LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/15 ts. 4-10
  • Re ka Lebelela Tshiamo ya Boammaaruri go Tswa go Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re ka Lebelela Tshiamo ya Boammaaruri go Tswa go Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bareetsi ba ba Gwetlhang
  • A Modimo ke yo o ka se Itsiweng?
  • Botlhe ba Tswa Mothong a le Mongwe
  • ‘Leka ka Natla go Itse Modimo, Mme o Tla Kgona’
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • “Tswelela o Dira ka Bojotlhe . . . mo go Ruteng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tshiamo go Botlhe ka Moatlhodi yo o Tlhomilweng wa Modino
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Lefoko la ga Jehofa le A Anama!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/15 ts. 4-10

Re ka Lebelela Tshiamo ya Boammaaruri go Tswa go Mang?

“A Moatlhodi wa lehatshe yeotlhe a ga a ketla a diha tshiamo?”—GENESISE 18:25.

1, 2. Batho ba bantsi ba itshwara jang mabapi le go bo go sena tshiamo?

TSHWANETSE wa bo o lemoga ka mo go utlwisang botlhoko gore go tlhoka tshiamo go tletse-tletse. O arabela jang ka bowena mo go tlhokegeng ga tshiamo ya boammaaruri goo go leng teng?

2 Batho ba bangwe ba arabela ka go belaela gore a go na le Modimo o o tshiamo. Ba ka nna ba iphaka gore ke badumela go sa itsiweng ga Modimo [agnostic]. O tshwanetse wa bo o setse o utlwile lereo leo. Le raya motho yo o dumelang “gore selo sepe fela se segolo (jaaka Modimo) ga se itsiwe ebile gongwe ga se kake sa itsiwe.” Moithuta-matshelo Thomas H. Huxley, wa lekgolo la bo-19 la dingwaga yo o tshegetsang thuto-tlhagelelo ya ga Darwin, o ne a dirisa polelwana “go sa itsiweng ga Modimo” ka tsela eno.a

3, 4. Polelwana “go sa itsiweng ga Modimo” a simologile kae?

3 Lefa go le jalo, Huxley o ne a tsaya lereo “go sa itsiweng ga Modimo” kae? Tota-tota, o ne a le tsaya mo polelwaneng eo a neng a dirisitswe ka tsela nngwe ke ramolao wa lekgolo la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo. Le ne la tlhagelela mo puong nngwe e e itsegeng thata. Polelo eno e a tshwanela gompieno, ka go bo a re naya motheo o o utlwalang wa go itse gore ke jang le gore ke leng tshiamo mo go botlhe a tla nnang gone, mme go feta seo, ka moo a ka re solegelang molemo ka gone ka namana.

4 Polelwana “go sa itseweng ga Modimo” (“go sa itsiweng”) a tserwe fa Paulo a ne a umaka sebeso se se neng se kwadilwe “Sa Modimo Monwe O o Sa Itsiwen.” Polelo e khutshwane eo a ne ya kwalwa ke ngaka Luke mo kgaolong ya bo-17 ya buka ya ditiragalo ya Ditihō tsa Baaposetoloi. Lantlha kgaolo eno a bontsha ka moo Paulo a tlileng ka gone mo Athena. O ka bala boikitsiso jo bo simololang jwa ga Luke le mafoko a polelo eo yotlhe go tswa mo lebokosong le le latelang (tsebe 6).

5. Seemo a ne a le sefe fa Paulo a ne a neela Baathena puo? (Dira gore Ditihō 17:16-31 a balwe.)

5 Eleruri polelo ya ga Paulo a nonofile ebile re tshwanetse go a tlhokomela ka kelotlhoko. Ereka re dikaganyeditswe ke go tlhoka tshiamo go gogolo, re ka ithuta go le gontsi go tswa mo go yone. Lantlha elatlhoko seemo, eleng seo o ka se balang mo go Ditihō 17:16-21. Baathena ba ne ba itumelela go nna mo lefelong le le itsegeng thata la thuto, koo Socrates, Plato, le Aristotle ba neng ba ile ba ruta gone. Athena a ne gape a le mouemogolo wa bodumedi fela thata. Paulo o ne a bona ditshwantsho tsa medimo ya disetwa gongwe le gongwe mo tikologong—tsa modimo wa ntwa Ares, kana Mars; tsa Zeus; tsa Aesculapius, tsa modimo wa bongaka; tsa modimo wa thubakanyo wa lewatle, Poseidon; wa Dionysus, Athena, Eros, le a mengwe.

6. Lefelo la gaeno le ntse jang fa le bapisiwa le seo Paulo a neng a se fitlhela kwa Athena?

6 Lefa go le jalo, go ne go ka tweng, fa Paulo a ne a ka tlhatlhoba toropo ya gaeno kana lefelo la gaeno? O ne a ka nna a bona medimo e mentsi ya disetwa kana ditshwantsho tse di tlhomilweng tsa bodumedi, le eleng mo mafatsheng a La-Bodumedi. O ne a ka nna a bona e mentsi, mo mafelong a mangwe. Buka nngwe e e kaelang a bua jaana: “Medimo ya baIndia, go farologana le ‘bakaulengwe’ ba yone ba ba sa ikanyegeng ba Bagerika, a nna le molekane a le mongwe fela, mme balekane ba yone ba basadi ba newa dinonofo dingwe tse dikgolo fela thata . . . Kwantle ga go feteletsa, go na le dimilione tsa medimo e e dirisanang le mefuta yotlhe ya botshelo le tlholego.”

7. Medimo ya Bagerika ba bogologolo a ne a ntse jang?

7 Medimo a mentsi ya Bagerika a ne e tshwantshitswe jaaka e e seng ya botlhokwa ebile a na le boitshwaro jo bo sa siamang. Boitsholo jwa yone bo ne bo ka nna jo bo tlhabisang ditlhong mo bathong, ee, ebile a le jo bo ka tshwarelwang mo mafatsheng a mantsi gompieno. Ka jalo, o na le mabaka a le mantsi go ka botsa gore Bagerika ba nako eo ba ne ba lebeletse tshiamo ya mofuta ofe mo medimong eo. Lefa go le jalo, Paulo o ne a lemoga gore Baathena ba ne ba ineetse thata mo go yone. A tletse ka ditumelo tse di siameng, o ne a simolola go tlhalosa boammaaruri jo bo tlotlegang jwa Bokeresete jwa mmatota.

Bareetsi ba ba Gwetlhang

8. (a) Baepikuria ba ne ba na le ditumelo dife le dipono dife? (b) Basetoika ba ne ba dumela eng?

8 Bajuda bangwe le Bagerika ba ne ba reetsa ka tlhoafalo, mme Baepikuria ba ba thwadi le batlhalefi ba Basetoika ba ne ba tla arabela jang? Jaaka o tla bona, dikakanyo tsa bone di ne di tshwana ka ditsela tse dintsi le ditumelo tse di tlwaelegileng tsa gompieno, le eleng tseo di rutwang basha mo dikolong. Baepikuria ba ne ba kgothaletsa tsela ya botshelo ya go bona boitumelo jo bogolo jo bo ka kgonegang, segolo bogolo boitumelo jwa mogopolo. Kgopolo ya bone ya gore “a re yen, re nwefi, gonne re coga re shwa ka mosho” a ne e supiwa ke go senang molao le boitsholo ga bone. (1 Bakorintha 15:32) Ba ne ba sa dumele gore medimo a ne a le yone a dirileng lobopo; lefa go le jalo, ba ne ba dumela gore botshelo bo itlhagetse fela ka kotsi e e diragetseng mo lobopong to to itiragaletseng fela. Mo godimo ga moo, medimo eo a ne a sa kgatlhegele batho. Go tweng ka Basetoika? Ba ne ba gatelela thata go dirisa tlhaloganyo, ba dumela gore sere le maatla ke dilo tsa motheo ma lobopong. Basetoika ba ne ba akanya gore Modimo e ne e se motho, go na le go dumela gore Modimo ke Motho. Ba ne ba ikutlwa gape gore botshelo jwa motho bo ne bo laolwa ke tlholelo.

9. Ke ka ntlhayang fa seemo seo Paulo a neng a rera mo go sone a ne a le se se gwetlhang?

9 Batlhalefi bao ba ne ba arabela thuto eo ya ga Paulo ya phatlalatsa jang? Go batla go itse go tlhakane le boikgogomoso jwa mogopolo a ne e le mokgwa wa Baathena ka nako eo, mme batlhalefi bao ba ne ba simolola go tatalalana le Paulo. Kwa bofelong, ba ne ba mo isa kwa Areopago. Kwa godimo ga lefelo la borekisetso la Athena, mme kafa tlase ga Acropolis e e kwa godimo, go ne go na le thaba e e neng a bidiwa ka modimo wa ntwa, ebong Mars, kana Ares, ka jalo a bidiwa Mars’ Hill, kana Areopago. Mo metlheng ya bogologolo, lekgotla kana baatlhodi ba ne ba kopanela koo. Paulo o ka nna a bo a ile a tseelwa kwa lekgotleng la boatlhodi, leo gongwe le neng le phuthegetse fa pele ga Acropolis e kgolo le Parthenon ya yone e e itsegeng gammogo le ditempele tse dingwe le ditshwantsho tse di tlhomilweng. Bangwe ba akanya gore moaposetoloi o ne a le mo kotsing ka go bo molao wa Baroma o ne o sa dumelele ope go itsise ka medimo a mesha. Mme lefa a le gore Paulo o ne a tseetswe kwa Areopago go ya go tlhalosa tumelo ya gagwe kana go supa gore a ne e le morutisi yo o tshwanelegang, o ne a lebagane le bareetsi ba ba boitshegang. A o ne a ka kgona go tlhalosa molaetsa wa gagwe kwantle ga go ba kgopisa?

10. Paulo o ne a dirisa botlhale jang fa a ne a simolola go bua ka tshedimosetso ya gagwe?

10 Tlhokomela go tswa go Ditihō 17:22, 23 kafa Paulo a neng a simolola ka matsetseleko le botlhale ka gone. Fa a ne a bolela gore Baathena e ne a le batho ba bodumedi le gore ba ne ba na le medimo a mentsi ya disetwa, bangwe ba bareetsi ba ka nna ba tswa ba ne ba tsaya gore o a ba akgola. Go na le go tlhasela go obamela ga bone medimo a mentsi, Paulo o ne a lebisa tlhokomelo mo sebesong se a neng a se bone, seo se neng se tshwaetswe “MODIMO MONWE O O SA ITSIWE&” Bosupi jwa hisitori bo bontsha gore dibeso tse di ntseng jalo di ne di le gone, eleng seo se tshwanetseng go nonotsha tshepo ya rona mo polelong eno ya ga Luke. Paulo o ne a dirisa sebeso seno jaaka seo a tla ba fitlhelelang ka sone. Baathena ba ne ba rata kitso le go dirisa tlhaloganyo fela thata. Lefa go le jalo, ba ne ba dumela gore go na le modimo mongwe oo ba neng ba sa o “itse” (Segerika, aʹgno·stos). Ka jalo, go ne go utlwala, gore ba ne ba tshwanetse go letlelela Paulo go ba tlhalosetsa ka one. Ga go ope yo o neng a ka bona go akanya go go ntseng jalo phoso, a ga go jalo?

A Modimo ke yo o ka se Itsiweng?

11. Paulo o ne a dira gore bareetsi ba gagwe ba akanye ka Modimo wa boammaaruri ka tsela efe?

11 Ebu, “MODIMO MONWE O O SA ITSIWEN” ono o ne o ntse jang? “MODIMO” oo o dirile lefatshe le tsotlhe tse di leng mo go lone. Ga go na motho ope yo o ka ganelang gore lobopo le gone, gore dimela le diphologolo di gone, le gore rona batho re gone. Maatla le tlhaloganyo, ee, botlhale, tseo di bonalang mo dilong tseno tsotlhe di bontsha gore di dirilwe ke Mmopi yo o botlhale le yo o maatla, go na le go itlhagela fela ka kotsi. Totatota, tsela eo Paulo a neng a baya mabaka ka yone ebile a na le mosola fela thata mo motlheng wa rona.—Tshenolō 4:11; 10:6.

12, 13. Ke bosupi bofe jwa segompieno joo bo tshegetsang ntlha eo Paulo a neng a bua ka yone?

12 Moragonyana jaana, molepa-dinaledi wa mo Britane Sir Bernard Lovell mo bukeng In the Centre of Immensities, o ne a kwala ka go raraana mo gogolo ga ditshedi tse dinnye fela thata mo lefatsheng. Gape o ne a tlotla kaga gore a botshelo jo bo ntseng jalo bo ka tswa bo lebega bo itlhagetse fela ka kotsi. O ne a konela jaana: “Kgonego ya gore . . . go ne ga tlhaga kotsi eo e neng ya gogela mo go bopegeng ga dimolekhule tse dinnye tsa diporoteine a nnye fela thata. Fa re tlhokomela maemo a nako le sebaka tse re buang ka tsone ga go utlwale le eseng.”

13 Kana akanyetsa letlhakore le lengwe—lobopo lwa rona. Balepadinaledi ba He ba dirisa didirisiwa tsa maranyane go ithuta gore le tlholegile jang. Ba ne ba fitlhelela eng? Robert Jastrow o kwadile jaana mo go God and the Astronomers: “Jaanong re bona kafa bosupi jwa bolepi jwa dinaledi bo lebisang ka gone kwa ponong ya Bibela ya tlholego ya lefatshe.” “Go moitseanape yo o neng a ntse a tshela ka go dumela seo a se akanyang, kgang a felela jaaka toro e e tshosang. O pagame dithaba tsa go tlhoka kitso; o setse a tla fitlha kwa setlhoeng se se kwa godimodimo; fa a palamela lentswe la bofelo, o kopana le setlhopha sa baithutabomodimo [batho ba ba dumelang mo popong] ba ba sa bolong go nna foo ka makgolokgolo a dingwaga.”—Bapisa Pesalema 19:1.

14. Ke mabaka afe ao a neng a tshegetsa polelo ya ga Paulo ya gore Modimo ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ke batho?

14 Ka jalo re kgona go bona ka moo kakgelo ya ga Paulo e e mo go Ditihō 17:24 a neng a le boammaaruri ka gone, seo se re gogelang kwa kgopolong ya gagwe e e latelang, e e mo temaneng ya 25. Modimo yo o maatla yo o neng a kgona go dira “lehatshe le dilo cotlhe tse di mo go yeona” eleruri o mogolo go feta lobopo to to bonalang. (Bahebera 3:4) Ka jalo go tla bo go sa utlwale go akanya gore o ka nna mo ditempeleng, segolo bogolo tse di agilweng ke batho ba ba neng ba dumela phatlalatsa gore ga ba mo ‘itse.’ Abo a le ntlha e e nonofileng jang ne eo e ka neelwang batlhalefi bao ka nako eo ba neng ba ntse ba leba kwa godimo kwa ditempeleng tse dintsi tse di neng di le fela fa godimo ga bone!—1 Dikgosi 8:27; Isaia 66:1.

15. (a) Ke ka ntlhayang fa bareetsi ba ga Paulo ba ne ba ka tswa ba akantse ka Athena? (b) Go bo Modimo a le Monei go tshwanetse ga gogela kwa tshwetsong efe?

15 Bareetsi ba ga Paulo ba ka nna ba tswa ba ne ba He ba obamela sengwe sa ditshwantsho tse di tlhomilweng tsa modimo wa bone wa sesadi yo o ba sireletsang ebong Athena, kwa Acropolis. Athena yo o neng o obamelwa mo Parthenon o ne o dirilwe ka lonaka lwa tlou le gauta. Setshwantsho se sengwe se se tlhomilweng sa Athena se ne se le dimitara di le 20 ka boleele mme se ne se kgona go bonwa ke bapalami ba dikepe go tswa mo lewatleng. Mme go ne go bolelwa gore modimo wa disetwa o o neng o bidiwa Athena Polias o ne o ole go tswa kwa legodimong, nako le nako batho ba ne ba o tlisetsa diaparo tse disha tse ba di dirileng. Lefa go le jalo, fa a le gore Modimo oo banna bao ba neng ba sa o itse a ne a le One o mogolo le o o dirileng lobopo, ke ka ntlhayang fa o ne o ka tlhoka go fiwa dilo tse di dirilweng ke motho tseo batho ba neng ba di lere? O re naya se re se tlhokang: “botshelo” jwa rona, “moea” oo re o tlhokang gore re tshele, le “dilo cotlhe,” go kopanyeletsa le letsatsi, pula, le mmu o o nonneng oo dijo tsa rona di melang mo go one. (Ditihō 14:15-17; Mathaio 5:45) Ke ene Monei, mme batho ke baamogedi. Eleruri Monei ga a ikaega ka baamogedi.

Botlhe ba Tswa Mothong a le Mongwe

16. Paulo o ne a re motho o tswa kae?

16 Morago ga foo, Paulo mo go Ditihō 17:26, o bua ka boammaaruri joo batho ba bantsi ba tshwanetseng go akanya ka jone, segolo bogolo ka go tlhoka tshiamo ga go tlhaolana ka lotso go bonala go le gontsi thata gompieno. O ne a bolela go re Mmopi “o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothufi a le moñwe hela, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.” Kgopolo ya gore ditso tsotlhe tsa batho di ne di utlwana kana a le batho ba le bangwe fela (go lebisitswe go seno jaaka tshiamo) a ne a le sengwe seo batho bao ba neng ba tshwanetse go se akanyetsa ka go bo Baathena ba ne ba iphaka gore ba ne ba tlholegile ka mo go kgethegileng seo se neng se ba farologanya le batho botlhe ba bangwe. Lefa go le jalo, Paulo, o ne a dumela polelo ya Genesise kaga monna wa ntlha, Adame, yoo a leng rraaronamogolo rotlhe. (Baroma 5:12; 1 Bakorintha 15:45-49) Lefa go le jalo, o ka nna wa ipotsa wa re: À kgopolo e e ntseng jalo a ka kgona go tshegediwa mo motlheng wa segompieno wa boranyane?’

17. (a) Bosupi bongwe jwa segompieno bo tshegetsa ntlha ya ga Paulo ka go tshwana jang? (b) Seno se amana le tshiamo jang?

17 Thuto ya thuto-tlhagelelo a akantsha gore motho o ne a tlhagelela mo mafelong a a farologaneng le ka mefuta e e farologaneng. Mme mo tshimologong ya ngwaga o o fetileng, Newsweek e ne ya bua thata ka “Go Batla Adame le Efa” mo karolong ya yone ya saense. E ne ya remelela mo diphitlhelelong tsa bosheng tsa karolo ya go ithuta ka tlhago ya motho. Lefa, fela jaaka re ne re ka lebelela, a se baitseanape botlhe ba ba dumalanang, se se supegang ke gore batho ba tswa mo mothong a le mongwe. Ereka, jaaka Bibela a sa bolo go bolela, rotlhe re le bana ba motho, a ga go a tshwanela go nna le tshiamo mo go botlhe? A rotlhe ga re a tshwanela go tshwarwa re sa tlhaolwe go sa kgathalesege gore re ba mmala ofe, moriri wa rona ke wa mofuta ofe, kana dipopego tse dingwe fela tse di bonalang? (Genesise 11:1; Ditihō 10:34, 35) Lefa go le jalo, re santse re tlhoka go itse gore batho ba tla bona tshiamo jang le gone leng.

18. Polelo ya ga Paulo kaga go dirisana ga Modimo le batho a na le motheo ofe?

18 Ebu, mo temaneng ya 26, Paulo o ne a bontsha gore go ka lebelelwa gore Mmopi o na le boikemisetso, kana le boikaelelo jo bo siameng ka batho. Moaposetoloi o ne a itse gore fa Modimo o ne o dirisana le morafe wa Iseraele, O ne a ba laola gore ba tshwanetse go nna fa kae le gore merafe a mengwe a ne a tshwanetse go ba tshola jang. (Ekesodo 23:31, 32; Dipalo 34:1-12; Duteronome 32:49-52) Legale, bareetsi ba ga Paulo ka go ipelafatsa ba ka nna ba bo ba He ba dirisetsa dikakgelo tseo mo go bone fela. Totatota, lefa ba ne ba itse kana ba sa itse, Jehofa Modimo o ne a setse a boleletse pele go rata ga gagwe ka nako, kana motlha mongwe mo ditiragalong, oo mo go one Bagerika ba neng ba tla nna mmuso wa botlhano o mogolo wa lefatshe. (Daniele 7:6; 8:5-8, 21; 11:2, 3) Ereka Yono a kgona le eleng go dirisa merafe, a ga go utlwale gore re tshwanetse go batla go ithuta kaga gagwe?

19. Ke ka ntlhayang fa ntlha ya ga Paulo e e mo go Ditihō 17:27 a utlwala?

19 Ga go a nna jaaka ekete Modimo o re tlogetse mo lefifing re sa itse sepe ka one, re apaapa jaaka difofu. O neile Baathena gammogo le rona motheo wa go ithuta ka ene. Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana mo go Baroma 1:20: “Nonoho ea [Modimo] e e sa khutlen, le bomodimo yoa ona, di sa le di b6nala sentle gale mo tlholegon ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dihilwen.” Ka jalo, eleruri Modimo ga a kgakala le rona fa re mmatla le go batla go ithuta ka ene.—Ditihō 17:27.

20. Ke jang go leng boammaaruri gore “re a tshikinyega, re leeo” ka Modimo?

20 Re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke kanaanelo go dira jalo, jaaka Ditihō 17:28 a akantsha. Modimo o re file botshelo. Tota-tota, re na le botshelo jo bo gaisang jwa setlhare. Rona, le diphologolo ka bontsi, re na le nonofo e e oketsegileng ya botshelo ya go kgona go tsamaya. A ga re itumelele seo? Mme Paulo o fetisetsa kgang kwa pelenyana. Re tshela jaaka batho ba ba botlhale ba ba nang le botho. Boboko joo re bo filweng ke Modimo bo re kgonisago akanya, go tshwara melao-metheo e e sa bonaleng (jaaka tshiamo ya boammaaruri), le go nna le tsholofelo—ee, go lebelela go diragadiwa ga go rata ga Modimo. Jaaka o ka lemoga, Paulo o tshwanetse a bo a He a bona gore seno se ne se ka se amogelwe ke Baepikuria le batlhalefi ba Basetoika. Go ba thusa, o ne a tsopola baboki ba Bagerika bao ba neng ba ba itse ba bile ba ba tlotla, bao le bone ka go tshwana ba neng ba buile ba re: “Gonne le tuna re losika loa ona.”

21. Go nna ga rona losika lwa Modimo go tshwanetse ga re ama jang?

21 ga batho ba lemoga gore re losika, kana dibopiwa, tsa Modimo Mogodimodimo, go a tshwanela gore ba bade go kaelwa ke ene. Ruri o ka kgatlhwa ke bopelokgale jwa ga Paulo, jaaka a ne a eme gaufi le moriti wa Acropolis. O ne a bua ka bopelokgale gore Mmopi wa rona o mogolo go gaisa setshwantsho sepe se se tlhomilweng se se dirilweng ke motho, go gaisa le eleng sa gauta le lenaka la tlou se se mo Parthenon. Rotlhe ba re dumelang polelo eno ya ga Paulo re tshwanetse gape go dumela gore Modimo ga o tshwane le medimo epe fela ya disetwa eo batho ba a obamelang gompieno.—Isaia 40:18-26.

22. Boikwatlhao bo kopanyelediwa fang mo go amogeleng ga tuna tshiamo?

22 Seno ga se ntlha fela eo motho a ka nnang a e dumela a bo a tswelela go tshela fela jaaka a ne a ntse a tshela pele. Paulo o phepafaditse seo mo temaneng ya 30 jaana: “Ke gona, metlha ea botlhoka loco, Modimo o no oa a tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaee ka ntlha cotlhe.” Ka jalo, jaaka a ne a gogela kwa tigelong ya gagwe e e maatla, Paulo o ne a bua ka ntlha eno e e gakgamatsang—boikwatlhao! Ka jalo fa a le gore re lebeletse tshiamo ya boammaaruri go tswa mo Modimong, go raya gore re tshwanetse go ikwatlhaya. Seo se tlhoka gore re dire eng? Me Modimo o tlile go tlisa tshiamo mo go botlhe fang?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Jaaka ba bantsi gompieno, Huxley o ne a lemoga go tlhoka tshiamo ga La-Bodumedi. Mo tlhamong ya gagwe kaga go sa itsiweng ga Modimo O kwadile jaana: “Fa fela re ne re ka lemoga . . . boitimokanyo jo bogolo le bosetlhogo, maaka, polao, go ganediwa ga maikaelelo mangwe le mangwe a batho tseo di ileng tsa tswa mo motsweding ono go kgabaganya hisitori ya merafe ya Bokeresete, re ne re ka se akanye gore Dihele ke lefelo le le maswe thata.”

A o ka Araba?

◻ Paulo o ne a fitlhela boemo bofe jwa bodumedi kwa Athena, mme ke seemo sefe se se tshwanang se se leng gone gompieno?

◻ Ke ka ditsela dife Modimo o leng mogolo mo medimong yotlhe ya maaka eo Baathena ba motlha wa ga Paulo ba neng ba a obamela?

◻ Ke ntlha efe ya motheo ya tsela eo Modimo o dirileng batho ka yone e e bontshang gore go tshwanetse ga nna le tshiamo mo go botlhe?

◻ Batho ba tshwanetse go itshwara jang fa ba itse ka bogolo jwa Modimo?

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Tshiamo go Botlhe—Ditihō, Kgaolo 17

“16 Me a rile ka Paulo a sa nntse a ba nnetse mo Athena, moea oa gagwb oa tlhotlheletsbga mo ten ga gagwb, ka a bona motse o tletse medimo ea disbtwa. 17 Yalo a nna a hetolana le Bayuda le batho ba ba rapblan Modimo ba le mo tlun ea thuto, le mo patlelon ea moue ea borbkblo ka malatsi aotlhe, a hetolana le ba o rakanan nabo. 18 Me batlhale banwe ba Baepikuria le Basetoika le bone ba ganetsanya nab. Me banwe ba re, O ba a rata go buan mmalabadi eo? Ba banwe ba re, Ekete a ka nna mmoledi oa medimo a sele: ka go bo a bolbla Yesu le go coga ga bashwi. 19 Me ba mo chwara, ba mo isa kwa Areopago, ba re, Cwb, a ga re kake ra itse thuto a ncha e, e u e bolblan, go re, ke en? 20 Gonne a lere dilo dinwe di sele mo ditseben tsa rona: me rea re, re rata go itse dilo tse kwa di kablan gona. 21 Me yana Baathena botlhe le baen ba ba yakilen g6na, ba ne ba tle ba hetise lobaka loa bonb ba sa dihe sepb sa bobedi ha a se go bolbla leha a le go utlwa senwe se sesha hbla. 22 Me Paulo a bma ha gare ga Areopago, me a re,

“Lona banna ba Athena, kea lemoga ha ekete to na le tshisimogo mo dilon cotlhe. 23 Gonne a rile ke heta, ke leba dilo tse to di obamblan, ka hitlhbla le shōna sebesho senwe, se na le sekwalo sa go re, Sa Modimo Monwe O o Sa Itsiwen. Ke gona, se lona to se obamblan ka go tlhoka go itse, ke shōna se ke se to ranolblan. 24 Modimo O o dihilen lehatshe le dilo cotlhe tse di mo go yeona, ona, ka o le Morbna oa legodimo le lehatshe, ga o nne mo ditempelen tse di agiwan ke diatla; 25 Le gona ga o dihelwe ke diatla tsa batho, yaka ekete o tlhoka seo senwe, ecwa ona ka osi o naea botlhe botshelo, le moea, le dilo cotlhe; 26 Me o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothun a le monwe hbla, go tla ba aga mo lehatshin yeotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ea bonb e e laocwen, le melelwane ea maago a bonb; 27 Gore ba batlb Modimo, a tle a re kgotsa ba o apaapb, ba o bonb, leha o se kgakala le monwe le monwe oa rona: 28 Gonne mo go ona rea tshela, mo go ona rea tshikinybga, re leeo ka ona; yaka le banwe bantshi ba dipina ba lona ba buile, ba re, Gonne le rona re losika loa ona.

29 “Ke gona ereka re le lotsalo loa Modimo, ga rea chwanbla go gopola ha o e len Modimo tota o ka chwana le gouda, leha e le selefera, leha a le lencwb ye le setilwen ka bocwiriri le maano a motho. 30 Ke gona, metlha ea botlhoka loco, Modimo o no oa e tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeb ka ntlha cotlhe; 31 Ka o tlhomile letsatsi ye o tla atlholan lehatshe ka yeona ka tshiamo, ka monna eo o mo laotsen; me mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo cositse mo bashwin.”

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Lobopo to Bopilwe

Dr. John A. O’Keefe, wa NASA (National Aeronautics and Space Administration), o ne a kwala jaana ka 1980: “Ke dumalana le pono ya ga Jastrow ya gore balepadinaledi ba gompieno ba bone bosupi jo bo sa belaetseng jwa gore Lobopo to ne lwa bopiwa dingwaga di le dibilione tse di lesome le bodhano go ya go tse di masome a mabedi tse di fetileng.” “Ke bona go kgatlha tota go bona ka moo bosupi jwa Popo . . . bo bonalang ka phepafalo mo go sengwe le sengwe se se re dikologileng eleng: mantswe, loapi, makhubu a seromamowa, le melawana a megolo ya saense.”

[Lebokoso mo go tsebe 9]

“Go Bada Adame le Efa”

Kafa tlase ga setlhogo seo, polelwana nngwe mo Newsweek a ne ya bua jaana ka bontlhabongwe: “Mofatolodi yo o nang le boitemogelo Richard Leakey o ne a bua jaana ka 1977: ‘Ga go lefelo lepe le le lengwe koo motho wa segompieno a tsaletsweng gone.’ Mme lefa go le jalo bao ba ithutang ka tlhago ya motho ba na le go akanya ka tsela a nngwe a sele . . . ‘Fa a le gore kgopolo eno e boammaaruri, a botlhokwa mo ke ka a ntshetsang madi,’ ga bua jalo Stephen Jay Gould, ebong moithuta masalela a ditshedi tsa bogologolo le mokwadi wa dipolelo wa kwa Harvard. ‘Go re lemosa gore batho botlhe, go sa kgathalesege go farologana ga bone ga kafa ntle, tota ke maloko a selo se le sengwe seo se tlhagileng mo lefelong le lengwe fela moragonyana jaana. Go na le mofuta mongwe wa bokaulengwe jwa tlhago jo bo kwa teng go na le jaaka re kile ra lemoga.’”—January 11, 1988.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela