LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/1 ts. 10-15
  • Ba Ne Ba Arabela Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Ne Ba Arabela Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Moshe A Neng A Arabela ka Tsela E E Senang Bogagapa ka Gone
  • Tsela E E Molemo E Dafide A Neng A Dira Ka Yone
  • Jesu Keresete, Sekao sa Rona Se Se Itekanetseng
  • Re Ka Arabela Jang Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/1 ts. 10-15

Ba Ne Ba Arabela Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa

“A bo batho ba ka ka ba baka Yehofa ka ntlha ea molemō oa gagwè, le ka ntlha ea ditihō tsa gagwè tse di gakgamatsañ mo baneñ ba batho!”—PESALEMA 107:8.

1. Moaposetoloi Johane o gatelela nonofo ya lorato jang mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha?

“MODIMO o loratō.” Abo mafoko ao a na le bokao jo bogolo jang ne! Ga go gakgamatse go bo Johane a ne a bona go le botlhokwa go a boeletsa gape mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha. (1 Yohane 4:8, 16) Jehofa Modimo ga a lorato fela mme gape o a lo supa, kana o emela lorato.

2. Modimo o ne wa bontsha lorato ka ditsela dife fa o ne o bopa monna le mosadi le go ba tlhokomela?

2 Akanya ka lorato lo Modimo o neng wa lo supa fa o ne o re bopa. Mafoko ano a ga Dafide a kanaanelo a tshwanela tota. O ne a bolela jaana jaaka mopesalema yo o tlhotlheleditsweng: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ.” (Pesalema 139:14) Modimo o dirile gore re kgone go itumela fela ka bosakhutleng ka go re naya ditsela tse tlhano tsa kutlo—go bona, go utlwa ka ditsebe, go latswa, go dupa, le go ikutlwa gore re kgone go tshela re itekanetse ebile re itumetse. Abo re bona bontlentle jang ne mo tikologong ya rona! Abo dijalo le diphologolo tse dintsi le tse di farologaneng di le dintle jang ne, re sa bue sepe ka bontle jwa mefuta ya batho le dipopego tsa bone! Modimo o ne wa re naya gape le maungo, merogo, le dijo tse dingwe tse di monate tota tse di farologaneng. (Pesalema 104:13-16) Moaposetoloi Paulo o ne a na le lebaka le le molemo fa a ne a gakolola baagi ba Lusetera wa bogologolo gore Modimo o “nntse o diha molemō, me oa lo nesetsa dipula tse di cwañ mo legodimoñ, oa lo naea metlha ea mauñō, oa tlatsa pelo tsa lona ka diyō le boitumèlō.”—Ditihō 14:17.

3. Modimo o re neile dinonofo dife tse di gakgamatsang?

3 Akanya gape ka masego otlhe a a nnang gone fa botshelo jwa lelapa e le jo bo itumetseng. Mo godimo ga moo, akanya ka dilo tse di itumedisang tseo re kgonang go di itumelela ka ntlha ya dinonofo tsa rona tsa go akanya le tsa boikutlo: go itlhoma ka sengwe, go baya mabaka, go gakologelwa, segakolodi, mme segolobogolo go kgona ga rona go obamela—tsotlhe tseo di re dirang gore re fete diphologolo; lefa e le gone go tlhokomologa boitumelo jo re bo bonang ka mmino. Dilo tseno le dimpho tse dingwe tse dintsi di supa lorato lwa Modimo mo go rona.

4. Batho ba ile ba bontshiwa lorato lwa Modimo jang go tloga fa batsadi ba rona ba ntlha ba tlola molao?

4 Ga go na pelaelo ya gore Adame le Efa ba ne ba ipelela dilo tse dintsi tse di kgatlhang fa ba ne ba itekanetse mo tshimong ya Edena. (Genesise 2:7-9, 22, 23) Mme fa ba ne ba palelwa ke go arabela dilo tsotlhe ka tsela e e senang bogagapa tse ba neng ba na natso tseo Modimo o neng wa ba bontsha lorato lwa one ka tsone, a Modimo o ne wa latlha batho botlhe? Gotlhelele nnyaa! Ka bonako fela o ne a baakanyetsa gore diphoso tse batsadi ba rona ba ntlha ba neng ba di dirile di baakanngwe. (Genesise 3:15) Jehofa o ne a supa lorato le bopelotelele gape ka go itshokela bana ba ba sa itekanelang ba ga Adame. (Baroma 5:12) Ka lobaka lo lo kana kang? Aitsane, go fitlha jaanong ke dingwaga tse di ka nnang 6 000! Mme segolobogolo Modimo o ne wa supa lorato fa a ne a dirisana le batlhanka ba gagwe. Mafoko ano a boammaaruri: “Yehofa, Yehofa, Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure. O o bolokèlañ ba makgolo kgolo boutlwèlō botlhoko, o o ichwarèlañ tshiamololō, le tlolō, le boleo.”—Ekesodo 34:6, 7.

5. Jehofa o ne wa supa bopelotelele jo bo lorato jang fa a ne a dirisana le morafe wa Iseraele?

5 Ee, bopelotelele jo Jehofa Modimo a neng a bo supa fa a ne a dirisana le Baiseraele go tloga ka nako ya fa a ne a ba tlisitse jaaka morafe fa tlase ga Thaba ya Sinai go fitlha fa go tlhoka kutlo ga bone go ne go mo pateletsa gore a ba nyeletse gotlhelele bo ne bo le bogolo tota. Ke fela jaaka fa re bala jaana mo go 2 Ditihalō 36:15, 16: “Me Yehofa, Modimo oa borraabō, a roma kwa go bōnè ka baroñwa ba gagwè, a phakèla a ba roma; ka gonne o na a utlwèla batho ba gagwè botlhoko, le helō ga boagō yoa gagwè; Me ba shotla baroñwa ba Modimo, ba nyatsa mahoko a gagwè, ba tshèga baperofeti ba gagwe, ga tsamaea bogale yoa ga Yehofa yoa cogèla batho ba gagwè, ga tsamaea phodishō ea tlhōkahalèla rure.” Mme go na le bao eleruri ba neng ba arabela lorato lwa ga Jehofa Modimo ka tsela e e senang bogagapa. A re tlhatlhobeng matshelo a bangwe ba batho bano go bona gore ba ne ba dira seo jang. Seno se tla re naya motheo wa kafa re ka supang ka gone ka ditsela tse di bonalang tota ka moo re arabelang lorato lwa ga Jehofa ka tsela e e senang bogagapa ka gone.

Kafa Moshe A Neng A Arabela ka Tsela E E Senang Bogagapa ka Gone

6. Sekao sa ga Moshe se ne se tlhomologile ka ditsela dife, mme o ne a itemogela lorato lwa Modimo fa a ne a dira mo maemong afe?

6 Moshe ke sekao se se tlhomologileng sa motho yo a neng a arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa. Abo Moshe a ne a na le ditshono tse dikgolo jang ne jaaka morwa yo a neng a neetswe morwadia Faro! Mme o ne a itlhophela “go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka; A kaea ha go kgōbèlwa Keresete e le khumō e e molemō go gaisa mahumō a Egepeto.” (Bahebera 11:25, 26) Moshe ka nako nngwe o ne a batla go golola bakaulengwe ba gagwe, ebong Baiseraele, mo bokgobeng kwa Egepeto. Mme ga ba a ka ba anaanela maiteko a gagwe, ebile e ne e ise e nne nako ya Modimo ya go ba golola. (Ditihō 7:23-29) Lefa go ntse jalo, masomesome a dingwaga morago ga foo Jehofa o ne a mo naya maatla a go dira dikgakgamatso di le dintsi le go nna moperofeti wa Gagwe, moatlhodi, motlhomamolao, le motsereganyi mo Baiseraeleng ka dingwaga di le 40, gonne Moshe a ne a na le tumelo ebile a iketleeditse go thusa bakaulengwe ba gagwe. Mo maemong otlhe ano a boikarabelo, Moshe o ne a bona ka makgetlo a mantsi kafa Jehofa a neng a mo rata ka gone mmogo le kafa a neng a rata Baiseraele ba bangwe ka gone.

7. Moshe o ne a arabela jang ka tsela e e senang bogagapa fa Modimo o ne o mmontsha lorato?

7 Moshe o ne a dira jang fa Modimo o ne o mmontsha lorato le bopelonomi jwa one jo bo sa tshwanelang? A o ne a ‘amogelela tshegofatso ya Modimo lefela’? (2 Bakorintha 6:1) Legoka! Moshe o ne a arabela ka tsela e e senang bogagapa fa Jehofa o ne o mmontsha lorato ka go sekamela mo Modimong ka botlalo. O ne a leba kwa go Jehofa ka dinako tsotlhe mme o ne a na le kamano e e atamalaneng thata le Modiri wa gagwe. Abo Modimo a ne a bua molemo jang ne ka Moshe fa a ne a kgalema Arone le Miriamo fa ba ne ba tshwaya morwarraabone diphoso! Ee, Jehofa o ne a bua “molomo le molomo” le Moshe mme a mo letla gore a bone “popègō ea ga Yehofa.” (Dipalō 12:6-8) Lemororo Moshe a ne a na le ditshiamelo di le dintsi, o ne a tswelela a le boikobo mo bathong botlhe mme a dira ditaolo tsa ga Jehofa “yalo hèla.”—Ekesodo 40:16; Dipalō 12:3.

8. Moshe o ne a bontsha jang gore maikutlo a gagwe tota a ne a sekametse mo Modimong?

8 Moshe o ne a supa gape gore o sekametse mo Modimong ka tsela e e senang bogagapa ka go supa fa a ne a amega ka leina la ga Jehofa, kafa a neng a itsege ka gone, le kobamelo e e itshekileng. Ke gone ka moo Moshe a neng a atlega mo makgetlong a mabedi a fa a ne a kopa Jehofa gore a utlwele Baiseraele botlhoko gonne leina la Modimo le ne le amega. (Ekesodo 32:11-14; Dipalō 14:13-19) Fa Baiseraele ba ne ba tsenelela mo kobamelong ya modimo wa namane, Moshe o ne a supa fa a tlhagafaletse kobamelo e e itshekileng ka go tlhaeletsa jaana: “Leha e le mañ eo o ntlheñ ea ga Yehofa a a tlè kwano go nna.” Morago ga foo, Moshe le botlhe bao ba neng ba na le ene ba ne ba bolaya baobamedi ba le 3 000 ba medimo ya disetwa. Morago o ne a itshokela batho ba ba ngongoregang le ba ba botsuolodi bao ka dingwaga tse 40. Eleruri ga go na pelaelo ya gore Moshe o ne a arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa, a re tlhomela sekao se se molemo gompieno.—Ekesodo 32:26-28; Duteronome 34:7, 10-12.

Tsela E E Molemo E Dafide A Neng A Dira Ka Yone

9. (a) Dafide o ne a arabela jang lorato lwa ga Jehofa Modimo ka tsela e e senang bogagapa? (b) Jaaka Dafide, re ka tlotla Jehofa jang ka dilo tse di botlhokwa?

9 Motho yo mongwe wa Bibela yo o tlhomologileng yoo a neng a tlhoma sekao se se molemo sa go arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa e ne e le mopesalema Dafide, ebong kgosi ya bobedi ya Iseraele. Go tlhagafalela ga gagwe leina la ga Jehofa go ne ga mo tlhotlheletsa go lwa le seganka se se neng se sotla sa Mofilisitia ebong Goliate, mme Modimo o ne wa dira gore Dafide a fenye. (1 Samuele 17:45-51) Yone tlhagafalo eo e ne ya tlhotlheletsa Dafide gore a tlise letlole la kgolagano mo Jerusalema. (2 Samuele 6:12-19) A mme keletso ya ga Dafide ya go agela Jehofa tempele e ne e le sesupo se sengwe gape sa botlhaga jwa gagwe le kafa a anaanelang lorato lwa Modimo le molemo wa gagwe ka gone? Eleruri e ne e le sone. Lemororo a ne a tingwa tshiamelo eo, seo ga se a ka sa thibela Dafide go baakanyetsa tiro eno le go tlotla Jehofa ka go ntsha gouta, selefera, le majana a a tlhokegang a tlhwatlhwa e e kwa godimo ka boene. (2 Samuele 7:1-3; 1 Ditihalō 29:2-5) Re tshwanetse go tlhotlheletsega go ‘tlotla Jehofa ka thoto ya rona’ re arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa re dirisa dilo tse re nang le tsone tse di bonalang go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele.—Diane 3:9, 10; Mathaio 6:33.

10. Ke ka ditsela dife tsela ya ga Dafide e tshwanetseng go latelwa?

10 Lemororo Dafide a ne a dira diphoso tse di masisi, o ne a itshupa e le ‘monna yo o ntseng kafa pelong ya ga Jehofa’ mo botshelong jotlhe jwa gagwe. (1 Samuele 13:14; Ditihō 13:22) Dipesalema tsa gagwe di tletse ka mafoko a a supang kafa a neng a anaanela lorato lwa Modimo ka gone. The International Standard Bible Encyclopœdia e bolela gore Dafide “o ne a leboga thata gangwe le gape go gaisa ope fela yo o umakiwang mo Dikwalong tse di Boitshepo.” Mopesalema Asafe o ne a bolela gore Modimo o ne a “itshenkèla Dafide motlhanka oa gagwè; a mo tsaea a le mo marakaneñ a dinku: . . . a tla go otla Yakoba, batho ba gagwè, le Iseraela boshwa yoa gagwè. Yalo a ba otla kaha thōkgamoñ ea pelo ea gagwè.” (Pesalema 78:70-72) Ka boammaaruri, tsela ya ga Dafide ke eo ruri re tshwanetseng go e etsa.

Jesu Keresete, Sekao sa Rona Se Se Itekanetseng

11, 12. Jesu o ne a bontsha jang gore eleruri maikutlo a gagwe a ne a sekametse mo Modimong?

11 Ka boammaaruri, Jesu Keresete ke sekao se se molemo go gaisa sa Dikwalo sa monna yo a neng a arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa. Seno se ne sa tlhotlheletsa Jesu go dira eng? Sa ntlha, o ne a tlhotlheletsega go ineela mo go Jehofa ka botlalo. Ga go na pelaelo ya gore maikutlo a ga Jesu a ne a sekametse mo Modimong ka botlalo. Go anaanela lorato le bomolemo jwa ga Rraagwe wa selegodimo go ne ga mo tlhotlheletsa gore e nne motho wa semoya tota. O ne a na le kamano e e gaufi le e e atamalaneng tota le Modimo. Jesu e ne e le motho yo o ratang go rapela, mme o ne a rata go bua le Rraagwe wa selegodimo. Gangwe le gape re bala gore Keresete o ne a rapela. Mme ka nako nngwe o ne a rapela bosigo jotlhe. (Luke 3:21, 22; 6:12; 11:1; Yohane 17:1-26) Tsela eo Jesu a neng a dira ka yone ka ntlha ya lorato lwa Modimo, o ne a supa boammaaruri jwa gore ‘motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe je le tswang mo molomong wa Modimo’ mo botshelong jwa gagwe. Ebile tota, go dira go rata ga ga Rraagwe e ne e le dijo mo go ene. (Mathaio 4:4; Yohane 4:34) A ga re a tshwanela go dira ka tsela e e tshwanang ka ntlha ya lorato lwa Modimo, re ineela mo go ene ka mo go kgethegileng?

12 Jesu Keresete ka metlha o ne a retolosetsa tlhokomelo mo Modimong le Rraagwe fa a ne a arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa. Fa mongwe a ne a raya Jesu a re ke “Moruti eo o Molemō,” o ne a gana a bo a mo raya a re: “Ga go opè eo o molemō, ha e se eo moñwe hèla eboñ Modimo.” (Luke 18:18, 19) Gangwe le gape Jesu o ne a gatelela gore ga a kake a dira sepe ka boene. O ne a goletsa leina la ga Rraagwe nako le nako fela fa a bona tshono mme o ne a simolola thapelo ya gagwe ya sekao ka tsela e e tshwanelang ka kopo e e reng: “Leina ya gago a le itshepisiwe.” O ne a rapela jaana: “Rara, galaletsa leina ya gago.” Mme pele fela ga a swa, Keresete o ne a raya Rraagwe a re: “Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nneetseñ go e diha.” (Mathaio 6:9; Yohane 12:28; 17:4) Eleruri, re tshwanetse go batla go galaletsa Jehofa, re rapelela gore leina la gagwe le le boitshepo le itshepisiwe, fa re arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa.

13. Lorato lwa Modimo lo ne lwa tlhotlheletsa Jesu jang go dira dilo?

13 Jaanong, tsweetswee tlhokomela tsela ya bobedi eo Jesu a neng a tlhotlheletsega ka yone fa a ne a arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa. Go ne ga mo dira gore a rate tshiamo mme a ile boikepo, jaaka go ne go boleletswe pele mo go Pesalema 45:7. (Bahebera 1:9) O ne a le “boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi.” (Bahebera 7:26) Jesu o ne a gwetlha baganetsi ba ba neng ba batla go mmolaya gore ba bolele fa a na le boleo, mme ga ba a ka ba kgona go dira jalo. (Yohane 8:46) Mo makgetlong a mabedi go ila ga gagwe boikepo go ne ga mo dira gore a ntshe badumedi ba ba bohula mo tempeleng. (Mathaio 21:12, 13; Yohane 2:13-17) Mme abo Jesu a ne a kgala baeteledipele bao ba bodumedi ba baitimokanyi botlhoko jang ne, a ba bolelela le eleng gore e ne e le ba ga Diabolo!—Mathaio 6:2, 5, 16; 15:7-9; 23:13-32; Yohane 8:44.

14. Jesu o ne a dirisana jang le barutwa ba gagwe fa a ne a dira go ya kafa Jehofa a neng a mmontsha lorato ka gone?

14 Tsela e nngwe gape eo lorato lwa ga Jehofa lo neng lwa tlhotlheletsa Jesu ka yone e ka bonwa kafa a neng a dirisana ka gone le baaposetoloi ba gagwe le barutwa ba ba bangwe. Abo a ne a le lorato, pelotelele, le boitshoko jang ne mo go bone! Ba tshwanetse ba bo ba ne ba mo tshwenya tota ka go gaisana le go gogagogana ga bone le eleng go fitlha mo bosigong jo a suleng ka jone ka gore ke mang yo a neng a le mogolo go gaisa mo go bone. (Luke 22:24-27) Lefa go le jalo, Jesu ka metlha o ne a itshupa a le bonolo ebile a le boikobo mo pelong. (Mathaio 11:28-30) Ka boammaaruri, Judase o ne a oka Jesu, Petere o ne a mo itatola gararo, mme baaposetoloi ba bangwe ba ne ba tshaba fa boidiidi jwa batho bo ne bo tla go mo tshwara. Mme ga a ise a ko a galefe kana a kgopisege. Re itse seo jang? Fa a sena go kopana le barutwa ba gagwe morago ga tsogo ya gagwe, Jesu ga a ise a ko a ba kgale ka tsela e e tlhabang ka ntlha ya fa ba ne ba ineela mo poifong. Go na le moo, o ne a ba gomotsa le go ba nonotsha gore ba tswelele ka tiro ya Bogosi.—Yohane 20:19-23.

15. Jesu o ne a thusa batho jang ka dilo tse ba di tlhokang mo nameng ka bopelonomi?

15 A re sekasekeng tsela e nngwe gape eo Jesu Keresete a neng a arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa ka yone. O ne a dira jalo ka go intsha setlhabelo mo boemong jwa ba bangwe, go fitlha a swa loso lo lo tlhabisang ditlhong le lo lo botlhoko mo mokgorong wa pogisetso. (Bafilipi 2:5-8) Jesu o ne a thusa batho ka dilo tseo ba neng ba di tlhoka mo nameng ka go naya boidiidi jwa batho dijo ka kgakgamatso le go ba fodisa ka ditsela tse dintsi. (Mathaio 14:14-22; 15:32-39) O ne a tlhola a baya dikgatlhego tsa ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe. Ke gone ka moo a neng a ka bolela jaana: “Diphokoyè di na le mesima, dinōnyane tsa loapi di na le ditlhaga; me Morwa Motho èna, ga a na ha o ka baeañ tlhōgō ea gagwè gōna.” (Mathaio 8:20) Jesu o ne a amega thata ka go dira ga moya wa Modimo jaaka a ne a o mo naya go fodisa ka dikgakgamatso. Mme ga a ka a leka go dirsa maatla a magolo ao go iponela poelo epe, jaaka fa mosadi mongwe yo a neng a sa bolo go tshologa madi ka dingwaga di le 12 a ne a ama kobo ya gagwe ya kafa ntle ka tumelo mme a fola. (Mareko 5:25-34) Mo godimo ga moo, Jesu ga a ise a ko a itirisetse maatla ao a neng a na le one a bomodimo.—Bapisa Mathaio 4:2-4.

16. Keresete o ne a thusa batho jang ka dilo tse ba neng ba di tlhoka semoyeng?

16 Lemororo Jesu a ne a tlhokomela dilo tse batho ba neng ba di tlhoka mo mmeleng ka bopelonomi ka go ba fodisa matlhoko a bone, selo se segolo mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng e ne e le go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, le go dira barutwa. Lemororo a ne a fodisa ka dikgakgamatso, o ne a sa itsege jaaka Ngaka e Kgolo kana Modiradikgakgamatso mme o ne a itsege jaaka Moruti yo o Molemo. (Mathaio 4:23, 24; Mareko 10:17) Jesu o ne a ipitsa Moruti, fela jaaka barutwa ba gagwe ba ne ba mmitsa le eleng baba ba gagwe. (Mathaio 22:16; 26:18; Mareko 9:38) Mme abo a ne a ruta boammaaruri jang ne, jaaka mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng! (Mathaio 5:1–7:29) Abo ditshwantsho tsa gagwe di ne di tshwanela jang ne, mme abo ditshwantsho tsa gagwe tsa seperofeti le boperofeti jo bongwe jwa gagwe bo ne bo tlhomologile jang ne! Ga go gakgamatse go bo masole a a neng a rometswe go ya go tshwara Jesu ka nako nngwe a ne a se ka a kgona go mo tshwara!—Yohane 7:45, 46.

17. (a) Jesu o ne a re tlhomela jang sekao se se itekanetseng sa lorato? (b) Go tlile go tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Ga go belaetse gore, Jesu Keresete o ne a re tlhomela sekao se se itekanetseng sa go arabela ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato lwa gagwe ka tsone ka tsela e e senang bogagapa. Jesu o ne a baya Rraagwe wa selegodimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe le mo dilong tse a neng a di rata. Eleruri o ne a rata tshiamo, a dirisana le baaposetoloi ba gagwe le barutwa ba bangwe ka lorato, mme a direla batho dilo tse ba di tlhokang semoyeng le mo nameng botshelo jwa gagwe jotlhe. Kgabagare, Jesu o ne a tlotlomatsa bodihedi jwa gagwe ka go ntsha botshelo jwa gagwe jaaka thekololo. (Mathaio 20:28) Mme go tweng ka rona? Go boammaaruri gore ga re a itekanela, jaaka Moshe le Dafide. Lefa go ntse jalo, jaaka setlhogo se se latelang se bontsha, go na le ditsela dingwe tse di mosola tseo re ka etsang Motlhomasekao wa rona mo go arabeleng ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato lwa gagwe ka tsone ka tsela eo e senang bogagapa.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ka twe “Modimo o loratō”?

◻ Moshe o ne a arabela jang tsela eo Modimo o neng wa mmontsha lorato ka yone ka tsela e e senang bogagapa?

◻ Dafide o ne a arabela lorato lwa ga Jehofa Modimo ka ditsela dife ka tsela e e senang bogagapa?

◻ Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao sefe fa a ne a dira go ya kafa Modimo o neng o mmontsha lorato ka gone?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A o itse gore Moshe o ne a arabela lorato lwa Modimo jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Jesu o ne a arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa ka go thusa ba bangwe semoyeng le mo nameng le ka go ntsha botshelo jwa gagwe jaaka thekololo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela