A Tlholelo E Tshwanetse go Laola Botshelo jwa Gago?
MO LENANENG leo, motho a le mongwe fela yoo a neng a sa dumele thutotlholelo e ne e le Jesu Keresete. Pono ya gagwe e ne e le efe?
Dipego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga tsa botshelo jwa ga Jesu (dibuka tsa Bibela tsa Mathaio, Mareko, Luke, le Johane) di supa gore o dumela gore batho ba ka ama isagwe ya bone, a kaya fela se se ba diragalelang.
Ka sekai, Jesu o ne a re Modimo o tla “naea ba ba mo lōpañ dilō tse di molemō” le gore motho yo o “ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” Ka mo go tshwanang, fa baagi ba Jerusalema ba ne ba itlhokomolosa ditlhagiso tse di ka bong di bolokile matshelo a bone, Jesu ga a ka a re ba ne ba itshwara jalo ka ntlha ya tlholelo. Go na le moo, o ne a re: “Lo ganne!”—Mathaio 7:7-11; 23:37, 38; 24:13.
Re ka bona gape pono ya ga Jesu ka seo a neng a akgela ka sone malebana le kotsi nngwe e e maswe e e neng ya diragala kwa Jerusalema, fa a re: “Ba ba shomè le bohèra mebedi bale, ba kagō e e godileñ e ba wetseñ, ea ba bolaea mo Siloama, a lo itlhoma, go re, e ne e le baleohi go heta batho botlhe ba ba agileñ mo Yerusalema? Kea lo raea, Nya.” (Luke 13:4, 5) Tlhokomela gore Jesu ga a ka a re ba ba 18 bao ba sule ka ntlha ya tlholelo, kana gone go bolela gore ba ne ba swa ka gonne ba ne ba le boikepo go gaisa ba bangwe. Go na le moo, go farologana le Bafarisai ba motlha wa gagwe bao ba neng ba leka go amanya thutotlholelo le go dira ga motho dilo ka go rata, Jesu o ne a ruta gore se motho a se dirang a ka ama isagwe ya gagwe ka namana.
Baaposetoloi ba ga Jesu le bone ka go tshwana ba ne ba ruta gore poloko ke sengwe se se ka bonwang ke botlhe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Le yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ.” Mme moaposetoloi Petere o ne a re: “Hèla yaka banyana ba e leñ gōna ba tsalwañ, lo tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere, gore lo tlè lo golèlè polokoñ ka aōna.” (2 Timotheo 3:15; 1 Petere 2:2; bona gape Ditihō 10:34, 35; 17:26, 27.) Encyclopœdia of Religion and Ethics e e kwadilweng ke Hastings e supa gore bakwadi ba lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga, jaaka Justin, Origen, le Irenaeus, ‘ba ne ba sa itse sepe ka taolelogale e e sa thibelweng ke sepe; ba ne ba ruta ka go dira dilo ka kgololesego.’
Mme fa e le gore batho ba bantsi jaana, go akaretsa Bajuda ba bantsi ba ba neng ba ba dikologile ba ne ba dumela mefuta mengwe ya thutotlholelo, ke ka ntlhayang fa Jesu le Bakeresete ba pele ba ne ba sa dumele gore sepe se se tla diragalelang motho se setse se tlhomilwe? Lebaka le lengwe ke gore kgopolo eno e na le mathata a mantsi. Go umaka a le mabedi fela: Thutotlholelo e thulana le dinonofo tsa ga Jehofa Modimo; e ganediwa ke dintlha tse di tlhomamisitsweng. Mo godimo ga moo, e ka baya botshelo jwa gago jwa jaanong le jwa isagwe mo kotsing. Go sekaseka seno ka kelotlhoko go tla go bontsha gore seno se boammaaruri jang.
Seo Se Kaiwang ke Thutotlholelo le Dinonofo tsa Modimo
Bogologolo mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., motlhalefi Zeno wa Citium o ne a ruta barutwana ba gagwe kwa Athena go “dumela gore Tlholelo ka tsela nngwe e e fitlhegileng e molemo thata.” Lefa go ntse jalo, letsatsi lengwe, morago ga gore Zeno a itse gore motlhanka mongwe wa gagwe o ne a utswile, Zeno o ne a lebagana le seo se kaiwang ke thuto ya gagwe. Jang? Fa a betsa legodu leno, motlhanka o ne a bua jaana: “Mme ke ne ke tlholetswe gore ke tshwanetse go utswa.”
Motlhanka wa ga Zeno o ne a buile sentle. Fa o dumela gore tsela ya motho mongwe le mongwe ya botshelo e tlhomilwe go sa le gale, he go pega motho molato wa gore ke legodu go tshwana le fa o pega peo ya namune molato wa go bo e fetoga setlhare sa namune. Mo godimo ga moo, motho le peo ba gola fela go ya ka thulaganyo. He go baya mabaka ka tsela e e ntseng jalo go kaya eng?
Fa go le jalo, fa e le gore dinokwane di dira fela go ya ka tlholelo, he yo o ba tlhometseng jalo ke ene yo o ikarabelelang ka ditiro tsa bone. Tota yoo e ka nna mang? Ba ba dumelang thutotlholelo ba re ke Modimo ka boone. Fa re baya mabaka ka tsela eno go ya kwa pele, he Modimo e tshwanetse ya bo e le ene Mosimolodi wa Ntlha wa boikepo, thubakanyo, le kgatelelo tse motho a kileng a di dira. A o dumela seo?
Setlhogo sengwe mo go Nederlands Theologisch Tijdschrift (Dutch Journal of Theology) se akgela ka gore pono e e ntseng jalo ya thutotlholelo “e kaya Modimo wa mofuta oo bogolo jang Bakeresete ba sa kakeng ba mo tlhaloganya.” Ka ntlhayang? Ka gonne e ganetsa kafa Modimo o leng ka gone jaaka bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Bibela ba mmolela. Ka sekai, tlhokomela ditsopolo tseno go tswa mo bukeng e e tlhotlheleditsweng ya Dipesalema: “Ga u Modimo o o nañ le go kgatlhwa ke boikèpō.” “Moikepi le eo o ratañ go thubaka, mōea oa gagwè oa ba ila.” “[Kgosi ya Bomesia ya Modimo e] tla golola meōea ea bōnè mo pogishoñ le mo thubakoñ.” (Pesalema 5:4; 11:5; 72:14) Ka phepafalo he, dilo tse di kaiwang ke thutotlholelo di thulana ka ditlhogo le dinonofo tsa Modimo.
Thutotlholelo le Mabaka
Mme go tweng ka dikotsi tsa tlholego? A ga di a tlhongwa ka tlholelo gore di tla diragala mme ka gone di ka se ka tsa tilwa?
Mabaka a bontsha eng? Tlhokomela se se neng sa bonwa fa go ne go ithutiwa ka se se bakang dikotsi tsa tlholego, jaaka se begiwa ke pampiri ya dikgang ya Se-Dutch ebong NRC Handelsblad: “Go fitlha jaanong, dithoromo tsa lefatshe, merwalela, go gosomana ga maje mo makgotlhong, le dikgwanyape . . . ga di bolo go nna di lejwa e le dilo tse di sa tlwaelegang fela tsa tlholego. Lefa go ntse jalo, fa go sekasekiwa ka kelotlhoko go lemogiwa gore go feretlha ga motho tlholego thata go ile ga ama nonofo ya tikologo ya go ikemela kgatlhanong le dikotsi tse di ntseng jalo. Go felela ka gore dikotsi tsa tlholego di bolaye batho ba le bantsi go gaisa pele.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Merwalela ya kwa Bangladesh e e umakilweng mo setlhogong se se fetileng ke sekai sa seno. Borasaense jaanong ba bolela gore “go senngwa ga mafelo a magolo a dikgwa kwa Nepal, India Bokone, le Bangladesh e ile ya nna lone lebaka le legolo le le bakang merwalela e e neng ya tlhasela Bangladesh mo dingwageng tsa bosheng.” (Makasine wa Voice) Pego e nngwe e bolela gore go ntshiwa ga ditlhare go ile ga oketsa kafa merwalela e diragalang ka gone mo Bangladesh eleng go tloga go morwalela o le mongwe mo dingwageng dingwe le dingwe tse 50 go ya go morwalela o le mongwe mo dingwageng dingwe le dingwe tse 4. Ditiro tse dingwe tse di tshwanang tsa go feretlha ga motho mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe go ile ga felela ka dikotsi tse di tshwanang—komelelo, melelo e e fisang dikgwa, le go gosomana ga mmu le maje mo makgotlhong. Ee, ditiro tsa motho—eseng tlholelo e e sa tlhaloganngweng—gantsi ke gone go bakang kana go dirang gore dikotsi tsa tlholego di nne maswe go feta.
Ereka go le jalo, motho o tshwanetse go dira se se kgatlhanong le seo: a fokotse dikotsi. A go ntse jalo? Eleruri. Tlhokomela dintlha tseno: UNICEF (United Nations Children’s Fund) e bega gore makgolokgolo a bana a ile a foufala ka dingwaga tse dintsi mo dinageng tse di kwa teng ga Bangladesh. A seno se ne se bakiwa ke tlholelo e e sa fetogeng? Gotlhelele nnyaa. Morago ga gore badiri ba UNICEF ba bue le bommabana gore ba se ka ba fepa bamalapa a bone ka reisi fela mme ba ba neye le merogo, bolwetsi joo jwa matlho bo ne jwa simolola go fokotsega. Jaanong, go fetola mokgwa ono wa go ja go ile ga falotsa bana ba ba makgolokgolo ba kwa Bangladesh gore ba se ka ba foufala.
Ka mo go tshwanang, batho bao ba sa gogeng motsoko ba tshela dingwaga di ka nna tharo kana di le nnè go feta ba ba o gogang. Bapagami ba dikoloi ba ba ipofang ka mabanta a ditilo ga ba bolaiwe ke dikotsi thata jaaka bao ba sa ipofeng. Go phepafetse he gore se o se dirang—eseng tlholelo—ke sone se se amang botshelo jwa gago.
Diphelelo tse di Bolayang tsa Thutotlholelo
Jaaka go umakilwe, tlholelo e ka nna ya fokotsa boleele jwa botshelo jwa gago. Jang? Fa e tlotla ka “dikai tsa thutotlholelo tsa mofuta o o tshosang thata,” The Encyclopedia of Religion e bua jaana: “Re itse ka ditlhaselo tsa dintwa tsa boipolao tsa Bajapane le go ipolaya go go neng go dirwa kwa dikampeng tsa SS (Schutzstaffel) mo pusong ya ga Hitler mo Ntweng ya Lefatshe II goo go neng go dirwa ka kgopolo ya gore e ne e le bofelelo (Schicksal) joo go neng go akanngwa gore bo ne bo le botlhokwa go feta matshelo a batho.” Mme bosheng jaana one motswedi oo o akgela ka gore “ditlhaselo tsa boipolao tse di tlhotlhelediwang ke bodumedi tse di dirwang mo dilong tse go neng go tsewa gore di tshosetsa Baiselamo . . . e ile ya nna selo sa ka metlha se se neng se begwa mo dipampiring tsa dikgang kwa Botlhaba jo bo Gaufi.” Dipego tseo di bolela gore diketekete tsa masole, di ne di tsena mo ntweng di tlhatswegile pelo gore “fa go sa kwalwa gore motho o tlile go swa, ga a kake a gobala le eseng.”
Lefa go le jalo, le barutisi ba ba tlotlegang ba Bamoselema ba kgatlhanong le boitsholo jo bo botlhaswa joo. Ka sekai, moeteledipele mongwe wa semoya wa Moiselamo o ne a bua jaana: “Yo a leng mo molelong o tshwanetse go dira go rata ga Modimo; mme yo a iseng a tsene mo molelong ga a tshwanela go itatlhela mo go one.” Se se utlwisang botlhoko ke gore diketekete tsa masole ga di a dira tumalanong le kgakololo eno ya moeteledipele yono wa semoya wa Moiselamo. Mo dingwageng tse di ka nnang robedi tsa ntwa, Iran e ne ya latlhegelwa ke batho ba ba fopholediwang go 400 000—dintsho tsa ntwa tse di fetang tseo United States e neng ya nna le tsone mo Ntweng ya Lefatshe II! Go phepafetse gore go dumela thutotlholelo go ka khutshwafatsa botshelo jwa gago. Go ka baya le botshelo jwa gago jwa isagwe mo kotsing. Jang?
Ereka yo o dumelang thutotlholelo a dumela gore isagwe ga e kake ya tilwa ebile e tlhomame fela jaaka nako e e setseng e fetile, a ka nna a tshela ka mokgwa mongwe o o kotsi. Mokgwa ofe? Encyclopedia of Theology e araba jaana: “Motho . . . o ikutlwa a sena maatla, ebile a se botlhokwa mo tikologong ya batho ba a ka se kang a ba tila. Seno se dira gore motho a totomale fela a bo a kgotsofalela go itshwarelela ka tlhaloso ya tumelabotlhodi ya gore sengwe le sengwe se ikaegile ka tlholelo ya masaitsweng e lefa go le jalo e tla diragalang ka boammaaruri.”
Ke eng se se dirang go totomala fela kotsi jaana? Gantsi go felela ka go nna le boikutlo jwa go tlhoka tlhaloganyo jwa go itlhoboga. Seno se ka thibela motho yo o dumelang thutotlholelo mo go direng maiteko ape fela kana le eleng go arabela taletso e e molemolemo eno ya Modimo: “Hèèlañ! moñwe le moñwe eo o nañ le lenyōra, tlañ metsiñ . . . Sekègañ tsèbè ea lona, me lo tlè mo go nna: utlwañ, me mōea oa lona o tla tshela.” (Isaia 55:1-3) Fa e le gore go dumela tlholelo ke gone go dirang gore o palelwe ke go ‘tla’ le go ‘reetsa,’ go tla felela ka gore o se bone tshono ya go “tshela” ka bosakhutleng mo lefatsheng le le tlang le le tsosolositsweng la Paradaise. Abo o tla bo o latlhegetswe thata jang ne!
Ka jalo o eme fa kae? Fa o goletse mo tikologong eo batho bao go akanya ga bone go ikaegileng ka dikgopolo tsa thutotlholelo, o ka tswa o ile wa amogela tumelo eo o sa e tlhatlhoba. Lefa go le jalo, dikganetso tse go neng ga tlotliwa ka tsone mo setlhogong seno di ka tswa di go thusitse go bona gore botshelo jwa gago jwa jaanong le jwa isagwe bo betliwa ke se o se dirang ka bowena.
Jaaka o bone, mabaka, dintlha, mme mo godimo ga moo, Dikwalo Tse Di Boitshepo di supa gore ga o a tshwanela go ineela mo boikutlong joo jwa go fenngwa gotlhelele. Go na le moo, Jesu o ne a kgothatsa jaana: “Ganèlañ go tsèna ka kgōrō e e pitlaganyeñ.” (Luke 13:24) O ne a kaya eng? Mongwe yo o akgelang ka Bibela o ne a tlhalosa jaana: “Lefoko [go ganela] le tserwe mo metshamekong ya Segerika. Mo mabelong a bone . . . ba ne ba lwela, kana ba ganelela, kana ba dirisa maatla otlhe a bone go fenya.” Go na le gore o itetle gore o fenngwe mo botshelong, Jesu o ne a kgothaletsa gore o lwele go fenya mme eseng sepe se sele!
Ka gone, latlha go totomala gope fela go go bakilweng ke tlholelo. Tsena mo lobelong lwa botshelo jaaka Lefoko la Modimo le kgothaletsa jalo, mme o se ka wa letla gore thutotlholelo e go dire gore o iketle. (Bona 1 Bakorintha 9:24-27.) Oketsa mosepele ka go dira tumalanong le taletso eno e e reng: “Itshenkèlè botshelō, gore u tshelè, wèna le losika loa gago.” O ka dira tlhopho eo jang? Ka “gore u ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñaparèla.” Go dira jalo go tla go dira gore o fenye, gonne Jehofa o tla itshupa a le “botshelō yoa gago, le bolele yoa malatsi a gago.”—Duteronome 30:19, 20.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Moshe ga a ka a ruta ka tlholelo mme o ne a kgothatsa jaana: “Itshenkèlè botshelō, gore u tshelè.”