Kaesarea ile Bakeresete ba Pele
MOTSEMOGOLO wa bogologolo o o fa lewatleng wa Kaesarea, o o neng wa agiwa ke Herode yo Mogolo ka bokhutshwane fela pele ga botsalo jwa ga Jesu Keresete, a ile ya nna lefelo leo go ileng ga ribololwa masaledi a le mmalwa mo go lone bosheng jaana ke baithutamarope. “Toro ya ga Kgosi Herode,” ke ditshupo tsa dithibololo tseno, tseo jaanong di bontshiwang go ralala Amerika Bokone.a
Herode o ne a lopela mmusimogolo wa Roma Kaesare Agoseto gore a mo rate. Ka jalo, o ne a bitsa motsemogolo oo Kaesarea (e a rayang, “wa ga Kaesare”) le boemelakepe jwa one Sebastos (Segerika se se rayang “Agoseto”). Banna ba ba neng ba direla Herode ba ne ba aga boemelakepe jo bogolo jo gongwe dikepe di le lekgolo di neng di ka ema mo go jone, mme ba ne ba aga tempele e e matsabatsaba e e nang le setshwantsho se se tlhomilweng koo mmusimogolo a neng a tla obamelwa gone.
Tsamaiso ya Baroma
Kaesarea a ne ya nna bonno jwa semmuso jwa baofisiri ba puso ya Romabanna ba ba neng ba busa Judea. Kaesarea a ne a le lefelo la bopolotiki le la ditiro tsa sesole tsa Roma. Ke gone koo moofisiri wa masole Korenelio le “ba ga gabo, le ditsala tsa gagwe tse dikgolo” ba neng ba nna batho ba ntlha ba eseng Bajuda ba ba sa rupisiwang go amogela Bokeresete. (Ditihō, kgaolo 10) Moefangele Filipo o ne a ya kwa Kaesarea; moaposetoloi Petere le ene o ne a dira fela jalo. Dingwe tsa dikepe tseo moaposetoloi Paulo a neng a di dirisa mo maetong a gagwe a borongwa di ne di ema fa boemelakepeng jwa Kaesarea. Mme mo a ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E., Paulo le Luke ba ne ba nna mo legaeng la ga Filipi, yoo go bonalang a ne a setse a nna koo mme yoo barwadi ba gagwe ba bane le bone ba neng ba direla Modimo.—Ditihō 8:40; 12:18, 19; 18:21, 22; 21:8, 9.
E ne a le kwa Kaesarea koo Paulo a neng a tlisiwa fa pele ga mmusi wa Roma Felise. Ke gone koo gape Paulo a neng a bua mafoko a gagwe a a itsegeng go Feseto: “Ke ipiletsa Kaesare.”—Ditihō, dikgaolo 23-26.
Ditshupo
Fa o tsena kwa ditshupong tseno, o bona setshwantsho se se tlhomilweng sa Leina la gagwe le raya “Lesego” kana “Letlhogonolo.” Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba koo ba ne ba sa ikanye modimo oo wa sesadi wa lesego mme ba ne ba ikanya Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Ba ne ba na le tumelo gape mo go Jesu Keresete, ene yoo Kgosi Herode a neng a kile a leka go mmolaya.
Mo dikamoreng tse pedi tse di latelang, o bona ka moo baithutamarope ba ileng ba ribolola dilo dingwe tseo di fitlhetsweng kwa Kaesarea ka gone le ka moo boemelakepe joo bo neng bo agilwe ka gone. Go tswa foo, mo kamoreng ya bone, o bona nngwe ya dithibololo tse dikgolo tse di dirilweng sesha tsa Kaesarea. Ke one mokwalo fela o o itsegeng wa mmusi wa Roma yoo Jesu Keresete a neng a isiwa kwa go ene. Mokwalo oo o balega jaana: “Ponto Pilatwe, mmusimogolo wa Judea.”
Gape go na le madinyana a boronse a a kgatlhisang thata mo kamoreng eno. Lantlha (kafa mojeng) le kwadilwe jaana: “Ngwaga wa bobedi wa kgololesego ya Sione.” Mo go la bobedi go na le mafoko ano: “Ngwaga wa bone wa go tsosolosiwa ga Sione.” Bakanoki ba bontsha gore letlba la madi ano ke 67 C.E. le 69 C.E. “Kgololesego” a go buiwang ka yone a supela nakong eo mo go yone Bajuda ba neng ba busa Jerusalema, morago ga gore Cestius Gallus a ntshe masole a gagwe a a tlhaselang a Baroma ka ngwaga wa 66 C.E.
Go ntshiwa gono go ile ga dira gore batho ba kgone go tshaba ba tswa mo Jerusalema. Batho bao ba neng ba dumela mo go Jesu ba ne ba tshaba, gonne o ne a buile jaana ka mo go kgethegileng: “Me a tla re to bona Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalo ea ona a le gauhi. Hon, ba ba mo Yudea a ba tshabele kwa dithaben; le ba ba mo Bare ga ona, a ba cwe; le ba ba kwa nagen a ba se ee go tsena mo go ona.” (Luke 21:20, 21) Go lebega a le gore badiri ba madi ano a ditshipi a “phenyo” ba ne ba sa itse sepe ka tshenyego e e neng a ba tlela!
Ka ngwaga wa 70 C.E., masole a Roma a ne a boa gape, a fenya Jerusalema, mme a senya tempele. Go ya ka Josephus, ba ne ba bolaya batho ba ba fetang milione ba ba neng ba kgobokanetse go keteka Tlolaganyo mo motsemogolong oo. Molaodi wa masole a Roma Tito o ne a dira moletlo go keteka phenyo eno—le letsatsi la botsalo la ga morwarraagwe ebong Domitian—ka go dira metshameko mo bobogelong jwa Kaesarea. Koo magolegwa a le 2 500 a neng a latlhelelwa dibatana tsa naga, a tshubiwa, kana a bolawa mo metshamekong e e kotsi.
Mo kamoreng e e latelang mo ditshupong tseno go na le Tyche, modimo wa sesadi wa “iesego” wa Kaesarea setshwantsho se se tlhomilweng sa modimo wa sesadi wa tsalo o o mabele mantsi Diana wa Efeso. Ono ke one modimo wa sesadi oo baobamedi ba one ba neng ba tsosa mokubukubu mo Efeso fa thero ya ga Paulo a ne a dira gore batho ba bantsi ba gane go obamela setshwantsho se se makgapha seno se se setilweng mme ba latela Jesu Keresete.—Ditihō 19:23-41.
Go supilwe dikgapetla tsa letsopa tse di thubegileng tseo di bontshang sekgala se se neng se tsamaiwa mo lekgolong leo la ntlha la dingwaga fela jaaka Dikwalo di senola. Mo polokelong a le nngwe fela ya bogologolo go ne ga fitlhelwa dikgapetla tsa letsopa go tswa kwa mafatsheng a a katologaneng a a jaaka Yugoslavia, Italy, Spain, mme gongwe le Afrika Bokone. Ereka batho ba ne ba tsamaya sekgala se seleele jalo, go motlhofo go tlhaloganya gore baeng ba ba neng ba tswa kwa dikgaolong tse di kgakala tsa Mmuso wa Roma ba ka bo ba ne ba le mo Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. Koo, batho ba le bantsi ba ba neng ba utlwa mafoko a a molemo ka puo ya bone, ba dumela, mme ba kolobediwa. Go ka nna ga bo go ne ga diragala gore bangwe ba ne ba tseela mafoko a a molemo kwa mafatsheng a bone fa ba tswa mo Kaesarea ba tsamaya ka dikepe.—Ditihō, kgaolo 2.
Mo kamoreng e e latelang, papetla e e khutlonne a kgolo e tshweu a tshegeditse dipapetla tsa lekgolo la boraro kana la bo-ne la dingwaga tsa letlapa la mmabole. Pele go ne go kwadilwe mo go yone dikarolo di le 24, kana ditiro, tsa malapa a baperesiti ka thulaganyo eo ba neng ba direla ka yone mo tempeleng ya Jerusalema. Tempele eo a ne e ntse marope ka makgolokgolo a dingwaga mme Bajuda ba ne ba solofela gore a tla tloga a agiwa gape. Dingwaga tse di makgolokgolo moragonyana ba ne ba santse ba rapelela gore Modimo o tsosolose tirelo ya boperesiti mo motlheng wa bone. Mme tempele ga e a ka ya agiwa gape. Jesu o ne a boleletsepele go senngwa ga yone. Mme pele a senngwa, moaposetoloi Paulo, Mojuda yoo pele e neng a le Mofarisai, o ne a bontsha gore Modimo o ne a emiseditse tempele eo sebaka ka sengwe se se botoka—tempele a kgolwane go feta, ya semoya, eo kago e e dirilweng ka diatla e e mo Jerusalema a ileng ya e tshwantshetsa fela, ya a supela go sale gale, kana ya a emela.—Mathaio 23:37–24:2; Bahebera, dikgaolo 8, 9.
Dingwaga tse di makgolokgolo di ne tsa feta mme bathopi ba ne ba tla ba bo ba tsamaya. Marope a Kaesarea kgabagare a ne a nwela mo motlhabeng le mo lewatleng. Koo a ne a emela baithutamarope ba motlha wa segompieno, bao dithibololo tsa bone di re thusitseng go tlhaloganya go le gontsi ka botshelo jwa metlha eo ya bogologolo le ka dilo dingwe tseo re di balang mo Lefokong la Modimo, Bibela.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di setse di bontshitswe kwa National Museum of Natural History kwa Washington, le kwa Natural History Museum ya Los Angeles County, le kwa Museum of Natural History kwa Denver, kwa Colorado. Mafelo a mangwe a di tla bontshiwang kwa go one a kopanyeletsa Science Museum of Minnesota mo Saint Paul le Boston Museum of Science, gammogo le Canadian Museum of Civilization kwa Ottawa.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Tyche, modimo wa sesadi wa Kaesarea.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Pictorial Archivey(NearEastern History) ESt.
Courtesy of the Natural History Museum of Los Angeles County
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Aaron Levin
Israel Department of Antiquities and Museums; ditshwantsho go tswa kwa Mosiamong wa Iseraele, kwa Jerusalema
Courtesy of the Natural History Museum of Los Angeles County