A Ditoro di ka Bolelela Pele ka Isagwe?
GO TLOGA mo metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba ntse ba kgatlhegela ditoro thata. Baegepeto ba ne ba dira dibuka tse dikgolo tsa ditlhaloso tsa ditoro, mme Bababilone ba ne ba na le batlhalosi ba ditoro. Bagerika ba ne ba na le tlwaelo ya gore balwetse ba robale mo mafelong a a boitshepo a kobamelo a ga Asclepius gore ba neelwe ditaelo tsa kalafi go ya ka ditoro tsa bone. Mo lekgolong la bobedi la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, Artemidorus o ne a kwala buka nngwe e a neng a kwala ditlhaloso tsa matshwao a ditoro mo go yone. Dibuka di le dintsi tse di tshwanang tse di kwadilweng ka nako eo di ne di ikaegile ka buka ya gagwe. Go fitlha mo motlheng ono, go santse go dirwa maiteko a go tlhalosa ditoro, a mme tota di re lemosa ka ditiragalo tsa mo isagweng?
Gore di re bontshe ditiragalo tsa mo isagweng, di tshwanetse gore di tlhotlhelediwe ke motho yo o nang le maatla a a tlhomologileng. Mo Baebeleng re fitlhela ditiragalo di le dintsi tse Modimo a neng a di tlhotlheletsa ka maatla ao. O ne a dira gore batlhanka ba gagwe mmogo le batho bangwe ba ba neng ba sa mo obamele ba lore ditoro tsa boporofeti. E bile tota, Jobe 33:14-16 e bolela jaana: “Modimo o bua . . . mo torong, mo ponatshegelong ya bosigo, fa thulamelo e kgolo e wela batho mo borokong mo bolaong; foo o kabolole batho ditsebe.”
Modimo o ne a dira seno mo kgannyeng ya ga Faro wa Egepeto mo metlheng ya ga Josefe, yo o neng a tshela dingwaga tse di ka fetang 1 700 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Toro ya ga Faro e fitlhelwa mo go Genesise 41:1-7, mme mo temaneng ya 25 go ya go 32, Josefe o e tlhalosa e le e e bolelelang pele ka dingwaga di le supa tsa “letlotlo le legolo la dijo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto,” tse di neng di tla latelwa ke dingwaga tse supa tsa leuba. Josefe o ne a tlhalosetsa Faro jaana: “Se Modimo o tlogang o se dira o se supeditse Faro.” (Genesise 41:28) Toro eno e ne e le boporofeti jwa se tota se neng sa diragala.
Kgosi e e neng e tumile thata ya Bababilone e ne ya diragalelwa ke se se tshwanang. Nebukatenesare o ne a lora toro e e neng ya mo tshwenya fela thata, mme o ne a sa kgone go e gakologelwa. Ka jalo o ne a bitsa baloi gore ba mmolelele toro eno le tlhaloso ya yone. Eno e ne e le kopo e e neng ya ba palela go e dira.—Daniele 2:1-11.
E re ka e ne e le Modimo yo o neng a dira gore kgosi e lore, O ne a dirisa moporofeti Daniele gore a senole toro eno le go e tlhalosa. Daniele 2:19 e bolela jaana: “Foo bosaitsiweng joo jwa senolelwa Daniele ka ponatshegelo ya bosigo.” Daniele o ne a leboga Modimo ka toro eno: “Selo se se sa itsiweng se kgosi e se boditseng, go le batlhale, go le dingaka, go le baitseanape, go le baloi, ga ba kake ba se supetsa kgosi. Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong.”—Daniele 2:27, 28.
Ka dinako tse dingwe Modimo o ne o neela batho ba gagwe ditaelo a dirisa ditoro, mme ka dinako tse dingwe o ne a ba tlhomamisetsa gore o a ba rata kana o a ba thusa gore ba tlhaloganye kafa a neng a ba thusa ka gone. Mo kgannyeng ya ga Jakobe, Modimo o ne a senola gore o a mo amogela ka toro.—Genesise 48:3, 4.
Fa Josefe, e bong rraagwe Jesu yo a mo godisitseng, a ne a lemoga gore Maria o ithwele, o ne a swetsa gore o a mo tlhala. Morago ga moo o ne a neelwa ditaelo ka toro gore a se ka a dira jalo. Mathaio 1:20 e bolela jaana: “Ya re a akanya jalo, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go ene ka toro, a re: ‘Josefe morwa Dafite, se boife go tsaya Maria mosadi wa gago, gonne go ithwala ga gagwe ke ga Mowa o o Boitshepo.’” Morago ga moo o ne a utlwa tlhagiso eno ka toro: “Moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: ‘Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto.’”—Mathaio 2:13.
Ditoro Tse di sa Tsweng Kwa Modimong
Lebaka la go bo go tlhalosiwa ga ditoro go ne go tlwaelegile mo bathong ba e neng e se ba Modimo go bontsha gore ka kakaretso ditoro di ka se tsewe e le tse di ka ikanngwang gore di senole isagwe. Mo metlheng ya moporofeti wa Modimo e bong Jeremia, baporofeti ba maaka ba ne ba re: “Ke lorile, ke lorile.” (Jeremia 23:25) Maikaelelo a bone e ne e le go timetsa batho gore ba akanye gore Modimo o ne a ba dirisa. Jeremia o ne a tlhotlhelediwa go bolela jaana ka balori bano: “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘A baperofeti ba lona ba ba mo gare ga lona, le baitseanape ba lona ba se lo tsietse, gape lo se ka lwa reetsa ditoro tsa lona tse lo di lorang. Gonne ba perofesa ka tsietso mo ineng la me . . . ,’ go bua Jehofa.”—Jeremia 29:8, 9.
E re ka baporofeti bano ba maaka e ne e le “baitseanape,” ditoro tsa bone di ka tswa di ne di tlhotlhelediwa ke maatla a moya o o bosula ka boikaelelo jwa go tsietsa batho. Se se tshwanang se supilwe ke se se boletsweng mo go Sekaria 10:2: “Mereo e buile boithamako, le baitseanape ba bonye maaka; ba boletse ditoro tsa tsietso, ba gomotsa ka lefela.”
Diabolo ke motsietsi yo mogolo yo o saleng ka a dirisa baeteledipele ba bodumedi go bolela maaka ka diketekete tsa dingwaga gore Modimo o buile le bone ka diponatshegelo le ditoro, fela jaaka baporofeti ba maaka ba ne ba dira mo metlheng ya ga Jeremia le ya ga Sekaria. Mokwadi wa Baebele yo o tlhotlheleditsweng e bong Juta o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana malebana le batho ba ba ntseng jalo: “Batho bangwe ba ba kukunetseng mo teng, e bong ba ba baakanyeditsweng tshekiso e, gale bogologolo; e le batho ba ba sa reng Modimo sepe, ba fetola tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe, ba itatola yo e leng ene Mong wa rona le Morena wa rona yo o esi, e bong Jesu Keresete.” O ne a bolela gore banna bano ba ne ba “ineela mo ditorong,” jaaka go ka tualo.—Juta 4, 8.
Batla Bosupi Jwa Dipolelo Tseno
Motho o ka nna a bolela gore Modimo o buile le ene ka toro kana a re ditoro tsa gagwe tsa ditiragalo tsa mo isagweng di diragetse, lefa go ntse jalo seo ga se lebaka le le lekaneng gore o ka mo dumela o bo o mo latela fela o sa itse. Ela tlhoko ditaelo tseno tse di neng tsa kwalelwa Baiseraele, tse di fitlhelwang mo go Duteronome 13:1-3, 5: “E re fa go tsoga moperofeti mo gare ga gago, le fa e le molori wa ditoro, mme a go naya sesupo kgotsa segakgamatsi, mme sesupo kgotsa segakgamatsi seo se dirala, se o buileng nao ka ga sone, a re: ‘A re saleng medimo e sele morago, e o iseng o e itse, a re e direleng’; o se ka wa reetsa mafoko a moperofeti yoo, kgotsa molori yoo wa ditoro . . . Moperofeti yoo kgotsa molori yoo wa ditoro a bolawe.” Modimo o ne a letlelela batho ba ba ntseng jalo gore ba bue maaka e le bosupi jwa gore batho ba gagwe ba a ikanyega.
Mo boemong jwa gore re dumele fela dipolelo tse re sa di itseng tsa balori ba dikereke tsa moya, tsela e e tshwanetseng ke gore rona re batle bosupi jwa dipolelo tsa bone gore re tile go timediwa ke motsietsi yo mogolo yo o sa bonaleng, yo e leng “motsietsi wa lefatshe lotlhe.” (Tshenolo 12:9) Mme go ka batliwa bosupi jo bo ka ikanngwang jang mo go bone?
Lefoko la Modimo le le kwadilweng ke kaelo e e tswang kwa go ene e e re isang kwa boammaaruring. Jesu Keresete o ne a bolela jaana malebana le yone: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Ka jalo re tlhagisiwa jaana mo go 1 Johane 4:1: “Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng.” Fa dipolelo tsa bone, difilosofi le ditiro tsa bone di bapisiwa ka kelotlhoko le Baebele, ga di dumalane le yone. Lefoko la Modimo le re kaela se se leng boammaaruri.
A tota molori yo o bolelang gore o na le kitso e e kgethegileng o dirisa boitseanape kana o dira ditiro dingwe tsa bodimona? Fa go le jalo, o kgalwa ke Lefoko la Modimo. “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope . . . e le mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang, le fa e le mophekodi, kgotsa yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa yo o botsang baswi. Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa.”—Duteronome 18:10-12.
Fa a bolela gore o na le moya o o sa sweng mo go ene, o a bo a ganetsa Lefoko la Modimo le le bolelang ka phepafalo jaana: “Mowa o o leofang go tlaa swa one.” (Esekiele 18:4) A o a ikgodisa le go batla gore batho ba mo latele? Mathaio 23:12 e tlhagisa jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa ikgodisang, o tlaa ngotlafadiwa.” Mme Ditiro 20:30 e tlhagisa Bakeresete jaana: “Mo go lona ka losi, go tlaa tsoga banna ba ba buang dilo tse di sokameng, go tla ba itshadisa barutwa morago.”
A o rotloetsa thubakanyo? Jakobe 3:17, 18 e mo kgala ka tsela eno: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo simologa bo le boitsheko, foo bo nne kagiso, bo bonolo, bo rapelesege ka bofefo, bo tletse boutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, bo se na kakabalo, bo se na boitimokanyo. Loungo lwa tshiamo lo jalwa mo kagisong, lo jalelwa ba ba ratang kagiso.” A o batla maemo mo dipolotiking kana go nna le tlhotlheletso nngwe mo lefatsheng? Lefoko la Modimo le mo kgala ka thata, fa le re: “Yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.” Ka go dira jalo Baebele e senola se se maaka.—Jakobe 4:4.
Fa motho a lorile mongwe wa lelapa kana tsala nngwe e tlhokafetse, gongwe ke ka gonne a ne a amegile ka motho yono. Lebaka la go bo motho yoo a ka nna a tlhokafala mo bosigong jo a mo lorileng mo go jone ga go reye gore toro eo e ne e porofeta. Mo torong nngwe le nngwe e e ntseng jalo e e lebegang e diragala, go na le tse di makgolokgolo tse di sa diragaleng.
Le mororo Modimo a ne a dirisa ditoro mo nakong e e fetileng gore a senole ditiragalo tsa boporofeti le go ntsha ditaelo fa Lefoko la gagwe le le kwadilweng ka nako ya fa le ne le kwalwa, ga go tlhoke gore a dire jalo gompieno. Lefoko leo le le kwadilweng le na le ditaelo tsotlhe tse di tswang kwa Modimong tse motho a di tlhokang mo nakong eno, mme boporofeti jwa lone bo amana le ditiragalo tse di neng di tla diragala mo dingwageng tse di fetang sekete tsa mo isagweng. (2 Timotheo 3:16, 17) Ka jalo re ka tlhomamisega gore ditoro tsa rona ga se ditsela tse di tswang kwa Modimong tse di re bontshang dilo tse di tla diragalang mo isagweng mme ke ditiro tse di botlhokwa tsa boboko gore re nne re tsogile sentle mo tlhaloganyong.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fela jaaka toro ya ga Faro e ne e bontsha se se neng se tla diragala, Lefoko la Modimo le re bonesetsa lesedi la isagwe ya rona