A go Abalana Dimpho ka Keresemose Ke Selo Se Se Nang le Tlhaloganyo?
BONTSI jwa dilo tseo di rekwang ka nako ya Keresemose di rekwa ka gonne go abalana dimpho ka nako eo ya ngwaga e le selo seo go lebeletsweng gore batho ba se dire. Fa motho a sa abele ba bangwe dimpho, motho o a bo a tlodile tlwaelo eo e tlwaetsweng ke botlhe. Mme lefa go ntse jalo Rraikonomi ebong James S. Henry, fa a ne a kwala go The New Republic, o kgala “go abela ba bangwe dimpho ka go ipateletsa” go go ntseng jalo a go bitsa selo se se dirang gore go seka ga nna le boitumelo ebile e le go senya fela.
“Go fa motho selo se a sa se batleng ke sengwe sa dilo tseo di bontshang tshenyo eno,” o tlhalosa jalo. “Go ya ka mabenkele a magolo a a rekisang dilo tse dintsi tse di farologaneng a kwa New York, ngwaga nngwe le nngwe mo e ka nnang 15 lekgolong ya dilo tsotlhe tseo di neng di rekilwe ka Keresemose di a busiwa. Eleng seo se bontshang gore dimpho di le dintsi tseo eseng tseo bao ba di filweng ba di batlang di a bolokiwa . . . , go fitlha go nngwetharong ya dilo tse di rekilweng e ka nna ya tswa e se tseo bao ba di amogelang ba di batlang.”
Tota, a ke selo se se nang le tlhaloganyo go boloka madi ngwaga otlhe gore o reke dimpho tseo batho ba bangwe ba ka nnang ba tswa ba sa di tlhoke kana ba sa di batle? Ebile a ke selo se se nang le tlhaloganyo go leka go kgatlhisa ba bangwe ka go ba rekela dimpho tse di jang madi a mantsi?
“Ntlha nngwe e e sa itumediseng segolobogolo ka go reka dilo ka Keresemose ke ‘go aba dimpho gore o bonwe ke mang le mang,’” Henry o bolela jalo. O bolela gore, “Dimpho tsa manobonobo di direlwa segolobogolo bao ba sa tlhokeng mpho epe go le kalo (‘motho yo o nang le sengwe le sengwe’). Dimpho tse di ntseng jalo tse di jang madi a mantsi batho ba di abelwa ka Keresemose; dikgwedi tse tharo tsa bofelo tsa ngwaga, go ya ka sekai sa seno sa go tswa mo mabenkeleng a magolo a a rekisang dilo tse dintsi tse di farologaneng a kwa New York, go rekwa selekanyo se se fetang halofo sa ditshupanako tsa teemane, le diaparo tsa boboa tseo di rekwang ngwaga otlhe.”
Lefa go ntse jalo, tota le eleng dimpho tse di jang madi a mantsi ga se gantsi di dira gore bao ba di amogelang ba itumele, segolobogolo fa di ntshiwa ka maikaelelo a go bipa kamano e e reketlang boatla. Go ya ka moithutatlhaloganyo mongwe wa kwa Canada ebong Richard Allon, “fa lo sa kgone go direlana molemo mo ngwageng otlhe, ga lo kake lwa bipa boatla joo ka mpho nngwe e e jang madi a mantsi. Ga o kake wa fedisa molato wa gago ka namana, mme ebile gongwe o tla dira gore motho yo mongwe le ene a nne le one.”
Se se utlwisang botlhoko ke gore batho ba le dimilionemilione ba ba kwa dinageng tseo di santseng di tlhabologa ga ba na dilo tsa konokono tse di tlhokegang mo botshelong, lefa go ntse jalo bao ba leng mo merafeng eo e gatetseng pele mo go tsa ikonomi gantsi go lebega ba na le sengwe le sengwe fa e se go tlhaela go anaanela letlotlo la dilo tseo ba nang le tsone fela. Ba amogela dimpho tsa Keresemose ba sa kgathale—“ke direng ka sone?”—kana ka go tenega—“tota eleruri selo seno ga se seo ke neng ke se batla”—kana gongwe le eleng ka bogale—“mpho eo ke e ntshitseng e jele bobotlana madi a a fetang a eno gabedi!” Ga go gakgamatse go bo setlhopha sengwe sa Jeremane sa go sirelediwa ga bana se ile sa fitlha mo tshwetsong ya gore ka Keresemose batho ba abela ba bangwe dimpho tse dintsi go feta tekano mme ebile gantsi ba dira jalo ka tsela e e senang tlhaloganyo.
Mo godimo ga moo, Keresemose e etegetsa tshiamololo eo batho ba nang le yone, seo se baka kgatelelo e e seng kana ka sepe le go sa itumeleng. Ba bangwe ga ba na madi a a lekaneng go reka dimpho, mme kwa United States, go mo pepeneneng gore seno se felela ka go kgothosiwa mo go oketsegileng ka nako ya setlha sa Keresemose go feta mo nakong epe e nngwe ya mo gare ga ngwaga. Rraikonomi ebong Henry o ne a bega jaana: “Mapodise a belaela gore bonokwane jono jotlhe jo bo dirwang mo dithotong bo nna teng ka ntlha ya gore dinokwane le tsone di a utswa e le gore di tle di fe malapa a tsone dimpho.”
Ba le bantsi ba tla dumalana le mmegadikgang ebong Tom Harpur, yo a ileng a kwala jaana go Sunday Star ya Toronto, kwa Canada: “Mo boitumelong jono jotlhe jwa maipateletso, ke a itse gore Keresemose e ntse e nnela nako ya go tsenwa ke tsebetsebe thata go ya pele, ya go sa kgotsofale, ya go ikutlwa o le molato le ya go kgathala fela mo bathong ba le dimilionemilione mo setšhabeng sa rona.”
‘Mme lefa go ntse jalo matsapa ano a tshwanetse go tsewa ka ntlha ya bana,’ mongwe a ka nna a rialo. Lefa go ntse jalo, a tota go abelana dimpho ka Keresemose go mosola mo baneng?
Seo E Se Dirang mo Baneng
“Le mororo nako eno go ithewa go twe ke nako ya ‘boitumelo’ ya ngwaga,” go ne ga akgela jalo mogakolodi mongwe wa sekolo ebong Betty Poloway, “go na le bana ba le bantsi ba ba sa itumelang.” Ka ntlha yang? Go abela ba bangwe dimpho ka Keresemose go ka nna diphatsa jang mo baneng?
Susan James, yo eleng mmabana ba le bararo ba babotlana, o ne a bega jaana: “Ke ne ka bogela bongwanake jaaka fa ba ne ba ntse ba bula dimpho tsa bone, ka go latelana ga tsone. Fa ba sena go bula ya bofelo, ba ne ba ema mo gare ga tsone di le kalokalo ba batla tse di oketsegileng! Ga se bana ba ba pelotshetlha mme lefa go ntse jalo dimpho tseno tsotlhe, tsela eo go buiwang thata ka tsone ka yone le ditsholofetso tseo di dirwang, di ba dira gore ba iphitlhele ba le pelotshetlha.”
Karen Andersson, moeteledipele wa boithutatlhaloganyo ya bana kwa kokelong nngwe ya kwa Connecticut, U.S.A., o ne a tlhalosa bothata jono jaana: “Go tseisa sedidi fa o ntse o tsamaya o tswa mo kamoreng e o robalang mo go yone o ya kwa phaposing ya bonno mo mosong wa Keresemose go bona dimpho tseno tsotlhe tseo di letseng di beilwe foo ke batsadi. Ba bula setshamekise sengwe le sengwe ba sa tlhole ba re ka moso mme ba sena le sebaka sa go tlhoma mogopolo mo go sepe sa dilwana tseo. Mo ngwaneng yo o ka nnang a tswa a amegaamega maikutlo fela go sa twe sepe, kana yo o tshogatshogang fela le eleng mo maemong a a sisibetseng fela go sena sepe se se tshosang, Keresemose e ka ba dira gore ba sale ba tlhomola pelo.”
“Dimpho ga di tlhole di lere boitumelo jaaka di kile tsa bo di dira,” lekwalodikgang lengwe la Jeremane le ne la bolela jalo mo setlhogong sengwe se se leng malebana le Keresemose. Mosadi mongwe o ne a bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Pele e kile ya bo e le selo se se tlwaelegileng gore bana ba kgotsofale fa ba filwe buka nngwe e e molemo, ditlelafo, kana selo sengwe se sennye. Mme jaanong ditlogolwana tsa me di mpolelela gore: ‘Nkoko, monongwaga nna ke batla khomputara!’”
Ee, go abela ba bangwe dimpho ka Keresemose go tsala bogagapa le bopelotshetlha. “Wena ya fela kwa [lebenkeleng lepe fela la dilo tse di tshamekang] ka nako eno ya ngwaga,” rraikonomi ebong Henry o ne a tlhalosa jalo, “fa o batla go bona diphelelo tseo setlha seno se se nang le dikgatelelo tse di seng kana ka sepe se nang le tsone mo dikamanong gare ga batsadi le bana: bommè bao ba sa itseng gore ba ka itheng ba kgokgoothisa ngwananyana yo o fetogileng lekgoba la dilo tse di tshamekang a nnetse go ragakaka le go goa a batla selo sengwe se se sa reng sepe seo e leng gone se nnang teng se se rekisiwang se se jang madi a mantsi.”
Mme ebile go na le mathata a mangwe a a masisi go feta ano ao a amanang le Keresemose.
Dimpho tsa ka Keresemose le Boammaaruri
Botsa ngwana yo monnyane gore dimpho tsa gagwe di tswa kae, mme ke karabo efe eo go ka diragalang thata gore a go arabe ka yone? Go ya ka potsolotso eo e ileng ya dirwa ke New York Times, 87 lekgolong ya bana ba Amerika ba dingwaga tseo di leng magareng ga di le tharo le di le lesome ba dumela mo go Santa Claus. Batsadi ba bantsi ba dira gore bana ba nne le tumelo eno, ba botsa jaana: “Ke eng seo o batlang Santa a go se tlela monongwaga?” Lefa go ntse jalo, diphelelo tsa seno e nna eng?
Boitemogelo jwa ga Cynthia Keeler, jo bo ileng jwa begiwa go Daily News ya New York, bo bontsha seno. “Mama,” go ne ga kopa jalo morwawe yo o nang le dingwaga di le supa, ebong Britton, “a tota go na le Santa Claus?”
Cynthia o ne a leka go tila go araba potso eno, jaaka fa batsadi ba le bantsi ba dira fa ba bodiwa potso eo. “Wena o akanya jang?” o ne a botsa morwawe jalo.
Britton o ne a bolela gore ditsala tsa gagwe di mmoleletse gore ga a yo, lefa go ntse jalo o ne a sa tlhomamise sentle. Mme morago ga moo o ne a simolola go lela. “Ke tshwanetse ka itse seno, Mama,” o ne a bolela jalo a ntse a lela.
“Fa a ka bo a sa lela, gongwe nka bo ke sa mmolelela,” Cynthia o ne a bolela jalo. “Mme lefa go ntse jalo e ne e le kgang ya loso le botshelo mo go ene. Go ne go sena ka tsela e nngwe o ne a tshwanetse a itse karabo ya seo. Ke ne ka mmolelela gore ga go na Santa wa mmatota.”
Daily News e ne ya bega jaana: “Britton Keeler, a santse a lela, o ne a latofatsa mmaagwe ka tatofatso eno eo batsadi botlhe ba e boifang fa maaka ano a sena go senolwa mme go sena go senolwa gore Santa Claus ke mang: ‘Ke ka ntlha yang fa o ne o aka ka seno?’”
Diphelelo tseo go tsietsa ga batsadi go nnang le tsone gantsi di dira gore motho a sale a sa itse gore a ka itheng, jaaka fa Bruce Roscoe, moporofesara wa dipatlisiso tseo di leng malebana le lelapa kwa Yunibesithing ya Central Michigan, kwa U.S.A. a ne a bolela jaana: “Ngwana o lemoga gore mama o mo akeditse le gore bana botlhe ba bangwe ba ne ba bua boammaaruri.” Porofesara Roscoe o ne a tlhalosa gore ka ntlha ya seo, gantsi ngwana o belaela dilo tse dingwe tseo batsadi ba gagwe ba di mmoleletseng.
Fred Koenig, porofesara wa thutotlhaloganyo ya loago kwa Yunibesithing ya Tulane kwa New Orleans, Louisiana, U.S.A., o ne a otlelela jaana: “Fa go diragala gore ba lemoge, seno se ama tsela eo ba lebang batsadi ka yone mo go maswe.” O ne a oketsa ka go re: “Seno se dira gore ba belaele dilo di le dintsi.” Ngwana a ka nna a akanya gore “gongwe kgang yotlhe e e amanang le bodumedi ke matlakala fela.”
Eleruri, ga se selo se se nang le tlhaloganyo go tsweletsa maaka ka go bolelela bana gore go na motho mongwe wa masaitsiweng yo o ba fang dimpho. Lefa go ntse jalo, a baeti ga ba a ka ba tlisetsa Jesu dimpho ka letsatsi la gagwe le a tsetsweng ka lone? Ka gone a o ne a ka se dumele gore batho ba abalane dimpho ka Keresemose gompieno?
A Ke Mokgwa wa Bokeresete?
Ke boammaaruri gore Bibela e bolela gore banna ba ba botlhale, kana balepadinaledi, ba ne ba leretse Jesu dimpho. Lefa go ntse jalo, go abela ba bangwe dimpho ga ka Keresemose ga go dirwe go ya ka sekao sa bone ka gonne ba ne ba sa abalane dimpho ka bobone. Se se botlhokwa le go feta ke gore, ga ba a ka ba fa Jesu dimpho tseo ka nako eo a tsetsweng ka yone mme go na le moo ba ile ba dira jalo ka nako ya morago ga moo. Ditiro tsa bone di ne di tsamaisana le mokgwa wa bogologolo wa go bontsha dikgosi tlotlo. Ela tlhoko gore pego eno ya Bibela e bolela gore fa ba ne ba goroga Jesu o ne a sa tlhole a le mo bojelong jwa dipitse mme go na le moo o ne a nna mo ntlong. Ke ka lebaka leo Herode, a ikaegile ka seo ba neng ba se mmoleletse, a neng a laela gore basimane botlhe ba ba nang le dingwaga di le pedi go ya kwa tlase ba bolawe.—Mathaio 2:1-18.
Gape ela seno tlhoko: A ga go gakgamatse go bo mo letsatsing leo go bolelwang gore ke le Jesu a tsetsweng ka lone, ene go bo go sena sepe se a se amogelang? Go ka nna ga diragala gore go seka ga akanngwa le go akanngwa ka ene! Tota, mokgwa wa go abela ba bangwe dimpho ka Keresemose o simologile kae?
Fa Diane Bailey a ne a kwala go Independent ya Los Angeles, o ne a tlhalosa jaana: “Go abalana dimpho ke selo se se neng se dirwa bogologolo kwa ka nako ya Roma wa bogologolo, eleng nako e ka yone batho ba neng ba atisa go abelana dimphonyana tse di bolelang sengwe tse di sa reng sepe ka nako ya mekete ya go obamela letsatsi le ya ngwaga o mosha.”
Kafa tlase ga setlhogo se se neng se re “Go Senola Dingwao tsa Keresemose,” Anita Sama o ne a kwala kgang eno go Gannett News Service: “Bogologolo pele ga mekete ya Bokeresete, go abelana dimpho e ne e le bontlhanngwe jwa mekete eo e neng e tshwarwa mariga. Baroma ba ne ba abelana dikala tse di tswang mo ditlhareng tse di boitshepo, mme morago ga moo ke fa ba simolola go dirisa dilwana tse di fetang tseno tseo di neng di bontsha gore ba eleletsana tse di molemo mo ngwageng o o tlang—eleng selefera, gauta le dimpho tsa dijo tse di monate tse tsentsweng mamepe.”
Boammaaruri ke gore, Keresemose ke mokete wa boheitane oo Labokeresete e ileng ya o adima. December 25 ga se letlha leo Jesu Keresete a tsetsweng ka lone, mme go na le moo ke letlha leo le amanang le meletlo ya bogologolo ya baheitane ya bofafalele eo Bakeresete ba pele ba neng ba sa batle go utlwa sepe ka yone.—Bona lebokose, “Totatota Keresemose e Simologile Kae?” mo ditsebeng tse di latelang.
Fa Jesu Keresete a ka bo a ne a le mo lefatsheng gompieno, a ka bo a ikutlwa jang ka go abela ba bangwe dimpho ka Keresemose?
Tsela Eo Jesu A Lebang go Abela Ba Bangwe Dimpho ka Gone
Kwantle ga pelaelo Jesu ga a kgale go abela ba bangwe dimpho. Mo boemong jwa moo, ereka ka metlha a ne a iketleeditse go intsha mpho ka boene kwantle ga bogagapa a direla ba bangwe dilo, o ne a ruta barutwa ba gagwe jaana: “Nnang le mokgwa wa go abela ba bangwe dimpho.” Mme fa a ne a bontsha gore fa o abela ba bangwe dimpho jalo seo se ne se tla felela ka gore bao ba abelang ba bangwe dimpho le bone ba segofadiwe, o ne a konela jaana: “Mme batho le bone ba tla lo abela dimpho.”—Luke 6:38, NW.
Lefa go ntse jalo, fano Jesu o ne a sa bue ka go abalana dimpho. Mo boemong jwa seo, o ne a bontsha boammaaruri jo bo itsiweng ke mang le mang jwa gore fa o abela ba bangwe dimpho kwantle ga bopelotshetlha ka kakaretso o tla lebogelwa seno. Seno se ntse jalo segolobogolo fa e le gore yo o abelang yo mongwe mpho o dira jalo ka boikaelelo jo bo tshwanetseng ebile a rata yo mongwe “mo peduñ ka tlhōahalō.”—1 Petere 1:22.
Lorato ga lo batle gore lo duelelwe seo lo se dirang, ka gone Jesu o ne a kgothaletsa seno: “Ha u ntsha dikacō [dimpho], a seatla sa gago sa molèma se se ka sa itse se seatla sa gago se segolo se se dihañ: Gore go ntsha dikacō ga gago go nnè mo sephiriñ.” Motho yo o ntshang mpho ka tshwanelo ga a dire gore a bonwe kana gore mpho eo ya gagwe e bonwe, lefa go ntse jalo ga a kitla a tlhoka go duelelwa seo. Jesu o ne a bontsha seno fa a ne a tlatsa ka go re: “Rrago eo o bōnañ mo sephiriñ, o tla gu duèla.” (Mathaio 6:3, 4) Mo godimo ga moo, motho yo o ntshang mpho o tshwanetse gore, jaaka fa Bibela e bolela, “a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.”—2 Bakorintha 9:7.
Ka gone go abela ba bangwe dimpho go go kgatlhisang Keresete ke go go tlhotlhelediwang ke lorato, go go dirwang motho a sa lebelela go boelwa ke sepe mo go seo, ebile ga go dirwe ka go ngongorega kana ka go patelediwa. Abo go abela ba bangwe dimpho go go ntseng jalo go farologane jang ne le go abela ba bangwe dimpho tse di seng kana ka sepe go go dirwang ka Keresemose!
Ka gone, go abela ba bangwe dimpho go e leng selo sa konokono seo se lereng boipelo ga go a ikaega ka khalendara kana ka meetlo. Ebile gape ga go bontshe ka gope gore motho yo o ntshang mpho eo o na le bokae mo kgetsing ya gagwe, seo go se bontshang fela ke gore pelo ya gagwe e kana kang. Ee ruri, Keresemose e ile ya tsietsa batho ba le dimilionemilione gore ba ntshe dimpho ka dilo tse di phoso, gantsi ba di ntsha ka mabaka a a phoso. Ka gone, ke ka ntlha yang fa o sa leke sengwe se se farologaneng le go abela ba bangwe dimpho ka nako ya Keresemose? Leka mofuta wa go abela ba bangwe dimpho o o dirang gore motho a nne le masego a magolo mmogo le boitumelo jwa mmatota, eleng setlhogo sa kgang e e latelang.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Totatota Keresemose E Simologile Kae?
BATHO ba ba nang le kitso ba lemoga gore December 25 ga se letsatsi leo Jesu Keresete a tsetsweng ka lone. New Catholic Encyclopedia e dumalana le ntlha eno jaana: “Ga go itsiwe letlha leo Keresete a tsetsweng ka lone. Dikwalo tsa Efangele ga di bontshe letsatsi kana kgwedi epe ya seno.”
Mo godimo ga moo, ke selo se se itsegeng sentle gore Keresemose mmogo le ditlwaelo tsa ka nako ya yone di ile tsa adingwa go tswa mo metsweding eo e seng ya Bokeresete. Tota ebile, U.S. Catholic e bolela jaana: “Keresemose le ditsela tsa boheitane tseo e simologileng ka tsone ke monwana le lenala.”
The Encyclopedia Americana e ile ya tlhalosa jaana: “Bontsi jwa dilo tseo di tlwaelegileng go dirwa jaanong tseo di amanang le Keresemose kwa tshimologong e ne e se dilo tseo di tlwaetsweng go dirwa ka Keresemose mme go na le moo ke ditlwaelo tsa pele ga Bokeresete ebile e se tsa Bokeresete tseo di adimilweng ke kereke ya Bokeresete. Saturnalia, eo e leng moletlo wa Roma oo o neng o tshwarwa mo gare ga December, ke one o go latelwang sekao sa one mo ditlwaelong di le dintsi tsa go dira boitumelo ka Keresemose. Ka sekai, mo moketeng ono go ile ga tswa mekete e megolo, go abela ba bangwe dimpho, le go tshubiwa ga dikerese.”
Malebana le tlwaelo ya go abela ba bangwe dimpho, lekwalopaka la History Today le ne la bolela jaana: “Go abela ba bangwe dimpho go go dirwang ka nako ya moletlo ono wa ka nako ya fa mariga a le mo gare e ile ya simologa mo e batlang e le jaaka tlwaelo ya motlholo go na le go simologa jaaka tlwaelo ya botsala. Dimpho tseo batho ba neng ba di abelana ka nako ya Saturnalia di ne di akaretsa dimpopi tse di dirilweng ka borekhu, tseo di neng di fiwa bana. Ga go na pelaelo malebana le gore ka nako eo tlwaelo eno e neng e tsena mo dibukeng ka yone e ne e tsewa jaaka tlwaelo e e kgatlhisang thata, mme lefa go ntse jalo ereka tsela eo e neng e simologile ka yone e ne e boifisa jaana: le eleng batho bao ba neng ba tshela ka nako eo e neng e simologa ka yone ba ne ba akanya gore gongwe seno ke sesupo sa kafa batho ba ntshiwang setlhabelo ka yone, eleng go ntshiwa setlhabelo ga bana, go thusa mo go anamiseng tlwaelo eno.”
The New York Times ya December 24, 1991, e ne e na le setlhogo seno seo se neng se le malebana le kafa dilo tse di tlwaetsweng go dirwa ka Keresemose di simologileng ka teng, go akaretsa le go abela ba bangwe dimpho. Simon Schama, yo e leng moporofesara wa hisitori kwa Yunibesithing ya Harvard, o ne a kwala jaana: “Keresemose ka boyone e ne ya fetolwa bontlhanngwe jwa mekete ya bogologolo eo e neng e direlwa go keteka nako ya mariga eo ka yone letsatsi le boang morago ga le sena go nna kgakalakgakala le ikweita ka yone . . . Mo lekgolong la boraro la dingwaga, eleng nako eo ka yone mekete ya go obamela letsatsi ya go tshwana le ya bodumedi jwa Mithraic jwa Peresia e ileng ya tsena mo Roma ka yone, malatsi a December a ne a beelwa kwa thoko gore go ketekiwe go tsalwa sesha ga Sol Invictus ka one: eleng letsatsi leo go senang ope yo a ka le fenyang. . . .
“Kereke ya pele kwa Roma e ne ya tshwaragana le bothata jo bogolo kgatlhanong le mekete e mengwe e megolo ya boheitane, eleng wa Saturnalia o o neng o tsaya beke yotlhe, oo o neng o simologa ka Dec. 17, le wa Kalends, oo e neng e le wa go dumedisa Ngwaga o Mosha. Mokete ono wa ntlha e ne e le nako e go letlwang gore go seka ga busiwa ka tshwanelo ka yone, gantsi o okamelwa ke morena wa boitumelo, eseng Santa, mme go na le moo o okamelwa ke Saturn ka sebele, yo e neng e le ene a tsamaisang moletlo ono wa go ja, go nwa le go dira dilo tse dingwe tsa go tshegisa ba bangwe. Lefa go ntse jalo e ne e le ka nako ya Kalends, eleng nako eo ngwaga e neng e fetoga ka yone, fa go ne go abelanwa dimpho e le moetlo, gantsi dimpho tseno di bofeletswe mo dikaleng tse ditala tsa ditlhare tseo di neng di kgabisa matlo ka nako ya mekete eo.
“Jaaka go ne go ka lebelelwa kereke ya pele e ne e sa bee mokete ono o o sa tshwanelang wa boitumelo sebete ka gope. Borara ba yone, segolobogolo St. John Chrysostom yo o neng a kgala seno ka bogale, o ne a kgothaletsa gore go seka ga ineelwa ka gope mo dilong tse di makgapha tsa boheitane. . . . Ereka go ne go sena letlha lepe le le tlhomameng leo go neng go dumalanwa ka lone ka kakaretso leo Jesu a tsetsweng ka lone . . . , go tshwanetse ga bo go ile ga lebega go le mosola go dira gore letlha leno le tseele mokete wa Saturnalia sebaka . . . Ka gone go tsalwa sesha ga letsatsi go ne mo boemong jwa moo ga fetoga go tsalwa ga Morwa wa Modimo . . .
“Ka tsela e e tshwanang, mokete wa Kalends o ne wa tseelwa sebaka ke Moletlo wa Epiphany, mme dimpho mmogo le dilwana tseo Baroma ba baheitane ba neng ba atisa go di abelana e ne ya re mo boemong jwa moo tsa fetoga mpho ya go bontsha tlotlo eo dikgosi tse tharo di neng tsa e naya Kgosi e ntšha ya Lefatshe. Mo gare ga lekgolo la bone la dingwaga, dikarolo tsa konokono tsa khalendara ya Keresemose di ne di setse di tlhometswe ruri.”
Le mororo batho ba ba nang le kitso ba dumela kwantle ga go dikadika gore Keresemose le ditlwaelo tsa yone di simologile kwa boheitaneng, ba le bantsi ba bolela gore tsela eo e e simologileng ka yone ga e reye sepe se se kalokalo. Fa rabi mongwe yo o rotseng tiro a ne a araba se Moporofesara Schama a se boletseng mo setlhogong seno sa gagwe o ne a kwalela mokwadi wa Times jaana: “Tsela eo tlwaelo eno e simologileng ka yone ga e amane ka gope le tsela eo e leng mosola ka teng gompieno.” Malebana le Keresemose mmogo le mekete e mengwe e e ntseng jalo, o ne a bolela jaana: “Bao ba e ketekang ba e dira gore e nne le bokao jo bosha jo bo dirang gore matshelo a bone a nne le bokao ebile bo ba dira gore ba kgane ka boitumelo.”
Lefa go ntse jalo, a Keresemose e dira gore batho ba kgane ka boitumelo le go tlhagisa maungo a a molemo a Bokeresete? Go bua boammaaruri fela, jaaka fa ntlha eno go dumalanwa le yone kwantle ga tikatiko, maungo a yone ka kakaretso a bosula, ga a siama ka gope. Mo godimo ga moo, a Bakeresete ba tshwanetse ba adima dilo go tswa mo meketeng ya bodumedi ya boheitane? Bibela e kgothaletsa jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.”—2 Bakorintha 6:14-17.
Gakologelwa, gape, seo Jesu a ileng a se bolela mabapi le kobamelo ya Modimo Mothatayotlhe: “Ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:24) Ka gone, gore Modimo o tle o amogele kobamelo ya rona, e tshwanetse ya bo e theilwe mo boammaaruring. Lefa go ntse jalo, Keresemose e etleediwa go twe ke botsalo jwa ga Jesu Keresete le mororo e se jone. Mme go tweng ka bao go tweng ba tlisa dimpho ka tsela ya motlholo ka nako ya Keresemose, ba go tshwana le Santa Claus? Fa bana ba dirwa gore ba dumele gore dimpho tseo di tswa mo bathong ba ba ntseng jalo, a seno tota ga se go tsietsa bana?
Fa e le gore tota o kgathalela Modimo, o tla ikobela taelo ya gagwe ya gore re kgaotse go nna le seabe mo selong se se itshekologileng jalo go ya ka bodumedi. A o kgathalela boammaaruri mo e leng gore o ka kgaogana le malatsi a boikhutso ao a rutang maaka?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A ke selo se se nang le tlhaloganyo go aketsa bana o ba raya o re Santa Claus ke ene a ba tlisetsang dimpho?