Boammaaruri Kaga Jesu
GO BONALA go na le dikgopolo le dikakantsho tse dintsi malebana le gore Jesu e ne e le mang le gore o dirile eng. Mme go tweng ka Baebele ka boyone? E re bolelela eng kaga Jesu Keresete?
Se Baebele e se Bolelang
Fa o bala Baebele ka kelotlhoko, o tla tlhokomela dintlha tseno tsa konokono:
◻ Jesu ke Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, motsalwapele mo lobopong lotlhe.—Johane 3:16; Bakolosa 1:15.
◻ Dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng, Modimo o ne a fetisetsa botshelo jwa ga Jesu mo sebopelong sa kgarebana ya Mojuta gore a tsholwe jaaka motho.—Mathaio 1:18; Johane 1:14.
◻ Jesu e ne e se monna yo o molemo fela. O ne a supa ka boikanyegi ka ditsela tsotlhe botho jo bontle jwa ga Rraagwe wa selegodimo e bong Jehofa Modimo.—Johane 14:9, 10; Bahebere 1:3.
◻ Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a thusa batho ba ba gateletsweng ka lorato ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. O ne a fodisa ba ba lwalang a bo a tsosa le baswi ka kgakgamatso.—Mathaio 11:4-6; Johane 11:5-45.
◻ Jesu o ne a bolela gore Bogosi jwa Modimo ke tsholofelo e le yosi mo bathong ba ba mo tlalelong, mme o ne a thapisa barutwa ba gagwe gore ba tswelele pele ka tiro eno ya go rera.—Mathaio 4:17; 10:5-7; 28:19, 20.
◻ Ka Nisane 14 (mo e ka nnang ka April 1), 33 C.E., Jesu o ne a tshwarwa, a sekisiwa, a atlholwa, a bo a bolawa ka ntlha ya tatofatso ya maaka ya boepapuso.—Mathaio 26:18-20, 48–27:50.
◻ Loso lwa ga Jesu ke thekololo, lo golola batho ba ba dumelang mo boemong jwa bone jwa boleo mme ka tsela eo lo bulela batho ba ba dumelang mo go ene tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 3:23, 24; 1 Johane 2:2.
◻ Ka Nisane 16, Jesu o ne a tsosiwa, mme ka bonako morago ga foo o ne a tlhatlogela kwa legodimong gore a ye go duela tlhwatlhwa ya thekololo ya botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho kwa go Rraagwe.—Mareko 16:1-8; Luke 24:50-53; Ditiro 1:6-9.
◻ Jaaka Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa, Jesu yo o tsositsweng o na le taolo yotlhe ya go diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho.—Isaia 9:6, 7; Luke 1:32, 33.
Ka jalo, Baebele e tlhalosa Jesu e le motho wa konokono yo o diragatsang maikaelelo a Modimo. Mme re ka tlhomamisa jang gore yo ke Jesu wa mmatota—Jesu yo go buiwang ka ene mo hisitoring, yo o neng a tsholelwa kwa Bethelehema mme a ile a tshela mo lefatsheng ka dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng?
Mabaka A go Bo re Ka Dumela
O ka tlosa dipelaelo tse dintsi ka go bala fela Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ka mogopolo o o bulegileng. Fa o dira jalo, o tla bona gore pego ya Baebele ga se tlhamane fela ya ditiragalo tse di sa tlhomamang jaaka go ntse ka ditlhamane. Go na le moo, go tlhalosiwa maina, dinako tse di kgethegileng le mafelo a a tlhomameng. (Ka sekai, bona Luke 3:1, 2.) Mo godimo ga moo, barutwa ba ga Jesu ba tlhalosiwa ka boikanyegi jo bo gakgamatsang, ka botshepegi jo bo tlhatswang mmadi pelo. Bakwadi ga ba fitlhe diphoso tsa ga ope—tota le e leng tsa bone ka namana—gore ba neele pego e e ikanyegang. Ee, o tla bona gore Baebele e boammaaruri.—Mathaio 14:28-31; 16:21-23; 26:56, 69-75; Mareko 9:33, 34; Bagalatia 2:11-14; 2 Petere 1:16.
Lefa go ntse jalo, go na le mo go oketsegileng. Dilo tse di bonweng ke baithutamarope di tlhomamisitse pego ya Baebele gangwe le gape. Ka sekai, fa o etela Israel Museum kwa Jerusalema, o ka bona letlapa le le nang le leina la ga Ponto Pilato. Dilo tse dingwe tse di bonweng ke baithutamarope di tlhomamisa gore Lesaniase le Seregio Paulo, ba ba umakiwang mo Baebeleng e le batho ba mmatota e seng batho ba ditlhamane fela tsa Bakeresete ba bogologolo. Ditiragalo tse di begilweng mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete (Tesetamente e Ntšha) di tlhomamisiwa ka ditsela tse dintsi ke ditshupiso tsa bakwadi ba bogologolo, ba ba akaretsang Juvenal, Tacitus, Seneca, Suetonius, Pliny yo Mmotlana, Lucian, Celsus le mokwalahisitori wa Mojuta e bong Josephus.a
Diketekete tsa batho tse di neng di tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga di ne tsa amogela dipego tse di tlhalosiwang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika kwantle ga go di belaela. Tota le batho ba ba neng ba sa rate Bokeresete ba ne ba sa gane boammaaruri jwa se go begiwang gore Jesu o ne a se bolela le go se dira. Malebana le gore a tota go ne go ka direga gore barutwa ba ga Jesu ba mo ntlafatse morago ga loso lwa gagwe, Porofesa F. F. Bruce o akgela jaana: “E ka bo e ne e se selo se se motlhofo jaaka tsela e go bonalang bakwadi bangwe ba akanya ka yone gore motho a itlhamele mafoko le ditiro tsa ga Jesu mo dingwageng tseo tsa bogologolo, fa bontsi jwa barutwa ba Gagwe ba ne ba santse ba tshela, ba ba neng ba gakologelwa gore ke eng se se neng sa diragala le gore ke eng se se neng se sa diragala. . . . Barutwa ba ne ba ka se itsenye mo kotsing ya go kwala dilo tse di sa tlhomamang (re sa bue sepe ka go fetola mabaka ka boomo), e leng selo se se ka senolwang ka bonako ke batho ba ba neng ba tla itumelela go dira jalo.”
Lebaka La go Bo ba Sa Dumele
Lefa go ntse jalo, bakanoki bangwe ba santse ba belaela. Le mororo ba tsaya gore pego ya Baebele ke ditlhamane, ba batla ka tlhoafalo dikwalo tse di belaetsegang mme ba amogela tsone jaaka tse di boammaaruri! Ka ntlha yang? Go phepafetse gore pego ya Baebele e na le dilo tse baitse ba le bantsi ba segompieno ba sa batleng go di dumela.
Mo bukeng ya gagwe ya Union Bible Companion, e e gatisitsweng ka 1871, S. Austin Allibone o ne a gwetlha babelaedi. O ne a kwala jaana: “Botsa lefa e le mang yo o bolelang gore o belaela boammaaruri jwa hisitori ya Efangele gore ke eng se se dirang gore a dumele gore Cæsar o ile a swela kwa Ntlong ya Bogosi, kana gore Mmusimogolo Charlemagne o ne a tlhomiwa go nna Mmusimogolo wa Bophirima ke Mopapa Leo III. ka 800? . . . Re dumela ditlhaloso tseo tsotlhe . . . tse di tlhalosiwang ka banna bano; mme seo e le ka go bo re na le bosupi jwa hisitori ka boammaaruri jwa bone. . . . Fa go sena go ntshiwa bosupi jo bo tshwanang le jono, go bo go santse go na le bangwe ba ba ganang go dumela, re ba tlogela foo jaaka batho ba ba tlhogoethata ka tsela e e sa utlwaleng kana ba sa itse sepesepe. Re tla reng he, ka batho ba ba sa kgoneng go ganetsa bosupi jo bontsi jo bo ntshiwang gone jaanong jo bo supang gore Dikwalo tse di Boitshepo di boammaaruri, ba santse ba bolela gore ga ba a tlhatswega pelo? . . . Ga ba batle go dumela selo se se tla isang maemo a bone kwa tlase le se se tla ba pateletsang go tshela matshelo a a farologaneng.”
Ee, babelaedi bangwe ba na le maano a mangwe a a dirang gore ba gane Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Bothata jwa bone ga se gore ga di ikanyege mme go na le moo, ke melao ya tsone. Ka sekai, Jesu o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “[Ga] se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.” (Johane 17:14) Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba tsene ka tlhogo mo dikgannyeng tsa bopolotiki tsa lefatshe leno, e bile tota ba na le seabe mo dintweng tse di tshololang madi. Batho ba le bantsi ba ka eletsa gore Baebele e dumalane le ditsela tsa bone go na le gore bone ba dumalane le melao ya Baebele.
Akanya gape ka kgang ya boitsholo. Jesu o ne a neela phuthego ya kwa Thiatira kgakololo e e nonofileng ka go bo e ne e letlelela kgokafalo. O ne a ba bolelela jaana: “Ke le ene yo ke hukutsang diphilo le dipelo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona ka fa ditirong tsa lona.”b (Tshenolo 2:18-23) Lefa go ntse jalo, a ga go boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ga ba na sepe le melao ya boitsholo? Bogolo ba ka gana se Jesu a neng a se bolela go na le gore ba tlogele ditsela tsa bone tsa boitsholo jo bo sa siamang.
E re ka bakanoki ba sa ikaelela go amogela Jesu wa Baebele, ba itlhametse Jesu wa bone. Ba ile ba nna le molato wa go tlhama ditlhamane e leng selo se ba neng ba latofatsa bakwadi ba dikwalo tsa Efangele ka sone ka tsela e e sa tshwanelang. Ba tsaya dikarolo tsa botshelo jwa ga Jesu tse ba batlang go di amogela, ba gane tse dingwe tsotlhe, mme ba oketse ka ditlhaloso di sekae tsa bone. Totatota, motlhalefi wa bone yo o neng a kgarakgatshega kana modiradiphetogo fa gare ga batho ga se Jesu wa hisitori yo ba bolelang gore ba mmatla; go na le moo, ke bontlhanngwe fela jwa megopolo ya bakanoki ba ba ikgogomosang.
Go Bona Jesu wa Mmatota
Jesu o ne a leka go tlhotlheletsa dipelo tsa batho ba ka bopeloephepa ba neng ba bolawa ke tlala ka ntlha ya boammaaruri le tshiamo. (Mathaio 5:3, 6; 13:10-15) Batho ba ba ntseng jalo ba arabela taletso ya ga Jesu e e reng: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.
Jesu wa mmatota a ka se ka a bonwa mo dibukeng tse di kwadilweng ke bakanoki ba motlha wa segompieno; e bile a ka se ka a bonwa mo dikerekeng tsa Labokeresete, mo dingwao tse di tlhamilweng ke batho di simologileng teng. O ka kgona go bona Jesu wa hisitori mo Baebeleng ya gago. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka ene? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go dira jalo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana la Batho?, kgaolo 5, ditsebe 55-70, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Mo Baebeleng, diphilo ka dinako tse dingwe di emela megopolo le maikutlo a a boteng.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
MAKGOLO A DINGWAGA A GO TSHWAYA DIPHOSO
Go tshwaiwa phoso ga Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go simologile dingwaga tse di fetang 200 tse di fetileng fa mofilosofi wa Mojeremane e bong Hermann Samuel Reimarus (1694-1768) a ne a bolela jaana: “Re na le mabaka a a utlwalang a gore re dire pharologano e e feletseng fa gare ga dithuto tsa Baaposetoloi tse di mo dikwalong tsa bone le se Jesu ka Boene a neng a se bolela le go se ruta ka nako ya fa A ne a tshela.” Fa e sa le ka nako ya ga Reimarus, bakanoki ba le bantsi ba ne ba rutiwa gore ba akanye jalo.
Buka ya The Real Jesus e tlhalosa gore batshwayadiphoso ba le bantsi ba nako e e fetileng ba ne ba sa itebe jaaka batenegi. Go na le moo, “ba ne ba tsaya gore ke bone Bakeresete ba boammaaruri ka go bo ba ne ba ikgolotse mo dikgoreletsing tsa thuto e e amogelwang le mo tumelobotlhoding.” Ba ne ba akanya gore go tshwaya diphoso ga maemo a a kwa godimo e ne e le “tsela e e itshekileng ya Bokeresete.”
Se se utlwisang botlhoko ke gore Labokeresete ke yone e tlhotlheletsang gore dingwao tse di tlhomilweng ke batho di oketsege. Dithuto tsa go sa swe ga moya (soul), Tharonngwe le molelo wa dihele ke dingwe tsa dithuto tse di sa dumalaneng le Baebele. Mme ga se molato wa bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go bo go na le tshokamo e e ntseng jaana mo boammaaruring. Go na le moo, ba ne ba lwantsha dithuto tsa ntlha tsa maaka tse di neng tsa tlhaga mo bogareng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, fa Paulo a ne a kwala gore botenegi bo ne “bo setse bo dira” fa gare ga bao ba ipolelang gore ke Bakeresete. (2 Bathesalonika 2:3, 7) Re ka tlhatswega pelo gore se se leng mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika ke pego ya hisitori le thuto ya boammaaruri.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
DIKWALO TSA EFANGELE DI NE TSA KWALWA LENG?
Batshwayadiphoso ba le bantsi ba Tesetamente e Ntšha ba gatelela gore dikwalo tsa Efangele di ile tsa kwalwa nako e telele fa ditiragalo tse di di tlhalosang di se na go diragala mme ka ntlha ya seo ba tlhomamisa gore ga di a tlhomama.
Lefa go ntse jalo, bosupi bo neela letlha le le kwa pelepele malebana le go kwalwa ga dikwalo tsa Mathaio, Mareko le Luke. Mekwalo e e kwa tlase mo dikhoping dingwe tsa mekwalo ya seatla tsa Mathaio e supa gore mokwalo wa ntlhantlha o ne wa kwalwa bogologolo ka 41 C.E. Gongwe Luke e ne ya kwalwa fa gare ga 56 le 58 C.E. ka gonne buka ya Ditiro (e e ka tswang e ne ya wediwa mo e ka nnang ka 61 C.E.) e supa gore mokwadi e bong Luke, o ne a setse a kwadile ‘lokwalo lwa gagwe lwa pele,’ e leng Efangele. (Ditiro 1:1) Go tsewa gore Efangele ya ga Mareko e ne ya kwalwa kwa Roma mo e ka tswang e le ka nako ya fa moaposetoloi Paulo a ne a tsentswe mo kgolegong ka lekgetlho la ntlha kana la bobedi—gongwe fa gare ga 60 le 65 C.E.
Porofesa Craig L. Blomberg o dumalana le go kwalwa ga Diefangele tseo ka letlha le le kwa pelepele. O tlhalosa gore tota le fa re akaretsa Efangele ya ga Johane, e e neng ya kwalwa kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la ngwaga, “re gaufi thata le ditiragalo tse tota di diragetseng go na le kafa re atamalaneng ka teng le mekwalo ya hisitori ya botshelo jwa motho ya bogologolo. Bakwadi ba ntlha ba babedi ba ba neng ba kwala hisitori ya botshelo jwa ga Alexander yo Mogolo, ka sekai, Arrian le Plutarch ba ne ba e kwala dingwaga tse di fetang makgolo a manè morago ga loso lwa ga Alexander ka 323 B.C., lefa go ntse jalo, bakwalahisitori ka kakaretso fela ba ba tsaya e le ba ba ikanyegang. Fa nako e ntse e ya go ne ga nna le ditlhamane tse di kgatlhang ka botshelo jwa ga Alexander, mme bontsi jwa tsone di ile tsa nna teng fela ka nako ya makgolo a dingwaga a sekae morago ga bakwadi ba babedi bano.” Tota dikarolo tsa hisitori tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di tshwanetse bobotlana tsa amogelwa di le boammaaruri fela jaaka dilo tse dingwe tsa hisitori.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Boitumelo bo tla nna bontsi mo lefatsheng le le tlang la Paradaise