Se Labokeresete E Se Jadileng mo Afrika
KA 1867, Charles Lavigerie, Mofora wa Mokatoliki, o ne a tla mo Afrika a tlhophilwe jaaka mobishopomogolo yo mosha wa Algiers. O ne a bolela jaana: “Modimo o tlhophile Fora gore e dirise Algeria go simolola morafe o mogolo le wa Bakeresete fano ka yone.”
Se Lavigerie a neng a se eletsa se ne se sa akaretse Algeria fela. Ebile tota, o ne a romela barongwa ka kwa ntlheng e nngwe ya sekaka ka maikaelelo a “go kopanya batho ba Bogare le ba ba kwa Bokone jwa Afrika gore ba tshele botshelo jo bo tshwanang jwa Labokeresete.”
Ka nako eo, tiro ya barongwa ba Maporotesetanta e ne e setse e tsweletse mo dikarolong tse di kafa bophirima, borwa, le botlhaba jwa kontinente. Ba ne ba itshokela mathata a le mantsi, jaaka go tlhaselwa kgapetsakgapetsa ke malaria, eo e neng e itshupa ka go roroma, go fufulelwa le tlhaloganyo ya motho wa teng e sa dire sentle. Ka ntlha ya go koafadiwa ka bonako ke malwetsi a boboatsatsi, ba bantsi ba ne ba swa ka bonako fela fa ba sena go goroga. Mme lefa go ntse jalo ba bangwe ba ne ba ntse ba tla. “Mongwe le mongwe yo a neng a tsamaya a eta mo Afrika,” go ne ga tlhalosa jalo Adlai Stevenson, “o gopodiwa nako le nako ka barongwa ba e neng e le digatlhamelamasisi. . . . Ba ne ba lwa le bolwetsi jwa letshoromo jo bo tshelanwang, letshololo, bolwetsi jo bo tlisiwang ke diparasiti, mme . . . ke bone . . . matlapa a mabitla a bone—a tletse mo Afrika.”
Maungo a Barongwa Ba Neng Ba a Roba
Fa barongwa ba ntse ba tsenelela kwa teng ga Afrika, ba ne ba fitlhela gore merafe ka bontsi e ne e sa rutega. Ram Desai o ne a tlhalosa mo bukeng ya Christianity in Africa as Seen by Africans jaana: “Pele barongwa ba tla go ne go na le dipuo di le nne fela tse di kwalwang mo go tse di makgolo a le robedi [tsa mo Afrika] tse di neng di le teng.” Ka jalo, barongwa ba ne ba itlhamela mokgwa o ka one go ka kwalwang dipuo tseno tse di neng di sa kwalwe. Morago ga foo, ba ne ba kwala dibuka tse go ithutiwang ka tsone mme ba simolola go ruta batho go bala. Ba ne ba aga dikolo go ralala Afrika gore ba kgone go dira seno.
Barongwa ba ne ba aga gape le dikokelo. Ram Desai o bolela jaana a dumela: “Ga go na mokgatlho ope o o ka kgonang go dira tiro e e solegelang batho molemo jaaka e e dirilweng ke barongwa.” Kwantle ga go batla tlhokomelo ya tsa kalafi, batho ba Afrika ba ne ba batla gape le dilwana tse di dirisiwang tsa kwa Yuropa. Barongwa ba bangwe ba ne ba tlhoma marekisetso ka jaana ba ne ba dumela gore seno se ne se tla gapa batho gore ba sokologele mo bodumeding jwa bone. Ka sekai, Basel Mission wa kwa Switzerland o ne wa tlhoma khampani ya kgwebo kwa Ghana. Ba ne ba lemoga gore ditlhare tsa cacao di gola sentle koo, mme gompieno Ghana e tsaya maemo a boraro mo lefatsheng ka go ntsha cocoa e ntsi.
Barongwa ba Labokeresete ba ne ba atlega ka tsela e e tlhomologileng mo go ranoleng Bibela. Lefa go ntse jalo go gasa molaetsa wa Bibela go rwesa motho boikarabelo bongwe jo bo masisi. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a supa seno ka go botsa jaana: “Wèna eo u rutañ eo moñwe, a u bile ga u ithute? wèna eo u rèrañ gore motho a se ka a ucwa, a u bile ua ucwa?” Bibela e tlhagisa ka gore ba ba rutang dithuto tsa Bokeresete ba tshwanetse gore bone ka bobone ba tshele go ya ka melao e e molemo e e bolelwang mo Lefokong la Modimo.—Baroma 2:21, 24.
Go tweng ka seo Labokeresete e neng e ikaeletse go se dira mo Afrika? A e ile ya tlotla Modimo wa Bibela, kana a e ile ya sokamisa dithuto tsa Bokeresete?