SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 51
PINA 132 Jaanong re Nama e le Nngwe
Bontsha Gore o Tlotla Jehofa ka Letsatsi la Gago la Lenyalo
“A dilo tsotlhe di dirwe sentle le ka thulaganyo.”—1 BAKOR. 14:40.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore banyalani ba ka bontsha jang gore ba tlotla Jehofa ka letsatsi la bone la lenyalo.
1-2. Jehofa o leba jang letsatsi la gago la lenyalo?
A LO tloga lo nyalana? Fa go le jalo, re itumela le lona! Lo ka tswa lo setse lo simolotse go dira dithulaganyo tsa lenyalo la lona. Jehofa o batla gore lo itumelele mpho ya lenyalo. Gape o batla gore lo itumelele letsatsi la lona la lenyaloa le gore lo tswelele lo tshela mmogo lo itumetse morago ga moo.—Diane 5:18; Sefela 3:11.
2 Go botlhokwa thata gore o bontshe gore o tlotla Jehofa ka letsatsi la gago la lenyalo. Goreng re rialo? Mme o ka dira seo jang? Le fa setlhogo seno se bua thata le batho ba ba ipaakanyetsang letsatsi la bone la lenyalo, melaometheo e go tlotliwang ka yone e ka re thusa rotlhe gore re bontshe gore re tlotla Jehofa fa re laleditswe kwa lenyalong kgotsa fa banyadi ba re kopa kgakololo.
GORENG O TSHWANETSE GO TLOTLA JEHOFA?
3. Fa banyadi ba dira dithulaganyo tsa letsatsi la bone la lenyalo ba tshwanetse go akanya ka eng, mme ka ntlha ya eng?
3 Banyadi ba ba dirang dithulaganyo tsa letsatsi la bone la lenyalo, ba tshwanetse go dira jalo go dumalana le melaometheo e Jehofa a re nayang yone mo Baebeleng. Goreng? Ka gonne Jehofa ke Mosimolodi wa lenyalo. Tota e bile, ke ene a ileng a dira dithulaganyo tsa lenyalo la ntlha fa a ne a kopanya Adame le Efa gore e nne monna le mosadi. (Gen. 1:28; 2:24) Ka jalo, tsela e Jehofa a akanyang ka yone, e tshwanetse go nna yone ya botlhokwa thata mo bathong ba ba dirang dithulaganyo tsa letsatsi la bone la lenyalo.
4. Banyalani ba na le mabaka afe gape a go bontsha gore ba tlotla Jehofa ka letsatsi la bone la lenyalo?
4 Go na le mabaka a mangwe gape a botlhokwa a go bo o tshwanetse go akanya gore Jehofa o ikutlwa jang ka dithulaganyo tsa letsatsi la gago la lenyalo. Ke Rraago yo o kwa legodimong, e bile ke Tsala ya gago e kgolo. (Baheb. 12:9) Ga go pelaelo gore o batla go tswelela o le tsala ya gagwe. Ka jalo, ga o ka ke wa batla go dira sepe se se ka mo utlwisang botlhoko ka letsatsi leo kgotsa ka letsatsi lepe fela. (Pes. 25:14) Go akanya ka sengwe le sengwe se Jehofa a setseng a go diretse sone le se a tla go direlang sone, go tla go thusa gore o netefatse gore o bontsha gore o a mo tlotla ka letsatsi la gago la lenyalo.—Pes. 116:12.
O KA TLOTLA JEHOFA JANG?
5. Baebele e ka thusa jang banyadi ba ba dirang dithulaganyo tsa lenyalo la bone?
5 Baebele ga e re neye melao ya se se tshwanetseng go dirwa kwa puong ya lenyalo kgotsa kwa moletlong ope fela wa lenyalo o o tla latelang morago ga moo. Banyadi ba ka rulaganya lenyalo la bone go ya ka maemo a bone, se se tlwaelegileng mo lefelong le ba nnang mo go lone kgotsa se ba se ratang. Mme gone, baobamedi ba boammaaruri ba tlotla melao ya puso e e amanang le lenyalo. (Math. 22:21) Le fa go ntse jalo, fa o rulaganya lenyalo la gago go dumalana le melaometheo ya Baebele, seo se bontsha gore o tlotla Jehofa e bile o batla go mo itumedisa. Ke melaometheo efe e o tshwanetseng go nna o akantse ka yone?
6. Goreng go le botlhokwa gore banyadi ba ikobele melao ya puso e e amanang le lenyalo?
6 Ikobele melao ya puso. (Bar. 13:1, 2) Mo dinageng di le dintsi, puso e lebeletse gore banyadi ba ikobele melao mengwe pele ba nyalana. Ka jalo, banyadi ba tshwanetse go itse gore puso e lebeletse gore ba ikobele melao efe mo nageng ya bone. Fa lo tlhoka thuso ka kgang eno, lo ka kopa bagolwane gore ba lo thuse.b
7. Go tshwanetse go nna jang kwa lenyalong, mme seo se ka kgonega jang?
7 Dira gore lenyalo la gago le tlotlege. (1 Bakor. 10:31, 32) Dira ka natla gore go nne le moya wa Modimo, e seng moya wa lefatshe kwa lenyalong la gago. (Bagal. 5:19-26) E re ka mokaulengwe e tla nna tlhogo ya lelapa la gagwe, o na le maikarabelo a go dira gore letsatsi la lenyalo le itumedise le gore le tlotlege. Seo se ka kgonega jang? Puo ya lenyalo e e theilweng mo Baebeleng e e neelwang ka tlotlo le ka lorato e tla thusa ba ba e reeditseng go tlhaloganya gore lenyalo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. Gape e tla ba thusa go lemoga gore tiragalo eno e masisi. Ka jalo, banyadi ba le bantsi ba tlhopha gore puo e neelwe kwa Holong ya Bogosi fa go kgonega. Fa o batla go dirisa Holo ya Bogosi, o tshwanetse go kwalela setlhopha sa bagolwane lekwalo nako e sa ntse e le teng.
8. Lo ka dira eng gore moletlo wa lona wa lenyalo o bontshe gore lo tlotla Jehofa? (Baroma 13:13)
8 Bala Baroma 13:13. Fa e le gore lo tla dira moletlo wa lenyalo, lo ka dira eng gore go se ka ga nna le moya wa lefatshe? Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “meletlo ya botlhapelwa” le kaya dikokoano tse mo go tsone batho ba nwang bojalwa thata e bile ba tshameka mmino go fitlha go nna bosigo thata. (Bona ntlha ya go ithuta e e reng “wild parties” mo Baebeleng ya Seesemane mo go Baroma 13:13.) Fa e le gore go tla nna le bojalwa kwa lenyalong la lona, lekang go akanya go sa le gale gore lo tla dira eng go netefatsa gore batho ga ba nwe thata.c Fa e le gore go tla nna le mmino, tlhomamisang gore mmino oo ga o nne kwa godimo thata mo batho ba ka se kgoneng go tlotla. Nnang kelotlhoko fa lo tlhopha mofuta wa mmino o o tla tshamekiwang. Gape tlhomamisang gore mafoko a dipina tseo ga a ka ke a kgopisa ope.
9. Banyadi ba tshwanetse go netefatsa eng ka se se tla buiwang kwa moletlong wa lenyalo kgotsa ka dilo tse dingwe tse di tla dirwang?
9 Kwa meletlong mengwe ya manyalo, ditsala le ba lelapa ba ka bua ka bokhutshwane ka banyadi. Mme kwa meletlong e mengwe, batho ba ba tlileng lenyalong ba bontshiwa dinepe kgotsa dibidio tsa banyadi, kgotsa go dirwa dilo tse dingwe tse di dirang gore batho ba itumele. Dilo tseno di dira gore letsatsi leo la lenyalo le itumedise. Le fa go ntse jalo, netefatsang gore se se tla dirwang se tla tswela ba bangwe mosola. (Bafil. 4:8) Ipotse go re: “A se tla bontsha gore ke tlotla lenyalo le batho ba bangwe?” Sa botlhokwa le go feta ipotse go re: “A se tla bontsha gore ke tlotla Jehofa?” Le fa gone go se phoso gore mongwe a dire metlae, ga a a tshwanela go bua sepe se se tla dirang gore batho ba akanye ka tlhakanelodikobo. (Baef. 5:3) Fa e le gore ba lelapa le ditsala ba tla bua sengwe, netefatsa gore ba tlhaloganya gore ke dilo dife tse o sa batleng gore ba bue ka tsone.
10. Goreng banyadi ba tshwanetse go nna boingotlo fa ba dira dithulaganyo tsa lenyalo la bone? (1 Johane 2:15-17)
10 Nna boingotlo. (Bala 1 Johane 2:15-17.) Batho ba ba ratang Jehofa, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go mo tlotla, e seng go itlotlomatsa. Bakeresete ba ba boingotlo ba tila go dirisa madi a mantsintsi e bile ga ba ‘ikgantshe ka dilo tse ba nang le tsone.’ Go sa dire lenyalo la magasigasi go ka go tswela mosola jang? Gongwe o ka diragalelwa ke se se diragaletseng mokaulengwe mongwe wa kwa Norway yo o bidiwang Mike. A re: “Ga re a ka ra itsenya mo dikolotong, e bile re ile ra kgona go tswelela re le babulatsela. Lenyalo la rona le ne le se magasigasi, mme le ne le le lentle e bile go le monate.” Kgaitsadi mongwe wa kwa India yo o bidiwang Tabitha a re: “Re ne re sa tlhobaele thata. E re ka lenyalo la rona le ne le sa raraana, re ne re sa tlhoke go dira dithulaganyo tse dintsi e bile go ne go se na dikgogakgogano.”
Gongwe le gongwe fela kwa Bakeresete ba nnang gone, ba ka dira gore lenyalo la bone le se ka la nna magasigasi, mme le nne lentle e bile le itumedise (Bona serapa 10-11)
11. Tsela e banyadi ba aparang ka yone e ka bontsha jang gore ba boingotlo? (Bona le ditshwantsho.)
11 A o setse o itse gore o tla apara eng ka letsatsi la gago la lenyalo? Ga go pelaelo gore o batla go nna montle. Tota le mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, banyadi ba ne ba kgaba. (Isa. 61:10) Ke boammaaruri gore diaparo tse o tla bong o di apere ka letsatsi la gago la lenyalo, di ka nna tsa se ka tsa tshwana le tse o a tleng o di apare ka dinako tse dingwe. Mme gone, di tshwanetse go tlotlega e bile ga di a tshwanela go kgopisa ba bangwe. (1 Tim. 2:9) O se ka wa letla gore se o tla se aparang kgotsa tsela e o ipaakanyang ka yone e nne sone selo sa botlhokwa thata ka letsatsi la gago la lenyalo.—1 Pet. 3:3, 4.
12. Goreng banyadi ba tshwanetse go gana meetlo e e leng kgatlhanong le melaometheo ya Baebele e e tlwaelegileng mo lefelong la bone?
12 Gana meetlo e e sa dumalaneng le Baebele. (Tshen. 18:4) Gompieno kwa manyalong a mantsi go dirwa meetlo e e amanang le bodumedi jwa maaka, bodimona le tumelobotlhodi. Jehofa o re laela gore re tsamaele kgakala le dilo tseo tse di seng phepa. (2 Bakor. 6:14-17) Fa e le gore meetlo kgotsa dingwao dingwe tse di dirwang mo lefelong la lona di a belaetsa, batlisisa gore di simologile kae, e bile batla melaometheo ya Baebele e e amanang le kgang eo pele o dira tshwetso ya go di tsenya mo lenyalong la gago.
13. Banyadi ba ka etsa jang tsela e Jehofa a lebang dimpho ka yone?
13 Mo lefelong le o nnang mo go lone, a go tlwaelegile gore batho ba ba laleditsweng ba neye banyadi dimpho? Motho a ka ntsha mpho e e rileng go ikaegile ka gore o na le madi a a kana kang. Ke boammaaruri gore Bakeresete ba kgothalediwa go aba, e bile go dira jalo go dira gore ba itumele. (Diane 11:25; Dit. 20:35) Mme gone, ga re batle gore batho ba re ba laleditseng ba ikutlwe ba patelesega go ntsha dimpho kgotsa gore ba ikutlwe molato ka gonne ba sa kgona go ntsha mpho e e turang. Re etsa Jehofa ka go lebogela sepe fela se batho ba re nayang sone. Re a itse gore ba dira jalo ka pelo yotlhe, e seng ka gonne ba patelediwa.—2 Bakor. 9:7.
TILA DIKGWETLHO O BO O DI FENYE
14. Ke dikgwetlho dife tse banyadi bangwe ba ka lebanang le tsone?
14 O ka lebana le dikgwetlho fa o ntse o dira dithulaganyo tsa lenyalo le le bontshang gore o tlotla Jehofa. Ka sekai, go ka tswa go le thata gore bangwe ba dire lenyalo le le seng magasigasi. Mokaulengwe mongwe wa kwa Solomon Islands yo o bidiwang Charlie a re: “Go ne go le thata tota go dira tshwetso ya gore re tla laletsa bomang. Re na le ditsala di le dintsi, e bile mo setsong sa rona mongwe le mongwe o lebeletse gore a lalediwe.” Kgaitsadi Tabitha yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Kwa ke nnang gone, go tlwaelegile gore go dirwe meletlo e megolo ya manyalo. Go ile ga tsaya batsadi ba rona lobaka gore ba amogele tshwetso e re e dirileng ya gore re tla laletsa batho ba ka nna 100 fela.” Kgaitsadi mongwe wa kwa India yo o bidiwang Sarah a re: “Batho ba le bantsi ba akanya thata ka gore ba na le madi a a kana kang le gore batho ba bangwe ba akanya eng ka bone. Bontsalake ba ile ba dira manyalo a a magasigasi, ka jalo ke ne ke ikutlwa e kete le nna ke tshwanetse go dira lenyalo la magasigasi go gaisa a bone.” Ke eng se se ka go thusang gore o fenye dikgwetlho tseno le tse dingwe?
15. Goreng re tshwanetse go rapela ka metlha fa re dira dithulaganyo tsa lenyalo?
15 Rapelang Jehofa ka metlha fa lo dira dithulaganyo tsa lenyalo. O ka bolelela Jehofa ka mathata ape fela a o kopanang le one kgotsa ka tsela e o ikutlwang ka yone. (Bafil. 4:6, 7 le ntlha ya go ithuta e e reng “in everything” mo Baebeleng ya Seesemane.) O ka mo kopa gore a go thuse go dira ditshwetso tse di siameng, gore o ritibale fa o tlhobaela le gore o nne pelokgale fa o tlhoka go dira jalo. (1 Pet. 5:7) Tsela e o tshepang Jehofa ka yone e tla gola fa o bona kafa a arabang dithapelo tsa gago ka gone. Kgaitsadi Tabitha yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Nna le monna wa me re ne re tshwenyegile ka gore re ka nna ra se ka ra dumalana le ba malapa a rona. Ka jalo, nako le nako fa re bua ka dithulaganyo tsa lenyalo, re ne re simolola ka thapelo. Re ne re bona gore Jehofa o a re thusa e bile re ne re kgona go dirisana ka kagiso.”
16-17. Go buisana go ka lo thusa jang fa lo dira dithulaganyo tsa lenyalo?
16 Buisanang ka tlotlo. (Diane 15:22) Lo tla tlhoka go dira ditshwetso di le dintsi tse di amanang le lenyalo la lona. Seno se akaretsa go tlhopha letsatsi le lo tla nyalanang ka lone, gore lo tla dirisa madi a a kana kang, gore lo tla laletsa bomang le tse dingwe tse dintsi. Pele lo dira tshwetso, tlotlang ka dilo tse lo batlang go di dira le ka melaometheo ya Baebele e e amanang le kgang eo mmogo le dikakantsho tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba atamalaneng le Jehofa e bile ba na le maitemogelo ba lo neileng tsone. Fa lo tlotla ka dilo tse lo eletsang go di dira, dirang jalo ka bopelonomi e bile lo ikemiseditse go fetofetoga le maemo le go amogela dikakantsho tsa ba bangwe. Ka sekai, fa batsadi ba lona ba lo kopa gore lo akaretse sengwe mo lenyalong la lona, mme lo kgona go dira jalo, lekang go dira se ba se kopang. Letsatsi la lona la lenyalo le botlhokwa thata le mo go bone. Fa lo sa kgone go dira se ba se kopang, ba tlhalosetseng seo ka lorato. (Bakol. 4:6) Tlhalosetsang ba malapa a lona gore lo batla gore lenyalo la lona le itumedise le gore le bontshe gore lo tlotla Jehofa.
17 Fa batsadi ba lona e se Basupi, go ka nna thata le go feta go ba tlhalosetsa ditshwetso tse lo di dirileng, mme gone lo ka kgona. Mokaulengwe mongwe wa kwa India yo o bidiwang Santhosh a re: “Ba malapa a rona ba ne ba batla gore re dire meetlo ya Sehindu. Go tsere lobaka lo loleele gore nna le mosadi wa me re ba tlhalosetse ditshwetso tse re di dirileng. Re ile ra dumela go dira dilo dingwe tse ba neng ba di batla tse di neng di sa kgopise Jehofa. Ka sekai, re ile ra dumela gore go apewe dijo tse ba di ratang go na le tse rona re di batlang. Gape re ile ra tlhopha gore go se ka ga opelwa kgotsa ga binwa ka gonne ba sa tlwaela dilo tse di ntseng jalo.”
18. Ke eng se se ka thusang gore dilo di tsamaye sentle ka letsatsi la gago la lenyalo? (1 Bakorintha 14:40) (Bona le setshwantsho.)
18 Rulaganyang dilo sentle. Fa lo rulaganya dilo tsa lona sentle, seo se tla dira gore lo se ka lwa tlhobaela thata ka letsatsi la lona la lenyalo. (Bala 1 Bakorintha 14:40.) Mokaulengwe mongwe wa kwa Taiwan yo o bidiwang Wayne a re: “Malatsi a le mmalwa pele ga letsatsi la lenyalo la rona, re ile ra kopana le batho ba ba neng ba ithaopetse go re thusa. Re ile ra tlotla ka dithulaganyo tsa rona re bo re boaboeletsa dilo dingwe tse di neng di tla dirwa kwa lenyalong gore sengwe le sengwe se tsamaye ka thelelo.” Go bontsha gore o tlotla batho ba o ba laleditseng, dira sotlhe se o ka se kgonang go tshwara nako.
Go dira dithulaganyo tsa lenyalo nako e sa ntse e le teng, go ka thusa gore dilo di tsamaye ka thelelo (Bona serapa 18)
19. Ke eng se se ka go thusang gore moletlo wa gago wa lenyalo o tsamaye jaaka o rulagantse?
19 O ka tila mathata a le mantsi ka go akanya ka dikgwetlho tse di ka nnang teng kwa moletlong wa gago wa lenyalo. (Diane 22:3) Ka sekai, fa o nna kwa lefelong le batho ba tlwaetseng go italetsa kwa manyalong, akanya gore o ka dira eng gore seo se se ka sa direga. Tlhomamisa gore ba masika ba e seng Basupi ba a itse gore go tla direga eng kwa lenyalong la gago le gore o ikutlwa jang ka meetlo mengwe e e dirwang kwa manyalong. O ka nna wa ba romelela linki ya setlhogo se se reng, “Go Diragala Eng Kwa Manyalong a Basupi ba ga Jehofa?” Gore dilo di tsamaye sentle, o ka kopa mokaulengwe yo o mo tshepang gore a beye leitlho se se tla bong se direga kwa moletlong wa gago wa lenyalo. (Joh. 2:8) Fa o mmolelela ka dithulaganyo tsa gago tsa lenyalo, a ka netefatsa gore sengwe le sengwe se tsamaya jaaka o rulagantse.
20. Ke eng se banyadi ba tshwanetseng go nna ba se gopotse ka letsatsi la bone la lenyalo?
20 Go akanya ka dithulaganyo tsa lenyalo la gago, go ka tswa go go tlhobaetsa. Mme gone, gopola gore lenyalo la gago ke letsatsi le le lengwe fela. Letsatsi leo, ke tshimologo ya botshelo jo bo monate jo lo tla bo itumelelang, lo direla Jehofa mmogo. Ka jalo, dirang sotlhe se lo ka se kgonang gore lenyalo la lona le se ka la nna magasigasi mme le tlotlege. Tshepang Jehofa. Fa lo mo letla gore a lo kaele, lo tla kgona go rulaganya lenyalo le lo tla le itumelelang e bile lo se kitla lo le ikwatlhaela.—Pes. 37:3, 4.
PINA 107 Sekao sa Modimo sa Lorato
a TLHALOSO: Mo ditsong di le dintsi, lenyalo le akaretsa tiragalo e mo go yone banyadi ba dirang maikano fa pele ga Modimo. Go tswa foo, go ka latela moletlo wa lenyalo. Mo ditsong tse go sa neelweng puo ya lenyalo kgotsa go sa dirweng moletlo wa lenyalo, go sa ntse go le botlhokwa gore banyadi ba ikobele melaometheo ya Baebele ka letsatsi la bone la lenyalo.
b Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa Bakeresete ba lebang go ikobela melao ya puso e e amanang le lenyalo, bala setlhogo se se reng, “Manyalo a a Tlotlegang mo Matlhong a Modimo le a Batho” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 2006.
c Bona bidio ya setlhogo se se reng, A ke Fe Batho Bojalwa? e e mo jw.org.