Nnang lo Tsamaya le Modimo
“Nnang lo tsamaye ka moya mme ga lo na go diragatsa keletso epe ya senama ka gope.”—BAGALATIA 5:16.
1. (a) E ne e le fa gare ga maemo afe e bile e le ka lobaka lo lo kae Enoke a ntse a tsamaya le Modimo? (b) Noa o ne a tsamaya le Modimo ka lobaka lo lo kae, mme o ne a na le maikarabelo afe a a boima?
BAEBELE e re bolelela gore Enoke “a nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” Go sa kgathalesege puo e e tshosang le boitshwaro jo bo maswe thata jwa batho ba ba neng ba le gaufi le ene, o ne a tswelela pele a tsamaya le Modimo go fitlha kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe a na le dingwaga di le 365. (Genesise 5:23, 24, NW; Jude 14, 15) Noa le ene “o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” O ne a dira jalo a ntse a godisa lelapa la gagwe, a ntse a itshoketse lefatshe le le neng le tlhotlhelediwa ke baengele ba ditsuolodi le bana ba bone ba ba thubakanyo, le a ntse a tlhokometse dintlha tsotlhe tse di akaretsang go aga araka e kgolo e e neng e feta mokoro ope wa lewatle wa metlha ya bogologolo. O ne a nna a ntse a tsamaya le Modimo morago ga Morwalela, tota le fa go tsuologela Jehofa go ne go nna teng gape kwa Babele. Eleruri, Noa o ne a nna a ntse a tsamaya le Modimo go fitlha a swa a na le dingwaga di le 950.—Genesise 6:9; 9:29.
2. Ke eng se se kaiwang ke go “tsamaya le Modimo”?
2 Fa Baebele e bolela gore banna bano ba tumelo “ba ne ba tsamaya” le Modimo, e a bo e dirisa lefoko leno ka tsela ya tshwantshetso. Go raya gore Enoke le Noa ba ne ba itshwara ka tsela e e neng e bontsha tumelo e e nonofileng mo Modimong. Ba ne ba dira se Jehofa a neng a se ba laetse le go laola matshelo a bone go dumalana le se ba neng ba se itse malebana le ene fa a ntse a dirisana le batho. (Bapisa 2 Ditirafalo 7:17.) Ba ne ba sa dumele fela ka tlhaloganyo mo go se Modimo a neng a se bolela le go se dira mme gape ba ne ba dira sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka mo go bone—e seng karolo ya sone fela mme sotlhe ka mo ba ka kgonang ka teng jaaka batho ba ba sa itekanelang. Ka sekai, Noa o ne a dira fela jaaka Modimo a mo laetse. (Genesise 6:22) Noa o ne a sa dire dilo tse di farologaneng le tse a neng a di laetswe, e bile o ne a sa dire dilo a iketlile fela ka boomo. Jaaka motho yo o neng a itumelela kamano e e gaufi le Jehofa, a gololesegile go rapela Modimo le go rata kaelo ya Modimo, o ne a tsamaya le Modimo. A o dira seo?
Tsela ya Botshelo ya ka Metlha
3. Ke eng se se leng botlhokwa thata mo batlhankeng botlhe ba Modimo ba ba ineetseng le go kolobediwa?
3 Go a itumedisa tota go bona batho fa ba simolola go tsamaya le Modimo. Fa ba tsaya dikgato tse di siameng go dumalana le go rata ga ga Jehofa, ba a bo ba bontsha tumelo, e motho a ka se kgoneng go itumedisa Modimo fa a se na yone. (Bahebera 11:6) A bo re itumela jang ne go bo ngwaga le ngwaga, ka palogare mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, batho ba ba fetang 330-000 ba ile ba ineela mo go Jehofa mme ba kolobediwa! Mme go botlhokwa gore bone le mongwe le mongwe wa rona re nne re tsamaye le Modimo.—Mathaio 24:13; Tshenolo 2:10.
4. Le mororo ba ne ba bontsha tumelo, ke ka ntlha yang fa bontsi jwa Baiseraele jo bo neng jwa tlogela Egepeto bo ne jwa se ka jwa tsena mo Nageng e e Solofeditsweng?
4 Mo motlheng wa ga Moshe, go ne go tlhokega tumelo gore lelapa la Moiseraele le keteke Tlolaganyo kwa Egepeto le go gasa madi mo matlhakoreng a kgoro le mo mophakwaneng wa kgoro ya matlo a bone. (Ekesodo 12:1-28) Le fa go ntse jalo, tumelo ya batho ba le bantsi e ne ya reketla fa ba bona masole a ga Faro a le gaufi thata a ba setse morago kwa Lewatleng le Lehibidu. (Ekesodo 14:9-12) Pesalema 106:12 e bontsha gore fa ba sena go feta ka pabalesego mo boalong jwa lewatle jo bo omileng e bile ba bone metsi a makhubu a senya masole a Egepeto, ba ne ba ‘dumela mafoko a [ga Jehofa]’ gape. Le fa go ntse jalo, go ise go fete nako e telele moragonyana kwa nageng, Baiseraele ba ne ba simolola go ngongoregela metsi, dijo le boeteledipele. Pego e e sa siamang ya ditlhola tse 10 mo go tse 12 tse di neng tsa boa go tswa kwa Nageng e e Solofeditsweng e ne ya ba tshosa fela thata. Mo maemong a a ntseng jalo, jaaka Pesalema 106:24 e bolela gore, “ba se ka ba dumela lefoko la [Modimo].” Ba ne ba batla go boela kwa Egepeto. (Dipalo 14:1-4) Tumelonyana epe e ba neng ba na le yone e ne e bonala fela fa ba sena go bona dikgakgamatso tse di rileng tsa maatla a Modimo. Ba ne ba se ka ba nna ba tsamaya le Modimo. Ka ntlha ya seo, Baiseraele bao ba ne ba se ka ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng.—Pesalema 95:10, 11.
5. Bakorintha wa Bobedi 13:5 le Diane 3:5, 6 di amana jang le go tsamaya le Modimo?
5 Baebele e re kgothatsa jaana: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakorintha 13:5) Go nna “mo tumelong” go kaya go utlwa ditumelo tse dintsi tsa Bokeresete. Seno se botlhokwa fa re batla go atlega mo go tsamayeng le Modimo ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona. Gore re tsamaye le Modimo, gape re tshwanetse go bontsha nonofo ya tumelo, re ikanya Jehofa ka botlalo. (Diane 3:5, 6) Go na le dirai le mamena a le mantsi a a ka tshwarang batho ba ba palelwang ke go dira jalo. A mangwe a one ke afe?
Gana Serai sa go Itshepa
6. Ke eng se Bakeresete botlhe ba se itseng ka kgokafalo le boaka, mme ba ikutlwa jang ka maleo ano?
6 Mongwe le mongwe yo o ithutileng Baebele, a neetse botshelo jwa gagwe mo go Jehofa, e bile a kolobeditswe o itse gore Lefoko la Modimo le kgala kgokafalo le boaka. (1 Bathesalonika 4:1-3; Bahebera 13:4) Batho ba ba ntseng jalo ba dumela gore seno se siame. Ba ikaelela go tshela go dumalana le gone. Le fa go ntse jalo, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo sa ntse e le serai se segolo thata se Satane a atlegang ka sone. Ka ntlha yang?
7. Kwa Dipoeng tsa Moabe, banna ba Baiseraele ba ne ba kopanela jang mo boitshwarong jo ba neng ba itse gore bo phoso?
7 Kwa tshimologong, batho ba ba kopanelang mo boitshwarong jo bo sa siamang ba ka tswa ba ne ba sa rulaganya gore ba tla dira jalo. Gongwe seo se ne se ntse jalo ka Baiseraele kwa Dipoeng tsa Moabe. Mo banneng ba Baiseraele ba ba neng ba lapisitswe ke go tshela mo nageng, basadi ba Bamoabe le ba Bamidiane ba ba neng ba ba fepisa kwa tshimologong ba ka tswa ba ne ba lebega ba le botsalano e bile ba amogela baeng. Mme ke eng se se neng sa diragala fa Baiseraele ba amogela ditaletso tsa go tlwaelana le batho ba ba neng ba direla Baale mme e seng Jehofa, batho ba ba neng ba dumelela bana ba bone ba basetsana (tota le mo malapeng a a tumileng) gore ba tlhakanele dikobo le banna ba ba neng ba sa ba nyala? Fa banna ba ba tswang kwa bothibelelong jwa Baiseraele ba simolola go bona botsalano joo bo eletsega, ba ne ba fepisiwa gore ba dire dilo tse ba neng ba itse gore di phoso, mme seno se ne sa dira gore ba latlhegelwe ke matshelo a bone.—Dipalo 22:1; 25:1-15; 31:16; Tshenolo 2:14.
8. Mo motlheng wa rona, ke eng se se ka gogelang Mokeresete gore a kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?
8 Ke eng se se ka dirang gore motho a tshwarwe ke serai se se tshwanang mo motlheng wa rona? Le mororo a ka nna a bo a itse gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo masisi go le kana kang, fa gape a sa lemoge kotsi ya go itshepa thata, o ka iteseletsa go tsena mo seemong se go fepisiwa mo go direng phoso go ka fekeetsang tsela e a akanyang ka yone.—Diane 7:6-9, 21, 22; 14:16.
9. Ke ditlhagiso dife tsa Dikwalo tse di ka re sireletsang mo boitsholong jo bo sa siamang?
9 Ka tlhamalalo fela Lefoko la Modimo le re tlhagisa gore re se ka ra tsietsega ka go akanya gore re nonofile thata mo ditsala tse di bosula di ka se keng tsa re koafatsa. Seno se akaretsa go lebelela dithulaganyo tsa thelebishene tse di bontshang matshelo a batho ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang kana go lebelela dimakasine tse di tlhotlheletsang dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang. (1 Bakorintha 10:11, 12; 15:33) Tota le go tlwaelana le badumedikarona mo maemong a a sa siamang go ka tlisa mathata a a masisi. Go kgatlhegela batho ba bong bo sele go maatla. Ka kamego e e lorato, mokgatlho wa ga Jehofa o ne wa re tlhagisa kgatlhanong le go nna re le rosi mme re sa bonwe ke batho fa re na le mongwe wa bong bo sele yo re sa nyalanang le ene kana yo e seng mongwe wa lelapa. Gore re nne re tsamaya le Modimo, re tlhoka go gana serai sa go itshepa thata le go utlwa kgakololo e e tlhagisang e a re e neelang.—Pesalema 85:8.
O se Ka wa Dumelela go Boifa Motho go go Laola
10. “Poifo ya motho” e ka nna serai jang?
10 Kotsi e nngwe e tlhalositswe mo go Diane 29:25, e e reng: “Poifo ya motho e tle e lere [serai].” Gantsi serai sa motsomi se na le segole se se kgamang mo molaleng kana thapo e e rareetsang maoto a phologolo. (Jobe 18:8-11) Go boifa batho le gone go ka kgoreletsa motho go bua ka kgololesego ga ba ga mo kgoreletsa go itshwara ka tsela e e itumedisang Modimo. Ke selo se se tlwaelegileng go eletsa go itumedisa ba bangwe, mme go tlhokomologa thata se batho ba bangwe ba se akanyang ga se Bokeresete. Mme go tlhokega tekatekanyo. Fa go amega ka gore batho ba bangwe ba tla reng go dira gore motho a dire se Modimo a se iletsang kana fa go dira gore a se dire se Lefoko la Modimo le se laelang, motho yo o ntseng jalo o a bo a tshwerwe ke serai.
11. (a) Ke eng se se ka sireletsang motho gore a se ka a dumelela go boifa motho go mo laole? (b) Jehofa o thusitse batlhanka ba gagwe jang ba ba neng ba lwantshana le go boifa batho?
11 Go itshereletsa mo seraing se se ntseng jalo ga go a ikaega ka boikutlo jwa tlholego jwa motho, mme ka ‘go ikanya Jehofa.’ (Diane 29:25b) Ka go ikanya Modimo, tota le motho yo o ditlhong ka tlholego fela a ka nna pelokgale le go tlhomama. Fa fela re sa ntse re potologilwe ke dikgatelelo tsa tsamaiso eno ya dilo ya ga Satane, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tshwarwa ke serai sa go boifa motho. Le mororo moporofeti Elija a ne a bolelwa a dira sentle ka go direla ka bopelokgale, ka nako ya fa Jesebele a ne a mo tshosetsa ka gore a bolawe, o ne a tshaba ka a ne a boifa. (1 Dikgosi 19:2-18) Fa moaposetoloi Petere a ne a le mo kgatelelong, ka a ne a boifa o ne a itatola gore o itse Jesu Keresete, mme dingwaga morago ga moo o ne a letlelela poifo e mo dire gore a itshware ka mokgwa o o kgatlhanong le tumelo. (Mareko 14:66-71; Bagalatia 2:11, 12) Le fa go ntse jalo, Elija mmogo le Petere ba ne ba amogela thuso ya semoya mme, ka go tshepa Jehofa, ba ne ba tswelela ba direla Modimo ka tsela e e amogelwang.
12. Ke dikai dife tsa motlha wa gompieno tse di bontshang kafa batho ba thusitsweng ka gone go tila go letla poifo e ba kgoreletsa go itumedisa Modimo?
12 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa mo motlheng wa rona le bone ba ithutile tsela ya go fenya go tshwarwa ke serai sa poifo. Mosupi mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome kwa Guyana o ne a dumela jaana: “Kwa sekolong ntwa ya go tila go gatelelwa ke balekane e maatla.” Mme o ne a oketsa jaana: “Go ntse jalo le ka tumelo ya me mo go Jehofa.” Fa morutabana wa gagwe a ne a mo sotla fa pele ga setlhopha sotlhe ka ntlha ya tumelo ya gagwe, o ne a rapela Jehofa ka tidimalo. Moragonyana o ne a neela morutabana yono bosupi ka tsela e e botlhale kwa thoko. Fa lekawana lengwe le le neng le ithuta dilo tse Jehofa a di tlhokang le ne le etetse kwa gae kwa Benin, le ne la ikemisetsa go senya modimo o o itiretsweng o rraagwe a neng a mmetletse one. Lekawana leno le ne le itse gore setshwantsho seno ga se tshele, e bile le ne le sa se tshabe, mme gape le ne le itse gore baagi ba motse ba ba neng ba galefile ba ka nna ba batla go mmolaya. O ne a rapela Jehofa, mme morago ga moo go le bosigo o ne a tsamaya le modimo ono o o itiretsweng kwa sekgweng mme a o senya. (Bapisa Baatlhodi 6:27-31.) Fa mosadi mongwe kwa Dominican Republic a ne a simolola go direla Jehofa, monna wa gagwe o ne a batla gore a tlhophe fa gare ga gagwe le Jehofa. Monna yono o ne a mo tshosetsa ka gore o tla mo tlhala. A poifo e ne e tla mo dira gore a tlogele tumelo ya gagwe? O ne a araba jaana: “Fa ke ne ke bontshitse go sa ikanyege, ke ne ke tla swaba, mme e seng ke swabela go direla Jehofa Modimo!” O ne a nna a ntse a tsamaya le Modimo, mme fa nako e ntse e tsamaya monna wa gagwe o ne a kopanela le ene mo go direng thato ya ga Jehofa. Fa re ikanya Rraarona wa selegodimo ka botlalo, le rona re ka tila go dumelela go boifa motho go re dira gore re se ka ra dira se re itseng gore se tla itumedisa Jehofa.
Tilang go Nyatsa Kgakololo
13. Ke serai sefe se re tlhagisiwang ka sone mo go 1 Timotheo 6:9?
13 Le fa gone dirai tse dingwe tse di dirisiwang ke batsomi di diretswe go tshwara phologolo nngwe le nngwe e e ka fetang mo lefelong le le rileng, dirai tse dingwe di gogela diphologolo ka dijo tse di lebegang di le monate. Batho ba le bantsi ba tsaya dikhumo di ntse fela jalo. (Mathaio 13:22) Mo go 1 Timotheo 6:8, 9, Baebele e re kgothaletsa gore re kgotsofalele dijo le diaparo. E bo e tlhagisa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosenangtlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyakong.”
14. (a) Ke eng se se ka kgoreletsang motho go utlwa kgakololo ya go kgotsofalela dijo le diaparo? (b) Tsela e e phoso e dikhumo di tlhalosiwang ka yone e ka dira jang gore motho a nyatse tlhagiso e e kwadilweng mo go 1 Timotheo 6:9? (c) Ke ka tsela efe e “keletso ya matlho” e ka dirang gore bangwe ba se ka ba bona serai se se kwa pele ga bone?
14 Go sa kgathalesege tlhagiso eno, batho ba le bantsi ba tshwarwa ke serai seno ka gonne ba sa dirise kgakololo eno mo go bone. Ka ntlha yang? A e ka tswa e le gore boikgogomoso bo ba tlhotlheletsa go nnela go ngaparela mofuta wa botshelo o o batlang se se fetang “ditlamedi mmogo le diaparo” tse Baebele e re rotloetsang gore re di kgotsofalele? A gongwe ba nyatsa tlhagiso ya Baebele ka gonne ba tlhalosa dikhumo go ya ka se batho ba ba humileng thata tota ba nang le sone? Baebele e baya go ikemisetsa go huma go farologane le go kgotsofalela dijo le diaparo. (Bapisa Bahebera 13:5.) A “keletso ya matlho”—keletso ya go nna le dilo tse matlho a di bonang, gongwe e le ka go ithontsha dilo tsa semoya—e ba tlhotlheletsa go baya dilo tse di direlwang kobamelo ya boammaaruri mo boemong jwa bobedi? (1 Johane 2:15-17; Hagai 1:2-8) A bo batho ba ba utlwang tota kgakololo ya Baebele mme ba tsamaya le Modimo ba itumetse thata jang ne ka go dira tirelo ya ga Jehofa selo sa konokono mo matshelong a bone!
Go Itshokela Ditlhobaelo Tsa Botshelo ka Katlego
15. Ke maemo afe a ka mo go utlwalang a ka bakang tlhobaelo mo bathong ba le bantsi ba ga Jehofa, mme ke serai sefe se re tshwanetseng go nna podimatseba ka sone fa re le mo bothateng jo bo ntseng jalo?
15 Selo se se tlwaelegileng thata go na le go ikemisetsa go huma ke go tlhobaela ka go nna le dilo tse di tlhokegang mo botshelong. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba tshela ka dithoto di sekaenyana fela. Ba dira ka natla ka diura di le dintsi gore ba nne le diaparo tse di tlhokegang fela, lefelo la lelapa la bone la go robala bosigo, mme le go nna le sejonyana fela sa letsatsi. Ba bangwe ba lwantshana le mathata ka ntlha ya bolwetse kana fa ba tsofala kana fa go tsofala ba lelapa. A bo go ka nna motlhofo jang ne gore maemo a a ntseng jalo a fekeetse dikgatlhego tsa semoya mo matshelong a bone!—Mathaio 13:22.
16. Jehofa o re thusa jang gore re itshokele mathata a botshelo?
16 Ka tsela e e lorato, Jehofa o re bolelela ka se se tla re thusang mo Bogosing jwa ga Mesia. (Pesalema 72:1-4, 16; Isaia 25:7, 8) Gape o re thusa go itshokela mathata a botshelo gone jaanong ka go re neela kgakololo ya kafa re ka bayang dilo tsa rona tsa konokono kwa pele ka gone. (Mathaio 4:4; 6:25-34) Jehofa o re tlhomamisetsa ka pego ya kafa a thusitseng batlhanka ba gagwe ka yone mo metlheng e e fetileng. (Jeremia 37:21; Jakobe 5:11) O re nonotsha ka go itsise gore, go sa kgathalesege pitlagano e e ka re welang, lorato lo a ratang batlhanka ba ba ikanyegang ka lone lo tla nnela ruri. (Baroma 8:35-39) O bolelela ba ba ikanyang Jehofa jaana: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope lefa e le go go latlha ka gope.”—Bahebera 13:5.
17. Naya dikai tsa kafa batho ba ba mo tlalelong e e setlhogo ba nnileng ba kgona ka gone go nna ba tsamaya le Modimo.
17 Ka go nonotshiwa ke go itse seno, Bakeresete ba boammaaruri ba nna ba tsamaya le Modimo go na le gore ba fapogele mo ditseleng tsa lefatshe. Filosofi e e tlwaelegileng ya lefatshe mo bathong ba ba humanegileng mo dinageng di le dintsi ke gore go tsaya sengwe mo mothong yo o humileng gore o tlamele lelapa la gaeno ga se go utswa. Mme batho ba ba tsamayang ka tumelo ba gana kgopolo eo. Ba tseela kwa godimo se Modimo a se amogelang go feta dilo tsotlhe tse dingwe e bile ba leba kwa go ene gore a ba duelele boitshwaro jwa bone jo bo ikanyegang. (Diane 30:8, 9; 1 Bakorintha 10:13; Bahebera 13:18) Motlholagadi mongwe kwa India o ne a lemoga gore go rata go dira go akaretsa le go kgona go itirela dilo dingwe go ne ga mo thusa go itshoka. Go na le go galefela seemo se a leng mo go sone sa botshelo, o ne a lemoga gore fa a baya Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe kwa pele mo botshelong jwa gagwe, Jehofa o tla segofatsa maiteko a gagwe gore a bone dilo tse a di tlhokang le morwawe. (Mathaio 6:33, 34) Diketekete tsa batho mo lefatsheng lotlhe di bontsha gore go sa kgathalesege tlalelo e ba ka nnang le yone, Jehofa ke botshabelo jwa bone le kago e e thata. (Pesalema 91:2) A seo se ntse jalo le ka wena?
18. Selotlolo sa go tila dirai tsa lefatshe la ga Satane ke sefe?
18 Fa fela re sa ntse re tshela mo tsamaisong eno ya dilo ya gompieno, go tla bo go ntse go na le dirai tse re tshwanetseng go di tila. (1 Johane 5:19) Baebele e bolela ka tsone le go re bontsha kafa di ka tilwang ka gone. Batho ba tota ba ratang Jehofa e bile ba boifa tota go mo hutsafatsa ba ka dirisana le dirai tse di ntseng jalo ka katlego. Fa ba ‘nna ba tsamaya ka moya,’ ba ka se ineele mo ditseleng tsa lefatshe. (Bagalatia 5:16-25) Batho botlhe ba tota ba agang matshelo a bone gore ba nne le kamano le Jehofa, ba nna le tebelelo e kgolo ya go tsamaya le Modimo, ba itumelela go nna gaufi le ene ka bosakhutleng.—Pesalema 25:14.
O Akgela Jang?
◻ Go itshepa thata go ka nna serai jang?
◻ Ke eng se se ka re sireletsang gore re se ka ra laolwa ke go boifa motho?
◻ Ke eng se se ka dirang gore re palelwe ke go dirisa kgakololo e e malebana le kotsi ya go latelela dikhumo?
◻ Ke eng se se ka re thusang go tila go tshwarwa ke serai sa ditlhobaelo tsa botshelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Batho ba le bantsi ba nna ba tsamaya le Modimo mo botshelong jotlhe