LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/15 ts. 15-20
  • Nna o Tsamaye mo Tseleng ya ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Tsamaye mo Tseleng ya ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhokwa Jwa go Ikanya le go Ikanyega
  • Thuso mo go Tsamayeng mo Tseleng ya Modimo
  • Maitlamo
  • “Modimo o Kafa go Rona”
  • A o Tla Tsamaya le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Sepela le Modimo—Dikgato Tsa Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Nnang lo Tsamaya le Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/15 ts. 15-20

Nna o Tsamaye mo Tseleng ya ga Jehofa

“Lebelela mo go Jehofa, o bo o tshware tsela ya gagwe, mme o tlaa go goletsa go tla o rua lefatshe.”— PESALEMA 37:34.

1, 2. Mo kgannyeng ya ga Kgosi Dafide, go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go ne go akaretsa eng, mme seno se re tlhoka eng gompieno?

“NKITSISE tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone; gonne ke tsholeletsa mowa wa me koo go wena.” (Pesalema 143:8) Gompieno Bakeresete ba bua jalo ka pelo yotlhe jaaka Kgosi Dafide. Ba batla go itumedisa Jehofa ka pelo yotlhe le go tsamaya mo tseleng ya gagwe. Seno se akaretsa eng? Mo go Dafide, go ne go batlega gore a boloke molao wa Modimo. Go ne go akaretsa go ikanya Jehofa go na le go ikanya kgolagano ya botsala le baditšhaba. Ee, go ne go kaya go direla Jehofa ka boikanyegi go na le go direla medimo ya baagelani. Mo Bakereseteng, go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go akaretsa se se fetang seo.

2 Gompieno go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go akaretsa gore re dumele mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete, re mo tsaya e le “tsela le boammaaruri le botshelo.” (Johane 3:16; 14:6; Bahebera 5:9) Gape go kaya go diragatsa “molao wa ga Keresete,” e leng se se akaretsang go ratana, segolobogolo go rata bakaulengwe ba ga Jesu ba batlodiwa. (Bagalatia 6:2; Mathaio 25:34-40) Batho ba ba tsamayang mo tseleng ya ga Jehofa ba rata melaometheo le ditaelo tsa gagwe. (Pesalema 119:97; Diane 4:5, 6) Ba anaanela tshiamelo ya bone e e botlhokwatlhokwa ya go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete. (Bakolosa 4:17; 2 Timotheo 4:5) Thapelo ke karolo e e botlhokwa ya botshelo jwa bone jwa ka metlha. (Baroma 12:12) Gape ba ‘tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa ba tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale.’ (Baefeso 5:15) Ruri ga ba itetle go latlhegelwa ke dikhumo tsa semoya e le fela gore ba bone melemo ya nakwana ya dilo tsa nama kana menate e e sa siamang ya dilo tsa selefatshe. (Mathaio 6:19, 20; 1 Johane 2:15-17) Mo godimo ga moo, go ikanyega mo go Jehofa le go mo ikanya go botlhokwa. (2 Bakorintha 1:9; 10:5; Baefeso 4:24) Ka ntlha yang? Ka gonne maemo a rona a tshwana thata le a Baiseraele ba bogologolo.

Botlhokwa Jwa go Ikanya le go Ikanyega

3. Ke eng fa go ikanyega, go nna le tumelo le go ikanya go ka re thusa go nna re le mo tseleng ya ga Jehofa?

3 Iseraele e ne e le setšhaba se sennye se se neng se dikaganyeditswe ke baagelani ba ba seng botsalano ba ba neng ba inaakantse le mekete ya boitlhapediso ya kobamelo ya medimo ya disetwa. (1 Ditirafalo 16:26) Ke Iseraele fela e e neng e obamela Modimo o o osi wa boammaaruri o o sa bonweng, Jehofa, mme o ne a batla gore ba tshele ka maitsholo a maemo a a kwa godimo. (Duteronome 6:4) Le gompieno, ke dimilione di sekae fela tse di obamelang Jehofa, mme di tshela mo lefatsheng la batho ba ka nna dimilione di le dikete tse thataro ba maitsholo a bone le pono ya bone ka dilo tsa bodumedi e farologaneng thata le ya bone. Fa e le gore re bangwe ba dimilione tseno di sekae, re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tlhotlhelediwa go latela tsela e e sa siamang. Jang? Re tla thusiwa ke go ikanyega mo go Jehofa Modimo, le go mo ikanya re sa belaele gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Bahebera 11:6) Seno se tla re thibela go ikanya dilo tse lefatshe leno le di tshepang.—Diane 20:22; 1 Timotheo 6:17.

4. Ke eng fa baditšhaba ba le “mo lefifing mo mogopolong”?

4 Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha kafa Bakeresete ba tshwanetseng go farologana thata ka teng le lefatshe fa a ne a kwala jaana: “Seno, jalo, ke se bua e bile ke naya bosupi ka sone mo Moreneng, gore lo se ka lwa tlhola lo tswelela lo tsamaya fela jaaka merafe le yone e tsamaya mo bosenangpoelo jwa megopolo ya yone, fa ba ntse ba le mo lefifing mo mogopolong, e bile ba le baeng mo botshelong jo e leng jwa Modimo, ka ntlha ya bosenangkitso jo bo mo go bone, ka ntlha ya go kgwaralala ga dipelo tsa bone.” (Baefeso 4:17, 18) Jesu ke “lesedi la boammaaruri.” (Johane 1:9) Batho bape fela ba ba mo ganang kana ba ipolelang gore ba dumela mo go ene mme ba sa ikobele “molao wa ga Keresete” ba mo “lefifing mo mogopolong.” Go na le go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, ke “baeng mo botshelong jo e leng jwa Modimo.” Le fa ba ka tswa ba akanya gore ba botlhale go le kana kang go ya ka tsela ya lefatshe, ‘ba na le botlhokakitso mo go bone’ malebana le kitso e e leng yone fela e e isang kwa botshelong, e leng ya ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete.—Johane 17:3; 1 Bakorintha 3:19.

5. Ke eng fa dipelo tsa batho ba bantsi di kgwaralala le mororo lesedi la boammaaruri le phatsima mo lefatsheng?

5 Le fa go ntse jalo, lesedi la boammaaruri le ntse le a phatsima mo lefatsheng! (Pesalema 43:3; Bafilipi 2:15) “Botlhale jwa boammaaruri bo ntse bo goela kwa godimo mo mmileng.” (Diane 1:20, NW) Ngogola Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa diura tse di fetang dimilione di le sekete ba bolelela baagelani ba bone ka ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Dikete di le makgolokgolo di ile tsa tsiboga. Mme gone, a re tshwanetse go gakgamala fa batho ba bangwe ba bantsi ba sa tsiboge? Nnyaa. Paulo o ile a bua ka “go kgwaralala ga dipelo tsa bone.” Batho ba bangwe dipelo tsa bone ga di tsiboge ka ntlha ya bopelotshetlha kana go rata madi. Ba bangwe ba tlhotlhelediwa ke bodumedi jwa maaka kana tsela ya lefatshe ya go leba dilo e e anameng thata jaana gompieno. Mathata a botshelo a dirile gore bontsi bo fularele Modimo. Ba bangwe ba gana go tshela go ya ka melao ya ga Jehofa ya maitsholo a maemo a a kwa godimo. (Johane 3:20) A go ka direga gore pelo ya motho yo o tsamayang mo tseleng ya ga Jehofa e kgwaralale mo dilong tse di ntseng jalo?

6, 7. Le mororo Baiseraele e ne e le baobamedi ba ga Jehofa Modimo, ke leng ba ileng ba fapoga tsela, mme ka ntlha yang?

6 Jaaka fa Paulo a bontshitse, seno se ne sa diragalela Baiseraele ba bogologolo. O ile a kwala jaana: “Jaanong dilo tseno di ne tsa nna dikao tsa rona, gore re se ka ra nna batho ba ba eletsang dilo tse di utlwisang botlhoko, le eleng jaaka ba ne ba di eletsa. Le gone re se ka ra nna baobamedi ba medingwana, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira; fela jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Batho ba ne ba nna fa fatshe gore ba je ba ba ba nwe, mme ba ne ba ema ba ja monate.’ Le gone a re se direng kgokafalo e le tlwaelo, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira kgokafalo, mme ba felela fela ka go wa, ba le dikete di le masome a mabedi le boraro ba bone ka letsatsi le le lengwe.”—1 Bakorintha 10:6-8.

7 Paulo o bua ka tiragalo ya fa Baiseraele ba ne ba obamela namane ya gauta fa tlase ga Thaba ya Sinai. (Ekesodo 32:5, 6) Ka go dira jalo ba ne ba tlola molao wa Modimo ka tlhamalalo o dibeke di sekae pelenyana ba neng ba dumetse gore ba tla o ikobela. (Ekesodo 20:4-6; 24:3) Morago ga moo, Paulo o umaka tiragalo ya fa Baiseraele ba ne ba obamela Baale le bomorwadia Moabe. (Dipalo 25:1-9) Kobamelo ya namane e ne e itsege ka boitlhapediso jo bogolo, “ba ja monate.”a Kobamelo ya ga Baale e ne e tswakanngwa le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. (Tshenolo 2:14) Ke eng fa Baiseraele ba ile ba dira maleo ano? Ka gonne ba ile ba letla gore dipelo tsa bone di ‘eletse dilo tse di utlwisang botlhoko’—e ka tswa e le kobamelo ya medimo ya disetwa kana mekgwa ya boitlhapediso e e amanang le yone.

8. Re ka ithuta eng go tswa mo go se se diragaletseng Iseraele?

8 Paulo o ile a bolela gore re tshwanetse go ithuta go tswa mo ditiragalong tseno. Re ithute eng? Ga go ka ke ga direga gore Mokeresete a obamele namane ya gauta kana modimo wa Moabe wa bogologolo. Mme go tweng ka boitsholo jo bo maswe kana boitlhapediso jo bo feteletseng? Dilo tseno di aname gompieno, mme fa re letla dipelo tsa rona go di eletsa, di tla re tlhoboganya le Jehofa. Matswela a teng a tla tshwana fela le a fa re obametse medimo ya disetwa—go tlhobogana le Modimo. (Bapisa Bakolosa 3:5; Bafilipi 3:19.) Ee ruri, Paulo o konela kgang ya gagwe malebana le ditiragalo tseo ka go gakolola badumedikaene jaana: “Tshabang kobamelo ya medingwana.”—1 Bakorintha 10:14.

Thuso mo go Tsamayeng mo Tseleng ya Modimo

9. (a) Ke thuso efe e re e newang go nna re tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa? (b) Tsela e nngwe e re utlwang ‘lefoko sefularong sa rona’ ke efe?

9 Fa e le gore re ikemiseditse go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, ga re a tlogelwa fela re se na thuso. Isaia o ile a porofeta jaana: “Ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: ‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone:’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.” (Isaia 30:21) ‘Ditsebe tsa rona’ di utlwa ‘lefoko leo jang sefularong sa rona’? Ga go na motho ope gompieno yo o utlwang lentswe la mmatota kana molaetsa ka tlhamalalo go tswa kwa Modimong. “Lefoko” leo le re le utlwang le tla mo go rona rotlhe ka tsela e e tshwanang. Sa ntlha, le tla ka Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, e leng Baebele, e e nang le megopolo ya Modimo le pego kaga tsela e a ileng a dirisana le batho ka yone. E re ka letsatsi le letsatsi re lebana le dipuo tsa lefela tse di tswang mo bathong ba e leng “baeng mo botshelong jo e leng jwa Modimo,” re tshwanetse go bala Baebele ka metlha le go tlhatlhanya ka yone gore re kgone go itekanela sentle mo semoyeng. Seno se tla re thusa go tila ‘dilo tsa lefela’ le gore re “[tlhomelele] tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng.” (Ditiro 14:14, 15; 2 Timotheo 3:16, 17) Go tla re nonotsha, go re tiisa le go re thusa gore ‘tsela ya rona e nne letlhogonolo.’ (Jošua 1:7, 8) Ka gone, Lefoko la ga Jehofa le re kgothatsa jaana: “Ke gone jaana, bomorwaaka, ka re: Ntheetsang, gonne go sego ba ba tshegetsang ditsela tsa me. Utlwang thuto, lo tlhalefe, mme lo se ka lwa e gana.”—Diane 8:32, 33.

10. Tsela ya bobedi e re utlwang ‘lefoko sefularong sa rona’ ka yone ke efe?

10 Gape ‘lefoko sefularong sa rona’ le tla ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” yo o re tlamelang ka ‘dijo ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45-47) Tsela nngwe e dijo tseno di abiwang ka yone ke ka dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng, mme mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga abiwa dijo tse dintsi thata. Ka sekai, ka makasine wa Tora ya Tebelo, tsela ya rona ya go tlhaloganya boporofeti e ile ya tokafadiwa. Mo lokwalopakeng lono, re ile ra kgothalediwa go itshoka mo tirong ya go rera le ya go dira barutwa le fa batho ba le bantsi ba sa kgatlhege, re ile ra thusiwa go tila mamena, e bile re ile ra kgothalediwa go nna le dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete. A bo re anaanela dijo tseno tse di tlang ka nako e e tshwanetseng thata jang ne!

11. Tlhalosa tsela ya boraro e re ka utlwang ‘lefoko sefularong sa rona’ ka yone.

11 Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela gape o re tlamela ka dijo ka dipokano tsa rona tsa ka metlha. Seno se akaretsa dipokano tsa diphuthego tsa rona, dipokano tsa potologo tse di tshwarwang gabedi ka ngwaga le dikopano tse dikgolo tsa ngwaga le ngwaga. Ke Mokeresete ofe yo o ikanyegang yo o sa anaaneleng dikokoano tseno? Di botlhokwa thata mo go re thuseng go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa. E re ka bontsi jwa rona re tshwanelwa ke go fetsa nako e ntsi re le kwa meberekong kana kwa sekolong re na le batho ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang, go kopana ka metlha le Bakeresetekarona go namola botshelo ka tsela ya mmatota. Dipokano di re naya tshono e e molemo ya go ‘tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemomogolo.’ (Bahebera 10:24) Re rata bakaulengwe ba rona e bile re rata go kopana le bone.—Pesalema 133:1.

12. Basupi ba ga Jehofa ba ititeile sehuba go dira eng, mme bosheng jaana ba ile ba bontsha seo jang?

12 Ka ntlha ya go nonotshiwa ke dijo tseno tsa semoya, batho ba ba batlang ba tshwara dimilione tse thataro gompieno ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa mme dimilione tse dingwe tsone di ithuta Baebele gore le tsone di dire jalo. A ba kgobega marapo kana go koafadiwa ke go bo ba le palo e potlana fa ba bapisiwa le dimilione di le diketekete tsa baagi ba lefatshe? Legoka! Ba ititeile sehuba go tswelela pele ba sekegela tsebe ‘lefoko sefularong sa bone,’ ba dira thato ya ga Jehofa ka boikanyegi. Kwa Dikopanong Tsa Kgaolo le Tsa Ditšhabatšhaba Tsa 1998/99 Tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo,” batlakopanong ba ile ba supa phatlalatsa gore ba ititeile sehuba jalo ka go amogela maitlamo a a tlhalosang seemo seno sa bone go tswa pelong. Mafoko a a latelang ke a maitlamo ao.

Maitlamo

13, 14. Ke pono efe e e boammaaruri e Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone ka maemo a lefatshe?

13 “Rona, jaaka re kopane re le Basupi ba ga Jehofa mo Kopanong ya ‘Tsela ya Modimo ya Botshelo,’ re dumalana ka bongwefela jwa pelo gore tsela ya Modimo ke tsela e e molemolemo ya botshelo. Le fa go ntse jalo, re lemoga gore bontsi jwa batho gompieno ga ba lebe dilo jalo. Batho ba lekile ka dikgopolo di le dintsi, difilosofi le dikgopolo tsa bodumedi gore ba bone se e leng tsela e e molemolemo ya botshelo. Go leba hisitori ya batho ka kelotlhoko le maemo a lefatshe gompieno go senola boammaaruri jwa mafoko ano a Modimo a a kwadilweng mo go Jeremia 10:23: ‘Ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.’

14 “Letsatsi le letsatsi re bona bosupi jo bontsi jo bo tlhomamisang gore mafoko ano a boammaaruri. Ka kakaretso, batho ba itlhokomolosa tsela ya Modimo ya botshelo. Batho ba latela se ba bonang se siame mo matlhong a bone. Diphelelo tsa gone e nnile tsa masetlapelo—go thubega ga malapa, go tlogela bana ba se na yo o ba kaelang; go gagamalela dilo tse di bonalang, go go felelang ka gore motho a sale a iphotlhere e bile a tshwenyegile mo maikutlong; bokebekwa jo bo setlhogo le thubakanyo, tse di bolayang batho ba le bantsi; dikgotlhang le dintwa tsa setso, tse di ganyaolang matshelo a batho ba le bantsintsi; boitsholo jo bo sa siamang jo bo tletsetletseng, jo bo dirang gore go nne le leroborobo la malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Ano ke mathata a sekae fela mo go a mantsintsi a a masisi a a kgoreletsang batho go bona boitumelo, kagiso le pabalesego.

15, 16. Malebana le tsela ya Modimo ya botshelo, ke boikemisetso bofe jo bo ileng jwa tlhalosiwa mo maitlamong?

15 “Ka ntlha ya pitlagano e e botlhoko e batho ba lebaneng le yone le ka go bo ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e le gaufi, e e bidiwang Aramagedona (Tshenolo 16:14, 16), rona Basupi ba ga Jehofa re itlama gore:

16 “Sa ntlha: Re itsaya re le ba ga Jehofa Modimo, mongwe le mongwe wa rona a ineetse mo go ene a sa sadisa sepe kwa morago, mme re tla boloka tumelo e e sa reketleng mo thulaganyong ya ga Jehofa ya thekololo ka Morwawe, Jesu Keresete. Re ikemiseditse go tsamaya mo tseleng ya Modimo ya botshelo, re direla re le Basupi ba gagwe e bile re ikobela bolaodi jwa gagwe jaaka re bo neetswe ka puso ya ga Jesu Keresete.

17, 18. Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela pele ba tsere boemo bofe malebana le ditekanyetso tsa boitsholo le bokaulengwe jwa bone jwa Bokeresete?

17 “Sa bobedi: Re tla tswelela pele re utlwa melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo le ya semoya ya Baebele. Re ititeile sehuba go gana go tsamaya jaaka baditšhaba ba tsamaya mo bosenangpoelo jwa megopolo ya bone. (Baefeso 4:17-19) Re ikemiseditse go nna re le phepa fa pele ga ga Jehofa mme re se na selabe se se tswang mo lefatsheng leno.—Jakobe 1:27.

18 “Sa boraro: Re tla tlhomama mo boemong jwa rona jwa Dikwalo re le bakaulengwe ba Bakeresete ba lefatshe ka bophara. Re tla boloka boitlhaodi jwa Bokeresete mo ditšhabeng, re sa iteseletse go tsenelela mo letlhoong kana mo dikgaoganong tsa bomorafe, bosetšhaba, kana tsa setso.

19, 20. (a) Batsadi ba Bakeresete ba tla dira eng? (b) Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tla tswelela pele ba bontsha jang gore ke barutwa ba ga Keresete?

19 “Sa bone: Rona batsadi re tla ruta bana ba rona tsela ya Modimo. Re tla ba tlhomela sekao mo botshelong jwa Bokeresete, jo bo akaretsang go bala Baebele ka metlha, thuto ya lelapa, le go nna le seabe ka pelo yotlhe mo phuthegong ya Bokeresete le mo bodireding jwa tshimo.

20 “Sa botlhano: Rotlhe re tla leka go tlhagolela dinonofo tsa Modimo tse Mmopi wa rona a tlhomang sekao mo go tsone, mme re tla leka go etsa botho jwa gagwe le ditsela tsa gagwe, jaaka Jesu a ne a dira. (Baefeso 5:1) Re ikemiseditse go dira gore dikgang tsotlhe tsa rona di dirwe ka lorato, ka go dira jalo re itshupa gore re barutwa ba ga Keresete.—Johane 13:35.

21-23. Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela pele ba dira eng mme ba tlhatswegile pelo ka eng?

21 “Sa borataro: Re tla tswelela pele re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo re sa lape, re dira barutwa, e bile re tla ba ruta tsela ya Modimo ya botshelo le go ba kgothatsa go amogela thapiso e e oketsegileng kwa dipokanong tsa phuthego.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Bahebera 10:24, 25.

22 “Sa bosupa: Mongwe le mongwe wa rona le rotlhe re le phuthego, re tla tswelela pele re baya thato ya Modimo kwa pele mo matshelong a rona. Re dirisa Lefoko la gagwe, Baebele, gore le re kaele, ga re ne re fapogela kafa mojeng kana kafa molemeng, ka go dira jalo re tlhomamisa gore tsela ya Modimo e gaisa ditsela tsotlhe tsa lefatshe. Re ititeile sehuba gore re tla latela tsela ya Modimo ya botshelo—ka nitamo le ka boikanyegi, gone jaanong le ka bosakhutleng!

23 “Re itlama jaana ka gonne re na le tshepo e e feletseng mo tsholofetsong e e lorato ya ga Jehofa ya gore yo o dirang thato ya Modimo o tla nnela ruri ka bosakhutleng. Re itlama jaana ka gonne re tlhatswegile pelo gore go tshela ka melaometheo, kgakololo le tlhagiso ya Dikwalo, go re baya mo tseleng e e molemolemo ya botshelo gompieno e bile go thaya motheo o o molemo wa isagwe, e le gore re bone botshelo jwa mmatota. (1 Timotheo 6:19; 2 Timotheo 4:7b, 8) Mo godimo ga tsotlhe, re itlama jaana ka gonne re rata Jehofa Modimo ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona!

24, 25. Go ile ga tsibogelwa maitlamo ano jang, mme batho ba ba tsamayang mo tseleng ya ga Jehofa ba ititeile sehuba go dira eng?

24 “Rotlhe ba re leng fano mo kopanong eno ba re dumalanang le Maitlamo ano, tsweetswee a re reng EE!”

25 Dikago tsa metshameko le ditediamo go ralala lefatshe di ile tsa gwasa ka modumo o mogolo fa botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba araba ka “EE!” o mogolo. Basupi ba ga Jehofa ga ba na pelaelo gore ba tla tswelela pele ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa. Ba ikanya Jehofa ka botlalo e bile ba dumela ba sa belaele gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Ba tswelela pele ba ikanyega mo go ene le fa go ka direga eng. E bile ba ititeile sehuba go dira thato ya gagwe.

“Modimo o Kafa go Rona”

26. Ke maemo afe a a itumedisang a batho ba ba tsamayang mo tseleng ya ga Jehofa ba leng mo go one?

26 Basupi ba ga Jehofa ba gakologelwa kgothatso eno ya mopesalema: “Lebelela mo go Jehofa, o bo o tshware tsela ya gagwe, mme o tlaa go goletsa go tla o rua lefatshe.” (Pesalema 37:34) Ga ba lebale mafoko ano a ga Paulo a a kgothatsang: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona? O o neng wa se ka wa dibela le eleng Morwaone mme wa mo neela ka ntlha ya rona rotlhe, ke ka ntlha yang fa gape o ka se ka, ka bopelonomi, wa re naya dilo tsotlhe mmogo le ene?” (Baroma 8:31, 32) Ee, fa re tswelela pele re tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, o tla re tlamela ka “dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re ijese monate.” (1 Timotheo 6:17) Ke lefelo lefe le le leng botoka go gaisa le re leng mo go lone—go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba re ba ratang. E re ka Jehofa a le kafa go rona, a re ititeyeng sehuba go tswelela pele re le mo tseleng eno le go itshoka mo go yone go fitlha kwa bokhutlong, re tshepa re sa belaele gore mo nakong ya gagwe e a e tlhomileng, re tla bona a diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe tse di setseng.—Tito 1:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa motlhalosi mongwe a bua ka lefoko la Segerika le fano le ranotsweng go twe “ba ja monate,” o bolela gore le bua ka ditanse tse di neng di dirwa kwa meketeng ya baheitane a bo a oketsa jaana: “Bontsi jwa ditanse tseno, jaaka fa bontsi bo itse, maikaelelo a tsone e ne e le go rotloetsa maikutlo a boitlhapediso jo bo feteletseng.”

A o A Gakologelwa?

◻ Go batlega eng gore Mokeresete a tsamaye mo tseleng ya ga Jehofa?

◻ Ke eng fa go tlhokega gore re ikanye Jehofa le go ikanyega mo go ene?

◻ Ke thuso efe e re nang le yone fa re ntse re tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa?

◻ Umaka dintlha dingwe tse dikgolo tsa maitlamo a a ileng a amogelwa kwa Dikopanong tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go ile ga amogelwa maitlamo a a botlhokwa thata kwa Dikopanong Tsa Kgaolo le Tsa Ditšhabatšhaba Tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela