LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/15 ts. 10-15
  • Jehofa—Modimo O O Nang le Boikaelelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa—Modimo O O Nang le Boikaelelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo wa Boikaelelo
  • A Senotswe Kgato ka Kgato
  • Go Sedifalediwa
  • Bontsi Bo Tlhopha go Nna Bo Sa Itse
  • Latela Lesedi la Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Batshodi ba Lesedi—Ka Boikaelelo Bofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Boikaelelo jwa Mmatota jwa Botshelo
    Tsogang!—1992
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/15 ts. 10-15

Jehofa—Modimo O O Nang le Boikaelelo

“Rure yaka ke gopotse, go tla dihala yalo; le yaka ke ikaeletse go tla èma hèla yalo.”—ISAIA 14:24.

1, 2. Batho ba bantsi ba reng kaga lebaka la go bo botshelo bo le gone?

BATHO ba botsa jaana gongwe le gongwe: “Ke eng fa botshelo bo le gone?” Moeteledipele mongwe wa dipolotiki wa kwa Bophirima o ne a re: “Go na le batho ba bantsi thata ba ba botsang jaana: ‘Re bomang? Ke eng fa re le gone?’” Fa lokwalodikgang lo ne lo botsa batho ba basha maikutlo a bone ka kgang ya gore lebaka la go bo botshelo bo le gone ke lefe, ba ne ba araba ka tsela eno: “Go dira sengwe le sengwe se pelo ya gago e se eletsang.” “Go tshela botshelo jwa gago ka botlalo nako nngwe le nngwe.” “Go ja mokaragana.” “Go nna le bana, go itumela, o bo o swa.” Bontsi bo ne bo akanya gore botshelo jwa jaanong ke sone seo fela. Ga go na ope yo a neng a bolela gore go tshela mo lefatsheng e ne e tshwanetse ya nna selo sa lobaka lo loleele.

2 Motho mongwe yo o ithutang dithuto tsa ga Confucius o ne a re: “Se botshelo e leng sone tota se bonwa mo go nneng teng fela ga rona jaaka batho.” Go ya ka seno, batho ba tla nna ba tsholwa, ba kgaratlha ka dingwaga di le 70 kana 80, ba bo ba swa ba nyelela ka bosakhutleng. Rasaense mongwe wa thutotlhagelelo o ne a re: “Re ka nna ra eletsa go bona karabo ‘e e botoka’—mme tota ga e yo.” Mo bathong bano ba ba dumelang thutotlhagelelo, botshelo ke go kgaratlhela go nna teng, mme loso lone lo fedisa gotlhe. Difilosofi tse di ntseng jalo ga di neye tsholofelo epe ka botshelo.

3, 4. Maemo a lefatshe a ama tsela e batho ba bantsi ba lebang botshelo ka yone jang?

3 Bontsi bo belaela gore a go na le lebaka la go bo botshelo bo le gone fa ba bona botshelo jwa batho bo tletse ka matshwenyego a mantsi jaana. Mo motlheng ono wa rona, o go ka bong go twe motho o setse a kgonne dilo tse dikgolo mo diintasetering le saense, go na le batho ba ba ka tshwarang dimilione di le sekete mo lefatsheng lotlhe ba ba lwalang tota kana ba ba sa boneng dikotla tse di lekaneng. Dilo tseno di bolaya dimilione tsa bana ngwaga le ngwaga. Mo godimo ga moo, mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga go ile ga swa batho ba ba imenneng gane mo dintweng go feta mo dingwageng tse di makgolo a mane tse di fetileng di kopantswe. Bokebekwa, thubakanyo, go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo, go thubega ga malapa, AIDS le malwetsi a mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo—lenaane la dilo tse di sa siamang tseno le ntse le oketsega. Baeteledipele ba lefatshe ga ba kgone go rarabolola mathata ano.

4 Maemo ano a ne a dira gore motho mongwe a bolele selo seno se se dumelwang ke ba bantsi: “Tota lebaka la go bo re tshela ga le yo. Fa e le gore go diragala dilo tse di maswe jaana, gone he botshelo ke selo se se lolea fela.” Monna mongwe yo o godileng o ne a bolela jaana: “Ke ntse ke ipotsa gore ke ka ntlha yang fa ke ntse ke tshela. Fa e le gore go na le lebaka, ga ke tlhole ke tshwenyega ruri.” Ka jalo, maemo a a tshwenyang thata a lefatshe a dira gore batho ba se ka ba solofela sepe ka isagwe gonne bontsi jwa batho ga ba itse lebaka la go bo Modimo o letlile gore go boga go tswelele.

5. Ke eng fa ditumelo tsa lefatshe leno di oketsa tlalelo e e leng teng kaga lebaka la go bo botshelo bo le gone?

5 Le bone baeteledipele ba bodumedi, ga ba dumelane, e bile ga ba tlhomamise gore lebaka la go bo re tshela ke lefe. Motho mongwe yo e kileng ya bo e le moperesiti wa St. Paul’s Cathedral kwa Lontone o ne a re: “Ke sale ke ntse ke kgaratlha ke batla go bona gore lebaka la go bo ke tshela ke lefe. . . . Ga ke a le bona.” Ke boammaaruri gore bontsi jwa baruti bo ruta gore fa batho ba swa, ba ba siameng ba ya kwa legodimong mme ba ba sa siamang ba ela ruri kwa diheleng tsa molelo. Mme kgopolo eno e tlogela batho ba ba mo lefatsheng ba ntse ba tshela botlhoko. E bile fa e le gore boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore ba ye go tshela kwa legodimong, ke eng fa a ne a sa ba dire dibopiwa tsa selegodimo fela go tloga kwa tshimologong, fela jaaka a dirile baengele, mme ka gone ba tlogela go boga jaana? Ka jalo, go etsaetsega ka gore lebaka la go bo re tshela ke lefe kana go gana go dumela gore go na le lebaka go tletse tota.

Modimo wa Boikaelelo

6, 7. Bibela e re bolelela eng kaga Molaodi wa Lobopo?

6 Lefa go ntse jalo, buka e e phasaladitsweng thata go gaisa tsotlhe mo hisitoring, Bibela E E Boitshepo, e re bolelela gore Jehofa, Molaodi wa lobopo ke Modimo wa boikaelelo. E re bolelela gore boikaelelo jwa gagwe ka batho ba ba mo lefatsheng bo tla diragala ka lobaka lo loleele e bile ke jwa bosakhutleng. Gape, fa Jehofa a ikaelela go dira sengwe, ruri se tla diragala. Modimo o bolela gore fela jaaka pula e dira gore dilo di tlhoge “lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.” (Isaia 55:10, 11) Sengwe le sengwe se Jehofa a se bolelang o tla se dira, se “tla èma hèla yalo.”—Isaia 14:24.

7 Rona batho re ka solofela tota gore Mothatayotlhe o tla dira fela jaaka a solofeditse, ka go bo Modimo ‘ga o kake wa aka.’ (Tito 1:2; Bahebera 6:18) Fa a re bolelela gore o tla dira sengwe, lefoko la gagwe fela le re tlhomamisetsa gore se tla diragala. Go tshwana fela le fa se setse se diragetse. O bolela jaana: “Ke Nna Modimo ga go na ope o [s]ele; ke Nna Modimo, me ga go na opè eo o chwanañ le nna; Eo ke bolèlañ bokhutlō e sa nntse e le tshimologō, ke bolèle e sale bogologolo dilō tse di e señ di dihwe; ka re, Kgakololō ea me e tla èma, ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla; . . . Ke ikaeletse, le gōna ke tla dihatsa; ke ikaeletse, le gōna ke tla diha.”—Isaia 46:9-11.

8. A bao ba tlhoafetseng ba batla go itse Modimo ba kgona go mmona?

8 Mo godimo ga moo, Jehofa ga a “rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Ke gone ka moo a batlang gore a itsiwe ke mongwe le mongwe. Moperofeti mongwe yo leina la gagwe e neng e le Asaria o ne a re: “Ha lo mmatla [Modimo], o tla bōnwa ke lōna; me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha.” (2 Ditihalō 15:1, 2) Ka gone, ba ba batlang go itse Modimo le maikaelelo a gagwe tota ba ka kgona go mo itse ka go tsaya matsapa a go mmatla.

9, 10. (a) Ke eng se se baakanyeditsweng ba ba batlang go itse Modimo? (b) Go sekaseka Lefoko la Modimo go re thusa go dira eng?

9 Mme lefa go ntse jalo ba ka mmatla kae? Modimo o neile ba ba mmatlang ka boammaaruri Lefoko la gagwe, Bibela. Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo, one maatla a dirang a a neng a a dirisa fa a ne a bopa lobopo, go kaela banna ba ba ikanyegang gore ba kwale seo re tlhokang go se itse kaga maikaelelo a gagwe. Ka sekai, moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana kaga boperofeti jwa Bibela: “Ga go na polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.” (2 Petere 1:21) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bolela jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Timotheo 3:16, 17; 1 Bathesalonia 2:13.

10 Ela tlhoko gore Lefoko la Modimo ga le re thuse go dira ka selekanyo se sennye kana go dira ka go itsemeletsa mme le re thusa gore re ‘nne boitekanelo, re iketleeleletse.’ Le re thusa gore re itse ka tlhomamo gore Modimo ke mang, re itse maikaelelo a gagwe, le gore o batla eng mo batlhankeng ba gagwe. Seno ke se se ka lebelelwang go bonwa mo bukeng e e kwadilweng ke Modimo. E bile ke yone fela e re ka senkang mo go yone fa re batla go itse boammaaruri ka Modimo. (Diane 2:1-5; Yohane 17:3) Fa re dira jaana re tla bo re sa tlhole re le “banyana ba go heheutlèlwa kwano le kwa, le go kgarakgatshiwa ke phehō ñwe le ñwe le thuto, ka boherehere yoa batho, ka bohelepa yo bo latedisañ timèlō.” (Baefesia 4:13, 14) Mopesalema o ne a bolela tsela e e siameng ya go leba seno fa a ne a re: “Lehoko ya gago [Modimo] ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me.”—Pesalema 119:105.

A Senotswe Kgato ka Kgato

11. Jehofa o senoletse batho boikaelelo jwa gagwe jang?

11 Jehofa o ne a senola maikaelelo a gagwe ka lefatshe leno le ka batho ba ba mo go lone fela kwa tshimologong ya lelapa la motho. (Genesise 1:26-30) Mme lefa go ntse jalo, losika lwa motho lo ne lwa tsena mo lefifing la semoya lwa bo lwa swa fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba gana Modimo o ba laola. (Baroma 5:12) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse gore go ne go tla nna le ba ba neng ba tla batla go mo direla. Ka gone, o ile a nna a senolela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang maikaelelo a gagwe kgato ka kgato ka makgolokgolo a dingwaga. Bangwe ba bao a neng a bua le bone e ne e le Enoke (Genesise 5:24; Yude 14, 15), Noa (Genesise 6:9, 13) Aberahame (Genesise 12:1-3), le Moshe (Ekesodo 31:18; 34:27, 28). Moperofeti wa Modimo e bong Amose o ne a kwala jaana: “Rure Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.”—Amose 3:7; Daniele 2:27, 28.

12. Jesu o ne a sedifatsa boikaelelo jwa Modimo jang?

12 Ka nako ya fa Morwa Modimo, Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng dingwaga tse di ka nnang 4 000 morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, go ne ga senolwa dikarolo tse dingwe gape tse dintsi tsa boikaelelo jwa ga Jehofa. Go ne ga dirwa jalo segolobogolo kaga boikaelelo jwa Modimo jwa go tlhoma Bogosi jwa selegodimo gore bo buse lefatshe. (Daniele 2:44) Jesu o ne a dira Bogosi joo setlhogo se a neng a ruta ka sone. (Mathaio 4:17; 6:10) Ene le barutwa ba gagwe ba ne ba ruta gore boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka lefatshe le ka batho bo ne bo tla diragadiwa fa Bogosi bo busa. Lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise e e tla nniwang ke batho ba ba itekanetseng, ba ba tla tshelelang ruri. (Pesalema 37:29; Mathaio 5:5; Luke 23:43; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:4) Mo godimo ga moo Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba supa se se neng se tla diragala mo lefatsheng le lesha leo ka dikgakgamatso tse Modimo o neng o ba neile thata ya go di dira.—Mathaio 10:1, 8; 15:30, 31; Yohane 11:25-44.

13. Ke phetogo efe e e neng ya diragala ka Pentekosete 33 C.E. mabapi le tsela e Modimo o dirisanang le batho ka yone?

13 Phuthego ya balatedi ba ga Keresete e ne ya tshololelwa moya wa Modimo, malatsi a le 50 morago ga tsogo ya ga Jesu, ka Pentekosete 33 C.E. Ba ne ba tsaya sebaka sa Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba e neng e le batho ba Jehofa a dirileng kgolagano le bone. (Mathaio 21:43; 27:51; Ditihō 2:1-4) Go tshololwa ga moya o o boitshepo ka nako eo e ne e le bosupi jwa gore, go tloga ka nako eo go ya kwa pele, Modimo o ne a tla senola boammaaruri jo bo kaga maikaelelo a gagwe a dirisa moemedi yo mosha yono. (Baefesia 3:10) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. go ne ga tlhongwa thulaganyo e phuthego ya Bokeresete e neng e tlile go laolwa ka yone.—1 Bakorintha 12:27-31; Baefesia 4:11, 12.

14. Batho ba ba batlang boammaaruri ba ka kgona go tlhaola jang phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete?

14 Gompieno, batho ba ba batlang boammaaruri ba kgona go tlhaola phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete ka go bo e supa nonofo e e botlhokwa thata ya Modimo e leng lorato. (1 Yohane 4:8, 16) Tota ruri, lorato lwa bokaulengwe ke lone lotshwao lo lo supang Bakeresete ba boammaaruri. Jesu o ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” “Taolō ea me ke e, gore lo ratanè hèla yaka le nna ke lo ratile.” (Yohane 13:35; 15:12) E bile Jesu o ne a gakolola ba ba neng ba mo reeditse jaana: “Lona lo ditsala tsa me, ha lo diha dilō tse ke di lo laolèlañ.” (Yohane 15:14) Ka jalo, batlhanka ba Modimo ba boammaaruri ke bao ba tshelang ka molao wa lorato. Ga ba bue ka lone fela, ka go bo “tumelo ha e tlhalanye le ditihō e shule.”—Yakobe 2:26.

Go Sedifalediwa

15. Batlhanka ba Modimo ba ka tlhomamisediwa eng?

15 Jesu o ne a bolelela pele gore fa nako e ntse e tsamaya, phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete e ne e tla sedifalediwa go ya kwa pele kaga boikaelelo jwa Modimo. O ne a solofetsa balatedi ba gagwe jaana: “Mogomotsi, eboñ Mōea o o Boitshèpō, eo Rara o tla mo romañ ka leina ya me, èna o tla lo ruta dilō cotlhe, me o tla lo gakolola cotlhe tse ke di buileñ le lona.” (Yohane 14:26) Jesu o ne a bolela gape jaana: “Bonañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:20) Ka jalo lesedi la boammaaruri kaga Modimo le boikaelelo jwa gagwe le a oketsega mo batlhankeng ba Modimo. Ee, “tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.”—Diane 4:18.

16. Lesedi le re nang le lone la semoya le re bontsha eng mabapi le gore re tsena fa kae mo boikaelelong jwa Modimo?

16 Gompieno, lesedi leo la semoya le phatsima le go feta, ka go bo re mo metlheng eo boperofeti jo bontsi jwa Bibela go diragadiwang ka yone kana bo leng gaufi le go diragadiwa. Bo supa gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. Eno ke nako e e bidiwang “bokhutlō yoa lehatshe”; joo bo tla latelwang ke lefatshe le lesha la Modimo. (2 Timotheo 3:1-5, 13; Mathaio 24:3-13) Jaaka Daniele a ne a bolelela pele, Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo tla tloga bo “thubaganya bo nyèlètsa magosi auō [a a leng teng jaanong] aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

17, 18. Ke boperofeti bofe jo bogolo joo bo diragadiwang jaanong?

17 Bongwe jwa boperofeti jo bo diragadiwang jaanong ke joo bo kwadilweng mo temaneng ya bo 14 ya Mathaio kgaolo 24. Jesu o ne a bolela jaana mo go bone: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di dira tiro eno ya go rera kaga Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Mme ba tladiwa ke diketekete tse di makgolokgolo ngwaga le ngwaga. Seno se dumelana le boperofeti jo bo mo go Isaia 2:2, 3, jo bo reng, “go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele” ya lefatshe le le boikepo leno, batho ba ba tswang mo merafeng e mentsi ba tla tla mo kobamelong ya ga Jehofa ya boammaaruri, mme ‘o tla ba ruta ditsela tsa gagwe, me ba tla sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’

18 Ba basha bano ba oologela mo kobamelong ya ga Jehofa “jaaka leru,” jaaka go boleletswe pele mo go Isaia kgaolo 60 temana 8. Temana 22 e oketsa jaana: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” Bosupi bo bontsha gore nako eo ke gone jaanong. E bile ba basha ba ka bolela ba tlhomamisa tota gore ba kgonne go bona phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri ka go kopana le Basupi ba ga Jehofa.

19. Ke eng fa re re batho ba basha ba ba kopanelang le Basupi ba ga Jehofa ba tla mo phuthegong ya boammaaruri ya Bokeresete?

19 Ke eng fa re ka bolela seno re se tlhomamisa jaana? Ka gonne ba basha bano, mmogo le dimilione tse di setseng di le mo phuthegong ya ga Jehofa, ba neetse matshelo a bone mo Modimong e bile ba dira thato ya gagwe. Seno se raya gore ba ikobela molao wa bomodimo wa lorato. Bosupi bongwe jwa seno ke gore Bakeresete bano ba thutse ‘ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele mme ga ba tlhole ba ithuta tlhabano gope.’ (Isaia 2:4) Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba leng mo lefatsheng leno ba dirile seno gonne ba na le lorato. Seno se kaya gore ga ba kake ba tsaya dibetsa ba lwa bone ka bobone kana ba lwa le ope fela. Seno se dira gore ba farologane le batho ba bangwe tota—ga ba tshwane le ditumelo tsa lefatshe. (Yohane 13:34, 35; 1 Yohane 3:10-12, 15) Ga ba na mowa wa bosetšhaba o o kgaoganyang batho, ka go bo bone ba na le bokaulengwe mo lefatsheng lotlhe, jo bo theilweng mo loratong, “lo e leñ lōna, sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:14; Mathaio 23:8; 1 Yohane 4:20, 21.

Bontsi Bo Tlhopha go Nna Bo Sa Itse

20, 21. Ke eng fa karolo e ntsi ya batho e le mo lefifing la semoya? (2 Bakorintha 4:4; 1 Yohane 5:19)

20 Fa batlhanka ba Modimo ba ntse ba phatsimelwa ke lesedi la semoya go ya kwa pele, batho botlhe ba bangwe ba ntse ba tsenelela kwa teng mo lefifing la semoya. Ga ba itse Jehofa kana jone boikaelelo jwa gagwe. Moperofeti wa Modimo o ne a tlhalosa nako eno fa a ne a re: “Lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba.” (Isaia 60:2) Seno se a diragala gonne batho ga ba kgatlhegele go ithuta kaga Modimo, e bile ga ba supe fa ba eletsa go leka go mo itumedisa. Jesu o ne a re: “Tshekishō ke e, go re, lesedi le tsile mo lehatshiñ, me batho ba ratile lehihi bogolo go lesedi; gonne ditihō tsa bōnè di ne di le boshula. Gonne moñwe le moñwe eo o dihañ boshula o ila lesedi, oa ba a sa tle lesediñ, e tle e re kgotsa ditihō tsa gagwè di senolwè.”—Yohane 3:19, 20.

21 Batho ba ba ntseng jalo ruri ga ba kgatlhegele go batla go itse gore Modimo o rata ba dira eng. Go na le moo, ba tshela matshelo a bone ba dira se se ratwang ke bone fela. Mme fa ba itlhokomolosa thato ya Modimo jalo, ba ipaya mo boemong jo bo kotsi, ka go bo Lefoko la gagwe la re: “Eo o ithuhulañ gore a se utlwe molaō, le e leñ ōna morapèlō oa gagwè ke sehedisa pelo hèla.” (Diane 28:9) Ba tlile go ja maungo a tsela e ba e tlhophileng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.”—Bagalatia 6:7.

22. Boidiidi jwa batho ba ba batlang go itse Modimo bo dira eng gompieno?

22 Lefa go ntse jalo, go na le boidiidi jo bongwe jo bo batlang go itse thato ya Modimo, joo bo mmatlang ka tlhoafalo, jo bo mo kgatlhegelang. “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla,” go bolela jalo Yakobe 4:8. Jesu o ne a bolela jaana ka ba ba ntseng jalo: “Eo o dihañ boamarure, o tla lesediñ, gore ditihō tsa gagwè di senolwè, ha di dihilwe mo Modimoñ.” (Yohane 3:21) Mme a bo Modimo o ikaeletse go naya ba ba tlang mo leseding isagwe e e molemolemo jang ne! Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotla ka dilo tse di kgatlhang tse ba di lebeletseng.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke eng se batho ba bantsi ba se bolelang kaga lebaka la go bo botshelo bo le gone?

◻ Jehofa o itshenola jang gore ke Modimo o o nang le boikaelelo?

◻ Ke lesedi lefe le legolo le le neng la phatshima mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?

◻ Phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete e ka tlhaolwa jang gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela