LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 2/1 ts. 1-14
  • Tsela ya go Bona Gore “Monna oa Boleo” ke Mang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Bona Gore “Monna oa Boleo” ke Mang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo ya Monna wa Boleo
  • Tsela ya go Bona Gore Motho wa Boleo ke Mang
  • Ba a Ikgodisa
  • Go Tsuologela Kobamelo ya Boammaaruri
  • Setlhopha sa Baruti se se Seng Tumalanong le Dikwalo se Nna Gone
  • Dithuto tsa Boheitane
  • Bomopapa
  • Katlholo ya Modimo Kgatlhanong le “Monna oa Boleo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Senolwa ga Motho yo o Senang Molao
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Keresete O Ne A Ila Boikepo—A Wena wa Bo Ila?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Senola “Monna oa Boleo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 2/1 ts. 1-14

Tsela ya go Bona Gore “Monna oa Boleo” ke Mang

“Oa boiphèhèrō mo molaoñ o tla senolwa, eo Morèna Yesu o tla mmolaeañ.”—2 BATHESALONIA 2:8.

1, 2. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go bona gore monna wa boleo ke mang?

RE TSHELA mo motlheng wa boikepo. Ke selo se se tlhomologileng mo lefatsheng ka bophara. Gongwe le gongwe go boifiwa dilalome tse di boikepo tse di tshosetsang batho le dithoto tsa bone. Lefa go le jalo, go na le karolwana nngwe e e boikepo e e sa bonaleng e e sa bolong go dira ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga. Bibela e e bitsa “monna oa boleo.”

2 Go botlhokwa gore re itse gore monna yono wa boleo ke mang. Ka ntlhayang? Ka gonne o ikaeletse go senya boemo jwa rona jo bo molemo le Modimo le tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng. Jang? Ka go re dira gore re latlhe boammaaruri le go dumela maaka mme ka gone a re tlosa mo go obameleng Modimo wa rona ka “Mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23) Ditiro tsa karolwana eno di supa sentle gore e ganetsa Modimo le maikaelelo a gagwe, go akaretsa le batho ba gagwe ba ba ineetseng.

3. Bibela e re tlhokomedisa motho yono wa boleo jang?

3 Bibela e re bolelela ka monna yono wa boleo mo go 2 Bathesalonia 2:3. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka tlhotlheletso ya moya wa Modimo: “Opè motho a se ka a lo hora ka mokgwa opè: gonne [letsatsi la ga Jehofa la go senya tsamaiso e e boikepo eno] ga [lo] ketla [lo] dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe.” Moaposetoloi Paulo fano o ne a perofesa gore botenegi le monna wa boleo di ne di tla nna gone pele tsamaiso eno e khutla. Ebile tota, Paulo o ne a bua jaana mo temaneng ya 7: “Bosaitsiweñ yoa boiphèhèrō mo molaoñ bo setse bo diha.” Ka jalo monna yono wa boleo o ne a setse a simolotse go itshupa mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Tshimologo ya Monna wa Boleo

4. Ke mang yo o simolotseng le yo o tshegetsang monna wa boleo?

4 Ke mang yo o simolotseng le yo o tshegetsang monna yono wa boleo? Paulo o araba jaana: “Eboñ èna eo go tla ga gagwè go leñ kaha go diheñ ga Satane ka thata eotlhe le ka dichupō, le ka dikgakgamacō tsa maaka, Le ka tsieco eotlhe ea tshiamololō mo go bōnè ba ba nyèlèlañ; ka ba se ka ba amogèla loratō loa go rata boamarure, gore ba bolokwè.” (2 Bathesalonia 2:9, 10) Ka jalo Satane ke ene rraagwe monna yono wa boleo ebile ke ene a mo tshegetsang. Mme fela jaaka Satane a ganetsa Jehofa, maikaelelo a Gagwe, le batho ba Gagwe, monna yono wa boleo le ene o dira jalo, a lemoga kana a sa lemoge.

5. Motho yono wa boleo le ba ba mo latelang ba tla felela jang?

5 Bao ba dirisanang le monna yono wa boleo ba tla diragalelwa ke se se tshwanang—tshenyego: “Me hoñ oa boiphèhèrō mo molaoñ o tla senolwa, eo Morèna Yesu o tla mmolaeañ . . . a mo nyeletsa ka pōnatshègō ea go tla ga gagwè.” (2 Bathesalonia 2:8) Nako eo ya go senngwa ga monna wa boleo le batshegetsi ba gagwe (“ba ba nyèlèlañ”) e tla tla ka bonako “mo motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ.”—2 Bathesalonia 1:6-9.

6. Paulo o re naya tshedimosetso efe e e oketsegileng ka motho yo wa boleo?

6 Paulo o tswelela go tlhalosa yo o boikepo yono a re: “Eboñ èna eo o ikgantshañ, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwañ Modimo, kgotsa mo go ōbamèlwañ; a ba a tle a dule mo tempeleñ ea Modimo, a ikaee go re, ke èna Modimo.” (2 Bathesalonia 2:4) Ka jalo, Paulo o tlhagisa ka gore Satane o ne a tla tlisa motho yono wa boleo, sengwe sa maaka se se neng se tla boifiwa, yoo a neng a tla ipaya le eleng kwa godimo ga molao wa Modimo.

Tsela ya go Bona Gore Motho wa Boleo ke Mang

7. Ke ka ntlhayang fa re konela ka gore Paulo o ne a sa bue ka motho a le mongwe, mme monna wa boleo o emela eng?

7 A Paulo o ne a bua ka motho a le mongwe? Nyaa, ka go bo o bolela go re “monna” yono o ne a setse a le gone mo motlheng wa ga Paulo mme o ne a tla tswelela a le gone go fitlha Jehofa a mo nyeletsa kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. Ka gone, o ile a nna gone ka makgolokgolo a dingwaga. Ka phepafalo fela, ga go monna ope yo a kileng a tshela lobaka lo loleele jalo. Ka jalo, polelwana “monna oa boleo” e tshwanetse ya bo e emela mmele, kana setlhopha, sa batho.

8. Monna yono wa boleo ke mang, mme dingwe tsa dilo tse di mo tlhaolang ke dife?

8 Ke bomang? Bosupi bo bontsha gore ke setlhopha sa baruti ba La-Bodumedi bao ba ikgantshang, bao ba gwalalelang maemo, bao ba ileng ba itira molao ka makgolokgolo a dingwaga. Seno se ka bonwa ka diketekete tsa ditumelo tse di farologaneng le mekgatlhonyana e e mo go La-Bodumedi eo nngwe le nngwe ya tsone e nang le baruti ba yone, lefa go le jalo, di sa utlwane ka dithuto kana ka ditiro. Go ikgaoganya gono ga bone ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore ga ba latele molao wa Modimo. Ga ba tswe mo Modimong. (Bapisa Mika 2:12; Mareko 3:24; Baroma 16:17; 1 Bakorintha 1:10.) Seo se tshwanang ka ditumelo tsotlhe ke gore ga di kgomarele dithuto tsa Bibela ka go bo di tlotse taolo eno: “Lo se ka loa hetèla kwa pele ga dilō tse di kwadilweñ.”—1 Bakorintha 4:6; bona gape Mathaio 15:3, 9, 14.

9. Ke ditumelo dife tse di thulanang le Dikwalo tse motho yono wa boleo a ileng a emisetsa boammaaruri jwa Bibela ka tsone?

9 Ka gone, yo o boleo yono ga se motho a le mongwe: ke baruti ba ditumelo tsa La-Bodumedi. Botlhe, e le bomopapa, baperesiti, banna ba bagolo ba jone, kana bareri ba Baporotesetanta, ba ikarabelela mo maleong a bodumedi a La-Bodumedi. Ba ile ba ruta maaka a boheitane mo boemong jwa boammaaruri jwa Modimo, ba ruta dithuto tse eseng tsa Dikwalo jaaka go sa sweng ga moya wa motho, molelo wa dihele, pakatori, le Tharonngwe. Ba tshwana le baeteledipele ba bodumedi bao Jesu a neng a bua jaana ka bone: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. . . . Ke moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Ditiro tsa bone gape di senola boleo jwa bone, ka go bo ba dira ditiro tse di kgatlhanong le molao wa Modimo. Jesu o raya ba ba ntseng jalo a re: “Tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”—Mathaio 7:21-23.

Ba a Ikgodisa

10. Motho yono wa boleo o ile a dirisana jang le babusi ba dipolotiki?

10 Hisitori e bontsha gore bao ba leng mo setlhopheng seno sa monna wa boleo ba ile ba bontsha boikgodiso le boikgantsho mo ba ileng ba bolelela le bone babusi ba lefatshe se ba tshwanetseng go se dira. Ba dirisa molao wa ‘bomodimo wa tshwanelo ya dikgosi’ jaaka seipato, baruti ba ile ba iphaka go nna bone ba ba tshwanetseng go tsereganya fa gare ga babusi le Modimo. Ba ile ba tlhoma dikgosi mo ditulong tsa bogosi ba bo ba di pagolola mme ba ile ba kgona le go dira batho gore ba tshegetse babusi kana ba ba tsogologele. Ebile tota, ba ile ba bua jaana fela jaaka baperesiti ba bagolo ba Bajuda ba ba neng ba ganetsa Jesu: “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.” (Yohane 19:15) Lefa go le jalo, Jesu o ne a ruta ka phepafalo fela gore: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.”—Yohane 18:36.

11. Baruti ba ile ba ikgodisa jang?

11 Go ikgoleletsa le eleng kwa godimo go feta batho ka kakaretso, setlhopha seno sa boleo se ne sa itirela diaparo tse di farologaneng, gantsi e le tse dintsho. Mo godimo ga moo, ba ile ba ikgabisa ka diaparo tse di kgethegileng tsa mefuta yotlhe, gammogo le dikorone, difapaano, le dirwalo tsa bobishopo. (Bapisa Mathaio 23:5, 6.) Mme Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba sena diaparo tse di ntseng jalo; ba ne ba apara fela jaaka batho ka kakaretso. Baruti ba ipitsa ka direto tse di jaaka “Rara,” “Rara yo o Boitshepo,” “Moruti,” “Moruti yo Mogolo,” “Motlotlegi,” le “Yo o kwa Godimo,” seo se oketsang mo go ‘itsholeletseng ga bone kwa godimo ga botlhe.’ Lefa go le jalo, Jesu o ne a ruta jaana mabapi le direto tsa bodumedi: “Lo se ka loa bitsa opè rra eno mo lehatshiñ.” (Mathaio 23:9) Ka mo go tshwanang, Elihu fa a ne a araba bagomotsi ba ba boitimokanyo ba ga Jobe o ne a re: “U se ka ua ntesa ka gōbèla opè; le gōna ga nketla ke raea motho ōpè maina a a hakañ.”—Yobe 32:21.

12. Paulo a re baruti bano tota ba direla mang?

12 Paulo fa a ne a bolela gore monna wa boleo o ne a setse a simolotse ka tiro ya gagwe mo motlheng wa gagwe, o ne a bua gape jaana ka bao ba bontshang boikutlo jo bo tshwanang le jwa gagwe jwa boleo: “Gonne batho ba ba nntseñ yalo, ke baaposetoloi ba e señ bōnè, ke badihi ba ba tsietsañ, ba ba ichwantshañ le baaposetoloi ba ga Keresete hèla. Me ga se mo go ka gakgamalèlwañ: gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. Me ke gōna, e be e se selō se segolo ha batlhanka ba gagwè le bōnè ba ka ichwantsha le batlhanka ba tshiamō; ba bokhutlō yoa bōnè bo tla nnañ kaha ditihoñ tsa bōnè.”—2 Bakorintha 11:13-15.

Go Tsuologela Kobamelo ya Boammaaruri

13. Botenegi joo Paulo a neng a bo bolelela pele ke eng?

13 Paulo o ne a bolela gore monna yono wa boleo o ne a tla nna gone mmogo le botenegi. Ebile tota, kakantsho ya ntlha eo Paulo a neng a e neela ya gore setlhopha seno sa boleo ke mang, ke go re “letsatsi ya Morèna [fa Jehofa a tla bo a senya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo] . . . ga [lo] ketla [lo] dihala, ha tenègō e sa tle pele.” (2 Bathesalonia 2:2, 3) Mme “tenègō” e raya eng? Mo kgannyeng eno, ga go rewe fela go tlogela kana go wa ka ntlha ya go koafala mo semoyeng. Lefoko le le fano le le diriseditsweng “tenègō” gareng ga tse dingwe, le ne le raya, “go tswa mo tseleng” kana “go lwa kgatlhanong le.” Dithanolelo di sekae di le ranotse jaaka “botsuolodi.” Thanolelo ya ga William Barclay e bua jaana: “Letsatsi leo ga le kake la tla pele Botsuolodi jo Bogolo bo nna gone.” The Jerusalem Bible e bo bitsa “go lwa Kgatlhanong go Gogolo.” Ka gone mo tlhaloganyong eo Paulo a tlotlang seno ka yone, “tenègō” e raya go tsuologela kobamelo ya boammaaruri.

14. Botenegi bo ne jwa simolola go nna gone leng?

14 Botenegi jono, le botsuolodi jono di nnile gone jang? Paulo o ne a kwala kaga “se se kganetseñ,” yo o boleo yono mo go 2 Bathesalonia 2:6. Seo e ne e le eng? E ne e le maatla a a kganelang a baaposetoloi. Go nna gone ga bone, ka dineo tse di nonofileng tse ba di neetsweng ka moya o o boitshepo, go ne ga thibela botenegi gore bo seka jwa anama. (Ditihō 2:1-4; 1 Bakorintha 12:28) Mme fa baaposetoloi ba sule, mo e ka nnang kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, se se kganelang seo se ne se tlositswe.

Setlhopha sa Baruti se se Seng Tumalanong le Dikwalo se Nna Gone

15. Jesu o ne a tlhoma thulaganyo efe mabapi le phuthego ya Bokeresete?

15 Phuthego eo Jesu a neng a e tlhoma e ne ya gola mo lekgolong la ntlha la dingwaga kafa tlase ga kaelo ya bagolwane (balebedi) le batlhanka ba bodihedi. (Mathaio 20:25-27; 1 Timotheo 3:1-13; Tito 1:5-9) Bano ba ne ba tsewa mo phuthegong. E ne e le banna ba ba tshwanelegang mo semoyeng bao ba neng ba sa katisiwa ka tsela e e kgethegileng mo bodumeding, fela jaaka Jesu le ene a ne a sa katisiwa jalo. Eleruri, baganetsi ba gagwe ba ne ba ile ba ipotsa jaana: “Ana motho eo o itse yañ dikwalō, ka a se ka a ithuta gopè?” (Yohane 7:15) Mme babusi ba bodumedi ba ne ba lemoga se se tshwanang seno ka baaposetoloi: “Me yana ea re ba bōna bopelokgale 3yoa ga Petere le Yohane, me ba lemogile ha ba sa rutega, e le batho hèla, ba gakgamala; me ba ba lemoga ha ba kile ba ne ba nna le Yesu.”—Ditihō 4:13.

16. Botenegi bo ile jwa dira gore go fapogiwe sekao sa lekgolo la ntlha la dingwaga sa thulaganyo ya phuthego ya Bokeresete jang?

16 Lefa go ntse jalo, botenegi bo ne jwa tlisa dikgopolo tse di tserweng mo baruting ba Bajuda mme kgabagare le go tswa mo tsamaisong ya bodumedi jwa seheitane jwa Seroma. Fa nako e ntse e tsamaya lefa go ne go ntse go tlogelwa tumelo ya boammaaruri, go ne ga nna le setlhopha sa baruti se se seng tumalanong le Dikwalo. Mopapa yo a neng a rwesitswe serwalo o ne a simolola go busa lekoko la Bakadinale, bao ba neng ba tserwe mo makgolokgolong a bobishopo le bobishopo ba bagolo, bao ba neng ba tlhatlosiwa maemo go tswa go baperesiti ba ba neng ba katisitswe mo dikolong tsa boruti. Ka gone, go ise go e kae morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga, setlhopha sa baruti se ne sa busa La-Bodumedi. Setlhopha seno se ne se sa latele sekao sa lekgolo la ntlha la dingwaga sa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba Bakeresete mme se ne se latela tsamaiso ya bodumedi jwa boheitane.

17. Maatla a motho yono wa boleo a ne a nonotshiwa leng segolo bogolo?

17 Bogologolo mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., badumedi ba ba tlwaelegileng ba ile ba bewa mo maemong a setlhopha se se kwa tlase sa batho fela. Monna wa boleo wa motenegi o ne a ntse a nna le maatla. Maatla ano a ne a nonotshiwa fa go ne go busa mmusi wa Moroma Constantine, segolo bogolo morago ga Council of Nicaea ka 325 C.E. Ka nako eo Kereke le Naga di ne tsa nna seoposengwe. Ka gone, monna wa boleo—baruti ba La-Bodumedi—ba ne ba nna batenegi ba ba ileng ba tsuologela Modimo wa boammaaruri, Jehofa ka makgolokgolo a dingwaga. Ba ne ba latela melao le dithulaganyo tsa bone eseng tsa Modimo.

Dithuto tsa Boheitane

18. Motho yono wa boleo o ne a ruta dithuto dife tse di makgapha tsa boheitane?

18 Monna yo o neng a ntse a gola yono wa boleo o ne a tsaya gape le dithuto tsa boheitane. Ka sekai, modimo o o sa itsiweng, le o o sa tlhaloganngweng wa Tharonngwe o ne wa bewa mo boemong jwa Modimo o o reng: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele.” “Ke Nna Yehofa, me ga go na opè o sele; kwa ntlè ga me ga go na Modimo opè.” (Isaia 42:8; 45:5) Go emisetsa dikgopolo tsa boammaaruri tsa Modimo sebaka ka dithuto tsa batho, le eleng ka tsa boheitane go ne ga atolosiwa go akareletsa le sengwe se se makgapha le go feta: go tlotliwa ga ga Maria yo o boikobo wa Bibela ke La-Bodumedi jaaka “Mmaagwe Modimo.” Ka gone, setlhopha sa baruti seo se rutang dithuto tseno tsa maaka, e ne ya nna sone “mohoka” oo o neng wa jalwa ke Satane go leka go bolaya peo e e molemo e e neng ya jalwa ke Jesu.—Mathaio 13:36-39.

19. La-Bodumedi e ile ya nna ya kgaogana jang go ralala makgolo a dingwaga, mme ke eng seo se nnileng sa nna sa tsweledisiwa?

19 Jaaka dikgaogano le makoko di ne di ntse di nna gone, La-Bodumedi e ne ya kgaogana ka makgolokgolo a ditumelo le ditlhopha. Mme tumelo nngwe le nngwe e ntšha kana setlhopha kwantle ga di le mmalwa fela se ne se ntse se na le ditlhopha tse pedi, sa baruti le sa batho fela. Ka gone, setlhopha sa monna wa boleo se ile sa nna se le gone go fitlha mo motlheng wa rona. Mme se santse se tswelela go ipaya kwa godimo ga batho ba bangwe ka diaparo tsa bone tseo di ba tlhaolang le direto tsa bone tse di kwa godimo. Go phepafetse gore Paulo o ne a sa feteletse dilo fa a ne a bolela gore setlhopha sa monna wa boleo se ile sa ikgalaletsa sa bo sa ikgodisa se ipaya mo boemong jo bo tshwanang le jwa Modimo.

Bomopapa

20. Buka nngwe ya Katoliki e tlhalosa mopapa jang?

20 Sekai sa boikgodiso jo bo ntseng jalo ke sa bomopapa ba Roma. Bukantswe ya kereke ya ga Lucio Ferraris, e e gatisitsweng kwa Italy, e tlhalosa mopapa jaaka “yo o nang le seriti le tlotlomalo mo e leng gore ga se motho fela, mme go ka twe ke Modimo, le Moemedi wa Modimo.” Korone ya gagwe ke korone e e gararo “jaaka kgosi ya legodimo, ya lefatshe, le ya dihele.” Bukantswe yone eo e tswelela ka go re: “Mopapa go ka twe ke Modimo mo lefatsheng, yo e leng ene kgosana ya ba ba ikanyegang ba ga Keresete, kgosi e kgolo mo dikgosing tsotlhe.” E oketsa ka go re: “Ka dinako dingwe mopapa a ka nna a dira kgatlhanong le molao wa bomodimo.” Gape, The New Catholic Dictionary e bua jaana ka mopapa: “Baemedi ba gagwe ba na le taolo mo godimo ga maloko a mangwe a setlhopha sa bodipolomatiki.”

21. Bapisa ditiro tsa mopapa le tsa ga Petere le moengele.

21 Go farologana le barutwa ba ga Jesu, mopapa o apara diaparo tse di matsetseleko ebile o rata go tlotlomadiwa ke batho. Mopapa o letla batho go mo obamela, go atla palamonwana ya gagwe, le go mo rwala mo magetleng ka setilo se se kgethegileng. Abo bomopapa ba ile ba bontsha boikgantsho jang ne ka makgolokgolo a dingwaga! Ba farologana eleruri le Petere yo o boikobo, yo a neng a raya Korenelio, molaodi wa masole a Roma yo a neng a khubama mo dinaong tsa ga Petere a batla go mo obamela a re: “Èma; le nna ka nosi ke motho.” (Ditihō 10:25, 26) Mme abo ba farologana thata jang ne le moengele yo a neng a naya Johane Tshenolō! Johane o ne a leka go obamela moengele yoo, mme moengele o ne a bua jaana: “U se ka ua ba ua go diha mouō: ke motlhanka ka wèna, le ka baperofeti ba ga eno, le ka ba ba bolokileñ mahoko a lokwalō lo: ōbamèla Modimo.”—Tshenolō 22:8, 9.

22. Ke taolo efe ya Dikwalo eo e ka re thusang go bona gore motho yono wa boleo ke mang?

22 A tsela eno e baruti ba tlhalosiwang ka yone ke e e feteletseng? Re ka tlhomamisa seno ka go dirisa molao ono oo Jesu a neng a o re naya wa go lemoga baperofeti ba maaka: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” (Mathaio 7:15, 16) Jalo he, maungo a baruti a ile a nna eng go ralala makgolokgolo a dingwaga le mo lekgolong leno la rona la bo-20? Monna yono wa boleo o tla felela jang, mme ke mang yo le ene a tla bonang se se tshwanang? Bao ba boifang Modimo ka boammaaruri ba na le boikarabelo bofe mabapi le motho yono wa boleo? Setlhogo se se latelang se tla tlhatlhoba dintlha tseo.

Dipotso tsa Poeletso:

◻ Monna wa boleo ke eng, mme o ne a bonala leng?

◻ Bibela ya re yo o simolotseng setlhopha se se boleo seno ke mang?

◻ Baruti ba ile ba ikgoleletsa kwa godimo ga batho jang?

◻ Ke dithuto dife le ditiro dife tsa bodumedi tseo di ileng tsa tlhamiwa ke baruti?

◻ Boikutlo jwa bomopapa bo farologana jang le jwa ga Petere le moengele?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go farologana le bomopapa, moaposetoloi Petere ga a ka a letla batho go mo obamela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela