LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/15 ts. 4-7
  • Keresemose—A Ruri ke Selo sa Bokeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keresemose—A Ruri ke Selo sa Bokeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo ya “Keresemose” ya Boheitane
  • Tiragalo e e Itumedisang
  • Dimpho Tsa Keresemose
  • Tlotlang Keresete Jaaka Kgosi!
  • A go Abalana Dimpho ka Keresemose Ke Selo Se Se Nang le Tlhaloganyo?
    Tsogang!—1993
  • A Keresemose ke Moletlo wa Bakeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Boammaaruri ka Keresemose
    Tsogang!—2010
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho Bangwe ba sa Keteke Keresemose?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/15 ts. 4-7

Keresemose—A Ruri ke Selo sa Bokeresete?

GO YA ka The World Book Encyclopedia, “Keresemose ke letsatsi le Bakeresete ba ketekang letsatsi la botsalo jwa ga Jesu Keresete ka lone.” Lefa go ntse jalo, saetlopedia eo e bolela gape jaana: “Bakeresete ba ntlha ba ne ba sa keteke botsalo [jwa ga Jesu] ka gonne ba ne ba tsaya go keteka botsalo jwa mongwe le mongwe gore ke mokgwa wa boheitane.”

The Making of the Modern Christmas, e e kwadilweng ke Golby le Purdue e dumalana jaana: “Bakeresete ba ntlha ba ne ba sa keteke botsalo jwa ga Keresete. Malatsi a botsalo ka boone a ne a amanngwa le ditiro tsa boheitane; Diefangele ga di bue sepe ka letlha le tota Keresete a tshotsweng ka lone.”

Fa e le gore go keteka letsatsi la botsalo ga go a simologa mo Bokereseteng, go tlile jang gore botsalo jwa ga Keresete e nne mokete o o tlotlometseng thata jaana wa “Bokeresete”?

Tshimologo ya “Keresemose” ya Boheitane

“Mongwe le mongwe o ne a keteka e bile a ipela, tiro le kgwebo di ne di tlogetswe, matlo a ne a kgabisitswe ka laurel le ditlhatshana tse ditala, ditsala di ne di etelana le go fana dimpho. Paka yotlhe e ne e le ya go ipela le go eleletsana molemo, batho ba ne ba tshameka metshameko yotlhe e e kgatlhang.”—Paganism in Christian Festivals, e e kwadilweng ke J. M. Wheeler.

A tlhaloso e e tshwanela mekete ya Keresemose e o e itseng? Se se gakgamatsang ke gore e ne e se Keresemose! Go na le moo, tlhaloso e ke ya Saturnalia—mokete wa boheitane wa Roma o o tsayang beke o o neng o amanngwa le nako e letsatsi le neng le ema ka yone mariga (e e tshwantshitsweng mo tsebeng e e kafa letlhakoreng le lengwe). Botsalo jwa letsatsi le le sa fenngweng bo ne bo ketekwa ka December 25, le e neng e le letsatsi le legolo la mokete wa bodumedi jwa Mithra jwa kwa Roma.

Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, “December 25, letsatsi la botsalo jwa ga Mithra, modimo wa Iran wa lesedi le . . . go gopolwang letsatsi le le sa fenngweng, mmogo le letsatsi le le fa morago ga Saturnalia, kereke e ne ya le dira Keresemose, letsatsi le Keresete a tshotsweng ka lone, go ganetsa se mekete e e ka felelang e se dirile.” Ka jalo mokete wa letsatsi la botsalo wa boheitane o ne wa tswelela fela ka go fapaanya maina go fetolwa Mithra go nna Keresete!

Lefa go ntse jalo, o ka tswa o dumela gore botsalo jwa Morwa Modimo, Jesu, e ne e le sengwe se se kgethegileng se se tshwanetseng go gakologelwa. Go leba se Baebele e se buang ka seno go ka re fa lesedi.

Tiragalo e e Itumedisang

Kgaolo ya bobedi ya Efangele ya ga Luke e re fa tshedimosetso ka se se diragetseng pele. Luke o re bolelela ka fa baengele ba selegodimo, badisa ba ba boikokobetso, batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo le Maria ka boene ba ileng ba itshwara ka teng ka tiragalo eno e e botlhokwa.

Tlhokomela pele “badisa mo nageng” ba ba neng ba “disitse letsomane la bone bosigo,” selo se ba neng ba ka se ka ba bo ba ne ba se dira mo bogareng jwa mariga. Fa “moengele wa Morena” a bonala mme kgalalelo ya Modimo e phatsima mo gare ga bone, badisa la ntlha ba ne ba tshogile. Ba ne ba nametsega fa moengele a ne a tlhalosa jaana: “Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, joo bo tla dirafalelang batho botlhe, gonne gompieno lo tsaletswe Mmoloki yo e leng Keresete Morena.” Fa “bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo” jwa baengele bo bonala ka tshoganetso, badisa ba ne ba itse gore botsalo jo bo ne bo farologane le a mangwe otlhe. Se se kgatlhang ke gore baengele ga ba a ka ba tlisetsa losea dimpho. Go na le moo, baengele ba ne ba baka Jehofa ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.”—Luke 2:8-14.

Jaaka go ne go ka lebelelwa, badisa ba ne ba batla go bona ngwana gonne Jehofa a ne a ba itsisitse ka tiragalo e e itumedisang eo. Fa ba ne ba fitlhela losea lo robetse mo bojelong jwa dipitse, ba ne ba bolelela batsadi ba lone se baengele ba neng ba se buile. Badisa ba ne ba tsamaya, “ba galaletsa Modimo,” e seng losea.—Luke 2:15-18, 20.

Maria, mmaagwe Jesu, kwantle ga pelaelo o ne a ipelela go belega ngwana wa gagwe wa maitibolo ka katlego. Mme le ene o ne a “akanya mo pelong ya gagwe.” O ne a ya Jerusalema, a patilwe ke monna wa gagwe, Josefa, gonne ba ne ba ikobela Molao wa ga Moshe. Se e ne e se mokete wa letsatsi la botsalo. Go na le moo, e ne e le nako ya go neela Modimo losea, “jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena ga twe: ‘Mosimane [mongwe] le mongwe wa ntlha o tla bidiwa boitshepelo Morena.’”—Luke 2:19, 22-24.

Kwa tempeleng kwa Jerusalema, Maria le Josefa ba ne ba kopana le Simeone, yo Luke a mo tlhalosang jaaka “yo o siameng, a le morapedi wa Modimo; a lebeletse kgomotso ya Iseraele.” Ka nako ya fa a ne a tlhotlheleditswe o ne a boleletswe gore ga a ne a swa pele a bona “Keresete wa Morena.” Se se neng sa latela le sone e ne e le “ka mowa [wa Modimo].” Simeone o ne a tshola ngwana ka mabogo, nnyaa, e seng go mo fa mpho mme e le go baka Modimo a re: “Morena, jaanong o ka mma motlhanka wa gago a tsamaya ka kagiso jaaka lefoko la gago, gonne matlho a me a bone poloko ya gago, e o e baakantseng fa pele ga sefatlhego sa ditšhaba tsotlhe.”—Luke 2:25-32.

Morago ga foo, go ne ga atamela moperofeti wa sesadi, Ana. Le ene o ne “a leboga Modimo, a bua ka ga gagwe le batho botlhe ba ba lebeletseng thekololo ya Jerusalema.”—Luke 2:36-38.

Maria, Simeone, Ana, badisa mmogo le baengele ba selegodimo botlhe ba ne ba ipela fa Jesu a tsalwa. Lefa go ntse jalo, tsweetswee tlhokomela gore ga ba a ka ba dira meletlo e e modumo lefa e le go aba dimpho. Go na le moo, ba ne ba galaletsa Jehofa, Motlamedi wa selegodimo yo o ba bolokang.

Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba re, ‘Tota go aba dimpho ka Keresemose ga go ka ke ga bo go le phoso, ka gore a banna “ba bararo ba ba botlhale” ga ba a ka ba tlotla Jesu ka go mo naya dimpho?’

Dimpho Tsa Keresemose

A re tlhatlhobeng gape pego ya Baebele. O tla fitlhela go kwadilwe mo Efangeleng ya ga Mathaio, kgaolo 2. Ga go umakiwe mokete ope wa letsatsi la botsalo lefa e le ka nako epe e e rileng, lefa gone e ne e le nako nngwe morago ga botsalo jwa ga Jesu. Mo temaneng ya 1, Mathaio o bitsa baeng “banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi [ka Segerika maʹgoi]” ka jalo ke baheitane ba ba sa itseng sepe ka Jehofa Modimo. Naledi e banna ba ba neng ba e setse morago e ne ya se ka ya ba isa ka tlhamalalo kwa Jesu a tsaletsweng teng kwa Bethelehema mme e ne ya ba isa kwa Jerusalema kwa Kgosi Herote a neng a busa teng.

Fa mmusi yo o bosula yo a ne a ba utlwa ba botsa ka “yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta,” o ne a senka baperesiti gore ba batlisise sentle “kwa go tulweng Keresete o tla tsalelwa teng” gore a tle a dire gore ngwana a bolawe. Baperesiti ba ne ba araba ka go nopola boperofeti jwa ga Mika jo bo neng bo bolela kwa Mesia a tsaletsweng teng kwa Bethelehema. (Mika 5:2) Herote ka boitimokanyo o ne a laela baeng ba gagwe jaana: “Yang lo tlhomamise sentle ka ga ngwanyana yo; e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise gore le nna ke ye go mo obamela.” Banna ba ba botlhale ba ne ba tsamaya, mme naledi “ya ba etelela pele ya tsamaya go fitlha e ema e okame fa ngwanyana o leng teng.” Tlhokomela gore o tlhalosiwa jaaka “ngwanyana” e seng jaaka losea lo lo fetsang go tsholwa.—Mathaio 2:1-10.

Fela jaaka batho ba maemo a a kwa godimo ba Botlhaba ba dira fa ba etetse mmusi, banna ba ba botlhale bano ba baheitane ba ne ba wela fa fatshe mme ba “ntshetsa [ngwanyana] dineo: gauta, le malao a lebano le mura.” Mathaio o oketsa jaana: “Mme e ne ya re ka ba tlhagisitswe ke Modimo ka toro gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba tsaya tsela e sele ba ya lefatsheng la ga bone.”—Mathaio 2:11, 12.

Batho bangwe ba ka nna ba leka go dirisa pego e khutshwane eno ya Dikwalo go tshegetsa go aba ga bone dimpho ka Keresemose. Lefa go ntse jalo, Discovering Christmas Customs and Folklore e tlhalosa gore tlwaelo ya bosheng ya go aba dimpho e simologile mo dimphong tsa Saturnalia tse Baroma ba neng ba di fa baagisani ba bone ba ba humanegileng. “Kereke ya ntlha . . . e ne ya fetolela go lejwa ga yone e le botlhokwa ka botlhale ya e dira segopotso sa tirelo ya dimpho tsa Magi.” A bo seno se farologana thata jang ne le se se dirwang ke baobamedi ba boammaaruri—jaaka badisa ba ba boikokobetso—ba ba neng ba baka Modimo fa Jesu a ne a tsholwa!

Tlotlang Keresete Jaaka Kgosi!

Gompieno Jesu ga e tlhole e le losea. Ke Mothata yo o nonofileng, Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, mme o tshwanetse go tlotliwa ka maemo ao.—1 Timotheo 6:15, 16.

Fa e le gore jaanong o mogolo, a o kile wa ikutlwa o tlhabiwa ke ditlhong fa batho ba ne ba bontsha bangwe ditshwantsho tsa gago tsa fa o santse o le losea o le teng? Ke boammaaruri, ditshwantsho tse di ntseng jalo di gopotsa batsadi ba gago ka fa ba neng ba itumetse ka teng fa o ne o tsholwa. Mme jaanong ka o ikemetse ka nosi, a ga o rate ba bangwe ba go leba jaaka o ntse gone jaanong? Ka mo go tshwanang, akanya gore go tlontlolola Keresete Jesu go le kana kang fa batho ba ba bolelang gore ke balatedi ba gagwe ngwaga le ngwaga ba dira dingwao tsa boheitane tsa Keresemose le go tlotla losea lo ba palelwang ke go le tlotla jaaka Kgosi. Le mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a fa lebaka le le siameng la go akanya ka Keresete jaaka a ntse jaanong—Kgosi kwa legodimong. Paulo o ne a kwala jaana: “Mme le fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo”! (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—2 Bakorinthe 5:16.

Keresete, jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o tla tloga a diragatsa tsholofetso ya boperofeti ya go tlosa botlhoko, tshotlego, bolwetsi le loso. Ke Ene yo o tla tlhomamisang gore botlhe ba ba tla bong ba tshela mo Paradaiseng gone mo lefatsheng ba tla nna le matlo a a lekaneng le tiro e e kgotsofatsang. (Isaia 65:21-23; Luke 23:43; 2 Bakorinthe 1:20; Tshenolo 21:3, 4) Ruri, a ke mabaka a a lekaneng a go tila go tlontlolola Jesu!

Bakeresete ba boammaaruri ba sala sekao sa ga Keresete morago ka go leka ka thata go fa baagisani ba bone mpho e kgolo go feta tsotlhe tse ope a ka di abang—go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo, mo go ka dirang gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Mokgwa ono wa go aba o ba tlisetsa boitumelo, jaaka Jesu a ne a bolela jaana: “Go aba go lesego bogolo go go amogela.”—Ditiro 20:35; Luke 11:27, 28.

Bakeresete ba ba kgatlhegelang ba bangwe ka mmatota ga ba bone go le thata go bontsha lorato lwa bone nako nngwe le nngwe mo ngwageng ba sa patelediwe ke sepe. (Bafilipi 2:3, 4) Go fa sekai se se motlhofo, go ka itumedisa thata jang ne go amogela setshwantsho mo Mokereseteng yo mmotlana yo e rileng a sena go reetsa puo ya Baebele a bo a se tshwantsha a supa tebogo! Selo se sengwe se se kgothatsang ke go amogela mpho e e sa solofelwang go tswa go mongwe wa losika e le sesupo sa gore o a go rata. Ka mo go tshwanang, batsadi ba Bakeresete ba itumela thata fa ba tlhopha dinako tse di tshwanetseng mo ngwageng otlhe go fa bana ba bone dimpho. Mofuta o wa bopelotshweu wa Bokeresete ga o amiwe ka gope ke go ikutlwa o patelesega go aba mo malatsing a mekete kgotsa ke ngwao ya boheitane.

Se se felela ka gore gompieno Bakeresete ba ba fetang dimilione tse nne le sephatlo ba merafe yotlhe ga ba keteke Keresemose. Ba ke Basupi ba ga Jehofa, ba ka metlha ba tshwaregang mo go neeleng baagisani ba bone bosupi ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) O ka nna wa kopana le bone fa ba etela legae la gago, gongwe mo bogaufing. E kete go amogela ga gago se ba tlang ka sone go ka leretse lelapa la gago boitumelo jo bogolo, jaaka o tla bo o ithuta go baka Jehofa Modimo letsatsi lengwe le lengwe la ngwaga.—Pesalema 145:1, 2.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bakeresete ba fa baagisani ba bone nngwe ya dimpho tse dikgolo go feta tsotlhe—go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo jo bo dirang gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Culver Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela