LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/15 ts. 23-26
  • Manyalo a a Tlotlang Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Manyalo a a Tlotlang Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Manyalo a a Itumedisang a a Tlotlang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • O ka Bontsha Jang Gore o Tlotla Jehofa ka Letsatsi la Gago la Lenyalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Supa Tumelo ya Gago ka Tsela e o Tshelang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/15 ts. 23-26

Manyalo a a Tlotlang Jehofa

Setlhogo se se latelang sa manyalo a Bakeresete se ne sa simololwa go rulaganngwa kwa Ethiopia e le go naya kaelo e e mosola ka puo ya Se-Amharic, se direlwa batho ba le bantsi kwa nageng eo bao e nnileng Basupi ba ga Jehofa bosheng jaana. Se tlotla ka ditlwaelo tse di dirwang mo nageng eo le ditiro tse di ka tswang di farologane le tsa kwa o nnang gone. Gongwe o tla fitlhela go se tshwane gono go kgatlha fela thata. Ka nako e e tshwanang, setlhogo seno se tshwere kgakololo e e lekalekaneng ya Baebele eo o tla bonang gore e a dira le e leng fa ditsela tse go dirwang lenyalo ka tsone di farologane le tsa kwa o nnang gone.

“MANYALO a Bokeresete ao a Lereng Boipelo” e ne e le setlhogo se se molemo se se ithutiwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1984. Setlhogo se se latelang mo tokololong eo se ne se re “Senkang Boipelo jo bo Lekalekanang Kwa Medirong ya Manyalo.” (Go mongwe le mongwe yo o akanyetsang lenyalo, go na le kgakololo e nngwe e e botlhale mo dibukeng Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, kgaolo 2, le Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone, dikgaolo 19 le 20.)a Ba le bantsi e nnile Basupi ba ga Jehofa fa e sa le ditlhogo tseo di kwalwa, ka jalo re batla go tlhatlhoba dintlha dingwe tseo segolobogolo di dirang mo lefelong la rona, mmogo le dintlha tse dingwe tse di tshwanelang tseo di tla re thusang go dira gore manyalo e nne dipaka tse di tlotlang Jehofa, Mosimolodi wa lenyalo.

Potso e re ka nnang ra e sekaseka pele ke gore, Lenyalo le tshwanetse go dirwa leng? A letsatsi la lenyalo le tshwanetse go laolwa ke malatsi a dingwao tsa lefelo la lona a go tweng ke a dipaka tsa go nyala? Tumelo e e tlwaelegileng ke gore lenyalo le fa e le lefe le le nnang ka nako epe e nngwe ya ngwaga ga le na go atlega. Eno ke tumelobotlhodi fela e e senang motheo, gonne banyalani ba le bantsi ba ba itumetseng e bile ba direla Jehofa mmogo ga ba a nyalana ka paka eo ya setso. Ga re dumele mo go reng go dira jalo go tla re leretse masego kana bomadimabe. (Isaia 65:11; Bakolosa 2:8) Ga re kitla re kgona go thusa ba losika ba ba sa dumeleng go bona pharologanyo mo gare ga boammaaruri le maaka fa re baya letsatsi la lenyalo go ya ka ditumelobotlhodi tsa bone. Boammaaruri ke gore, Bakeresete ba ka nyala ka kgwedi nngwe le nngwe.

Fa go rulagantswe gore go nne le puo ya lenyalo morago ga tirelo ya semolao, go tla nna botlhale gore go se ka ga nna le lobaka lwa malatsi a le mantsi mo gare ga ditiragalo tseno tse pedi. Fa e le gore batho ba ba nyalanang bano ba tla batla gore puo ya lenyalo e tshwarelwe kwa Holong ya Bogosi, ba tshwanetse go bua le bagolwane ba phuthego go sa ntse go na le nako gore ba kope go dirisa holo. Bagolwane ba phuthego ya lefelo leo ba tla tlhomamisa gore dithulaganyo tsa tirelo eno di tla dira gore ba sale ba na le segakolodi se se phepa. Go tshwanetse ga rulaganngwa gore nako e se ka ya thulana le nako ya ditiro le fa e le dife tsa phuthego. Mokaulengwe yo o tlhophilweng go neela puo ya lenyalo o tla kopana go sa le gale le yo e tla nnang monyadi le monyadiwa go ba naya kgakololo e e mosola le go tlhomamisega gore ga go na dikgoreletsi dipe tsa boitsholo kana tsa molao mo lenyalong le gore o dumalana le dithulaganyo le fa e le dife tsa kokoano e e tla latelang morago ga moo. Puo ya lenyalo e tshwanetse go nna boleele jwa sebaka sa halofo ya ura mme e neelwe ka tsela e e nang le seriti, e gatelela thata dilo tsa semoya. Puo ya lenyalo e botlhokwa fela thata go feta moletlo le fa e le ofe o o ka nnang wa latela morago.

Lenyalo la Bokeresete ke tshono e e molemo ya go supa gore ga re “karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14; Jakobe 1:27) Go tshwanetse ga bonala sentle gore re dira dilo ka thulaganyo. Seno se tla raya gore re tla tla ka nako go na le go dira gore batho ba lete, gongwe mo go ka kgoreletsang le ditiro dingwe tsa phuthego. Seno segolobogolo ke se monyadiwa a tshwanetseng go se tlhokomela, e re ka ba losika ba lefatshe ba ka nna ba mo pateletsa gore a tle thari—jaaka e kete ke go dira gore go bonwe gore o botlhokwa go le kanakang. Ka go tshwara nako kgaitsadi yo o godileng sentle wa Mokeresete o tla bontsha gore dinonofo tsa semoya, tse di jaaka boikokobetso le go akanyetsa, ke tsa botlhokwa mo go ene! Gape, fa go laleditswe motho yo o tsayang dinepe gore a tle go tsaya dinepe mo tiragalong eno, go botlhokwa gore a bo a ipaakantse sentle. Re tla bo re dira sentle fa re kopa motho yo o tlang go tsaya dinepe gore a tle a apere baki, tae, le borokgwe jo bo tshwanelegang le gore a se ka a kgoreletsa puo fa a ntse a tsaya ditshwantsho. Ga go a tshwanela go tsewa dinepe fa go rapelwa. Fa re le batho ba re dirang dilo ka thulaganyo seno se tla tlotla Jehofa e bile se tla naya bosupi jo bo molemo. Ga go tlhokege gore re leke go tsamaisana le ditlwaelo tsa lefatshe tse di tla senyang bokao jwa mmatota jwa tiragalo eo.

Ga se molao gore go tshwanetse ga nna le moletlo e le gore lenyalo le tsamae ka katlego, mme e bile Dikwalo ga di gane gore go nne le nako e e ntseng jalo ya boitumelo. Le fa go ntse jalo, kokoano e e ntseng jalo ya Bakeresete ba boammaaruri e tshwanetse go farologana le ya meletlo ya lefatshe e e tletseng go feteletsa dilo, go nwa bobe, go ja bobe, mmino wa lefatshe, go bina mo go tsosang boitshwaro jo bo sa siamang, le e leng dintwa. Baebele e bua ka “mediro ya ditlhapelo” e re ke nngwe ya ditiro tsa nama. (Bagalatia 5:21) Go motlhofo go laola kokoano sentle fa e se kgolo thata. Ga go tlhokege gore o tlhome tente e le fela gore o dire go ya ka ditlwaelo tsa mo lefelong la lona. Fa bangwe ba ka swetsa go dirisa tente e le gore ba nne le sebaka se se oketsegileng kana ka ntlha ya maemo a bosa, eno ke kgang ya motho ka namana.

Maitemogelo a bontshitse gore tsela e e molemo ya go lekanyetsa palo ya balalediwa ke ka go kwala ditaletso ka tlhamalalo. Go botlhale go laletsa motho ka nosi e seng diphuthego, e bile jaaka Bakeresete ba ba dirang dilo ka thulaganyo, re tshwanetse go tlotla tekanyetso e e ntseng jalo ya balalediwa. Go kwala ditaletso gape go re thusa go tila ditlhong tsa gore go nne le batho ba ba kgaotsweng mo moletlong wa lenyalo, gonne fa go diragala seo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ka nna ba batla go tsamaya. (1 Bakorinthe 5:9-11) Fa batho ba ba tla nyalanang ba laletsa ba losika le ditsala ba ba sa dumeleng, kwa ntle ga pelaelo e tla nna palo e nnye fela, ba tlhokomela thata ba ba “amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Bangwe ba ile ba tlhopha go laletsa ditsala tsa lefatshe kana ba losika ba ba sa dumeleng kwa puong ya lenyalo go na le kwa moletlong. Ka ntlha yang? Gonne, go nnile le makgetlho a le mantsi ao mo go one ba losika ba lefatshe ba dirileng dilo tse di tlhabisang ditlhong kwa moletlong wa lenyalo mo e leng gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba bona gore ba ka se kgone go nna. Banyalani ba bangwe ba ile ba rulaganya gore ba dire dijonyana fela mme ba je le maloko a a gaufi a lelapa le ditsala tsa Bakeresete.

Tumalanong le Johane 2:8, 9, go botlhokwa go tlhopha “mokaedi wa mokete.” Monyadi o tla batla go tlhopha Mokeresete yo a mo ikanyang yo o tla tlhokomelang gore a dilo di dirwa ka thulaganyo le ka tsela ya maemo a a kwa godimo. Fa ditsala di tlisa dimpho, seno se tshwanetse go dirwa ntle le “go bontsha ka mabela.” (1 Johane 2:16) Mmino o ka itumelelwa kwa ntle ga gore o bo o leswefaditswe ke mafoko a a belaetsang, modumo o o feteletseng, kana moribo o o sa laolegeng. Ba le bantsi ba go fitlhetse go le molemo gore mogolwane a reetse mmino ono pele ga o tshamekwa. Go bina go ka lere mamena, e re ka mekgwa e mentsi ya go bina ya setso e tserwe go tswa mo mokgweng mongwe wa go bina o o amanang le tsalo e bile o bontsha bolefatshe jo bo sa siamang. “Nako ya kuku ya lenyalo le beini” gantsi e nnile letshwao la batho ba lefatshe la go feteletsa dilo. Tota, banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba dirile tshwetso ya gore go se ka ga nna le nnotagi kwa moletlong wa lenyalo, ka go dira jalo ba tila mathata.

E re ka re batla go tlotla Jehofa, re tla tila go bontsha mabela e le fela go dira gore tlhokomelo yotlhe e lebisiwe kwa go rona. Le e leng dikgatiso tsa lefatshe di kgadile moya o o atileng ono wa go feteletsa dilo. A bo go se botlhale jang ne gore banyalani ba tsene mo melatong ka ntlha ya lenyalo le le manobonobo ka tsela e e feteletseng mme ba bo ba tshwanela go itima dilo di le dintsi thata ka dingwagangwaga ba duela ditshenyegelo tsa letsatsi le le lengwe fela! Gone, diaparo tse di aparwang mo moletlong oo di tshwanetse go nna tse di bori le tse di rulagantsweng sentle, di tshwanela motho yo o ipolelang gore o boifa Modimo. (1 Timotheo 2:9, 10) Setlhogo se se reng “Manyalo a Bokeresete a Tshwanetse go Nna Tekatekano” (mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1969, [ka Seesemane]) se akgela ka tsela eno e e kgatlhang ka diaparo:

“Lenyalo la motho ke nako e e kgethegileng, ka jalo gantsi o batla go lebega a itumetse e bile a le montle. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore motho o tshwanetse go apara mofuta o o rileng wa mosese kana sutu. Motho o dira sentle go tlhokomela tsela e go aparwang ka yone mo lefelong le a nnang mo go lone, ditshenyegelo le tsela e ene a e ratang. . . . Le fa go ntse jalo, a e tla bo e le selo se se utlwalang go reka diaparo tse di tlhwatlhwakgolo e le go ipakela mokgweleo wa madi kana go o bakela ba bangwe? . . . Banyadiwa bangwe ba ratile go dirisa mosese wa tsala kana wa mongwe wa losika yo o rategang. Ba bangwe ba kgotsofadiwa ke gore ba itirele diaparo tsa lenyalo ka bo bone, ka tsela eo ba kgona go nna le seaparo se ba tla kgonang go se dirisa ka dinako tse dingwe mo nakong e e tlang. Mme ke selo se se siameng gore batho ba ba nyalanang ba nyale ka diaparo tsa bone tsa ka metlha tse dintle thata . . . Bangwe ba gongwe ba ka kgonang go dira lenyalo le le mabonomantle ba ka rata go dira ‘lenyalo le le bori’ ka ntlha ya dinako tseno tsa mathata.”

Ka tsela e e tshwanang, batsayakarolo kwa lenyalong (ditsala tsa monyadi le baetsana ba monyadiwa) ga ba tlhoke go nna bantsi. Le bone ka tsela e e tshwanang ga ba kitla ba batla go isa tlhokomelo e e sa tlhokegeng kwa go bone ka tsela e ba apereng ka yone le ditiro tsa bone. Le fa motho yo o kgaotsweng a ka letlelelwa gore a nne gone mo puong kwa Holong ya Bogosi, Tora ya Tebelo ya October 15, 1984, e ne ya bolela jaana: “Go tla bo go sa tshwanele gore kwa moletlong wa lenyalo go bo go na le batho ba ba kgaotsweng kana bao mokgwa wa bone wa go tshela o leng boatla jwa matlhabisa ditlhong jo bo thulanang le melao-metheo ya Bibela tota.”

Le fa Jesu a ne a ile kwa lenyalong, ga re ka ke ra akanya gore o ne a tla dumelela tlwaelo e e atileng ya gore go nne le mokoloko wa dikoloi tse di tsamayang mo toropong di dirile modumo o mogolo; mapodise a ile a ba a duedisa bakgweetsi ba ba letsang dihutara mo mokolokong wa lenyalo. (Bona Mathaio 22:21.) Mo go tseno tsotlhe, go na le go etsa mabela kana ditiro tsa batho ba ditšhaba, Bakeresete ba bontsha botlhale jo bo nnang le ba ba ikgobalatsang.—Diane 11:2.

Mme go tweng ka go nna gone kwa manyalong a baagelani, batho ba lefatshe ba o dirang le bone, kana ba losika le le kgakala le ditsala? Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo ntlheng eno. Go molemo go gakologelwa gore nako ya rona e botlhokwatlhokwa, e re ka re tlhoka nako ya bodiredi jwa rona, go ithuta, le ditiro tse dingwe tsa lelapa le tsa phuthego. (Baefeso 5:15, 16) Ka mafelobeke, re na le dipokano le tirelo ya tshimo tseo re sa batleng go di fosa. (Bahebere 10:24, 25) Nako ya manyalo a le mantsi e thulana le dikopano kana ditiro dingwe tse di kgethegileng tsa tirelo tse di tsamaisanang le Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ga re a tshwanela go letlelela gore re kgoreletsege go dira maiteko a a kgethegileng a a tshwanang le a bakaulengwe ba rona go dikologa lefatshe ba a dirang a go nna gone kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa. Pele ga re itse boammaaruri, re ne re senya nako e ntsi le batho ba lefatshe, gongwe mo dilong tse di neng di tlontlolola Modimo. (1 Petere 4:3, 4) Gone jaanong dilo tsa rona tse di tlang pele di farologane le tsa bone. Ka metlha go a kgonega go eleletsa banyalani ba lefatshe boitumelo ka go ba romelela karata kana go ba etela ka nako e khutshwane ka letsatsi le lengwe. Bangwe ba dirisitse tshono e e ntseng jalo go neela bosupi, ba tlotla ka dikwalo dingwe tseo di tshwanelang batho ba ba sa tswang go nyalana.

Lenyalo leo mo go lone dilo tsa semoya di leng dintsi go feta ditsela tsa lefatshe ruri le tla tlotla Jehofa. Ka go tlhomamisa gore ba ikgaoganya le lefatshe le ditumelobotlhodi tsa lone mmogo le go feteletsa dilo, ka go se di letle gore di kgoreletse ditiro tsa rona tsa ka metlha tsa puso ya Modimo, le ka go bontsha bori go na le mabela, Bakeresete ba tla itumelela tiragalo eno. Mo godimo ga moo, ba tla kgona go leba kwa morago kwa tiragalong eo ka segakolodi se se molemo e bile ba gakologelwa dilo tse di molemo thata ka yone. Ka go bontsha botlhale le go lekalekanya, a manyalo a rona otlhe a Bokeresete a neye ba ba lebeletseng ba ba dipelo di ikanyegang bosupi.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Bakeresete ga ba tsamaye ba latela ditlwaelo dingwe le dingwe tsa mo manyalong a lefelo le ba nnang mo go lone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela