A o Ka Nna le Temogo e e Oketsegileng?
TEMOGO ke “maatla kana nonofo e mogopolo o farologanyang dilo mo go tse dingwe ka one.” Gape e ka nna “botlhale jwa go atlhola” kgotsa “maatla a go tlhaloganya ka fa dilo kgotsa megopolo e farologanang ka teng.” Webster’s Universal Dictionary e bolela jalo. Ka phepafalo, temogo ke nonofo e e tshwanetseng go elediwa. Botlhokwa jwa yone bo ka bonwa mo mafokong ano a ga Solomone: “Gonne botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, le kitso e tlaa nna monate mo moweng wa gago; . . . tlhaloganyo e tlaa go boloka, go go golola mo tseleng ya bosula.”—Diane 2:10-12.
Ee, temogo e tla re thusa go gana go tsaya ‘tsela ya bosula,’ goo go tletsetletseng gompieno. Gape e tlisa melemo e mengwe e mentsi. Ka sekai, bana ba raya batsadi ba bone ba re, ‘Ke gore fela ga o tlhaloganye!’ Batsadi ba ba nang le temogo ba itse go fata maikutlo a bana ba bone le dilo tse di ba tshwenyang ka go tlhotlhomisa go le gonnye fela. (Diane 20:5) Monna yo o nang le temogo o tla reetsa mosadi wa gagwe mme a itse gore o akanya jang le gore o ikutlwa jang go na le go itlhaganelela go dira ditshwetso. Mosadi le ene o tla dira se se tshwanang ka monna wa gagwe. Ka jalo, “ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo.”—Diane 24:3.
Temogo e thusa motho go dira ka katlego mo maemong a mantsi. Diane 17:27 ya re: “Yo o rekegelang mafoko a gagwe o na le kitso, le yo o mowa o o tsididi ke motho wa tlhaloganyo.” Motho yo o nang le temogo ga se setlhakanatlhogo, ga a itlhaganele go dira dilo a sa akanya. O akanya ka kelotlhoko ka ditlamorago tse di ka nnang teng pele ga a dira sengwe. (Luke 14:28, 29) Gape o nna le kagiso le ba bangwe ka gore ‘botlhale jwa gagwe’ bo mo gogela gore a tlhophe mafoko a gagwe ka kelotlhoko. (Diane 10:19; 12:8) Mme, se se botlhokwa le go feta, motho yo o nang le temogo o lemoga ka boikokobetso gore go na le dilo tse a ka se kang a kgona go di dira mme o leba kwa Modimong gore o mo kaele go na le go leba mo bathong. Seno se itumedisa Jehofa mme ke lebaka le lengwe la gore re tlhagolele go nna le temogo.—Diane 2:1-9; Jakobe 4:6.
Go Tlhoka Temogo ga Baiseraele
Kotsi ya go palelwa ke go dirisa temogo e bonwa mo tiragalong nngwe mo hisitoring ya bogologolo ya Baiseraele. Fa re gopola se se ileng sa diragala ka nako eo, mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a bolela jaana: “Borraetsho ga ba a ka ba tlhaloganya dikgakgamatso tsa gago kwa Egepeto; ga ba a ka ba gakologelwa bontsi jwa mautlwelobotlhoko a gago; mme ba nna dirukhutlhi fela kwa lewatleng, e bong kwa Lewatleng le Lehibidu.”—Pesalema 106:7.
Fa Moshe a ne a eteletse Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto, Jehofa o ne a setse a supile maatla a gagwe le gore o iketleeditse go golola batho ba gagwe ka go itaya mmuso o o maatla oo wa lefatshe ka dipetso tse di lesome. Fa Faro a sena go letla Baiseraele gore ba tsamaye, Moshe o ne a ba etelela pele go ya kwa matshitshing a Lewatle le Lehibidu. Lefa go ntse jalo, mephato ya Egepeto e ne ya gwanta fa morago ga bone ka maikaelelo a go ba tshwara. Go ne go lebega e kete Baiseraele ba ne ba sena kgoro ya botso e bile e kete kgololesego e ba neng ba sa tswa go e bona e ne e sena go nnela ruri. Ka jalo pego ya Baebele e bolela jaana: “Mme ba boifa thata; bana ba Iseraele ba goela kwa go Jehofa.” Ba raya Moše ba re: “Ana o ne o re direlelang jalo wa re ntsha kwa Egepeto? Gonne go ne go le molemo mo go rona go direla Baegepeto bogolo go go swela mo nageng jaana.”—Ekesodo 14:10-12.
Go ka nna ga lebega e kete ba ne ba tshwanetse go boifa mme go ne go sa tshwanela go nna jalo fa re gakologelwa gore ba ne ba setse ba bone ditshupo tse di lesome tsa gore Jehofa o maatla. Ba ne ba bone ka matlho se Moshe a neng a tla se ba gakolola dingwaga tse 40 moragonyana: “Jehofa a re ntsha mo Egepeto ka letsogo le le nonofileng le ka letsogo le le otlologileng, le ka poitshego e kgolo, le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso.” (Duteronome 26:8) Ka lone lebaka leo, jaaka mopesalema a ne a kwala, Baiseraele ‘ga ba a ka ba supa fa ba tlhaloganya’ fa ba ne ba tsuologela kaelo ya ga Moše. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a diragatsa se a neng a se solofeditse ka go dira gore masole a Egepeto a fenngwe ka tsela e e gakgamatsang.—Ekesodo 14:19-31.
Ka mo go tshwanang, tumelo ya rona e ka nna ya reketla fa re nnela go belaela kgotsa re etsaetsega fa re lekwa. Temogo e tla re thusa go leba dilo ka fa di ntseng ka teng ka metlha, re gakologelwa gore Jehofa o mogolo go le kana kang go feta lefa e le ope yo o ka tswang a re ganetsa. Temogo gape e tla re thusa go gakologelwa dilo tse Jehofa a setseng a di re diretse. E tla re thusa gore le ka motlha re se ka ra lebala gore ke Ene yo o ‘bolokang botlhe ba ba mo ratang.’—Pesalema 145:18-20.
Go Bapala Temogo ya Semoya
Temogo ga e itlele fela fa motho a ntse a gola. E tshwanetse go tlhagolelwa. Kgosi e e botlhale Solomone, yo o neng a itsege mo ditšhabeng tsotlhe gore o na le temogo, o ne a bua jaana: “Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo. Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta.” (Diane 3:13, 14) Solomone o kgonne jang go nna le temogo? O e filwe ke Jehofa. Fa Jehofa a ne a botsa Solomone gore o ne a batla go fiwa masego afe, Solomone o ne a araba jaana: “Ke gone naya motlhanka wa gago pelo e e tlhaloganyang gore a tle a atlhole tšhaba ya gago, gore ke farologanye molemo le bosula.” (1 Dikgosi 3:9) Ee, Solomone o ne a leba kwa go Jehofa jaaka mothusi wa gagwe. O ne a kopa temogo mme Jehofa o ne a e mo fa ka selekanyo se se sa tlwaelegang. Matswela e ne ya nna afe? “Botlhale jwa ga Solomone bo ne bo gaisa botlhale jwa bana botlhe ba botlhabatsatsi, le botlhale jotlhe jwa Egepeto.”—1 Dikgosi 4:30.
Boitemogelo jwa ga Solomone bo re bontsha kwa re ka yang teng fa re batla temogo. Fela jaaka Solomone a ne a dira, re tshwanetse go leba kwa go Jehofa. Ka tsela e e ntseng jang? Jehofa o re neile Lefoko la gagwe, Baebele, le le re thusang go itse tsela e a akanyang ka yone. Fa re bala Baebele, re epa mo motsweding o o tlhwatlhwakgolo wa kitso o o tla re nayang dilo tse re ka thayang temogo ya semoya ka tsone. Re tshwanetse go tlhatlhanya ka tshedimosetso e re e bonang fa re bala Baebele. Go tswa foo, re ka e dirisa go dira ditshwetso tse di siameng. Fa nako e ntse e tsamaya, maatla a rona a go akanya a gola go fitlha re nna ‘banna mo tlhaloganyong,’ re kgona go “lemoga molemo le bosula.”—1 Bakorinthe 14:20; Bahebere 5:14; bapisa 1 Bakorinthe 2:10.
Se se kgatlhang ke gore re ka kgona go solegelwa molemo ke temogo e Jehofa a e fileng Solomone. Ka tsela e e ntseng jang? Solomone o ne a na le bokgoni jwa go supa botlhale ka diane, tse tota e neng e le ditsela tsa go bolela botlhale jo bo tlhotlheleditsweng jwa bomodimo. Bontsi jwa mafoko ano a bolokilwe mo lokwalong lwa Baebele lwa Diane. Fa re ithuta lokwalo re tla kgona go solegelwa molemo ke temogo ya ga Solomone e bile re tla nna le temogo ka borona.
Re ka dirisa dibuka tse di thusang go ithuta Baebele, tse di tshwanang le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! fa re ithuta Baebele. Tora ya Tebelo e sale e ntse e itsise ba ba dipelo di ikanyegang ka Bogosi jwa ga Jehofa ka dingwaga tse di fetang 116. Makasine wa Tsogang! le tse di neng di le teng pele ga one di ntse di akgela ka maemo a lefatshe e sale ka 1919. Dimakasine tse pedi tseno di tlhatlhoba boammaaruri jwa Baebele e bile di naya lesedi la semoya le le re thusang go lemoga diphoso kgato ka kgato, e ka tswa tseno di rutiwa ke Labokeresete kgotsa di fitlhelwa mo mokgweng o re akanyang ka one.—Diane 4:18.
Selo se sengwe gape se se ka re thusang go nna le temogo ke go nna le ditsala tse di siameng. Sengwe sa diane tsa ga Kgosi Solomone sa re: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” (Diane 13:20) Go a swabisa go bo morwa wa ga Kgosi Solomone, Rehoboame, a ile a se ka a gakologelwa seane seno mo lobakeng lo lo botlhokwa lwa botshelo jwa gagwe. Morago ga loso lwa ga rraagwe, ditso tsa Iseraele di ne tsa tla kwa go ene di batla gore a di tlhofofaletse jokwe. La ntlha, Rehoboame o ne a kopa megopolo ya bannabagolo mme ba ne ba supa temogo jaaka ba ne ba mo rotloetsa gore a reetse batho ba a neng a ba busa. Go tswa foo, o ne a ya kwa makawaneng. Bano ba ne ba itshupa ba tlhaela boitemogelo le temogo ka go rotloetsa Rehoboame gore a arabe Baiseraele ka go ba tshosetsa. Rehoboame o ne a reetsa makawana. Go ne ga felela jang? Baiseraele ba ne ba tsuologa mme Rehoboame a latlhegelwa ke karolo e kgolo ya bogosi jwa gagwe.—1 Dikgosi 12:1-17.
Karolo e e botlhokwa thata ya go godisa temogo ke go kopa thuso ya moya o o boitshepo. Fa a ne a tlhatlhoba ditirisano tsa ga Jehofa le Baiseraele fa ba sena go gololwa mo botshwarong kwa Egepeto, mokwadi wa Baebele Nehemia o ne a bolela jaana: “Le gone wa ba naya mowa wa gago o o molemo go ba ruta.” (Nehemia 9:20) Moya wa ga Jehofa le one o ka re thusa gore re nne botlhale. Fa o rapelela moya wa ga Jehofa gore o go fe temogo, rapela o tshepa ka gore Jehofa ‘o naya botlhe ka bogolo, mme a sa kgobe.’—Jakobe 1:5; Mathaio 7:7-11; 21:22.
Temogo le Kitso
Moaposetoloi Paulo o ne a supa temogo fa a ne a rerela batho ba ditšhaba boammaaruri. Ka sekai, nako nngwe, fa a ne a le kwa Athena, o ne a ‘feta mme a leba’ dilo tse ba di obamelang. Paulo o ne a dikologilwe ke medimo ya disetwa mme moya wa gagwe o ne wa fuduega mo go ene. Jaanong o ne a tshwanetse go dira tshwetso. A o ne a ka itidimalela fela gore a se ka a tsena mo mathateng? Kgotsa a o ne a tshwanetse go bua ka tlhamalalo ka kobamelo ya medimo ya disetwa e e neng e tletsetletse jalo e e neng e mo tena, lefa gone go dira jalo go ne go ka nna ga nna kotsi?
Paulo o ne a dira ka temogo. O ne a bona sebeso sengwe se kwadilwe go twe: “Sa Modimo mongwe o o sa itsiweng.” Paulo ka botlhale o ne a dumela gore ba ineetse mo medimong ya disetwa mme a dirisa sebeso seo jaaka tsela ya go simolola kgang ya “Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone.” Ee, Jehofa e ne e le Modimo yo ba neng ba sa mo itse! Ka go dira jalo Paulo o ne a ela tlhoko gore kgang eno e ne e ba ama thata mme o ne a kgona go neela bosupi jo bo molemo thata. Go ne ga felela jang? Batho ba bantsi ba ne ba rata boammaaruri go akaretsa, “Dionisio wa Moareopago . . . le mosadi mongwe yo o bidiwang Damarise, le ba bangwe nabo.” (Ditiro 17:16-34) A bo Paulo a tlhoma sekao se sentle jang ne sa go dirisa temogo!
Ga go belaetse gore temogo ga e tle motlhofo fela kgotsa ka tlholego. Mme le wena o ka nna le yone ka gore o nne pelotelele, ka go rapela, ka go iteka ka tlhoafalo, ka go nna le ditsala tse di botlhale, ka go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka yone le ka go ikaega ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa.