Go Phatsimisa Lesedi Mabapi le Go Nna Gone Ga Ga Keresete
“Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, . . . o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe.”—MATHAIO 25:31, 32.
1. Baruti ba Labokeresete ba ile ba tlhalosa gore mafoko a a mo go Mathaio 24:3 a rayang?
MALATSI a le mararo pele Jesu a swa, barutwa ba gagwe ba le bane ba ne ba mo atamela mme ba mmotsa jaana ka bopeloephepa: “Re bolelele gore dilo tseno di tla diragala leng? mme sesupo e tla nna eng sa go tla ga gago [Segerika, pa·rou·siʹa], le sa bokhutlo jwa lefatshe?” Ka makgolokgolo a dingwaga baruti le bakwadi ba Labokeresete ba ile ba tlhalosa mafoko ano a a neng a lebisitswe kwa go Jesu mo go Mathaio 24:3 (King James Version) jaaka a a rayang gore o ne a tla bonala gape a le mo nameng gore a bonwe ke batho botlhe. Ka gone, ba ile ba ruta batho gore go boa ga ga Keresete go ne go tla bonwa ke mongwe le mongwe ebile a le mo kgalalelong. Ba bolela gore seno ke go tla la bobedi ga ga Keresete. A mme gone megopolo ya bone ke ya boammaaruri?
2, 3. (a) Ke pharologanyo efe e Bolumo 2 ya Studies in the Scriptures e e nayang mabapi le mafoko a a reng “go tla” le “go nna gone”? (b) Batho ba ga Jehofa ba tlhaloganya eng mabapi le se se kaiwang ke pa·rou·siʹa ya ga Keresete?
2 Ka 1889, batlodiwa ba ga Jehofa, jaaka batshodi ba lesedi ba mo lekgolong la bo19 la dingwaga, ba ne ba setse ba boleletswe se se tlhomameng mabapi le kgang ya go boa ga ga Keresete. Mo Bolumong 2 ya Studies in the Scriptures, mo tsebeng ya 158 go ya go 161, Charles T. Russell, yo e neng e le mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society, o ne a kwala jaana: “Parousia . . . e raya go nna gone, mme le ka motlha ga e a tshwanela go ranolwa ka go re go tla, jaaka mo Bibeleng ya Seesemane e e tlwaelegileng . . . ‘Emphatic Diaglott,’ e e leng thanolo e e dirisiwang thata ya Tesetamente E Ntšha, e ranola parousia ka tsela e e tshwanetseng, e re ke go nna gone . . . , e seng go tla, jaaka ekete o mo tseleng, mme lefa go ntse jalo ke go nna gone, jaaka e rile [Jesu] a sena go fitlha a bolela go re, ‘Fela jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, parousia [go nna gone] ga Morwa motho go tla nna fela jalo.’ Ela tlhoko gore fano ga go tshwantshiwe go tla ga ga Noa le go tla ga Morena wa rona . . . He, go bapisiwa nako ya go nna gone ga ga Noa gareng ga batho ba ‘pele ga morwalela,’ le nako ya go nna gone ga ga Keresete mo lefatsheng, mo go tleng ga gagwe ga bobedi, ‘pele ga molelo’—mathata a magolo a Letsatsi la Morena [Jehofa] leo motlha ono o felang mo go lone.”—Mathaio 24:37.
3 Ka jalo batho ba ga Jehofa ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ne ba tlhaloganya sentlentle gore pa·rou·siʹa ya ga Keresete e ne e tla nna e e sa bonaleng. Gape ba ne ba tlhaloganya gore bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba bo ne bo tla diragala ka letlhabula la 1914. Jaaka lesedi la semoya le ne le phatsimela pele, kgabagare ba ne ba tlhaloganya gore Jesu Keresete o ne a tlhomilwe jaaka Kgosi ya Bogosi jono kwa legodimong ka one ngwaga oo wa 1914.—Diane 4:18; Daniele 7:13, 14; Luke 21:24; Tshenolō 11:15.
‘Go Nna Gone ga Morena wa Rona’
4. Ke eng se se bolelwang ke ‘go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete’?
4 He, ke eng se se bolelwang ke polelwana eno e e mo Bibeleng e e reng ‘go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete’ mo motlheng wa rona? (1 Bathesalonia 5:23) Buka nngwe e akgela ka go re lereo le le reng “go nna gone,” pa·rou·siʹa, “le ne la simolola go nna lereo le le kafa molaong le le neng le dirisiwa mo mothong wa maemo a a kwa godimo fa a etile, segolo[bogolo] mo dikgosing le mo babusing fa ba etetse kgaolo nngwe.” Ka jalo polelwana eno e raya go nna gone ga Morena Jesu Kesereste jaaka Kgosi, go tloga ka 1914 le morago ga moo, fa a sena go newa bogosi kwa legodimong. Mo nakong eno o gone mme a sa bonale, gore a ‘buse mo gare ga baba ba gagwe,’ a busa jaaka Kgosi e e tlhagafetseng go diragatsa taolo eno ya boperofeti. (Pesalema 110:2) Mo e ka nnang dingwaga tse 79, batho mo lefatsheng ba ntse ba itemogela matswela a go nna gone ga ga Keresete ka tsela ya segosi mme a sa bonale.
5. Ke dilo dife tse di diragalang mo nakong ya pa·rou·siʹa tse di tla tlhalosiwang mo ditlhogong tse tharo tsa thuto ya makasine ono?
5 Mo motseletseleng ono wa ditlhogo tse tharo, re tlile go tlhatlhoba bosupi jo bo lemotshegang sentle jwa dilo tseo Bogosi jwa ga Keresete bo di fitlheletseng mo nakong eno. Sa ntlha, re tla bolela ka boperofeti jwa Bibela bo le mmalwa jo bo bolelelang pele ka ditiragalo tseo di setseng di diragetse kana le tse di santseng tota di diragala gone jaanong. Sa bobedi, re tla tlhalosa ka tiro e kgolo e e fitlheletsweng ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale seo Jesu a se dirisang mo nakong eno yotlhe ya go nna gone ga gagwe jaaka kgosi. (Mathaio 24:45-47) Setlhogo sa boraro se tla re tlhalosetsa ka konelo e e molemolemo, e leng nako ya “sepitla se segolo.” Ke nako e mo go yone Jesu a tla tlang jaaka Modiragatsakatlholo wa ga Jehofa go tla go senya batho ba ba sa siamang mme a boloka ba ba siameng. (Mathaio 24:21, 29-31) Nako eo ya tshenyego moaposetoloi Paulo o e tlhalosa e le e e tlisetsang “lona ba lo pitlagañwañ tapologō le rona, mo motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.”—2 Bathesalonia 1:7, 8.
Sesupo
6. Ke dikarolo dife tse dintsi tsa sesupo tse di tlhalositsweng mo kgaolong ya 24 le 25 ya ga Mathaio?
6 Dingwaga tse 1 900 tse di fetileng, barutwa ba ga Jesu ba batshodi ba lesedi ba ne ba mmotsa gore sesupo, kana bosupi, e tla nna eng jwa go nna gone ga gagwe mo isagweng a le mo maatleng a Bogosi. Mo karabong ya gagwe e e kwadilweng mo kgaolong ya 24 le 25 ya Mathaio, o ne a neela sesupo se se dikarolo dintsi eleng dikarolo tse jaanong di setseng di diragadiwa tsotlhe mo lefatsheng lotlhe. Go diragadiwa ga sesupo seo go supa motlha wa matshwenyego a magolo le wa go lekwa mo gogolo. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lo itisè gore opè a se ka a lo timetsa. Gonne batho ba le bantsi ba tla tla ka leina ya me, ba re, Ke bōnè Keresete; me ba tla timetsa batho ba le bantsi. Me lo tla utlwèla dintwa, le medumō ea dintwa: lo bōnè gore lo se ka loa kgoberèga: gonne dilō tse di na le go dihala; me e be e se e nne bokhutlō.”—Mathaio 24:4-6.
7. Ke dikarolo dife tsa sesupo tse di ileng tsa diragadiwa fa esale ka 1914?
7 Jesu o ne a tswelela a bolelela pele gore go ne go tla nna dintwa tse di iseng di ke di nne. Tse pedi tsa tsone di ne tsa bidiwa dintwa tsa lefatshe, fa boperofeti jono bo ne bo diragadiwa, e nngwe e ne ya lowa go tloga ka 1914 go ya go 1918 mme ya bobedi go tloga ka 1939 go ya go 1945. O ne a oketsa ka gore go ne go tla nna ditlala le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe. Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla bogisiwa mo go setlhogo. Tumalanong le boperofeti jono, Basupi ba ga Jehofa, bao e leng batshodi ba lesedi ba segompieno, ba ile ba bogisiwa ka masome a dingwaga a robabobedi a a fetileng fa ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo “mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:7-14) Yearbook of Jehovah’s Witnesses e nngwe le e nngwe e e tswang e oketsa bosupi jwa gore dikarolo tseno tsa sesupo di a diragadiwa.
8, 9. (a) Ke eng se se akarediwang mo go nneng gone ga ga Jesu jaaka kgosi? (b) Boperofeti jwa ga Jesu malebana le batho ba ba ipitsang boKeresete e se bone bo bontsha eng kaga lefelo le mokgwa wa go nna gone ga gagwe?
8 Ereka bogosi jwa ga Jesu bo ama lefatshe lotlhe, kobamelo ya boammaaruri e aname mo dikontinenteng tsotlhe. Go nna gone ga gagwe (pa·rou·siʹa) jaaka kgosi ke motlha wa tekolo ya lefatshe lotlhe. (1 Petere 2:12) A mme go na le motsemogolo mongwe, kana boremelelo jwa lefelo lengwe, kwa Jesu a ka bonwang gone? Jesu o ne a araba seno ka go bolelela pele gore e tla re go lebeletswe go nna gone ga gagwe, go tla tsoga batho ba ba ipitsang boKeresete e se bone. O ne a tlhagisa jaana: “Ha ba lo raea, ba re, Bōnañ, [Keresete] o kwa nageñ; lo se ka loa cwa: ha ba re, Bōnañ, o mo matlwaneñ a a kwa teñ; lo se ka loa dumèla. Gonne yaka logadima lo tlo lo gadime kwa botlhabatsatsi, me lo bōnale hèla le kwa bophirimatsatsi; go [nna gone (pa·rou·siʹa)] ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo.”—Mathaio 24:24, 26, 27.
9 Jesu yo eleng “Morwa Motho,” o ne a itse go gaisa mongwe le mongwe mo lefatsheng gore o ne a tla bo a le fa kae fa go nna gone ga gagwe tota go simologa. O ne a ka se ipeye fano kana fale kana mo lefelong lengwe le le rileng mo lefatsheng. O ne a ka se bonale mo lefelong lengwe le le kgakala, “kwa nageñ,” gore bao ba batlang Mesia ba mmone mme ba sa lemogiwe ke babusi ba lefatshe, mo lefelong le mo go lone balatedi ba ka kgonang go thapisiwa ba eteletswe pele ke ene, ba ipaakanyetsa go tlhasela ba dirisa bopolotiki mme ba mo tlhoma jaaka Mmusi wa Bomesia wa lefatshe. Mo godimo ga moo, o ne a ka se iphitlhe mo “matlwaneñ a a kwa teñ,” mo lefelong leo le itsiweng ke batho ba sekaenyana fela, le mo go lone a ka nnang a ithera gone le go dira dithulaganyo tsa sephiri le bathusi ba gagwe go menola dipuso tsa lefatshe mme ba mo tlotsa jaaka Mesia yo o solofeditsweng, ba sa lemogiwe lefa e le go tshwarwa. Nnyaa!
10. Lesedi la boammaaruri jwa Bibela le ile la phatsima ka tsela e e ntseng jang mo lefatsheng ka bophara?
10 Se se fapaaneng le seo, go ne go ka se ke go fitlhiwe sepe mabapi le go tla ga ga Jesu jaaka Kgosi, kwa tshimologong ya go nna gone ga gagwe ga segosi. Jaaka Jesu a ne a bolelela pele, lesedi la boammaaruri jwa Bibela le phatsimela pele mo dikarolong tsotlhe go tswa kwa botlhabatsatsi go ya kwa bophirima, mo lefatsheng lotlhe. Ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa jaaka batshodi ba lesedi ba segompieno ba itshupa e le ‘lesedi la merafe, gore ba tle ba bolokwe [ke Jehofa] go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.’—Isaia 49:6.
Tiro ya Baengele
11. (a) Lesomosomo la baengele le ile la dirisiwa ka tsela e e ntseng jang go phatsimisetsa pele lesedi la Bogosi? (b) Maloko a setlhopha sa mabele a ne a phuthiwa leng mme a phuthelwa mo setlhopheng sefe?
11 Ditemana tse dingwe tse di amanang le go nna gone ga ga Jesu di mo tlhalosa a patilwe ke lesomosomo la baengele, kana a ‘ba roma.’ (Mathaio 16:27; 24:31) Mo setshwantshong sa mabele le mohoka, Jesu o ne a bolela gore “tshimo ke lehatshe” le gore “thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe; barobi ke baengele.” Lefa go ntse jalo, seno ga se bolele gore o dirisa barongwa ba baengele fela go diragatsa dithomo tsa gagwe mo lefatsheng mo nakong ya go nna gone ga gagwe ka maatla le kgalalelo ya Bogosi. Go simolola ka 1919, baengele ba ne ba kaelwa ke Jesu go tlhaola setlhopha sa mabele sa bao ba tloditsweng ka moya mo lefatsheng, bao ba neng ba phatlaladitswe ke ditiragalo tsa Ntwa ya Lefatshe I, mme bano ba ne ba baakanyetswa go tsweledisa tiro mo leineng la Kgosi. (Mathaio 13:38-43) Mo dingwageng tsa bo1920 batho ba bangwe ba le diketekete ba ile ba emela Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng mme ba ne ba tlodiwa ka moya wa Modimo. Batlodiwa bano ba ne ba kopanngwa ka botlalo le masalela a kwa tshimologong. Fa ba kopane mmogo ba bopa setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale sa motlha wa rona.
12. Baengele ba ile ba nna le seabe mo go phepafatseng eng, mme matswela a ile a nna afe mo lefatsheng?
12 Sekai se sengwe sa seabe se baengele ba nnang le sone mo nakong eno ya go nna gone ga ga Jesu fa a sena go bewa mo bogosing ka 1914 se kwadilwe mo go Tshenolō 12:7-9: “Mikaele [Jesu Keresete] le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele ba eōna: Me ba se ka ba henya, le gōna ba se ka ba tlhōla ba na le bonnō mo legodimoñ. Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.” Ka gone, jaanong kwa godimo magodimo a setse a phepafaditswe, go setse sebaka sa selefatshe sa Bogosi gore le sone se phepafadiwe ka botlalo gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe. Mo ngwageng ono wa 1993, tlhagiso eno ya Modimo e santse e dira: “A bo go latlhèga lehatshe . . . ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:12.
Bao Ba Tsosediwang kwa Legodimong
13, 14. (a) Dikwalo di bontsha gore ke eng se se ntseng se tsweletse pele go tloga ka 1918 go ya pele? (b) Paulo le Johane ba senola eng gompieno mabapi le masalela a a tloditsweng?
13 Tiragalo e nngwe e e gakgamatsang mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete ke tshimologo ya go tsosiwa ga bao ba yang legodimong. Moaposetoloi Paulo o bontshitse gore Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba ba saleng ka ba robetse mo mabitleng ba tla tsosiwa la ntlha mme ba bo ba ya go tshela le Keresete Jesu mo sebakeng sa moya. Bosupi jwa seno bo ile jwa bolelwa ka dingwagangwaga go bontsha gore seno se bonala se ile sa diragala go tloga ka 1918 go ya pele. Paulo o kwala jaana: “Botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete. Me e tla bo e le moñwe le moñwe kaha thulaganoñ ea gagwè: Keresete e le èna lebucwa pele; me hoñ go tle ba e leñ ba ga Keresete, mo go [nneng gone (pa·rou·siʹa)] ga gagwè.” (1 Bakorintha 15:22, 23) Go tsosiwa ga batlodiwa mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete go tlhomamisiwa sentle mo go 1 Bathesalonia 4:15-17: “Se, re se bua le lona ka lehoko ya Morèna, go re, rona ba re tla boñ re tshedile, ba e tla reñ mo go [nneng gone (pa·rou·siʹa)] ga Morèna re hitlhèlwa re setse, ga re ketla re ètèlèla ba ba shuleñ pele . . . Bashwi ba ba shwetseñ mo go Keresete ba tla coga pele: Hoñ, rona ba re tla boñ re tshedile re tlogecwe, re tla cholediwa mmōgō nabō mo maruñ, re ea go kgatlhantsha Morèna mo loapiñ.” Ke ba le 144 000 bao e leng batlodiwa ba ga Keresete bao kgabagare ba tla amogelang moputso o o molemolemo ono.—Tshenolō 14:1.
14 Jaaka Paulo a bontsha, masalela a a tloditsweng a a santseng a tshela gompieno a ka se tsene mo Bogosing pele ga baswelatumelo le barutwa bale ba bogologolo ba Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang. Moaposetoloi Johane o tswelela pele a tlhalosa jaana ka batlodiwa bao ba swang gompieno: “Go segō bashwi ba ba shwèlañ mo Moreneñ, go simolola hano le go ea pele: E, go bua Mōea, gore ba bōnè tapologō mo letsapeñ ya bōnè; gonne ditihō tsa bōnè di ba setse moragō,” ke gore, lefa ba sena go tsosiwa. (Tshenolō 14:13) Mme Paulo o bolela jaana: “Bōnañ, ke lo bolèlèla bosaitsiweñ: Ga re ketla re rōbala rotlhe, me re tla hetolwa rotlhe hèla, Ka gañwe hèla, ka ponyō ea leitlho, ka lobaka loa lonaka loa bohèlō: gonne lonaka lo tla gèlèbètèga, me bashwi ba tla cosiwa ka mo go sa boleñ, me rona re tla hetolwa.” (1 Bakorintha 15:51, 52) A kgakgamatso ya dikgakgamatso!
15, 16. (a) Jesu o boletse setshwantsho sefe mo go Luke 19:11-15, mme ka ntlha yang? (b) Boperofeti jono bo ntse bo diragadiwa jang?
15 Nako nngwe erile Jesu a rerela setlhopha sengwe sa balatedi ba gagwe kaga Bogosi jwa Modimo, o ne a dirisa setshwantsho gore a ba thuse go baakanya dikgopolo tsa bone tse di sokameng. Polelo eno e balega jaana: “Ka ba itlhoma bogosi yoa Modimo bo tla akoha bo bōnala. Ke gōna, a re, Mogolwane moñwe o kile a ètèla kwa lehatshiñ ye le kgakala, a ea go ikamogèlèla bogosi, le go ba a boea. Me a bitsa batlhanka ba gagwè ba ba shomè, a ba neèla dipondo di le shomè: me a ba raea, a re, Bapalañ ka tse, go tsamaee ke be ke tle ke tle. . . . Me ga dihala, e rile a sena go boea, bogosi yōna a bo amogetse, a laola gore batlhanka bauō ba bilediwè kwa go èna, eboñ ba o ba neetseñ madi, gore a tlè a itse kaha ba bapetseñ ka gōna.”—Luke 19:11-15.
16 Jesu ke ene “Mogolwane” yo o neng a ya kwa legodimong eleng kwa “lehatshiñ ye le kgakala” koo a neng a tla ikamogelela bogosi gone. O amogetse Bogosi joo ka 1914. Ka bofefo fela morago ga moo, Keresete jaaka Kgosi o ile a lekola bao ba ipolelang gore ke balatedi ba gagwe go bona gore ke eng se ba se dirileng mo go tlhokomeleng dikgatlhego tsa Bogosi jaaka ba ne ba laetswe. Ke ba sekaenyana fela ba ba ikanyegang bao ba neng ba tlhophiwa mme morena a ba akgola jaana: “U dihile sentle, motlhanka eo o molemō; ereka u nu u ikanyèga mo go se sennye amogèla thata ea go laola metse e le shomè.” (Luke 19:17) Nako eno ya go nna gone ga ga Keresete e akaretsa tiro e e tswelelang pele ya go rera ka Bogosi ka tlhoafalo, go akaretsa gape le go bolela dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le batho ba ba bosula, mme go okamela tiro eno le gone go ne ga akarediwa mo taolong eno e e neetsweng “motlhanka eo o molemō.”
Go Rera Lefatshe ka Bophara
17. Go nna le boipelo bofe go tshwaya pa·rou·siʹa?
17 Ke eng gape se se neng se tla diragala mo nakong eno ya pa·rou·siʹa? E ne e tla nna nako ya go itumelela thata tiro ya go rera le ya go thusa ba basha gore ba ipaakanyetse go bolokiwa ka nako ya sepitla se segolo se se tlang. Batho bano ba “boidiidi yo bogolo,” bao ba thusang masalela, ba nna ‘makwalo a kgothatso.’ (Tshenolō 7:9; 2 Bakorintha 3:1-3) Paulo o umaka ka tsela e tiro eno ya go roba e ipedisang ka gone fa a re: “Cholohèlō ea rona e be e le eñ, kgotsa boitumèlō yoa rona, leha e le serwalō sa boipelahaco? A ga se lona hèla, ha pele ga Morèna oa rona Yesu, mo go [nneng gone (pa·rou·siʹa)] ga gagwè?”—1 Bathesalonia 2:19.
Nnang Lo Le Phepa Ebile Lo Sena Molato
18. (a) Ke thapelo efe ya ga Paulo e e umakang pa·rou·siʹa? (b) Rotlhe mo nakong eno re tshwanetse go bontsha moya ofe, mme re ka o bontsha ka ditsela dife?
18 Gape Paulo o ile a rapelela bao ba santseng ba tshela mo nakong eno ya go nna gone ga ga Keresete gore ba itshepisiwe: “Me a Modimo oa kagishō ka osi o lo itshepisè gotlhe hèla; me go le meōea ea lona, le dipelo tsa lona, le mebele ea lona, a go bolokwè go le mmōgō, le ka go tlhōka molato, mo go [nneng gone (pa·rou·siʹa)] ga Morèna oa rona Yesu Keresete.” (1 Bathesalonia 5:23) Ee, go sa kgathalesege gore re masalela a a tloditsweng kana re ba palo e kgolo ya dinku di sele, gompieno moya wa go dirisana mmogo ka boikanyegi o re bofagantse gore re tswelele pele re le phepa ebile re sena molato mo nakong eno e e sa tshwaneng le epe. Ka mo go tshwanang, re tlhoka go nna pelotelele. Jakobe o ne a kwala jaana: “Ke gōna, ba ga echo, lo nnè pelotelele, go tsamaee Morèna a [nne gone (pa·rou·siʹa)]. . . . Lo itiisè dipelo: gonne go [nna gone (pa·rou·siʹa)] ga Morèna go gauhi.”—Yakobe 5:7, 8.
19. Petere o ile a re neela tlhagiso efe malebana le pa·rou·siʹa, mme re tshwanetse go arabela jang?
19 Gape moaposetoloi Petere o ne a na le sengwe go se re bolelela rona ba re santseng re tshela mo nakong eno ya gompieno. O re tlhagisitse kgatlhanong le basotli, bao ba leng bantsi tota mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Petere o bolela jaana: “Lo itse mo pele, go re, mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, Ba re, Polèlō ea choloheco ea go [nna gone (pa·rou·siʹa)] ga gagwè e kae? Gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.” (2 Petere 3:3, 4) Go sa kgathalesege gore basotli ba bantsi go le kana kang mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete, batho ba ga Jehofa ba tswelela pele ba phatsima jaaka lesedi la lefatshe, gore batho ba le bantsi ba tle ba bolokwe.
Dipotso Tse Di Boeletsang
◻ Fa nako e ntse e tsamaya batho ba ga Jehofa ba ile ba sedimosetswa jang malebana le pa·rou·siʹa?
◻ Mathaio 24:4-8 e ntse e diragadiwa jang?
◻ Baengele ba ntse ba dirisana mmogo jang le Keresete yo o neilweng setulo sa
bogosi?
◻ Ke kgakgamatso efe e kgolo e le yone go bonalang e diragala ka nako ya pa·rou·siʹa?
◻ Go ipelelwa eng mo nakong eno, mme ke bomang ba ba ipelang?