LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 3/15 ts. 12-17
  • Dira Gore Pelo ya Gago e Nne le Temogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dira Gore Pelo ya Gago e Nne le Temogo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Temogo le Puo ya Rona
  • Temogo le Boitshwaro Jwa Rona
  • Temogo le Maikutlo a Rona
  • Temogo le ba Lelapa la Rona
  • Temogo le Tsela ya Rona ya go Tshela
  • Ka Metlha Leba Kwa go Jehofa go Bona Temogo
  • Nnang le Temogo e Kgolo ya Semoya
  • A o Ka Nna le Temogo e e Oketsegileng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dira Gore Temogo e go Dibele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • “Jehofa o Aba Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna le Temogo le sa Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 3/15 ts. 12-17

Dira Gore Pelo ya Gago e Nne le Temogo

“Jehofa o aba botlhale; kitso e tswa mo molomong wa gagwe, le [temogo, NW].”—DIANE 2:6.

1. Re ka dira jang gore pelo ya rona e nne le temogo?

JEHOFA ke Motlhatlheledi yo Mogolo wa rona. (Isaia 30:20, 21) Mme ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re solegelwe molemo ke “kitso ya Modimo” e e senotsweng mo Lefokong la gagwe? Mo letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go ‘dira gore pelo ya rona e nne le temogo’—go nna le keletso e e tswang mo pelong gore re bone le go bontsha nonofo eno. Ka ntlha ya seno, re tshwanetse go leba kwa Modimong, ka gonne monna yo o botlhale o ne a re: “Jehofa o aba botlhale; kitso e tswa mo molomong wa gagwe, le [temogo].” (Diane 2:1-6, bapisa NW.) Kitso, botlhale le temogo ke eng?

2. (a) Kitso ke eng? (b) O ka tlhalosa botlhale jang? (c) Temogo ke eng?

2 Kitso e tshwana le dintlha tse di bonwang ka boitemogelo, ka temogo, kana ka go ithuta. Botlhale ke tsela ya go dirisa kitso. (Mathaio 11:19) Kgosi Solomone o ne a bontsha botlhale fa basadi ba babedi ba ne ba lwela ngwana mme o ne a dirisa kitso ya gagwe ya gore mmangwana o ineela ka bonako ka ntlha ya ngwana wa gagwe, fa a ne a rarabolola kgang eno. (1 Dikgosi 3:16-28) Temogo ke “go leba dilo ka tsela e e botlhale.” Ke “maatla kana tsela e tlhaloganyo e kgonang go farologanya dilo ka yone.” (Webster’s Universal Dictionary) Fa re dira gore pelo ya rona e nne le temogo, Jehofa o tla re e naya ka Morwawe. (2 Timotheo 2:1, 7) Mme temogo e ka ama jang dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo?

Temogo le Puo ya Rona

3. O ka tlhalosa jang Diane 11:12, 13 le se e se bolelang ka ‘go tlhoka pelo’?

3 Temogo e re thusa go lemoga gore go na le “motlha wa go didimala, le motlha wa go bua.” (Moreri 3:7) Gape nonofo eno e re thusa gore re nne kelotlhoko ka se re se buang. Diane 11:12, 13 e bolela jaana: “Yo o nyatsang wa ga gabo [ga a na pelo, mme motho wa temogo e kgolo, NW] o ithiba mo puong. Yo o tsamayatsamayang e le mosebi o senola maoma, mme yo o mowa wa boikanngo o a a loba.” Ee, monna kana mosadi yo o nyatsang motho yo mongwe “ga a na pelo.” Mokwadi mongwe wa dikishinare e bong Wilhelm Gesenius o bolela gore motho yo o ntseng jalo “ga a tlhaloganye.” Ga a lebe dilo jaaka di ntse, mme go dirisiwa ga lereo “pelo” go bontsha gore ga a na dinonofo tse di siameng tsa motho wa kafa teng. Fa motho yo o ipolelang e le Mokeresete a ka tswelela pele a seba go fitlha a dira tshebo e e senyang leina, bagolwane ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go tsaya kgato gore ba fedise boemo jono jo bo sa siamang mo phuthegong.—Lefitiko 19:16; Pesalema 101:5; 1 Bakorinthe 5:11.

4. Ke eng se Bakeresete ba ba nang le temogo le ba ba ikanyegang ba se dirang malebana le tshedimosetso ya sephiri?

4 Go sa tshwane le ba ba ‘se nang pelo,’ batho ba ba nang le “temogo e kgolo” ba a didimala fa go tshwanetse gore ba dire jalo. Ga ba senye go tshepana. (Diane 20:19) Batho ba ba nang le temogo ba “ikanyega mo moyeng,” e re ka ba itse gore go ntsha sephiri go ka utlwisa ba bangwe botlhoko. Ba ikanyega mo badumeding ka bone mme ga ba bue diphiri tse di ka nnang tsa ba utlwisa botlhoko. Fa Bakeresete ba ba nang le temogo ba utlwa tshedimosetso epe fela ya sephiri e e amanang le phuthego, ga ba e anamise go fitlha phuthego ya ga Jehofa e bona go tshwanela gore tshedimosetso eo e itsiwe ka dikgatiso tsa yone.

Temogo le Boitshwaro Jwa Rona

5. ‘Dieleele’ di leba boitshwaro jo bo sa siamang jang, mme ka ntlha yang?

5 Diane tsa Baebele di re thusa gore re dirise temogo mme re tile boitshwaro jo bo sa siamang. Ka sekai, Diane 10:23 e bolela jaana: “Go ntse jaaka tshameko fela mo mothong wa seeleele go dira boikepo, mme botlhale bo ntse jalo [mo mothong yo o nang le temogo, NW].” Batho ba ba tsayang boitshwaro jo bo sa siamang “jaaka tshameko fela” ga ba bone tsela ya bone e e phoso mme ga ba dumele fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ikarabela mo Modimong. (Baroma 14:12) ‘Dieleele’ tse di ntseng jalo di sokamisa tsela ya tsone ya go akanya go ya bokgakaleng jwa go tsaya gore Modimo ga a bone phoso ya bone. Ka ditiro tsa bone, go tshwana lefa ba re: “Ga go na Modimo ope.” (Pesalema 14:1-3; Isaia 29:15, 16) E re ka ba sa kaelwe ke melaometheo ya bomodimo, ga ba na temogo mme ba ka se kgone go leba dilo sentle.—Diane 28:5.

6. Ke ka ntlha yang fa boitshwaro jo bo sa siamang e le boeleele, mme re ka bo leba jang fa re na le temogo?

6 “Motho yo o nang le temogo” o lemoga gore boitshwaro jo bo sa siamang ga se “tshameko fela.” O itse gore ga bo itumedise Modimo e bile bo ka senya botsala jwa rona le ene. Boitshwaro jo bo ntseng jalo ke jwa boeleele ka gonne bo dira gore batho ba se ka ba itlotla, bo thuba manyalo, bo senya tlhaloganyo mmogo le mmele, mme bo dira gore motho a koafale mo semoyeng. Ka gone a re direng gore pelo ya rona e nne le temogo mme re tile boitshwaro jo bo sa siamang kana boitsholo bope fela jo bo sa siamang.—Diane 5:1-23.

Temogo le Maikutlo a Rona

7. Mmele o nna le diphelelo dife fa motho a galefa?

7 Gape fa re dira gore pelo ya rona e nne le temogo go re thusa go laola maikutlo a rona. Diane 14:29 e bolela jaana: “Ene yo o bonya [go] galefa o na le [temogo] e kgolo, mme yo o mowa o potlakang o godisa bosilo.” Lebaka le lengwe la go bo motho yo o nang le temogo a gagamalela go tila go galefa thata ke gore go nna le diphelelo tse di botlhoko mo mmeleng wa rona. Go ka oketsa kgatelelo ya madi le go baka bothata jwa go hema. Dingaka di ile tsa umaka gore go galefa le go tenegatenega fela ke maikutlo a a oketsang kana a a bakang malwetse a a jaaka asema, malwetse a letlalo, bothata jwa go sila dijo mo mmeleng le di-ulcer.

8. Ke eng se se ka bakwang ke go sa nne pelotelele, mme temogo e ka re thusa jang mo ntlheng eno?

8 Ga se gore re a bo re tila go koafatsa botsogo jwa rona fela fa re dirisa temogo le go nna “bonya go galefa.” Fa re se pelotelele re ka nna ra dira ditiro tsa boeleele tse re tla di ikwatlhaelang. Temogo e dira gore re sekaseke se se ka bakang puo e e feteletseng kana boitshwaro jo bo leswe mme ka gone go re thusa gore re se ka ra “godisa bosilo” ka go dira sengwe se se seng botlhale. Thatathata temogo e re thusa go lemoga gore go tenegatenega fela go ka senya ditsela tse re akanyang ka tsone, e le gore re se ka ra leba dilo ka tsela e e siameng. Seno se tla kgoreletsa nonofo ya rona ya go dira thato ya Modimo le go tshela go dumalana le melao e e siameng ya Modimo. Ee, go dumelela kgalefo e e sa laolesegeng go a gobatsa mo semoyeng. Tota e bile “dikgakalo” di umakiwa fa gare ga “ditiro tsa nama” tse di makgapha tse di tla re kgoreletsang go rua Bogosi jwa Modimo. (Bagalatia 5:19-21) Jaaka Bakeresete ba ba nang le temogo, e kete re ka nna “bonako go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.”—Jakobe 1:19.

9. Temogo le lorato lwa bokaulengwe di ka re thusa jang go rarabolola dikgotlhang?

9 Fa re ka galefa, temogo e ka re bontsha gore re tshwanetse gore re didimale go tila kgotlhang. Diane 17:27 e bolela jaana: “Yo o rekegelang mafoko a gagwe o na le kitso, le yo o mowa o o tsididi ke [motho yo o nang le temogo, NW].” Temogo le lorato lwa bokaulengwe di tla re thusa go bona botlhokwa jwa go laola maikutlo a go phatloga fela re bua sengwe se se tla utlwisang botlhoko. Fa e le gore re setse re galefile, lorato le boikokobetso di tla re tlhotlheletsa gore re kope maitshwarelo le go dira diphetogo. Mme a re re gongwe mongwe o re kgopisitse. Morago ga moo re bue le ene a le esi ka tsela e e bonolo le e e boikokobetso re na le boikaelelo jo bogolo jwa go dira kagiso.—Mathaio 5:23, 24; 18:15-17.

Temogo le ba Lelapa la Rona

10. Botlhale le temogo di mosola ka eng mo botshelong jwa lelapa?

10 Ba lelapa ba tlhoka go bontsha botlhale le temogo, ka gonne dinonofo tseno di aga lelapa. Diane 24:3, 4 e bolela jaana: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka [temogo]. Le matlwana a yone a tle a tladiwe dikhumo tse di tlhokegang le tse dintle, ka kitso.” Botlhale le temogo di tshwana le ditena tse di siameng gore botshelo jwa lelapa bo atlege. Temogo e thusa batsadi ba Bakeresete gore ba lemoge maikutlo le dikamego tsa bana ba bone. Motho yo o nang le temogo o kgona go buisana, go reetsa le go akanyetsa maikutlo le dikgopolo tsa molekane yo mongwe wa lenyalo.—Diane 20:5.

11. Mosadi yo o nyetseng yo o nang le temogo o ka ‘aga ntlo ya gagwe’ jang?

11 Kwantle ga pelaelo botlhale le temogo di botlhokwa thata gore botshelo jwa lelapa e nne jo bo itumetseng. Ka sekai, Diane 14:1 e bolela jaana: “Mosadi mongwe le mongwe yo o tlhalefileng o aga ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.” Mosadi yo o nyetsweng yo o botlhale le yo o nang le temogo yo o ikobelang monna wa gagwe ka tsela e e tshwanetseng o tla dira ka natla gore lelapa le solegelwe molemo mme ka go dira jalo o tla thusa go aga lelapa la gagwe. Selo sengwe se se tla ‘agang ntlo ya gagwe’ ke gore ka metlha a bue se se molemo ka monna wa gagwe mme ka jalo go tla dira gore ba bangwe ba tlotle monna yoo thata. Mme mosadi yo o nang le bokgoni, e bile a na le temogo yo o boifang Jehofa ka tshisimogo o a bakwa.—Diane 12:4; 31:28, 30.

Temogo le Tsela ya Rona ya go Tshela

12. Batho ba ba “tlhokang botlhale” ba leba boeleele jang, mme ka ntlha yang?

12 Temogo e re thusa go boloka tsela e e siameng mo dikgannyeng tsotlhe tsa rona. Seno se supilwe mo go Diane 15:21, e e reng: “Bofafalele ke boitumelo fela mo go yo o tlhokang botlhale, mme motho yo o nang le [temogo] o siamisa motsamao wa gagwe.” Re tlhaloganya seane seno jang? Tsela ya bofafalele, kana ya bosilo, e itumedisa banna, basadi le basha ba ba dieleele. Ga ba ‘na botlhale,’ ga ba na boikaelelo jo bo molemo, mme ga ba botlhale mo ba bileng ba itumelela bofafalele.

13. Ke eng se Solomone a neng a se lemoga ka setshego le bosilo?

13 Kgosi Solomone wa Iseraele yo o neng a na le temogo o ne a lemoga gore bosilo ga bo kaye sepe. O ne a dumela jaana: “Ka ithaya mo pelong ka re: ‘A re ye koo, ke tlaa go leka ka moletlo, ke gone o je kgatlhego monate;’ mme bonang, mo le gone e ne e le boithamako fela. Ke buile ka ga ditshego ka re: ‘Ke botsenwa;’ le ka ga moletlo ka re: ‘O dirang?’” (Moreri 2:1, 2) E re ka Solomone e ne e le monna wa temogo, o ne a bona gore boitumelo le setshego ga di kgotsofatse fa e le tsone fela, ka gonne ga di tlise boitumelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri. Setshego se ka re thusa go lebala mathata a rona ka nakwana fela, mme moragonyana a bo a tlhaga gape gongwe a setse a oketsegile. Tota Solomone o ne a ka bua ka setshego a re ke “botsenwa.” Ka ntlha yang? Ka gonne go tshega mo go se nang tlhaloganyo go kgoreletsa motho go leba dilo sentle. Go ka dira gore re tseye dilo tse di masisi ka tsela e e motlhofo. Mofuta wa go itumela o o amanang le mafoko le ditiro tsa motho yo o dirang metlae di ka se tsewe e le tse di ka dirang sengwe se se mosola. Go lemoga se se kaiwang ke se Solomone a neng a se itemogela ka setshego le boitumelo go re thusa go tila go nna “barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1, 4.

14. Motho yo o nang le temogo o “siamisa motsamao” wa gagwe jang?

14 Ke jang motho yo o nang le temogo a ‘siamisang motsamao’ wa gagwe? Temogo ya semoya le go dirisa melao ya Modimo go tsamaisa batho mo tseleng e e siameng, le e e tlhamaletseng. Thanolo ya Byington e bolela jaana ka tlhamalalo: “Boeleele bo itumedisa motho yo o se nang tlhaloganyo, mme motho yo o botlhale o tsamaya ka tshiamo.” “Motho yo o nang le temogo” (NW) o siamisa ditsela tsa maoto a gagwe mme o kgona go farologanya se se siameng le se se sa siamang ka go bo a dirisa Lefoko la Modimo mo botshelong.—Bahebere 5:14; 12:12, 13.

Ka Metlha Leba Kwa go Jehofa go Bona Temogo

15. Ke eng se re se ithutang mo go Diane 2:6-9?

15 Gore re latele tsela e e siameng mo botshelong, rotlhe re tshwanetse go lemoga gore ga re a itekanela mme re lebe kwa go Jehofa go bona temogo ya semoya. Diane 2:6-9 e bolela jaana: “Jehofa o aba botlhale; kitso e tswa mo molomong wa gagwe, le [temogo]. O beela bathokgami botlhale jo bo itekanetseng, ke ene thebe kwa go ba ba tsamayang ka boitekanelo, gore a femele ditselana tsa katlholo, a dibele tsela ya baitshepi ba gagwe. Foo o tlaa tlhaloganya tshiamo le katlholo, le tekatekanyo, ee, tselana nngwe le nngwe e e molemo.”—Bapisa Jakobe 4:6.

16. Ke ka ntlha yang fa go se na botlhale, temogo, kana kgakololo e e ka ganetsanang le ya ga Jehofa?

16 E re ka re lemoga gore re ikaegile ka Jehofa, a ka boikokobetso re batleng go lemoga thato ya gagwe ka go tlhatlhoba thata mo Lefokong la gagwe. O na le botlhale jo bo feletseng, mme kgakololo ya gagwe e mosola ka dinako tsotlhe. (Isaia 40:13; Baroma 11:34) Tota e bile, kgakololo epe e e ganetsanang le ya gagwe ga e botlhokwa. Diane 21:30 e bolela jaana: “Ga go na sa botlhale le fa e le sa [temogo], le fa e le sa kgakololo se se ka ganelang le Jehofa.” (Bapisa Diane 19:21.) Temogo ya semoya, e re nnang le yone ka go ithuta Lefoko la Modimo re dirisa dikgatiso tse di tswang go “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” ke yone fela e e tla re thusang gore re latele tsela e e siameng mo botshelong. (Mathaio 24:45-47) Ka gone a re direng gore tsela ya rona ya go tshela e dumalane le kgakololo ya ga Jehofa, re itse gore go sa kgathalesege gore kgakololo e e kgatlhanong le ya gagwe e bonala e utlwala go le kana kang, e ka se lekane le Lefoko la gagwe.

17. Ke eng se se ka diragalang fa go ka neelwa kgakololo e e phoso?

17 Bakeresete ba ba nang le temogo ba ba nayang kgakololo ba lemoga gore e tshwanetse ya ikaega thata ka Lefoko la Modimo mme go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka gone go a tlhokega pele motho a ka araba potso. (Diane 15:28) Fa dikgang tse di masisi di ka arabiwa ka tsela e e phoso, go ka baka tshenyo e kgolo. Ka gone, bagolwane ba Bakeresete ba tlhoka go nna le temogo ya semoya mme ba tshwanetse go kopa gore Jehofa a ba kaele fa ba leka go thusa badumedikabone mo semoyeng.

Nnang le Temogo e Kgolo ya Semoya

18. Fa go ka tsoga bothata mo phuthegong, temogo e ka re thusa jang gore re nne re lekalekane mo semoyeng?

18 Re tlhoka go nna le “[temogo] mo dilong tsotlhe” gore re itumedise Jehofa. (2 Timotheo 2:7) Go tlhoafalela go ithuta Baebele le go latela kaelo ya moya wa Modimo le phuthego ya gagwe go tla re thusa gore re lemoge se re tshwanetseng go se dira fa re lebane le maemo a a ka re isang kwa tseleng e e phoso. Ka sekai, a re re gongwe go na le sengwe mo phuthegong se se sa dirweng ka tsela e re neng re akantse gore se tla dirwa ka yone. Temogo ya semoya e tla re thusa go bona gore seno ga se lone lebaka le le ka dirang gore re tlogele go kopanela le batho ba ga Jehofa le go tlogela go direla Modimo. Akanya ka tshiamelo ya go direla Jehofa, ya go itumelela dilo tsa semoya re gololesegile, boitumelo jo re ka bo bonang fa re direla jaaka baboledi ba Bogosi. Temogo ya semoya e re thusa gore re lebe dilo ka tsela e e siameng le go lemoga gore re ineetse mo Modimong le gore re tshwanetse go ngomaela botsalano jwa rona le ene, go sa kgathalesege se ba bangwe ba se dirang. Fa e le gore ga go na sepe se re ka se dirang go ya ka puso ya Modimo se re ka rarabololang bothata ka sone, re tshwanetse go letela Jehofa ka bopelotelele gore a baakanye seemo seo. Mo boemong jwa gore re tlogele kana re tlalelwe, a re ‘solofeleng fela mo Modimong.’—Pesalema 42:5, 11.

19. (a) Ke selo sefe sa konokono se Paulo a neng a se rapelela Bafilipi? (b) Temogo e ka re thusa jang fa re sa tlhaloganye sengwe ka botlalo?

19 Temogo ya semoya e re thusa gore re ikanye mo Modimong le mo bathong ba gagwe. Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba Filipi jaana: “Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo [kitsong e e tlhomameng le mo temogong e e tletseng, NW]; gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete.” (Bafilipi 1:9, 10) Fa re akanya sentle, re tlhoka ‘kitso e e tlhomameng le temogo e e feletseng.’ Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano la “temogo” le kaya “go lemoga dilo tse di amanang le boitsholo ka bofefo.” Fa re ithuta sengwe, re batla go lemoga gore se amana jang le Modimo le Keresete le go tlhatlhanya ka tsela e se tlotlomatsang botho jwa ga Jehofa ka yone le dilo tse a re di neelang. Seno se oketsa temogo ya rona le tsela e re anaanelang ka yone se Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re diretseng sone. Fa re sa tlhaloganye sengwe ka botlalo, temogo e tla re thusa go lemoga gore ga re a tshwanela go tlogela tumelo ya rona ya dilo tsotlhe tse di botlhokwa tse re di ithutileng ka Modimo, Keresete le ka boikaelelo jwa Modimo.

20. Re ka nna le temogo e kgolo ya semoya jang?

20 Re tla nna le temogo e kgolo ya semoya fa re dumalanya dikgopolo le ditiro tsa rona le Lefoko la Modimo ka metlha. (2 Bakorinthe 13:5) Go dira seno ka tsela e e mosola go re thusa go nna boikokobetso, re sa nne tlhogoethata le go tshwaya ba bangwe diphoso. Temogo e tla re thusa gore re solegelwe molemo ke go gakololwa mme re bo re dira dilo tse di botlhokwa thata. (Diane 3:7) E re ka re eletsa go itumedisa Jehofa, a re batleng go tladiwa ka kitso e e tlhomameng ya Lefoko la gagwe. Seno se tla re thusa gore re lemoge se se siameng mo go se se sa siamang, re bone se tota se leng botlhokwa thata, le go ngaparela thata botsalano jwa rona jo bo tlhwatlhwakgolo le Jehofa. Seno sotlhe se ka kgonega fa re dira gore pelo ya rona e nne le temogo. Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se se tlhokegang. Re tshwanetse go dibela temogo ya rona.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gore pelo ya rona e nne le temogo?

◻ Temogo e ka ama tsela ya rona ya go bua le ya boitshwaro jang?

◻ Temogo e ka ama maikutlo a rona jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba kwa go Jehofa ka dinako tsotlhe gore re nne le temogo?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Temogo e re thusa gore re laole maikutlo a rona

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kgosi Solomone yo o neng a na le temogo o ne a lemoga gore bosilo tota ga bo kgotsofatse

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela