A ke Go Tla ga ga Jesu Kana ke go Nna Gone ga ga Jesu?
“Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—MATHAIO 24:3, NW.
1. Dipotso di ne di le mosola ka tsela efe mo bodireding jwa ga Jesu?
TSELA e e botswerere e Jesu a neng a dirisa dipotso ka yone e ne e dira gore ba ba mo reeditseng ba akanye, le gore ba sekaseke dilo ka ditsela di sele. (Mareko 12:35-37; Luke 6:9; 9:20; 20:3, 4) Re ka lebogela gore gape o ne a araba dipotso. Dikarabo tsa gagwe di senola boammaaruri jo re neng re ka se bo itse kana ra bo tlhaloganya.—Mareko 7:17-23; 9:11-13; 10:10-12; 12:18-27.
2. Re tshwanetse ra ela tlhoko potso efe gone jaanong?
2 Mo go Mathaio 24:3, re fitlhela nngwe ya dipotso tsa botlhokwa thata e Jesu a kileng a e araba. Fa Jesu a ne a tla tloga a fetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a sa tswa go tlhagisa gore tempele ya Jerusalema e ne e tla senngwa, e le sesupo sa bokhutlo jwa tsamaiso ya Sejuta. Pego ya ga Mathaio e oketsa jaana: “Ya re a ntse a ntse mo Thoteng ya Lotlhware, barutwa ba mo atamela kwa thoko, ba re: ‘Re bolelele, Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone [“go tla,” King James Version] ga gago, le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?’”—Mathaio 24:3.
3, 4. Ke pharologanyo efe e kgolo e Dibaebele di ranolang lefoko la konokono le le mo go Mathaio 24:3 ka yone?
3 Dimilione tsa babadi ba Baebele di ipoditse gore ‘Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ne ba botsa potso eo, mme karabo ya ga Jesu e tshwanetse ya nkama jang?’ Fa Jesu a ne a araba o ne a bolela kafa makakaba a neng a tla lebega ka teng go bontsha gore selemo “se atametse.” (Mathaio 24:32, 33) Ka gone, dikereke di le dintsi di ruta gore baaposetoloi ba ne ba botsa ka sesupo sa “go tla” ga ga Jesu, e leng sesupo se se neng se tla bontsha gore go boa ga gagwe go ne go le gaufi. Ba dumela gore “go tla” moo ke nako ya fa a tla go tseela Bakeresete kwa legodimong mme morago ga moo a bo a fedisa lefatshe. A o dumela gore seno se boammaaruri?
4 Go na le gore dithanolo tse dingwe tsa Baebele di dirise “go tla,” go akaretsa le New World Translation of the Holy Scriptures, di dirisa “go nna gone.” A e ka tswa e le gore se barutwa ba neng ba se botsa le se Jesu a neng a se bolela fa a araba se farologane le se se rutiwang mo dikerekeng? Tota ke eng se se neng sa bodiwa? Mme Jesu o ne a araba jang?
Ke Eng se ba Neng ba se Botsa?
5, 6. Re ka swetsa jang ka tsela e baaposetoloi ba neng ba akanya ka yone fa ba ne ba botsa potso e re e balang mo go Mathaio 24:3?
5 Fa re akanyetsa se Jesu a neng a se bolela ka tempele, go bonala barutwa ba ne ba akantse ka thulaganyo ya Sejuta fa ba ne ba botsa ka ‘sesupo sa go nna gone [kana, “go tla”] ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo [tota e leng, “ngwaga”].’—Bapisa “lefatshe” mo go 1 Bakorinthe 10:11 le Bagalatia 1:4, KJ.
6 Baaposetoloi ba ne ba sa tlhaloganye thata dithuto tsa ga Jesu ka nako eo. Pele ga moo ba ne ba akanya gore “bogosi jwa Modimo bo tlaa akofa bo bonala.” (Luke 19:11; Mathaio 16:21-23; Mareko 10:35-40) Mme le morago ga puisano ya kwa Thabeng ya Lotlhware, le pele Jesu a tlodiwa ka moya o o boitshepo, ba ne ba botsa fa a ne a busetsa Iseraele Bogosi ka nako eo.—Ditiro 1:6.
7. Ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba ne ba botsa Jesu ka tiro ya gagwe ya mo isagweng?
7 Lefa go ntse jalo, ba ne ba itse gore o tla tsamaya, ka gonne e ne e le gone a sa tswang go bolela jaana: “Lesedi le sa ntse le le mo go lona ka lobakanyana. Sepelang lo sa ntse lo na le lesedi.” (Johane 12:35; Luke 19:12-27) Ka jalo tota ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore, ‘Fa Jesu a tsamaya, re tla lemoga ka eng fa a boile?’ Fa a ne a tla e le Mesia, bontsi jwa bone bo ne bo sa mo lemoge. Mme morago ga ngwaga le go feta, dipotso tsa gore a o ne a tla diragatsa sotlhe se Mesia a neng a tla se dira di ne tsa tswelela pele. (Mathaio 11:2, 3) Ka jalo baaposetoloi ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go botsa ka isagwe. A mme gape ba ne ba botsa ka sesupo sa gore o ne a tla tloga a tla kana ba ne ba botsa ka sengwe se se farologaneng?
8. Go lebega baaposetoloi ba ne ba bua puo efe le Jesu?
8 A re re gongwe o ne o le nonyane o reeditse puisano ya kwa Thabeng ya Lotlhware. (Bapisa Moreri 10:20.) Gongwe o ka bo o ne wa utlwa Jesu le baaposetoloi ba bua Sehebera. (Mareko 14:70; Johane 5:2; 19:17, 20; Ditiro 21:40) Lefa go ntse jalo, gongwe gape ba ne ba itse puo ya Segerika.
Se Mathaio a se Kwadileng—Ka Segerika
9. Dithanolo di le dintsi tsa ga Mathaio tsa segompieno di theilwe mo go eng?
9 Dipego tse di kwadilweng bogologolo kwa lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. di bontsha gore Mathaio o simolotse go kwala Efangele ya gagwe ka Sehebera. Go bonala kwa morago a ne a e kwala ka Segerika. Mekwalo e le mentsi ya Segerika e santse e le teng mo motlheng wa rona mme e thusitse gore go ranolelwe Efangele ya gagwe mo dipuong tse di buiwang gompieno. Ke eng se Mathaio a neng a se kwala ka Segerika malebana le puisano ya kwa Thabeng ya Lotlhware? Ke eng se a neng a se kwala ka “go tla” kana “go nna gone” mo barutwa ba neng ba botsa ka gone le mo Jesu a neng a akgela ka gone?
10. (a) Ke lefoko lefe la Segerika le le rayang “go tla” le Mathaio a neng a le dirisa thata, mme le ka tlhalosiwa ka ditsela dife? (b) Ke lefoko lefe le lengwe la Segerika le le kgatlhang?
10 Mo dikgaolong tse 23 tsa ntlha tsa ga Mathaio, re fitlhela lediri le le tlwaelegileng la Segerika la “tla” ka makgetlho a a fetang 80, le le reng erʹkho·mai. Gantsi le akantsha go atamela, fela jaaka mo go Johane 1:47: “Jesu a bona Nathanaele a tla kwa go ene.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lediri leno erʹkho·mai le ka kaya “go goroga,” “go tsamaya,” “go fitlha,” kana “go tsena mo tseleng” go ikaegile ka tsela e le dirisitsweng ka yone. (Mathaio 2:8, 11; 8:28; Johane 4:25, 27, 45; 20:4, 8; Ditiro 8:40; 13:51, bapisa NW.) Mme mo go Mathaio 24:3, 27, 37, 39, Mathaio o dirisitse lefoko le le farologaneng, leina le le seyong gope mo Diefangeleng: pa·rou·siʹa. E re ka Modimo a tlhotlheleditse go kwalwa ga Baebele, ke ka ntlha yang fa a ne a tlhotlheletsa Mathaio gore a tlhophe go dirisa lefoko leno la Segerika mo ditemaneng tseno fa a ne a kwala Efangele ya gagwe ka Segerika? Le kaya eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla go itse?
11. (a) Ke eng se se tlhalosiwang ke pa·rou·siʹa? (b) Dikai tsa mokwalo wa ga Josephus di tlhomamisa jang tsela e re tlhaloganyang pa·rou·siʹa ka yone? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
11 Ka phepafalo, pa·rou·siʹa e kaya “go nna gone.” Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine e bolela jaana: “PAROUSIA, . . . totatota e leng go nna gone, para, e na le ousia, e e (tswang mo go eimi, go nna), e bolela go goroga mmogo le go nna gone mo go tlhomologileng. Ka sekai, mo lekwalong la koma mosadi mongwe o bolela ka botlhokwa jwa parousia ya gagwe mo lefelong lengwe le le rileng e le gore a rarabolole dikgang dingwe tse di malebana le dithoto tsa gagwe.” Dibukantswe tse dingwe di tlhalosa gore pa·rou·siʹa e bolela ‘go eta ga mmusi.’ Ka gone, ga go akaretse fela nako ya go goroga, mme ke go nna gone go simolola ka nako ya go goroga le go ya kwa pele. Se se kgatlhang, ke kafa mokwalahisetori Josephus wa Mojuta, yo o neng a tshela mo nakong ya baaposetoloi, a neng a dirisa pa·rou·siʹa ka teng.a
12. Baebele ka boyone e re thusa jang gore re tlhomamise se se bolelwang ke pa·rou·siʹa?
12 Se se bolelwang ke “go nna gone” se tlhomamisitswe sentle ke dibuka tsa bogologolo, lefa go ntse jalo Bakeresete ba kgatlhiwa thata ke tsela e Lefoko la Modimo le dirisang pa·rou·siʹa ka yone. Karabo e a tshwana—go nna gone. Re bona seo mo dikaing tsa dikwalo tsa ga Paulo. Ka sekai, o ne a kwalela Bafilipi jaana: “Fela jaaka lo ntse lo utlwa gale, e seng kwa ke leng gone go le gosi, mme bogolo thata gompieno ke seyo, lo itireleng poloko ka losi.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Gape o ne a bolela ka go nna le bone e le gore ba itumelele “go nna gone [pa·rou·siʹa] [ga gagwe] gape le [bone].” (Bafilipi 1:25, 26; 2:12) Dithanolo tse dingwe di balega ka gore “fa re le mmogo gape” (Weymouth; New International Version); “fa ke nna le lona gape” (Jerusalem Bible; New English Bible); le “fa lo nna le nna gape mo gare ga lona.” (Twentieth Century New Testament) Mo go 2 Bakorinthe 10:10, 11, (NW) Paulo o ne a farologanya “fa a le gone ka namana” le a “seyo.” Go phepafetse gore mo dikaing tseno o ne a sa bue ka go tla kana ka go goroga ga gagwe; o ne a dirisa pa·rou·siʹa ka tsela ya go nna gone.b (Bapisa 1 Bakorinthe 16:17.) Lefa go ntse jalo, go tweng ka dilo tse di bolelang ka pa·rou·siʹa ya ga Jesu? A di bolela ka “go tla” ga gagwe, kana di bontsha ka go nna gone ka nako e telele?
13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka swetsa ka gore pa·rou·siʹa e tsaya nako e telele? (b) Ke eng se se ka bolelwang ka boleele jwa pa·rou·siʹa ya ga Jesu?
13 Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba mo motlheng wa ga Paulo ba ne ba kgatlhegela pa·rou·siʹa ya ga Jesu. Mme Paulo o ne a ba tlhagisa gore ba se ka ‘ba tshikinngwa mogopolo.’ Go ne go tshwanetse ga tla “monna wa boleo” pele, yo o itshupileng e le baruti ba Labokeresete. Paulo o ne a kwala gore “ene yo go [nna gone, NW] ga gagwe go leng ka fa go direng ga Satane ka thata yotlhe le ka ditshupo.” (2 Bathesalonika 2:2, 3, 9) Ka phepafalo, pa·rou·siʹa, kana go nna gone, ga “monna wa boleo” e ne e se go goroga fela ka nakwana; go ne go tla tsaya nako e e rileng, e mo go yone go tla bonalang ditshupo. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa?
14 Sekaseka temana e e tlang fela pele ga eo: “moikepi o tlaa senolwa, yo Morena Jesu o tlaa mmolayang ka mowa wa molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go [nna gone, NW] ga gagwe.” Fela jaaka go nna gone ga “monna wa boleo” go tla tsaya nako e e rileng, go nna gone ga ga Jesu go ne go tla tsaya nako e telele mme nako ya makgaolakgang e tla nna gone fa go senngwa “morwa tatlhego” yo o boikepo.—2 Bathesalonika 2:8.
Dikarolo Tsa Puo ya Sehebera
15, 16. (a) Ke lefoko lefe le le kgethegileng le le dirisiwang mo dithanolong di le dintsi tsa ga Mathaio tsa Sehebera? (b) Ke jang bohʼ e dirisiwang ka teng mo Dikwalong?
15 Jaaka go umakilwe, go bonala Mathaio a ne a kwala Efangele ya gagwe ya ntlha ka puo ya Sehebera. Ka jalo, ke lefoko lefe la Sehebera le a le dirisitseng mo go Mathaio 24:3, 27, 37, 39? Dithanolo tsa ga Mathaio tse di ranoletsweng mo Sehebereng sa segompieno di na le mofuta mongwe wa lediri la bohʼ, mo potsong ya baaposetoloi mmogo le mo karabong ya ga Jesu. Seno se ka dira gore seo se balege jaana: ‘Sesupo e tla nna eng sa [bohʼ] ya gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?’ le, ‘Jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, [bohʼ] ya Morwa Motho e tlaa nna fela jalo.’ Ke eng se se bolelwang ke bohʼ?
16 Le mororo lediri la Sehebera bohʼ le tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng, totatota le kaya “go tla.” Theological Dictionary of the Old Testament e bolela jaana: ‘E re ka bohʼ le bonala ka makgetlho a a 2 532, ke lengwe la madiri a a dirisiwang thata mo Dikwalong tsa Sehebera mme ke lone la konokono mo madiring a a tlhalosang tiragalo.’ (Genesise 7:1, 13; Ekesodo 12:25; 28:35; 2 Samuele 19:30; 2 Dikgosi 10:21; Pesalema 65:2; Isaia 1:23; Esekiele 11:16; Daniele 9:13; Amose 8:11) Fa e le gore Jesu le baaposetoloi ba dirisitse lefoko le le kayang dilo tse di farologaneng, go tlhaloganngwa ga lone go ne go ka belaetsa. A mme ba ne ba le dirisa?
17. (a) Ke ka ntlha yang fa dithanolo tsa Sehebera sa segompieno tsa ga Mathaio di ka nna tsa se ka tsa bontsha se Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba se bolela? (b) Ke kae gape koo re ka bonang bosupi jwa gore ke lefoko lefe le Jesu le baaposetoloi ba neng ba le dirisa, mme ke ka lebaka lefe le lengwe la go bo re tshwanetse go kgatlhegela seno? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
17 Gakologelwa gore dithanolo tsa segompieno tsa Sehebera ke dithanolo tse di ka nnang tsa se ka tsa ranola sentle se Mathaio a se kwadileng ka Sehebera. Ntlha ke gore Jesu o ka tswa a dirisitse lefoko le le farologaneng le la bohʼ, le le tshwanelang tlhaloso ya pa·rou·siʹa. Re bona seno mo bukeng ya 1995 ya Hebrew Gospel of Matthew, e e kwadilweng ke Porofesa George Howard. Buka eno e ne e lebisitse thata mo kganetsanong ya lekgolo la bo14 la dingwaga e e neng e le kgatlhanong le Bokeresete e e neng e kwadilwe ke ngaka ya Mojuta e bong Shem-Tob ben Isaac Ibn Shaprut. Mokwalo oo o ne o tlhalosa mokwalo wa Sehebera wa Efangele ya ga Mathaio. Go na le bosupi jo bo bontshang gore mo boemong jwa gore mokwalo ono wa ga Mathaio o ranolwe go tswa mo Selatineng kana mo Segerikeng ka motlha wa ga Shem-Tob, o ne o le mogologolo thata mme o kwadilwe ka Sehebera kwa tshimologong.c Ka gone o ka nna wa re atametsa le se se neng sa bolelwa kwa Thabeng ya Lotlhware.
18. Ke lefoko lefe le le kgatlhang la Sehebera le Shem-Tob a neng a le dirisa, mme le bolela eng?
18 Mo go Mathaio 24:3, 27, 39, mokwalo wa ga Shem-Tob wa ga Mathaio ga o dirise lediri bohʼ. Mo boemong jwa lone, o dirisa leina le le batlileng le tshwana le lone la bi·ʼahʹ. Leina leo le bonala fela mo Dikwalong tsa Sehebera mo go Esekiele 8:5, (NW) koo le bolelang “kgoro.” Go na le gore bi·ʼahʹ le bolele ka go tla, le bolela ka kgoro ya kago; fa o le fa kgorong kana fa serepoding, o mo kagong. Gape, mekwalo ya bodumedi e e sa tsweng mo Baebeleng e e neng e le mo Memenong ya Lewatle le le Suleng gantsi e dirisa bi·ʼahʹ go kaya go goroga kana go simolola maemo a boperesiti. (Bona 1 Ditirafalo 24:3-19; Luke 1:5, 8, 23.) Mme thanolo ya 1986 e e ranoletsweng mo Sehebereng sa Se-Syriac sa bogologolo (kana, Searamaika) Peshitta e dirisa bi·ʼahʹ mo go Mathaio 24:3, 27, 37, 39. Ka jalo go na le bosupi jwa gore mo metlheng ya bogologolo leina bi·ʼahʹ le ka tswa le ne le tlhaloganngwa ka tsela e e farologaneng le lediri bohʼ le le dirisitsweng mo Baebeleng. Ke ka ntlha yang fa seno se kgatlhegelwa?
19. Re ne re ka swetsa ka go reng, fa e le gore Jesu le baaposetoloi ba ne ba dirisa bi·ʼahʹ?
19 Baaposetoloi mo potsong ya bone le Jesu mo karabong ya gagwe ba ka tswa ba dirisitse leina leno bi·ʼahʹ. Lefa e le gore tota baaposetoloi ba ne ba akantse fela ka kgopolo ya go goroga ga ga Jesu mo isagweng, Keresete o ka nna a bo a ne a dirisa bi·ʼahʹ go oketsa se ba neng ba se akantse. Jesu o ka nna a bo a ne a tlhalosa go goroga ga gagwe fa a tla go simolola tiro e ntšha; go goroga ga gagwe e ne e tla nna go simolola kabelo ya gagwe e ntšha. Seno se ne se tla tshwana le kgopolo ya pa·rou·siʹa, e kwa moragonyana Mathaio a neng a e dirisa. Ka mo go utlwalang, go dirisa leina le le ntseng jalo la bi·ʼahʹ go ne go tshwanetse gore go tshegetse se Basupi ba ga Jehofa ba saleng ka ba se ruta, gore “sesupo” se se nang le dikarolo di le dintsi se Jesu a neng a se bolela se bontsha gore o ne a le gone.
Go Emela Makgaolakgang a go Nna Gone ga Gagwe
20, 21. Ke eng se re ka se ithutang ka kakgelo ya ga Jesu e e malebana le metlha ya ga Noa?
20 Tsela e re ithutang ka yone ka go nna gone ga ga Jesu e tshwanetse ya re tlhotlheletsa thata mo botshelong jwa rona le mo dilong tse re di lebeletseng. Jesu o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba ntshe matlho dinameng. O ne a ba neela sesupo e le gore go nna gone ga gagwe go ka lemogiwa, le fa gone bontsi jwa batho bo ka nna jwa se ka jwa tsaya seo tsia: “Jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, go [nna gone, NW] ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo. Gonne jaaka go ne ga nna mo metlheng eo ya pele ga morwalela, ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba newa nyalong, go tla go fitlha mo tsatsing le Noa o tsenyeng mo ntlong e e kokobalang ka lone. Ba sa itse, morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe; go [nna gone] ga Morwa Motho le gone go tlaa nna fela jalo.”—Mathaio 24:37-39.
21 Mo metlheng ya ga Noa, batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela ka nako eo ba ne ba tswelela pele fela ka ditiro tsa bone tse di tlwaelegileng. Jesu o ne a bolelela pele gore “go [nna gone] ga Morwa Motho” go ne go tla nna fela jalo. Batho ba ba neng ba tshela le Noa ba ka tswa ba ne ba akanya gore go ka se direge sepe. Wena o a itse se se neng sa direga. Malatsi ao, a a neng a tsaya nako e telele, a ne a fitlha kwa makgaolakgannyeng, “morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe.” Luke o bolela ka pego e e tshwanang e mo go yone Jesu a neng a bapisa “metlha ya ga Noa” le ‘metlha ya Morwa Motho.’ Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Go tlaa nna fela jalo mo motlheng o Morwa Motho o tlaa senolwang ka one.”—Luke 17:26-30.
22. Ke ka ntlha yang fa tota re tshwanetse go kgatlhegela boporofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio kgaolo 24?
22 Seno sotlhe se na le bokao jo bo kgethegileng mo go rona ka gonne re tshela mo motlheng o re lemogang ditiragalo tse Jesu a neng a bolelela pele ka tsone—dintwa, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa malwetse, tlhaelo ya dijo le go bogisiwa ga barutwa ba gagwe. (Mathaio 24:7-9; Luke 21:10-12) Maemo ao a sale ka a bonala fa ntwa e e fetotseng hisetori e e itsiweng e le Ntwa ya Lefatshe I, le mororo batho ba le bantsi ba tsaya maemo ano e le a a tlwaelegileng a hisetori. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba tlhaloganya se se bolelwang ke ditiragalo tseno tse dikgolo, fela jaaka batho ba ba ntshitseng matlho dinameng ba tlhaloganya gore go tlhotlhorega ga makakaba a setlhare sa mofeige go supa fa selemo se le gaufi. Jesu o ne a gakolola jaana: “Fela jalo le lona, fa lo bona dilo tse di dira[g]ala, itseng fa bogosi jwa Modimo bo atametse.”—Luke 21:31.
23. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio kgaolo 24 a na le bokao mo go bomang ka tsela e e kgethegileng, mme ka ntlha yang?
23 Jesu o ne a lebisa karabo ya gagwe thata mo balateding ba gagwe fa a ne a le kwa Thabeng ya Lotlhware. E ne e le bone ba ba neng ba na le seabe mo tirong ya go rera mafoko a a molemo e e bolokang matshelo a batho mo lefatsheng lotlhe pele bokhutlo bo tla. E ne e tla nna bone ba ba neng ba tla tlhaloganya “se se makgapha a a swafatsang . . . se eme mo felong ga boitshepo.” E ne e tla nna bone ba ba neng ba tla tsaya kgato ka gore ba ‘tshabe’ pele ga sepitla se segolo. E ne e tla nna bone ba tota ba neng ba tla amiwa ke mafoko ano a mangwe: “Fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.” (Mathaio 24:9, 14-22) Mme tota ke eng se se bolelwang ke mafoko ao a a masisi, mme ke eng fa go ka bolelwa gore a re neela motheo wa gore re itumele thata, re nne le tshepo le tlhagafalo gone jaanong? Thuto e e latelang ya Mathaio 24:22 e tla re neela dikarabo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dikai tsa ga Josephus: Kwa Thabeng ya Sinai, legadima le go duma ga maru “di ne di bolela gore Modimo o gone [pa·rou·siʹa].” Dikgakgamatso tse di neng di bontshiwa kwa motlaaganeng “di ne di bontsha go nna gone [pa·rou·siʹa] ga Modimo.” Modimo o ne a “bontsha motlhanka wa gagwe maatla a gagwe le go nna gone [pa·rou·siʹa] ga gagwe,” ka go bontsha motlhanka wa ga Elisha dikara tse di neng di mo dikologile. Fa modiredimogolo wa Roma e bong Petronius a ne a leka go reba bogale jwa Bajuta, Josephus o ne a bolela gore ‘Modimo o ne a bontsha Petronius gore o gone [pa·rou·siʹa],’ ka gore a nese pula. Josephus o ne a sa dirise pa·rou·siʹa go raya go tla kana go goroga ka nakwana fela. O ne a raya go nna gone mo go tsweletseng pele, e bile go sa bonale. (Ekesodo 20:18-21; 25:22; Lefitiko 16:2; 2 Dikgosi 6:15-17)—Bapisa Antiquities of the Jews, Buka 3, kgaolo 5, serapa 2 [80]; kgaolo 8, serapa 5 [203]; Buka 9, kgaolo 4, serapa 3 [55]; Buka 18, kgaolo 8, serapa 6 [284].
b Mo tshupisong ya A Critical Lexicon and Concordance to the English and Greek New Testament, E. W. Bullinger o tlhalosa gore pa·rou·siʹa e kaya ‘ka namana kana go nna gone, ka jalo, go nna gone, go goroga; go tla mo go akaretsang kgopolo ya go nna ka bosakhutleng go tloga ka nako ya fa o tla le go ya kwa pele.’
c Bosupi bongwe bo bontsha gore go na le lefoko la Sehebera le le reng “Leina,” le le kwadilweng le feletse kana le khutshwafaditswe, ka makgetlho a le 19. Porofesa Howard o kwala jaana: “Tsela e Leina la Modimo le neng le balega ka yone mo mokwalong wa Bokeresete o o nopotsweng ke motho yo o kgatlhanong le Sejuta e a gakgamatsa. Fa e le gore seno e ne e le thanolo ya Sehebera ya mokwalo wa Segerika kana wa Selatine wa Bokeresete, motho mongwe o ne a ka lebelela go fitlhela adonai [Morena] mo mokwalong oo, e seng letshwao la leina la Modimo le e neng e le moila go le bua YHWH. . . . Go a gakgamatsa gore ene a bo a ile a akaretsa leina le e neng e le moila go le bua. Bosupi bo akantsha thata gore Shem-Tob o ne a amogela khopi ya ga Mathaio e na le Leina la Modimo le setse le le mo mokwalong oo le gore gongwe o ne a le boloka gore a se ka a nna molato wa go le ntsha.” New World Translation of the Holy Scriptures—With References e dirisa Mathaio (J2) wa ga Shem-Tob go tshegetsa go dirisiwa ga leina la Modimo mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go bona pharologanyo e Dibaebele di ranolang Mathaio 24:3 ka yone?
◻ Ke eng se se bolelwang ke pa·rou·siʹa, mme ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela seno?
◻ Ke ka tsela efe e Mathaio 24:3 e ka tswang e tshwana mo Segerikeng le mo Sehebereng?
◻ Ke lebaka lefe le le malebana le nako le re tlhokang go le itse gore re tlhaloganye Mathaio kgaolo 24?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Thaba ya Lotlhware, ka kwa godimo ga Jerusalema