LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 12/1 ts. 3-4
  • Bontsi bo Ipolela Fa bo Na le Tumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontsi bo Ipolela Fa bo Na le Tumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leina la ga Jesu Gompieno
  • Leina le le Lebisang Kwa Tumelong ya Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • ‘A ba ba sa Reng Modimo Sepe ba Tsamaele Koo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Leina la ga Jehofa le Botlhokwa go le Kana Kang mo go Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 12/1 ts. 3-4

Bontsi bo Ipolela Fa bo Na le Tumelo

“JESU o mogolo! Ruri o molemo!” go ne ga rialo mosadi mongwe yo o ratang bodumedi wa kwa Brazil. Ee ruri, batho ba a dumela gore leina la ga Jesu le maatla. Go ralala hisitori batho ba ile ba tlhopha go boga le go bolawa ka ntlha ya gagwe.

Moaposetoloi Petere le Johane ba ne ba rera mo ‘motheong wa leina la ga Jesu’ kwa Jerusalema. Ka ntlha ya seo, ba ne ba tshwarwa le go setlakwa. Le fa go ntse jalo, ba ile “ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsena mo tseleng, ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololwa mo boemong jwa leina la gagwe.”—Ditiro 5:28, 41.

Antipase e ne e le Mokeresete yo mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a tlotla leina la ga Jesu thata. Mo bukeng ya bofelo ya Baebele ya Tshenolo, Jesu o ne a mmitsa “mosupi wa me, yo o boikanngo, yo o neng a bolaelwa fa thoko ga lona, kwa Satane a nnang gone.” (Tshenolo 2:13) Antipase le Bakeresete ba bangwe ba Peregamo ba ne ba gana go itatola tumelo ya bone mo go Keresete. Antipase o ne a kgomarela leina la ga Jesu le e leng go isa losong!

Mo e ka nnang dingwaga di le masome a matlhano moragonyana, ka 155 C.E., motho mongwe yo o ipitsang Mokeresete yo o bidiwang Polycarp, o ne a lebana le teko e e ntseng jalo fa a ne a laelwa gore a tlhapatse Keresete. O ile a tsibogela seo jaana: “Ke na le dingwaga tse 86 ke Mo direla, mme ga A ise a ko a ntirele bosula bope. Nka tlhapatsa jang Kgosi ya me e e mpolokileng?” Polycarp o ne a fisediwa mo koteng ka ntlha ya go gana go itatola Keresete.

Baaposetoloi, Antipase le ba bangwe, ba ile ba nonotsha bosupi jwa bone kaga Keresete ka go tlhopha go swa! Go tweng ka batho ba gompieno?

Leina la ga Jesu Gompieno

Leina la ga Jesu le sa ntse le ama batho thata. Kwa Latin America, dikereke tse di ipolelang gore di dumela mo go Jesu di oketsegile ka lobelo lo logolo mo masomeng a dingwaga a bosheng. Tota le metsana e mennye e na le kereke ya Pentekosete. Go ntse go le jalo, tlhotlheletso ya dikereke tseo mo dipolotiking e oketsegile. Ka sekai, mo Kongerenseng le mo Senateng ya Brazil, maemo a le 31 a neilwe maloko a dikereke tseno.

Gape Jesu ke motho wa botlhokwa mo mokgatlhong o mosha wa bodumedi wa kwa United States. Balatedi ba one ba ipitsa gore ke Promise Keepers (Badiragatsi ba Tsholofetso). Ka 1997 makasine wa Time o ne wa bega gore palo ya batho ba ba tlang kwa dikokoanong tsa teng e oketsegile go tloga go 4200 ka 1991 go ya go dimilione di le 1,1 ka 1996. Sengwe sa difela tsa teng sa re: “Oo phenyo mo go Jesu, Mogolodi wa me ka bosakhutleng.”

Le fa go ntse jalo, ga se dikgopolo tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng ke leina la ga Jesu tse di ileng tsa nna molemo. Gantsi go ile ga lowa dintwa go dirisiwa leina la gagwe. Bajuda ba ile ba kgemethwa, baheitane ba gailwa, batho ba ba sa dumeleng ba setlakwa, ba kgaolwa dirwe le go fisediwa mo dikoteng—go dirisiwa leina la ga Jesu. Mme bosheng jaana, tlwaelo ya go gweba ka efangele e setse e ata thata. Dilo tseno tsotlhe ke tsela e e bosula le e e sokameng ya go dirisa leina la ga Jesu le se le se emelang ka tsela e e sa siamang!

Mo godimo ga moo, go tsoga dipotso tseno tse di tshwanelang: Go dumela mo leineng la ga Jesu go akaretsa eng? Mme Basupi ba ga Jehofa ba leba kgang eno jang? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela