le mongwe a letsa seletswa—disemebala diletswa tsa seka-phaephe tsa maroba a mabedi, seletswa sa bothale, le moropana Boemelo jono bo ne jwa bonwa mo Ashedoda mme ke jwa bogologolo jwa magareng ga bofelo jwa lekgolo la bolesome le bongwe le lwa bolesome lwa dingwaga B.C.E.
Boemelo jwa Bodumedi jwa Kanana—boemelo jo bo gabilweng fa gare, jo bo lekanang ntlha tsotlhe jwa mmopa jo bo kgabisitsweng ka ditshwantsho tsa batho le tsa diphologolo. Bo akareletsa medimo e megolo ya Bakanana ya Ashera, e e dirilweng jaaka setlhare kana kota, le Baale, yo o tshwanang le namane e e galaleditsweng ka kgalalelo ya letsatsi fa godimo ga gagwe. (Ekesodo 34:12-14; 2 Dikgosi 23:4, 5) Boemelo jo bo ka nnang bogodimo jwa disentimetara di le 60, jo bo ka neng gongwe bo ne bo diretswe ditshupelo kana ditlhabelo tsa medimo ya disetwa, bo ne jwa fitlhelwa gaufi le Megido mme ke jwa bogologolo jwa boaphelong jwa lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E.—Bapisa 2 Ditihalō 34:4.
Dinaka tsa Tlou tsa Samaria—dilo tse di setilweng tse di tswang Samaria tsa bogologolo jwa magareng a lekgolo la borobabongwe lelwa borobabobedi la dingwaga B.C.E. Di re gakolola “ntlo ea naka tsa tlou” e e neng e agilwe ke Akabe kwa Samaria kana mekgabisa ya ‘malao a dinaka tsa ditlou’ tse di tlhalosang mokgwa o o maswe wa botshelo oo moperofeti Amose a buang kgatlhanong le one. (1 Dikgosi 22:39; Amose 3:15; 6:4) Ereka badiri ba diatla ba Phoenicia ba ne ba le ditswerere mo go diriseng dinaka tsa tlou, dingwe tsa ditshwantsho tseno tse di dirilweng ka diatla di supa bodumedi jwa seheitane jwa ga Baale, gongwe jo bo neng jwa simololwa ke mosadi wa ga Akabe wa mo-Phoenicia, Jesebele.
Bontsi jwa dilo tse di supiwang di dintle ka popego le ka mmala. Mme dingwe tsa tsone, tse di tshwanang le ditshwantsho tse di setilweng tsa modimo wa sesadi wa tsalo, di bontsha ditlwaelo tse di maswe tsa bodumedi jwa lefatshe leo. Tse dingwe di tlhalosa kafa ditlhotlheletso tsa batswakwa di neng tsa bopa mokgwa wa lone ka teng. Ditshupo tsa “Dilo tsa Botlhokwa tsa Lefatshe le le Boitshepo” le tse dingwe tse di tshwanang le tsone di oketsa kutlwisiso ya motho kaga batho, bopolotiki, bodumedi, le ditiro tsa diatla tsa lefatshe la Bibela.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24 le 25]
Kakgelo ya Habakuke
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Sephuthelwana sa Buka, Musiamo wa Iseraele, Jerusalema
Letsopana la “Ntlo ya Modimo”
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Musiamo wa Iseraele, Jerusalema
Mokwalo wa ga Ponto Pilatwe
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Musiamo wa Iseraele, Jerusalema
Mokwalo wa “Lefelo la fa go Leletswang Teng”
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Musiamo wa Iseraele, Jerusalema
Mokwalo wa Phitlho ya ga Usia
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Musiamo wa Iseraele, Jerusalema
Boemelo jwa sedumedi jwa baopedi
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Musiamo wa Iseraele, Jerusalema