LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/1 ts. 15-20
  • Re Ka Arabela Jang Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Ka Arabela Jang Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Rata Tshiamo le go Ila Boikepo
  • Supa Lorato lwa Bokaulengwe
  • Go Direla Ba Ba kwa Ntle
  • Nnang Lo Ntse Lo Arabela Lorato lwa Modimo
  • Ba Ne Ba Arabela Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
  • Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/1 ts. 15-20

Re Ka Arabela Jang Lorato lwa Modimo Ka Tsela E E Senang Bogagapa?

“Ha Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re chwanetse go ratana.”—1 YOHANE 4:11.

1, 2. Re tshwanetse go dira eng go arabela ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone ka tsela eo e senang bogagapa?

JEHOFA ka boene o emela lorato. Eleruri, re ne ra bona kafa a supang lorato lo logolo tota ka gone mo setlhogong se se fetileng. Re bone gape kafa Moshe, Dafide, le Jesu Keresete ba neng ba arabela ka gone ditsela tseo a neng a ba bontsha lorato ka tsone ka tsela e e senang bogagapa. A mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ga a tshwanela go batla go dira se se tshwanang? Eleruri!

2 Re tlhoka go dira eng gore re arabele ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone ka tsela e e senang bogagapa? Selo se sengwe ke gore, re tshwanetse go mmaya kwa pele mo matshelong a rona, re mo rate ka dipelo tsa rona tsotlhe, ka moya, tlhaloganyo, le maatla. (Mareko 12:29, 30) Seo se raya gore maikutlo a rona a sekamele mo Modimong, re nne le kamano e e lorato le Jehofa ka namana. A re eletsa go bua le Rraarona wa selegodimo ka thapelo? A re rapela re sa kgaotse ebile re nnela ruri mo thapelong? Kana a re rapelela fela ka bonako, ka nako nngwe ebile re sena nako ya go rapela ka ntlha ya go tshwarega? (Baroma 12:12; 1 Bathesalonia 5:17) A re lebisa tlhokomelo kwa go Jehofa, re tlotlomatsa phuthego ya gagwe mmogo le ene ka seo re ka tswang re se fitlheletse? (1 Bakorintha 3:7; 4:7) A eleruri re ikutlwa jaaka mopesalema? O ne a bua jaana ka Modimo: “Ke tle ke gu bake gashupa ka letsatsi.”—Pesalema 119:164.

3. Fa re kopana go tla go itlosa bodutu, re ka bontsha jang gore re arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e seng ya bogagapa?

3 Seo se tla senolang fa re arabela lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa kana nnyaa se ka bonwa fa re kopana go itlosa bodutu. A re tlotla fela ka dikgang tsa ditiro tsa selefatshe kana ka dilo tsa semoya? Tota ga se gore re tshwanetse go tshwara thuto e e masisi ya Bibela nako le nako fa re kopana le Bakeresete ka rona. Eleruri re ka bona dilo dingwe tse di kgatlhang tsa semoya tseo re ka di akaretsang mo metlotlong ya rona. Go tweng ka go tlotla ka maitemogelo a mo tshimong, re tlotla ka ditemana tse re di ratang thata tsa Bibela, re bolela kafa re ithutileng boammaaruri ka gone, kana re umaka dilo dingwe tseo di supang fa Modimo o re tlhokomela le go re segofatsa?

4. Re tshwanetse go leba dilo jang fa dilo di sa tsamaye kafa re neng re solofetse ka gone mabapi le tshiamelo nngwe ya tirelo?

4 Boemo jo bongwe jo bo ka senolang selekanyo seo re anaanelang lorato lwa Modimo ka sone ke fa re tlhokomologiwa fela re sa newe tshiamelo nngwe ya tirelo mo phuthegong ya ga Jehofa. Re dira eng? Fa e le gore re amegile thata ka go tlotla Jehofa, re tla dumela gore Modimo ka tsela nngwe o tla tlotliwa ka mo go tshwanang ke ope fela yo a ka tswang a na le tshiamelo eo ya tirelo. (Bapisa Luke 9:48.) Mme fa re tshwenyegile fela ka melemo e re ka e bonang le maina a rona, re tla tshwenyega ka gore re tlhokomologilwe, jaaka re ka akanya. Re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o a re rata ebile a ka tswa a itse le eleng gore ka nako eno ga re kake ra kgona go rwala morwalo wa boikarabelo bongwe jwa bolegodimo. A ka tswa a re segofatsa tota ka ditsela tse dingwe, mme tsela e a re bontshang lorato ka yone eo e tshwanetse go re thusa gore re nne re lekalekane semoyeng.—Diane 10:22.

Go Rata Tshiamo le go Ila Boikepo

5. Ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone di tshwanetse go re ama jang?

5 Ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone di tshwanetse go re tlhotlheletsa go etsa Keresete mo go rateng tshiamo le mo go ileng boikepo. (Bahebera 1:9) Ka boammaaruri, ga re kake ra dira seno ka botlalo jaaka Jesu. Lefa go le jalo, re ka itlhomela mokgele wa gore re nne re le boitshepo, re ikanyega, re bile re ikobela molao re ntse re le mo boemong jwa bosaitekanelang. Go dira seno, ga re a tshwanela go rata tshiamo fela le dilo tse di molemo mme re tshwanetse go ila boikepo, re nne le boikutlo jwa go sa bo rate, re bo tlhoe eletota. Ke fela jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela jaana: “Ilañ se se boshula; ñaparèlañ se se molemō.” (Baroma 12:9) “Ilañ” ke lefoko le le nonofileng tota, leo le kayang “go leba ka letlhoo le legolo tota.”—Webster’s New Collegiate Dictionary.

6. Ke eng seo se tla re thusang go itisa kgatlhanong le diteko tseo di leriwang ke lefatshe, nama ya rona e e boleo, le Diabolo?

6 Ke eng seo se tla re thusang go itisa kgatlhanong le diteko tseo di leriwang ke lefatshe, nama ya rona, le Diabolo? Go ikanyega mo go Jehofa Modimo. O re kopa jaana: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Diane 27:11) Ee, go ikanyega mo go Jehofa go tla re tlhotlheletsa gore re tseye tsela e e botlhale ya go ila seo a se ilang. Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege gore go ka lebega go le monate jang kana go itumedisa jang go tlola o mongwe wa melao ya Modimo, re tshwanetse go nna re ipolelela gore go dira jalo ga go thuse sepe. (Bagalatia 6:7, 8) Pelo ya motho e boferefere, e matsoketsane, e tsietsa fela jaaka re gakololwa jalo mo go Yeremia 17:9. Pelo ya Mokeresete e rata dilo tse di molemo, tse dintle, le tse di itshekileng. Mme ka dinako tse dingwe go sekamela mo boleong go e dira gore e eletse dilo tse di bosula. Fela jaaka dipelo tsa Baiseraele ba ba neng ba obamela Jehofa mme ba nna ba tlogela “mahelō a a tlotlometseñ” ba sa a senye, le rona dipelo tsa rona di ka nna bogagapa le boferefere. (1 Dikgosi 22:43; Duteronome 12:2) Dipelo tsa rona tse di sa itekanelang di ka nna tsa leka go re batlela diipato tsa go re baya mo tseleng eo re tla lekwang mo go yone. Di ka nna tsa leka go tlhofofatsa bomasisi jwa phoso e re lekiwang ka yone. Kana dipelo tsa rona di ka leka go re tlhatswa pelo gore kotlhao epe fela eo re ka e bonang e tla nna ya nakwana fela.

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itisa kgatlhanong le go eletsa se se bosula?

7 Fa re anaanela lorato lwa Modimo, re tshwanetse go itisa kgatlhanong le go eletsa se se bosula, jaaka go sekamela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo re sa nyala kana re nyetse. Gangwe le gape, sengwe fela seo se simolotseng e le go kgatlhegelana fela go go seng kotsi se ile sa felela ka gore Bakeresete ba babedi ba nne le maikutlo a a boteng mongwe mo go yo mongwe moo ba ileng ba dira boleo mme ba kgaolwa. Le eleng bagolwane bao ba neng ba tshwanetse go nna dikao tsa letsomane tse di senang mokgobo ba ile ba palelwa mo dilong tseno!—Bapisa 1 Dikgosi 15:4, 5.

8. Moaposetoloi Paulo o re naya tlhagiso efe ya sekao, mme bothata jo bo ntseng jalo bo ka tshwantshiwa le eng?

8 A o ko o tlhokomele moaposetoloi Paulo, yoo a neng a segofadiwa ka go bona diponatshegelo le go nna le maatla a bomodimo le neo ya go tlhotlhelediwa ke Modimo. Gore a atlege mo go lweng le go sekamela mo boleong, o ne a tshwanela go itaya mmele wa gagwe—ee, go o itaya tota. A re kgotsofalela go dira go le gonnye fela? (Baroma 7:15-25; 1 Bakorintha 9:27) Go ntse fela jaaka ekete re ne re le mo mokorwaneng o monnye mo nokeng e e elelang ka bofefo mme re gogelwa kwa diphororong tsa yone. Go tila kotsi eno, re tshwanetse go tlhatlosetsa mokorwana wa rona ka maatla re lebile kwa godimo ga molapo ono re tlhabagane le moela o o maatla ono. Go ka nna ga lebega re sa dire sepe, mme re tla wela mo diphororong re bo re nyelela fa re sa iteke tota ka thata. Eleruri, ditsela tseo Jehofa Modimo a re bontshang lorato lwa gagwe ka tsone di tshwanetse go re dira gore re leke ka natla go ikanyega mo go ene ka go ila boikepo le go rata tshiamo.

Supa Lorato lwa Bokaulengwe

9. Moaposetoloi Johane o re naya kgakololo efe mabapi le go rata bakaulengwe ba rona?

9 Ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone gape di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa go rata bakaulengwe ba rona fela jaaka Jesu Keresete a rata barutwa ba gagwe. (Yohane 13:1) Moaposetoloi Johane o bolela jaana ka tsela e e tshwanelang: “Loratō lo mo, e señ go re, re ratile Modimo, ha e se go re, o ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona. Baratwa, ha Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re chwanetse go ratana.” (1 Yohane 4:10, 11) Ebile tota, Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba tla bonwa ka go ratana ga bone.—Yohane 13:34, 35.

10, 11. Re bontsha lorato lwa bokaulengwe ka ditsela dife tse dingwe?

10 Re a itse gore Bakeresete ba tshwanetse go supa lorato lwa bokaulengwe. Mme ga go phoso go ikgakolola ditsela tse di farologaneng tseo re ka bontshanang lorato lono lo lo tshwanang le lwa ga Keresete ka tsone. Lorato loo lo tla re thusa go itlhokomolosa dilo tseo re farologanang ka tsone jaaka lotso, bomorafe, thutego, ngwao, le selekanyo sa rona sa itsholelo. Mo godimo ga moo, lorato lwa bokaulengwe lo tla re tlhotlheletsa go phuthega mmogo kwa dipokanong. Fa re rata bakaulengwe ba rona tota, ga re kitla re letla boemo jwa loapi kana go sa ikutlweng sentle go gonnye fela go re amoga boipelo jwa go kopana le bone le go kgothatsana le bone. (Baroma 1:11, 12) Mo godimo ga moo, lorato lwa bokaulengwe lo tla re dira gore re baakanyetse dipokano sentle re bo re nne le seabe ka botlhaga mo go tsone gore re kgone go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo.—Bahebera 10:23-25.

11 Go tweng ka go thusa bakaulengwe ba rona mo bodiheding jwa tshimo? Go ile ga tlhokomelwa gore bagolwane le batlhanka ba bodihedi gantsi ba ya mo bodiheding jwa tshimo mmogo kana ba le bosi fa ba kgona, ba bo ba tsamaya le baboledi ba Bogosi bao ba tlhokang thuso mo bodiheding ba sa rulaganya nabo pele. Go supa lorato ka tsela eno go tla dira gore tirelo ya bagolwane le batlhanka ba bodihedi e duele tota. Mme go tweng ka go tsamaya le mmoledi yo mosha go ya kwa thutong ya Bibela?—Baroma 15:1, 2.

12. Re tshwanetse go tlhaloganya jang 1 Yohane 3:16-18?

12 Lorato gape lo tla re tlhotlheletsa go thusa bakaulengwe ba rona bao ba ka tswang ba tlhoka dilo tsa nama. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Loratō re lo itse ka gōna mo, ka a inetse mo loshuñ ka ntlha ea rona: me le rona re chwanetse go inèla mo loshuñ ka ntlha ea ba ga rona. Me leha e le mañ eo o nañ le dilō tsa lehatshe, me a bōna mogagabō a tlhōka, me a ikitsa go mo tlhomogèla pelo, ana loratō loa Modimo lo ka nna yañ mo go èna? Banyana ba me, a re se rateñ ka molomo hèla, leha e le ka loleme hèla; ha e se ka tihō le boamarure.” (1 Yohane 3:16-18) Go ka nna ga se ka ga batlega jaanong gore re neele meya ya rona mo boemong jwa bone mme ka dinako dingwe re nna le ditshono tsa go ba bontsha lorato ka ditsela tse dingwe, eseng ka molomo fela kana ka loleme fela mme ka ditiro. Ga go phoso go bolela gore re rata bakaulengwe ba rona, mme ga re batle gore lorato lwa rona lo supiwe ka tsela eo fela fa ba tlhoka dilo dingwe tsa senama. Polelo ya ga Jesu ya gore “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla” e ama gape go naya thuso ya dilo tse di bonalang.—Ditihō 20:35.

13. (a) Ke boammaaruri bofe jo bongwe jwa motheo joo re bo ithutang ka thuso ya phuthego e e bonalang ya ga Jehofa? (b) Charles Taze Russell o ne a bua ntlha efe ya botlhokwa?

13 Re nna le tshono ya go bontsha bakaulengwe ba rona bao ba eteletseng pele mo phuthegong lorato kana bao ba tlhokometseng phuthego e e bonalang ya ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara. Seno se akaretsa go ikanyega go “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) A re se itlhokomoloseng boammaaruri jwa gore go sa kgathalesege gore re badile Bibela go le kana kang, re ka bo re sa kgona go ithuta boammaaruri ka borona. Re ka bo re sa bona boammaaruri kaga Jehofa, boikaelelo jwa gagwe le dinonofo tsa gagwe, bokao le botlhokwa jwa leina la gagwe, Bogosi, thekololo ya ga Jesu, le pharologanyo e e fa gare ga phuthego ya Modimo le ya ga Satane, kana lone lebaka la go bo Modimo o dumeletse boikepo. Ke fela jaaka mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower ebong Charles Taze Russell, a ne a kwala jaana ka 1914: “A ga re batho ba ba segofaditsweng le ba ba itumetseng? A Modimo wa rona ga o ikanyege? Fa go na le motho mongwe yo o itseng sengwe se se botoka a a se dumele. Fa e le gore ope wa lona a ka bona sengwe se se botoka, re solofela gore o tla se re bolelela. Ga re itse sepe se se botoka kana seo se leng molemo ka bontlhanngwe fela jaaka seo re se fitlhelang mo Lefokong la Modimo. . . . Ga go loleme lope kana pene epe eo e ka bolelang ka kagiso, boitumelo le masego ao go itse Modimo wa boammaaruri ka tsela e e phepafetseng go di tlisitseng mo dipelong tsa rona le mo botshelong jwa rona. Kgang e e bolelang ka Botlhale jwa Modimo, Tshiamo, Maatla le Lorato lwa gagwe e kgotsofatsa seo re se akanyang le seo dipelo tsa rona di se eletsang ka botlalo. Ga re batle sepe gape. Ga re eletse sepe fa e se go dira gore Kgang eno e phepafale mo dikakanyong tsa rona.” (The Watch Tower, December 15, 1914, ditsebe 377-8) Abo mafoko a a kwadilweng sentle ao a le boammaaruri jang ne!

Go Direla Ba Ba kwa Ntle

14. Ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone di tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng mo go ba ba leng ka kwa ntle?

14 Tsela eo Modimo o neng wa re supetsa lorato ka yone eo re neng ra e itumelela e tshwanetse go re tlhotlheletsa go supa lorato lwa boagelani mo go bao ba leng kwa ntle ga phuthego. Re ka dira seno jang? Tsela eo dilo di ntseng ka yone e ka nna ya supa gore re ka thusa baagelani ba rona ka dilo tse di bonalang. Mme se se botlhokwa le go feta ke gore re ka bontsha lorato lwa boagelani ka go isetsa ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go thusa bao ba ratang tshiamo go nna barutwa ba ga Jesu Keresete. A tota re nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa phatlalatsa, kana a ga re nne le seabe mo go jone? A re go dira fela jaaka selo sa tlwaelo kana seomodiro fela? Kana a tota ka boammaaruri re tlhotlhelediwa ke lorato lwa boagelani? A re supa kamego? A re pelotelele, re emetse gore batho ba arabele? A re kgothaletsa beng ba matlo go bua? Ee, go na le gore go bue rona fela, a re letleng gore lorato lwa boagelani lo re tlhotlheletse go reetsa le go nna le dipuisano tse di duelang tota tsa Bibela le batho bao re kopanang le bone mo bodiheding jwa rona.

15. (a) Ke ka ntlha yang fa polelwana “bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo” e le botoka mo go e e reng “bosupi jo bo laolwang ke maemo”? (b) Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dirisetsa ditshono go neela bosupi ka tsela e e seng ya ka tlwaelo?

15 A re podimatseba go dirisa ditshono tse re di bonang go dira bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo? Go tshwanetse ga tlhokomelwa gore seno ga se bosupi jo bo neelwang fela go ya ka maemo, go akantsha gore ke tiro e e sa rulaganyediwang kana e e seng botlhokwa thata. Bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo bo botlhokwa thata, mme go rata batho ba bangwe go tla re dira gore re pateletsa go nna le seabe mo go jone. Abo go neela bosupi jalo gantsi go ntsha maungo jang ne! Ka sekai, mokaulengwe mongwe fa a ne a ile kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Italy bokone o ne a tsena mo karatšheng go tsenya lobone lwa kwa pele lwa koloi. Fa a ntse a letile, o ne a neela bao ba neng ba le foo bosupi mme a ba naya dipampitshana tse di ba laleletsang puo ya Bibela ya phatlalatsa ka Sontaga. Kwa kopanong ya merafe yotlhe kwa Roma mo ngwageng o o latelang, o ne a dumedisiwa ka lorato ke mokaulengwe mongwe yo a neng a sa mo gakologelwe. Mokaulengwe yono e ne e le mang? Hee, e ne e le mongwe wa banna bao a neng a ba neilwe dipampitshana tsa taletso ngwaga o o fetileng kwa karatšheng! Monna yoo o ile a ya go reetsa puo eo ya phatlalatsa mme o ne a ba neile leina la gagwe gore a bone thuto ya Bibela. Jaanong ene le mosadi wa gagwe ke Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Ga go na pelaelo ya gore bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo bo duela tota!

Nnang Lo Ntse Lo Arabela Lorato lwa Modimo

16. Re ka ipotsa dipotso dife?

16 Jehofa ka boammaaruri o ile a supa lorato lo logolo mo dibopiweng tsa gagwe. Jaaka re setse re bone, Dikwalo di re naya dikao tse di molemo tsa bao ba neng ba arabela lorato lo Modimo o neng o lo ba bontsha ka tsela e e senang bogagapa. Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a bua sentle fela ka mo go tshwanelang jaana: “A bo batho ba ka ka ba baka Yehofa ka ntlha ea molemō oa gagwè, le ka ntlha ea ditihō tsa gagwè tse di gakgamatsañ mo baneñ ba batho!” (Pesalema 107:8, 15, 21, 31) A re a tle re amogele bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo mme re bo amogelela lefela? A seo se se ka sa diragala le ka motlha! (2 Bakorintha 6:1) Ka jalo a mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A totatota ke anaanela tsela eo Modimo o setseng o mpontshitse lorato ka yone le kafa ke solofelang a tlile go lo mpontsha ka gone mo isagweng? A di ntlhotlheletsa go rata Jehofa ka pelo, moya tlhaloganyo le maatla otlhe a me? A ruriruri ke sekametse mo Modimong? A ke rata tshiamo le go ila boikepo? A ke supa lorato lwa bokaulengwe? Mme ke leka go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu thata jang mabapi le bodihedi jwa me?’

17. Go tla felela ka eng fa re arabela ditsela tseo Jehofa Modimo a re bontshang lorato ka tsone ka tsela eo e senang bogagapa?

17 Ka boammaaruri, go na le ditsela tse dintsi tseo ka tsone re ka supang ka tlhoafalo fa re leboga ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone tseo re setseng re di itemogetse. Re tla itumedisa pelo ya ga Rraarona, re nna lesego mo go ba bangwe, re bona boitumelo, kagiso le kgotsofalo ka borona fa re dirisa ditshono tsotlhe go supa kanaanelo eo. Ka gone a re tsweleleng re arabela ditsela tseo Modimo o re bontshang lorato ka tsone ka tsela eo e senang bogagapa.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke eng se se tlhokegang gore re arabele lorato lwa Modimo ka tsela e e senang bogagapa?

◻ Re ka itisa jang kgatlhanong le diteko?

◻ Ditsela tse dingwe tsa go supa lorato lwa bokaulengwe ke dife?

◻ Ditsela tseo Jehofa a re bontshang lorato lwa gagwe ka tsone di tshwanetse go re tlhotlheletsa jang go direla baagelani ba rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Re tshwanetse go lwa le go sekamela mo go direng boleo, gore re tile dikotsi

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bagolwane ba supa lorato lwa bokaulengwe ka go tsamaya le ba bangwe mo bodiheding jwa Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Charles Taze Russell, mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a tlhokomedisa ka kagiso, boitumelo, le masego ao re ka a newang fela ke Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela