LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/15 ts. 21-23
  • ‘A ba ba sa Reng Modimo Sepe ba Tsamaele Koo!’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘A ba ba sa Reng Modimo Sepe ba Tsamaele Koo!’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo jwa Pele jwa ga Polycarp
  • O Goletsa Boammaaruri jwa Motheo
  • Tiro ya Gagwe kwa Semerena
  • Ke Bomang ba ba sa Reng Modimo Sepe?
  • Go Lekela go Nna Bafenyi
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Borara ba Seaposetoloi—A Dithuto Tsa Bone Di ne Di Dumalana le Tsa Baaposetoloi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • ‘Kgatlhanong le Kitso—E E Bidiwang Kitso Mme E Se Yone’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Bontsi bo Ipolela Fa bo Na le Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/15 ts. 21-23

‘A ba ba sa Reng Modimo Sepe ba Tsamaele Koo!’

BONTSINTSI jwa batho bo ne bo mo leba jaaka motho yo o sa reng Modimo sepe, monna yo a neng a batla go kgoreletsa kobamelo ya bone le go senya medimo ya bone. O ne a sotliwa le go nyadiwa, a bo a tlisiwa fa pele ga bone ba phuthegile phatlalatsa. Fa mmusi a botsisisa, go ne ga tlhagelela monna mongwe yo mogolo yo o nang le seriti wa dingwaga tse 86, mme a dumela gore e ne e le ene. Leina la gagwe e ne e le Polycarp.

Mmusi wa kgaolo eo ya Roma ebong Statius Quadratus o ne a tswelela ka mafoko ano: “Ikane ka Kaisara; fetola mogopolo wa gago mme o re, ‘A balatolamodimo ba tsamaele koo!’” Polycarp o ne a leba boidiidi joo jwa batho ba baheitane ba ba diganana ba ba neng ba tletse mo setediamong. Fa a sena go supa kwa go bone, o ne a bua ka kutlobotlhoko, a lelalela kwa legodimong, mme a re: “A balatolamodimo ba tsamaele koo!” Eleruri, ‘A ba ba sa reng Modimo sepe ba tsamaele koo!’

Mmusi jaanong o ne a buela ka bonako, a re: “Ikane mme ke tla go golola; kgala Keresete.” Mme Polycarp o ne a araba jaana: “Ke Mo diretse ka dingwaga di le masome a a robedi le borataro, mme ga A ise a ntirele sepe se se bosula. Nka kgala Kgosi ya me e e nkgolotseng jang?”

Jalo he go ne ga baakanyediwa gore monnamogolo yono a bolawe. Nama ya gagwe e ne e tlile go tshubiwa ka molelo. Ka ntlhayang? Mme tota Polycarp e ne e le mang? Ditiragalo tse di neng tsa lebisa kwa losong lwa gagwe e ne e le dife?

Botshelo jwa Pele jwa ga Polycarp

Polycarp o ne a tsholelwa mo e ka nnang ka 69 C.E. kwa Asia Minor kwa Semerena (toropokgolo e gompieno e leng Izmir kwa Turkey). Go begwa gore o ne a godisiwa ke batsadi ba Bakeresete. O ne a gola go nna lekawana le le tlhomologileng, mme Polycarp o ne a itsiwe ka bopelontle, go sa ikae e le sepe, le go tshola ba bangwe ka bonolo, le go ithuta ga gagwe Dikwalo ka tlhagafalo. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a nna molebedi mo phuthegong ya Semerena.

Go ile ga begiwa gore mo dingwageng tsa fa a sale mosha, Polycarp o ne a dirisa ditshono go ithuta go tswa go bangwe ba baaposetoloi ka tlhamalalo. Go lebega moaposetoloi Johane e ne e le mongwe wa ba ba neng ba mo ruta. Ebile tota, Irenaeus o bolela gore Polycarp “o ne a sa rutwa fela ke baaposetoloi, mme o ne a kopana le bangwe ba ba ba neng ba bone Keresete, mme o ne a tlhomiwa mo Asia ke baaposetoloi, mo phuthegong e e mo Semerena jaaka molebedi.” Re ka akanya fela ka boipelo le kgotsofalo eo Polycarp a neng a e bona mo bokopanong joo jo bo nonotshang. Go tshwanetse ga bo go ile ga mo thusa gore a itlhomelele kabelo ya gagwe jaaka molebedi mo phuthegong.—Ditihō 20:28; 1 Petere 5:1-4.

O Goletsa Boammaaruri jwa Motheo

Bolebedi jwa ga Polycarp mo phuthegong bo ne jwa simolola mo dingwageng tse di neng di se bonolo tsa nako ya botenegi jo bo neng bo boleletswe pele. (2 Bathesalonia 2:1-3) Go lebega a ne a batla go direla ba bangwe. Ka gone, fa Ignatius wa Antioka kwa Siria a ne a ya kwa loetong lwa gagwe lwa boswela-tumelo kwa Roma, o ne a kopa Bafilipi go romela lokwalo kwa phuthegong ya kwa legaeng la gaabo, mme Polycarp wa Semerena o ne a le isa koo. O ne a romelela Bafilipi lokwalo lwa gagwe ka nako eo.

Mo lokwalong lwa ga Polycarp le le yang kwa go Bafilipi, re bona go tlhomamisiwa ga boammaaruri jo bongwe jwa Dikwalo. O farologanya Modimo le Keresete, Rara le Morwawe, mme o bolela gore re kgona go bona poloko “ka go rata ga Modimo ka Jesu Keresete.” Polycarp o tlhagisa kgatlhanong le go rata madi mme o gakolola babadi gore ba ba gokafalang le banna ba ba lalang le banna ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. (Bapisa 1 Timotheo 6:10; 1 Bakorintha 6:9, 10.) O akareleditse gape le kgakololo mo basading gore ba rate banna ba bone le gore bagolwane ba nne “lorato le boutlwelobotlhoko.” Botlhe ba kgothalediwa gore ba “tlhagafale mo go lateleleng seo se leng molemo.” Kwa bokhutlong, Polycarp o kopa jaana: “A Modimo le Rre wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Jesu Keresete ka Boene, yo e leng Morwa Modimo, yo ebileng e le Moperesiti yo Mogolo wa rona wa bosakhutleng, a age mo go lona tumelo le lorato, le boikobo, bonolo, bopelotelele, boiphapaanyo, boitshoko, le boitsheko.”

Polycarp o ne a tsopola Dikwalo fela ka tshosologo. Mo lokwalong lwa gagwe go Bafilipi, o ne a umaka Mathaio, Ditihō, Baroma, 1 Bakorintha, 2 Bakorintha, Bagalatia, Baefesia, 2 Bathesalonia, 1 Timotheo, 1 Petere, le dikgaolo tse dingwe gape tsa Dikwalo. Seno se re bontsha gore bangwe ba ba ba neng ba bolela gore ke Bakeresete ba ne ba batla go kgomarela melao-metheo ya Dikwalo mo dipakeng tse di bokete tse di tlileng morago ga loso lwa baaposetoloi.

Tiro ya Gagwe kwa Semerena

Semerena, toropokgolo ya bogologolo e e fa lotshitshing lwa Asia Minor, e ne e le boremelelo jo bo atlegang jwa kgwebo. Gape e ne e le boremelelo jwa kobamelo ya Naga. Ka sekai, babusi ba Roma ba ne ka mo go tlhomologileng ba tshwantshiwa jaaka medimo mo mading a ditshipi le mo dikwalelong. Bao ba busang ba ne ba tlhotlheletsa matlhale a ditumelo tsa seheitane.

Go lebega gore ba sekae bao ba neng ba kopanela le phuthego ya Semerena ba ne ba humanegile. Mme ka nako nngwe, ba ne ba akgolwa ka gore ba ne ba humile mo semoyeng. Abo go ne go kgothatsa jang ne mo Bakereseteng ba Semerena go utlwa mafoko a ga Jesu a a neng a kwadiwa ke moaposetoloi Johane! Jesu o ne a raya “moengele,” kana molebedi yo o tloditsweng, kwa Semerena a re: “Kea e itse pitlaganō ea gago, le khumanègō ea gago—me u humile,—me kea go itse go tlhapatsa ga ba ba ikaeañ, go re, ke Bayuda, me e se bōnè, me e le ba phuthègō ñwe ea ga Satane. U se ka ua boiha dilō tse u tlogañ u boga botlhoko yoa cōna: bōnañ diabolo o tloga a latlhèla bañwe ba lona mo tluñ ea kgolegèlō, gore lo lekwè; me lo tla bōna pitlaganō ka malatsi a le shomè. U nnè boikañō hèla le go ea kwa loshuñ, me ke tla gu naea serwalō sa botshelō.”—Tshenolō 2:8-10.

Go huma gope fela mo semoyeng goo go neng go ka tswa go ile ga tswelela fa gare ga bao ba neng ba ipitsa Bakeresete kwa Semerena kwantle ga pelaelo go ne go amanngwa ka tlhamalalo le bolebedi jo bo molemo jwa bagolwane ba phuthego. Nako eo e ne e le ya fa go ne go na le kgogakgogano ya bodumedi, mme maloko a phuthego a ne a dira fa gare ga dingwao le ditlwaelo tse di lwantshanang. Lefelo leo ba neng ba supa mo go lone le ne le tletse ka ditiro tsa bodimona, go akareletsa tirisabadimo le botlhodi, mme ka gone tikologo ya gone e ne e le ya go sa reng Modimo sepe.

Seo se neng se oketsa letlhoo la baagi bao ba baheitane e ne e le letlhoo leo le neng le supiwa ke Bajuda. Fa Polycarp a ne a swela tumelo ya gagwe ka February 23, 155 C.E., go begwa gore bao ba neng ba ganeletse mo Sejudeng ba ne ba thusa fa go ne go phuthiwa dikgong. Ba ne ba dira seno le eleng fa go bolaiwa goo go ne ga dirwa ka letsatsi le legolo la Sabata!

Ke Bomang ba ba sa Reng Modimo Sepe?

Polycarp o ne a ikemiseditse go nna mo Semerena mme a lebagane le kotsi ya go tshwarwa ke baba ba gagwe. Mme ka ntlha ya go patelelwa ke ba bangwe, o ne a ya go iphitlha kwa polasing nngwe e e gaufi. Fa go ne go itsiwe kwa a neng a le gone, o ne a gana go tshaba go ya go iphitlhela ba ba neng ba mmatla mme o ne a bua fela jaana: “A go rata ga Modimo go dirwe.”

Fa a tsena mo setediamong, Polycarp o ne a ema fa pele ga mmusi le boidiidi jo bogolo jo bo galefileng jwa batho. Ereka mmusi a ne a ganelela mo go mo kgothaletseng gore a tlotle Kaisara ka go mo obamela, Polycarp o ne a bua ka phepafalo fela a re: “Ke Mokeresete . . . Mme fa o batla go itse gore Bokeresete bo kaya eng, o ka tlhoma letsatsi mme ke tla tla go buisana nao.” Mmusi o ne a araba ka go re: “Bua kgang ya gago fa pele ga boidiidi jono jwa batho.” Mme Polycarp o ne a re: “Ke tshwanetse go bua le wena, ka gonne re rutilwe gore re tlotle bao ba neilweng taolo . . . fa fela ba sa re pateletse sepe.” Go ise go e kae morago ga foo Polycarp o ne a tshubiwa ka molelo mme a swa ka gonne a ne a ile a seka a itatola Jesu Keresete.

Boemo jwa ga Polycarp jaaka Mokeresete ke selo se se ka tlhomamisiwang ke Modimo fela. Go tweng ka gompieno? Boidiidi jwa Bakeresete ba boammaaruri le bone ga bo kake jwa itatola Keresete. Go na le moo, ba bolela gore ke Kgosi ya Modimo ya Bomesia e e tlhomilweng kwa legodimong. Basupi bano ba ga Jehofa gape ba bontsha gore re setse re tla bona go diragadiwa ga mafoko a ga Jesu a boperofeti a a malebana le “sepitla se segolo,” eleng tiragalo e e kotsi e e tla diragalelang lefatshe. Lefa go ntse jalo, seno se supa eseng bokhutlo jwa batho mme jwa boikepo. Go a kgonega gore motho a falolele mo lefatsheng je lesha je le siameng la kagiso le boitumelo.—Mathaio 24:13, 21, 34; 2 Petere 3:13.

Ke mang yo a neng a ka itlhophela go lwa le barongwa bao ba mafoko a a molemo? Ke fela bao eleruri ba sa reng Modimo sepe, le eleng lefa ba na le “sechwanchō hèla sa poihōmodimo.” (2 Timotheo 3:5) Dithuto tsa maaka tsa bodumedi di foufaditse dikgopolo tsa ba bangwe, mme ba bantsi ba “tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo.” (1 Timotheo 4:1) Bakeresete ba motlha wa segompieno ba ne ba bogisiwa ke batho ba ba sa reng Modimo sepe, bangwe go fitlha ba swa. Mme batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ga ba kitla ba latlhegelwa, ka go bo kgabagare ba tla bona mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. Fa go santse go le jalo, baboledi bano ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo ba sala e ntse e le bareri ba ba tlhoafetseng ba boammaaruri jwa Dikwalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela